Skip to content
Question paper

Siswati Hl Grade 12 P1 NSC November 2025 QP (Setswana)

Grade 12 Siswati Hl Paper 1 question paper from the NSC November Exam 2025 (Setswana), 9 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Subject: Siswati HlGrade 1220259 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Confidential NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) NGWANAITSEELE 2025 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 9. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO: KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Dipopego tsa puo le melawana ya tiriso ya puo (30) 2. Buisa ditaelo TSOTLHE ka kelotlhoko. 3. Araba dipotso TSOTLHE. 4. Simolola karolo NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 5. Thala mola morago ga karolo NNGWE le NNGWE. 6. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 7. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 8. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 9. Kabo ya nako e e tshikinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 30 KAROLO YA C: Metsotso e le 40 10. Kwala ka mokwalo o o buisegang mme o dirise mopeleto o o kannweng ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO 2025 POTSO 1 1.1 Buisa TEMANA e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA A (TEMANA) 1 Bašwa ba le babedi ba motse wa Mvenyane kwa Matatiele, mo porofenseng ya Kapa Botlhaba, ba fetola intaseteri ya malatlha ka go dirisa kutu ya setlhatshana se se ntshonyana sa mosetlha se se sa tlwaelegang mo motseng wa bona. Ba ne ba se fetola go nna lelatlha. Mosetlha o montsho ke se sengwe sa ditlhare tse di tletseng tse di sa 5 tlwaelegang mo nageng ya Aforikaborwa. 2 Lekgarebe Sinikeziwe Tshobisa, yo o alogileng ka lekwalothuto la dikerii ya tlhaeletsano ya saense, o falotse dithuto tsa gagwe kwa Yunibesithing ya Foreisetata. O kopane le lekau, Kwakhiwa Mshoboyi ka nako ya fa a ne a ithaopile go dira mo seyalemoweng sa 'The Voice 10 of Matatiele', e leng seyalemowa sa mo motseng wa bona. Ka nako eo, Mshoboyi e ne e se kgale a garetse katiso ya dikgwedi di le 12 ya letsholo la tirelo ya go thapiwa ga bašwa, leo le neng le tsamaisiwa ke setheo sa Aforikaborwa sa tshomarelo ya tlhago kwa Mvenyane. Letsholo leno le mo tlhatlheletse ka kitso ya kgwebo, go itlhamela 15 kgwebo, go nna mosomaredi wa tlhago mmogo le go itse go dira ka lepolanka. 3 Ka ngwaga wa 2020, Sinikeziwe Tshobisa wa dingwaga di le 27, mmogo le Kwakhiwa Mshoboyi, wa dingwaga di le 31, ba ne ba itlhamela setlamo sa KFOX 2ND Couture Board. Setlamo se se 20 tlhokomela tlhago le go nna le maikarabelo mo setšhabeng. Ba simolotse kgwebo eno ka ntlha ya gore bobedi bo ne bo sa dire, ka fa letlhakoreng le lengwe ba ne ba samagana le ntlha e e botlhokwa thata ya go somarela tikologo mo kgaolong e ba nnang mo go yona. 4 Tshobisa o tlhalositse gore setlhare seno sa mosetlha, se ntse se 25 tlhola mmodubudu o o seng kana ka sepe mo motseng wa bona, se itira kgaupe ka go nwa metsi otlhe mo motseng. Se baka komelelo e e dirang gore go runye melelo mo dikgweng, mmogo le go dira gore dimela tse di tlwaelegileng mo lefelong leno di se tlhole di kgona go mela. Ba rile go bona bothata jono, ba bo nnela mo fatshe go tla ka 30 leano la kgwebo le le tlaa bo fedisang. Ba ne ba swetsa ka go sola mosetlha mosola ka go o dirisa jaaka malatlha a a sa kgotlheleng tikologo mmogo le dikgong tsa go gotsa molelo. 5 'Bobedi jwa rona re ne re batla go dira pharologano. Motsing o ke neng ke ithaopile go dira mo seteišeneng sa seyalemowa, ke ne ka lemoga 35 fa motse wa rona o na le bokgoni mo go tleng ka dikakanyo tse dintšhwa le mo go itshimololeleng dikgwebo. Gape ke ne ka bona ka fao motse wa rona o tobaneng le dikgwetlho ka teng fa go tla mo mererong ya tikologo,' Tshobisa o ikgopotsa seno. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 6 Kwa tshimologong kgwebo eno e ne e dira ka go ntšhwafatsa dithoto, 40 go tshwana le ditafojana tsa go aenela, ditafole le ditulo, mmogo le go ntšhwafatsa diaparo le masela a kgale. 'Maitlhomo a rona a mašwa ke go samagana le go thusa go lwantshana le setlhatshana seno se se sa tlwaelegang. Sa bobedi re tlamela baagi ka mokgwa o mongwe wa dikgong o o sa kgotlheleng tikologo. Ka go lwantshana le mosetlha 45 ono, re thusa gore bojang bo tle bo kgone go mela, metsi a se tlhole a šwa le go fokotsa komelelo e e dirang gore go runye melelo e e setlhogo mo dikgweng.' 7 Kgwetlho e kgolo e setlamo seno se tobaneng nayo, ke go ka iponela mmaraka o o ka rekisang dikuno tsa sona. Tlhokego ya mmaraka, e 50 tlholwa ke leeto le le monamo le setlamo se tshwanetseng go le tsaya go tswa kwa ba direlang gona go ka isa dikuno kwa bareking. Dikgwetlho tsa mebila e e sa tlhamegang sentle le tsona ke dikgoreletsi tse dikgolo tse di jang thata ka fa kgetsing ya kgwebo fa go tla mo go dueleleng dipalangwa. 'Re latlhegelwa ke bareki ka ntlha 55 ya mebila e e sa tlhamegang eno. Gantsi fa batho ba ba rekang ba bona gore ba tshwanetse go tsamaya mo ditseleng tsa lekgwarana le go utlwa gore ba tshwanetse go duela madi a mantsi jang a sepalangwa go ba rwalela dikuno tse ba di rekang mo go rona, ba feleletsa ba sa tlhole ba tswelela pele go reka,' Tshobisa a tlhalosa 60 jalo. [E nopotswe go tswa mo go Vuk'uzenzele Tlhakole 2025 Kgatiso 1] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Bašwa ba go buiwang ka ga bona ba tswa kwa motseng ofe? A Ga-Mosetlha B Matatiele C Mvenyane D Foreisetata (1) 1.1.2 Ke setlhatshana sefe se se neng se sa tlwaelega mo motseng? (1) 1.1.3 Tshobisa le Mshoboyi ba kopane leng? (2) 1.1.4 Ke dithuto dife tse Tshobisa a ithutileng tsona? (1) 1.1.5 Katiso ya ga Mshoboyi e mo thusitse ka eng? Neela di le THARO fela. (3) 1.1.6 Lebakalegolo le le tlhodileng gore Tshobisa le Mshoboyi ba tlhame setlamo sa KFOX 2ND Couture Board ke lefe? (2) 1.1.7 Go tlhola mmodubudu go kaya eng? (2) 1.1.8 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore setlhatshana sa mosetlha se ne se tlisa mathata mo motseng? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 1.1.9 Neela dithoto tse di neng di dirwa ke kgwebo ya ga Tshobisa le Mshoboyi. Di le PEDI fela. (2) 1.1.10 Ke dikgwetlho dife tse Tshobisa le Mshoboyi ba kopaneng le tsona mo setlamong sa bona? Neela di le PEDI fela. (2) 1.1.11 Go ya ka wena, a o bona go le botlhokwa gore bašwa ba itshimololele ditlamo? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.12 Fa o ne o le Tshobisa le Mshoboyi, o ne o tlaa dira eng fa o latlhegelwa ke bareki ka ntlha ya ditsela tse di sa siamang? (2) 1.2 Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) [Se nopotswe go tswa mo go 101.co.za/105/news/2022-11-12-champions-of-anti-litter] 1.2.1 Naya ntlha e le NNGWE e SETLHANGWA A le SETLHANGWA B di tshwanang ka yona. (2) 1.2.2 Naya ntlha e le NNGWE e SETLHANGWA A le SETLHANGWA B di farologanang ka yona. (2) 1.2.3 A o ka itumelela go dira tiro e e tlhagelelang mo setshwantshong? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.2.4 Go sireletsa badiri ba ba mo Setlhangwa B, ke didiriswa dife tsa tshireletso tse o bonang di tlhokega? Naya di le PEDI fela. (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E bua ka ga se se tshwanetseng go dirwa go baakanyetsa balelapa dijo tse di se nang botlhole. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: 1. Sobokanya, o dirisa mafoko a gago mme o sa fetole bokao jwa temana, ka go tlhagisa dintlha di le SUPA ka ga seo se tshwanetseng go dirwa go jesa balelapa dijo tse di se nang botlhole. 2. Kwala ka temana. 3. Boleele bo se fete mafoko a a ka nnang 90. 4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. 5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. SETLHANGWA C Go le gantsi fa o iphitlhela o baakanyetsa balelapa la gago dijo dingwe le dingwe, se o sa batleng go bona se ba diragalela, ke go bona ba lwala morago ga go ja dijo tseo. MoAmerika a le mongwe mo go ba barataro o iphitlhela a tlhokafala ka ntlha ya dijo tse di nang le botlhole ngwaga mongwe le mongwe. Ka jalo mongwe le mongwe yo o bakaanyetsang balelapa kgotsa balesika dijo, o tshwanetse go netefatsa fa di siame e bile di ka se ba lwatse. Go fokotsa ditšhono tsa gore batho ba je dijo tse di nang le botlhole, go na le ditsela tseo ba ka di dirisang go netefatsa fa di babalesegile. Diatla ke karolo e e botlhokwa ya mmele. Netefatsa fa diatla tsa gago di le phepa ka go tlhapa ka sesepa le metsi a a bothito pele o baakanya kgotsa o ja dijo. Didiriswa tsa phaposiboapeelo di tshwana le dithipa le tafojana ya go segelela nama le merogo di tshwanetse go phepafadiwa pele le morago ga tiriso ya tsona go bolaya ditwatsi tse di ka tswang di le mo go tsona. Merogo le maungo di tshwanetse go tlhatswiwa le go tsokodiwa ka gale go fedisa ditwatsi tse di ka tswang di iphitlhile. Dijo tse di beilweng go feta nako e e lekanyeditsweng di tshwanetse go latlhiwa gonne ditwatsi tse di ka tlholang botlhole di a ntsifala fa dijo tsona di lebega di itekanetse e bile di ka jewa. Dijo dingwe di na le selekano sa bolelo jo di tshwanetseng go apewa ka jona. Go apaya ka bolelo jo bo lekanyeditsweng go netefatsa fa ditwatsi tse di ka tlholang botlhole, di bolawa. Dijo tse di salang morago ga go jewa di tshwanetse go tsenngwa mo setsidifatsing go fokotsa bogale ba ditwatsi tse di ka tlholang botlhole. Setsidifatsi se nne mo botsididing jwa digarata di le 40. Dinama tse di farologaneng di tshwanetse go bewa mo karolong e e kwa tlase ya setsidifatsi go na le kwa godimo go efoga go tswenatswena ga madi mo dijong dingwe. Boitekanelo jwa mongwe le mongwe bo botlhokwa thata. [E nopotswe le go rulaganngwa sešwa go tswa mo go https://www.hackensackmeridianhealth.org] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential KAROLO YA C: DIPOPEGO TSA PUO LE MELAWANA YA TIRISO YA PUO POTSO 3: PAPATSO Sekaseka papatso e e fa tlase mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA D Di dišwa mo mmarakeng! DITEKI TSA BANNA Phokoletso ka 15% Reka jaanong! Letsa jaanong! [E nopotswe go tswa mo go X.com/TekkieTown/Status] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Diteki tse di bapadiwang ke tsa modiro wa ... A Adidas. B Nike. C Puma. D Jordan. (1) 3.2 Neela ntlha e le NNGWE ya togamaano e mmapatsi a e dirisitseng go gogela bareki. (1) 3.3 A o ka re papatso e e fa godimo e tsaya letlhakore? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 3.4 Tlhagiso e e reng, di dišwa mo mmarakeng, ke mofuta ofe wa puo ya papatso? (2) 3.5 Bopa leina ka lediri, 'reka' go tswa mo papatsong. (1) 3.6 Fetolela polelo e e thaletsweng mo papatsong go modirisotaelo mo bontsing. (1) 3.7 Goreng tlhagiso e e reng, diteki tsa banna, e kwadilwe ka ditlhakakgolo tse di ntshofaditsweng? (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 8 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential POTSO 4: KHATHUNU Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA E Ke tlhoka go duela Ga ke kgone EMA MOLA FA! madi a dibasari. go bona tiro. Dira kopo fa! 3 5 2 4 6 7 1 [Se nopotswe go tswa mo go https.//t.co/E7Naq7M;VO/X.Yalo graduates] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A,B,C kgotsa D. Tiragalo e e mo khathunung e senola … A go falola ga baithuti. B moletlo wa barutegi. C go tlhoka tiro ga barutegi. D go itumela ga barutegi. (1) 4.2 Ke eng se barutegi ba tlileng go se dira kwa setheong sa SASSA? (1) 4.3 Puisano ya barutegi 6 le 7 e senola maikutlo afe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 4.4 Nopola lesupi go tswa mo khathunung. (1) 4.5 Bolela gore lediri le le thaletsweng mo khathunung le dirisitswe jang? (1) 4.6 A mokhathunu o kgonne go bontsha tshotlo mo khathunung e? (2) 4.7 A o ka itumelela go nna mongwe wa barutegi ba ba tlhagelelang mo khathunung e? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 9 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential POTSO 5: TEMANA YA POROUSE Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA F 1 Nkoko a dumela ka tlhogo mme a tloga a ya go tsaya dikhai kwa ntle kwa terateng. O ne a leba naga ya majang a a neng a tsikinngwa ke phešwana ya kwa gae mme a gopola nako e bana ba gagwe le ditlogolwana ba neng ba tshameka mo nageng. Ditiro o ne a na le dingwaga di le nne. Mmaagwe o ne a mmolelela gore a tlogele go siana. 5 2 O ne a gana go rwala ditlhako, fela o fitlhele a siana a ja mokaragana ka fa gare ga bojang jo boleele jo bo mo fitlhang mo lethekeng a ntse a tshegatshega le go nyeba, a itse gore mo go mmaagwe kgotsa nkokoagwe, ga go ope yo o tlaa mo salang morago go fitlha koo. O ne a siana, a fitlhela a lelekisitse moriti wa gagwe go fitlha a tsena mo bogodimong jwa lentswe le le gaufi mme a 10 lebile lefatshe lotlhe la gagwe le diheketare tsa bojang jaaka bo ne bo ikadile, le loapi ka botala jwa legodimo jwa lona. 3 O ne a sa batle go fuduga mo motseng wa bona o montle wa Tlhakong. O ne a batla go golela koo go fitlha a tsena mo botsofeng jaaka rremogolo, a le mo gare ga lesika la gagwe ka dinako tsotlhe. 15 [E nopotswe go tswa mo go Malakabe a Pelo, G Segone] 5.1 Bolela gore leina le le ntshofaditsweng mo go mola 1 le dirisitswe jang. (1) 5.2 Neela lekaelagongwe la leina 'dikhai' mo go mola 1. (1) 5.3 Mofuta wa polelwanakala e e thaletsweng mo go mola 5 ke ofe? (1) 5.4 Neela lelatodi la lefoko le le ntshofaditsweng mo go mola 6. (1) 5.5 Dirisa lekwalatshwana le le ntshofaditsweng mo go mola 10 mo polelong ka bokao jo bo farologaneng le jo bo mo temaneng. (2) 5.6 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng mo go mola 13 le 14 mo kganetsong. (1) 5.7 Leina le le thaletsweng mo go mola 14 le bopilwe ka dipopegopuo (dikarolopuo) dife? (2) 5.8 Dirisa popegopuo (karolopuo) e e thaletsweng mo go 15 jaaka sediri sa polelo. (1) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

Revise the topics in this paper, then practise them question by question.

More papers and memos for this grade and subject.