Skip to content
Study guide

Gr11 Setswana G11 study guide LR

Grade 11 Setswana HL study guide, 87 pages. Read online or get the free PDF download.

Publisher: Via Afrika

Subject: Setswana HLGrade 1187 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Via Afrika Mophato 11 Kaedi ya morutabana Setswana Puo ya Re naya baithuti ba rona bokgoni jo bo tshwanetseng Gae gore ba kgone go itlhagisa sentle fa ba tsena mo lefatsheng la kgwebo. Mophato 11 Study Guide — Siyabonga Mvakwendlu, Morutabana M.P. Mogapi, K.M. Mbonani, T.M. Aphane, B.P. Lekome, P.C. Mooa, K.M. Mohulatsi Via Afrika e tlhaloganya, e anaanela le go ema nokeng seabe sa gago jaaka morutabana. O dira tiro e e botlhokwa fela thata mo go tsa thuto, mme re a lemoga gore maikarabelo a gago a akaretsa go feta fela go ruta. Re dirile bojotlhe jwa rona go go bolokela nako le go go tlhofofaletsa tiro, e bile re motlotlo go bo re kgona go go thusa go ruta serutwa seno ka katlego. Via Afrika Setswana Puo ya Gae Dilo dingwe ke tseno tse re di dirileng go go thusa mo khosong eno e ntšha-ntšha: 1. Motseletsele ono o kwadilwe gore o tsamaisane le Pegelo ya Pholisi ya Bosetšhaba ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo (PPBKT) e ka puo ya seeng e itsegeng jaaka Curriculum and Assessment Policy Statement ( CAPS ). Leba tsebe 10 go bona kamoo ditlhokego tsa PPBKT di fitlheletsweng ka teng. 2. Go tsenyeleditswe le lenaane la thulaganyetsothuto le o ka le dirisang, maikaelelo ke go go nonofaletsa tiro le go go bolokela nako. Leba tsebe 11 go bona gore le ka go bolokela nako e ntsi go le go kana kang. 3. Setlhogo sengwe le sengwe se simolola ka dintlha-kakaretso tsa se se tlileng go rutwa, le didirisiwa tse o tla di tlhokang. Leba tsebe 30 go bona gore seno se ka go thusa jang mo thulaganyong e o tlileng go e dira. 4. Go na le kgakololo ka go ipeela lobelo lwa tiro go go thusa go fetsa tiro yotlhe ya ngwaga ka nako.Leba tsebe 32 go bona ka fa seno se ka dirwang ka gone. 5. Kgakololo ka go tsenyeletsa dikgopolo le go aga sekefole sa go ithuta (mokgwa wa go ruta wa go belesa barutwana maikarabelo a go ithuta) di neetswe mo setlhogong sengwe le sengwe. Leba tsebe 33 go bona sekai. 6. O neetswe dikarabo tsotlhe go go bolokela nako ya go dira dithutiso ka bowena. Leba tsebe 34 go bona sekai. 7. Go tsenyeleditswe gape le CD e e tletseng ka didiriswa go go thusa go ruta le go lekanyetsa. Leba ka fa teng ga tsebe ya ka fa pele. Mo bukeng ya morutwana o tla fitlhela diteng tsotlhe tse barutwana ba gago ba tshwanetseng go nna le bokgoni mo go tsone. Buka ya morutwana e kwadilwe ka puo e e tlhaloganyesegang,e e botlhofo, e barutwana ba ka ithutang ka yona. Boalo le thulaganyokgabô e e kgatlhang di tla dira gore kgatlhego ya bone e se ka ya fokotsega le go dira gore o natefelwe ke go ba ruta. Re ka rata go utlwa ditshwaelo tsa gago. Ke eng o sa re bolelele gore go ntse go tsamaya jang ka go re romelela imeile mo atereseng ya setswana@viaafrika.com? Kgotsa leba foramo ya rona ya barutabana mo atereseng ya www.viaafrika.com. Language: Setswana ISBN: 978-1-415-43689-9 9 78 1 4 1 5 436899 www.viaafrika.com
Study Guide Via Afrika Setswana Puo ya Gae Mophato 11
Diteng Matseno…………………………………………………….…………………………..........4 Ditlhangwa tsa boitlhamedi le tsa tirisano………………………………………………...4 Dikgato tsa go kwala………………………………………………………………………..5 Tshobokanyo ya dikgato tsa go kwala…………………………………………………….6 Karolo ya A: ditlhamo……………………………………………………………………….7 Karolo ya B: ditlhangwa tsa tirisano……………………………………………………….9 Makwalo a e seng a semmuso/a botsalano………………………………………………9 Lekwalo la semmuso (la ngongorego)…………………………………………………..11 Lekwalo la phelegetso……………………………………………………………………..14 Lekwaloikitsiso……………………………………………………………………………..15 Lekwalo la taletso...………………………………………………………………………..18 Setlhangwa sa tirisano: athikele ya makasine………………………………………….20 Go kwala mmuisano……………………………………………………………………….22 Go kwala puo……………………………………………………………………………....24 Pegelo………………………………………………………………………………………26 Dipotsotherisano…………………………………………………………………………..28 Lenanetema le metsotso ya kopano…………………………………………………..…30 Tlhatlhobo ya bogare/bofelo jwa ngwaga…………………………………………….....35 Thanolo ya ditlhangwa tse di kwadilweng le tse di bonwang: dipapatso; dikhathunu le ditshwantsho………………………………………………………………………………36 Dipapatso…………………………………………………………………………………..38 Dikhathunu………………………………………………………………………………….41 Ditshwantsho……………………………………………………………………………….43 Dipopego tsa puo le melawana ya tiriso…………………………………………………46 2 ©Via Afrika Publishers 2012
Go kwala tshobokanyo…………………………………………………………………….46 Matshwao a puiso………………………………………………………………………….47 Popego ya leina…………………………………………………………………………….49 Dikao tsa mefuta e e farologaneng ya maina…………………………………………...49 Tiriso ya maina……………………………………………………………………………..50 Tlhathobo ya bogare/bofelo jwa ngwaga………………………………………………..51 Diponagalo le melawana ya ditlhangwa tsa tlhaeletsano ya molomo………………..52 Go reetsa……………………………………………………………………………………53 Go reeletsa tshedimosetso e e kgethegileng…………………………………………...53 Go reetsa tshekatseko ya tsenelelo le tlhatlhobo………………………………………54 Go reeletsa kgatlhego le tlhaeletsano le bangwe………………………………………54 Go bua………………………………………………………………………………………55 Dingangisano……………………………………………………………………………….56 Puo e e ipaakanyeditsweng………………………………………………………………58 Dikopano le mokgwa wa go di tsamaisa………………………………………………...60 Go itsise sebui……………………………………………………………………………...62 Go neela puo ya ditebogo…………………………………………………………………62 Dipuisano tse di sa tlhomamang/motlotlo……………………………………………….63 Rejisetara…………………………………………………………………………………...64 Thuto ya dikwalo…………………………………………………………………………...65 Diponagalo tsa dikwalo……………………………………………………………………65 Poko…………………………………………………………………………………………66 Diaane………………………………………………………………………………………76 Padi………………………………………………………………………………………….78 Tlhatlhobo ya bogare/bofelo jwa ngwaga……………………………………………….83 HULAMO LE TLHATLHOBO (PPKT) 3 ©Via Afrika Publishers 2012
1. MATSENO Kaedi e e tlhagisa tlhaloso e khutshwane ka ga dikgato tsa go kwala (process writing) le go tlhagisa. Gape e abelana ka kaedi le dintlha tsa botlhokwa tsa go ruta le go tlhagisa mefuta ya ditlhamo, ditlhangwa tsa tirisano (seno se akaretsa le dikao tsa tsona), dipopego tsa puo le melawana ya tiriso, thanolo ya ditlhangwapono, tshekatsheko ya ditlhangwa tsa dikwalo le ditlhatlhobo. Ditlhangwa tsa boitlhamedi le tsa tirisano Tlhokomela dintlha tse:  Barutwana ba tshwanetse go kwala kgapetsakgapetsa. Dikwalwa tsa ditiragalo tsa letsatsi le letsatsi, tse di sa lekanyetsweng semmuso ke didiriswa tse di botlhokwa mo go rotloetseng barutwana go kwala. Go le gantsi barutwana ba tshwanetse go newa tšhono ya go kwala ka kgololosego ba sa lekanyediwe.  Mo dikwalong tse dintsi tsa semmuso, barutabana ba gakololwa go lekanyetsa bokgoni jo bo rileng pele. Sekao; bokgoni jotlhe jwa tirisopuo ga bo a tshwanela go lebelelwa mo kgatong nngwe le nngwe ya kwalo ya setlhangwa ka se se setse se dirilwe kwa morago. Se, se ne se dira gore bokgoni jwa go tlhabolola go kwala bo itlhokomolosiwe ka go ne go tlhokega tekanyetso e e tseneletseng.  Barutwana ba tshwanetse go ithuta go baakanya diphoso mo tirong ya ba bangwe ka gonne tirisano ya bone e le karolo e e botlhokwa mo tsweletsong ya go kwala mme e tokafatsa maitemogelo a bone botlhe.  Karolo e e botlhokwa ya poelo e, ke tlhagiso ya tiro e e kwadilweng. Tiro e e ka bontshwa barutwana ba bangwe, barutabana, sekolo sotlhe, batsadi kgotsa batsayakarolo ba ba farologaneng. Moithuti o tla itumelela setlhangwa se se feletseng, se rulagantswe/ kwadilwe ka bokgabane.  Barutwana ba tshwanetse go itsisiwe ka diponagalo le ditlhokego tsa mefuta e e farologaneng ya ditlhangwa tsa boitlhamedi le tsa tirisano. Tlhaloso e khutshwane ya mefuta ya ditlhamo le ditlhangwa tsa tirisano tse moithuti a solofelwang go di kwala e latela fa tlase fa: 4 ©Via Afrika Publishers 2012
Dikgato tsa go kwala Kwalo le botlhami ke tiro e e dirwang ka dikgato. Go botlhokwa go naya barutwana tšhono ya go diragatsa kwalo e go ya ka dikgato tsotlhe tsa yona. Dikgato tsa go kwala Barutwana ba tshwanetse go dira tse di latelang ka nako ya go kwala. Go dira paakanyetsotiro  Tsaya tshwetso ka maitlhomo le baamogedi ba setlhangwa se se tshwanetseng go kwalwa.  Tlhomamisa sebopego, mokgwa le ntlhakemo.  Kokoanya dikakanyo o dirisa, sekao, thulaganyo ya dintlha kgotsa mananeo.  Lebelela metswedi e e maleba, tlhopha tshedimosetso e e maleba. Go kwala ditlhangwa tsa ntlha  Dirisa dintlhakgolo le dikakanyo tse di tlaleletsang ka tsenelelo go tswa mo kgatong ya ipaakanyetsotiro.  Tlhagisa ditlhangwa tsa ntlha o lebeletse maitlhomo, bareetsi, setlhogo le mofutakwalo.  Buisa ditlhangwa tsa ntlha ka tsenelelo o be o tseye ditshwaelo go tswa mo go ba bangwe (barutwana-ka-wena).  Tsaya tshwetso ka tlhopho ya mafoko o dirisa mafoko a a maleba, a a tlhalosang, dipolelo le ditlhagiso gore go kwala go buisege.  Tlhomamisa lentswe (dikakanyo/maikutlo) le le lemosegang le mokgwa ka go lebaganya puo le lentswe go tshwanela bareetsi le maitlhomo a go kwala.  Supa ntlhakemo ka go tlhalosa meetlo, ditumelo le maitemogelo.  Akaretsa dintlha tse di rileng tsa setlhangwa se se tlhokegang (tiriso dinopolo,go tshegetsa le go rotloetsa ngangisano). 5 ©Via Afrika Publishers 2012
Go boeletsa, go tseleganya, go tlhotlha diphoso le go tlhagisa  Dirisa dintlha tse di neetsweng go atlhola ka kakaretso tiro ya mong le ya ba bangwe gore e tokafadiwe.  Siamisa tlhopho ya mafoko, popego ya polelo le ya temana (tsenya tshedimosetso ya tlaleletso, o dirisa mafoko a a maleba).  Tlhagisa dikwalo tse dintsi fa a ntse a ipaakanya, a boeletsa  Tlosa puo e e bokaobontsi, ya ka gale, ya tlaopo le puo e e fatlhang.  Tlhatlhoba diteng, mokgwa le rejisetara.  Dirisa matshwao a puiso, mopeleto le dipopego tsa puo ka tsela e e siameng gape e le maleba.  Rulaganya setlhangwa sa bofelo.  Tlhagisa setlhangwa se se feletseng ka go refosana dikakanyo le barutwana ba bangwe, batsadi le batsayakarolo ba bangwe  Lebelela gape le go tlhatlhoba setlhangwa se se feletseng ka boena le ka thuso ya barutwana ba bangwe le morutabana;  Go tlhagisa setlhangwa se se feletseng ka go thusana le balekane, barutabana, batsadi le batsayakarolo ba bangwe. Tshobokanyo ya dikgato tsa go kwala 2. Sekaseka 3. Kwala 1 4. setlhogo lefoko la Kgobokanya Ditaelo botlhokwa dikakanyo mo gare ga pampiri 5. Kwala dipolelo 6. Tlhopha 7. Kwala dikakanyo 8. Kwala dikakanyo mo mmepeng wa ditlhangwa tsa tse o gago wa tlhaloganyo ntlha batlang go kwala ka tsona 9. Tseleganya 10. Kwala tiro ya gago setlhangwa sa bofelo 6 ©Via Afrika Publishers 2012
1. Karolo ya A: ditlhamo Lo tlaa newa ditlhogo tsa ditlhamo le ditshwantsho go itlhophela se o ka kwalang tlhamo ka sona. Fa o neilwe setshwantsho go kwala tlhamo ka sona, o tshwanetse go ipopela setlhogo se se amanang le setshwantsho seo go kwala ka sona. Dintlha tse o tshwanetseng go di tlhokomela go ya ka mefuta e e farologaneng ya ditlhamo tse di tlhaoletsweng mophato o ke tse di a latela: Tlhamo ya ngangisano, e e sa tseyeng letlhakore le maitlhomo Ditlhamo tsa ngangisano di tlhagisa kganetsano mo go dumeleng le mo go ganetseng sengwe (‘goreng ke dumela gore basadi ba na le maatla go gaisa banna?’); Ditlhamo tse di sa tseyeng letlhakore di tlhagisa ngangisano e e lekalekanang go emela kgotsa go nna kgatlhanong le sengwe se setlhogo se buang ka ga sona, kemo ya mokwadi e tlhagisiwa fela kwa bokhutlong. (‘A basadi ba maatla go feta banna?); Ditlhamo tsa maitlhomo di tlhagisa setlhopha sa megopolo le dikakanyo ka setlhogo, go se maikaelelo ape a go ganetsana go ya ka letlhakore lengwe (‘mosadi wa segompieno: megopolo ya me’). Ditlhamo tsa ngangisano di ganetswa go tswa mo kemong ya mmui; tshireletso kgotsa tlhaselo e tsepame fela go itshupa gore e letlhakore le lengwe; bokhutlo bo itshupa sentle gore kemo ya mokwadi e fa kae. Ditlhamo tse di sa tseyeng letlhakore di itshupa di lekalekana, le go tlhagisa matlhakore a a farologaneng a ngangisano e e rileng; popego e rulagane ka kelotlhoko le ka tlhomamo; e lebeletse kemo ya botlhe, fela mokwadi a ka itebelela ka dinako dingwe; ka puo e e tsosang maikutlo e kgonagala, ngangisano e e tswileng diatla gantsi e a fenya ka ntlha ya gore e dira tlhaloganyo e e utlwalang. Bokhutlo bo supa kemo ya mokwadi sentle. PEGELOYA PHOLISI YA KHARIKHULAMO LE TLHATLHOBO (PPKT) 7 ©Via Afrika Publishers 2012
Ditlhamo tsa maitlhomo di tlhagisa kakanyo, tlhaloganyo, megopolo le maikutlo a mokwadi mo setlhogong se se rileng, e le selo sengwe se a dumelang thata mo go sona. Gantsi e lebile mokwadi ka namana go feta dikakanyo tsa gagwe; e tlhoka popego e e tseetsweng matsapa, fela ga e patelesege go tlhagisa bokhutlo jo bo tlhamaletseng, kgotsa gona go tlhagisa mmuisano o o tsepameng, le fa gona e kgona go dira jalo. E ka kgatlhisa kgotsa ya tsepama thata. Dintlha tsa tlhokomelo 1. Ditlhamo tsa ngangisano di ganetswa go tswa mo kemong ya mmui; tshireletso kgotsa tlhaselo e tsepame fela go itshupa gore e letlhakore le lengwe; bokhutlo bo itshupa sentle gore kemo ya mokwadi e fa kae.  Simolola tlhamo ka go tlhagisa ntlhakemo ya gago  Puo e dirisiwa ka maikutlo fela mmui a se ke a tlhoka maitseo,  Mokwadi o tlaa leba thata dintlha tse di kgatlhanong.  Tlhopho ya mafoko: mokwadi o tshwanetse go tlhopha mafoko sentle ka go dirisa puo e e tlhamaletseng gore ba setlhopha sa kganetso ba kgone go go tlhaloganya. Dingangisano di dirisa puo ya maikutlo, ya tlhotlheletso, e e naganelang letlhakoreng le lengwe le e e digelang thata ka mmui o a bo a leka go pateletsa bareetsi go dumalana le ena. Dirisa metswedi ya tshedimosetso go tlhopha tlotlofoko e e matshwanedi.  Go kwala temana: Kwala dikarolo tse di farologaneng tsa ditemana: Setlhogo, dikakanyokgolo le tse di tshegetsang, matseno a a kgatlhisang, mmele le bokhutlo. Go nne le tatelano e e maleba  Temana ya bokhutlo: Temana ya bokhutlo e tshwanetse go tlogela mmuisi ka kakanyo kgotsa kgopolo e e tla nnang le ena lobaka lo lo leele morago ga tlhamo e sena go buisiwa.  Go tlhaloganya rejisetara le setaele: Dirisa rejisetara e e maleba e e tlhamaletseng. Bua ka tlhamalalo le mmuisi ka tsela e e dirang gore a ikutlwe o bua le ena. 8 ©Via Afrika Publishers 2012
 Kwala ka tokologo le go itshepa, o se ke wa kopa maitshwarelo a kemo e o e tshotseng.  Dirisa dintlhakemo tse di farologaneng fela fa go tlhokega.  Melawana ya puo: tlhokomela tiriso ya matshwaopuiso mo tirwaneng e e fetileng. 2. Karolo ya B: Ditlhangwa tsa tirisano Barutwana ba mophato wa 11 ba tshwanetse go itse go kwala mefuta e e farologaneng ya ditlhangwa tsa tirisano tse di telele. Ka jalo go botlhokwa go ithuta ditlhangwa tse ka ntlha ya gore fa o itse kagego ya tsona le puo e e maleba ya tsona, ba tla dira sentle mo pampiring ya boraro. Ditlhangwa tsa tirisano ke tseo di a latela: Makwalo a e seng a semmuso/a botsalano Makwalo a e seng a semmuso a ka kwalelwa, gareng ga tse dingwe, go:  leboga  utlwela botlhoko  eleletsa masego  kwalela tsala kgotsa mongwe wa ba losika –o tlotla fela tiragalo nngwe e e rileng.  keleletsomasego. 9 ©Via Afrika Publishers 2012
Sekao sakagego ya lekwalo la botsalano: Sekao sa letlhomeso la lekwalo la botsalano ke seo se a latela: P.O Box 10089 Aterese ya mokwadi le Lichtenburg letlha le 2740 lekwalo le 11Ngwanatsele 2011 kwadilweng ka lona ------------------------------------------------------------------------------- O tlola mola Masego Ditumediso tse di repileng -------------------------------------------------------------------------------------------- O tlola mola -------------------------------------------------------------------------------------------- Temana ya -------------------------------------------------------------------------------------------- matseno -------------------------------------------------------------------------------------------- O tlola mola -------------------------------------------------------------------------------------------- -------------------------------------------------------------------------------------- Mmele ---------------------------------------------------------------------------------- O tlola mola Madume go botlhe koo Bokhutlo jo bo -------------------------------------------------------------------------------------- repileng O tlola mola --------------------------------------------------------------------------------------- Ke nna Leina la Boitumelo mokwadi 10 ©Via Afrika Publishers 2012
Tlhokomela dintlha tse di latelang:  Dirisa rejisetara le setaele sa puo se se repileng.  Rejisetara yona ke go repa kana go gagamala ga puo. Sekao, fa o bua le tsala ya gago o dirisa puo e e repileng, ga o tlhophe mafoko mme fa o bua le mogokgo wa sekolo sa gago o dirisa puo e e gagametseng.  Sala dikgato tsa go kwala morago, tsona ke tse: go dira paakanyetsotiro, ditlhangwa tsa ntlha, poeletso, tseleganyo, go tlhotlha diphoso le tlhagiso. Dintlha tse dingwe tse o tshwanetseng go di tlhokomela ke tse di a latela:  Go aga polelo ka nako ya go kwala lekwalo: Tlhokomela gore o dirisa dipolenolo, makopanyi, maemedi le dithuanyi ka nepagalo go aga dipolelo tse di nepagetseng.  Go kwala temana: Tlhokomela gore temana e nngwe le e nngwe e na le ntlhakgolo/kakanyo ya yona. Lekwalo la gago le nne le tatelano e e maleba.  Kwala ka puo e e bonolo e e tshelang.  Le nne le matseno, mmele le bokhutlo.  Le nne le aterese e le nngwe ya mokwadi, ka letlha le lekwalo le kwadilweng ka lona (fa tlase ga aterese)  Le nne le ditumediso tse di repileng tse di tlang fa morago ga aterese ya mokwadi.  Bokhutlo bo repile le go salwa morago ke leina la mokwadi. Lekwalo la semmuso (la ngongorego) Go a tlhokega mo botshelong gore ka dinako dingwe motho a golagane le batho ba ba gaufi kgotsa ba ba kgakala le ena ka tlhaeletsano ya lekwalo. O ka golagana le setheo sengwe ka maikaelelo a go tlhagisa ngongorego mabapi le sengwe. Mo ntlheng e, o tshwanetse go dirisa lekwalo la semmuso, go kwalela setheo se o batlang go tlhagisa ngongorego ya gago ka ga sengwe kwa go sona. 11 ©Via Afrika Publishers 2012
Dintlha tsa tlhokomelo  Lekwalo le, le tshwanetse go nna le diaterese di le pedi, ya mokwadi, e e kwalelwang kwa godimo mo letsogong la moja, le ya mokwalelwa, e e kwalwang mo letsogong la molema morago ga go tlola mola fa go se na go kwalwa ya mokwadi.  Ditumediso e nne tse di tlhomameng, sekao; Motlotlegi, Rra, Mma jalo le jalo.  Ditumediso di kwalwa fa tlase ga aterese ya mokwalelwa morago ga go tlola mola.  Setlhogo sa lekwalo se kwalwa fa tlase ga ditumediso morago ga go tlola mola mme se tshwanetswe go thalelwa fa se kwadilwe ka ditlhaka tse dinnye.  Lekwalo le, ke le le khutshwane, gakologela go kwala ka mokgwa o o tla dirang gore baamogedi ba tshedimosetso ya lona ba le tlhaloganye ka nepo, ba tle ba neelane ka tsibogo e e maleba, e e amogelesegang.  Kwala o tlhamaletse kwa ntlheng, o tlhagise fela se o batlang tharabololo ya sona.  Lekwalo le ka ntlha ya fa e le la semmuso, puo, moono le segalo tsa lona e tshwanetse ya nna tse di tlhomameng e bile di supa fa mokwadi a le boingotlo.  Supa rejisetara e e tlhamaletseng ya puo, rejisetara e, e se nne e e repileng go tshwana le e e dirisiwang fa go kwalwa lekwalo la botsalano ka gonne fa o kwalela mongwe wa maemo a a rileng, o ka tswa o mo itse kgotsa o sa mo itse.  O ka nna wa kwala dinomoro tsa mogala kwa o ka fitlhelwang gone fa e le gore go ka tlhokega gore o neelana ka tshedimosetso nngwe e e rileng mo godimo ga e o neelaneng ka yona.  Supa bokhutlo jo bo tlhomameng bo latelwa ke sefane le ditlhakaina tsa gago.  Sala dikgato tsa go kwala morago, e leng: go dira paakanyetsotiro, sekwalwa sa ntlha, poeletso, tseleganyo, go tlhotlha diphoso le tlhagiso. 22Sekao sa lekwalo la ngongorego P. O. Box 9587 Meridianburg 0299 17 Diphalane 2013 12 ©Via Afrika Publishers 2012
Motsamaisi Lekgotlatoropo la Ditsobotla 139 Tsela ya Thabo Mbeki Gaetsho 2677 Rra/ Mma/Motlotlegi NGONGOREGO MABAPI LE BOIMANA BA BANA BA PORAEMARI Ke kwala jaana go ngongorega mabapi le maitsholo a bagolo mo baneng ba poraemari. Bana ba, ba sa le bannye go ka ima ka ba se na maitemogelo a a kalo ka botshelo. Batho ba ba imisang bana ba, ba gatelela ditshwanelo tsa bona e bile seno ke mokgwa mongwe wa tsholo e e makgwakgwa e ba e itemogelang. Go utlwisa botlhoko go bona sekolo se sa supe kgatlhego epe ya go bega badiri ba kwa sepodising. A lebaka la kgogo e, ya dinao ke ka gobo bangwe ba bagami ba tiro e e setlhogo e, e le barutabana ba sekolo se bana ba ba tsenang mo go sona? A lefapha la thuto le tila go ba tseela dikgato maikaelelo e le go sireletsa tiro ya bona? Pabalesego ya bana mo diatleng tsa barutabana e a tlhobaetsa. Go betelelwa ke motho yo o mo tlase ga tlhokomelo le tataiso ya gagwe ga go monate le e seng. Maitsholo a barutabana a tota a supa gore e le ruri moloi ga a na mmala. Ke palelwa ke go itshokela go bona bokamoso jwa bana bo senngwa ke lebile. Nka itumela fa botsamaisi bo ka batlisisa maitsholo a, mme ga tsewa dikgato tse di maleba go ba ba amegang. Tiego go rarabolola bothata jo, e tla mpateletsa go tseela lefapha kwa kgotlatshekelong. Weno ka boikokobetso Kesaobaka M. 13 ©Via Afrika Publishers 2012
Lekwalo la phelegetso Lekwalophelegetso ke lekwalo la semmuso le le kwalelwang setheo se se rileng. Mokwadi o kopa phatlhatiro kana thuso mo setheong seo. Aterese ya Mokwadi wa lekwalo (GO SE NNE LE MATSHWAO A PUO NTLE FELA FA E LE GORE GO DIRISITSWE P. O. BOX) TLOLA MOLA Aterese ya mokwalelwa (GO SE NNE LE MATSHWAO A PUO NTLE FELA FA E LE GORE GO DIRISITSWE P. O. BOX) TLOLA MOLA Ditumediso(E ka nna Motlotlegi/Rra/Mma(GO SE NNE LE MATSHWAO A PUO) O letleletswe go dirisa ditumediso tse di maleba go yo o mo kwalelang. TLOLA MOLA SETLHOGO (se kwalwa ka ditlhakakgolo mme fa se kwalwa ka ditlhaka tse dinnye se thalelwe) TLOLA MOLA Diteng: Ditemana di le tharo go ya go di le nne,go tsenyeleditswe le ya matseno. Ela tlhoko gore temana e nngwe le e nngwe e hupile kakanyokgolo ya yona e bile go na le neeletsano e e siameng magareng ga tsona. Tlola mola morago ga temana e nngwe le e nngwe. (Gakologelwa go tlola mola morago ga temana e nngwe le e nngwe). Bokhutlo TLOLA MOLA Weno ka boikokobetso/Ka boikokobetso (GO SE NNE LE MATSHWAO A PUO) Sefane le ditlhakaina tsa mokwadi 14 ©Via Afrika Publishers 2012
Lekwaloikitsiso  Le kwalelwa ditheo le mafapha a puso fa mong a batla tiro.  Ke tshedimosetso e e kitlaneng e e maleba thata le mofuta wa tiro e e kopiwang. Dintlha tse o tshwanetseng go di tlhokomela  Ka ntlha ya gore bontsi jwa batho mo metlheng e, ba dirisa dithempoleite go botlhokwa go batlisisa gore thempoleite e e gaisang ke efe le gore o ikamanye le yona le go e tlatsa ka mokgwa o e tla go tswelang mosola ka teng.  Ipapatse/ ithekisetse lefatshe mo pampiring.  Kwala ka maatla mo mothong yo o simololang go go itse.  Tlhagisa tshedimosetso e e lolameng, e tsepame, e nne khutshwane.  Tshedimosetso e nne maleba le se kopo e se lebileng.  Neela:  Tshedimosetso ka ga mong.  Borutegi  Maitemogelo a tiro (fa go le maleba).  Dipaki 15 ©Via Afrika Publishers 2012
Sekao sa lekwaloikitsiso lwa go batla tiro LEINA: Itumeleng Sego ATERESE: 1048 Motsatsi Street Tlhabane 8335 DINTLHA TSA KGOLAGANO: Mogala: 053 8396689 Wa letheka: 082 4915 651 imeile: itusego@ gmail.com LETLHA LA TSALO: 2 Ferikgong 2011 NOMORO YA BOITSHUPO: 760102 5070 087 MAEMO A NYALO: Ga ke a nyalwa BOSETŠHABA: MoAforikaborwa DINTLHA TSA DITHUTO SEKOLO SE SEGOLO: 2003–2007 Sekolo se Segolo sa Mmanape DITHUTEGO TSE DI FITLHELETSWENG: MOPHATO WA 12 DIRUTWA: Setswana Puo ya Gae English 1st Additional Language Afrikaans 1st Adissionale Taal Mathematics Physical Science Life Sciences METSHAMEKO: Bolotlowa DIPAKI: 1. Ken Seojane (Rre) Seojane and Associates 156 Jones Street Mogala: 053 861 0092 Kimberley 8300 2. Renette Bojang Moremogolo FET College 19 Modimogale Street Mogala: 053 861 3942 Galeshewe 8300 16 ©Via Afrika Publishers 2012
Sekao sa lekwalo la kgatiso le o ka le tlhagisang P. O. Box 9587 Meridianburg 0299 17 Diphalane 2013 Motsereganyi Lekwalodikgang la Naledi 1739 Tsela ya Thabo Mbeki Mahikeng 2978 Rra/ Mma/Motlotlegi BOLWETSE BA LEBOLELATENG GA SE BOLEO. Go le gantsi ke a tle ke gakgamalele batho ba ba sisimogang batho ba ba tshwaeditsweng ke bolwetse ba Lebolelamading le go ba tlhaetsa matlho. Go ya ka nna batho ba mothale o, ke dilalome, ga ba tshwanelwa go letlelelwa go tshela. Bolwetse jo bo tshwana fela le loso, ga bo tlhaole e bile bo ka go tshwara ka nako e o sa solofelang ka yona. Bagaetsho, boemong jwa go itira ba ba phepa ntswa gona re itse gore ga re phepa, a re nneng seoposengwe go kgaratlhela thibelo ya bolwetse jo. A re supeng maikarabelo mo kgodisong ya bana ba rona ka gonne ke ka makgetlo a le mantsi o fitlhela re palelwa ke go tlhaloganya metsamao ya bana ba rona. A re rateng motho yo o tshwaeditsweng ke bolwetsi jwa Lebolelamading. A maitsholo a re ba bontshang ona a laolwa ke botlhokakitso ka ga bolwetsi jo kgotsa a laolwa ke boikgogomoso? Botho ba rona re le Bantsho bo ile kae? Ke solofela fa re ka fetola maitsholo a rona go balwetse ba bolwetse jo mme mmogo ra fenya megopolo e e fosagetseng ka bona. Moagi yo o tshwenyegileng Bapaletswe J. J. Dipotso 3 17 ©Via Afrika Publishers 2012
Dibeke 13–14 Dintlha tsa tlhokomelo Tiriso ya matshwaopuiso mo lekwalong Tiriso ya matshwaopuiso a a latelang: Phegelwana, khutlo le tiriso ya dikhutshwafatso: Aterese ya lekwalo e dirisa dikhutshwafatso mmogo le dikhutlo. sk. P.O. Phegelwana e ka dirisiwa mo mmeleng wa lekwalo fa go tlhokagala. Go se dirisiwe letshwaopuiso lepe mo bokhutlong jwa lekwalo. . Lekwalo la taletso Dintlha tsa tlhokomelo:  Tlhalosa gore ke ka ntlha ya eng fa o bona go tshwanela gore tiro e dirwe ke mokwalelwa  Neela dintlha tsa moletlo (nako,lefelo, letlha le nako)  Tlhalosa gore ke bomang ba laleditsweng  Mo neele setlhogo/ntlha e lo ratang a ka bua ka yona  Ama ntlha ya thulaganyo ya didiriswa  Neela nako e lo ka mo e rebolelang  Tlhalosa ka tsa marobalo le ditshenyegelo tse di ka nnang teng mo moletlong le se lo tla mo se direlang  Kopa boikitsiso jo lo ka bo dirisang go mo itsise pele a ka neela puo. Sekao sa lekwalo la taletso Kereke ya Anglican P. O. Box 56 Maruping 8665 Ngaka Molapo 224 Hillside Avenue Klerksdorp 8765 18 ©Via Afrika Publishers 2012
Rra TALETSO YA GO NNA SEBUI-SEGOLO Re le mokgatlho wa bašwa ba kereke ya Anglican mo Maruping re kgatlhilwe thata ke dipuo tsa gago tsa thotloetso tse di kgonang go aga bašwa. Re ka nna motlotlo thata fa o ka tla go nna sebui-segolo mo moletlong wa rona wa letsatsi la bašwa. Moletlo o tla tshwarelwa kwa kerekeng, ka Seetebosigo a le lesome le borataro, go tloga ka ura ya lesome mo mosong. Re ikaelela go laletsa bašwa ba dikereke tse dingwe mmogo le baruti ba sedika sa rona. Re eletsa fa o ka bua le rona ka ntlha nngwe e e amanang le thotloetso mo bašweng mo malatsing a gompieno. Re ka go rebolela metsotso e le masome a le mararo mme o re itsise fa e le gore go didiriswa tsa kutlo le pono tse re ka di rulaganyang. Fa o amogela taletso ya rona lekgotla la kereke le tla tsaya maikarabelo a go go tshelela lookwane lwa go tla le go boa. O ka rulaganyediwa marobalo le sefitlholo mo lefelong la Kamogelo le le gaufi le kereke. A o ka re romelela boikitsiso jwa gago mmogo le setshwantsho sa gago fa o amogela taletso ya rona? Re ikaelela go dirisa setshwantsho mo ditaletsong tsa rona le mo mananeo-tsamaisong a moletlo wa rona. Re solofela fa o tla sekegela kopo ya rona tsebe mme wa amogela taletso e. Ka boikokobetso Tlhalefo Morole -------------------------------------- Modulasetulo wa Mokgatlho wa Bašwa 19 ©Via Afrika Publishers 2012
Setlhangwa sa tirisano: Athikele ya makasine Dintlha tsa tlhokomelo Barutwana ba tshwanetse go itlwaetsa go kwala diathikele tsa makasine tse di tswileng diatla ka sengwe le sengwe se ba boneng se le botlhokwa go ka kwala ka sona, gammogo le diathikele tse di tshegisang gore ba kgone go tshegisana, kgalana, go intsha bodutu, go tshega ka ga sengwe, le go kgala setlhogo sengwe se se maleba. Tlaa re ithuteng go kwala athikele ya makasine. Dintlha tse di di latelang di tshwanetse go elwa tlhoko fa go kwalwa athikele ya makasine:  Athikele e tshwanetse go nna le tshedimosetso mme e bile e ngoke.  Setlhogo se nne sekhutshwane, se nne le maatla e bile se ngoke  Maina, mafelo, dinako, maemo le tshedimosetso e nngwe le e nngwe e e botlhokwa e tshwanetse go akarediwa mo athikeleng  Diathikele tsa dimakasine di kgaoganngwe ka dikholomo gore puiso e nne bonolo  Tiro e rulaganngwe sentle mme e kgaoganngwe go ya ka ditemana tse di nang le matseno, mmele le bokhutlo.  Leina la mokwadi le tlhagelele  Go aga polelo: o tshwanetse go dirisa dipopego tsa puo le melawana ya tiriso ka nepagalo. Dirisa mabotsi fa go tlhokagala. Dirisa mefuta e e farologaneng ya dipopego tsa puo le melawana ya tiriso go gatelela bokao jo bo lolameng. Dirisa thulaganyo e e lolameng ya dipolelo go bontsha kgatlhego le kgatelelo.  Go kwala temana: O tshwanetse go dirisa dikarolo tse di farologaneng tsa ditemana. Athikele e nne le setlhogo, dikakanyokgolo le dintlha tsa tshegetso. Go netefatsa nyalano, kwala mefuta e e farologaneng ya ditemana le ditlhangwa o dirisa mafoko a a lemosang kgotsa makopanyi.  Tlhopho ya mafoko:Dirisa puo e e tlhamaletseng. Neela dintlha le go tlhagisa kakanyo.  Melawana ya puo: Dirisa ditlhakakgolo le matshwaopuiso ka nepagalo 20 ©Via Afrika Publishers 2012
Banna ba bathobantsho ba reng ka basadi ba bakima? Le gale mongwe le bona, e seng go ba sotlha mongwe mo o itlhophela se a se meweng. ratang, A basadi le bona ba nne bokima kgotsa le go itshepa, ba se ke ba bosesane go ipaakanya fela ka ba tswa mo mothong. batla Go na le banna go kgatlha banna ba bangwe ba bona. ba sotlhang basadi ba Se se tona ke gore o bona ikutlwa ka bokima jwa bona jang ka se o leng sona. A letsatsi fa lengwe le lengwe. o itebelela mo seiponeng Basadi ba mofuta o o ba feleletsa kgotsofalela se o se ba sa tlhole ba bonang mo itshepa ka ntlha seiponeng. Kgotsofalela ya se. Ba simolola go se o se nwa boneng gonne fa o sa ditlhare tsa go diga ithate o mmele tla ratwa ke mang? maikaelelo e le go E kwadilwe ke Masego kgatlhisa Lekome. banna ba bona. Ditshwaelo di ka Banna ba tshwanetse romelwa go: go dira Masego. gore basadi ba bona Lekome@gmail.com Banna ba batho bantsho ba ba ikutlwe rata basadi ba bona ba ba le motlotlo ka nonne. boima jwa Ke ba le mmalwa fela ba ba ratang basadi ba basesane. 21 ©Via Afrika Publishers 2012
Dintlha tsa tlhokomelo  Gopola dikgato tsa go kwala: Go dira paakanyetsotiro, go kwala ditlhangwa tsa ntlha, go boeletsa, go tseleganya, go tlhotlha diphoso le go tlhagisa Thulaganyo e ka nna jaana: setlhogo se sekhutshwane mme se ngoka Matseno a makhutshwane mme a kgatlhise Mmele ditemana tse di farologaneng Bokhutlo jo bokhutshwane mme bo gopolega bonolo Go kwala mmuisano Mmuisano ke mokgwa wa tlhaeletsano o o dirisiwang ke batho ba le babedi kgotsa go feta ba aroganya dikakanyo ka ga setlhogo sengwe. Mmuisano o kwalwa ka mokgwa wa terama. Dintlha tsa tlhokomelo  Supa motlotlo magareng ga batho ba le babedi.  Kwala go refosana puo fa go ntse go tsweletswe, ka tlhamalalo go tswa go ntlhakemo ya mmui.  Gakolola batsayakarolo (kgotsa babuisi) gore ba tshwanetse go bua/ tlhagisa tiragatso mo masakaneng pele ga mafoko a buiwa.  Tlhola maemo a tiragatso pele ga o e kwala.  Dipuisano ke selo se sentle se o ka se dirisang fa o dira lenaneo le le kwalwang, ka go bo dipuisano di senola Setswana se se buiwang, se ka nna gaufi thata le se se kwadilweng.  Dipuisano ga di tlhoke go nna magareng ga batho ba ba babedi fela.  Go bopa polelo: Dirisa sediri, lediri (letiro), sedirwa, dipaka, mediriso, tumelo, kganetso, madirimathusi, tira le tirwa, puosebui le puopegelo. Dirisa mabotsi 22 ©Via Afrika Publishers 2012
(goreng? kae? jang? eng?) Dirisa thulaganyo e e lolameng ya dipolelo go bontsha kgatlhego le kgatelelo.  Go kwala temana: Kwala dikarolo tse di farologaneng tsa ditemana: polelo e e tshwereng kgangkgolo ya temana, dikakanyokgolo le tse di di tshegetsang, matsenoa a kgatlhisang, mmele le bokhutlo.  Tlhopho ya mafoko: Tlhagisa bokao jo bo tlhamaletseng  Go tlhaloganya rejisetara le setaele sa puo e e kwalwang: Dirisa rejisetara e e maleba. Bua ka tlhamalalo le mmuisi ka tsela e e dirang gore a ikutlwe o bua le ena.  Kwala ka kgodisego le go itshepa, o se ke wa kopa maitshwarelo a kemo e o e tshotseng.  Dirisa dintlhakemo tse di farologaneng fela fa go tlhokega. Melawana ya puo: Dirisa ditlhakakgolo, phegelwana, matshwao a nopolo, khutlo, letshwao la potso, ngati, thalela, tlhakatshesane, phegelo, lenalana, tlamanyi, thaladi le masakana. Sekao sa Mmuisano ke seo se a latela Masego: Nkgonne Boitumelo! Boitumelo: Bua ke go reeditse. Masego: A o utlwile gore mme a reng? 23 ©Via Afrika Publishers 2012
Boitumelo: (Ka go makala) Ka eng nnaka? Masego: O letse a omanela mokgwa o re lebelelang thelebišene ka ona. Boitumelo: O ne a raya wena ka ke wena yo o sa neyeng thelebišene mowa. O e lebelela bosigo le motshegare. Masego: Maabane ga ke ise ke lebelele thelebišene. Nna ke nagana gore o buelela mo go wena. Boitumelo: Go siame Masego, re tla bona gore o ne a buelela mo go mang, mme gona o bua nnete ka gore e re tlhokisa nako ya go buisa. Masego: Re tla bona. Go kwala Puo Puo e, ke e e kwalwang ka maitlhomo a go e tlhagisa fa pele ga batho ba o kopilweng go ba gakolola ka sengwe. O kwala jaaka e kete o bua le batho bao ba fa pele ga gago.  Neela maitlhomo a puo ya kopano, ke eng se o ratang go se fitlhelela.  Tlhokomela mofuta wa kopano, sk. Ditlhomamiso, lenyalo, jalo jalo.  Bareetsi ke bomang, a ke bašwa, bogolo, jalo jalo.  Fa o simolola, dumedisa bareetsi le go leboga ba ba go laleditseng go bua.  O ka simolola ka go dira motlae gore o ngoke bareetsi.  Puo e na le matseno, mmele le bokhutlo.  Leboga bareetsi ka ba go adimile ditsebe.  Gopola dikgato tsa puo e leng: Paakanyetsotiro, ditlhangwa tsa ntlha, poeletso, tseleganyo le tlhagiso.  Aga dintlha tsa gago ka tolamo le go tila go phatlhalala ga dintlha.  Lekalekanya kganetsano ka go neelana ka dikgonagalo tse di utlwalang.  Bokhutlo bo botlhokwa, fela ga se tshobokanyo ya se se kwadilweng.  Go aga polelo: Dirisa dipolelo tse dikhutshwane.  Go kwala temana: Rulaganya le go lomaganya dintlha tsa gago gore puo e elele.  Tlhopho ya mafoko: Dirisa dikakanyo tse di bonolo ka dikao tse di 24 ©Via Afrika Publishers 2012
tlwaelegileng.  Go tlhaloganya rejisetara le setaele: se dirise ditlhapa kgotsa tshotlo. Sekao sa puo Puo e o ka neelanang ka yona fa o kopilwe go bua le barutwana ka ga mogare le bolwetsi jwa lebolelamading. Ke rata go dumedisa moradise le go mo lebogela go nnaya tšhono ya go bua le phuthego e e fa. Ke tswelele ka go dumedisa baeng ba tlotlo ba ba nang le rona gompieno, batsadi, barutabana le mogokgo wa sekolo se. Ke itumeletse gore lo bo lo bone go tshwanela gore mongwe a tle go bua le barutwana, mme lwa baya tshepo ya lona mo go nna, lwa laletsa nna go dira tiro e, ke leboga go menagane. Barutwana ba ba rategang, bophelo bo thata bonnake. Mogare le bolwetse jo jwa lebolelateng, bo teng e bile bo a bolaya. Tlaa re lekeng go itlhokomela. Go 25 ©Via Afrika Publishers 2012
na le mokgwa o le mongwe fela o re ka itlhokomelang ka ona, e leng go sa tseye karolo mo thobalanong, re santse re le bannye thata. Tlaa re direng tsa bongwana e seng tsa bogolo. A go na le mosetsana yo a ka nthayang a re ena ga a batle go nyalwa a ise a angwe ke ntsi? Ga ke dumele fa a le teng. Go lona basimane ke rata gore, ke lona ba lo etelelang pele mo dintlheng tsa marato. Fa e le gore o tota o rata mosetsana, mo tlhokomele mme o se ke wa mo pateletsa go dira sepe se a sa se batleng. Ke solofela fa puo e, e sedimoseditse mongwe le mongwe wa lona. A tshedimosetso e, e se ke ya wela mo mmung o o sa nonang. Ke itumelela go bo lo nkadimile ditsebe. Ke a leboga Pegelo A re ikhumiseng ka kitso ya go itse le go tlhaloganya pegelo le go kgona go e kwala. Pegelo ke tlhaloso e e rulagantsweng ya ditiro kgotsa ditiragalo, maitemogelo le diphitlhelelo tsa mokwadi. Pegelo e neelana ka kitsiso go tloga go lephata lengwe go ya go le lengwe. E thusa go boloka molaetsa kgotsa tiragalo nngwe ya botlhokwa mo setheong. Dintlha tsa tlhokomelo  Setlhogo sa pegelo se tshwanetse go supa sentle gore e ka ga eng.  O tshwanetse go kaya gore ke mang yo o tshwanetseng go amogela pegelo e.  E tshwanetse go kwalwa ka pakapheti.  Tirwa e ka dirisiwa go supa bonnete.  Dintlha tsa botlhokwa di ka totobadiwa.  Ditlhogwana di kwala ka ditlhaka tse dikgolo. 26 ©Via Afrika Publishers 2012
 Ditlhogwana di newa dinomoro gore di tle di fitlhelelwe bonolo.  Mokwadi wa pegelo o tshwanetse go kwala letlha leo a e kwalang ka lona le go e saena. Pegelo ka moletlo wa dikabo tsa barutwana ba Mophato wa 12 ba Sekolo se Segolo sa Rakoko o o neng o tshwaretswe kwa Sun City ka la 19–20 Mopitlwe 2011 DIPALANGWA: Bese e e neng e thapilwe e ne e tshwere nako, e le manobonobo le go tlhokomelwa sentle. Re atlenegisa gore e ka thapiwa gape fa re na le loeto mo nakong e e tlang. MAROBALO: Malao a a tlhatlhaganeng a re robetseng mo go ona a ne a le phepa, botobetobe le go nna le phatlha e e lekaneng gare ga ona. Mafelo a go ithusa a ne a le phepa a tlhokometswe sentle. DIJO LE LEFELO LA BOJELO: Lefelo la bojelo le ne le le phepa, go tsena lesedi le mowa o o lekaneng. Ditafole le ditulo di ne di lekane e bile di feta ka palo. Phaposi ya boapelo e ne e le phepa e na le dijana tse di lekaneng tse dintle. TSA GO ITUMEDISA: Barutwana ba ne ba tletse boitlhamedi, ba itumedisa thata le moletlo wa bofelo o ne wa atlega thata. Ditebogo di tshwanetse go lebisiwa go Rre Sedupane ka matlhagatlhaga le dithulaganyo tsa gagwe. TSHIRELETSO: Barutabana le barutwana ba ne ba ikutlwa ba bolokegile thata ka ntlha ya balebeledi ba ba neng ba le gona diura di le 24 ka letsatsi. Ba ne ba tlhokometse dikgoro motshegare le go dikologa legora bosigo. 27 ©Via Afrika Publishers 2012
DIKATLENEGISO: Moletlo o, o atlegile thata. Re atlenegisa gore lefelo le, le ka dirisiwa gape mo nakong e e tlang gonne le na le dilo tsotlhe tse re batlang go di dirisa. Re kopa gore kopo ya go le dirisa e diriwe go sa le gale gonne ke lefelo le le ratiwang thata ke ditheo le batho. Tshaeno: L Mabote Modulasetulo: Lekgotla la Barutwana Letlha: 30 Mopitlwe 2011 Go mefuta e le mentsinyana ya dipegelo, go ya le gore ke ya lebaka lefe. Dipotsotherisano Dipotsotherisano: Ke eng? Dipotsotherisano ke kopano e e rulaganeng e mo go yona go nang le yo o bodiwang dipotso (motsenela potsotherisano) go fitlhelela tshedimosetso ka sengwe se se rileng. Dipopego tsa puo le melawana ya tiriso ya tsona mo dikgatong tsa go kwala. Rejisetara, setaele le lentswe  Dirisa rejisetara e e maleba: e e tlhomameng, kgotsa e e sa tlhomamang, go ya ka maemo a batsenela dipotsotherisano.  Bua ka tlhamalalo le mmuisi ka tsela e e dirang gore a ikutlwe o bua le ena.  Kwala ka kgodisego le go itshepa, o se ke wa kopa maitshwarelo a kemo e o e tshotseng.  Dirisa dintlhakemo tse di farologaneng fela fa go tlhokega.  Dirisa mabotsi, matshwao a tsiboso jalo le jalo. 28 ©Via Afrika Publishers 2012
Tlhopho ya mafoko  Dirisa mefuta e e farologaneng ya madiri, mabotsi, matlhaodi le matlhalosi go tlisa kakanyo e e rileng le tshedimosetso le tlhaloso e e lolameng fa go kwalwa.  Dirisa puo e e tlhomameng ka mokgwa o o maleba.  Neela dintlha le go tlhagisa kakanyo.  Tlhagisa bokao jo bo tlhamaletseng Dipopego tsa polelo  Drisa dipopego tsa puo le melawana ya tiriso ka nepagalo.  Dirisa mabotsi, madiri, matlhalosi le letshwao la tsibogo. Diponagalo tsa dipotsotherisano  Go tshwanetse ga nna le motsenela-potsotherisano yo o bodiwang dipotso.  Go tshwanetse ga nna le yo o botsang dipotso. Potsotherisano  E tsaya sebopego sa mmuisano.  Potsotherisano go le gantsi ke puo e e kwadilweng e bile ke se se tshwanetseng go diragala.  Neelana ka leina la mmui mo molemeng wa tsebe e e dirisiwang.  Dirisa mola o mošwa go supa mmui yo mošwa.  Fa barutwana ba kwala potsotherisano, ba ithuta ka bonako magareng ga  Setswana se se buiwang le se se kwalwang, gape ba ka itemogela gore go kwala potsotherisano e e buisegang ka gale go akaretsa go tseleganya ka kelotlhoko.  Dipotsotherisano ke dipotso tse di batlisisang ka ga motsenelapotsotherisano ka go mmotsa dipotso. 29 ©Via Afrika Publishers 2012
Sekao sa potsotherisano Potsotherisano magareng ga bathapi le mothapiwa Mosidi o batla tiro ya bokwaledi mo setheong sa malatlha mme o ya go tsenela dipotsotherisano. Mothapi wa 1: Dumela Mosidi Mosidi: Dumela rra. Mothapi wa 1: A o tsogile sentle, nna ke rre Rapula mokwaledi mogolo wa setheo se. Mosidi: Ke tsogile sentle rra. Mothapi wa 1: Ke tlile go go itsise badiri ka nna ba ba tlileng go go botsa dipotso ke kopa o lokologe o tle o kgone go araba dipotso tse re tla go botsang tsona sentle. Rre yo o mo letsogong la me la moja ke rre Molamu ke mogokaganyi mo setheong se sa rona sa malatlha. Mme yo o ka fa letsogong la me la molema ke mme Gomolemo ke motsamaisi wa setheo. Mongwe le mongwe wa bona o tlile go go botsa dipotso di le pedi. Go tla simolola nna. Potso ya ntlha: Re bolelele gore goreng re tshwanetse go go thapa mo setlamong se? Mosidi: Ka gonne ke na le makwalo a thuto le maitemogelo a le mantsi mo tirong e. O KA TSWELETSA POTSOTHERISANO E. Lenanetema le metsotso ya kopano Pele kopano e bidiwa go tlhokega gore komiti e:  Sobokanye se se tla buiwang kwa kopanong.  Romelele balalediwa lenanetema pele ga kopano.  Rulaganye dintlha go ya ka botlhokwa jwa tsona pele ga kopano.  Tseye tshwetso mabapi le letlha, lefelo le nako e ntlha e nngwe le e nngwe e tla e tsayang. Dipotso 3 30 ©Via Afrika Publishers 2012
Dintlha tsa botlhokwa  Lenanetema ke kitsiso le kgobokanyo ka dintlhakgolo tse go tlileng go buiwa ka tsona mo kopanong e e rileng. Le thusa batlapitsong go itse se ba se bilediwang le gore ba tle pitsong ba ipaakantse, ba rulagantse ditshwaelo tsa bona sentle.  Tshedimosetso yotlhe ya kopano e tshwanetse go kwalwa mo lenanetemeng gore maloko a tle a bone tshedimosetso/ ba ipaakanye / ba bone gore ba tsaya letlhakore lefe/ ba batle dinopolo pele ga kopano gore ba tle ba goroge ba na le tshedimosetso gore kopano e ka ga eng.  Letlha le lenanetema le tswang ka lona le tshwanetse gore le se ke la nna gaufi thata le la kopano.  Ka dinako dingwe, lenanetema le na le go nna le palo ya dintlha tse di ka tshotlhwang ka letlha le le lengwe, fa fela di fitlheletswe, ga go kitla go nna le ntlha epe e nngwe e e ka tsenngwang, ka jalo maloko a tla letela kopano e e latelang go tlhagisa dintlha tsa bone.  Letlha la kopano e e latelang le a fiwa. Metsotso  Go kwalwa se se diragetseng kwa kopanong.  Go tlhagelela dintlha tse di latelang:  Leina la setlamo, lefelo le nako e kopano e tshwerweng ka yona.  Rejisetara ya batsenela kopano.  Ditshwetso tse di tserweng lefoko ka lefoko.  Go tlhagisiwa tshobokanyo ya se se tshitsintsweng le se go dumalanweng ka sona kwa bofelong.  Go kwalwa ka pakapheti.  Metsotso fa e kwalwa, ka gale e etelelwa pele ke lenanetema. Metsotso ga e kwalwe e sa pataganngwa le lenanetema. 31 ©Via Afrika Publishers 2012
Lenanetema le tshwanetse go nna le  Leina la setlamo kwa godimo.  Setlhogo se se laletsang se na le nako, letlha le lefelo la kopano le rejisetara ya batsenelakopano.  Dintlha tse di tla buiwang.  Ka letsatsi la kopano mokwaledi o tshwanetse go kwala dintlha tsotlhe tsa botlhokwa tse go buisanweng ka tsona mme seno ke se se bidiwang Metsotso ya kopano. A re boneng sekao sa lenanetema jaaka se latela Kitsiso ya pitso Maloko otlhe a mokgatlho wa Dikwankwetla a kopiwa go tsenela kopano e e tlaa tshwarwang ka labotlhano 29 Sedimonthole 2013, kwa kerekeng ya Lutere mo Montshiwa Mahikeng ka ura ya borobedi. Lenanetema 1. Pulo le kamogelo 2. Maloko a a tlileng kopanong 3. Maitato 4. Puiso le kamogelo ya metsotso ya kopano e e fetileng 5. Ditswametsotsong 6. Dintlha tsa kopano 6.1. Loeto la moporesidente wa naga 6.2. Dipholo tsa barutwana ba Mophato wa 12 6.3. Pulo ya legae la bana ba dikhutsana 7. Tsele le tsele 8. Letlha la kopano e e latelang 9. Tswalelo 10. Tshaeno Mokwaledi: K Lebogo Nomoro ya mogala: 072 292 7408 Modulasetulo: F Madilo Nomoro ya mogala: 071 231 6084 32 ©Via Afrika Publishers 2012
A re lebelele sekao sa metsotso e e ka bong e kwadilwe mo kopanong ya di 29 Sedimonthole 2013. Metsotso ya kopano ya mokgatlho wa Dikwankwetlae e neng e tshwerwe ka Labotlhano 29 Sedimonthole 2013, ka ura ya 20:00 mo kerekeng ya Lutere 12 Montshiwa Mafikeng. Pulo le kamogelo Modulasetulo o ne a amogela maloko otlhe a a tlileng kopanong. Maloko a a tlileng kopanong Rre F Madilo – Modulasetulo Mme K Lebogo – Mokwaledi Rre G Boile – Ramatlotlo Mme P Selebogo Mme U Tau Rre L Wesi Maitato Mme B Makobe Rre K Magagane Metsotso ya kopano e e fitileng Metsotso ya kopano e e neng e tshwerwe ka di 11 Diphalane 2013 e buisitswe ke mokwaledi, ya amogelwa mme ya saenelwa ke modulasetulo jaaka metsotso e e amogetsweng. Ditswametsotsong Modulasetulo o begile gore o kopane le ramotse mme ba buisana ka kago ya sekolo sa bana ba ba bokoa mo ditlhaloganyong ba kwa Lomanyaneng. Ramotse o itumeletse kakanyo eo, a re mmasepala o beile madi a a kana ka dibilione tse tharo tse di tshwanetseng go dirisiwa go aga le go siamisa dikolo. Motshwaramatlotlo o begile gore ba a atlega go ngoka baagi go tsaya boloko ba mokgatlho wa sepolotiki 33 ©Via Afrika Publishers 2012
wa Moumo. Ba solofetsa go tlisa maina a bakwadisi ba baagi ba ba batlang go tsaya boloko mo pitsong e e latelang. Dintlha tse dintšhwa Modulasetulo o boleletse maloko gore ba baakanyetse kopano e e tla tshwarwang ke moporesidente wa naga. A re moporesidente wa naga o batla go bona makhanselara otlhe le maloko otlhe a dikarolo tsa ga mmasepala. Ramotse le ofisi ya gagwe ba tsere tshwetso ya gore ba tla dira le barutabana le boemedi ba thuto ba karolo, go tokafatsa dipholo tsa barutwana ba matereki. Ba thapile mokgatlho wa botaki maabane le gompieno go tla go diragatsa dibuka tse di buisiwang ke barutwana ba matereki e bong Juliase Kesara le Dintshontsho tsa Lerato. Porojeke yotlhe e tla jela mmasepala dikete di le lesome tsa diranta. Ramotse gammogo le kantoro ya Tona ba tlile go bula legae la bana ba dikhutsana ka di 1Ferikokgong 2014. Maloko otlhe a BEC a kopiwa go nna teng kwa moletlong. Kakaretso Mokhanselara wa karolo S Lebelo o boleletse maloko a mokgatlho gore o ntse a tsamaya mo dikolong a gwetlha barutwana ba dikolo go kokoanya matlotlo a go thusa batswasetlhabelo ba Tsunami. O boleletse maloko gape gore go tla dirwa maparego mo ditseleng go leka go fokotsa lebelo la bakgweetsi ba dijanaga gore ba kgweetse ka iketlo mo mebileng, le go leka go fokotsa dikotsi le go sireletsa bana. Letlha la kopano e e tlang Kopano e e latelang e tla tshwarwa ka di 10 Tlhakole 2014. Lefelo la kopano le tla itsisiwe ka nako. Tswalelo Modulasetulo o ne a tswalela ka thapelo. Kokoano e khutlile ka 22:30. Mokwaledi: K. Lebogo Nomoro ya mogala: 072 292 7408 Letlha: 29 Sedimonthole 2013 Modulasetulo: _____________ Letlha: ___________________ 34 ©Via Afrika Publishers 2012
TLHATLHOBO YA BOGARE/BOFELO JWA NGWAGA SEBOPEGO SA PAMPIRI YA 3: Maduo a le 100 KAROLO YA A: TLHAMO: MADUO A LE 50 Potso 1  Lo tlaa newa ditlhogo di le 8 tsa ditlhamo, di le 2/3 tsa tsona e tlaa nna tsa pono.  Lo tlaa tlhoka go araba potso e le nngwe fela ya tlhamo.  Boleele jwa tlhamo e nne mafoko a le 400-450. KAROLO YA B: SETLHANGWA SE SELEELE: MADUO A LE 30 Potso 2  Ditlhogo di le 4 di tlaa newa go tswa mo ditlhopheng tse di neetsweng fa tlase.  Ditshwantsho di ka dirisiwa fela go tshegetsa.  Setlhopha sa 1: Makwalo-lekwalo le le tlhomameng le le le sa tlhomamang: lekwalo la botsalano le la semmuso-LEKWALO  Setlhopha sa 2: Puo, tsa botshelo jwa moswi  Setlhopha sa 3: Potsotherisano e e kwalwang (e e tlhomameng) le pegelo e e sa tlhomamang.  Setlhopha sa 4: Pegelo-e e tlhomamang le e e sa tlhomamang  Setlhopha sa 5: Kgwebo Memorantamo, lenanetema le metsotso, lekwaloikitsiso le lekwalophelegetso/la kopo.  Setlhopha sa 6: Mmedia Kgatiso, boroutšhara, athikele ya makasine, athikele ya lekwalodikgang, le thadiso (e e tlhomameng) TLHOKOMELA: Lo tshwanetse go araba dipotso di le pedi go tswa mo ditlhangweng tse tsa tirisano-maduo a le 25X2=50. Boleele jwa setlhangwa e nne mafoko a a kana ka 180-200 diteng fela. 35 ©Via Afrika Publishers 2012
3. Thanolo ya ditlhangwa tse di kwadilweng le tse di bonwang: dipapatso; dikhathunu le ditshwantsho Ditlhangwa tsa pono ke ditlhangwa tse di bonwang, tse di buisiwang, tse go ka tswang go sa kwalwa sepe mo go tsona kgotsa go ka tswa go neetswe tlhaloso e e rileng ka boripana. Mmuisi o tshwanetse go kgona go utolola thitokgang le molaetsa mo go tsona. Ke ditlhangwa tse di bogelwang ka matlho mme di na le kgang e di e tlhalosang. Di bontsha bokgabane le boipelo ka go solofelwa gore ka botsona, di tlhagisa maikutlo a a rileng e bile di tlhalosa tiragalo nngwe e e rileng, e ka nna maitsholo, go kgala tsa sepolotiki jalo le jalo. Di na le maatla ka di kgona go ngoka le go tsosolosa maikutlo a a rileng mo baamogeding ba tshedimosetso. Ke ditlhangwa tse e leng gore fa di sekwasekwa ka tsenelelo, mosekaseki o kgona go utolola thitokgang le molaetsa wa tsona. Dibeke 21–22 Maano a tlhotlheletso: A puo le ditshwantsho tse di dirisitsweng ke tsa maikutlo, tlhotlheletso, tse di tsayang letlhakore, tse di digelang, tse di tlhaolang go ya ka mmala, bong, jalo le jalo. Ka moo puo le ditshwantsho di tlhagisang le go bopa meetlo le ditlwaelo ka teng. Seabe sa go dirisa mokwalotlanyo le mebala e e farologaneng, ditlhogo le dinopolo. Ke ka ntlha ya eng setlhogo se kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo le ka mmala o mohibidu? Dipapatso ke mokgwa o barekise ba o dirisang go ngokela bareki go reka kuno e e phasaladiwang. Papatso e e kwadilweng e ka dirisa puo e e dirisang dikakanyo, dintlha, puo ya maikutlo, puo e e tlhotlheletsang, puo e e digelang le puo e e naganelang letlhakoreng le le lengwe, ka jalo, ga re a tshwanela go dumela sengwe le sengwe se re se utlwang kgotsa re se buisang ka dipapatso. Dipapatso dingwe di dirisa dikakanyo (gantsi ke se mokwadi a inaganelang sona, ga se nna bonnete bope) fa dingwe di dirisa dintlha (seno ke nnete e e senang bana ba phefo mme e bile e ka netefadiwa, sekao, moalo wa tlhago o o reng letsatsi le tlhaba kwa botlhaba). Gore o tlhaloganye papatso sentle o tshwanetse go itse gore e kwaletswe bomang/baamogedi bafe le gore maitlhomo a yona ke afe. 36 ©Via Afrika Publishers 2012
Fa mokwadi a tlhama setlhangwa, o tshwanetse go tlhokomela dintlha tse di latelang:  Maitlhomo/maikaelelo a setlhangwa. A maikaelelo ka setlhangwa ke go naya tshedimosetso, go ruta, go itumedisa kgotsa go tlhotlheletsa mongwe.  Baamogedi/babuisi/bareetsi ke bomang? Lemorago la bona le ntse jang le kitso ya bona ka setlhogo.  Molaetsa ke ofe?  Mofuta o papatso e tlhagisiwang ka ona. A e kwadilwe? A ke puo? A ke tlhagiso ya mmediantsi? Puo ya botshwantshi/papiso le didiriswatsa poko di dirisitswe go nna le tlhotlheletso e e rileng mo mmuising le gore puo e se lebalege, sk. tshwantshanyo, tshwantshiso, poeletsomodumo, morumo, moribo, jalo le jalo. Go lemoga tiriso ya puo: ka tsela e e tseneletseng Go botlhokwa gore fa o buisa kgotsa o reeditse o kgone go lemoga puo e e tseneletseng jaaka e e latelang:  Ntlha le kakanyo.  Bokao jo bo tlhamaletseng le jo bo sa tlhamalalang.  Bokao jo bo totileng ntlha le jo bo itlhametsweng go ya ka tiriso  Lemorago la setlhangwa le la mokwadi le le amang setso, dipolotiki le loago  Seabe sa go tsenya le go tlogela (mafoko/dikakanyo) mo bokaong  Kamano magareng ga puo le maatla  Puo e e tlhotlheletsang, e e tsosang maikutlo a a rileng, e e digelang, e e sekamelang mo letlhakoreng le le lengwe, e e gobelelang, le e e lebelelang dilo ka letlhakore le le lengwe, ditsela tse di farologaneng tsa go dirisa puo sk. boteme, go ipopela bokao, go inaganela, dintlha tse di tshegetsang, lebaka la go tsenya kgotsa go tlosa tshedimosetso. Puo e e lebelelang dilo ka letlhakore le le lengwe – ono ke mofuta wa puo o o lebelelang dilo ka leitlho le le lengwe. Puo e, e nyeuma thata mo dianeng tsa rona tsa Setswana, sk. “banna ga ba na thwadi ba bonwe ke mmamariga”. Seane se, se raya gore banna ga ba nnete. Ka jalo ra re seane se se naganela letlhakoreng le 37 ©Via Afrika Publishers 2012
lengwe ka ntlha ya fa se kaya fa banna e le bona fela ba ba senang nnete ntswa le basadi bangwe ba se na nnete. Sekao se sengwe ke se se latelang; banna ba morafe wa matebelele ba rata basadi, seno le sona ke puo e e naganelang letlhakore le le lengwe gonne go na le banna ba bangwe ba e seng ba morafe wa matebele ba le bona ba ratang basadi. Puo e e digelang ke puo e e tsietsang motho ka botlhale gore a iphitlhele a rekile kuno. Ka jaanong re tlhaloganya seo ntlha, kakanyo, puo e e lebelelang dilo ka letlhakore le le lengwe le puo e e digelang e leng sona, tlaa re boneng gore a re ka supa dintlha tse di fa isong tse go tswa mo dipolelong tse di latelang: e lebelelang dilo ka leitlho le le lengwe le puo e e digelang. Dipapatso Sekao sa tshekatsheko ya papatso ke se se a latela: LENANEDIJO LA KFC Resipi ya sephiri E siame Ga o tlhoke go itse go tlhakanya ditswammung le Diloki go itumelela resipi e, ya tlhago Resipi ya rona e e itsegeng thata. Menwana e e tatso monate 38 ©Via Afrika Publishers 2012
Di Itlhatlhobe 1. E kwaletswe bomang? Dikarabo 2. Go bapadiwa eng? 1. E fitlheletse maikaelelo gonne bontsi bo 3. Neela molaetsa wa papatso e. reka nama e. 4. Nopola puo ya maikutlo go 2. Menwana e e tatso monate tswa mo 3. Ya sephiri/Lenanedijo la KFC/ya papatsong e. tlhago/resipe ya rona 5. Nopola puo e e digelang go 4. Lediri le letlhalosi la felo tswa mo 5. Go ngoka babuisi/ka gore e le setlhogo papatsong e. 6. Ke go tlhotlheletsa batho go reka nama 6. Maikaelelo ka papatso ya KFC e ke afe? 7. E e itsegeng thata/e siame 7. Goreng ‘LENANEDIJO LA 8. E siame KFC’ le 9. Le fa o sa itse go apaya, fela o tlaa kwadilwe ka ditlhaka itumelela nama ya KFC tse dikgolo.: 10. Nama ya KFC 8. Leina le ‘ditswammung’ le 11. E kwaletswe batho botlhe bopile ka dikarolo dife tsa puo? 9. Neela marui a a dirisitsweng mo papatsong e. 10. Ke mafoko afe a a tshwanetseng go gogela mmuisi? 11. A o bona papatso e e fitlheletse maikaelelo a yona kgotsa nnyaa? Neela lebaka la karabo ya gago. 39 ©Via Afrika Publishers 2012
Sekao se sengwe sa papatso ke se se a latela: Metsi a Sediba sa Tlholego Ga a ise a tshwarwe ke monna A siame ka tlholego Dikarabo tsa papatso e e fa godimo tsa Dipotso morago ga puiso 1. Ntsha puo ya maikutlo go tswa mo papatsong e e fa godimo. 1. A siame ka tlholego. 2. Nopola puo ya tlhotlheletso go 2. Metsi a sediba sa tlholego. tswa mo papatsong e. 3. Bolela gore dipolelwana tse di fa 3.1. Ke kakanyo ka ntlha ya fa go se na tlase tse ke ntlha kgotsa ke bonnete jwa go re metsi ga a ise a tshwarwe. kakanyo, o be o neele mabaka. 3.2. Ke kakanyo ka gonne ga go na bonnete 3.1. Ga a ise a tshwarwe ke monna. jwa gore go tloga kwa tshimologong a ne a 3.2. A siame ka tlholego. siame. 4. Nopola puo e e digelang go tswa mo papatsong e. 4. A siame ka tlholego. 5. Maitlhomo/maikaelelo a mokwadi 5. Go re gogela gore re reke/nwe metsi a. ke eng ka papatso e? 6. Papatso e, e kwaletswe bomang 6. Batho botlhe ba ba nyorilweng. kgotsa baamogedi bafe? 7. Ga a ise a tshwarwe ke monna. E dirwa 7. Nopola puo e e naganeng ke lefoko monna ka ntlha ya fa monna a letlhakoreng le le lengwe. Puo e, tsewa jaaka e kete ke ena fela a kgonang go e diriwa ke eng go naganela dira dilo. Mosadi ena o a be a ntse a le kwa letlhakoreng le lengwe?la mm gae a setse le bana. 40 ©Via Afrika Publishers 2012
DDikhathunu Dintlha tse di tshwanetse go tlhokomelwa fa o sekaseka khathunu ke tse di latelang:  Di dirisetswa go tlhagisa kakanyo ka ga motho yo o itsegeng kgotsa tiragalo e e itsegeng.  Di bontsha tiragalo ya jaanong ya loago kgotsa ya dipolotiki.  Di dirisetswa go ijesa monate, fela dingwe e ka nna tsa tlaopo.  Di bontsha moanelwa le maitshetlego.  Tshegiso e ka tlhagisiwa ka mokgwa wa tshotlo.  Tlhokomela baanelwa- A dipopego tsa bona di feteleditswe?  Setshwantsho se tshwantshitswe kae le gona leng.  A puo e e dirisitsweng ke ya ditlhopha kgotsa ya dithutego tse di rileng?  Matshwaopuiso a rotloetsa jang maikutlo le segalo?  Ditiro di bontshiwa ka tiriso e e botlhale ya tiriso ya sefatlhego. 41 ©Via Afrika Publishers 2012
Itlhatlhobe Dikarabo 1. Khathunu e e kwadilwe ke mang? 1. Mothoagae 2. E ne e gatisitswe leng? 2. 18 Dec 2011 3. Neela maina a baanelwa ba le babedi ba ba 3. Heath le Zuma tlhagelelang mo khathunung e. 4. Zuma 4. Moapei wa thankga ke mang? 5. O apere khiba e bile go 5. Neela lebaka la karabo ya gago e e mo go bontsha ntlo ya boaapelo e le 3 fa godimo. ya gagwe. 6. Ke eng se se bontshang gore tota go a 6. Dipudula tsa mofufutso o o fisa? tlhodilweng ke bolelo. 7. Maemo a a fisang a a fisa mang tota? 7. Heath 8. Fa o bona go ka tswa go diragetse eng? 8. Go ne go na le magatwe a 9. Go diragala eng ka Heath mo khathunung gore rre Zuma o mo tlhatswa e? diatla ka ntlha ya fa a ne a mo eme nokeng fa a le mo mathateng/ Khathuni e bua ka rre Heath yo o thapilweng ke moperisidente Zuma mme go na le dipuotsa gore o ne a thusa rre Zuma mo molatong wa gagwe o rre Mbeki a neng a mo phara ka ona. 9. Go itshupa Heath a tswa mo ofising/maemong aa fisang a. 42 ©Via Afrika Publishers 2012
Ditshwantsho Kwa bokhutlong jwa tirwana e, o tshwanetse go ka itse go sekaseka . le ditshwantsho (Ditshwantsho di ka tshwantshiwa le difilimi. Setshwantsho se ka sekasekiwa fela jaaka filimi) o lebile dintlha di tshwana le tiriso ya mebala, bogaufi kana bokgakala jwa motshwantshi go tswa go motshwantshiwa le gore setshwantsho se tshotswe motshwantshi a le mo maemong afe (kwa godimo kgotsa kwa tlase). O tla dira le ka mokwalotlanyo/fonto (Mokwalotlanyo/fonto ke mokgwa o mokwadi a dirisang ditlhaka ka ona. Se, se akaretsa le tiriso ya ditlhaka tse dikgolo le tse dinnye, tse di ntshofadistweng thata le tse di sokameng). Morutabana wa lona o tla lo tlhalosetsa ka dintlha tse di fa godimo tse, mme morago a lo neele sekao gore lo tle lo kgone go itshekatshekala ka bo lona. Tiriso ya mebala Fa ditshwantsho di ranolwa, tiriso ya mebala e tshwanetse go tlhokomelwa ka ntlha ya fa e na sepheto mo go bontsheng maikutlo a a rileng. Mebala e e farologaneng e kaya dilo tse di farologaneng. Lebelela mebala e e fa tlase. 43 ©Via Afrika Publishers 2012
Dintlha tsa tlhokomelo  Bosweu – go sa itse sepe/boitshepo/boitumelo/kagiso  Botala jwa tlhaga – kgolo/tsholofelo/kgora  Bohibidu – lerato/go tenega/kotsi  Botala jwa legodimo – botsididi/ bodutu  Bontsho – sefifi/ bosula/kutlobotlhoko  Serolwane- boitumelo Letlha la makasine Setlhogo sa makasine Batshameki bagolo ba terama ya Muvhango Tshedimosetso e e mo gare ga makasine Itlhatlhobe: Sekao sa go sekaseka mebala mo ditlhangweng 1. Goreng mokwadi wa makasine a kwadile ‘Thandaza le Pheko ba a ratana’ ka mebala e mebedi e leng o o serolwana le o mosweu. 2. Goreng mokwadi a dirisitse mmala o mohibidu mo go ‘A ba tlaa feleletsa ba le mmogo?/Meiki ga a ineele bonolo.’ 3. Goreng mokwadi a dirisitse mmala o mosweu mo go ‘A yo ke monna y o mošwa wa ga Pipa?’ 44 ©Via Afrika Publishers 2012
Dikarabo 1. O o serolwana o bontsha boitumelo fa gare ga Thandaza le Pheko mme o mosweu o bontsha kagiso e ba nang le yona ka ntlha ya lerato la bona. 2. Ditlhaka tse di dikhibidu go bontsha tenego/kgotsa kotsi e e ka tlisiwang ke ntwa. 3. Mafoko a kwadilwe ka ditlhaka tse ditshweu go bontsha boitumelo. Sekao sa go sekaseka mokwalotlanyo mo ditlhangweng  Mokwadi wa setlhangwa a ka dirisa ditlhaka tse dikgolo ka maikaelelo a go ngoka babuisi.  Mokwadi wa setlhangwa a ka dirisa mokwalo o monnye go bontsha tshedimosetso fela e e tlhagelelang mo. Bogaufi kana bokgakala jwa motshwantshi go tswa go motshwantshiwa a. Fa motshwantshi a tsaya motshwantshiwa senepe/setshwantsho, bokgakala jwa gagwe bo ka farologana go ya ka maitlhomo a gawe, ke gore, se a batlang go se fitlhelela. Fela jalo, dinepe tsa gagwe le tsona di tla farologana. Dikao:  Motshwantshi a ka nna kgakala le motshwantshiwa: maikaelelo fano ke go gatelela lemorago e seng motshwantshiwa ka bo ena. Motshwantshiwa o bonagala a le kgakala thata mme lemorago le bonala sentle. Maikaelelo fano ke go gatelela lemorago e seng motshwantshiwa ka boena. 45 ©Via Afrika Publishers 2012
 Motshwantshi a ka nna mo magareng, ke gore, a se kagakala thata le motshwantshiwa. Setshwantsho sa mofuta o, se lekalekanya lemorago le setshwantsho sa motshwantshiwa. Maikaelelo ka mofuta o wa setshwantsho ke gore lemorago le selo se tshwantshiwang di bonagale ka go lekana.  Motshwantshi a ka nna gaufi thata le motshwantshiwa: maikaelelo fano ke go gatelela ditebego tsa sefatlhego sa motshwantshiwa e seng lemorago. Fano o kgona go bona le keledi e e rothang mo sefatlhegong kgotsa lebadi ka sefatlhego kgotsa motshwantshiwa a nna mogolo gona le lemorago. b. Setshwantsho se tshotswe motshwantshi a le mo maemong afe (kwa godimo kgotsa kwa tlase). Mokgwa o motshwantshi a o dirisang go tsaya ditshwantsho le ona o na le tlhotlheletso mo mokgweng o batho ba tsibogelang baanelwa le maemo ka teng. Go na le mekgwa e e farologaneng ya go tsaya ditshwantsho:  Motshwantshi a ka tsaya motshwantshiwa a le kwa godimo-mme fano maikaelelo e le go dira gore a lebege a se botlhokwa ka nakao eo. Ga o bone sefatlhego sa motshwantshiwa sentle e bile o lebega a le mokhutshwane thata.  Motshwantshi a ka tsaya motshwantshiwa go tswa kwa tlase - mme fano maikaelelo e le go dira gore a lebege a le botlhokwa thata e bile a le maatla ka nako eo. O bona sefatlhego sa motshwantshiwa sentle e bile o lebega a eme sentle.  Motshwantshi a ka tsaya motshwantshiwa a lebagane le ena - mme fano maikaelelo a mo magareng. 5.DIPOPEGO TSA PUO LE MELAWANA YA TIRISO Go kwala tshobokanyo Tshobokanyo ke mokgwa wa go khutshwafatsa temana e e rileng ka go neela fela dintlha tsa tlhokomelo o dirisa mafoko a gago mme o sa fetole bokao ba temana e e sobokanngwang. Bokgoni jwa go itse go khutshwafatsa ditlhangwa, bo botlhokwa ka o bo dirisa mo go ithuteng dirutwa tsotlhe. Fa o le mokwaledi kwa dikopanong, o dirisa 46 ©Via Afrika Publishers 2012
bokgoni jwa go khutshwafatsa tsotlhe tse dibui di di buang ka go kwala fela tshedimosetso le dintlha tse di botlhokwa tsa kopano eo. O tla tshwanela go sobokanya temana ya mafoko a le 300 go nna le mafoko a le 80-90. Dintlha tsa tlhokomelo Fa o sobokanya temana o tshwanetse wa:  Buisa temana ka kelotlhoko gore o kgone go e tlhaloganya ka bophara.  E buise gape mme o tsamaye o thalela dipolelo tse di botlhokwa mo temaneng nngwe le nngwe. Seno gantsi ke polelo ya ntlha ya temana e nngwe le e nngwe mme se se latelang ke ditlhaloso tsa temana eo.  Fa o kwala tshobokanyo, dipoapoeletso, puo e e bofitlha ya botshwantshi le ya papiso, dikao, dinopolo le ditlhaloso tse di ka fitlhelwang mo temaneng eo di tshwanetse go tlogelwa.  Kwala lenaane la dintlhakgolo. O ka dirisa mafoko a gago mme o sa fetole bokao jwa temana.  Ntsha sekwalwa sa ntlha sa tshobokanyo ka go kopanya dikakanyo tse ka mokgwa o o siameng.  Buisa sekwalo sa ntlha mme o tsamaye o ntsha mafoko a a sa tlhokagaleng, sekao: matlhalosi le matlhaodi.  Bala mafoko.  Tlhokomela gore kwa bokhutlong, tshobokanyo ya gago fa o neelana ka yona e a bo e tlhotlhilwe diphoso tsotlhe e bile e le mo sebopegong se se batlegang.  Ntsha temana ya gago ditlhokwa (tlhokomela mopeleto le puo).  Neela setlhogo se sekhutshwane fa go kgonega.  Kwala temana ya gago ya bofelo, o tlhokomele gore o dirisa mafoko a gago.  Naya palo ya mafoko a o a dirisitseng mo temaneng kwa tlase. Matshwao a puiso Tlaa re ithuteng ka matshwaopuiso otlhe ka tota a dirisiwa gotlhe mo go kwaleng. Letshwaopuiso Tiriso Ditlhakakgolo  Go simolola polelo, maina le mo polelong ya ntlha ya puosebui. 47 ©Via Afrika Publishers 2012
Khutlo [ . ]  Khutlo e bontsha bokhutlo jwa polelo. Di fitlhelwa gape fa morago ga dikhutshwafatso tse dingwe. Phegelwana [ , ]  E dirisetswa go kgaoganya mafoko kgotsa dipolelwana mo lenaaneng.  E bontsha bokhutlo jwa polelwana e nngwe le tshimologo ya e nngwe.  Re ka e dirisa fa morago ga ‘le gale’ jj. Phegelo [ ; ]  Ke go ikhutsa go go telejana go go lekalekanyang dikakanyo di le pedi tse di amanang kgotsa tse di farologaneng. Khutlwana [ : ]  E bontsha gore go latela lenaane, tlhaloso kgotsa kakanyo e a latela.  E itsise le nopolo. Lenalana [ ‘ ]  E bontsha tlogelo ya tlhaka/ditlhaka dingwe Ditsejwana [‘ ’] kgotsa [“  Matshwao a, a dirisetswa go bontsha puosebui ”]  A dirisetswa go nopola tiro/puo ya motho yo mongwe.  Letshwao la ditsejwana le le sa tlhatlhaganang le dirisiwa fa o dirisa puo ya ditlhopha tse dingwe (puo e e sa siamang). Letshwao la tsiboso [ ! ]  Le dirisetswa go tiisa segalo sa polelo.  Le dirisiwa fa morago ga dipolelo tse di nang le maikutlo, jaaka, tenego, go tshaba, boitumelo, go tshoga, j.j. Masakana [ ( )]  Tlaleletso ya tshedimosetso e e kwa ntle ga masakana. Tlamanyi [ - ]  E thusa go farologanya bokao  E golaganya ditlhogo le mafoko  E golaganya mafoko a le mabedi go bopa mainatswako 48 ©Via Afrika Publishers 2012
Popego ya leina Dintlha tsa tlhokomelo Leina le bopilwe ka tlhogo le kutu. Ke solofela fa rotlhe re itse ditlhopha tsa maina ka re dirile ka tsona fa re ne re dira ka dithuanyi. Sekao, Mo- ke tlhogo mme -tho ke kutu ya leina, mo bontsing e tla nna Ba- e le tlhogo le kutu –tho. Setlhopha sa ntlha e leng sa Bo- /Ma-, ke se se akaretsang batho. Go na le mefuta e e farologaneng ya maina e leng: mainakgopolo, mainakgongwa, mainatswako, mainagoboka, mainatota le mainamatswa. Mainakgopolo ke maina a o ka a gopolang fela. Mainakgongwa ke maina a o ka a kgongwang. Mainatswako ke maina a a bopilweng ka go kopanya dikarolo tse di farologaneng tsa puo. Mainagoboka ke maina a a bopilweng go bontsha bontsintsi jwa dilo. Mainatota ke maina a batho le a dilo. Mainamatswa ke maina a a bopilweng go tswa mo dikarolong tse dingwe tsa puo. Dikao tsa mefuta e e farologaneng ya maina Mefuta ya maina Dikao Mainakgopolo Boikarabelo (maikarabelo), bonna, bogodimo, boitshwarelo (maitshwarelo), go itshoka, botlhabatsatsi, bokgakala, jalo jalo. Mainatswako Leina le leina: sk.lentswe+tshipi>lentswetshipi Lediri le leina: sk. (tlhogo ya leina mo-) ja+nku>Mojanku Leina le lerui: sk.mmatsale+wa gago>mmatsalaago Lediri le letlhalosi: sk. tlhogo ya leina se-+ ya+nokeng>seyanokeng Leina le letlhaodi: sk.monna+mogolo>monnamogolo Mainagoboka Diphologolo: kgomo>dikgomo>logomo Mosetsana>Basetsana>tshetsana Podi>dipodi>lobodi Moretlwa> meretlwa> loretlwa 49 ©Via Afrika Publishers 2012
Mainagoboka a tlholego: Losalaba lwa batho Motlhape wa dikgomo Motshitshi wa dinotshi Phuthego ya badumedi Lesogodi la tsie Mainamatswa Mo madiring: lokwalo-dikwalo Dikutu tsa madirimatswa: -ratana>baratani Dikutu tsa matlhalosi: -kgakala>bokgakala, -godimo>bogodimo/magodimo jalo jalo Dikutu tsa maetsi: -kuru>mokuru Maemeditho: lona>bowena Maemeditota: yona>boyona Dikutu tsa marui: -gaetsho>mogaetsho Mainatota Pule, Modise, Mmapule, jalo jalo Tiriso ya maina Leina le dirisiwa mo dipolelong ka ditsela tse di farologaneng:  Sediri sa polelo: Modise o ja bogobe.  Sedirwa sa polelo: Modise o ja bogobe.  Letiro la polelo: Nna ke moruti.  Tlhalosi ya letiro la polelo:  Le tlhalosa kopanelo: Mme o tsamaile le Modise.  Le tlhalosa nako: Re tla tla ka moso.  Le tlhalosa sediriso: Mosimane o rema logong ka selepe.  Le tlhalosa felo: Mme o ile kwa kgonnyeng.  Le tlhalosa mokgwa: Masego o ne a dumedisa Mogomotsi ka boikokobetso. 50 ©Via Afrika Publishers 2012
Madirimafeledi le Madirimafeteledi  Madirimafeledi ke madiri a tiro e e kaiwang ke lediri e felelang mo lediring Sekao: Mosidi o a tlola. Tiro ya go tlola e felela mo lediring tlola.  Madirimafeteledi ke madiri a tiro e e kaiwang ke lediri e fetelelang mo sedirweng. Sekao: Mosidi o tlola kgati. Tiro e e kaiwang ke lediri ya go tlola, e fetelela mo sedirweng kgati. Tlhathobo ya bogare/bofelo jwa ngwaga Dipopego tsa puo le melawana ya tiriso, temogo ya puo e e tseneletseng Tlhatlhobo ya bogare jwa ngwaga/bofelo jwa ngwaga. Pampiri ya 1: Tekatlhaloganyo, Tshobokanyo, Puo: Maduo a le 70 Karolo ya A: Tekatlhaloganyo: Maduo a le 30 Potso 1  Ditlhangwa di le 2: ya porosa le ya pono (setshwantsho).  Ditlhangwa di tshwanetse go amana.  Lo tlaa kopiwa go bapisa ditlhangwa tse pedi tse.  Go tlaa nna le dipotso di le pedi/e le nngwe e e bulegileng.  Go tlaa nna le potso e le nngwe ya tlhopho ntsi. Karolo ya B: Tshobokanyo: Maduo a le 10 Potso 2  Lo tlaa kopiwa go sobokanya setlhangwa ka temana kgotsa ka dintlha.  Memorantamo o tlaa nna dikarabo di le pedi, e leng ya temana le ya dintlha. 51 ©Via Afrika Publishers 2012
 Ga lo kitla lo tshwaiwa phoso fa lo neile kagego e lo neng lo sa e kopiwa, fela ithuteng go araba dipotso ka mokgwa wa tshwanelo. Karolo ya C: Puo: Maduo a le 30  Lo tlaa bodiwa ka ditlhangwa di le 3 mo karolong e. Tsona ke tse: Papatso, Khathunu le Porosa.  Karolo e, e na le dipotso di le 3. Potso 3: Papatso: Maduo a le 10 Setlhangwapono se se kwadilweng/sa molomo se tlaa tlhatlhoba tse di latelang:  Dithegeniki/malepa a papatso a a akaretsang tiriso ya puo.  Go tshwanetse ga nna le potso e le nngwe e e bulegileng (potso e e senang karabo e le nngwe fela). Potso 4: Khathunu: Maduo a le 10  E tlaa tlhatlhoba: Pono le tiriso ya puo  Go tlaa nna le potso e le nngwe ya e e bulegileng Potso 5: Porosa: Maduo a le 10  E tlaa tlhatlhoba: Tiriso ya puo, thutapuo le dikgono tsa tseleganyo mo tirisong.  Go tlaa nna le dipotso di le pedi tse di bulegileng mo Karolong ya C (mo papatsong le e le nngwe mo khathunung).  Go tlaa nna le bontsi jwa dipotso tsa tlhophontsi di le pedi mo karolong ya C) Diponagalo le melawana ya ditlhangwa tsa tlhaeletsano ya molomo Go reetsa le go bua ke dikgono tse di farologaneng fela e nngwe e ikaegile ka e nngwe. Ka bobedi di bonala go ya go ile mo phaposiborutelong fa barutwana ba amogela le go buisana ka tshedimosetso. Go reetsa le go bua go go tlhomameng le go go sa tlhomamang mo mabakeng a a kgethegileng, sekao, dingangisano di batla 52 ©Via Afrika Publishers 2012
thuto e e itebagantseng le tsona. Go reetsa le go bua go go tlhomameng le go go sa tlhomamang go lotagantswe le puiso, go kwala le tiragatso ya puo, le go bua go ka naya setlhangwa se se kwadilweng sebopego sa tiro ya molomo (sk. o buisetsa kwa godimo). Go reetsa Go reetsa ke kgono e e botlhokwa thata mo go ithuteng puo. Mme seno ga se reye gore dikgono tse dingwe ga di botlhokwa. Fa morutabana a buisa temana o tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko ka a tlile go lo botsa dipotso go tswa mo go yona. Go reetsa ka tlhoafalo go tlhokega gape mo dipuisanong tsa ditlhopha ka o tla tshwanelwa ke go tshwaela ka se morutwana ka wena a buileng ka sona. O ka reeletsa dilo di le nne tsona ke tse di latelang: Go reeletsa tshedimosetso e e kgethegileng Go reetsa, go na le go utlwelela fela, e nna e ntse e le ntlhakgolo mo tsibogong nngwe le nngwe e e botlhale mo lefatsheng le le re dikologileng. Mo lefatsheng le thekenoloji e itlhomileng kwa pele ka go tlhama dilo tse dintsintsi jaaka medumo, mantswe, mmino, go bua, go ithuta le go reetsa tse di leng mosola kgotsa di dirisega e nna sengwe sa botlhokwa. Bontsi jwa dilo tse di tlhagisitsweng fa tlase fa, tse di diragalang mo dikgatong tse di farologaneng tsa theetso tse di kailweng, ga e ne e nna tse di sa tlwaelegang mo barutwaneng ba setlhopha se, barutabana ba tlhoka fela go dira ka dikgato tse ba akanyang gore barutwana ba santse ba di tlhoka.  Dira dintlhathuto tse di nang le bokao o thadisa, aroganya ka ditlhopha, sobokanya, dira manaanenetefatso, bua gape, tlhalosa.  Tlhaola molaetsa go tswa mo sebuing.  Tlhokomelo ya tiriso le bokao jwa mafoko.  Lemoga, ranola le go tlhatlhoba melaetsa.  Tlhaloganya ditaelo, dikaelo, le ditsamaiso.  Lemoga dikakanyokgolo le mabaka a a di tshegetsang.  Aga tshedimosetso ka go: bapisa, obamela ditaelo, tlatsa diphatlha, batla dipharologano, tshwaya dintlha, fetisa tshedimosetso, tlhomaganya, tshwantsha, ranola bokao. 53 ©Via Afrika Publishers 2012
 Sala morago tlhagiso ka go: araba dipotso, boeletsa dintlhathuto, kgaoganya dikakanyo ka ditlhopha, sobokanya, tlhalosa, lebelela gape go bua kgotsa go kwala. Go reeletsa tshekatsheko ya tsenelelo le tlhatlhobo Maitlhomo a go reeletsa tshekatsheko ya tsenelelo ke gore lo nne barutwana ba ba buisang ka tsenelelo. Bontsi jwa dikgato/tsamaiso e e neetsweng fa tlase di ka thusa mo go ithuteng ditlhangwa le ditokomana tsa sepolotiki. O tshwanetse go ithuta mareo/ditlhaloso tse di latelang:  Lemoga le go ranola puo e e tlhotlheletsang, e e tsosang maikutlo a a rileng, e e digelang, e e sekamelang mo letlhakoreng le le lengwe, e e gobelelang, le e e lebelelang dilo ka letlhakore le le lengwe.  Farologanya magareng ga ntlha le kakanyo.  Supa temogo le go ranola segalo, lebelo le tiriso ya puo.  Tsibogela setaele, segalo le rejisetara o bo o tlhatlhobe ka nepagalo.  Tlhaloganya tatelano ya tshedimosetso.  Dira ditshwetso le go neela bopaki.  Dira diphopholetso le go bonelapele ditlamorago.  Tsibogela tiriso ya puo, tlhopho ya mafoko, popego le kapodiso. Go reeletsa kgatlhegelo le tlhaeletsano le ba bangwe Ditirwana tse tsa theetso di dirwa bontle mo dingangisanong, mo dipuisanong tsa ditlhopha tse dinnye le mo dipuisanong dingwe le dingwe tse di rulaganeng. Go lebelela difilimi go ka thusa mo go sekasekeng diponagalo jaaka di neetswe fa tlase:  Go tsiboga mo maemong a tlhaeletsano.  Letla dithefosano mo motlotlong.  Botsa dipotso go tsweletsa tlhaeletsano.  Tsibogela puo ya matsogo, tebo ya matlho, le ya mmele.  Supa go tlhaloganya botsalano magareng ga puo le setso ka go bontsha tlotlo mo melawaneng ya ditso.  Tsibogela bontle jwa boleng jwa setlhangwa sa molomo, sk. moribo, lobelo, seabe sa lentswe, tshwantshanyo, le ditlhangwa tse dingwe tse di tsamaisanang le setlhangwa. 54 ©Via Afrika Publishers 2012
Go bua Fa barutwana ba ka kgona go go ithuta go bua bonolo, ba iketleeditse ka nepagalo, ba tlaa bo ba fitlheletse letlotlo le le nang le boleng la botshelo, botho le boithutelo jwa bona. Go tlhola go itshepa ka boena go botlhokwa thata go feta malepa a a kgethegileng a puo ya mo phatlhalatseng. Barutwana ba tlhoka go itse gore fa ba bua ga ba kitla ba sotliwa kgotsa ba nyadiwa ka gope, e bile ba netefaletswe tshegetso le thotloetso e e tletseng ya morutabana ka dinako tsotlhe. Fa o neilwe ditlhogo go ipaakanyetsa go tlhagisa puo, o tshwanetse go sala morago dikgato tse di latelang:  Go dira paakanyetsotiro, patlisiso le thulaganyo.  Ikatiso  Tlhagiso Go dira paakanyetsotiro  Tlhopha setlhogo, go kwala kgosomano ya dikakanyo/go dira mmepe wa tlhaloganyo/tšhate ya dikakanyo. Patlisiso le thulaganyo  Dira dipatlisiso kwa dilaeboraring ka setlhogo, o itseele dintlha.  Rulaganya dintlha tse o di batlisitseng sentle. Ikatiso Ikatise ka dintlha tse o di kgobokantseng. Seno se raya gore o ikatise gore o ya go tlhagisa jang fa pele ga bareetsi. Itebelele mo seipong gore o kgone go bona gore o ya go dirisa jang matsogo, tebo ya matlho le tiriso ya dikarolo tsa mmele. Tlhagiso ya molomo.  Jaanong ka o ikatisitse, o ka tlhagisa puo ya gago fa pele ga bareetsi. O tsamaye o dirisa matsogo, o leba bareetsi le go dirisa dikarolo tsa mmele jaaka o 55 ©Via Afrika Publishers 2012
ikatisitse. Tsamaya o nopola tshedimosetso e o e fitlheletseng ka nako ya dipatlisiso.  Dirisa rejisetara, setaele le lentswe le le nepagetseng go ya ka bareetsi, maitlhomo, bokao le thitokgang.  Dirisa puo e e nepagetseng. Dibeke 13–14 Go na le mefuta e e farologaneng ya ditlhagiso tsa molomo, tsona ke tse di latelang: Dingangisano Dintlha tsa tlhokomelo Mo dingangisanong ditlhopha di le pedi di a gaisana mme di solofela fa di tla kgona go pateletsa bareetsi le modulasetulo go tsaya ntlhakemo ya bona. Moatlhodi/motsereganyi Motshwaranako Modulasetulo Setlhopha sa Setlhopha sa tumelo kganetso 56 ©Via Afrika Publishers 2012
Lebelela dintlha tse di latelang ka ga ngangisano Diponagalo le melawana ya dingangisano  Go tshwanetse ga nna le kgangkgolo e e rarabololwang/setlhogo se se rarabololwang ke ditlhopha tse pedi tse di ganetsanang ka ga sona.  Dikganetso: di tlhalosa lebaka la gore ke ka ntlha ya eng setlhopha se sengwe se sa dumelane le se sengwe  Dibui tse di dumelanang: di dumelana le tshwetso/tlhagiso. Setlhopha se se dumelanang ka gale se tshwanetse go rwala maikarabelo a go tlhagisa dintlha tsa letlhakore la sona. Se simolola le go wetsa/fedisa ngangisano.  Dibui tse di ganetsang: ga di dumelane le kgangkgolo ka go tlhagisa ntlha e e kgodisang e ba ganetsang tumelano le go tshegetsa kemo ka yona. Dikgato tsa puo tse o tshwanetseng go di latela fa o ipaakanyetsa puo.  Go dira paakanyetsotiro, patlisiso, thulaganyo le tlhagiso. Tlhokomela dintlha tse di latelang ka ga tsamaiso ya dingangisano  Setlhogo le dintlha tse di tshegetsang dikakanyo tsa setlhopha di neelwa ke sebui sa ntlha sa tumelano.  Ditlhopha tsa tumelano le tsa kganetso di letlwa go ikhutsa metsotso e le 5-10 go baakanya kganetso ya bona. Setlhopha se sengwe le se sengwe se patelesega go ganetsa dintlha tsa baganetsi ba bona le go tiisa le go sireletsa ntlha ya bona.  Setlhopha sa kganetso se neela dikganetso tse pedi kgatlhanong le dintlha tse pedi tsa setlhopha sa tumelano le go neela mabaka a mabedi.  Setlhopha sa tumelano se neela dikganetso tse pedi kgatlhanong le dintlha tse pedi tsa setlhopha sa kganetsano le go neela mabaka a mabedi. Go ikatisa le go tlhagisa O tshwanetse go kgona go bontsha dikgono tsa go tlhagisa ka molomo ka:  Go bua le bareetsi ka tlhamalalo.  Go lebelela mefuta e mentsi ya metswedi e e maleba e e dirisitsweng, go akaretsa dintlha le dikao tse di farologaneng go ya ka ditlhokego tsa tiro.  Go dirisa matseno a a ngokang le bokhutlo jo bo tiileng; go aga dikakanyo le dintlha tse di tshegetsang ka tsela e e utlwalang, e tlhaloganyega; e tshegetsa 57 ©Via Afrika Publishers 2012
puo mo ntlheng le go efoga go tswa mo setlhogong, dipoeletso tse di sa tlhokegeng, mafoko/dipolelo tse di dirisitsweng thata di feleletse di latlhegetswe ke bokao, dipegelo tse di sa batleng tsibogelo.  Go dirisa dipopego tsa thulaganyo jaaka ditatelano, bomaleba, lebaka le ditlamorago, papiso le pharologano, bothata le tharabololo go sedimosa le go tlhotlheletsa.  Go dirisa segalo se se nepagetseng.  Go tlhagisa le go tsweletsa dintlha tse di tshegetsang ka tsela e e utlwalang le go tlhopha mefuta ya bosupi jo bo maleba (sekao, dipalopalo, bopaki, dinako tse di kgethegileng) tse di arabelang maemo a teko ya bosupi, go akaretsa boikanyego, kamogelesego le bomaleba.  Go dirisa mefuta e e farologaneng ya go raya/bitsa batho go ya ka maemo a bona kgotsa dipoeletso: bomme le borre, makgarebe le makau; ke batla go gatelela gore …  Go dirisa tlhopho e e nepagetseng ya mafoko, dipopego le melawana ya puo.  Go dirisa malepa a go bua ka mafoko le ka dikarolo tsa mmele mo ditlhagisong, (sekao: segalo, kutlwalo ya lentswe/ phetogo ya segalo, modumo, lebelo/ morethetho, tebo ya matlho, puo ya sefatlhego, puo ya matsogo le puo ya mmele). Puo e e ipaakanyeditsweng Fa lo ka kgona go bua bonolo, lo iketleeditse ka nepagalo, lo tlaa bo lo fitlheletse letlotlo le le nang le boleng la botshelo, botho le boithutelo jwa lona. Go tlhola go itshepa ka bo lona go botlhokwa thata go feta malepa a a kgethegileng a puo ya mo phatlalatseng. Lo tlhoka go itse gore fa lo bua ga lokitla lo sotliwa kgotsa lo nyadiwa ka gope, e bile lo netefalelwe ke tshegetso le thotloetso e e tletseng ya morutabana ka dinako tsotlhe. Dintlha tsa tlhokomelo  Dikgato tsa ditogamaano tsa go bua e leng: Paakanyetsotiro, patlisiso, thulaganyo, ikatiso le tlhagiso  Melawana ya puo e e ipaakanyeditsweng. Lo tshwanetse go kgona go bontsha dikgono tsa go tlhagisa ka molomo ka: 58 ©Via Afrika Publishers 2012
 Go bua le bareetsi ka tlhamalalo.  Go lebelela mefuta e mentsi ya metswedi e e maleba e e dirisitsweng, go akaretsa dintlha le dikao tse di farologaneng go ya ka ditlhokego tsa tiro.  Go dirisa matseno a a ngokang le bokhutlo jo bo tiileng; go aga dikakanyo le dintlha tse di tshegetsang ka tsela e e utlwalang, e tlhaloganyega; e tshegetse puo mo ntlheng le go efoga go tswa mo setlhogong, dipoeletso tse di sa tlhokegeng, mafoko/dipolelo tse di dirisitsweng thata di feleletse di latlhegetswe ke bokao, dipegelo tse di sa batleng tsibogelo.  Go dirisa dipopego tsa thulaganyo jaaka ditatelano, bomaleba, lebaka le ditlamorago, papiso le pharologano, bothata le tharabololo go sedimosa le go tlhotlheletsa.  Go dirisa segalo se se nepagetseng.  Go tlhagisa le go tsweletsa dintlha tse di tshegetsang ka tsela e e utlwalang le go tlhopha mefuta ya bosupi jo bo maleba (sekao, dipalopalo, bopaki, dinako tse di kgethegileng) tse di arabelang maemo a teko ya bosupi, go akaretsa boikanyego, kamogelesego le bomaleba.  Go dirisa mefuta e e farologaneng ya go raya/bitsa batho go ya ka maemo a bona kgotsa dipoeletso: bomme le borre, makgarebe le makau; ke batla go gatelela gore…  Go dirisa tlhopho e e nepagetseng ya mafoko, dipopego le melawana ya puo; le  Go dirisa malepa a go bua ka mafoko le ka dikarolo tsa mmele mo ditlhagisong. (sekao; segalo, kutlwalo ya lentswe/phetogo ya segalo, modumo, lebelo/morethetho, tebo ya matlho, puo ya sefatlhego, puo ya matsogo le puo ya mmele)  Go bopa polelo: o ka dirisa mabotsi (goreng? kae?, jang?, eng?) go tsosa kgatlhego. O ka dirisa mefuta e e farologaneng ya dipolelo, sk. polelonolo, polelotswako, polelopate, jalo jalo. O tshwanetse go dirisa thulaganyo e e lolameng ya dipolelo go bontsha kgatlhego le kgatelelo. Dithuanyi (dipopapolelo) di dirisiwe ka nepagalo.  Go kwala temana: Ditemana di rulaganngwe sentle  Puo e nne le setlhogo, dikakanyokgolo, dintlha tsa tshegetso. matseno a a kgatlhisang, mmele le bokhutlo. 59 ©Via Afrika Publishers 2012
 Go nne le tatelano e e maleba: Sa ntlha, sa bobedi, sa boraro, pele ga moo, morago, kgabagare, go fitlhelela, la bofelo, ga jaana, jalo jalo.  Garela/khutlhisa puo ya gago  Tlhopho ya mafoko: Dirisa bokao jo bo tlhamaletseng.  Puo gantsi e dirisa puo e e tlhotlheletsang.  Rejisetara, setaele le lentswe: Kwala ka kgodisego le go itshepa, o se ke wa kopa maitshwarelo a kemo e o e tshotseng.  Dirisa dintlhakemo tse di farologaneng fela fa go tlhokega  Melawana ya puo: Dirisa ditlhakakgolo, phegelwana, matshwao a nopolo, khutlo, letshwao la potso sentle. Dikopano le mokgwa wa go di tsamaisa Mo botshelong, batho ba ba rileng ba a tle ba kopane go tla go buisanela dintlha dingwe tse di rileng ka maikaelelo a go fitlhelela ditshwetso kgotsa ditumalano tse di rileng ka ga se ba se kopanetseng. Mo thutong e, lo tlile go ithuta ka se kopano e leng sona. Kopano ke kokoano e mo go yona batlapitsong ba kokoanang go tla go buisana ka dintlhakgolo tse di rileng, e ka nna go neelana ka pegelo, go rarabolola mathata a a rileng, go tla go rulaganyetsa sengwe, jalo le jalo. Dintlha tse, di rulaganngwa go ya ka lenanetema le le tla salwang morago mo tsamaong ya dipuisano mme dintlha tse go dumalanweng ka tsona di kwalwa ka go kgobokanngwa e le metsotso ya ditumalano tse di fitlheletsweng. Diponagalo tsa dikopano  Kopano e na le modulasetulo yo o bulang kopano ka go neelana ka maitlhomo a yona le go tlhalosa gore ke eng se e tshwanetseng go se fitlhelela.  Modulasetulo ke ena a tsamaisang le go laola kopano go ya ka melawana e go dumalanweng ka yona mo tshimologong ya kopano kgotsa e e mo molaotheong wa mokgatlho.  Go na le mokwaledi go kwala a dirisa pakapheti, gore mang o rileng, go kwala ditumalano le ditshwetso tse di fitlheletsweng, ke maikarabelo a bomang go tsenya tirisong ditumalano le diphitlhelelo tsa kopano le nako e ba e neetsweng go diragatsa tseo. 60 ©Via Afrika Publishers 2012
 Modulasetulo le mokwaledi ba tshwanetse go rulaganya lenanetema le go tlileng go buisanwa ka lona mo kopanong. Dintlha tsa lenanetema di ka oketswa ka ditlhagiso tse batsenelakopano ba ka ratang di ka buisanelwa mo kopanong.  Lenanetema la kopano le tshwanetswe go romelelwa batsenelakopano pele ga nako ya kopano gore ba tle ba itse se ba se bilediwang.  Mo kopanong, sebui sengwe le sengwe se se batlang go bua se neelwa tetla ya go bua ke modulasetulo.  Batsenelakopano ba tshwanetse go reetsa le go tlotla tlhagiso ya sebui sengwe le sengwe le fa ba ka tswa ba sa dumalane le sona.  Kwa bokhutlong, modulasetulo o tshwanetse go sobokanya kopano ka go tlhagisa ditumalano tse di fitlheletsweng le go tswalela ka go leboga batlapitsong botlhe. Go tlhagisa  Bua le bareetsi ka tlhamalalo.  Emelela ntlhakemo ya gago ka go tlhagisa dikakanyo le megopolo o phuthologile mme gona o bontsha go tlotla dikakanyo tsa ba bangwe.  Aga dikakanyo le go di tlhagisa ka tsela e e utlwalang, e tlhaloganyega; e tshegetse puo mo ntlheng le go efoga go tswa mo maitlhomong a kopano, go tlogela dipoeletso tse di sa tlhokegang le dipegelo tse di sa batleng tsibogelo.  Dirisa segalo se se nepagetseng.  Tlhagisa le go tsweletsa ntlhakemo e e utlwalang le go tlhopha mefuta ya bosupi jo bo maleba (sekao, dipalopalo, bopaki, dinako tse di kgethegileng) tse di arabelang maemo a teko ya bosupi, go akaretsa boikanyego, kamogelesego le bomaleba.  Dirisa mefuta e e farologaneng ya go bua kgotsa dipoeletso: borre le bomme, makau le makgarebe; ke batla go gatelela gore …  Dirisa tlhopho e e nepagetseng ya mafoko, dipopego le melawana ya puo.  Dirisa malepa a go bua ka mafoko le ka dikarolo tsa mmele mo ditlhagisong, (sekao: segalo, kutlwalo ya lentswe/phetogo ya segalo, modumo, lebelo/morethetho, tebo ya matlho puo ya sefatlhego, ya matsogo le ya mmele). 61 ©Via Afrika Publishers 2012
Go itsise sebui Dikgato tsa go bua  Rulaganya, ipaakanye, tlhagisa.  Itsise bareetsi sebui ka botlalo le ka nepagalo. Dintlha tsa tlhokomelo  Dirisa puo e e tlhomameng go amogela le go itsise sebui. Se tswe mo tseleng.  Dira dipatlisiso go fitlhelela tshedimosetso go tswa go sebui le puo e a tla ratang go itlhalosa ka yona.  Tlhomamisa le sebui ka ga se a ka ratang se dirisiwa go tswa mo lokwaloikitsisong la gagwe.  Neela tshedimosetso e e nepagetseng ya lemorago.  Neela ka boripana tshedimosetso ka ga sebui mabapi le go tsena sekolo le boiphediso, dithutego, dintlha tsa go thapiwa ka go farologana.  Kaya dilo tse o fetisang nako ka tsona le dikgatlhegelo tsa gago fa fela di le maleba mo bokaong jwa kgang ya gago.  Kaya diphitlhelelo tsa maemo a a kwa godimo tsa sebui.  Nyalanya kitsiso le thitokgang ya puo, sekao, goreng go laleditswe sebui se go tla go bua mo kopanong.  Itsise leina la sebui, kwa bofelong o tlhomamise gore le kapodisiwa sentle le ka nepagalo.  A kitsiso e nne khutshwane: bareetsi ba tlile go reetsa sebui e seng motho yo o itsiseng sebui.  Dirisa dipopego tsa puo le tiriso ya melawana ka nepagalo. Go neela puo ya ditebogo  Neela puo ya tebogo go sebui morago ga go neela puo go bareetsi.  Rulaganya, ipaakanye, tlhagisa. Dintlha tsa tlhokomelo  Reetsa sebui ka tlhoafalo gore o tle o tlhagise dintlha dingwe tsa botlhokwamo puong. 62 ©Via Afrika Publishers 2012
 Kwala dintlha tse di utlwalang go tswa mo puong ya sebui sekao, lebogela sebui go senola dikakanyo/ dintlha tse di neng di sa itsege pele.  Neela puo ya ditebogo e khutshwane e bile e totile dintlha.  Dirisa dipopego tsa puo le tiriso ya melawana ka nepagalo. Dipuisano tse di sa tlhomamang/motlotlo Dintlha tsa botlhokwa fa re dira dipuisano tse di sa tlhomamang/ motlotlo.  Simolola le go tsweledisa motlotlo.  Tsayang ditumelano ka go refosana.  Sireletsa kemo ya ditumelano tse di tserweng.  Rerisanang  Tlaleletsa diphatlha le go rotloetsa sebui.  Abelana dikakanyo le maitemogelo le go supa go tlhaloganya megopolo. Elang tlhoko dintlha tse di latelang:  Dipuisano tse di sa tlhomamang ke fa batho ba tlotla ka setlhogo se se rileng mme go se thulaganyo epe e e rileng e e setsweng morago.  Setlhopha se sengwe le se sengwe se nna le dibui tse pedi kgotsa go feta.  Go tlhaloganya setlhogo go botlhokwa thata.  Ke maikaelelo a dibui go bontsha bokgoni le kitso ka setlhogo.  Kakanyo e nngwe le e nngwe e tshwanetse go tshegetswa ka mabaka.  Modulasetulo o itsise dibui tsa tlotlego setlhogo se go tlilweng go buisanwa ka sona.  Dibui tsa tlotlego di buisana ka setlhogo, yo mongwe le yo mongwe a newa tšhono ya go tlhagisa maikutlo a gagwe.  Modulasetulo o eta a botsa sebui dipotso tse a dumelang di ka neelana ka tshedimosetso e e maleba le setlhogo.  Go solofelwa gore dibui tsa tlotlego di tla neelwa tšhono ya go tlhagisa maikutlo a tsona ka tshosologo mme ba reetsane, ba tlotlane ka go tlotla ditshwaelo le ditlhagiso tsa ba bangwe.  Mo dipuisanong tsa mothale o, go a dumelesega gore sebui se dirise dithwe tsa mmele kgotsa ditshwantsho go gatelela le go tlhagisa ntlha ya gagwe ka nepo. 63 ©Via Afrika Publishers 2012
 Bareetsi kgotsa babogedi ba dipuisano tse, ba newa tšhono ya go botsa dibui tsa tlotlego dipotso mo dintlheng tse ba ka tswang ba sa di tlhaloganye.  Sebui sa tlotlego sengwe le sengwe se neelwa tšhono kwa bofelong ba dipuisano go sobokanya maikutlo le dikakanyo tsa gagwe malebana le setlhogo. Dintlha tsa tlhokomelo  Sebui se sengwe le se sengwe se bua ka karolo e e rileng ya setlhogo.  Tiriso ya melawana mo dipolelwaneng.  Ditiro tsa modulasetilo:  Go baya maemo mo taolong.  Go laola nako.  Go tlhomama mo lenanetemeng.  Go rotloetsa botsayakarolo.  Go se tseye letlhakore.  Go ngoka ditshitsinyo kgotsa ditlhopho. Rejisetara Rejisetara e ka tlhalosiwa e le tlhopho ya mafoko le mofuta wa puo e e dirisiwang. Rejisetara ke tiriso ya mafoko a a farologaneng, setaele, thutapuo, tsholetsego ya lentswe le segalo mo mabakeng a a farologaneng. E ka nna go repa kgotsa go gagamala ga puo go ya ka batho ba o buang le bona. Fa o bua le tsala ya gago rejisetara e a repa ka e le motho yo o mo tlwaetseng, fa e le mogolo rejisetara e nne e e tlhomameng. Fa o bua kgotsa o kwala o tshwanetse go dirisa rejisetara e e matshwanedi. Ka bokhutshwane, rejisetara e e maleba e ikaegile ka:  Tlotlofoko e e dirisiwang.  Bonolo kgotsa bomarara jwa kago ya dipolelo.  Bamaleba jwa dintlha tse mo maemong. 64 ©Via Afrika Publishers 2012
Dintlha tse di tlhotlheletsang rejisetara  Maitlhomo a gago-lebaka la gago la go tlhaeletsa le tlaa tlhomamisa gore o bua jang. Segalo sa lentswe la gago se tlaa bontsha maikutlo a gago tebang le diteng (molaetsa) le bareetsi/babuisi (baamogedi).  Ntlha e nngwe e e tlhotlheletsang rejisetara ke lemorago, dingwaga, maitemogelo le maemo a dikgono a baamogedi. Phaphang ya dintlha tse e tlhoka melebo e e farologaneng le tiriso ya puo.  O tshwanetse go tlhokomela le maemo a tlhaeletsano e diragalelang teng, ka ntlha e e tlhotlheletsa rejisetara. Sekao, rejisetara e e tlhomameng e dirisiwa fa go buiwa ka dintlha tsa botlhokwa, jaaka dipuisano tsa kgwebo. Le gale, rejisetara e e sa tlhomamang (e e repileng) e dirisiwa mo metlotlong ya ka metlha le mo dipuisanong tse di sa tlhomamang. Tiriso ya puo le rejisetara Puo ya mo mebileng/ya ditlhopha dingwe tse di rileng (slang) Ke puo e e sa tlhomamang. E dirisiwa ke ditlhopha tse di rileng ka nako nngwe e e rileng. Mofuta o wa puo ga o letlelelwe mo dipuisanong tse di tlhomameng. Puo ya borutegi jwa setlhopha se se rileng (jargon) Seno ke puo e batho ba ba sa direng dithuto tseo ba ka sekeng ba e tlhaloganya. Serutwa sengwe le sengwe se na le tlotlofoko eo se e dirisang. Sekao, baoki ban a le tlotlofoko ya bona, fela jalo ka bamolao, barutabana, dingaka, jalo jalo. Thuto ya dikwalo Diponagalo tsa dikwalo  Poloto le dipolotwana (Tshimologo, tharaano, thatafalo (tlhakatlhakano), setlhoa, tharabololo, le bokhutlo, go tlhalosa ditiragalo tsa gompieno mme o tsamaya o lebelela tsa bogologolo, go dira diponelopele tsa se se tla diragalang mo nakong e e tlang. 65 ©Via Afrika Publishers 2012
 Kgotlhang  Boanedi  Seabe sa mopadi  Molaetsa le morero  Maitshetlego  Moônô Poko Ka jaanong re tlhaloganya mareo a poko, tla re sekasekeng temathetho e e latelang ya leboko la ga Rre Raditladi mmogo Morutwana o tla buisa leboko mme lo arabe dipotso mmogo. Loso-L.D Raditladi 1. E rile ke utlwa ba re o sule ka tshoga, 2. Ka nyera moko, ka rothisa keledi, 3. Lefatshe la ntshofala, la dikologa, 4. Leitlho la me la benya jaaka naledi, 5. Sengwe sa seba pelong khibidu ya me 6. Sa re: “Se lele, ke thata ya Modimo” 7. Dikeledi tsa kgala mo letlhaeng la me, 8. Loleme lwa ama magalapa godimo, 9. Ka didimala fela ka nna semumu. 1. Poko ke eng? Ke tshenolo ya maikutlo a a kwa teng a mmoki/mokwadi. Maikaelelo a mmoki ka poko ke go: go ruta sengwe, go bontsha bontle jwa puo le go rotloetsa go bua Setswana. 2. Diponagalo tsa mefuta e meraro ya maboko ke:  Maboko a segologolo 66 ©Via Afrika Publishers 2012
 A rorisa bagale, dikgosi, batlhabani, diruiwa tse di rileng, merafe/dikgotla, diphologolo tse di boitshegang.  Ga a rulaganngwa ka ditemana.  Bontsi jwa ona a maleele  A dirisa tlotlofoko e e thata  A dirisa puo e e bofitlha (dikapuo).  Ga a na morumo o o rulagantsweng ka mmoki o ne a ema fela a tsatsanka se a batlang go se tsatsanka, ka jalo o ne a sa rulaganye morumo mo lebokong jaaka go dirwa gompieno.  A na le moribo. Moribo o ka nna o o matlhagatlhaga kgotsa o o repileng e le go tlhagisa maikutlo mangwe a a rileng.  Maboko a magareng  Mofuta o wa maboko, ke go fitlhelwang ditlhokego tsa maboko a segompieno le a segologolo.  A arogantswe ka ditemana, fela diteng tsa ona ke tsa maboko a segologolo.  Maboko a segompieno Go na le mefuta e mebedi e megolo e e welang mo pokong ya segompieno, yona ke epiki/leanela le letlhologela. Re tla lebelela mefuta e ya maboko fa re dira ka mefuta ya maboko.  Maboko a, ga a rorise fela, a eta a laya, a a kgalema, a a tlaleya, a a ruta, a bontsha lerato, letlhologelelo.  A na le matshwao a puiso  Moribo le morumo di rulagantswe sentle  E akaretsa merero e e farologaneng, e bua ka sengwe le sengwe se e batlang go bua ka ga sona. 67 ©Via Afrika Publishers 2012
Dintlha ka ga maboko a segompieno. Mefuta ya maboko a segompieno  Epiki: ke leboko le le leele le le anelang tiragalo nngwe e kgolo kgotsa motho mongwe yo o itsegeng yo a neng a le teng. Sekao sa epiki ke Dikgang tse Pedi ya ga rre G.C Motlhasedi. Mefuta e ya poko e bua ka baanelwa jaaka ba amega mo tiragalong e e anelwang.  Balate: Ke mofuta wa leboko o mo go lona mmoki a buang ka batho kana ditiragalo go ya ka fa ena a di bonang ka teng. Seno ke kgang fela mme kgang e, e tlhagisiwa ka mokgwa wa leboko.  Letlhologela: Ke mofuta wa poko o mo go ona go buiwang ka ga sengwe. Mofuta o wa poko o tlhagisa maikutlo a mmoki a tlhoafalo/tlhologelo, a lerato, a kilo, a kgatlhego, a go sulafalelwa, a kgalemo, jalo jalo.  Alegori: Ke kanelo e e tlhageleng ka mokgwa wa papiso e telele. E tlisa thuto e e fitlhegileng.  Leriki: (Lyric): Ke mofuta wa leboko o o tlhagisiwang ka mokgwa wa pina. Mofuta o wa leboko o tlhagisa maikutlo/dikakanyo tsa mmoki go na le ditiragalo tse di kwa ntle ga maikutlo a gagwe. Dileriki tse dingwe e ka nna kanelo ya kgang. Mofuta o wa leboko o ratwa thata ke baboki ba ba bokang ka tsa marato. Sekao: Sengalamotse. Mefuta ya dileriki ke e e latelang:  Oute (ode): Eno ke leriki e e tlotlomatsang mongwe go ya ka ditiro tse dintle tsa gagwe. Gantsi ditemana di tsamaya di fetafetana ka mela, sk. Semakaleng-a-Monyaise. Ke leboko le le tlhalosang maikutlo a mmoki.  Sonete: Leboko le le nang le mela/melatheto e le somenne (14). Mela e e robedi (8) ya ntlha e tlhagisa bothata mme mela e merataro ya bofelo tharabololo. Mofuta o wa sonete ke o o bidiwang sonete ya Sentariana (Italian Sonnete). Sekao sa mofuta o wa sonnet eke Botsofe ka rre L.D Raditladi.  Eleji (elegy): Mofuta o wa leriki ke wa maitlhomo o o akaretsang ditlhogo tse di tshwanang le loso kgotsa gona go nna mo kutlobotlhokong. Mmoki o lelela botshelo/loso lwa sengwe kgotsa mongwe. Sekao: Thulamotse 1. Bokao jo bo tlhamaletseng: Ke tiriso ya mafoko ka mokgwa wa tlwaelo kwa ntle ga go dirisa dipapiso. Bokao ga bo bofitlha ka jalo bo tlhaloganyega bonolo. 68 ©Via Afrika Publishers 2012
2. Bokao jwa papiso: Ke tiriso ya puo e e bofitlha, e e sa tlhamalalang. Mmoki ga a bitse seolo seolo. 3. Moono/maikutlo: Ke maikutlo afe a leboko le a tsosolosang mo go rona? A le re tlhomola pelo, le a re tshosa, le tletse boitumelo, kutlobotlhoko, jalo jalo. Maikutlo a motlhami ona ke afe? A selo se a se bokang se a mo tena, se a mo kgatlha kgotsa se a mo hutsafatsa? 4. Morero/thitokgang: Seno ke kgangkgolo, ke se leboko le buang ka ga sona.  Molaetsa: A go na le molaetsa mongwe kgotsa thuto nngwe e mmoki a ratang go re naya yona mabapi le tsa botshelo. 5. Puo ya Botshwantshi: Seno ke tiriso ya diane le maele mo lebokong. Ponagalo e e fitlhelwa gantsi mo mabokong a bogologolo. Fela seno ga se reye gore maboko a gompieno le a magareng ga a na puo ya botshwantshi. Diponagalo tsa maboko 1. Tlhatlagano ya mafoko E raya fa mela e e latelanang e simolola kgotsa e felela ka mafoko/dipolelwana tse di tshwanang. Mosola wa tlhatlagano ke go gatelela bokao. E e kwa bofelong jwa mela Sekao: Monna wa go di gama di robetse. Senatla sa go di tapolola di robetse. E e mo tshimologong ya mela Sekao: Kgomo tsa etsho di ntshang maswi a monate. Kgomo tsa gaetsho di gangwang di robetse. 1. Tlhatlagano ya bokao Ke fa mela e mebedi e e salang morago e simolola kgotsa e felela ka mafoko a a sa tshwaneng fela a tshwana ka dikakanyo. Mosola wa tlhatlagano ke go gatelela bokao. 69 ©Via Afrika Publishers 2012
Fela mo sekaong se se latelang, tlhatlagano ya dikakanyo e fitlhelwa mo meleng yotlhe ka bobedi. Batho ba nthogakaka fela ke sa ba dira sepe. Batho ba ntlhapaotsa fela ke sa ba rumola. 2. Neeletsano ya mafoko Neeletsano ya mafoko ke fa mafoko a karolo ya bofelo ya mola a boelediwa mo karolong ya ntlha ya mola o o latelang. Mosola wa neeletsano ke go golaganya mela e mebedi kwa ntle ga go dirisa makopanyi kgotsa go golaganya dikakanyo. Neeletsano gape e dirisetswa go gatelela bokao. Sekao: Ngwale boela yoo o mmokile. O boka o sa itse ‘ina ja gagwe ‘Ina ja gagwe matsodimatsoke 3. Neeletsano ya dikakanyo Ke fa kakanyo e e feleletsang mola wa ntlha e simolola mola o o latelang. Sekao: Le nna fa ke le mosetsana nka ya nokeng, Nka ya go ga metsi le nna ka bontsha bokgoni 4. Tshekagano Ke fa mafoko a a tshwanang/a a nang le bokao jo bo tshwanang a sisimololang mola o o mo godimo se feleletsa mola o o latelang. Mafoko a ka sekagana fa gare ga dipolelo. Sekao: Ngwana nthute molodi O nthute molodi ngwana 70 ©Via Afrika Publishers 2012
5. Morumo Go tshwana ga dinoko kwa bofelong jwa mela e mebedi kgotsa go feta. Ke mokgwa mongwe wa go rulaganya mafoko a bofelo gore dinoko tsa bofelo tsa mafoko di rumisane kgotsa di raeme. Go na le mefuta e e farologaneng ya merumo, fela rona re tla lebelela e le mebedi fela, e leng:  Morumo o o pataganeng: Mela e mebedi e rumisana ka go tshwana Sekao: Gompieno mathata a tlhagile, ngwana o timetse a Ngwana wa mosimane o ineile naga, o timetse a MmaMolefe o rwele matsogo mo tlhogong, b A re wa gagwe ngwana o tla mmona sekgweng b Go mmona ke tshwanetse go mmona, ka Modimo c Ka Modimo ngwana ena ke tla mmona, se e tla nna molemo c  Morumo halofo Ono ke morumo o o sa tsepamang, ka ntlha ya fa dinoko di sa rumisane fela ditumanosi e le tsona tse di rumisanang. Sekao: Ngwana wa mosimane o tla nyala kgaitsadio a O tla mo nyala ka lesire le lebolomo a Batla batla o sa le mošwa, o sa kgona b Fa o ka re o emela motlha o tlaang o tla itiya b 6. Enjambamente Enjambamente ke fa mela ya leboko e salana morago go se na letshwao la puiso. Kakanyo e simolola kwa moleng wa ntlha e tsamaye e tlolela mo meleng e e latelang go fitlha fa mmoki a ikhutsang teng, fela kakanyo e ntse e le nngwe. Mosola wa enjambamente ke go tlisa kelelo ya dikakanyo. 71 ©Via Afrika Publishers 2012
Sekao: Ntheetseng ka tsebe ntlha Lo ntetle go tsatsanka Aforika Borwa. 7. Sešura Ke fa polelo e le nngwe e kgaogantswe ka dikarolo di le pedi ka tiriso ya phegelwana kgotsa letshwao le (/). Karolo ya bobedi ya mola e tlhalosa karolo ya bobedi. Sekao: Ka nyera mooko, ka rothisa kekedi Lefatshe la ntshofala, la dikologa Ntlha tse dingwe tse di tshwanetseng go rutwa barutwana ke tse: Moribo/morethetho Ke go kiba kiba ga mela ya leboko fa go bokiwa. Mela e ka tsamaya e lekalekana kgotsa e ka fetafetana ka boleele go ya ka maemo a se se tlhalosiwang. Leboko le ka bokela ka bonako kgotsa ka bonya go ya ka maikutlo a mmoki. Mmoelelo Ke mola kgotsa mela e e boelediwang mo ditemaneng tsotlhe tsa leboko ka go tshwana. Mola oo o gatelelwa jaaka molaetsa wa leboko. Dipoeletso Go na le poeletsomodumo le poeletso mafoko. Mefuta e ka bobedi e naya leboko molodi. Poeletsomodumo Poeletsomodumo ke poeletso ya ditumanosi le ditumammogo. Tsona di thusa go tlisa moutlwalo/mosito o o rileng mo lebokong. Lebelelang sekao se se latelang seo mo go sona go boeleditsweng tumammogo s le tumanosi e. Sekao: Ke selo se se senang sepe le ope Poeletsomafoko 72 ©Via Afrika Publishers 2012
Poeletsomafoko ke fa go boeletswa mafoko mo polelong. Sekao: Ke se phutha ditšhaba o phuta-phuthile bana bag a mmaagwe Tlogelo Ke go tlogela dikarolo dingwe tsa mafoko, e ka nna ditlhogo kgotsa megatlana. Mosola wa tlogelo ke go somarela mafoko. Tlogelo e thusa motlhami go bopa moribo wa leboko sentle. Sekao. Fatshe la borre (go tlofetswe noko ‘le’) Puo ya botshwantshi E ke puo e e akaretsang puo ya papiso (dikapuo). Barutwana ba tlhoka go di itse ka ba tla di didirisa thata le mo go kwaleng puo e e nonneng.  Kaediso: ke sekapuo seo mo go sona selo se tlhagisiwang ka seo se tsamaelanang le sona. Mosola wa yona ke go tlhagisa bokao jwa se go buiwang ka sona. Sekao: Ya matla ka nna, kgomo ya makgoa ke fano. Mo moleng o, “kgomo ya makgoa” e emetse lefoko terena. Fa dinaledi tsa godimo di ka nkgoa (fano mmoki o dirisitse “dinaledi tsa godimo” boemong jwa lefoko loso.  Kemedi: Ke sekapuo se mo go sona fa o bua o dirisa karolo ya sengwe boemong jwa se sengwe. Mosola wa yona ke go tlhagisa bokao jwa se go buiwang ka sona. Sekao: Mosetsana o rata tshega – se se kaya gore o rata basimane. Pitsa e a bela – ga go bele pitsa go bela metsi a a mo pitseng.  Kobiso le tshotlo di tlhagisa maikutlo a a rileng mo lebokong. Tiriso eo ya puo e ka tena kgotsa ya tshegisa. Kobiso le Tshotlo ga di dirise puo e e tlhamaletseng. Mmoki o dirisa lefoko le tota a sa lebaganang le bokao jwa lona. Mosola wa tsona ke go kgalema sengwe/ maitsholo mangwe. Gape ke go tsenya maikutlo a a rileng mo lebokong go supa gore mmoki o ikutlwa jang ka selo se a se bokang. 73 ©Via Afrika Publishers 2012
Tshotlo: Ke puo e e sotlang. E batlile go tshwana le kobiso ka go sotla ga yona. Pharologanyo ke gore sekapuou se sona se raya se se se kayang se ntse se sotla, e bile se tlhaba. Sekao: Banna ba ke badumedi ba ba sa itseng batho ba bangwe. Fa ke bua jalo, ke a bo ke ba sotla, ke re ba itira badumedi ntswa ba sa tlotle batho ba bangwe. Kobiso: Ke fa o bua ka mongwe o ka re o dira selo se sentle fela se sa siama. Kobiso ka nako nngwe e ka kgalema sengwe.Ke sekapuo se mafoko a sona a rayang kganetso ya se a se kayang. Sekao: Wena o itse dilo tsotlhe, mme ke raya gore ga o itse sepe. O monna tota, mme tota ke raya gore ga o monna wa sepe.  Mothofatso: ke sekapuo se se nayang dilo dingwe tse di sa tsheleng dipharologantsho tsa setho. Dilo tse di sa tsheleng kgotsa tse e seng batho, di dirisiwa ditiro tse di dirwang ke batho. Mosola wa yona ke go rorisa kgotsa go kgala selo. Sekao: Molaetsa wa Phologolo – “Mme ke ne ke bua ka gogolegwa game, Mme photi a nkeme nokeng ka kgomotso”  Phefofatso: ke sekapuo se mo go sona mafoko a a bogale a tlhofofatswa ka go dirisa a a bonolo a a amogelegang. Mosola wa sona ke go nolofatsa molaetsa gore o amogelesege. Sekao: Go na le gore re re ‘motho o sule’ ra re ‘motho o tlhokafetse/ o ragile kika’. Go na le gore re re ‘o bua maaka’ ra re ‘o a fosa’  Pheteletso: ke sekapuo se mo go sona puo kgotsa sengwe se tlhalosiwang go feta selekano. Mosola wa pheteletso ke go totobatsa le go gatelela se se kaiwang. Sekao: Batlase, lo Njetse Kgomo – “Rure, banna ba, ga ba je ba a olela”  Tshwantshanyo: ke sekapuo se se dirisediwang go tshwantsha dilo kgotsa ditiralo tse pedi. Se lemogiwa ka tiriso ya ‘jaaka’, ‘seka’, ‘tshwana le’, ‘o ka re’, ‘ e kete’. Mosola wa sona ke tlhalosa selo kana tiragalo ka sengwe se sele. Sekao: “Ba kgaokgaotse jaaka kgomo e le tshojwana.” 74 ©Via Afrika Publishers 2012
O ikgarile e kete sebokolodi  Tshwantshiso: ke sekapuo se se dirisediwang go tshwantsha dilo kgotsa ditiralo tse pedi. Mo sekapuong se selo se bidiwa ka seo se tshwatshiwang le sona. Ga go twe se ‘tshwana le’, gat we ‘ke/ o’. Mosola wa sona ke go tlhalosa selo kana tiragalo ka sengwe se sele. Sekao: Modiegi ke katse Mmotsa, o ntsi e tala.  Tatodi le pharologantsho: Ka dinako dingwe, mmoki o dirisa malatodi go tlhalosa. Mmoki o dira se go leka go totobatsa se a se kayang ka go se farologanya le se a sa se kaeng. Mosola wa tatodi ke go naya mola kutlwalo e e monate mo lebokong le go gatelela bokao. Sekao: Mpherefere ga se tshiamo, tshenyego. Bodipa ga se botho, bolalome  Kgakantshi: Mo sekapuong se go na le go ikganetsa go go rileng. Sekao, Morena Jeso o bolaile loso ka go re swela/ Tlala ke senatla sa legatlapa.  Semenoganye: Ke go tshameka ka mafoko a a tshwanang mme o menoganya bokao jwa ona. E ka nna mafoko kgotsa maina a a tsamaelanang le ona, sekao, Potlakela mafoko Morena Potlako/Ka ke ruta, ke morutabana  Moono/Maikutlo  Ona ke maikutlo a a ralalang lokwalo, a mmuisi a itemogelang ona fa a ntse a buisa.  Ntlhakemo  Mmoki o senola ntlhakemo ya gagwe ka go tlhoma mogopolo mo maemong a pono ya gagwe go ya ka diteng tse a di senolang. Ntlhakemo e, e tshwanetse go nyalana le diteng tse a di tlhagisang. Mmoki a ka tlhagisa ntlhakemo ya gagwe ka go dirisa metlhala ya bokao kgotsa ka tiriso ya puo.  Kutlwalo ya lentswe  E thusa go tlhotlheletsa setaele se mmoki a se dirisitseng go itlhalosa. kutlwalo ya lentswe e lemosega bonolo fa leboko le bu`isetswa kwa godimo ka gonne se, se thusa mmuisi go lemoga tshenolo ya maikutlo a mmoki go ya ka se a se bokang gore a ke a boitumelo, a selelo kgotsa a lerato. 75 ©Via Afrika Publishers 2012
 Moanedi  Go le gantsi mmoki o tlhagisa diteng tsa leboko la gagwe ka boena, ka jalo, o tlhopha mafoko ka kelotlhoko gore a tle a mo kgontshe go senola maikutlo a gagwe.  Kgelekiso e akaretsa tlhopho ya mafoko le tiriso ya mafoko a mokwadi. Kgelekiso e ka thusa mo go senoleng boitshwaro / maikutlo a moanedi mme se, se ka golaganngwa gape le kutlwalo ya lentswe. Go botlhokwa go ela. Diaane Dinaane ke eng? Dinaane ke dikgang tse di neng di somarelwa go tswa bagolong go fetisetswa kwa baneng ka go tlotliwa kgotsa go buiwa ka molomo. Nako e e tlwaelegileng ya go di tlhaba e ne e le maitseboa fa go itisitswe fa isong. Di ne di tlhabiwa ke bokoko, ba di tlhabela bana. Dinaane ga di tlhabiwe motshegare mme fa o batla go di tlhaba motshegare ga twe o tshwanetse go tlhoma letlhokwa mo tlhogong. Mefuta ya dinaane  Dianelaphologolo – mainane  Dianelabatho – dinaane tsa batho  Dika-hisetori – dinoolwane  Dianelalobopo – dikinane Matseno a dinaane a ka simolola ka ditsela tse:  Ga twe e kile ....  Ga twe e rile bogologolo tala majwe a santsane a tobetsega....  Bogologolo tala go ne go na le.......  Go kile ga bo go le.....  E rile ka letsatsi lengwe....  Ka letsatsi le lengwe....  Fa majwe a sa ntse a tobetsega... 76 ©Via Afrika Publishers 2012
Bokhutlo jwa dinaane  Bokhutlo jwa naane bo bokhutshwane.  Dinaane di felelela jaana: ‘Legotlo ke leo’/ke tsona tsotlhe/ga bo go nna jalo. Pharologano ya dinaane le dikwalo tse dingwe  Di na le dipina tse di opelwang mo gare ga ditiragalo.  Baanelwa ke batho le diphologolo tse di mothofaditsweng  Poloto ga e a tseelwa matsapa.  Poloto e tlhamaletse.  Go na le poapoeletso ya ditiragalo.  Kwelano e ntsi, mo polotong. Mesola ya dinaane  Dinaane di a ruta.  Dinaane di a kgalema.  Dinaane di tlhaba botlhale.  Dinaane di a tsibosa.  Dinaane di ruta bana go nna kelotlhoko.  Dinaane di itsa bana go tsena mo ditirong tse di maswe.  Di somarela setso. Maitshetlego a dinaane Maitshetlego a dinaane a bonolo go bonwa ka di simolola ka “ga twe e rile bogologolo tala majwe a santsane a tobetsega’. Fa moaned a re ‘bogologolo tala’ o setse o itse gore ditiragalo ke tsa bogologolo. Poloto ya dinaane Poloto ya dinaane e khutshwane e bile e tletse ka kwelano/ditiragalo tse di sa dumelesegeng. Poloto ya dinaane e tshwana le ya terama ka ntlha ya fa e le khutlotharo, e na le tshimologo, setlhoa, le bokhutlo. 77 ©Via Afrika Publishers 2012
Padi Morutabana o itsise mofutakwalo o mongwe e leng padi. O naya barutwana tiro mo phaposing go e dira mo ditlhopheng tsa bona. Laela barutwana go sekaseka mareo a a neilweng mme o tsamaye o ba thusa gore ba kgone go a tlhaloganya botoka. Dikarabo tse di solofetsweng le tshedimosetso e nngwe ya tlaleletso Poloto le dipolotwana  Kanelo le poloto Pele o sekaseka lereo le poloto le barutwana, go botlhokwa gore lo farologanye mareo a mabedi a ka gonne a sa tshwane, fela a batlile a tshwana. Kanelo ke tatelano ya ditiragalo go tloga kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong jwa tsona mo nakong e e rileng. Kanelo e supa gore go ne ga diragala eng, leng le gona kae. Mo go yona ga go botlhokwa go itse gore tiragalo e ne ya nna gona ka ntlha ya mabaka afe. Poloto e akaretsa kanelo ka gonne le yona ke tatelano ya ditiragalo mo nakong le lefelong le le rileng mme ditiragalo tseo di bontsha mabaka a a di tlholang, a a di gapeletsang go diragala. Tatelano e ya ditiragalo le mabaka a a di gapeletsang go diragala, e bontsha fa poloto e bopiwa ka dikgato tse di farologaneng: ela tlhoko gore ga se terama fela e e bonalang e na le dikgato tse, Padi le yona e ntse e na le tsona. Tshimologo/Tshenolo/Thaego Ditiragalo di a simologa. Bothata le kgotlhang di ntsha ditlhogo.  Tharaano Ditiragalo tsa poloto di gatela pele, di a thatafala, bothata le kgotlhang di a gola. Moanelwamogolo o lwa ka tsotlhe tse a nang natso go rarabolola mathata a gagwe. Babuisi ba lela le ena ka ba mo tlhomogela pelo. 78 ©Via Afrika Publishers 2012
 Setlhoa Mo kgatong e, ditiragalo di ngangegile, kgarakgatsego ya moanelwamogolo e gogomosa maikutlo a mmuisi, maikutlo a gagwe a ema ka ditsetsekwane mme o buisetsa go ya pele ka a batla go itse gore bothata jwa moanelwamogolo bo ile go rarabololwa jang.  Tharabololo Bothata le kgotlhang di simolola go rarabologa. Kgotlhang e simolola go bepa mme maikutlo a mmuisi a simolola go ritibala. Maphata a a neng a gotlhana, a lwantshana, a a itshwarelana, sekgele se tsewa ke moanelwa yo o fentseng mme yo o fentsweng o a ineela.  Bokhutlo Dikgarakgatshego tsa matshelo a baanelwa le maiteko a bona go leka go di rarabolola di khutlisiwa mo kgatong e. Diponagalo tsa Poloto di Ka tsharololwa ka papetlana e e tshwanang le e: Setlhoa Tharaano Tharabololo Tshimologo Bokhutlo 79 ©Via Afrika Publishers 2012
Dipolotwana Kokoanyo e potlana ya ditiragalo mo pading kgotsa mo terameng. Dipolotwana ka bontsi di golagana le polotokgolo, di dira jaaka dintlhatlhalosa, dintlhatlaleletso kgotsa di tshegeta thitokgang ya polotokgolo. Ka dinako dingwe dipolotwana tse pedi di kopana go bopa polot  Kgotlhang Kgotlhang ke bothata kgotsa selwelwa mme e tsalwa go tswa mo morerong o o senolwang mo lokwalong. Bothata jo, bo ka tlisa ntwa, go sa utlwaneng kgotsa kgogakgogano mo lokwalong. Moanelwa a ka nna le kgotlhang fa gare ga gagwe le tikologo ya gagwe,go ya ka setso, tumelo, meetlo kgotsa melao ya tikologo eo. E ka tsalega gape fa gare ga baanelwa, ba gotlhana kgotsa ba lwela sengwe. E ka itshenola gape fa gare ga moanelwa le maikutlo a gagwe. Kgotlhang ke kgogedi e bile ke konokono mo pading ka gonne e gapeletsa baanelwa go kgaratlha, go loga maano a go rarabolola mathata a bona. Kgotlhang gape ke kgogedi mo pading ka gonne e dira gore babuisi ba nne ka ditsetsekwane, ba buisetse go ya pele ka ba rata go bona gore bothata jo baanelwa ba nang nabo ba ile go bo rarabolola jang. Mefuta ya kgotlhang Go na le mefuta e le meraro ya kgotlhang.  E e fa gare ga moanelwa le maikutlo a gagwe. Mofuta o wa kgotlhang o ka lemogiwa mo dikakanyong tse moanelwa a ka tswang a kampane natso. Moanelwa o nna le mafaratlhatlha a dikakanyo, kgwetlho e nne go sa itse gore a swetse go inaakanya le kakanyo efe. Ga se thona go utlwa motho yo o itemogelang mofuta o wa kgotlhang a re: ‘Ke na le dipelo tse pedi ka ga selo se.’ E le fa a kaya bothata ba go sa itse gore a ka tsaya kakanyo efe.  E e fa gare ga badiragatsi, e ka nna fa gare ga modiragatsi le yo mongwe kgotsa ba bangwe kgotsa fa gare ga ditlhopha tsa badiragatsi. Mo mofuteng o wa kgotlhang, ntwa e tsalega ka ntlha ya go sa dumalane ka sengwe magareng ga badiragatsi. Yo mongwe le yo mongwe o loga maano a go ikgolola mo bothateng jo bo tlholegileng, e nne ena mofenyi.  E e fa gare ga modiragatsi le tikologo ya gagwe. Mo mofuteng o wa kgotlhang, go nna le thulano ya dikakanyo magareng ga modiragatsi le ditumelo, 80 ©Via Afrika Publishers 2012
meetlo kgotsa melao e badiragatsi ba bangwe ba dumelang mo go yona. Ba nna kgatlhanong le dikakanyo tse di totileng go tokafatsa matshelo a bona,ba ngaparela mo go se ba dumelang mo go sona.  Boanedi Boanedi ke ka moo moanelwa a leng ka teng le se maikaelelo a gagwe e leng sona. Ka moo a tlhalosiwang ka teng.  Moanelwa Moanelwa ke motho yo o rweleng maikarabelo a dikakanyo le tiragatso mo pading. Moanelwa yo mongwe le yo mongwe o na semelo sa gagwe, se mokwadi a se dirisang go aga poloto ya lokwalo le maikutlo a a rileng. Boitshwaro jo bo farologaneng, le ditebego tsa baanelwa di ka tlhotlheletsa dikarolo tse dingwe tsa tiro ya bokwadi jaaka thitokgang, lefelokgang le kutlwalo ya lentswe. Go na le baanelwa ba ba sephara le baanelwa ba ba kgolokwe.  Moanelwa yo o sephara/moanelwa yo o sa tsheleng Moanelwa yo o sephara o na le dintlha di le mmalwa tsa botho. Yo ke moanelwa yo e seng wa nama le madi ka a sa diragalelwe ke dilo tse di diragalelang batho ba ba tshelang. Moanelwa yo o sa tsheleng ga a fetoge ka gope mo tsamaong ya ditiragalo.  Moanelwa yo o kgolokwe/yo o tshelang Moanelwa yo o kgolokwe o fetoga go ya ka ditlamorago tsa tiragalo nngwe. Moanelwa yo o kgolokwe o na le ditlhaloso tse di le dintsi tsa botho. Ba matswakabele jaaka batho ba boammaaruri, sekao, moanelwa o boboi, o lerato, o dikgoka.  Seabe sa mopadi Karolo e e tsewang ke mopadi ke efe, a ke moanelwa kgotsa ke moanedi fela mo pading. 81 ©Via Afrika Publishers 2012
 Molaetsa le morero/thitokgang Thitokgang/morero ke tsela e mokwadi a e dirisang go tlhagisa dikakanyo, megopolo le maikutlo a gagwe mo babuising. Ke ntlhakgolo ya ditiragalo. O araba potso e: e bua ka eng? Molaetsa ke se mokwadi a ratang go re ruta sona ka padi ya gagwe.  Maitshetlego Ke boalo jo bo kwa morago jwa ditiragalo. Maitshetlego a akaretsa a lefelo le a nako. Mokwadi gantsi o anela gore ditiragalo di diragaletse kae gona di diragetse leng. Mo dinakong tse dingwe maitshetlego a nako ga a nne mo pepeneng, mme barutwana ba ka a bona ka go sala dilo tse di latelang morago:  Lebelela ditiro le dipuo tsa baanelwa  Didirisiwa, sekao, fa go buiwa ka koloi ya Hammer o itse gore ditiragalo ke tsa jaanong, fa go buiwa ka basetsana ba ba rweleng dinkgo ba apere makgabe, o itse gore ditiragalo tsa bogologolo.  Moônô Ona ke maikutlo a a ralalang lokwalo, a mmuisi a itemogelang ona fa a ntse a buisa. Moono o, o tlhagisiwa ke mokwadi ka segalo se a se dirisang le didiriswa tse di farologaneng tsa puo Badiragatsi: Ke batsayakarolo mo terameng. Seabe sa moterama/badiragatsi, ntlhakemo: Ke karolo le ntlhakemo e moterama/modiragatsi a e tsayang go tsweledisa ditiragalo tsa terama. Morero/kgangkgolo/thitokgang: Ke se terama e buang ka ga sona. Maitshetlego: Ke lemorago la ditiragalo. A akaretsa nako/motlha le lefelo. Maitshetlego a nako a ka tlhalosiwa ka moaparo, didiriswa jalo jalo. Dikaelo tsa serala: mafoko a a mo masakaneng a a kwadilweng ka ditlhaka tse di sekameng tse di supang se modiragatsi a se buwang le se a tla se dirang. 82 ©Via Afrika Publishers 2012
Kobiso ya terama: Kitso e mmuisi a nang le yona ka se se yang go diragalela modiragatsi, mme modiragatsi a sa itse se se yang go mo diragalela/se mmogedi a bonang se ya go diragalela modiragatsi mme ena a sa se bone. Segalo  Mo terameng, segalo ke mokgwa o ka ona moterama a itlhalosang go ya ka ditiragalo tsa terama ya gagwe.  Segalo se senola maikutlo a moterama. Tse tsotlhe o di tlhagisa ka tlhopho ya mafoko, bogolo jang ka tiriso ya puo-sebui, boleele ba dipolelo le tiriso ya matshwao a puiso.  Segalo se ka tlhalosiwa se le botsalano, bogale, se kobisa se sotla, se supa go tenega, se a tshegisa/se tlaopa.  Tiriso ya segalo e thusa go tlhola maikutlo a a eletsegang mo lokwalong. Tlhatlhobo ya bogare/bofelo jwa ngwaga SEBOPEGO SA PAMPIRI YA 3 ya bogare/bofelo jwa ngwaga Pampiri e, e na le dikarolo di le 3 tsa maduo a le 80. Morutwana o tshwanetse go araba dipotso di le 5 go tswa mo dikarolong di le 3. KAROLO YA A: POKO (MADUO A LE 30)  Dipotso 1-4: Ke tsa maboko a a tlhaotsweng a Mophato wa 11.  Potso 1 ke ya tlhamo (leboko le le tlhaotsweng).  Dipotso 2,3 le 4 ke dipotso tse dikhutshwane.  O tshwanetse go araba dipotso di le pedi go tswa mo karolong e.  Maduo ke 10X2=20 go tswa mo mabokong a le 4 a a rebotsweng a Mophato wa 11. Dipotso 5-6 ke tsa maboko a a sa bonwang (a a sa ithutiwang).  Potso 5- ke ya tlhamo.  Potso 6 ke dipotso tse dikhutshwane.  O tshwanetse go tlhopha e le nngwe fela ya dipotso tse. 83 ©Via Afrika Publishers 2012
 Maduo: 10X1=10 KAROLO YA B: PADI (MADUO A LE 25) Potso 7 Tlhokomela: Fa o arabile potso ya tlhamo mo Potso 7, o tshwanetse go araba dipotso tse dikhutshwane mo Potso 8. Fa o arabile potso ya tlhamo mo Potso 8, o tshwanetse go araba dipotso tse dikhutshwane mo Potso 7.  Go na le dipotso di le pedi, ya tlhamo le ya dipotso tse dikhutshwane.  O tshwanetse go tlhopha e le nngwe fela ya dipotso tse. KAROLO YA C: TERAMA (MADUO A LE 25) Potso 8  Go na le dipotso di le pedi, ya tlhamo le ya dipotso tse dikhutshwane.  O tshwanetse go tlhopha e le nngwe fela ya dipotso tse. MAEMO A TLHALOGANYO A TLHATLHOBO GO YA KA THEKESONOMI YA GA BARETTE MAEMO A TIRWANA PHESENTE DIPOTSO YA TIRO Tiriso ya Dipotso tse di botsang ka ga tshedimosetso e e tshedimosetso ka tlhagisitsweng ka botlalo mo setlhangweng tlhamalalo Neela maina a dilo/batho/mafelo/dikarolo...Kaya (Maemo 1) dintlha/mabaka/dikakanyo... Supa mabaka/batho/dibakwa... Neela lenaneo la /dintlha/maina/mabaka Thulaganyo Tlhalosa lefelo/motho/semelo... sešwa Nyalanya tiragalo/karolwana/maitemogelo... Maemo Dipotso tse di tlhokang tshekatsheko, tlhaolo 1 le 2: (Maemo 2) kgotsa thulaganyo ya tshedimosetso e e 40% tlhagisitsweng ka botlalo mo setlhangweng. Sobokanya dintlhakgolo/dikakanyo/mabaka/dipoelo 84 ©Via Afrika Publishers 2012
le ditlamorago… Kgobokanya dikarolwana/mabaka a ka gale… Tlhagisa ditshwano/ dipharologano… Neela thadiso ya … Go itseela Dipotso tse di tlhokang gore motlhatlhojwa a dirise tshwetso tshedimosetso e e tlhagisitsweng ka botlalo mo (Maemo 3) setlhangweng, a e dirise mo maemong a maitemogelo a gagwe a botho. Tlhalosa kakanyokgolo … Bapisa dikakanyo/ maitsholo/ ditiragatso (ditiro) … Maikemisetso/maitsholo/tshusumetso/lebaka … la Maemo 3: mokwadi (kgotsa moanelwa) ke eng? 40% Tlhalosa sebako/ditlamorago tsa … Tiragalo/tshwaelo/maitsholo (jalojalo) a senola eng ka moanedi/ mokwadi/ moanelwa … Tshwantshiso/tshwantshanyo/setshwantsho se ama jang go tlhaloganya ga gago … O akanya gore poelo/kamego (jalojalo) ya tiragalo/maemo e tla nna eng … Tlhatlhobo Dipotso tse di dira ka dikatlholo tse di ka ga meetlo (Maemo 4) le boleng. Tse di akaretsa dikatlholo ka ga bonnete, boikanyego, dintlha le dikakanyo, kamogelesego, tlhaloganyo le go ntsha mabaka, le ditlhagiso di tshwana le keletso le kamogelo ya ditshwetso le ditiragalo (ditiro) go ya ka meetlo ya maitsholo. A o akanya gore se se tlhagelelang se a ikanyega/ Maemo se na le bonnete/ se a kgonega …? 4 le 5: A ngangisano ya mokwadi e a amogelesega/ e na 20%eke le tlhaloganyo/ e a khutlisa … 85 ©Via Afrika Publishers 2012
Tshwaela ka tsenelelo ka tiragalo(tiro)/ maikemisetso/tshusumetso/maitsholo/tshitsinyo/ bokao … A o dumelana le kemo/polelo/temogo/thanolo … Ka mokgwa o o bonang dilo ka teng, a mokwadi/ moanedi/moanelwa o siame fa a tshitsinya gore/ a buelela gore … A maitsholo/ mekgwa/ tiro ya moanelwa e a letlelesega/ amogelesega mo go wena? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. Ditiro/maitsholo/ditshusumetso tsa moanelwa …di Kgatlhegelo supa eng ka ena mo bokaong jwa meetlo ya (Maemo 5) botlhe? Tshwaela ka tsenelelo ka ga boleng jwa dikatlholo tse di dirilweng mo setlhangweng. Dipotso tse di ikemiseditse go tlhatlhoba ditlamorago tsa saekholoji le temogo ya bontle jwa setlhangwa mo motlhatlhojweng. Di tota tsibogo ya maikutlo mo diteng, go inyalanya le baanelwa kgotsa ditiragalo, le tsibogo ya mokwadi mo tirisong ya puo (jaaka tlhopho ya mafoko le botshwantshi). Bua ka tsibogo ya gago mo setlhangweng/tiragalong/ maemong/ kgotlhang/pitlaganong … A o inyalanya le moanelwa ka kutlwelobotlhoko? Ke kgato/ tshwetso efe e o ka bong o e tsere fa o ka bo o ne o le mo maemong a a tshwanang le ao? Tshwaela ka tiriso ya puo ya mokwadi … Bua ka nonofo ka ga setaelel/ matseno/ bokhutlo/botshwantshi/ tsa poko ditlamaganyo (didiriswa) tsa dikwalo tsa mokwadi26 86 ©Via Afrika Publishers 2012

Study this subject

Notes, quizzes and topic questions for Grade 11 Setswana HL.

More papers and memos for this grade and subject.