DITEKO TSA NGWAGA LE NGWAGA TSA
BOSETŠHABA
KEREITE 2
SETSWANA PUO YA GAE
TEKO YA GO KAELA 2012
Skip to contentAll 2012 papers
Setswana Grade 2 ANA Exemplars 2012 Question Paper
Grade 2 Setswana question paper from the ANA Exemplars 2012, 6 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.
Setswana · Grade 2 · ANA Exemplars · 2012 · setswana. Question paper, 6 pages. Read online or download the PDF.
- Subject
- Setswana
- Grade
- Grade 2
- Language
- Setswana
- Document type
- Question paper
- Year
- 2012
- Exam period
- ANA Exemplars
- Curriculum
- CAPS
- Pages
- 6
- File size
- 334.4 KB
Free to read online, no sign-up needed
Loading document…
Loading document…
1 of 6
This exam
ANA Exemplars 2012
- Other filesQuestion paperMemo
Document textSearch extracted text and jump to a page.
Nomsa, Sam, Jabu le Pam ba ithuta ka ditlha tsa ngwaga kwa sekolong.
Morutabana wa bona Mme Mokgele o ba bontsha ditshwantsho, mme ba
abelana dikakanyo. Mme a ba laela go kwala ka ditlha tsa ngwaga tse ba di
ratang.
Nomsa o a kwala:
Ka Dikgakologo go bothito, malomo le matlhare a gola le diphologolo di a
tsoga. Dinonyane di a boa le go aga dintlhaga.
Sam o a kwala:
Ka Selemo go a fisa/mogote/bolelo mme re rata go sapa/go thuma le go
tshamekela kwa ntle mo letsatsing. Re rata go nwa dinotsididi le go ja
bebetsididi.
Jabu o a kwala:
Ka Letlhafula go tsiditsana le matlhare mo ditlhareng a fetoga gonna
mahibidu, serolwana le mmala wa namune. Mme a wa mo ditlhareng.
Diphologolo di ipakanyetsa mariga. Dinoyane di a tshaba.
Pam o a kwala:
Ka Mariga go tsididi, Mo mafelong a mangwe go na le semathana. Re rata go
nwa dino tse di bolelo le go ja sopo e e thutafetseng. Re besa melelo go re
thutafatsa.
Morutabana Mokgele o ba letla go buisetsa barutwana mmogo mo phaposing.
Buisa kgang e e fa tlase.
1
1. Neela kgang e e fa godimo setlhogo.
..............................................................................................................
2. Sekeletsa karabo e e nepagetseng.
Ke mang yo o kwetseng ka setlha sa Mariga?
Sam/Jabu/Pam/Nomsa
3. Sekeletsa lefoko le le nepagetseng.
Bana ba ithutela kwa kae?
kwa ntle/kwa sekolong/ka fa setlhareng/kwa gae
4. Kwala nomoro ya ditlha tsa ngwaga jaaka di latelana go tswa
mo kgannyeng.
Mariga
Dikgakologo
Selemo
Letlhafula
5. Sekeletsa karabo e e nepagetseng.
Nomsa o kwetse ka ga Selemo gonne ...
A Mme Mokgele o mmoleletse gore a kwale.
B Ke se a se ratang.
C Ga a se rate.
D Jabu o mmoleletse gore a kwale.
6. Sekeletsa karabo e e nepagetseng.
Bana ba dirileng fa ba sena go kwala kgang?
A Ba ne ba na le nako ya go ikhutsa.
B Ba ne ba ya gae.
C Ba ile ba thala ditshwantsho.
D Ba buisitse dikgang.
2
7. Sekeletsa karabo e e nepagetseng.
7.1 Ke lefoko lefe le le nang le bokao jo bo tshwanang le “mamoratwa”?
siame/siame go gaisa/tlhoile/kgatla/siameng
7.2 Ke eng lelatodi la lefoko “bothito”?
bolelo/maruru/tsiditsana/swa dikgapetla
8. Sekeletsa lefoko le le nepagetseng.
Ke lwala/kwala/tswala mo bukeng ya me.
9. Sekeletsa lefoko le le nepagetseng.
Ke bona maru mo/mo godimo ga/kwa godimo mo
loaping.
Kwalolola dipolelo tse di latelang:
10.
10.1 Simolola ka “Maabane”.
Ke palama peretshitswana/baesekele ya me.
Maabane ................................................................................
10.2 Simolola ka “Ka moso”.
Ke tshameka ka bolo.
Ka moso ............................................................................................
3
11. Matlhare a Letlhafula
6
5
4
3
2
1
Mmala serolwana khibidu phifadu
wa
namune
Bana botlhe ba kgobokantse/kokoantse matlhare a letlhafula, mme
ba a tlhaola go ya ka ditlhopha tsa mmala.
4
11.1 Sekeletsa tlhaka e e nepagetseng.
Ke matlhare a mmala ofe a a leng mantsi go gaisa?
Mmala wa namune serolwana khibidu phifadu
11.2 Sekeletsa karabo e e nepagetseng.
Ke matlhare a mmala ofe a a leng mannye go gaisa?
Mmala wa namune serolwana khibidu phifadu
11.3 Ke matlhare a le makae otlhe a ba a kgobokantseng/kokoantseng?...............
12. Kwala dipolelo di le TLHANO (5) kgotsa go feta ka ga sekolo sa gago.
...............................................................................................................................................

.....................
5