Skip to content

Setswana Grade 3 ANA Exemplars 2012 Question Paper

Question paperSetswanaGrade 320129 pages

Grade 3 Setswana question paper from the ANA Exemplars 2012, 9 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Loading document…

Loading document…

ANA Exemplars 2012

Document textSearch extracted text and jump to a page.
DITEKO TSA NGWAGA LE NGWAGA TSA BOSETŠHABA KEREITE 3 SETSWANA PUO YA GAE 2012 TEKO YA GO KAE
Buisa kgang e e latelang mme o arabe dipotso 1 – 6. “ Katse e kae?” Mme o botsa Keitumetse. Ka gale o e fitlhela e robetse mo godimo ga bolao ba ga Itumeleng. Fela mo mosong wa gompieno e ne e seyo. “Ga ke itse gore katse e kwa kae” ga bua mme. ”Motlhomongwe katse e iphitlile.” “Ka gongwe katse e tshogile, Keitumetse o bua a tshwenyegile.” Ke tshwanetse go e batla.” Keitumetse o phuruphutsa ntlo o batlana le katse. O leba ka fa tlase ga bolao, fa morago ga setswalo. O batla gape ka fa gare ga diraka. “Ke batlile gotlhe ga gona mo ke e fitlhelang teng.” Keitumetse o bolelela mmagwe. Keitumetse o tshwenyegile e le tota e bile matlho a gagwe a geletse dikeledi, o leba ka letlhabaphefo o bona tsala ya gagwe e tlola thotobolo ya matlhare. “Motlhomongwe katse le yona e a tshameka kwa ntle,” go bua Keitumetse. “Gongwe”, mmagwe a dumalana le ene. ”Kgantele ke ne ke tlogetse mojako o o kwa morago o butswe.” Ke ile kwa ntle go haraka matlhare. Keitumetse a tswa ka lebelo kwa mojakong o o kwa morago. A ema mokgobeng/mo thothobolong ya matlhareng a mmala o o serolwana le o mohibidu. Katse ya mmala o mosetlha e robetse mo godimo ga ona. ”katse!” Keitumetse a lela. Keitumetse o ne a kgobokanya matlhare go dikologa katse .”O ne o sa tshoga. O ne o batla go nna le bolao jwa gago.” 1. Fa o akanya o nagana gore setlhogo sa kgang e ka nna eng? ................................................................................................................... ................................................................................................................... 2. Sekeletsa tlhaka ya karabo e e nepagetseng. Kgang e ke ka ga mosetsana le seotlwana sa gagwe. Maina a bona ke mang? 1
A Keitumetse le katse B Tumiso le Mmagwe C Kagiso le kolobe D Mme le Mosimane 3. Sekeletsa tlhaka ya karabo e e nepagetseng. Fa seotlwana se timela mme le Keitumetse ba ne ba le kae? A Kwa sekolong B Ka fa ntlong C Kwa marekelong D Kwa lebenkeleng la diotlwana 4. Bontsha tatelano e e nepagetseng ya ditiragalo mo kgang e. Keitumetse o fitlhetse katse mo thotobolong ya matlhare. Keitumetse o ne a batla katse ka fa ntlong. Mme o ya kwa ntle go haraka matlhare. Katse e ne e sa bonwe. Kwala dinomoro (1 – 4) mo mabokosong go bontsha tatelano e e 5. Sekeletsa tlhaka ya karabo e e nepagetseng. Keitumetse o ne a tshwenyegile ka katse ya gagwe ka gonne ... A o ne a satla go ja dijo tsa gagwe tsa sefitlholo. B o ne a lwala a batla moriana wa gagwe. C o ne a batla go ya le yona kwa sekolong. D o ne a sa e fitlhele gope. 6. Fa o nagana, goreng katse e tshabetse kwa ntle? ................................................................................................................ ................................................................................................................ 2
................................................................................................................ ................................................................................................................ Leba setshwantsho mme o arabe dipotso. 7. Sekeletsa tlhaka ya karabo e e nepagetseng. 7.2 Motho yo o nang le lebenkele ke ... 7.1 Mme o reka kwa lebenkeleng la ... A mafura. B diotlwana. kerosari. C D diaparo. A ralebenkele. B rapolase. C ngaka. D lepodisa. 3
8. Kwala polelo e e latelang ka: ... 8.1 Pakatlang tsweledi. Mme o reka korosari kwa lebenkeleng. ............................................................................................................ ............................................................................................................ 8.2 Pakatlang. Maši a rekisiwa. .............................................................................................................. .............................................................................................................. 9. Sekeletsa tlhaka ya karabo e e nepagetseng (leemedi). Mosimane o itumelela go dira tiro ya ... A sona B gagwe C tsona D ona 10. Kwala bontsi ba lefoko le le thaletsweng mo polelong. Mme o reka terebe kwa lebenkeleng. ...................................................... 11. Kwala lekaelagongwe la lefoko le le thaletsweng. Keitumetse o ne a phuruphutsa katse ya gagwe mo ntlong . 12. Sekeletsa tlhaka ya karabo e e nepagetseng. Tlhopha lediri le le nepagetseng mme o feleletse polelo. 4
Mosimane o ... kwa sekolong ka gonne a lwala. A bodile B boledi C ledibo D boile 5
Lebelela lenane le le latelang mme o arabe dipotso. Tirogae Letsatsi Thutapuo Dipalo Motshameko Mosupolog Mopeleto le Kgwele ya dinao o mokwalo Molapalo Labobedi Puiso le Mokwalo Molapalo Kgwele ya dinao Laboraro Puiso le Mokwalo Go tlhakanya Bolotloa Labone Mopeleto le Go tlhakanya Kgwele ya dinao mokwalo le bolotloa 13. Sekeletsa tlhaka ya karabo e e nepagetseng. 13.1 Ke letsatsi lefe le barutwana ba buisang le go tlhakanya? A Mosupologo B Labobedi C Labone D Laboraro. 13.2 Ke motshameko ofe o tshamikiwang ka Mosupologo le Labobedi 6
A Ga go motshameko B Kgwele ya dinao fela C Bolotloa fela D Bplotloa le Kgwele ya dinao 13.3 Ke tirogae efe e tshwanang matsatsi otlhe? 13.2 Ke motshameko ofe o tshamikiwang ka Mosupologo le Labobedi A Go tlhakanya B Puiso C Mokwalo D Mopeleto 13.4 Ke matsatsi afe a mabedi a barutwana ba nang le tirogae ya go tlhakanya? 13.2 Ke motshameko ofe o tshamikiwang ka Mosupologo le Labobedi A Laboraro le Labone B Mosupologo le Laboraro C Labobedi le Labone D Mosupologo le Labobedi 13.5 Ke matsatsi afe a mabedi a basimane ba tshamekang motshameko o o tshwanang, mme ba na le tirogae e e sa tshwaneng ya wa dipalo le thutapuo? 13.2 Ke motshameko ofe o tshamikiwang ka Mosupologo le Labobedi? A Laboraro le Labone B Mosupologo le Laboraro C Labobedi le Labone D Mosupologo le Labobedi 14. Kwala temana e le nngwe go ya go di le pedi (dipolelo di le 10) ka morutabana wa gago. Dirisa matshwao a puiso, thutapuo le mopeleto ka nepo. 7
Morutabana wa me. ................................................................................................................... ................................................................................................................... ................................................................................................................... ................................................................................................................... ................................................................................................................... ................................................................................................................... ................................................................................................................... ................................................................................................................... ................................................................................................................... ................................................................................................................... ................................................................................................................... ................................................................................................................... 8

Study this subject