Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATION
NOVEMBER 2017
SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I
SETSWANA FIRST ADDITIONAL LANGUAGE: PAPER I
Nako: 2½ Diura Maduo: 100
ELA TLHOKO
1. Pampiri e, e na le ditsebe di le 10. Tsweetswee, netefatsa gore pampiri ya gago e
feleletse.
2. Pampiri e, e na le dikarolo di le NNE:
KAROLO A – Tekatlhaloganyo
KAROLO B – Tshosobanyo
KAROLO C – Maboko
KAROLO D – Thutapuo le Melawana ya Tiriso
Araba dipotso tsotlhe.
3. Araba dipotso tsotlhe ka Setswana, mme o dirise mopeleto le mareo a a kannweng
ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana.
4. Botswerere mo kwalong, peong ya mabaka le mo thulaganyong ya dintlha, di tlaa
go tswela molemo.
5. Botlhaswa le mokwalo o o sa buisegeng di tlaa go jela maduo.
IEB Copyright © 2017 PHETLA
Skip to contentQuestion paper 





Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 1 2017 Question Paper
IEB Grade 12 Setswana FAL Paper 1 question paper from the 2017, 10 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.
Publisher: IEB
Setswana FAL · Grade 12 · 2017. Question paper, 10 pages. Read online or download the PDF.
- Subject
- Setswana FAL
- Grade
- Grade 12
- Document type
- Question paper
- Year
- 2017
- Paper
- 1
- Publisher
- IEB
- Curriculum
- IEB
- Pages
- 10
- File size
- 694.8 KB
Loading document…
Loading document…
1 of 10
Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 2 ya 10
KAROLO A TEKATLHALOGANYO
POTSO 1
Ka tiriso ya tekatlhaloganyo e e fa tlase jaaka motswedi wa kgang, araba dipotso
tse di e latelang.
MONNA NKU O LELELA TENG
Phumulani Manana o belegwe fela jaaka ngwana mongwe le
mongwe mo lelapeng, fela ena ka go tlhoka lesego a godisiwa
ke nkokoagwe morago ga batsadi ba gagwe ba sena go mo
tlogela a le dingwaga di le nne. Rraagwe o ne a dira kwa
meepong ya teemane kwa Kimberley, mme a tla gabedi fela mo
gae. Fela jaaka badiramoepong ba bangwe ba dira, rraagwe
Phumulani o ne a se ka a tlhola a le baya mo gae, mme a tsena
ka lenga la seloko mme latlhela lentswana kwa morago.
Mmaagwe ena e rile go kokonelwa ke bodutu ba go tlhoka
monatefisabotshelo, a bona gore le ena a tshabele ngwana wa
gagwe.
Ka Modimo a sa je nkabo, Phumulani a gola a ba a nonofela go
ka tsena sekolo. Mosadimogolo wa batho a ikana gore le fa ngwana wa gagwe le ngwetsi ya
gagwe ba robile dikano tsa bona, ena o tlaa godisa Phumulani jaaka motsogapele a rile nko ya
kgomo mogala tshwara thata e se re go utlwa sebodu
wa kgaoga. O ne a dira jalo go fitlha mosimanyana yo a
falola mophato wa marematlou, a ba a ya setheong se
segolo sa dithuto sa Witwatersrand go ithutela molao
teng. Mosadimogolo a itshwareletse ka puo e e reng
kgakakgolo ga ke na mebala, mebala e dikgakaneng.
Ka go tlhoka lesego a se ka a kgona go fetsa ka ntlha ya
go hulara ga ga nkokoangwe.
Leru le lentsho le ne la wela mosimanyana yo wa
batho, ya ne e kete a ka re lefatshe phatloga ke tsene. O ne a tshwanelwa ke go tlogela sekolo,
mme a swetsa go ya go batla mmaagwe kwa Motsekapa kwa a utlwalegang a le kwa teng.
O ne a tsoga ka makuku a naka tsa kgomo go ya go palama terena go leba kwa Kapa. E rile go
tsena kwa boemelatereneng, a kopana le kgarebe e ntle e o neng o ka ithaya wa re e tlhapa ka
mašwi; nko e le lenono fa letheka e le la mofu. E rile gore ba lebaganye matlho, kgogedi ya nna
teng magareng ga bona. Ba ne ba bapa mo setilong sa terena go fitlha kwa Kapa. Bobedi bo, bo
ne ba dumelana go tsena mo go le lengwe la mafelo a borobasogo go oba ntshi teng. Mosetsana
o ne a dumelana le mosimane gore go siame gore ba dire jalo.
Ka go tlhoka lesego e rile ba tsoga, lekau la neela lekgarebe diranta di le 100 mme lekgarebe la
gana madi ao. Le ne la raya lekau la re madi a mofuta o, ke a bana ba sekolo. Ke fa lekgarebe le
tswa mo kamotshaneng jaaka kolo e tswa mo tlhobolong. Wa lekau a sala mo kamoreng a
akabetse, ka a ne a tlaa tsoga a ya go tsoma kwa mmaagwe a utlwalegang a le teng.
IEB Copyright © 2017
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 3 ya 10
E rile mo mosong a bona go itelekela mapodisi a eteleditswe pele ke seilatsatsi. Fa a latlhela
matlho a fitlhela e le Thembi Nkosi, ena mosetsana yo o mo tshabetseng morago ga go gana
madi. Phumulani o ne a lelelwa ke ditshipi. A bolelelwa fa a tshwaretswe petelelo. A leka go
tlhalosa gore go diragetse eng, mme ga se nne ope yo o mo reetsang. Mapodisi a ne a ya go mo
tlhatlhela kwa ntlolefitshwaneng. O ne a ipotsa dipotso tse a neng a tlhoka dikarabo tsa tsona.
A leka go ipolaya mo bosigong mo seleng ya gagwe, mme ga retela. A emela letsatsi la gagwe la
tsheko mo a atlholetsweng dingwaga di le lesome le botlhano ntle le parola.
Moatlhodi e rile go mo atlhola a mo lemosa gore o batla go dira sekao ka ena go tsibosa le ba ba
tlaa dirang tlolomolao e, ba ithute go tswa mo go yona. O ne a mo gopotsa gape gore kana
kgwedi e ba leng mo go yona ke ya go sireletsa ditshwanelo tsa basadi. Phumulani o ne a emiwa
nokeng ke mosetsanyana yo a neng a iphokisa phefo le ena fa a ne a dira mophato wa
marematlou.
Phumulani o ne a simolola go tlhoa motho mongwe le mongwe wa mosadi e sita le mmaagwe
tota. O ne a ipotsa gore molao ke wa batho ba basadi fela, fa banna ba gobelelwa? O ne a gopola
tshegetso e lekgarebe la gagwe le mo neetseng yona ka nako ya mathata a gagwe. E rile go
gololwa morago ga dingwaga di le lesome ka a ne a tsweletsa dithuto tsa gagwe tsa molao mo
kgolegelong le go itshola sentle, a leba gae kwa a neng a feta a dira kgwebo ya go rekisa marotho,
bebetsididi, makunya le dilwana dingwe gonne a ne a tshwanelwa ke go saena gararo malatsi a le
mararo mo bekeng, mme a sa tswe mo lapeng go fitlhela a wetsa kotlhao e a e neetsweng. O ne a
simolola go dira jaaka mmueledi le go lemosa batho letlhakore le le bogole la molao.
Kwa bofelong o ne a nyalana le Siphokasi Mbele mme ba tshela ka boitumelo mme a se lebale
gore o kile a tshwarelwa petelelo a sa e dira, ga se ka ga tswa mo ditlhaloganyong tsa bontsi
batho le tikologo e a tshelang mo go yona. Podi ya tsela e ne ya tlhalosa gore mosetsana yo
Thembi, a ne a sa simolole go dira tiragalo ya mofuta o. Ga twe o kile a bopela lekawana lengwe
la Mohurutshe yo leina la gagwe le leng kwa go ena kgomo ya mmopa namane ya yona ya ba ya
kotelwa. Potso ke gore, tota ke eng se se a bong se tsene mo tlhaloganyong ya motho wa losika
looEfa go iphitlhela a dira tiro ya mofuta o? Ga re itse mogaetsho.
[ Motswedi: Tlhamo ya motlhatlhobi]
1.1 Go godisiwa ga ga Phumulani go farologana jang le ga bana ba bangwe? (2)
1.2 Kwala leina la lefelo le Rraagwe Phumulani a neng a dira kwa go lona? (1)
1.3 Ke serašwa sefe se se epiwang mo lefelong le o le neetseng mo go 1.2? (1)
1.4 Neela lebaka le le dirileng gore mmaagwe Phumulani a tshabele ngwana
wa gagwe. (2)
1.5 Tlhalosa diane tse di latelang:
1.5.1 Modimo ga o je nkabo. (2)
1.5.2 Nko ya kgomo mogala tshwara thata e se re go utlwa sebodu wa
kgaoga. (2)
1.5.3 Kgakakgolo ga ke na mebala, mebala e dikgakaneng. (2)
IEB Copyright © 2017 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 4 ya 10
1.6 Mmaagwe Phumulani o ne a utlwalelwa a le kae? (1)
1.7 Kwala tshobotsi ya lekgarebe le Phumulani a kopaneng le lona mo
tereneng. Dira jalo ka mela e le mebedi fela. (4)
1.8 Mokwadi o raya eng fa a re mafelo a borobasogo? (2)
1.9 Fa motho a tswa jaaka kolo e tswa mo tlhobolong, ke fa a dira jang? (2)
1.10 Ke eng se se dirileng gore Thembi a gane madi a Phumulani a neng a mo
neela ona? (2)
1.11 Go lemosega moatlhodi a ne a tsaya letlhakore ka nako ya katlholo ya ga
Phumulani. Ke eng se se go netefaletsang seo? A karabo ya gago e ikaege
ka tekatlhaloganyo ya rona. (2)
1.12 Go ya ka wena, ke eng tota se se dirileng gore Phumulani a tlhoye
mmaagwe? (2)
1.13 O ne o ka dira eng ka Thembi fa o ne o le Phumulani morago ga go tswa
kwa kgolegelong? (2)
1.14 O ithutile eng go tswa mo tekatlhaloganyong e? (1)
30 maduo
IEB Copyright © 2017
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 5 ya 10
KAROLO B TSHOSOBANYO
POTSO 2
Buisa temana e e latelang ka kelotlhoko, morago o e sobokanye ka dintlha di le
TLHANO ka mafoko a gago. Palo ya mafoko a gago e nne 60–70, mme bokao bo
se fetoge. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong.
SE IPOLAISE DITUELO TSE DI KWA GODIMO TSA BANKA
Fa o itlwaeditse go lebelela setatemente sa gago kgabetsakgabetsa, o tlaa lemoga gore banka e
go duedisa madi a le mantsi go dirisa ditirelo tsa bona. Go na le mekgwa e le mentsi ya go tila go
dirisa ditirelo tse di kwa godimo tsa banka.
Botsa ditsala le ba losika gore dibanka tsa bona di ba duedisa jang. Fa dituelo tsa bona di le kwa
tlase, tshaba kwa bankeng ya gago o ye kwa o tlaa duelang botoka.
Itlwaetse go buisa karolo e e buang ka madi mo makwalodikgannyeng. Mo karolong eo go
bapisiwa ditirelo tse di farologaneng tsa banka. Go dirisa Inthanete go ka dira gore o tile dituelo
tse di kwa godimo tsa ditirelo. Bona setatamente mo Inthaneteng e seng ka fa gare mo
dithelareng.
Tlwaelo ya go duela ka tšheke e tlhola dituelo tse di kwa godimo, e tlogele, batla mokgwa o
mongwe wa go dira dituelo jaaka mogala wa letheka. O se ke wa ntsha madi mo dithelareng, a
ntshe mo motšhining wa ATM. Go dira jalo ga o boloke nako fela, o boloka le dituelo tse di kwa
godimo tsa ditirelo. Tila go ntsha madi mo metshining ya dibanka tse dingwe. Dituelo tsa dibanka
tseo di kwa godimo go gaisa tsa banka ya gago.
Dira bonnete jwa gore dikoloto tse di gogang madi mo akhaontong ya gago di fitlhela go na le
madi ka dinako tsotlhe. Fa di ka fitlhela o se na madi a a lekaneng, banka e tlile go go duedisa
kotlhao e e kwa godimo ya ditirelo.
[E fetoletswe go tswa mo makasining wa Move, 23 Diphalane 2011]
10 maduo
IEB Copyright © 2017 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 6 ya 10
KAROLO C MABOKO
POTSO 3
Buisa leboko le le latelang mme morago o arabe dipotso tse di latelang.
1 Lobopo ruri o montle o sa ipateletse,
2 Masaitsiweng a gago a sita polelo,
3 Tota o ka kgonwa fela ke baboki,
4 Ditswerere tsa puo go go tsatsanka.
5 Motho a leba fa, a leba fale,
6 A gadima fa, a bona bontle, go ikakola,
7 Matlho go go bona a je mpa a gompale,
8 Mowa o nne jaaka lebese o soufale,
9 Tlhogong ya gago go makhubu a dithaba,
10 Gare ga tsona go ntse dibatana le digagabi,
11 Dintlenyana tsa lobopo di ntse ka tshosologo,
12 Di ntse ka iketlo magaeng a tsona a lobopo.
13 Mpeng ya gago go tibile noka tse ditona,
14 Tse di isang metsi mawatleng bokgakaleng,
15 O fitlhela a lelemela jaaka noga tse ditona,
16 A tswakatswakela e kete phologolo e fula,
17 Mokwatleng o rwele dithunya ka mebala,
18 Lonko lwa tsona lo lere kagiso maikutlong,
19 Bontle jwa tsona ke taemane di agalalela,
20 Boleta jwa tsona tsuanyane ya kokwana
[M.K. Mothoagae, L.D. Raditladi le ba bangwe, 2009, Maboko a
Setswana]
3.1 Neela leboko le setlhogo. (1)
3.2 Nopola sekao sa sekapuo sengwe le sengwe sa tse di fa tlase:
3.2.1 Tshwantshanyo (2)
3.2.2 Tlhatlagano ya mafoko (2)
3.2.3 Neeletsano (2)
3.3 Bolela maikutlo a mmoki mo lebokong le. (2)
3.4 O ithutile eng mo lebokong le? (1)
[10]
IEB Copyright © 2017
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 7 ya 10
POTSO 4
Buisa leboko le le latelang mme morago o arabe dipotso tse di le latelang.
NGWETSI MALOBA
1 Se re o bona borramosimane wa gakgamala
2 Mme wa itlhoma o se na thari,
3 Borramosimane ke bao,
4 Ba amogele ka tse pedi diatla,
5 Lemoga, yo o latlhang o a itatlhela.
6 Borramosimane re lebile lapeng leno,
7 Mme re kgatlhilwe ke botho ba ga Motsei,
8 Boitshoko ra fetsa a na nabo.
9 Kana kgomo go tsewa e e bokgwabo,
10 Mosadi tshwene o jewa mabogo.
11 Motsei ga se kgagapa,
12 Motse o tsile go o aga,
13 Le mmamosimane o tsile go utlwana nae.
14 Makwadikwadi o ne ga ba na go a atamela,
15 Dipholo tse nne le tsona di a itse.
16 Nnyaa, bomalome ga ba lere serukhutlhi,
17 A goroga, bomme ba rutlarutlile dirite,
18 Ka peo ba mo gasa, ba latetse setso,
19 Go mo lemosa fa le ene a tshwanetse go dira,
20 A tle a se re tlhabise ditlhong ka moso.
21 Motho ke noga o tsamaya ka mpa.
22 Ngwana a lela, ba mo mo naya,
23 A nna fatshe go mo gomotsa, lefeelo ba le tsisa,
24 Ka dingwao, a amogela tsotlhe ka lerato.
25 Ammaaruri ngwetsi e, kgagapa ya dingalo!
26 Ngwana yo o sa utlweng molao wa batsadi o utlwa
wa manong-
27 Maina a motho a mane:
28 Kgomo le kgomo di tlhaolwa ka letsopa,
29 Mme mosadi ke poo, o a bewa.
4.1 Fa ngwetsi e se ya maloba ke ya leng? (1)
4.2 Motho fa a se na thari ke fa a ntse jang? (2)
4.3 Neela leina la motho yo e leng ngwetsi mo lebokong le. (1)
IEB Copyright © 2017 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 8 ya 10
4.4 Kwala dimelo di le pedi fela tsa ngwetsi e o e neetseng mo go 4.3. (4)
4.5 Ka lefoko, 'botho' mmoki o raya eng? (2)
4.6 Ka mela e le meraro fela, tlhalosa temana ya boraro ya leboko le, ka
mafoko a gago. (6)
4.7 O tlhaloganya eng ka lefoko 'Serukhutlhi'? (2)
4.8 O ithutile eng mo lebokong le? (2)
[20]
30 maduo
IEB Copyright © 2017
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 9 ya 10
KAROLO D THUTAPUO LE MELAWANA YA TIRISO
POTSO 5
Monnamogolo Kgokong a bua le bana ba ngwana wa gagwe, go ba lemosa ka dilo dingwe mo
botshelong, mme o ne a bua le bona jaana:
Bongwanangwanaka, lo a mpona gore ke setse ke itapetse, le dikala tsa modubu di setse di
bonala, e bile ke bokoa ka ntlha ya bolwetse. Ramasedi o ka nna a mpitsa nako nngwe le nngwe
le fa go twe tlhotsapele ga se eswapele. Modimo o gapile batsadi ba lona lo sa ntse lo le bannye,
ga tloga ga latela nkokoalona. Baswi ba, ke bomoennyanaopele, lobone lwa waabo. Ke bona ba
ba tlaa nkamogelang fa ke goroga kwa ba leng teng. Ruri! Ke eletsa gore pele ke le tlogela ke le
sedimosetse ka dilo dingwe tsa botshelo tse lo tlaa salang le kopana le tsona fa lo ntse lo tshedile.
Bongwanangwanaka, ga twe, bana ba tshipa ba tsaya mmila o le mongwe, fa ba ka kgaogana, ke
dira tsa megotlha. Le tshwaraganeng, le thusaneng le be le sireletsaneng. Le se ka la letla mmaba
go le tsena fa gare. Fa lo ka tshwaragana le ka kgona go fenya dikgwetlho tsotlhe tsa botshelo le
nna ke tlaa ipela ka lona kwa ke tlaa bong ke le teng. Fa le ka letla mmaba go le kgaoganya, lo tlaa
bo lo le baipolai ba ba sa lelelweng.
Le se ke la ikanya ditsala thata gonne menomasweu polayaetshega. Motho ga a itsiwe e se naga.
5.1 Kwala bongtshadi ba lefoko, 'monnamogolo'. (1)
5.2 Lefoko le 'monnamogolo' le bopilwe ka dikarolo dife tsa puo? (2)
5.3 Dirisa lefoko, gapile mo dipolelwaneng di le pedi tse di sa tshwaneng. (4)
5.4 Kwala lekaelagongwe la lefoko mmaba. (1)
5.5 Inola leinatota le le lengwe go tswa mo temaneng e e fa godimo, mme
morago o tlhalose gore ke goreng o re ke leinatota. (3)
5.6 Kwala lelatlhelwa go tswa mo puisong e, mme morago o le dirise mo
polelong e e tlhabosang. (3)
5.7 Ganetsa polelo e e latelang:
'Modimo o gapile batsadi ba lona lo sa ntse lo le bannye.' (1)
5.8 Kwala polelo e, mo pakatlang le pakapheti:
'Ramasedi a ka mpitsa nako nngwe le nngwe.' (4)
5.9 Tlhalosa se:
'Go bonala ga dikala tsa modubu.' (2)
IEB Copyright © 2017 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 10 ya 10
5.10 Kwala malatodi a mafoko a:
bannye
kgaokanya (2)
5.11 Neela makopanyi a le mabedi go tswa mo temaneng e. (2)
5.12 Inola leemedi le le lengwe go tswa mo temaneng e, o bo o le dirise go
tlhama polelo. (3)
5.13 Neela bontsi jwa lefoko, botshelo. (1)
5.14 Lefoko, ipela ke karolo efe ya puo? (1)
30 maduo
Maduo otlhe: 100
IEB Copyright © 2017
Study this subject
Revise the topics in this paper, then practise them question by question.
Recommended for this subject
More papers and memos for this grade and subject.

Question paperIEB
Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 1 2019 Question Paper

Question paperIEB
Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 2 2019 Question Paper

Question paperIEB
Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 1 2018 Question Paper

Question paperIEB
Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 2 2018 Question Paper

Question paperIEB
Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 2 2017 Question Paper

MemorandumIEB




