Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATION
NOVEMBER 2018
SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I
SETSWANA FIRST ADDITIONAL LANGUAGE: PAPER I
Nako: 2½ Diura Maduo: 100
ELA TLHOKO
1. Pampiri e, e na le ditsebe di le 11. Tsweetswee, netefatsa gore pampiri ya gago e
feleletse.
2. Pampiri e, e na le dikarolo di le NNE:
KAROLO A – Tekatlhaloganyo
KAROLO B – Tshosobanyo
KAROLO C – Maboko
KAROLO D – Thutapuo
Araba dipotso tsotlhe.
3. Araba dipotso tsotlhe ka Setswana, mme o dirise mopeleto le mareo a a kannweng
ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana.
4. Botswerere mo kwalong, peong ya mabaka le mo thulaganyong ya dintlha, di tlaa
go tswela molemo.
5. Botlhaswa le mokwalo o o sa buisegeng di tlaa go jela maduo.
IEB Copyright © 2018 PHETLA
You're offline
Skip to contentQuestion paper 





View all
Setswana FAL P1 2018 hlayiso.com
Setswana FAL · Grade 12 · 2018. Question paper, 11 pages. Read online or download the PDF.
- Subject
- Setswana FAL
- Grade
- Grade 12
- Document type
- Question paper
- Year
- 2018
- Paper
- 1
- Publisher
- IEB
- Pages
- 11
- File size
- 381.4 KB
Loading document…
Loading document…
1 of 11
Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 2 ya 11
KAROLO A TEKATLHALOGANYO
POTSO 1
Buisa tekatlhaloganyo e e latelang mme o e dirise go araba dipotso tse di e latelang.
Dithuto tsa Bongaka le tsa Boporofesara ga se tsa bagolo fela
Motho e kare a utlwa gotwe thuto ga e golelwe a tsaya gore go tewa gore le bagolo ba ka
tswelela ka go ithuta ba lebetse gore ba godile; le fa go ntse jalo, fa gotwe thuto ga e golelwe,
go tewa gore le ba bannye ba ka bona dithuto tse di kwa godimo, tse go tlwaelesegileng
lefatshe ka bophara di bonwa ke bagolo fela. Dithuto di tshwana le tsa bongaka le boporofesara
di tlwaelesegile thata go utlwalelwa mo batho ba ba setseng ba godile le mo bašweng ba kwa
mafatsheng a moseja. Le fa go ntse jalo, bana ba mmala wa sebilo le bona ba setse ba itlhomile
kwa pele go bontsha gore le bona ba na le bokgoni ba go ka bona dithuto tseo.
Maloba re ne re utlwa go buiwa ka Akshay Venkatesh mosimanyana wa
letso la seIndia yo ka nako eo a neng a le dingwaga di le 20. Akshay o
feditse marematlou a le dingwaga di le 13 kwa nageng ya Australia; a
tswelela ka dithuto tsa gagwe tsa yunibesithi go fitlhelela a nna ngaka a le
dingwaga di le 20. Gompieno Akshay ke moporofesara kwa Yunibesithing
ya Stanford kwa America.
Yo mongwe yo o kileng a itlhoma kwa pele a sale mošwa ke
Erik Demaine yo o tsholetsweng kwa Canada. Erik o
simolotse dithuto tsa yunibesithi a le dingwaga di le 12. A
fetsa dikirii ya gagwe ya ntlha a le 14. Erik o ne a tshwanetse
go dira dikirii mo dingwageng tse nne, mme ka ntlha ya go
ithuta mo go feteletseng le botlhale jo bo fetang selekano, a
tsaya tiro yotlhe ya dingwaga tse nne a e dira mo
dingwageng tse pedi. Yunibesithi ya bona gore e mo tlogele a fetse dithuto tsa gagwe ka fa a
kgonang ka teng. Pele ga letsatsi la gagwe la matsalo la ngwaga wa bo21, Erik o ne a fiwa
maemo a go nna moporofesara kwa Massachusetts Institute of Technology kwa America.
Lefatshe le kile la sala le jele kgakge ka ngwaga wa 1890 fa Charles
Homer Haskins yo o neng a le dingwaga di le 19 a bona dithuto tsa
bongaka kwa Johns Hopkins University. A feleletsa a tlhatlhelela
dithuto gone kwa Hopkins, mme a tloga a ya go nna moporofesara
kwa Wisconsin mme morago a ya Harvard University. Haskins o nnile
le seabe se segolo thata mo go rarabololeng mathata a a neng a
aparetse lefatshe a ntwa ya ntlha ya lefatshe ka 1919.
Mosetsanyana Juliet Beni le ena o ne a
amogela dikirii ya bongaka fa a le dingwaga di le 19 kwa
Yunibesithing ya California ka 2012. Ba ba neng ba bua ka ga
gagwe ba tlhalositse fa a le maitseo, a ikobile e bile a tsepamisa
mogopolo wa gagwe mo se a se dirang ka dinako tsotlhe.
Motlhatlheledi wa gagwe a re ga a ise a mmone ka nako epe a
ole mowa; a re ga a ke a ikobonya, mme o dumela gore sengwe le
sengwe se a se dirang o tla a se fenya le fa se le bokete go le kae.
IEB Copyright © 2018
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 3 ya 11
Sho Yano le ena o simolotse yunibesithi a le dingwaga di le 12. Ka
2009 fa a le dingwaga di le 18 ke fa a bona dikirii ya bongaka mo
dithutong tsa Molecular Genetics le tsa Cell Biology. Sho a re tota ena
ke motho yo o nang le maikaelelo, e bile a re selo se se botlhoko mo
botshelong ke go inyatsa le go ipolelela gore wena ga o kgone sepe.
Ruth Lawrence ena o ne a tlogela lefatshe le akabetse
fa a ne a bona dikirii ya Mathematics a le dingwaga di
le 13 go tswa kwa Oxford University ka 1985. Ka 1989
fa a na le dingwga di le 17 ke fa a bona dithuto tsa
bongaka ba Mathematics. A tloga a nna moprofesara
kwa Havard University le kwa Michigan. Lawrence yo
jaanong a nang le lelapa la gagwe, a re o lemogile gore
tota botsadi ke selo se se thata, e bile a re o lebogela
matsapa a batsadi ba gagwe ba a tsereng go mo
godisa go nna se a leng sona.
Le fa ba le bantsi kwa moseja ba ba rutegileng e le
bašwa, Aforika le yona e nnile le maiteko a mantle thata.
Mongwe wa bana ba Aforika yo o dirileng bontle thata
ke Lehlohonolo Phali yo o neng a ithuta kwa Yunibesithi
ya Bokone Bophirima kwa Mafikeng. Phali o bone dikirii
ya bongaka ya Mathematics a le dingwaga di le 27 mo
ngwageng wa 2016. Phali o goletse kwa Sebokeng kwa
Gauteng. A re o kopane le dikgwetlho tse dintsi thata fa
a ithuta ka batsadi ba gagwe ba ne ba le dikobo di
magetleng, e bile a tswa mo lelapeng le le senang rre.
Phali ke motlhatlheledi wa dithuto tsa Mathematics
gone kwa yunibesithing ya Bokone Bophirima.
MoAforikaborwa yo mongwe yo dirileng naga
motlotlo ke Thabo Msibi. Thabo ke moporofesara yo
o dingwaga di le 34, e bile ke mookamedi wa Lefapha
la Thuto kwa Unibesithing ya KwaZulu-Natala. Msibi,
o na le dikirii go tswa kwa diyunibesithing tsa
Columbia le Cambridge. Fa a le dingwaga di le 23 ke
fa a bona dikirii ya gagwe ya bongaka. O tlhalosiwa e
le segatlhamelamasisi se se sa ikobonyeng, a le
kutlwelobotlhoko; e bile a tshwara batho ka lerato,
tlotlo le ka tekatekano. Msibi a re o godile e le ngwana yo o ditlhong thata, mme a nna a
tokafala fa a ntse a tswelela le dithuto. Ke motho yo o ratang go bua ka batho ba ba
ikgatholositsweng e bile ba kgethololwa; keletso ya gagwe ke gore batho ba tsewe ka go lekana
le go tlotliwa.
Bošweng jaana ka ngwaga wa 2017, Yunibesithi ya Bokone Bophirima e ntshitse sealogane sa
mosetsanyana sa dikirii ya bongaka. Musawenkosi Donia Saurombe yo o dingwaga di le 23, o
tlholega kwa nageng ya Zimbabwe, mme o goletse kwa Botswana. O feditse dikirii ya gagwe ya
ntlha a le dingwaga di le 18 mme a tlhoka tiro ka mafapha le madirelo a ne a mmona a le
monnye thata. A bona go le botoka go tswelela le dithuto. Lekgotla la Golden Key International
IEB Copyright © 2018 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 4 ya 11
Honour Society kwa Tucson, Arizona kwa America,
le tlhomamisitse fa Musawenkosi e le ena mosadi
yo monnye mo lefatsheng ka bophara go bona
dithuto tsa bongaka mo ngwageng wa 2017. A re o
tlhotlheleditswe thata ke leina la gagwe le le kayang
gore "kutlwelobotlhoko ya Modimo", mme a re
botshelo ba gagwe tota ke ba kutlwelobotlhoko ya
Modimo, segolo jang ka a tswa mo lelapeng le le sa
humang.
Mo nakong e lefatshe le lebanweng ke dikgwetlho
tsa botshelo le tsa sepolotiki, bašwa ba ka ipetsa sehuba; mme ba tlisa phetogo; ba tsaya
lefatshe le go amogela ka matsogo a bona a a bothitho. Gongwe fa ba ka dira jalo, ba ka fedisa
dikgang tse di tletseng tsa gore bašwa ga ba na maikarabelo e bile ga ba na mosola. Gongwe fa
ba ka ema ka dinao ba dira ka thata, bagolo ba ba tlhakatlhakanyang dilo ba ka tlhabiwa ke
ditlhong; mme ba simolola go dira dilo sentle.
[Thotloetso ya website ya: <http://www.gradschoolhub.com>]
1.1 Dithuto tsa bongaka le tsa boporofesara di utlwalelwa thata mo bathong
bafe? (2)
1.2 Neela leina la naga e Akshay a feditseng marematlou a gagwe kwa go
yona. (1)
1.3 Erik Demaine o feditse dikirii ya ntlha a le dingwaga di le kae? (1)
1.4 Go ya ka tema e e fa godimo, motho yo o supileng bogologolo gore bašwa
ba ka rutega ke mang? (1)
1.5 Juliet Beni o tlhalosiwa e le motho yo o ntseng jang? Ntsha dintlha di le
nne. (4)
1.6 Sho Yano o bone dikirii ya bongaka mo dithutong dife? (1)
1.7 Ke eng se Ruth Lawrence a se ithutileng ka kgodiso ya gagwe? (1)
1.8 Ke dikgwetlho dife tse Lehlohonolo Phali a kopaneng le tsona? (2)
1.9 Thabo Msibi o godile e le ngwana yo o ntseng jang? Ke eng se se neng sa
mo thusa go fetoga? (2)
1.10 Ke mang yo o nnileng mosadi yo monnye go bona dikirii ya bongaka ka
2017 lefatshe ka bophara? (1)
IEB Copyright © 2018
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 5 ya 11
1.11 Tlhalosa dipolelwana tse di latelang jaaka di dirisitswe mo temeng e e fa
godimo:
(a) Go ipetsa sehuba. (2)
(b) Go ja kgakge. (2)
(c) Thuto ga e golelwe. (2)
1.12 Ke mang mo tekatlhaloganyong yo o thusitseng ka go rarabolola ntwa
nngwe ya lefatshe? (1)
1.13 Ke eng se Sho Yano a reng ke sona se se botlhoko mo botshelong? (2)
1.14 A o dumela gore botsadi ke selo se se thata jaaka Ruth Lawrence a ne a
dumela? Tlhalosa ka ntlha e le nngwe. (3)
1.15 Bolela maina a batho ba Aforikaborwa ba ba tlhageletseng mo
tekatlhaloganyong. (2)
30 maduo
IEB Copyright © 2018 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 6 ya 11
KAROLO B TSHOSOBANYO
POTSO 2
Buisa temana e e latelang ka kelotlhoko, mme o e sobokanye ka dintlha di le TLHANO ka
mafoko a gago. Palo ya mafoko a gago e nne 60–70, mme bokao bo se fetoge. Kwala
palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong.
Botlhokwa ba pula mo Batswaneng
Batswana ba bona pula e le sengwe sa dilo tse di botlhokwa thata ka jaana e tlisa metsi a a
nowang ke batho, diruiwa le diphologolo tsa naga. Pula gape e botlhokwa mo dijalong ka go a di
nonotsha, mme batho ba bone dijo. Fa pula e nele go nna boitumelo. Fa pula e seyo batho ba e
tlhologelelwa thata, mme ba eletse gore o kare e ka tla. Keletso e ya pula, e dirile gore
Batswana fa ba buisana ba digela ka go bua ba re, "Pula!" Se se direlwa gore magodimo le
badimo ba ba utlwe mme ba nese pula. Lerato le la Batswana mo puleng le dirile gore ba bitse
dipula ka maina a a farologaneng go ya ka mokgwa le dipaka tse e nang ka tsona. Pula ya sephai
ke pula ya ntlha ya nako ya dipula. Gantsi e na ka kgwedi ya Lwetse. E bidiwa sephai ka go
dumelwa gore e phaila lerole le le neng la nna teng ka paka ya mariga. Tsheole ke pula e enang
morago ga temo, mme ke yone e e godisang dijalo. Pula ya kgogolamoko e na morago ga thobo.
Ke yone pula e e gogolang mmoko wa mabele mo digotlong gore go sale go le phepa. Pula ya
medupe ke pula e e nang e iketlile ka marothodi a masesane e bile e na lobaka lo lo leele. Ke
pula e e nang ka kagiso go sena modumo. Pula ya matlakadibe e tletse diphefo, dikgadima le
ditladi. Gantsi e dira tshenyo e kgolo ka e diga ditlhare le dikago tsa batho. Pula ya mookodi
yona e na ntlha nngwe ya motse; mme e tlogela karolo e nngwe e phaphaletse fela. Gantsi pula
e, e na lobaka lo lo khutshwane.
[Motswedi: Otlogetswe, T (2012). Tlhalosi ya Medi ya Setswana. Medi Publishing: Gaborone]
10 maduo
IEB Copyright © 2018
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 7 ya 11
KAROLO C MABOKO
POTSO 3
Buisa leboko le le latelang morago o arabe dipotso.
Tshetlha ya Dikgwa
1 Letsholathebe tabogela kwano sekgweng,
2 Tabogela kwano sekgweng o tle go bona,
3 O tle go bona semariri se a bobora,
4 Se bobora ka kodukgolo go roromisa mala,
5 Kodu ya sone e tsenya banna tsebetsebe,
6 Phologolo tsa naga di sutlha dikgwa lepaapaa,
7 Mala a tsone a taboga di sa nwa mothubiso,
8 Ka go kgalemile tshetlha-a-dikgwa kgosi ya lenaga.
9 Kana tshetlha-a-dikgwa o morena dikgweng,
10 O busa fela serena o tlhoka moganetsi,
11 La phuthologo o itlhabela tse di mafura,
12 O tlhaba fela namane tsa mogatelo;
13 Sehuba o ja sa Phofu, sa phala se iteisa kgodisa,
14 Kana 'huba sa phala mojo wa batlhanka,
15 Mojo wa batlhanka bophokoje le bophiri,
16 Makanyane bomolatlhwa-le-boa ba gorela morena.
17 Kana o matlolo mabe jang tau selalome,
18 O kile wa phatlalatsa letsholo la banna maloba,
19 Bogale jwa gago ba tshosa banna boDiraditsile,
20 Kgoadira-a-banna a ikanya setlhare go tshela,
21 Letsholong wa tlhaola banna (mo) basimaneng,
22 Bagale ba itshupa le bodišaše ba itshupa.
23 Mothaatheko a re: Biiwu! Ga se koo ke kwano,
24 Yo o tshabang loso a boe, gaabo boi ga go llwe.
25 Tau tshetlha-a-dikgwa selo se marapo a thata,
26 Se marapo a thata go leka poo ya nare marapo,
27 Ka thamo o e tshwara ka bonatla selalome,
28 Kgomo ya naga e bope gangwe e namalale ka loso.
29 Boganka o tlholwa le mmalenakana tshukudu,
30 Tlou o e tshabela kgakala 'tlhareng sa mmitlwa,
31 Sekgweng o e kekologa jaaka bodiba bontsho sekometsebatho,
32 'Diba bo jeleng morwarraago, e re a feta ka jone o bo sikologe.
33 Morwa Tau puso kana ga se ya yo o thata,
34 Puso ya dikgoka ga se puso ya kgatelelo,
35 Mmusi go batlega yo o botlhale, yo o seriti;
36 Bogosi bo a tsalelwa ga bo gatšwe ka dikgoka,
37 Phologolo di go tlhomile kgosi ka serodumo,
38 O busa ka thata jaana bogosi o bo neilwe,
39 Seriti sa bogosi se a go tshwanna ka mariri thamong,
40 Popegong ya mmele bogosi bo go ja ditshenko.
[Motswedi: Mothoagae, M. K., (2016), Maboko a Setswana. Hatfield: Nasou Via Afrika]
IEB Copyright © 2018 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 8 ya 11
3.1 Go tewa eng fa gotwe; "semariri se a bobora"? (2)
3.2 Inola mela e mebedi mo temathetong ya ntlha e e nang le ponagalo ya
neeletsano. (2)
3.3 Ke lefoko lefe mo temathetong ya bobedi le le nang le ponagalo ya
tlogelo? (1)
3.4 Ke sekapuo sefe se se fitlhelwang mo mola 15? (1)
3.5 Ke eng makanyane a bidiwa "bomolatlhwa-le-boa"? (2)
3.6 Dirisa mafoko a gago go tlhalosa mola o; "O kile wa phatlalatsa letsholo la
banna maloba". (2)
3.7 Tlhalosa mafoko a:
(a) Bagale (2)
(b) Bodišaše (2)
3.8 Maikutlo a mmoki ke a a ntseng jang? (1)
3.9 Inola seane mo temathetong ya bone. (1)
3.10 Tlhalosa seane se o se inotseng mo 3.9. (2)
3.11 Tlhalosa ka bokhutshwane se temathetho ya botlhano e buang ka sona. (2)
[20]
IEB Copyright © 2018
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 9 ya 11
POTSO 4
Buisa leboko le le latelang mme morago o arabe dipotso tse di latelang.
Bosiela
Bosiela ga bo phimoge sekalobadi,
Ga bo na motho a bo tlhapa ka mosidi,
A bo phimola a bo tlhapela bodibeng,
Go tswa maswe, jone bo salele nameng.
Ke ledimo le jang batho le matlhape,
Moselesele o sadisang le makape,
Go sale bolota go sale botlhoko,
Go sale sebodu se tlhokang dipheko.
Bosiela ke pula ya kgogolamoko,
Ke mosetlho o sa rwalelweng le ditlhako;
Bo go kolobetsa bo sa go rapele,
Bo go tlhabe dinao, ditlhako o di rwele.
Bosiela ruri ke leselamotlhaka
Le utswang dikoko, masogo le dikgaka;
Bo tsena fela le fa ntlo e ageletswe,
Bo bo bo senya lokgapho lwa ntlo e feetswe.
Bosiela ruri bo ka bo bo itlhotlhorwa,
Nkoo ke bo tshwara ke bo gasetsa borwa
Ke bo latlha jaaka mokgatha wa kobo
Go garolakwa ke ditau tsa lengobo.
Fa bo ka bo bo se ngwana wa lobopo
Nkabo ke bo tseisa tsela fela e kgopo,
Ka thipa ke bo sega mmele makgasa,
Ke baa ke re, Bosiela, tsamaya, o a ntshosa!
[Mokwadi: L. D. Raditladi]
[Motswedi: Mothoagae, M. K., (2016), Maboko a Setswana. Hatfield: Nasou Via Afrika]
4.1 Lesiela ke eng? (2)
4.2 Ke sekapuo sefe se se fitlhelwang mo moleng wa 1? (1)
4.3 Inola mela e mebedi mo lebokong e e nang le tshwantshiso. (2)
4.4 Leboko le ke la mofuta ofe? Ntsha lebaka le lengwe go tshegetsa karabo
ya gago. (2)
4.5 Maikutlo a mmoki a ntse jang? Inola mola o le mongwe go tshegetsa
karabo ya gago. (2)
4.6 O ithutile eng mo lebokong le? (1)
[10]
30 maduo
IEB Copyright © 2018 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 10 ya 11
KAROLO D THUTAPUO LE MELAWANA YA TIRISO
POTSO 5
Buisa temana e e latelang morago o arabe dipotso tse di latelang.
Kevin ke molemirui, o na le dingwaga di le someamararonngwe. O nna kwa Natala mme o
goletse kwa Bokone Bophirima. O ruile dikgomo tsa mašwi le tsa nama. O na le badiri ba le
somaamarataro mme ba simolola tiro ka ura ya botlhano moso mongwe le mongwe. Kevin o
ithutela dithuto tsa ikonomi ka tlhaeletsano le yunibesithi ya UNISA. Maitseboa fa a sena go ja
dilalelo o samagana le dibuka go fitlha bosigogare. Mo mosong o pega dikgomo le mašwi mo
diroring go ya dimmarakeng.
Polase ya ga Kevin e feleleditse e atlegile thata mo a feleleditseng e se mogwebipotlana mme a
itlhomile kwa pele jaaka mongwe wa bagwebi ba bagolo mo nageng. Gompieno kgwebo ya
gagwe e itsege lefatshe ka bophara ka o ne a e tsenya mo mafaratlhatlheng a inthanete. Mo
kgweding e e tlang Kevin o laleditswe go ya go bua le bagwebi ba bagolo kwa nageng ya
Australia.
5.1 Kwala mainatota a le mabedi a a fitlhelwang mo temaneng e e fa godimo. (2)
5.2 Kwala bongwe ba mafoko a:
(a) dikgomo (1)
(b) badiri (1)
5.3 Kwala maemedi boemong ba maina mo polelong e e fa tlase.
Kevin o ruile dikgomo. (2)
5.4 Mafoko a a latelang a bopilwe ka dikarolo dife tsa puo?
(a) molemirui (2)
(b) mogwebipotlana (2)
5.5 Kwala maadingwa a le mararo go tswa mo temaneng e e fa godimo. (3)
5.6 Mafoko a a ntshofaditsweng ke dikarolo dife tsa puo?
Maitseboa fa a sena go ja dilalelo o samagana le dibuka go fitlha
bosigogare. (2)
5.7 Kwala polelo e mo kganetsong:
"Polase ya ga Kevin e feleleditse e atlegile thata." (2)
IEB Copyright © 2018
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 11 ya 11
5.8 Lefoko le le ntshofaditsweng ke karolo efe ya puo?
Kevin o ithutela dithuto tsa ikonomi ka tlhaeletsano. (1)
5.9 Dirisa lefoko bogolo mo dipolelong tse pedi tse di sa tshwaneng ka bokao
go supa fa o le tlhaloganya. (4)
5.10 Maina a a bopilwe go tswa mo madiring afe?
(a) bagwebi (1)
(b) tlhaeletsano (1)
5.11 Neela ditlhopha tsa maina tse maina a a latelang a welang mo go tsone:
(a) dibuka (1)
(b) moso (1)
5.12 Kwala polelo e e latelang mo pakatlang le pakapheti.
Kevin ke molemirui. (2)
5.13 Neela makaelagongwe a mafoko a:
(a) ikonomi (1)
(b) dirori (1)
30 maduo
Maduo otlhe: 100
IEB Copyright © 2018
Recommended for this subject
Published documents with matching subject and grade metadata.
Related documents
Matched using subject, grade, language, document type and exam metadata.

Question paper
Setswana FAL P1 May June 2018 hlayiso.com

Question paper
Setswana FAL P1 Nov 2018 hlayiso.com

Memorandum
Setswana FAL P1 May June 2018 Memo hlayiso.com

Memorandum
Setswana FAL P1 Nov 2018 FINAL Memo hlayiso.com . hlayiso.com

Memorandum
Setswana FAL P1 Memo 2018 hlayiso.com

Question paper
Setswana FAL P2 May June 2018 hlayiso.com
More from Grade 12 Setswana FAL
Explore more published documents in this catalogue.











