Skip to content
Question paper

Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 1 2019 Question Paper

IEB Grade 12 Setswana FAL Paper 1 question paper from the 2019, 13 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Publisher: IEB

Subject: Setswana FALGrade 12201913 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATION NOVEMBER 2019 SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I SETSWANA FIRST ADDITIONAL LANGUAGE: PAPER I Nako: 2½ diura Maduo: 100 ELA TLHOKO 1. Pampiri e, e na le ditsebe di le 13. Tsweetswee, netefatsa gore pampiri ya gago e feleletse. 2. Pampiri e, e na le dikarolo di le NNE: KAROLO A – Tekatlhaloganyo KAROLO B – Tshosobanyo KAROLO C – Maboko KAROLO D – Thutapuo le melawana ya Tiriso Araba dipotso tsotlhe. 3. Araba dipotso tsotlhe ka Setswana, mme o dirise mopeleto le mareo a a kannweng ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana. 4. Botswerere mo kwalong, peong ya mabaka le mo thulaganyong ya dintlha, di tlaa go tswela molemo. 5. Botlhaswa le mokwalo o o sa buisegeng di tlaa go jela maduo. IEB Copyright © 2019 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 2 ya 13 KAROLO A TEKATLHALOGANYO POTSO 1 Ditlhopho Ditlhopho ke tsamaiso ya semolao e batho ba setlhopha se se rileng ba itlhophelang moeteledipele. Ditlhopho tsa sepolotiki tsa mokgwa wa temokerasi di simologile ka dingwaga tsa bo1700. Fa go dirwa ditlhopho go a bo go lebeletswe gore batho ba tsamaise puso ba itebagantse le molao, matona a puso le tsamaiso ya naga. Ditlhopho ga se tsa puso fela mme le mo ditlamong tsa dikgwebo, mo mekgatlhong le mo mafapheng a e seng a puso go tshwarwa ditlhopho gore go tlhophiwe batsamaisi le baeteledipele. Dinaga di tshwana le Greece le Rome di tswa kgakala di dirisa ditlhopho. Kwa nageng ya Rome, ditlhopho di ne di atile thata fa go ne go tlhophiwa Mopapa wa kereke. Kwa Greece gona ditlhopho di ne di dirisiwa go tlhopha baemedi ba naga le bagaka ba ntwa. Kwa nageng ya India, go ne go na le lekgotla le le bidiwang Gana. Lekgotla le, ke lona le le neng le rwele maikarabelo a go tlhopha dikgosi tse di neng di itsege ka leina la Raja. Le fa bogosi bo ne bo tsalelwa, go ne go le mo magetleng a Gana go bona gore a motho yoo yo o tsaletsweng bogosi o ka busa kgotsa nnyaa. Fa ba ne ba sa dumalane le gore a buse, ba ne ba dira ditlhopho go bona gore lekgotla le batla go busa mang. Mo ditlhophong tsa nako ya gompieno, motho o tshwanetse gore a bo a na le dingwaga tse di rileng gore a kgone gore a tlhophe mo ditlhophong tsa naga. Mo dinageng dingwe tsa lefatshe go lebelelwa le gore motho yoo ke wa morafe ofe pele a ka letlelelwa go tlhopha. Mo dinageng tsa moseja tse di akaretsang Amerika le Yuropa bontsi ba batho ba ba emelang ditlhopho ke borre fa dipalo tsa bomme tsona di le kwa tlase thata. Se ga se diragale kwa moseja fela, le mo dinageng tse dintsi mo Aforika go ntse fela jalo. Kwa nageng ya Australia batho ba letso la Aborigine ba ne ba sa letlelelwe go tlhopha. Batho ba, ba ne ba nyadiwa e bile ba lebelwa kwa tlase mo nageng eo. Ka ngwaga wa 1963 batho ba Aborigine ba ne ba letlelelwa e le lantlha mo ditsong tsa naga eo go tlhopha. E rile ka ngwaga wa 2010, puso ya naga ya Australia ya ntsha molao o mo go ona ba neng ba letlelela batho ba ba atlholetsweng dingwaga di le tharo mo kgolegelong le go ya kwa godimo go tlhopha. Mo dinageng dingwe, go tlhopha ke selo se se patelediwang ka fa molaong; fa motho a le mo dingwageng tsa go tlhopha mme a sa dire jalo, puso e ne e na le tshwanelo ya go mo atlhola. Kwa bophirima ba naga ya Australia, motho yo o itlhokomolosang ditlhopho e le lantlha o atlholwa madi a a lekanang le $20.00, fa e se lantlha, madi ao a a okediwa go fitlha kwa go $50,00. IEB Copyright © 2019
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 3 ya 13 Naga nngwe le nngwe e na le lekalana le le rweleng maikarabaelo a go tsamaisa ditlhopho. Lekalana le le tsamaisang ditlhopho ga le a tshwanela go nna le botsalano le lekoko lepe la sepolotiki, se se direlwa gore fa ba tla go bala dipampiri tsa tlhopho le go tlhalosa gore ke mang yo o fentseng, ba seka ba gogela kobo mo letlhakoreng la lekoko lepe la sepolotiki. Kgato ya ntlha e lekoko le le tsamaisang ditlhopho le tshwanetseng go e dira ke go kwadisa makoko otlhe a sepolotiki a a batlang go emela ditlhopho. Kgato ya bobedi makoko a sepolotiki a tshwaneste go romela maina a batho ba bona ba ba emetseng ditlhopho kwa lekalaneng le le tsamaisang ditlhopho. Fa se se sena go dirwa go gatisiwa dipampiri tse di tla dirisiwang ka nako ya ditlhopho. Dinaga tse dingwe ga di dirise dipampiri, mme di dirisa dikonopi go emela makoko a a farologaneng a sepolotiki. Le fa lekalana le le tsamaisang ditlhopho le solofelwa go direla sengwe le sengwe mo pontsheng, tiro ya go tlhopha yona ke sephiri se segolo. Motlhophi ga a tshwanela go bontsha le fa e le go bolelela ope gore o ya go tlhopha lekoko lefe la sepolotiki. Se se direlwa gore ba ba emetseng ditlhopho ba seka ba kgoreletsa kgotsa ba nna botlhabetsi mo batlhophing. Fa maduo a ditlhopho a sena go ntshiwa, batho ba ba fentseng ditlhopho ba rwala maikarabelo a go tsamaisa puso le go tlhomamisa gore batho ba neelwa ditirelo tse ba di tshepisitsweng. Batho ba ba fentseng ditlhopho ba fiwa sebaka se se rileng go tsamaisa puso pele go ka tshwarwa ditlhopho tse dingwe. Kwa nageng ya Amerika bafenyi ba fiwa dingwaga di le thataro pele go ka tshwarwa ditlhopho tse di latelang. Kwa Ireland gona ditlhopho di tshwarwa morago ga dingwaga di le supa, mme dinaga ka bontsi go akaretsa le Aforikaborwa di tshwara ditlhopho morago ga dingwaga di le tlhano. Fa nako ya ditlhopho e atamela go nna semphete ke go fete jaaka makoko a sepolotiki a ipapaletsa ditlhopho le go ngoka batlhophi. Baemanokeng ba makoko a sepolotiki le bona ba taboga ka lebelo go tshwara dikopano le go goeletsa ba ipolela ka fa ba nang le bokgoni ka teng, mmogo le go dira ditsholofetso ka tse ba tla di direlang batho fa ba ka tlhophiwa. Go ipapaletsa ditlhopho ke tiro e e tlhwatlhwa godimo thata. Ka ngwaga wa 2012 fa tautona ya naga ya Amerika a ne a ipapaletsa ditlhopho o dirisitse madi a a ka nnang US$7 ya dibilione. Kwa nageng ya India gona lekoko le le busang le iphitlhetse le dirisitse US$5 ya dibilione ka ngawaga wa 2014 fa ba ne ba ipapaletsa ditlhopho. Ka dinako tse dingwe go na le gore ditlhopho di tlhalosiwe fa di sa amogelwe ka gore ga di a sala molao wa naga le wa boditšhabatšhaba morago. Se se lemogiwa ka ntlha ya gore fa go le ditlhopho mo nageng e e rileng, go tshwanetse ga nna le balebeledi go tswa mo lefatsheng ka bophara le go tswa kwa mekgatlhong ya bosetšhaba. Fa balebeledi ba, ba ka fatlhiwa ke sengwe ka tsamaiso ya ditlhopho tsa naga nngwe, ba na le gona gore ba ka ntsha pego ya gore ditlhopho ga di a tsamaisiwa ka fa molaong. Fa go nna jalo, lekalana le le tsamaisang ditlhopho le tshwanelwa ke gore le seka la amogela dipholo tsa ditlhopho tseo; mme ba boeletse go tlhophiwe gape. IEB Copyright © 2019 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 4 ya 13 Naga ya Aforikaborwa e iphitlhela e le nngwe ya mafatshe a a tshwarang ditlhopho ka fa tlase ga lekalana le le tsamaisang ditlhopho. Fa e sa le ka ngwaga wa 1994 fa go ne go tshwerwe ditlhopho tse di gololosegileng e bile di amogela botlhe, naga ya Aforikaborwa ga e ise e aparelwe ke mathata a batho ba ba sa amogeleng ditlhopho kgotsa balebeledi ba ba supa ka monwana gore ga ba tsamaisa ditlhopho sentle. [Metswedi: <www.wikipedia.com>, <www.politicalanalysis.co.za>, <www.iol.co.za>, <www.businesslive.co.za>] 1.1 Moeteledipele o tlhophiwa ka tsela e e ntseng jang? (1) 1.2 Kwa ntle ga ditlhopho tsa puso, go na le ditlhopho kwa kae? Neela di le pedi fela. (2) 1.3 Neela dinaga di le pedi fela tse di tswang kgakala di dirisa ditlhopho. (2) 1.4 Maikarabelo a lekgotla la Gana e ne e le eng? (1) 1.5 Tlhalosa gore dinaga tse di latelang di ne di dirisa ditlhopho go dira eng: (a) Rome (1) (b) Greece (1) (c) India (1) 1.6 Kwala dilo di le pedi fela tse di lebelelwang mo ditlhophong tsa gompieno gore motho a kgone go tlhopha. (2) 1.7 Neela lebaka la gore batho ba lotso la Aborigine ba bo ba ne ba sa letlelelwe go tlhopha. (1) 1.8 Puso ya Australia e ne ya letlelela batho bafe go tlhopha ka ngwaga wa 2010? (2) 1.9 Go ya ka wena a go siame go patelediwa go tlhopha? Ee kgotsa Nyaya? Tlamela karabo ya gago ka lebaka. (3) 1.10 Mo nageng ya Aforikaborwa go dirisiwa lekalana lefe go tsamaisa ditlhopho? (1) 1.11 Ke bosula bofe jo bo ka nnang teng fa lekalana le le tsamaisang ditlhopho le tsalana le lekoko lengwe la sepolotiki? (1) 1.12 Ke goreng motlhophi a sa tshwanela go bua gore o ya go tlhopha lekoko lefe la sepolotiki? (2) 1.13 Puso e tsamaisiwa ke bomang fa morago ga ditlhopho? (1) IEB Copyright © 2019
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 5 ya 13 1.14 Tlhalosa gore Aforikaborwa le Ireland di tshwara ditlhopho morago ga dingwaga di le kae. (2) 1.15 Ka dintlha di le tharo fela, tlhalosa gore mokgwa o makoko a sepolotiki a ipapaletsang ditlhopho le go ngokela batlhophi ka teng. (3) 1.16 Fa o ne o le motlhophi o ne o ka tlhopha lekoko lefe? Neela mabaka a le mabedi go tshegetsa karabo ya gago. (3) 30 maduo IEB Copyright © 2019 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 6 ya 13 KAROLO B TSHOSOBANYO POTSO 2 Buisa temana e e latelang ka kelotlhoko, mme o e sobokanye ka dintlha di le TLHANO ka mafoko a gago. Palo ya mafoko e nne 60–70, mme bokao bo se fetoge. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong. Metsotso e le 67 ya ga Nelson Mandela Moporesidente Nelson Mandela o tumile lefatshe lotlhe ka lebaka la go ineela ga gagwe mo kgaratlhelong ya ditshwanelo tsa botho. O simolotse kgaratlho e ka ngwaga wa 1942 mme a e tsweletsa mo dingwageng di le 67 tse di latelang. Mo gare ga dingwaga tse, o ntse sebaka sa dingwaga di le 27 kwa kgolegelong. Le kwa kgolegelong o ne a nna a ntse a kgomaretse tumelo ya gagwe ya go fedisa kgatelelo le go bona kgololosego ya sepolotiki. Fa a sena go gololwa ka 1990, o ne a bontsha boeteledipele jo bogolo le boineelo, mme a tlhophiwa go nna moporesidente wa ntlha wa mothomontsho wa Aforikaborwa e e gololosegileng. Mandela o fetogile mmamoratwa wa ditšhaba tsotlhe mo lefatsheng, ka boineelo mo tirelong ya setšhaba. O digetse tirelosetšhaba ka 2009 ka lebaka la botsofe. Lefatshe le ne la mo tlotla ka go kopa mongwe le mongwe go direla setšhaba metsotso e le 67 ka 18 Phukwi ngwaga mongwe le mongwe le e leng letsatsi la matsalo a gagwe. Ka 2012 le goeleditswe semmuso e le letsatsi la ga Mandela. Mo letsatsing le, moagi mongwe le mongwe o itlhophela tiro nngwe e e mosola go e direla setšhaba. E re gopotsa maikarabelo a go direla ba bangwe, mo lefatsheng le le tletseng boikgantsho le megagaru. Motho ke motho ka batho ba bangwe. E re gopotsa go intsha setlhabelo ga batho ba le bantsi mo matshelong a rona. Metsotso e le 67 ke e mennye e re reng ka yona: "Re a leboga, bagaka ba rona. Kgololosego ga e tle sesolo". Dikokelo, dikolo, ditheo tsa batsofe, dikhutsana le batlhoki ba iponela molemo o mogolo wa metsotso e le 67. Ke nako ya setshego le mongebo, fa go amogelwa dijo, diaparo le ditlhokwa tse dingwe. Dipota di a pentwa, bangwe ba agelwa matlo. Mongwe le mongwe a ka dira go tlisa phetogo mo botshelong ba motlhoki le mosotlegi. Fa sena se dirwa ke batho ba le dimilione di le 50, ke diura tse di thibang letsatsi, tse di tlatsang boitumelo le tsholofelo mo go rona. Ke nnete mabogo dinku a a thebana. [Motswedi: Diphoko, E. M. et al. (2013). Ditharabololo tsa botlhe: Setswana: Buka ya Morutwana: Mophato 9. Macmillan: Northlands] 10 maduo IEB Copyright © 2019
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 7 ya 13 KAROLO C MABOKO POTSO 3 Buisa leboko le le latelang morago o arabe dipotso. Mosadi wa letagwa – S. A. Moroke 1 Mahutsana a matlhotlhapelo, 2 Setlhogo sa matlhabisaditlhong, 3 Tlhogo ya morafe le setšhaba, 4 Tiro tsa mosadi wa letagwa, 5 Mohul'a Kgosi Metsimasetlhe, 6 Sehularela monna le bana, 7 A nyalwa ke phafana ya bojalwa. 8 A latlha bana ba tletse ka ntlo, 9 A fara phafana ya bojalwa. 10 Ya samela mo hubeng sa gagwe; 11 Ya mo atla jaaka ke moratiwa. 12 Dino tsa utswa rato la pelo, 13 Mme a sala phafana morago, 14 A lala le phafana bosigo. 15 Mo tshokologong ya letsatsi, 16 Re mmona a bapile le dipota. 17 Re mmona a tsokotsokotsega, 18 Jaaka e kete setsokotsane 19 Se mo tsentse bodikwadikwane, 20 A gatela kwa godimodimo, 21 Maoto agwe a tlhaela lefatshe. 22 A tetema jaaka temeteme, 23 Temeteme letlhaka la thite 24 Matlho one a le mahibidu, 25 E bile a tshwana le bobete, 26 Ditlhapa di tlhaba jaaka tshetlho 27 Fa a tlhapaola motho ka mmaagwe. 28 Mo gare ga lefifi le lentsho, 29 Selelo se se botlhokotlhoko 30 Se thuba tidimalo ya bosigo; 31 Ke lesea le lelela letsele, 32 Le nyoretswe mašwi a ga mmalo; 33 Ga a ka a le siela thothinyana, 34 Loleme lo ngaparetse magalapa. IEB Copyright © 2019 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 8 ya 13 35 Banyana bone ba senka senkgwe, 36 Ga go motho yo o ba apeelang 37 Kgotsa motho yo o ka ba tsholelang, 38 Go nne mmaabo o boa a fedile, 39 O boa le melelo e timile. 40 O fetogile bolalome, 41 O tlhoka le kutlwelobotlhoko. 42 O tlhokisa bana neo e kgolo 43 Lerato la pelo ya mmamotho, 44 Motshwarathipa ka fa bogaleng. 45 O totobetse mmele le tlhogo 46 Mo gara seretse sa botagwa. 47 O thatafaditse pelo tota; 48 Mme o gogwagogwa ke botagwa. 49 O timeditswe ke molotsana, 50 Noga e kgolo ya terakone, 51 Moraedi wa madiba a boteng 52 Kgogedi ya madiba a sa tšheng 53 Noka tse di senang madibogo, 54 Tse di tlhokang mekoro le meratho, 55 Makapa dino tse di tagisang. 56 Di tsentse tlhobogano mo gae; 57 Di mo kgaogantse le mogatse, 58 Di mo kgaogantse le lerato la ntlha, 59 Di mo lebaditse borapedi, 60 Mme o feletswe ke tsholofelo. 61 O ila tsotlhe tse di molemo, 62 O tlotla tsotlhe tse di bosula. [Motswedi: Mothoagae, M.K. (2016) Maboko a Setswana. Hatfield: Nasou Via Afrika] 3.1 Letagwa ke motho yo o ntseng jang? (1) 3.2 Go tewa eng fa gotwe, "Tlhogo ya morafe le setšhaba"? (2) 3.3 Dirisa mafoko a gago go tlhalosa mela e e latelang: "A latlha bana ba tletse ka ntlo, A fara phafana ya bojalwa, Ya samela mo hubeng sa gagwe," (3) 3.4 Inola mola go tswa mo lebokong o o nang le sekapuo sa tshwantshanyo. (1) 3.5 Ke sekapuo sefe se se dirisitsweng mo meleng ya 50, 51 le 52? (1) 3.6 Ponagalo ya poko ya neeletsano e fitlhelwa mo meleng efe mo lebokong? (2) IEB Copyright © 2019
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 9 ya 13 3.7 Ke ponagalo efe ya poko e e dirisitsweng mo meleng ya 4, 10, le 21? (1) 3.8 Kwala seane se se feletseng se mola wa 44 o agetsweng mo go sona. (2) 3.9 Ke mela efe e mebedi mo lebokong e go dirisitsweng ponagalo ya poko ya tlhatlagano ya mafoko? (2) 3.10 Kwala mola o o nang le sekapuo sa poeletsomodumo go tswa mo lebokong. (1) 3.11 Leboko le ke la paka efe? Ntsha mabaka a le mabedi go tshegetsa karabo ya gago. (3) 3.12 Kwala molaetsa wa leboko le. (1) [20] IEB Copyright © 2019 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 10 ya 13 POTSO 4 Buisa leboko le le latelang morago o arabe dipotso. Caster Semenya 1 Caster o di bone ngwana wa ga Semenya 2 O kile wa fetoga lekwalokgang 3 O kile wa fetaga kgogedi lefatsheng 4 O re o ntsha talente ya lobelo. 5 E kare ke a go bona semenya 6 O gabaletse o kare o ntšwa ya phefo 7 Ntšwa ya phefo e lelekile mmutla 8 Mmutla wa lapa yona ya sala. 9 Matsapa ke fa o fentse lobelo 10 Ga tsoga dipuopuo lefatsheng 11 Lefatshe lotlhe la dumaduma 12 Ka o ne o sa tshwanelwa ke sekgele. 13 Didimala Caster o re tududu! 14 Didimala Modimo o teng nnaka 15 O teng o tlhabanela boCaster 16 BoCaster ba ba dipelo dikhibidu. 17 Ga go na se se nnelang ruri, Semenya 18 Ga go na se a pala, Semenya 19 Mo Modimong re lekana rotlhe 20 Ke yoo Modimo, mo tlhabanele. [Motswedi: Gaborone, O.D et al. (2012). Oxford Lesedi: Buka ya Morutwana Mophato 5.Oxford University Press: Cape Town] 4.1 Neela mola o o nang le sekapuo sa kobiso go tswa mo lebokong le. (1) 4.2 Mmoki o tlhalosa eng ka go kwala “semenya” mo mola 5 ka tlhaka e nnye? (2) 4.3 Caster o itsege ka motshameko ofe? (1) 4.4 Mmoki o raya jang fa a re 'O kile wa fetoga lekwalokgang'? (2) 4.5 Ke leetsi lefe le le dirisitsweng mo lebokong le? (1) 4.6 Maikutlo a mmoki ke a a ntseng jang? (1) 4.7 Bolela molaetsa wa leboko le o dirisa mafoko a gago. (2) [10] 30 maduo IEB Copyright © 2019
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 11 ya 13 KAROLO D THUTAPUO LE MELAWANA YA TIRISO POTSO 5 5.1 Buisa temana e e latelang morago o arabe dipotso tse di latelang. Lelapa Lelapa ke lefelo le botlhe ba itumelelang go tshela mo go lona. Go na le tlhokomelo, lerato le tse dingwe tse di botlhokwa mo botshelong ba motho. Go le gantsi o tla fitlhela go na le rre le mme gammogo le bana, fela go na le mefuta e le mmalwa ya malapa. Gompieno go tlwaelesegile gore o ka fitlhela lelapa le na le mme kgotsa rre fela mme ba godisa le go tlamela bana ntle le mathata. Go mo bathong go itlhophela gore bona ba batla go nna lelapa la mofuta ofe. Dinako tse dingwe mofuta wa lelapa o laolwa fela ke ditiragalo tsa botshelo mme motho a sa ikgethela jalo. Mo dingwageng tse malapa a a tlhokometsweng ke bana a atile e bile matshwititshwiti a bana ba nna batlhokomedi ka nako e le bona ba tlhokang tlhokomelo. Se ke tlhobaboroko mo dipusong tsa mafatshe ka bophara. Batsadi ba a tlhokafala, ba fela ba re ta! mme bana ba iphitlhela ba tshwanelwa ke go godisa bomorwarraabona. Ka go rialo, kgang ya gore rre ke tlhogo ya lelapa e setse e latlhegelwa ke bokao. Se segolo ke gore fa bana ba le teng mo lelapeng ba tlhoka go tlamelwa fela jaaka le molaotheo wa naga o kaya. 5.1.1 Lefoko lelapa le wela mo setlhopheng sefe sa maina? (1) 5.1.2 Kgaoganya lefoko mmalwa ka dinoko. O diretswe sekai se se fa tlase go go thusa. Lefoko katse le bopilwe ka dinoko /ka-/ le /-tse/ (1) 5.1.3 Inola leinakgopolo go tswa mo temaneng. (1) 5.1.4 Dirisa lediri tshela mo meleng e mebedi e e sa tshwaneng ka bokao. (2) 5.1.5 Tlhalosa gore maina a a latelang a bopilwe ka dikarolo tse dife tsa puo. (a) Tlhobaboroko (2) (b) Bomorwarraabona (2) 5.1.6 Leina matshwititshwiti ke mofuta o ofe wa leina? (1) IEB Copyright © 2019 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 12 ya 13 5.2 Lebelela papatso e e latelang morago o arabe dipotso. BOROTHO BA MOTLAPISO  O seka wa itshola  Itumelele bošwa ba gago  Bo rokotsa mathe  Legano le opela sefela [Motswedi: boitlhamedi ba motlhatlhobi] 5.2.1 Leina 'motlapiso' le bopilwe go tswa mo lediring lefe? (1) 5.2.2 Bolela mefuta ya dijo e le meraro e e dirisitsweng go aga borotho jo bo mo papatsong. (3) 5.2.3 Dipapatso di tlotlwile thata ka go feteletsa puo. Inola polelo go tswa mo papatsong e mo go yona go dirisitsweng pheteletso. (2) 5.2.4 Go tewa jang fa gotwe 'Bo rokotsa mathe'? (2) 5.2.5 Kwala polelo e e nang le le lelatlhelwa e o ka e dirisang go bapatsa borotho jo bo mo papatsong. (2) IEB Copyright © 2019
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA I Tsebe 13 ya 13 5.3 Sekaseka khathunu e e latelang morago o arabe dipotso. [Motswedi: <www.mabijocartoons.co.bw>] 5.3.1 Dirisa lekopanyi 'jaaka' go itlhamela polelo ka se o ka tswang o se bona mo setshwantsho 1, 2 kgotsa 3. (2) 5.3.2 Go phukga selelo ke go dira jang? (2) 5.3.3 Kwala letlhalosi le le bonalang mo mafokong a setshwantsho mme o tlhalose gore ke la mofuta ofe. (2) 5.3.4 Kwala maina a mabedi a a dirisitsweng mo setshwantshong a e leng maadingwa. (2) 5.3.5 Bopa polelo e e nang le letlhaodi la popego ka go dirisa sengwe se o se bonang mo setshwantshong. (2) 30 maduo Maduo otlhe: 100 IEB Copyright © 2019

Study this subject

Revise the topics in this paper, then practise them question by question.

More papers and memos for this grade and subject.