Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATION
NOVEMBER 2017
SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA II
SETSWANA FIRST ADDITIONAL LANGUAGE: PAPER II
Nako: 2½ Diura Maduo: 100
ELA TLHOKO
1. Pampiri e, e na le ditsebe di le 5. Tsweetswee netefatsa gore pampiri ya gago e
feleletse.
2. Pampiri e, e na le dikarolo di le PEDI:
KAROLO YA A: Dikwalo tsa Porouse (60)
KAROLO YA B: Dikwalo tsa Tirisano (40)
3. Araba dipotso tsotlhe ka Setswana, o dirisa tshwaraganyo le kgaoganyo ya
mafoko, mopeleto le mareo a a kannweng ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya
Setswana.
4. Botswerere mo kwalong, peong ya mabaka le mo thulaganyong ya dintlha, bo tla
go tswela molemo.
5. Botlhaswa le mokwalo o o sa buisegeng di tla go jela maduo.
6. Araba dipotso di le THARO fela go tswa mo go tse TLHANO tse di boditsweng.
7. Dipoelothuto tsa bobedi, boraro le bone: Go buisa le go lebelela/bogela; go
kwala le go tlhagisa; gammogo le tiriso ya puo.
IEB Copyright © 2017 PHETLA
Skip to contentQuestion paper 





Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 2 2017 Question Paper
IEB Grade 12 Setswana FAL Paper 2 question paper from the 2017, 5 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.
Publisher: IEB
Setswana FAL · Grade 12 · 2017. Question paper, 5 pages. Read online or download the PDF.
- Subject
- Setswana FAL
- Grade
- Grade 12
- Document type
- Question paper
- Year
- 2017
- Paper
- 2
- Publisher
- IEB
- Curriculum
- IEB
- Pages
- 5
- File size
- 325.2 KB
Loading document…
Loading document…
1 of 5
Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA II Tsebe 2 ya 5
KAROLO A DIKWALO
Mo karolong e, araba potso e le NNGWE fela ya tse PEDI tse di boditsweng.
1.1 POROUSE MATHATA A BOTSHELO: Z.S. Kotsokoane
1.1.1 Buisa temana e e latelang, morago o arabe dipotso:
"Bana ba gaetsho, ke letse ke dirile tiro ya mokatakata ka matswele. Ka re
selo towe o ja tlhapedi, kgaitsadiarona o tlhoname? Tlhomola o le utlwe. Ke
bua jaana a fapaane motlhagare. E kete o ragilwe ke tumuga.
"Bathong!"
Bontlenyana a bua a tetesela mo sedulong. "Le ya tšhankaneng lona. Le
dirile tiro e e masisi. Le tlile go rupa le bo le bo silela."
"Bontlenyana, o a tetesela. Ga o itumele fa leino le tswetswe ke leino?"
(a) Ke mang mmui wa mafoko a, "Bana ba gaetsho, ke letse ke
dirile tiro ya mokatakata ka matswele"? (1)
(b) Ke mang yo e keteng o ragilwe ke tumuga? (2)
(c) Neela semelo sa moanelwa yo o mo neetseng mo go (b) o bo
o tshegetse ka lebaka go tswa mo pading. (2)
(d) Tlhalosa ka boripana tiro e e masisi e e dirileng gore
Bontlenyana a tetesele. (4)
(e) Go tewa eng fa go twe, "leino le tswetswe ke leino"? (2)
(f) Tlhalosa se se diragaletseng Bontlenyana fa a fitlha kwa gae. (4)
1.1.2
A tloga a lopa gore ba rapele thapelo ya boitshwarelo. Mmamogoloagwe a
lopa Modimo gore a itshwarele Kedibone fa a ne a sa baya ngwana wa
gagwe mo botshelong ba gagwe a bo a mo itlebola jaaka noga e itlebola".
Go tlhoka boikarabelo ga ga Kedibone mo kgodisong ya ga Mmabothata go
mo dirile gore a feleletse le ena a se na maikarabelo ka botshelo jwa gagwe.
Dumela kgotsa o ganele mme o tshegetse ka dintlha go tswa mo pading. (15)
1.1.3 Khutsanyana e e sa sweng e letile monono. Buisa nopolo e e
latelang, mme morago o tlhalose gore Mmabothata o feletse kae ka
botshelo jwa gagwe.
"Sengwe gape se o sa se lemogeng ke gore botshelo jwa me jwa go nna
mokidi yo o kgarakgatshegang bo fetile. Ke moitshepi. Ke tshela jo boswa
jwa sekeresete. Lenyalo la ga mmemogolo le ntletse le namatshego."
(10)
IEB Copyright © 2017
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA II Tsebe 3 ya 5
1.1.4 Tshwenyana e e boboa bo ntlha e a ikilela. O ikaegile ka tlhagiso e,
tlhalosa botshelo jwa ga Kedibone mo lenyalong la gagwe go fitlha
bosigo jo a neng a ngwegela lesea la gagwe. (20)
[60]
KGOTSA
1.2 PADI MOIPOLAI: I.S. Leseyane
1.2.1 Buisa temana e e latelang, morago o arabe dipotso:
Kwa makgoeng monna o ne a semelela ka natla. Mo kgweding ya
Seetebosigo moeka a botsa kgarebe gore mafoko e tla nna mafoko leng, ka
gonne ga a bone sepe. Wa mosadi o ne a mo raya a re a se ka a fela pelo.
Wa monna o bile a tla a ipotsa potso ya gore a jaana mmaagwe o ne a sa
bue nnete. Moeka o ne a baya pelo a ntse a kgothadiwa ke Segoja. Se
Segoja a neng a se itse pila e ne e le gore fa Moipolai a ka tlogela Makgaola,
ga go na kgarebe epe kwa Kweneng e e neng e ka tsena mo morerong wa
thatanong le Moipolai.
(a) Moipolai ke ngwana wa bomang? Neela maina a batsadi ba
gagwe. (2)
(b) Ke mafoko afe a moeka a a botsang wa mosadi gore e tlaa
nna mafoko leng? (2)
(c) Ke eng se se neng se tshosa Segoja ka lorato lwa ga Moipolai
le Makgaola? Tlhalosa o lebile semelo sa ga Makgaola. (4)
(d) "Wa monna o bile a tla a ipotsa potso ya gore a jaana
mmaagwe o ne a sa bue nnete." Ke eng se mmaagwe a neng
a se buile jaanong a batla go se dumela, tlhalosa ka boripana? (3)
(e) A gona mafoko a ne a diragala? Ka bokhutshwane tlhalosa se
se diragetseng go netefatsa mafoko a mmaagwe moeka. (4)
IEB Copyright © 2017 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA II Tsebe 4 ya 5
1.2.2 Buisa nopolo e e fa tlase mme morago o bontshe gore ke nnete
mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng. Ikaege ka ditiragalo tsa
ka moo moanelwa Phapaang o godisitseng barwedie ka teng.
Mo letsatsing la bobedi la keresemose, Makgaola o ne a ipaakanyetsa go
boela makgoeng. Maitseboa o ne a biletsa mmaagwe fa thoko, mabapi le
ntlha nngwe e ba kileng ba e bua. "Mma, kana o sa le o ntshepisitse
lerojana lengwe. A o sa ntse o gopola?
"Ee ngwanaka, ke sa ntse ke gakologelwa. Ke ne ka tsaya kgang eo, ka e
nnela fa fatshe, ka e isa kwa tlhogong. Ke ne ka tsaya tshwetso ya gore ke
iketle pele, re se ka ra potlakela dilo. Go na le dikgoreletsinyana tse re
tshwanetseng go leta gore di efoge pele, kgotsa re lete gore nonyane e
tsene mo serung, e bo e le gona re ka simololang. Fa re ka itlhaganelela
dilo, bagaabo ba ka tla ba lemoga. Ka bokhutshwane, nte re lete a nyale
pele, fa e le gore o a nyala.
(15)
1.2.3
E rile go fetsa dipuo tsa gagwe, a boela mo dikobong. O ne a boeletsa kgang
ya ga Moipolai, mowa le mogopolo wa gagwe di ne di khuduega. Ga a bolo
go eletsa go tshola ngwana le lekau la gagwe la ntlha la mmala, mme ga se
ka ga direga sepe. Lekau le bile la tswa le tse di tswang. O lekile go
tlhomaganya makau, basweu ba le moo, go fitlha a wetsa menwana ya
diatla le maoto, mme go ntse go retela."
Ke mang yo go buiwang ka ga gagwe? Tlhalosa ka moo maano a sa
siteng ka teng, o lebile ka moo moanelwa a rarabolotseng bothata ba
gagwe ka teng. (10)
1.2.4 Tlhalosa seabe sa ga rraagwe Moipolai mo botshelong jwa ga
Moipolai. A Ntlhaapelo o tshamekile karolo ya gagwe ya botsadi ka
maikarabelo go bona gore morwae o gola sentle go nna monna yo o
ka kgonang go ikemela ka boena mo botshelong? (20)
[60]
60 maduo
IEB Copyright © 2017
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA II Tsebe 5 ya 5
KAROLO B DIKWALO TSA TIRISANO
POTSO 2 LEKWALO LA BOTSALANO
Araba e le NNGWE FELA ya dipotso tse di latelang, e leng 2.1 kgotsa 2.2. Karabo
ya gago e felele fela mo tsebeng e le nngwe, ke gore, e nne boleele jwa mafoko a
le 120–150 bo akaretse aterese, ditumediso, mmele le bokhutlo.
2.1 Tsala ya gago ga e a falola mophato wa bolesome le bongwe. Se e nnile
setlhabi mo go ena mo e leng gore o lekile go ipolaya. Mo kwalele lekwalo
jaaka tsala o mo rotloetse gore a se ineele, o bo o mo kgothatse go
boeletsa mophato o.
KGOTSA
2.2 Ntlo ya gaeno e wele ka ntlha ya merwalela e e neng e padimotse tikologo
ya lona. Jaaka e le wena yo mogolo mo lelapeng ka le se na batsadi,
kwalela ba Lefapha la Katlaatleloloago lekwalo o ba kope thuso ka le se na
manno.
[30]
POTSO 3 DIKWALO TSE DIKHUTSHWANE LE TSE DILEELE
O moagi yo o tshwenyegileng ka bokamoso jwa naga ya lona ka ntlha ya
ditshupetso, dikhuduego le dikgogakgogano tsa makoko a a farologaneng a
dipolotiki. Kwala mmuisano magareng ga gago le moeteledipele wa lekoko le le
busang.
Boleele jwa sekwalwa sa gago bo akaretsa kagego e ka nna ya matseno, mmele
le bokhutlo bo nne mafoko a a magareng ga 120–150. [10]
40 maduo
Maduo otlhe: 100
IEB Copyright © 2017
Study this subject
Revise the topics in this paper, then practise them question by question.
Recommended for this subject
More papers and memos for this grade and subject.

Question paperIEB
Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 1 2019 Question Paper

Question paperIEB
Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 2 2019 Question Paper

Question paperIEB
Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 1 2018 Question Paper

Question paperIEB
Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 2 2018 Question Paper

Question paperIEB
Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 1 2017 Question Paper

MemorandumIEB




