Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATION
NOVEMBER 2018
SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA II
SETSWANA FIRST ADDITIONAL LANGUAGE: PAPER II
Nako: 2½ Diura Maduo: 100
ELA TLHOKO
1. Pampiri e, e na le ditsebe di le 4. Tsweetswee netefatsa gore pampiri ya gago e
feletse.
2. Pampiri e, e na le dikarolo di le PEDI:
KAROLO A: Dikwalo tsa Padi (60)
KAROLO B: Dikwalo tsa Tirisano (40)
3. Araba dipotso tsotlhe ka Setswana, o dirisa tshwaraganyo le kgaoganyo ya
mafoko, mopeleto le mareo a a kannweng ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya
Setswana.
4. Botswerere mo kwalong, peong ya mabaka le mo thulaganyong ya dintlha, bo tla
go tswela molemo.
5. Botlhaswa le mokwalo o o sa buisegeng di tla go jela maduo.
6. Araba dipotso di le THARO fela go tswa mo go tse TLHANO tse di boditsweng.
7. Dipoelothuto tsa bobedi, boraro le bone: Go buisa le go lebelela/bogela; go
kwala le go tlhagisa; ga mmogo le tiriso ya puo.
IEB Copyright © 2018 PHETLA
Skip to contentQuestion paper 





Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 2 2018 Question Paper
IEB Grade 12 Setswana FAL Paper 2 question paper from the 2018, 4 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.
Publisher: IEB
Setswana FAL · Grade 12 · 2018. Question paper, 4 pages. Read online or download the PDF.
- Subject
- Setswana FAL
- Grade
- Grade 12
- Document type
- Question paper
- Year
- 2018
- Paper
- 2
- Publisher
- IEB
- Curriculum
- IEB
- Pages
- 4
- File size
- 97.4 KB
Loading document…
Loading document…
1 of 4
Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA II Tsebe 2 ya 4
KAROLO A DIKWALO TSA PADI
POTSO 1 DIKWALO
Mo karolong e, araba potso e le NNGWE fela ya tse PEDI tse di boditsweng.
1.1 PADI SAMORERWANA: M. D. MOTHOAGAE
(a) Buisa temana e e latelang, morago o arabe dipotso:
"Bona monna Gaboitlodiwe, megagaru e bosula thata. Fa lo ja thoto ya ga
rre e le kanakana lo batla eng jaanong. Ruri moji ga a bope. Wena
Keitheng, o dumela go tsiediwa bonolo fela jaana. O ntshiwa dijo mo
ganong le wena o a dumela. O lesilo la bofelo. Wena Gaboitlodiwe o belwa
ke kgora he, monna! O bona fela gore o gape kgomo tsa ga rre bonolo
jalo! Ke batla go lo …"
"Mogolole Pelotshweu baya pelo, Motshweneng. Re ne re leka go direla
bana ba rona boswa."
"A wa re boswa Gaboitlodiwe? A ke go utlwa sentle gore o ne o re o direla
bana ba gago boswa, ka boswa jwa me le bongwanake? Ka kgomo tsa ga
rre! Monna kgomo tsoorra Modisapodi di kae? A kampo di tlhakane le tsa
gaetsho rre ga a mpolelela?"
(i) Rraagwe Pelotshweu ke mang? (1)
(ii) Ba ne ba bua ba le kwa kae? (2)
(iii) Go tewa eng fa go twe "Ruri moji ga a bope"? (2)
(iv) Fa o bona, selo se se dirileng gore Pelotshweu a bo a
šakgetse jaana se siame; kgotsa ga se a siama? Tshegetsa
karabo ka mabaka a mabedi. (3)
(v) Ke eng se se tlhodileng puisano e? Tlhalosa ka
bokhutshwane. (4)
(vi) Goreng Pelotshweu a re Gaboitlodiwe o belwa ke kgora?
Tshegetsa ka mabaka. (3)
(b) "Go ganne ka letsatsi le bo fologang ka lona. Monageng a taboga a
raletse motse ka seditse le morabana wa ditaola a kua mokgosi a
lebile kwa go jona. Banna ba mo tlhabela mokgosi ba mo ja ka
sekoti. A tloga Rantebeng a taboga go leba Madibaakwena.
Dikhilometara di ka nna masome a mabedi. A leba kwa bodibeng jwa
motswedi wa Phuthadikobo. A ralala motse wa Madibaakwena a
thuntshitse lorole. Bana ba mo kuelela, bagolo ba mo tlhabela
mokgosi."
Monageng ke mang? O ne a lebile kwa go bomang? Tlhalosa se se
diragaletseng Monageng go iphitlhela a taboga a ralala motse. (15)
IEB Copyright © 2018
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA II Tsebe 3 ya 4
(c) Buisa nopolo e e fa tlase mme morago o tlhalose ka bokhutshwane
se se tlhodileng puisano e, o tlhalose le toro ya ga Sekgabo le gore
ke goreng a galefile jaana.
Molaetsa wa goroga kwa Dikgatlhong. Kgosimore o ne a setse a le
malatsi a mararo koo. Sekgabo a tsenwa, a tlhoka go ja ditlhare ka meno.
Ba ne ba gamarega botlhe mmogo le Pelotshweu. Go bua boammaruri le
fa Pelotshweu a ne a rata mosimane a ya go rupa, o ne a solofetse fa a
tla gana fa borraagwemogolo ba mo kopa. Ga dubega. Sekgabo a tsena
monna ka maroba a dinko jaaka phefo ya kgwedi Seetebosigo.
(10)
(d) "Tuelo ya boleo ke loso, e bile se se sa feleng se a bo se tlhola."
Netefatsa se ka go sekaseka botshelo jwa ga Gaboitlodiwe le gore o
feletse kae. (20)
60 maduo
IEB Copyright © 2018 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA II Tsebe 4 ya 4
KAROLO B DIKWALO TSA TIRISANO
POTSO 2 LEKWALO LA BOTSALANO
Araba e le NNGWE FELA ya dipotso tse di latelang, e leng 2.1 kgotsa 2.2. Karabo
ya gago e felele fela mo tsebeng e le nngwe, ke gore e nne boleele jwa mafoko a
le 150–200 fela bo akaretse aterese, ditumediso, mmele le bokhutlo.
2.1 O lemogile gore o imile mme ga o itse gore o ka bolelela batsadi ba gago
jang ka kgang e. Kwalela mmangwaneago lekwalo o mo kope thuso go tla
go bolelela batsadi ba gago.
KGOTSA
LEKWALO LA SEMMUSO
2.2 O falotse marematlou wa gago ka dinaledi tse thataro, bothata ke gore ga o
na madi a go duelela dithuto tsa yunibesithi. Kwalela rateropo (mmeyara)
wa kgaolo ya gago lekwalo o mo kope madiketleetsothuto (basari). [30]
POTSO 3 DIKWALO TSE DIKHUTSHWANE LE TSE DILEELE
Sekolo sa lona se tlhophilwe go emela porofense ya lona kwa dikgaisanong
tsa dingangisano. Jaaka moeteledipele wa setlhopha, kwala mmuisano magareng
ga gago le morulaganyi wa dikgaisano ka tseo di tlhokegang go tsenela
dingangisano.
O itebagantse le:
• Moaparo
• Tiriso ya puo
• Dingwaga tsa batsayakarolo
Boleele jwa sekwalwa sa gago bo akaretsa kagego e ka nna ya matseno, mmele
le bokhutlo bo nne mafoko a a magareng ga 120–150.
[10]
40 maduo
Maduo otlhe: 100
IEB Copyright © 2018
Study this subject
Revise the topics in this paper, then practise them question by question.
Recommended for this subject
More papers and memos for this grade and subject.

Question paperIEB
Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 1 2019 Question Paper

Question paperIEB
Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 2 2019 Question Paper

Question paperIEB
Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 1 2018 Question Paper

Question paperIEB
Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 1 2017 Question Paper

Question paperIEB
Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 2 2017 Question Paper

MemorandumIEB




