Skip to content
Question paper

Setswana FAL Grade 12 IEB Paper 2 2019 Question Paper

IEB Grade 12 Setswana FAL Paper 2 question paper from the 2019, 4 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Publisher: IEB

Subject: Setswana FALGrade 1220194 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATION NOVEMBER 2019 SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA II SETSWANA FIRST ADDITIONAL LANGUAGE: PAPER II Nako: 2½ diura Maduo: 100 ELA TLHOKO 1. Pampiri e, e na le ditsebe di le 4. Tsweetswee netefatsa gore pampiri ya gago e feletse. 2. Pampiri e, e na le dikarolo di le PEDI: KAROLO A: Dikwalo tsa Padi (60) KAROLO B: Dikwalo tsa Tirisano (40) 3. Araba dipotso di le THARO. 4. Araba dipotso tsotlhe ka Setswana, o dirisa tshwaraganyo le kgaoganyo ya mafoko, mopeleto le mareo a a kannweng ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana. 5. Botswerere mo kwalong, peong ya mabaka le mo thulaganyong ya dintlha, bo tla go tswela molemo. 6. Botlhaswa le mokwalo o o sa buisegeng di tla go jela maduo. 7. Dipoelothuto tsa bobedi, boraro le bone: Go buisa le go lebelela/bogela; go kwala le go tlhagisa; ga mmogo le tiriso ya puo. IEB Copyright © 2018 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA II Tsebe 2 ya 4 KAROLO A DIKWALO TSA PADI POTSO 1 DIKWALO Araba dipotso tsotlhe. PADI SAMORERWANA: M. D. MOTHOAGAE 1.1 Buisa temana e e latelang, morago o arabe dipotso: Mo tshwenyegong ya gagwe Gaboitlodiwe a loga maano a bo a a logolola. A mo sita. A tlhoatlhoega jaaka kgosi, bogosi le puso ya yona di tshosediwa ke kgosi e e maatla, go se ka fa e ka itshireletsang ka teng. Bopelotshetlha, o bo tshabe. Motho wa jona o ka bolaya motho a mmolaela dilo tsa gagwe. Fa a ne a kgona, o ka bo a mo pheremetsa a re e re go ya a ele ruri. O ne a tsaya matsapa a go botsa mongwe le mongwe yo o gorogang ka dikgomo go tswa Majwanamatshwana gore Pelotshweu o le tsamaya fa kae, o akanya go dira eng. A o rata go boela gae ka dikgomo kgotsa jang? Fa a utlwa go twe ga a ise a tshikinyege a leboge tota, a bo a rapele gore a name a sa itshoketse morokomo. O kile a bo a akanya gore a ga se gore e nne ena a yang go bereka morokomo fa o palela Pelotshweu, gore a tle a je tse di kwa nageng. A gakologelwa gore o kelotlhoko jang mo loruong e bile o tla nne a tla gangwe le gape go tla go di tlhola. A latlha seditse. 1.1.1 Gaboitlodiwe ke mang? (1) 1.1.2 Gaboitlodiwe o golagana jang le Pelotshweu? (2) 1.1.3 Goreng Gaboitlodiwe a ne a le mo tshwenyegong ka Pelotshweu? (2) 1.1.4 Ka dintlha di le tharo, neela tshobotsi ya ga Keitheng. (3) 1.1.5 Naya mabaka a a dirang gore Gaboitlodiwe a bo a rapela gore Pelotshweu a se lapisiwe ke morokomo. (4) 1.1.6 Tlhalosa seo batsadi ba ga Gaboitlodiwe ba mo itumedisitseng ka sona. (3) 1.2 Go boeng kwa Bopedi, Pelotshweu a feta a lotlegela monnamogolo Gaboutlwelwe masana a kokometse. O tlhalositse fa matsapa di a tsere kwa mophatong. Morongwa e ne e le ena Monageng. Fela ka ntlha ya go rekegela pholo ya ga monnamogolo a seke a mmolelela gore matsapa di a tsaya kwa mophatong jaana, a tswa kwa mogweng wa gagwe. A tlhalosa fa e le morero wa borangwane mme ba roma Monageng. Gape ba rile Monageng a sena go swa ba taboga go itaya motlhala go thibela gore di se ka tsa bo tsa busediwa kwa go bona. Ke eng se Pelotshweu a sa se bolelelang monnamogolo Gaboutlwelwe? O ne a ile go dira eng kwa Bopedi? Tlhalosa ka botlalo se a se fitlhetseng kwa Bopedi. (15) IEB Copyright © 2018
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA II Tsebe 3 ya 4 1.3 Buisa nopolo e e fa tlase, mme morago o tlhalose ka bokhutshwane ditiro tse di neng di dirwa ke Gaboitlodiwe tse di neng di kgotlela puso ya ga kgosi Gaboutlwelwe. "Malatsing ano go sengwenyana se gangwe le gape se kgotlelang puso ya ga Gaboutlwelwe. Bothata, ke seboba sa mpa. Mogwe wa gagwe yo o mo ratang bobe, yo o nyetseng morwadie yo o mo ratang bobe …" (10) 1.4 Tlhalosa ka botlalo se se diragaletseng Pelotshweu fa a ne a etetse Gaboitlodiwe le Keitheng morago ga go kobiwa ga bona ke kgosi Gaboutlwelwe, le gore ba feletse kae. (20) 60 maduo IEB Copyright © 2018 PHETLA
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE: SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA: PAMPIRI YA II Tsebe 4 ya 4 KAROLO B DIKWALO TSA TIRISANO POTSO 2 Araba e le NNGWE FELA ya dipotso tse di latelang, e leng 2.1 kgotsa 2.2. 2.1 LEKWALO LA BOTSALANO Tsala ya gago o falotse marematlou a gagwe ka dinaledi mo dirutweng tse tsotlhe, mme ga a batle go tsweletsa dithuto tsa gagwe kwa pele ka ntlha ya maemo a kwa lelapeng. Mo kwalele lekwalo o mmontshe botlhokwa ba thuto. Boleele jwa lekwalo la gago bo akaretsa aterese, ditumediso, mmele le bokhutlo bo nne mafoko a a magareng ga 150–200. (30) KGOTSA 2.2 LEKWALO LA SEMMUSO Go na le magatwe a gore yo mongwe wa barutwana ba sekolo sa lona o rekisa diritibatsi ka mo sekolong. Jaaka morutwana yo o tshwenyegileng ka serodumo sa sekolo sa gagwe, kwalela mogokgo lekwalo o mo tsibose ka ga se. Boleele jwa lekwalo la gago bo akaretsa aterese, ditumediso, mmele le bokhutlo bo nne mafoko a a magareng ga 150–200. (30) POTSO 3 DIKWALO TSE DIKHUTSHWANE LE TSE DILEELE Mosadimogolo wa gaeno o tlhokofetse morago ga bolwetse jo bo leele jwa kgatelelo ya madi a magolo. Kwala tsa botshelo jwa moswi jaaka o kopilwe ke bagolo. Ela tlhoko gore o bua ka moswi e seng motshedi. Boleele jwa sekwalwa sa gago bo akaretsa kagego e ka nna ya matseno, mmele le bokhutlo bo nne mafoko a a magareng ga 120–150. (10) 40 maduo Maduo otlhe: 100 IEB Copyright © 2019

Study this subject

Revise the topics in this paper, then practise them question by question.

More papers and memos for this grade and subject.