You're offline
Skip to content
Question paper

Setswana FAL P1 Nov 2023 MG hlayiso.com

Subject: Setswana FalGrade 1220238 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) NGWANAITSEELE 2023 KAEDI YA GO TSHWAYA MADUO: 80 Kaedi e ya go tshwaya e na le ditsebe di le 8. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 2 DBE/Ngwanaitseele 2023 NSC – Kaedi ya go tshwaya KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 Go tshwaya Tekatlhaloganyo  Ka ntlha ya gore tsepamo e fa go tlhaloganyeng, mopeleto o o fosagetseng le diphoso tsa puo fa dikarabong tse dileele, batlhatlhojwa ba se ke ba otlhaiwa/ tseelwa maduo.  Fa dipotsong tse di bulegileng, se abele EE/NNYAYA kgotsa TUMELO/KGANETSO maduo, NNETE/FOSAGETSE kgotsa NTLHA/KAKANYO. Le tsona ga di a tshwanela go abelwa maduo. Lebaka/Tshegetso ke tsona fela tse di tshwanetseng go tsewa tsia.  Fa e le karabo ya lefoko le le lengwe e e tlhokagalang, mme motlhatlhojwa a bo a naya mola otlhe, tshwaya gore o nepile fa fela lefoko le le nepagetseng le thaletswe/bontshitswe.  Fa dintlha tse pedi/tharo di tlhokagala, mme tse di mmalwa di neetswe, tshwaya fela di le pedi/tharo tsa ntlha.  Fa motlhatlhojwa a dirisitse mafoko go tswa mo puong esele ntle le e a tlhatlhojwang ka yona, ikgatholose mafoko ao, mme fa karabo e sa ntse e na le bokao, o se ke wa mo otlhaya. Mme fela fa e le gore go dirisitswe puo esele mo setlhangweng, mme e tlhokagala mo karabong, seo se tla amogelwa.  Amogela ditengwana tse di farologaneng.  Mo dipotsong tse go nang le tlhopho ya karabo e e maleba, amogela dikarabo TSOOPEDI, tlhaka e e tsamaelanang le karabo e e nepagetseng LE/KGOTSA karabo e e kwadilweng ka botlalo. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 3 DBE/Ngwanaitseele 2023 NSC – Kaedi ya go tshwaya KAROLO YA A POTSO 1 1.1 1.1.1 C/legaeng la dikhutsana. (1) 1.1.2 Lwandle (1) 1.1.3 Gararo (1) 1.1.4 Kwa hoteleng ya Radisson. (1) 1.1.5 Didiriswa le diphaposi tsa maemo a a kwa godimo/lefelo la go thuma le le phatsimang/kamogelo e ntle. (Di le pedi fela) (2) 1.1.6 O na le talente/ga a ikgogomose/o nna a itumetse/o a kgatlhisa. (E le nngwe fela) (2) 1.1.7 O ne a nna kwa legaeng la dikhutsana/O ne nna le ngwana a sa le monnye/o ne a itewa ke seterouku/botshelo jwa gagwe bo ne ba phutlhama/O ne a tshwaragane le go lwa le bolwetse jwa sukiri. (Di le pedi fela) (2) 1.1.8 O ne a itewa ke seterouku. (2) 1.1.9 O ne a bona palo ya bokete jwa mmele wa gagwe e le dikilogerama di le 48/Morwa wa gagwe wa dingwaga di le 19 o ne a kgona go mo kuka. (2) 1.1.10 Ba ne ba mo gakolola gore a ye kwa bookelong. (2) 1.1.11 E ne e le ka nako ya COVID, mme o ne a na le malwetse a mangwe a a neng a ka dira gore a tshwaetsege bonolo. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 1.1.12 O ne a sa kgone go dirisa maoto le matsogo. (2) 1.1.13 Gonne o na le maikemisetso ka botshelo jwa gagwe. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 1.1.14 Ee, gonne o ne a itse gore botshelo jwa gagwe bo tlile go tsena mo kotsing fa a le kwa bookelong ka ntlha ya fa a na le bolwetse jwa sukiri. Nnyaya, kwa bookelong o ne a tlile go nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya dingaka a bo a fola ka bonako. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 4 DBE/Ngwanaitseele 2023 NSC – Kaedi ya go tshwaya 1.2 1.2.1 Ba bararo. (1) 1.2.2 Ba a tshega. (1) 1.2.3 Ke khiba e a e apereng. (2) 1.2.4 Ke lesika le le utlwanang, le le ratanang e bile le bontsha boitumelo/ke lesika le le sa aparelwang ke tlala, re bona ka dijo tse mo setshwantshong. (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 5 DBE/Ngwanaitseele 2023 NSC – Kaedi ya go tshwaya KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Mafoko a a nopotsweng Mafoko a a tshitshinngwang 1 'Se o tlileng go se apara fa o ya kwa 1 Tlhopha diaparo tse di nang le seriti. dipotsotherisanong ke sengwe sa dilo tse di botlhokwa.' 2 'Fa o fitlha kwa dipotsotherisanong o 2 Dumedisa ka mokgwa o o maleba fa o tshwanetse ka gale o dumedise ka goroga. monyenyo le go ba dumedisa ka matsogo.' 3 'Akaretsa ditiro tsotlhe tse o kileng wa di dira, 3 Itse dintlha tsotlhe tse o di kwadileng mo le tse o di dirileng dingwaga tse dintsi tse di lokwaloikitsisong lwa gago. fetileng mo lokwaloikitsisong lwa gago.' 4 'O tshwanetse go araba dipotso tsotlhe, o 4 Ikatise go araba dipotso tse di ithekise gonne mothapi ga a go itse.' tlwaelegileng. 5 'Ka gale go a itumedisa go botsa dipotso tse 5 Botsa dipotso tse di maleba go bontsha di tlhalefileng, se se bontsha fa o tsere fa o ipaakantse. matsapa go ipaakanya.' 6 'Go na le mefuta e e farologaneng ya 6 Nna le kitso ya mofuta wa potsotherisano dipotsotherisano jaaka ya setlhopha, ya e o yang kwa go yona. maitsholo jalo le jalo, o se ke wa nagana gore di a tshwana.' 7 'Nna le dinomoro tsa kwa o yang go go thusa 7 Nna le dikaelo tsa lefelo le o yang kwa go fa o timela.' lona. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 6 DBE/Ngwanaitseele 2023 NSC – Kaedi ya go tshwaya Go tshwaya Tshobokanyo Go tshwaya go ikaege ka dintlha tse di tlhokiwang ke potso fela. Tshobokanyo e tshwanetse go tshwaiwa ka mokgwa o o latelang:  Kabo ya maduo: o Dintlha di le 7 – maduo a le 7 (ntlha e le nngwe e abelwa leduo le le 1) o Puo – maduo a le 3 o Maduo otlhe: [10]  Kabo ya maduo a puo fa motlhatlhojwa a sa nopola mafoko jaaka a ntse o Ntlha e e nepagetseng e le 1–3: aba leduo le le 1 o Dintlha tse di nepagetseng di le 4–5: aba maduo a le 2 o Dintlha tse di nepagetseng di le 6–7: aba maduo a le 3  Kabo ya maduo a puo fa motlhatlhojwa a nopotse mafoko jaaka a ntse o A nopotse dintlha di le 6–7: se abe maduo a puo. o A nopotse dintlha di le 4–5: aba leduo le le lengwe la puo. o A nopotse dintlha di le 2–3: aba maduo a le mabedi a puo. ELA TLHOKO:  Palo ya mafoko: o Batshwai ba tshwanetse go netefatsa palo ya mafoko a a dirisitsweng. o O se ke wa goga maduo ape fa motlhatlhojwa a sa tlhagisa palo ya mafoko a a dirisitsweng kgotsa fa palo ya mafoko e fosagetse. o Fa palo ya mafoko e fetilwe, buisa mafoko a le 5 go feta palo e e beilweng o bo o itlhokomolosa tshobokanyo e e setseng. PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 7 DBE/Ngwanaitseele 2023 NSC – Kaedi ya go tshwaya KAROLO YA C: TIRISO YA PUO Mokgwa wa go tshwaya Karolo ya C  Mopeleto: o Karabo ya lefoko le le lengwe e abelwe leduo le fa mopeleto o fosagetse ntle fela le fa phoso e fetola bokao jwa lefoko. o Fa dikarabo e le dipolelo tse di tletseng, mopeleto o o fosagetseng o sokelwe dirope fa phoso e le mo ponagalong ya puo e e tlhatlhobiwang. o Fa go tlhatlhobiwa dikhutshwafatso, karabo e tshwanetse go nna le matshwao a puiso a a nepagetseng.  Dipopego tsa polelo di tshwanetse go latela melawana ya dipopego tsa puo ka nepagalo e be e tlhagisiwe ka dipolelo tse di tletseng/go latela taelo.  Mo dipotsong tse go tlhophiwang karabo e e nepagetseng mo go tsona, amogela tlhaka e e nyalanang le karabo e e nepagetseng LE/KGOTSA karabo e e kwadilweng ka botlalo. POTSO 3 3.1 C/Lwetse (1) 3.2 Thekiso ya buka. (1) 3.3 Ditau di ne di ja manong. (2) 3.4 Go ngoka/gogela babuisi. (1) 3.5 Sabata Mpho Mokae. (1) 3.6 Ka go ya kwa Halfway House. (2) 3.7 Ee, gonne go tlile go thusa gore go se nne le go gatagatana ga batho/batho ba ka se lwele manno. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [10] POTSO 4 4.1 C/motlakase (1) 4.2 Go bontsha gore tlhotlhwa ya motlakase e kwa godimo/Go bontsha fa setheo sa Eskom se tsaya madi a le mantsi go tswa mo badirising/A (2) bontsha kutlobotlhoko ya dituelo tse di kwa godimo go badirisi ba motlakase. 4.3 Ke madi a a tshologelang mo koping/letsogo le le tswang madi. (2) 4.4 Reka. (1) 4.5 E itumeletse madi a a tswang go badirisi/bareki ba motlakase. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko) (2) 4.6 Nnyaya, gonne go na le kgaogo ya motlakase phetelela, ka jalo batho ba tlaabo ba duelela lefela/lesidi. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 8 DBE/Ngwanaitseele 2023 NSC – Kaedi ya go tshwaya POTSO 5 5.1 5.1.1 B/ntsha sephiri. (1) 5.1.2 Morafe o ne o tsene kopano le kgosi go bua ka mathata a motse. (2) 5.1.3 Maru a ne a thiba, mme legadima la itaya ga ba gare tseke! (2) 5.1.4 ba (1) 5.1.5 Legodimo le tla apoga. (2) 5.1.6 A utlwe dithapelo tsa baagi. (1) 5.1.7 Tsotlhe (1) 5.1.8 Rre o fetsa dijo. (2) 5.1.9 Pule o ne a bua le ena gore a se ikgatholose dibuka tsa gagwe. (2) 5.2 5.2.1 Ke tshela metsi mo kgamelong/Bana ba tshela noka fa ba ya sekolong. (2) 5.2.2 Mme o a thusa. (2) 5.2.3 Modirisogo (2) [20] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 40 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 80 Kwalololo e ileditswe

Published documents with matching subject and grade metadata.

Matched using subject, grade, language, document type and exam metadata.

More from Grade 12 Setswana Fal

Explore more published documents in this catalogue.

View all
Setswana FAL P1 Nov 2023 MG hlayiso.com | Hlayiso