You're offline
Skip to content
Question paper

Setswana FAL P2 Nov 2025

Subject: Setswana FalGrade 12202527 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Confidential NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA BOBEDI (P2) NGWANAITSEELE 2025 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2½ Pampiri e, e na le ditsebe di le 27. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 2 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Buisa ditaelo le tshedimosetso ka kelotlhoko pele o ka simolola go araba dipotso. 2. O se ka wa leka go buisa pampiri yotlhe. Lebelela lenaneo la diteng mo tsebeng e e latelang, mme o tshwae dipotso go tswa mo dikwalong tse o di buisitseng monongwaga. Morago ga moo tlhopha dipotso tse o batlang go di araba. 3. Pampiri e, e na le DIKAROLO di le NNE: KAROLO YA A: Padi (35) KAROLO YA B: Terama (35) KAROLO YA C: Dikgangkhutshwe (35) KAROLO YA D: Poko (35) 4. Araba DIPOTSO DI LE PEDI fela, potso e le NNGWE go tswa mo dikarolong TSE PEDI tse di farologaneng: KAROLO YA A: PADI Araba potso e le NNGWE go tswa mo pading e o e buisitseng. KAROLO YA B: TERAMA Araba potso e le NNGWE go tswa mo terameng e o e buisitseng. KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo dikgangkhutshweng tse di boditsweng. KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo mabokong a a boditsweng. 5. Dirisa lenaneonetefatso go go thusa. 6. Latela ditaelo go tswa kwa tshimologong ya karolo nngwe le nngwe ka kelotlhoko. 7. Kwala palo ya dikarabo jaaka di tlhagelela mo pampiring ya dipotso. 8. Simolola karolo NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 9. Tiriso ya nako e e tshikinngwang: Dirisa metsotso e ka nna 75 mo karolong nngwe le nngwe. 10. Kwala ka mokwalo o o phepa o o bonalang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 3 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential LENANEO LA DITENG 2025 Tsebe e, e kaela batlhatlhojwa go tlhopha dipotso tse ba batlang go di araba kwa ntle ga go buisa pampiri yotlhe. Buka nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa. KAROLO YA A: PADI Araba dipotso go tswa mo pading e le NNGWE e o e buisitseng. POTSO MADUO TSEBE 1. Morabaraba 35 5 2. Bogosi Kupe 35 8 3. Bodibeng jwa matlhomola 35 11 KAROLO YA B: TERAMA Araba dipotso go tswa mo terameng e le NNGWE e o e buisitseng. 4. Molatswana wa gaetsho 35 14 5. O laetse jalo 35 17 KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo dikgangkhutshweng. 6.1 'Mogatsaka o tla nkgopola' 17 21 6.2 'Bonang tsa Bopodi' 18 23 KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo mabokong. 7.1 'Bosiela' 18 24 7.2 'Ntwa ya 1936–1945' 17 26 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 4 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential LENANEONETEFATSO Lebelela lenaneonetefatso le le latelang go bona gore a o arabile dipotso tse di tlhokegang: KAROLO NOMORO YA PALO YA TSHWAYA POTSO DIPOTSO TSE DI POTSO E O E ARABIWANG ARABILENG () A: PADI (Dipotso tse dikhutshwane) 1–3 1 KGOTSA B: TERAMA (Dipotso tse 4–5 1 dikhutshwane) KGOTSA C: DIKGANGKHUTSHWE (Dipotso tse 6 (6.1 + 6.2) 2 dikhutshwane) KGOTSA D: POKO (Dipotso tse 7 (7.1 + 7.2) 2 dikhutshwane) ELA TLHOKO: Netefatsa gore o arabile dipotso go tswa mo dikarolong di le PEDI fela. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 5 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential KAROLO YA A: PADI Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Mo karolong e, dipotso di boditswe go tswa mo dipading tse di latelang: MORABARABA – SJ Lebethe BOGOSI KUPE – DPS Monyaise BODIBENG JWA MATLHOMOLA – DS Matjila POTSO 1: MORABARABA – SJ Lebethe Araba dipotso TSOTLHE tsa padi e o e buisitseng. Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo pading, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka dinopolo TSOTLHE, k.g.r POTSO 1.1 le 1.2. 1.1 NOPOLO A Moeka a okaoka a sa itse gore o tlaa dira jang. Fa a ka laletsa Morwesi gongwe o tlaa gana. Le gona, fa a se ka a mo laletsa mme a laletsa boNtshetsana le boMmakgosi fela, e tlaa bo e kete go ne go buiwa nnete. A se ka a itse gore a ka dira eng. A botsa mogoloe gore a dire jang. Mogoloe a re a ba laletse botlhe, mme a se ka a inaya ope kwa moletlong. A mo gakolola gore a se ka a 5 itshwenya ka gore ba tla gopola eng ka ga gagwe, le gore jaaka Morwesi a mo reile a re a tsamaele ruri, taletso ya gagwe e tshwane le tsa batho botlhe. A dira jaaka mogoloe a mo gakolotse. Batho botlhe ba o neng a ba laleditse ba mo itsise gore ba tlaa nna gona, botlhe kwa ntle ga Morwesi. Ene le e seng kitsiso ya gore ga a kitla a kgona go nna teng, a se ka a e dira. Mongwe wa 10 batho ba ba neng ba laleditswe e ne e le Bontle. E rile Ntshimane a feta kwa ga gabo Bontle, a bona Morwesi a tswa ka fa teng. A ikaelela gore e tla re fa a sena go potela a tsena. Gongwe Bontle o ne a ka itse gore molato o fa kae. O ne a sa ntse a mmotsa gore o tlhotse jang fa Morwesi a tsena a siane, 'Bontle, ke lebetse go go bolelela gore … aa! Dumela Ntshimane.' 15 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 6 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 1.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 1.1.1(a) go fitlha go 1.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Mpute A tsala ya ga Mpute e e neng e tshameka dikatara (b) Mmule B modiri kwa dikantorong tsa (c) Morwesi kwa Garankuwa (d) Peter C morutabana kwa Fafung D o ne a tsena sekolo kwa Lebotlwane E morutabana kwa Bapong (4 x 1) (4) 1.1.2 Go ya ka temana, ke dilo dife DI LE PEDI tse mogoloagwe Ntshimane a neng a di mo gakolola mabapi le taletso ya batlamoletlong? (2) 1.1.3 Puisano e e tlhagelelang kwa bokhutlong jwa nopolo A e diragalela kwa kae? (1) 1.1.4 Ka nako e Ntshimane a neng a bua le Bontle mo temaneng e, o ne a ratana le mang? (1) 1.1.5 Ntshimane o ne a dira tiro efe? (1) 1.1.6 Ke bosula bofe bo Mpute a bo diretseng Steve? (2) 1.1.7 Naya morero wa padi ya Morabaraba. (2) 1.1.8 Ke ka ntlha ya eng Mpute a ne a feleletsa a ile le boNtshimane kwa thabeng? (2) 1.1.9 Go ya ka ditiragalo tsa padi e, a mokwadi o atlegile go re thalela morabaraba wa lerato o o neng o tshamekiwa? Tshegetsa karabo ka lebaka. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 7 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 1.2 NOPOLO B Ba tsamaya ka iketlo go se na kgang e ba ka e tsayang. Ntshimane a eletsa jaaka e kete a ka bo a sa batle go mo felegetsa. Ke setlhogo go tsamaya fela lo didimetse. Dikgang tse ba neng ba ka di bua, di ne di ka se ka tsa tsamaelana sentle le tiro e ba neng ba tswa mo go yona gonne go ne go ka se tshole dipelo tsa bona sentle. Ntshimane a tshokane ka a tsenya seatla mo kgetseng ya baki. 5 Phatla ya gagwe ya menagana. Morwesi a mmona. 'Ke eng?' A goga pampiri e e khutlonne, a e leba. Morwesi a tla le ena a e leba. A leba Ntshimane. A leba pampiri gape. A goga mowa. A leba Ntshimane nakonyana mo matlhong jaaka e kete o ne a batla go mmotsa sengwe. A retologa a leba gae. A tlogela mosimane a eme a tshwere setshwantsho jaaka e kete ga a itse gore a ka dira 10 eng ka sona. O ne a eme jaaka legodu le tshwaregile le sa ntse le tlaa utswa. Fa a tsosa matlho a fitlhela a ile. O ne a itlhoma gore o sa ntse a le gona. A leba tsela mme a mmona a le kgakala. E ka ne e le kgale a eme jaana kgotsa mosetsana o ne a siana fa a tloga. A se ka a itse. Selo se se ne se tlhabile Morwesi mo go maswe. O ne a sa solofela gore moeka a ka kgomarela dilo 15 jaana. 1.2.1 Feleletsa dipolelo tse di latelang ka go tlhopha mafoko a a nepagetseng go tswa mo masakaneng: (a) Mmule le Ntshimane ba kopane mo beseng e e yang kwa … (Tshwane/Phokeng/Lebotlwane.) (1) (b) Ntshimane, Mmemme le Ntshetsana fa ba tsena sekolo ba ne ba tsaya loeto ka bese go ya dikgaisanong tsa go … (opela/ tshameka/siana.) (1) (c) (Mmakgosi/Ntshimane/Morwesi) ke ena a boleletseng Mmule ka go ratana ga ga Mpute le Bontle. (1) 1.2.2 BoMpute ba ne ba nna kwa kae pele ba fudugela kwa Madibeng? (1) 1.2.3 Go ya ka temana, ke eng se se tlhodileng gore Ntshimane le Morwesi ba tsamae mmogo mme ba sa buisane? (2) 1.2.4 Neela dilo DI LE PEDI tse Ntshimane o neng a akanya ka ga tsona fa a tsoga morago ga phitlho ya ga Bontle le Mpute. (2) 1.2.5 Lebakalegolo le le tlhotlheleditseng Bontle go iphitlhela a tsamaya le Mpute fa a ne a phirimeletswe kwa Garankuwa ke lefe? (2) 1.2.6 O ikaegile ka ditiragalo tsa padi e, goreng Bontle a ne a kopa Ntshimane gore a tlhokomele Morwesi ka bopelotelele? (2) 1.2.7 Ke ka ntlha ya eng go ne go na le maikutlo a a bosula mo gare ga Ntshimane le Mpute? (2) 1.2.8 Fa o ne o le Ntshimane o rata Morwesi mme ena a tshameka ka wena, o ne o ka dira eng? (2) 1.2.9 Go ya ka ditiragalo tsa padi e, a o bona Morwesi e ne e le motho yo o nang le nnete? Tshegetsa karabo ka lebaka. (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 8 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential POTSO 2: BOGOSI KUPE – DPS Monyaise Araba dipotso TSOTLHE tsa padi e o e buisitseng. Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo pading, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka dinopolo TSOTLHE, k.g.r POTSO 2.1 le 2.2. 2.1 NOPOLO C Tukisang a itse gore barongwa ba tlaa tsaya tsela e e motsopodia go ya morakeng, mme fa a tsaya go tloga ka nako e ba tlogileng ka yone mo gae, ba tshwanetse go goroga mo mesong. A bapa le molapo ka mosepele, ya re ka koko ya ntlha basimane ba sa tswa go itatlhela mo phatšaneng, a itelekela. A ba tshela mafoko godimo a tla a eme ka dinao. Ba ne ba feditse mogopolo gore 5 ba tlose moraka mo o leng teng, ba sube dikgomo gongwe, fa yo mmotlana a botsa gore go tla barongwa ba le kae. Rraagwe a itse gore o boletsa kae. 'Ga se palo, ngwanaka: ke molao.' 'Go siame, a o tle. Re tla o bona.' Ba gakologelwa gore o ne a tlhola a ba raya a re monna o tshwanetse go swela 10 boswa jwa ga rraagwe, gonne motho yo o se nang se e leng sa gagwe o gatwa ka dinao, o tswa lelata la batlhanka ba gagwe; mme fa o na le kgomo, o bua gangwe fela mongwe le mongwe a bo a reetsa. 2.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 2.1.1(a) go fitlha go 2.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Ikomeng A kgaitsadiagwe Tukisang (b) Matlhodi B setlogolo sa ga Tukisang (c) Obakeng C monna wa ga Matlhodi (d) Oshupile D mmamalome wa ga Obakeng E monna wa lekgotla (4 x 1) (4) 2.1.2 Puisano e e mo temaneng e, e diragalela kwa kae? (1) 2.1.3 Go ya ka temana, ke ka ntlha ya eng Tukisang a ne a le mo lefelong le o le umakileng mo go 2.1.2? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 9 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 2.1.4 Neela lebaka le le neng le dira gore morwa wa ga Tukisang yo mmotlana a botse gore go tla barongwa ba bakae. (2) 2.1.5 Naya ntlha E LE NNGWE ka ga tshobotsi ya ga Motlhoiwa. (1) 2.1.6 Ke tshwetso efe e Tukisang le barwae ba e tsereng go dira gore barongwa ba se ka ba bona dikgomo tsa bona? (2) 2.1.7 Barongwa ba kgosi ba ne ba ile go batla eng kwa morakeng? (2) 2.1.8 Ke kakanyo efe e e neng ya tlela Tukisang fa a bona kgabo ya molelo kwa morakeng? (2) 2.1.9 Go ya ka ditiragalo tsa padi e, a mokwadi o atlegile go re lemosa gore tuelo ya boleo ke loso? (2) 2.2 NOPOLO D 'Rra, ke tsile go kopa gore o ntetle go tsena mo Sekgweng sa ga Dimo yo o bolelwang.' Ga ema rre wa lekgotla. 'Rra re utlwile; mme re le Bakwena re eletsa e kete o ka tlhalosa gore lo itse jang fa motlhala wa dikgomo o felela mo Sekgweng sa ga Dimo, kgotsa lo setse lo tswa teng?' 'Ee, rra' re tswa teng; e bile ga re tswe teng. Re tswa teng ka mokgwa o: Go 5 mosimane mongwe wa mono a re ke oorra-Modimoeng, o kile a reka dikgomo kwa fantising, ya re ka moso tsa fitlhelwa mo kampeng, tsa mmuso di ile. Ra mmatla ra ba ra mo tlhoboga; maloba jaana re tshokane ka re mmona gape kwa fantising; ke fa re ntsha lepodisi,' a batla go kgwa mathe, 'gore le tsamae nae go tla kwano. Ga re itse gore go tsile jang gore ba tswe mo tseleng, mme 10 ene a bolela fa e rile a thanya a iphitlhela a le mo sekgweng, go le monna yo o tshabegang, yo o maleduledu, le mosimane yo re mmatlang, mmogo le monna yo mokhutshwane. Ke batla go itse gore ke bomang.' 2.2.1 Feleletsa dipolelo tse di latelang ka go tlhopha mafoko a a nepagetseng go tswa mo masakaneng. (a) Obakeng o bolaile (tshukudu/tlou/phage) … kwa legageng. (1) (b) Motlhoiwa o ne a fiwa thothi ya (metsi/lebese/teye) … fa a ne a thopilwe. (1) (c) Kgosi e thopilwe go le … (bosigo/motshegare/sethoboloko). (1) 2.2.2 Go ya ka temana, Sajene Botipe o ne a le mo motlhaleng wa bomang? Neela maina a BA LE BABEDI fela. (2) 2.2.3 Puisano e e mo temaneng e, e tlhodilwe ke eng? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 10 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 2.2.4 Ke lebakalegolo lefe le le tlhotlheleditseng Sajene Botipe go ya kwa Phiritona? (2) 2.2.5 O itshetlegile ka ditiragalo tsa padi e, goreng Obakeng a ne a batla go tshabisa leruo/dikgomo tsa gagwe? (2) 2.2.6 Modimoeng o ne a ikaeletse go dira eng fa mophato o mo lwantsha? (2) 2.2.7 Go ya ka padi, a lekgotla le ne la dumelela Sajene Botipe go tsena mo sekgweng go batlana le Obakeng le dikgomo tse di utswitsweng tsa puso? (2) 2.2.8 Go ya ka wena, a go ne go siame gore Tukisang a gane go ntsha kgomo e a neng a e atlholetswe? (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 11 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential POTSO 3: BODIBENG JWA MATLHOMOLA – DS Matjila Araba dipotso TSOTLHE tsa padi e o e buisitseng. Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo pading, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka dinopolo TSOTLHE, k.g.r POTSO 3.1 le 3.2. 3.1 NOPOLO E A metsa mathe ka boima, fa a fetsa a tsaya sekotlolo sa go tlhapela se se neng se tletse kgodu e khibidu. A tsaya metsi, a ya kwa phaposing ya go tlhapela, a fitlha a a tsholola. A sela diaparo tse di madi tse di neng di le fa fatshe, a di tsenya mo sekotlolong se a tshetseng metsi mo go sona mme a simolola go di tlhatswa. 5 'Fa e le gore go na le mongwe yo o ba lomileng tsebe …' Tsitsi a buela kwa tlase, mme morago a kgaotsa se o neng a batla go se bua. Dimpho a mo tlhaba ka matlho a a tletseng dipotso. Mmaagwe a roka molomo fela mme Dimpho a itse gore o akantseng. Modisaotsile le ena a tlhaloganya a sa bolelelwe gore kgang e lebisitswe kae. 10 'Ga ba kitla ba itse gore ke tlile kwano, ga go ka moo ba ka itseng. Ga go ope yo o mponeng fa ke sena go kgaogana le diGerilla tse dingwe. Ke bone gore ke ngweege ba sa mpone. Ga go na le yo o ka akanyang gore nka bo ke tlile mo.' Modisaotsile a bua a lebile Tsitsi mo matlhong. 'A go na le yo o go boneng gore o thuntshitswe?' Tsitsi a botsa a ntse a phimola 15 metsi a a tshologileng fa fatshe. 'Nnyaya, ga go na yo o mponeng.' 3.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 3.1.1(a) go fitlha go 3.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Tsaone Mophuting A rrangwaneagwe Dimpho (b) Modisaotsile B tsala ya ga Letlamoreng (c) Mogomotsi C ngwana wa ga Tlhabaki (d) Motshweneng D ngaka e bile ke Gerilla E mogokgo kwa Lancaster (4 x 1) (4) 3.1.2 Puisano e e mo temaneng e, e diragalela kwa ntlong ya ga mang? (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 12 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 3.1.3 Go ya ka temana, ke dilo dife TSE PEDI tse diGerilla di sa di lemogang ka ga Modisaotsile? (2) 3.1.4 Modisaotsile o thuntshitswe ke bomang? (2) 3.1.5 Rraagwe Dimpho o ne a dira tiro efe fa a le kwa Lontone? (1) 3.1.6 Ke karolo efe e mmaagwe Maitumelo a e tsereng gore boTsitsi ba kgone go tshabela Botswana? (2) 3.1.7 Goreng Tsitsi a ne a sa batle go itsege gore Modisaotsile o tshabetse kwa ga gagwe? (2) 3.1.8 Ke ka ntlha ya eng Dimpho a sa kgona go feleletsa dithuto tsa gagwe kwa Yunibesithing ya Turfloop? (2) 3.1.9 Go ya ka ditiragalo tsa padi e, a mokwadi o atlegile go re lemosa gore ga go na sepe se se nnelang ruri mo botshelong? Tshegetsa karabo ka lebaka. (2) 3.2 NOPOLO F 'Dimpho,' Maitumelo a bua ka lentswe le le teteselang, 'fa o batla gore nna le wena re utlwane, o se tlhole o mpolelela ditsiabadimo. Batho ba bantsho botlhe ba tlhoile mmuso wa tlhaolele. Le fa e le gore rre ke lepodisi, melao ya tlhaolele e a mo ama ka gonne ke montsho. Rre jaaka bantsho botlhe o tlhoile tlhaolele e bile o utlwa botlhoko fa bantsho ba tlhorontshiwa. Rre o rata go thibela 5 bosenyi, go tshwara dinokwane, babolai le bakgothosi. Rre o rata go thusa batho ba ba ka se kgoneng go itshireletsa kgatlhanong le dinokwane. A mme ke phoso gore motho a dire tiro e e ntseng jaana. Rre o …' A emisa go bua. Dimpho a bona mo matlhong a gagwe gore Maitumelo o fitlha sengwe. Se se raya gore Maitumelo le ena o na le sephiri se a se ntseng ka 10 marago. Dimpho a lemoga gore o ntse a le lesilo go se lemoge se. 'Nkoko o ne a tlhola a bua gore mapodisi a sireletsa molao wa tlhaolele. Fela ke gona ke lemogang gore ga se botlhe ba ba ntseng jalo. Nkoko o ne a sa bue ka mapodisi a a tshwanang le rraago. Ke kopa maitshwarelo tsala ya me. Ke tlaa go bona fa sekolo se tswa.' A tabogela kwa phaposing. 15 3.2.1 Feleletsa dipolelo tse di latelang ka go tlhopha mafoko a a nepagetseng go tswa mo masakaneng. (a) Go ya ka mapodisi, Odirile o bolailwe ke … (bolwetse jwa pelo/ bolwetse jwa nyumonia/bolwetse jwa sukiri.) (1) (b) Dimpho o kgonne go tsweletsa dithuto tsa gagwe kwa Yunibesithing ya … (Thabatshukudu/Lancaster/Turfloop.) (1) (c) (Motshweneng/Gabasiane/Mogomotsi) … ke ena a boleletseng Letlamoreng ka ga loso lwa ga Odirile. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 13 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 3.2.2 Puisano e e mo temaneng e, e tlhodilwe ke eng? (2) 3.2.3 Neela dintlha DI LE PEDI tsa semelo tse Dimpho le Maitumelo ba tshwanang ka tsona. (2) 3.2.4 Lebakalegolo le le tlhotlheleditseng boLetlamoreng go nna diGerilla ke lefe? (2) 3.2.5 Ke ka ntlha ya eng mapodisi a ne a batla go gana ka setopo sa ga Odirile? (2) 3.2.6 O itshetlegile ka ditiragalo tsa padi e, goreng Tsitsi a ne a tenwa ke go fuduga go tswa mo lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe? (2) 3.2.7 Fa o ne o le Letlamoreng, o ne o tlaa tsaya kgato efe fa mapodisi a gana go go neela setopo sa ngwana wa gago gore o se boloke? (2) 3.2.8 Go ya ka ditiragalo tsa padi e, a o bona tlhaolele e ne e amile lelapa la ga Letlamoreng? Tshegetsa karabo ka lebaka. (2) [35] PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 14 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential KAROLO YA B: TERAMA Mo karolong e, dipotso di boditswe go tswa mo teramakhutshweng le terama tse di latelang: MOLATSWANA WA GAETSHO – DMG Sekeleko O LAETSE JALO – KS Naledi MOLATSWANA WA GAETSHO – DMG Sekeleko POTSO 4: 'MOSESE, MOSESE, MANGOLE LE MENWANA' – SJ Shole Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo terameng, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka dinopolo TSOTLHE, k.g.r POTSO 4.1 le 4.2. 4.1 NOPOLO G BOSALALA: E seng gore o ne a tswetse kwa ntle, a tlhaselwa ke motho, a kgona go tshabela mo ntlong, mme a swela teng? RANTLERU: Motho yo o bolaetswe mo. E seng kwa ntle. Bona masuputso a. Le gone a ka bo a swetse gaufi le lebati. Jaanong ke yole kwa mojakong wa kamore. Ke go raya ke re o 5 bolaetswe mo. A lebati la berebere ke le le fa le le ka inotlelang fa o le tswalela ka fa ntle? BOSALALA: Nnyaya. Fa o belaela re ka ya go le leka. (Ba ya kwa go lona. Ba a le kgotlhokgotsa) Mabati ano ka bobedi a ne a lotletswe ka fa gare. O paki ya me. 10 RANTLERU: Hm! Go a nthatafalela. Fa nkabo ke sa go thusa go roba lebati nkabo ke re o mmolai. Nka be ke dumela mo dipokong ke ne ke tla re setopo se ke sepoko se, kgotsa ke sa motho yo o bolailweng ke sepoko. Jaanong, mme gone ke batla gore fa ke bitsa mapodisi a mangwe, ke bo ke itse gore o amega go le kana 15 kang. O tlile go tshwanna ke go nthusa. Fa go ka pala, ba tlile go tswala ntlo eno, wena ba go tswalela mo kgolegelong go fitlha re tshwara mmelaelwa yo o botoka. Tlhola gore a ditshipi tsa mafesetere ga di na fa motho a ka sutlhang teng (Bosalala o dira jalo a ntse a sisa pelo. Rantleru o dira modumo ka kwa 20 dikamoreng tse dingwe. Mabati le difenitšhara di a suta di a thulana.) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 15 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 4.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 4.1.1(a) go fitlha go 4.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Feke A monna wa ga Nnuku (b) Rantleru B lekgarebe la ga Bosalala (c) Mmemme C mosadi wa ga Bosalala (d) Bosalala D lepodisi la motse E monna wa letagwa (4 x 1) (4) 4.1.2 Batho ba ba mo temaneng e, ba bua jaana ba le kwa kae? (1) 4.1.3 Ke tiragalo efe e e tlhotlheletsang mmuisano o o mo temaneng e e fa godimo? (2) 4.1.4 Molwantshiwa ke mang go tswa mo teramakhutshweng? Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.1.5 Lebakalegolo le le neng le dira gore Bosalala a rate Feke ke lefe? (2) 4.1.6 Goreng Rantleru a feleleditse a tsaya tshwetso ya go roba lebati la ntlo ya ga Bosalala? (2) 4.1.7 A o ka re Rantleru ke lepodisi la nnete? (2) 4.1.8 Go ya ka wena, a Nnuku o ne a itumetse fa a sena go bolaya Mmemme? (2) 4.2 NOPOLO H RANTLERU: A tswa kae ka o a utlwa gore ra re re fitlhetse mabati a lotletswe ka fa gare. FEKE: Borra, ke lona ba e seng matagwa, mmolai wa lona o dule fa go tseneng nna Feke teng. RANTLERU Sa reng- ne s'o se! 5 LE BOSALALA: FEKE: Ke re mmolai o dule ka phatlha e ke tseneng ka yona! Ka mojako ole. RANTLERU: O raya gore re ka bo re sa mmona. E le gore o ne a iphitlhile kae? Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 16 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential FEKE: Ga ke re le thubile lebati, la sianela setopo kwa mojakong wa 10 kamore? Ga ke re le ne la sianela go phuruphutsa dikamore le mafesetere? BOSALALA: Oohoo! FEKE: E re 'Ee. Abuti', o ntse o re 'Oohoo' o ka re o motho a hupile mouwane. Ga ke re le nna le mpone fela ke setse ke le mo 15 ntlong? A re sutiseng bolao jo bo fa thoko ga lebati jo. (Ba a bo sutisa) A selo se ga se motlhala wa motho a huhumela? A se ga se mangole a gagwe fa a ne a gagabela kwa ntle? Nkarabeng! (Ba a didimala) Le fetile bolao jo, la sianela kwa dikamoreng, e bile le tlogetse lebati le sa tswalwa. Motho yo le 20 mmatlang o dule ka fa tlase ga bolao jo. Le gone ga a kgakala. Fa lo ka mo latela lo ka boa ka ena go ise go ye kae. RANTLERU: (O kgwa mowa) O ka re o a utlwala, Feke. 4.2.1 Feleletsa dipolelo tse di latelang ka go tlhopha mafoko a a nepagetseng go tswa mo masakaneng: (a) Nnuku o ne a iphitlhile ka fa tlase ga ... (bolao/setlhare/tafole). (1) (b) Rantleru o ne a bitsa … gore a tle go thusa ka tshekatsheko ya polao. (moagisani/sajene/ngaka) (1) (c) Nomoro ya ntlo ya ga Bosalala ke … (6666/666/66). (1) 4.2.2 Ke eng se se dirileng gore Mmemme a ye kwa ga Bosalala? (2) 4.2.3 Feke ke modiragatsi yo o mosola mo teramakhutshweng e. Tshegetsa ntlha eno o lebile dipatlisiso tsa polao ya ga Mmemme. (2) 4.2.4 Morero wa teramakhutshwe e, ke lerato le e seng lona. Tshegetsa tlhagiso e ka lebaka. (2) 4.2.5 Tlhalosa semelo sa ga Rantleru ka dintlha DI LE PEDI fela. (4) 4.2.6 Bosalala o ne a ile kwa kae fa a tlogela Mmemme mo ntlong? (1) 4.2.7 Ke eng se mapodisi a se dirileng gore ba kgone go tshwara mmolai wa ga Mmemme? (2) 4.2.8 A Bosalala o dirile sentle ka go dira gore Nnuku a ngale mme a tswe mo ntlong? (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 17 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential POTSO 5: O LAETSE JALO – KS Naledi Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo terameng, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka dinopolo TSOTLHE, k.g.r POTSO 5.1 le 5.2. 5.1 NOPOLO I (Morago ga lenyalo kwa ga gabo Moeti, Lentuwane o dirile tsa go fitlhola.) KELEEPILE: Hei! Wa tla wa tswa ka kgangkgolo. Kgang e, e masisi. E batla go sekasekwa ke batho ba dikakanyo tse di nonofileng. O tshwanetse go nna fa fatshe o je boko. O se potlake kgaitsadi, o tsee nako ya gago. O batle lefeelo le o tlaa feelang diphatsa 5 tse di mo tseleng ya botshelo, leobu. Botshelo ga bo ise bo ke bo tlhomame ka gope. Ditlhokego tsa bona ke di tsenangtsenang. MATOKO: Ga go nnete e e fetang eo. Diphetogo tsa botshelo ga di na moalafi. Ga se fela bontsi bo ikgwagetsa. Mongwe e re go nna 10 matswakabeleng a mathata, o utlwe motho wa teng a re o rogilwe ke lefatshe. KELEEPILE: Kgori e bona lee. MaŠwi ke nnete ga na selabe, selabe se tla le motsayakgamelo. Ke nnete go ratwa go beilwe. Ke setso sa bo borraronamogolo. Ga go bosielo bope. Kgaitsadi, ga ke 15 kgatlhanong le maikutlo a gago fela o gopole gore, rre Moeti o na le lapa. O boe o ipotse gore Lentuane motlha a itseng o tlile go reng? Kana o itse gore o tlaa be o kgotlile semana mo phagong. Mosadi fa a inama. Kgaitsadi o gopole gape gore o photi e e sa ntseng e tsongwa. O tshwanetse go bonwa ke 20 motsomi yo o marota. Itse gore diphatsa di go emetse. Ga ke go ntshe dijo ganong, o ngwana wa letsele le nna. Ga ke go nyemise mooko. Dikgakgamatso di a tle di direge. Bontsi bo sale bo itshwere ditedu tsa seledu ka tsietsego. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 18 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 5.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 5.1.1(a) go fitlha go 5.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Makgolokwe A o rata kagiso (b) Mojalefa B ke tsala ya nnete (c) Nteseng C o ema ka lefoko la gagwe (d) Moruti Rantweetwee D o rata basadi E o rata maaka (4 x 1) (4) 5.1.2 Go ya ka temana, ke dikgakololo dife TSE PEDI tse Keleepile a di neetseng Matoko mabapi le go ratwa ke Moeti? (2) 5.1.3 Mmuisano o o mo temaneng e, o diragalela kwa kae? (1) 5.1.4 Moeti o ne a itsege ka tiro efe? (1) 5.1.5 Ke ka ntlha ya eng Moeti a ne a lelela go nna le ngwana wa mosimane? (2) 5.1.6 Ke karolo efe e kgosana Pholo a e tsereng go tlisa kagiso magareng ga ga Moeti le Lentuwane? (2) 5.1.7 Moeti o bolailwe ke mang? (1) 5.1.8 Goreng Moeti a ne a sa batle go itsege gore o dirile tesetamente? (2) 5.1.9 Go ya ka ditiragalo tsa terama e, a moterama o atlegile go re lemosa gore se se sa feleng se a bo se tlhola? Tshegetsa karabo ka lebaka. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 19 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 5.2 NOPOLO J MOETI: Ka ga mme yo, o a itse, ke mo tlhaloseditse. Thulaganyo e, ke sephiri sa me. Ga ke batle go ba tlogela mo lebaleng. Ga ke batle gore ba tsoge ba jela tlase. RADINONYANE: Ke a go utlwa, e bile ke a go tlhaloganya. Ke tlaa go thusa. O batla ke dire jang? 5 MOETI: Ke batla gore fa ke ikela badimong, mosimane yo, Mojalefa, ke batla gore a mpoloke. Ke batla setopo sa me se tswe mo ntlong ya mme yo. Ke batla go tlogelela mosimane yo, 35% ya dithoto tsa me. Ke na le R849 092,73 mo polokelong ya Stanbo. Ke batla gore a 10 bone 35%, mo leruong a bone 25%. RADINONYANE: Ke tlaa go buisetsa ditsamaiso tsa tesetamente. O ele tlhoko gore tesetamente ga e fetolwe. Sengwe sa botlhokwa ke gore, tesetamente e, e tlile go dira fela fa o sa tlhole o phela. Tiro e rra, ke seitlamo. Lona ka boraro lo 15 tshwanetse go ikana mo go yona. Go dira jalo ke go kgaola dikgogakgogano motsing wa bofelo. MATOKO: Fa o sa ntse o le mo botshelong, o tlaa re tswela mosola. Dithulaganyo tsotlhe di tla ranolwa ke kantoro ya gago. MOJALEFA: A o tlile go e re naya mabogong, rre Mmueledi? 20 RADINONYANE: Go ntse jalo. O tshwanetse go e tlhokomela thata. Ke bosupi jwa gago. Le nna ke sala ka e nngwe fa go nna. 5.2.1 Feleletsa dipolelo tse di latelang ka go tlhopha mafoko a a nepagetseng go tswa mo masakaneng. (a) Moeti o laetse gore Ntletleng a ye go reka dilo tsa ngwana kwa (Spara/Mantshatlala/Shoprite.) (1) (b) Mojabeng ke … (rakgadiaagwe Moeti/nnakaagwe Moeti/ malomaagwe Moeti.) (1) (c) (Mmanontsheng/Ntlentleng/Nteseng) ke ena a ntshitseng sephiri sa gore Moeti o dirile Matoko mosadi wa bobedi. (1) 5.2.2 Mmuisano o o mo temaneng e, o tlhodilwe ke eng? (2) 5.2.3 Moeti o ne a le kwa kae fa a tlisetswa molaetsa wa gore Lentuwane o tshotse leitibolo? (1) 5.2.4 Neela dintlha DI LE PEDI tsa semelo se Lentuwane le Matoko ba tshwanang ka sona. (2) 5.2.5 Tlhagisa lebaka le le dirang gore re re Matoko ke molwantshi mo terameng e. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 20 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 5.2.6 O itshetlegile ka ditiragalo tsa terama e, goreng tesetamente ya ga Moeti e e neelang Mojalefa dithata tsotlhe, e ne e sa itumedise banna ba lekgotla? (2) 5.2.7 Ke ka ntlha ya eng Lentuwane a ne a sa batle Matoko gotlhelele? (2) 5.2.8 Fa o ne o le Omphemetse, o ne o tlaa tsaya kgato efe fa o utlwa gore rraago o na le ngwana yo mongwe wa mosimane kwa ntle ga gago? (2) 5.2.9 Go ya ka ditiragalo tsa terama e, o bona maikaelelo a mokwadi e le afe mabapi le go tlhokafala ga ga Moeti? Tshegetsa karabo ka lebaka. (2) [35] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 21 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE POTSO 6: NGATANA YA LEHUMO – KM Mbonani le ba bangwe Mo karolong e, dipotso di boditswe go tswa mo dikgangkhutshweng tse di latelang: • ʹMOGATSAKA O TLA NKGOPOLA' – BM Ditlhokwe • ʹBONANG TSA BOPODIʹ – KM Mbonani Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo dikgangkhutshweng di le PEDI, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka ga dinopolo TSOTLHE, k.g.r. POTSO 6.1 le 6.2. 6.1 ʹMOGATSAKA O TLA NKGOPOLA' – BM Ditlhokwe NOPOLO K Ka a ne a itse ka nako e wa monna a neng a feta ka yona, o ne a ema fa letlhabaphefong mme a mo tlhoma matlho. Monna wa teng le ene, go kopana le a bopegile, a tswala tsa mabono, setlhako sona se kala matlho, e le serurubele sa maratagolejwa. Tshetsana ya motse o, ya simolola go tlhoka boroko. Mongwe le mongwe a 5 eletsa fa a ka bo a nyetswe ke ene, motho wa teng a iphetisa a sa fetse, a tsentse tsa go mo tshwara tsa go mmopa, a itloditse ditlolo tsa monko monate, a le mosetlhana, moriri one o taboga mo magetleng. Agisanang, motse o, o a ntshe dikgapeng, e seng jalo, o tla lelela kgama le mogogoro. Motho wa teng a ntse a itse sentle gore mmantlo o teng. A se lape a iphetise a sa fetse, e re 10 a lemoga fa wa monna a mo tlhomile matlho, a ntshe ga tshwene, a theneke a sa fetse. Letheka lone, a le latlhela kwa le kwa, o mmone a dumedisa ka monyenyo o o tseisang sedidi. Mosetsana a ikana gore fa e le gore sengwe se teng, le ka tlhaba kwa bophirima la phirima kwa botlhaba, le gore a ka se tle go ntshiwa dijo ganong 15 ke thaka tsa gagwe. A bua fa ene a tlaa mo dira legwafa la gagwe, le le tlaa mo tshubelang dipone, go mo apesa, go mo tsenyetsa dijo le go mo duelela rente. Mosadi a ikana gore fa go le thata, a ka mo tshelela mo a fetang gone, le fa mmaagwe a tla mo tswa thuso. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 22 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 6.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 6.1.1(a) go fitlha go 6.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Ditshebo A ngaka ya setso (b) Kuli B mmaagwe Mmadira (c) Motsemme C morwadia Legwadile (d) Ramokeledi D rratsalaagwe Ditshebo E mosadi wa ga Mogakwe (4 x 1) (4) 6.1.2 Monna yo go buiwang ka ena mo temaneng e, ke mang? (1) 6.1.3 Mothusi o ne a dira tiro ya mofuta ofe kwa ga Mmasepala? (1) 6.1.4 Moanelwamogolo mo kgangkhutshweng e, ke mang? Tshegetsa ka lebaka. (2) 6.1.5 Tlhalosa gore lenyalo la ga Mmadira le Tatlhego le feletse jang. (2) 6.1.6 Go ya ka ditiragalo tsa kgangkhutshwe e, mokwadi o tlhagisa rre Van Wyk a na le pelo e ntle. Tshegetsa tlhagiso e ka lebaka. (2) 6.1.7 O ithutile eng go tswa mo kgangkhutshweng e? Tshegetsa ka lebaka. (2) 6.1.8 A Mmatotlhanyo ke motsadi yo o neng o ka ya go kopa dikgakololo tse dintle tsa botshelo kwa go ena? (2) 6.1.9 Go ya ka wena, ke eng se se neng sa dira gore Mmadira a bue mafoko a, 'mogatsaka o tla nkgopola'? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 23 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 6.2 'BONANG TSA BOPODI' – KM Mbonani NOPOLO L Raserati o ne a se na sepe se a se dirang a sa rerise malomaagwe. Tota re ka re thulaganyo ya botshelo jwa gagwe o ne a e kwaletswe ke malomaagwe le mororo a ne a ise a ke a tsene ka lebati la sekolo. Kana a ke re fa o ne o tswa lebololong le mophato wa gago o ne o rutegile go lekane. Thuto go ne go tlaa bo go batliwa efe ya dibuka e tsentsha? Go utlwala gore Kgobati o ne a kile a 5 nyelela mme se Ramafoko kgosana e kgolo ya motse o neng a se itse e ne e le gore o ile go alafiwa le fa tota a ne a ise a ke a lekodisiwe ka bolwetse jwa gagwe. Go ne go le Matwetwe mongwe yo o neng a nna mo dinaong tsa dithaba tsa Botonangwe. Dithaba tse, di ne di boifiwa e bile di tlotliwa ke batho ka ba re ba ne ba tlwaetse go bona mesi mo mesong le mo thapameng e 10 kueletse go tswa mo go tsona. Tumelo e ne e le gore go nna badimo mo go tsona, mme kana botshelo jwa ngwana wa mmala wa sebilo bo ipheditse fa bo kopane le badimo. Potso ke gore Kgobati o ne a rometswe ke mang koo. A gona mogatse o ne a itse phitlhelela e. E kete dikgang tsotlhe Kgobati o ne a di feditse le mmaagwe. 15 6.2.1 Feleletsa dipolelo tse di latelang ka go tlhopha mafoko a a nepagetseng go tswa mo masakaneng. (a) Rraagwe Kgobati o ne a nyetse … (kgaitsadie/ntsalae/ mogolowe). (1) (b) Loso lwa ga Raserati lo tlhodilwe ke … (bolwetse/kotsi ya sejanaga/go jesiwa botlhole). (1) (c) Matwetwe o ne a imisitse … (Basetsanabotlhe/Kgobati/ Raserati). (1) 6.2.2 Ke bomang ba ba neng ba sala ba ntse mo setilong sa ga Kgobati fa a ne a ile ngakeng? (2) 6.2.3 Ditiragalo tsa kgangkhutshwe e, ke tsa bogologolo. Neela dintlha DI LE PEDI go tshegetsa tlhagiso e. (2) 6.2.4 Morero wa kgangkhutshwe ke ofe? (2) 6.2.5 Goreng bogosi bo ne bo tshwanetse go nna ba ngwana wa moagisani? (2) 6.2.6 Mokwadi o senola Raserati e le motho yo o ntseng jang? Tshegetsa ka lebaka. (2) 6.2.7 O ithutile eng ka ga Matwetwe? (2) 6.2.8 A leano la gore Kgobati a ye kwa go Matwetwe le tswetse malomaagwe Kgobati mosola? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 24 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential KAROLO YA D: POKO Mo karolong e, dipotso di boditswe go tswa mo mabokong a a latelang: • ʹBOSIELAʹ – LD Raditladi • 'NTWA YA 1939–1945' – LD Raditladi ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka maboko OTLHE, k.g.r. POTSO 7.1 LE 7.2. Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo mabokong a le MABEDI, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. POTSO 7: MABOKO A SETSWANA: Morulaganyi – MK Mothoagae 7.1 Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. BOSIELA – LD Raditladi 1 Bosiela ga bo phimoge sekalobadi, 2 Ga bo na motho a bo tlhapa ka mosidi, 3 A bo phimola a bo tlhapela bodibeng, 4 Go tswa maswe, jone bo salele nameng. 5 Ke ledimo le jang batho le matlhape, 6 Moselesele o sadisang le makape, 7 Go sale bolota, go sale botlhoko, 8 Go sale sebodu se tlhokang dipheko. 9 Bosiela ke pula ya kgogolamoko, 10 Ke mosetlho o sa rwalelweng le ditlhako, 11 Bo go kolobetsa bo sa go rapele, 12 Bo go tlhabe dinao, ditlhako o di rwele. 13 Bosiela ruri ke leselamotlhaka 14 Le utswang dikoko, masogo le dikgaka, 15 Bo tsena fela le fa ntlo e ageletswe, 16 Bo bo bo senya lokgapho lwa ntlo e feetswe. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 25 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 7.1.1 Buisa leboko lotlhe ka kelotlhoko, mme morago o tlhophe tlhaloso mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le ponagalo ya poko kgotsa sekapuo se se mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 7.1.1(a) go fitlha go 7.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KOLOM A KOLOM B (a) Tshwantshiso A ke bo latlha jaaka mokgatha wa kobo (b) Mothofatso B ke ledimo le jang batho le (c) Tshwantshanyo matlhape (d) Poeletsomodumo C bo go kolobetsa bo sa go rapele D go sale bolota go sale botlhoko E a bo phimola a bo tlhapela bodibeng (4 x 1) (4) 7.1.2 Neela mofuta wa leboko le le fa godimo. Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 7.1.3 Go buiwa ka ga eng mo lebokong le? (2) 7.1.4 Tlhalosa gore mmoki o ikutlwa jang mo lebokong le. (2) 7.1.5 Mmoki o kaya eng fa a re, bosiela ke pula ya kgogolamoko? (2) 7.1.6 Neela ponagalo ya poko e e tlhagelelang mo meleng ya 7 le 8. (2) 7.1.7 Nopola mola mo temaneng ya bone o o kayang gore bosiela ga bo na le fa o ka re o a itshireletsa. (2) 7.1.8 Go ya ka wena, puso e ka thusa jang lesiela le motsadi wa lona a sa direng? (2) LE Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 26 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 7.2 NTWA YA 1939–45 – LD Raditladi 1 Go kile ga tsega leruuruu maloba, 2 Leruuruu la marumo le dikanono, 3 Bana ba Yuropa ba ipetsa dihuba, 4 Komano ya bone ya utlwala le kwano; 5 Ba re, lefatshe leno ope ga a na le sema 6 Banna ba Yuropa botlhe ba a le lema. 7 Majeremane ba tswa modutla wa kgetse, 8 Ba itshema maruarua ba kometsa batho, 9 Le Maparole ba ba meletsa metse, 10 Le kwa Austria le gone ba phura batho, 11 Merafe ya etsa diphologolo sekgweng 12 Di utlwile lerumo la batsomi nageng. 13 Bana ba thebe e setsibasehibidu, 14 Sesweu, setala, se motshe wa godimo. 15 Ba ara, bana ba motlhaba o o morodu, 16 Ba duma, ba etsa tladi ya legodimo: 17 Lentswe la bona la utlwala kwa Amerika, 18 Le rona ra le utlwa re le mono Aferika. 19 Majeremane ba rutlwa kwa Dankeke, 20 Marumo a bone a atlolola lenaga, 21 A thuba matlo a mantsi le dikereke; 22 Batho ba aga mesimeng ba se dinoga, 23 Fa nonyane tsa baba di kala marung, 24 Di latlha mae a tsone bogorogorong. 25 Kwa Fora Mafora ba relela, ba wa, 26 Rona Maaferika mme ra ema matseba, 27 Kgodumo tsa leselesele go lowa. 28 Morafe wa kgophana wa motlhaba, 29 Ra ema fela, sesweu senyelesemane, 30 Ra ema sesole, bana ba basimane. 7.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Ponagalo ya poko e e tlhagelelang mo moleng wa 1 ke … A tlogelo. B poeletsomafoko. C neeletsano. D poeletsomodumo. (1) 7.2.2 Ke dinaga dife TSE PEDI tse di neng di lwa go tswa mo lebokong le? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 27 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC Confidential 7.2.3 Nopola mola go tswa mo temaneng ya 1 o o bontshang gore ntwa e ne e utlwala lefatshe lotlhe. (2) 7.2.4 Neela sekapuo se se tlhagelelang mo moleng wa 18. (2) 7.2.5 Neela morumo o o tlhagelelang mo temaneng ya 2 mo lebokong le. (2) 7.2.6 Mmoki o kaya eng ka mola wa 20? (2) 7.2.7 Neela ponagalo ya poko e e tlhagelelang mo meleng ya 29 le 30. (2) 7.2.8 Go ya ka wena, ke eng se mafatshe a ka se dirang go efoga dintwa magareng ga ona? (2) 7.2.9 Go ya ka leboko le, o ka re ditlamorago tsa ntwa ke dife? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA D: 35 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Published documents with matching subject and grade metadata.

Matched using subject, grade, language, document type and exam metadata.

More from Grade 12 Setswana Fal

Explore more published documents in this catalogue.

View all