You're offline
Skip to content
Question paper

Setswana FAL P2 Nov 2022 hlayiso.com

Subject: Setswana FalGrade 12202224 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA BOBEDI (P2) NGWANAITSEELE 2022 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2½ Pampiri e, e na le ditsebe di le 24. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 2 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC DITAELO 1. Buisa ditaelo ka kelotlhoko pele o ka simolola go araba dipotso. 2. O se ka wa leka go buisa pampiri yotlhe. Lebelela lenaane la diteng mo tsebeng e e latelang, mme o tshwae dipotso go tswa mo dikwalong tse o di buisitseng monongwaga. Morago ga moo tlhopha dipotso tse o batlang go di araba. 3. Pampiri e, e na le DIKAROLO di le NNE: KAROLO YA A: Padi (35) KAROLO YA B: Terama (35) KAROLO YA C: Dikgangkhutshwe (35) KAROLO YA D: Poko (35) 4. Araba DIPOTSO DI LE PEDI fela, potso e le NNGWE go tswa mo dikarolong TSE PEDI tse di farologaneng: KAROLO YA A: PADI Araba potso e le NNGWE go tswa mo pading e o e buisitseng. KAROLO YA B: TERAMA Araba potso e le NNGWE go tswa mo terameng e o e buisitseng. KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo dikhutshweng tse di boditsweng. KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo mabokong a a boditsweng. 5. Dirisa lenaanenetefatso go go thusa. 6. Latela ditaelo go tswa kwa tshimologong ya karolo nngwe le nngwe ka kelotlhoko. 7. Kwala palo ya dikarabo jaaka di tlhagelela mo pampiring ya dipotso. 8. Simolola karolo NNGWE LE NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 9. Tiriso ya nako e e tshitshinngwang: Dirisa metsotso e ka nna 75 mo karolong nngwe le nngwe. 10. Kwala ka mokwalo o o phepa o o bonalang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 3 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC LENANEO LA DITENG Tsebe e, e tla letla batlhatlhojwa go tlhopha dipotso tse ba batlang go di araba kwa ntle ga go buisa pampiri yotlhe. KAROLO YA A: PADI Araba potso go tswa mo pading e le NNGWE e o e buisitseng. POTSO MADUO TSEBE 1. Morabaraba 35 5 2. Bogosi Kupe 35 8 3. Bodibeng jwa matlhomola 35 11 KAROLO YA B: TERAMA Araba potso go tswa mo terameng e le NNGWE e o e buisitseng. 4. Molatswana wa gaetsho 35 13 5. O laetse jalo 35 16 KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo dikgangkhutshweng. 6.1 'Moepalemena o a bo a le ikepela' 18 19 6.2 'Ke tla thuswa ke mang' 17 20 KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo mabokong. 7.1 'Mahuma-pelo a ga phokojwe' 17 22 7.2 'Bosigo bo tsene' 18 23 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 4 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC LENANENETEFATSO Lebelela lenaanenetefatso le le latelang go bona gore a o arabile palo e e batlilweng ya dipotso: KAROLO NOMORO YA PALO YA TSHWAYA POTSO DIPOTSO TSE DI POTSO E O E ARABIWANG ARABILENG A: PADI (Dipotso tse 1–3 1 dikhutshwane) KGOTSA B: TERAMA (Dipotso tse 4–5 1 dikhutshwane) KGOTSA C: DIKGANGKHUTSHWE (Dipotso tse 6 (6.1 + 6.2) 2 dikhutshwane) KGOTSA D: POKO (Dipotso tse 7 (7.1 + 7.2) 2 dikhutshwane) ELA TLHOKO: Netefatsa gore o arabile dipotso go tswa mo dikarolong di le PEDI fela. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 5 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC KAROLO YA A: PADI Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. POTSO 1: MORABARABA – SJ Lebethe Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 1.1 NOPOLO A Kwa sekolong Ntshimane o ne a sa tlhophe gore o bua le mang. O ne o ka mmona a na le tshetsana, a ntse a ba tshegisa. O ne a sa fapaane le ope. O ne a itsamaela le motho mongwe le mongwe, a thusa motho mongwe le mongwe yo o mo kopang thuso, fa fela a na le gona go ka mo thusa. Nako nngwe botho jwa motho bo a mo thusa, nako nngwe bo mmopela 5 difetlhamesela di gana go fela. O ne a tsena le Mmakgosi. Go ne go na le batho ba se kae ba ba neng ba itse gore Mmakgosi o ne a kile a batla mosimane wa rona thata, mme a fitlhela Morwesi a mo rekile. Batho ba bantsi ba ne ba sa itse sepesepe ka kgang e. Moragonyana ga bonala jaaka e kete Mmakgosi o ne a sa ineela. 10 Ditiro tsa gagwe di ne e kete di re: 'Fa ke sa mmone, ga re mmone boobabedi.' Mo setlhopheng se se fa tlase ga bona go ne go le naletsana ya mosetsana. E rile fa a tsena mo sekolong, batswapelo ba re mogopo ke wa me, ngwana a supa letsatsi, a re nnayang nako tlhe, ga ke lo itse. 15 Morwalela o se na go feta, Ntshimane o ya a buabua le ena. O ile jaana fa morwalela o se na go gatega gonne o ne a sa ikaelela sepe. 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Mokwadi o kaya eng fa a re 'ngwana a supa letsatsi'? A A ikana B A bontsha C A reta D A ngala (1) 1.1.2 Nopolo e e fa godimo e senola Mmakgosi jaaka motho yo o ntseng jang? Tshegetsa ka dintlha DI LE PEDI. (4) 1.1.3 Batswadipelo ba go buiwang ka bona mo nopolong, ba ne ba batla eng mo go Mmule? (2) 1.1.4 Ke basetsana bafe ba babedi ba ba neng ba imisiwa ke Mpute? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 6 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 1.1.5 Ke ditlamorago dife tse di bakilweng ke go etela ga Morwesi kwa ga mmangwanaagwe? (2) 1.1.6 Tlhalosa lebaka le le neng le dira gore Morwesi a kope Mpute go mmusetsa kwa gae ka bonako fa ba ne ba le kwa hoteleng. (2) 1.1.7 Go ya ka wena, a Ntshimane o ne a rata naletsana e go buiwang ka yona? (2) 1.1.8 Fa o lebile, a Mmakgosi ke mofenyi wa morabaraba? Tshegetsa ka lebaka. (2) LE 1.2 NOPOLO B Go mo tlhomogela pelo go mo senyetsa maikaelelo go se kae. A elelelwa, mme a ikana gore o tla dira gore go se nne le puo e e rotobetseng. Ka dinako dingwe o ne a ikotlhaela go ikana fa ga gagwe. O ne a bona e le tatlhegelo. A bona go sa mo thuse sepe, e bile go mo leretse pelobotlhoko fela. Selo se segolo e ne e le pelo ya gagwe. 5 Semelo sa gagwe se ne se ka mo ganetsa go ganelela mo go direng ipusolosetso fa lebaka le dumela, mme pelo ya gagwe e ne e sa kgone go ineela gore e tla nna fa Mpute a mo fentse. Ka ntlha e nngwe le ona maikutlo a gagwe a ne a tshwere ya ona pina. Go ne go le thata mo go ena fa a gopola gore o tshwana fela jaaka morara o a itseng fa o le tswine gonne a setse a 10 kile a atamela go o baya mo lolemeng, mme jaanong setlhare se godile, ga a fitlhelele. A kgotsa setlhare se ne se godile? Gongwe e ne e se nako ya go bona maungo fela. Ka letsatsi lengwe lokwalo lwa ga Bontle lwa tla lo ikaeletse: 'Ke itse sentle gore ga se nna ke le nosi ke tshwereng kgaka ka diphofa tsa 15 mogatla. Se le wena o a se itse. Mpute o ntshupeditse gore ke ena mang, mme le nna ke tshwanetse go mmontsha. Ga gona ntlo e e jang e nngwe.' 1.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Mpute le Peter ba kopane lwa ntlha kwa … A Ga-Rankuwa. B Lakasanta. C Sibasa. D Fafung. (1) 1.2.2 Morwesi le Mpute ba ne ba laleditswe kwa moletlong ofe kwa Ga-Rankuwa? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 7 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 1.2.3 BoNtshimane ba tsamaile ka eng go ya dikgaisanong tsa mmino? (1) 1.2.4 Tlhalosa gore batsadi ba ga Morwesi le Ntshimane ba dirile eng go thusa go tsweletsa lerato la bana ba bona pele. (4) 1.2.5 Mpute le Morwesi ba ne ba amana jang? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.2.6 A o rata kgolagano ya ga Mpute le Morwesi? (2) 1.2.7 Ntshimane o ne a tlhagisa kakanyo efe mo lekwalong le a neng a le kwaletse Mpute fa ba ne ba rulagantse loeto? (2) 1.2.8 Bontle o ne a ikutlwa jang fa a ne a bua le Ntshimane morago ga gore Mpute le Morwesi ba ye Ga-Rankuwa? (2) 1.2.9 Go ima ga Morwesi go amile Ntshimane jang? (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 8 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC POTSO 2: BOGOSI KUPE – DPS Monyaise Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 2.1 NOPOLO C Yo mogolo a gogela monnawe kwa thoko go mo eletsa gore a simege kolobe ka botlhale, e se re gono ka maphasusu, makgobedi a sala nae. A mo loma tsebe gore e rile a tsholetsa molamu go kolopa ntša a bona monna a ntsha sengwe mo kgetseng, o tlhomamisa gore ke sone se digileng thobane mo go ene. Yo mmotlana a betwa ke pelo go utlwa a rialo; a ikana gore fa ba 5 fetsa go katela khuti o tla ikadima monna go mo rutela ba bantsi. A boa a šakgetse mo go maswe. Thata ya gagwe le bogale jwa gagwe di mo sunya mo diphatseng tse di boifisang tau. O ne a setse a kile a leka go latela batho ba thopile kgomo tsa ga rraagwe, ba mo thiba ka bothata. Mo go ene e le matla-ka-maleo, e le motsing a segetswe mo lefureng, fa a ka utlwa gotwe ga 10 go tsenwe. Motlhoiwa a roba logong, a epa ka lone. Fa a epile mmu o le montsinyana, a tabola ka diatla go tshela mo khuthing. Motshegare, ka mampa a podi a utlwa gore la gagwe ga se lwa diatla. Mabogo a setse a sule bogatsu. A itoma sankatlhe go ba lomeletsa monate wa go mo tshwara ka diatla. 15 2.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Obakeng o bolaile … fa a ne a le kwa legageng. A tau B phage C phokojwe D lebolobolo (1) 2.1.2 Naya maina a batho ba le babedi ba ba tsereng dikgomo tsa ga Tukisang mo go bomorwae. (2) 2.1.3 Barongwa ba ntlha ba tsamaile malatsi a le makae kwa morakeng wa ga Tukisang pele go romelwa ba bobedi? (1) 2.1.4 Rre Serekolo o ne a eletsa kgosi go ntsha barongwa leng, go ya go tlhola kwa ba ntlha ba feletseng teng? (1) 2.1.5 Ke eng se se neng se dira gore bana ba ga Tukisang ba batle go bolaya Motlhoiwa? (2) 2.1.6 Ke ka ntlha ya eng Tukisang a ne a atlholwa kgomo? (2) 2.1.7 Tukisang o ne a ikaeletse go dira eng morago ga go timetsa barongwa ba bobedi ba kgosi? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 9 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 2.1.8 Naya sebopego sa ga Sajene Botipe ka dintlha DI LE PEDI. (2) 2.1.9 Go ya ka wena a modisa wa dikgomo tsa mmuso o ne a tshwanetse go bonwa molato ka dikgomo tse di timetseng? (2) 2.1.10 Naya mefuta E LE MEBEDI ya morero go tswa mo pading. (2) LE 2.2 NOPOLO D Ga feta lobaka lo loleele Sajene Botipe a itisitse nabo. Ka maitiso a magolo ba mo felegetsa go boela mošate kwa o neng a ya go latsa gone go fitlhela motshegare wa maitsiboa a ka moso, Tsatsi la tsalo ya Morena. Ba tsamaya le ene ka moratho wa dikgomo, fa a se na go goroga kwa mošate ba boa ka motshelakgabo wa dinao. Mo gare ga one mmȇ mmaObakeng a ema a leba 5 rre Modimoeng, pelo e tletse. Morago ga lobaka lo loleele ba eme, a re, 'Fa o sena go nkatla re ka tsamaya; e ne e le tshwanelo gore ke kgaogane le Oshupile fa re simolotseng teng, ke be ke simolole le wena fa ke kgaoganeng nae gone. Ke rapela Modimo gore o nkabele botlhale jwa go go itumedisa.' Modumo wa mošate le motse o mmotlana, wa tsatsi la ka moso, o ne o 10 simolola. Mmȇ mmaObakeng a tlalelana, a itse gore fa ba sa batle go lala a sa robala o tshwanetse go tlosa mogopolo wa gagwe mo mafokong a a gaufi le pelo. A tseela rre Modimoeng kgang ka Tsatsi la Tsalo mo Phiritona, le mokgwa o go mo tshotseng sebaka ka one go tlwaela. Mogopolo wa ga rre Modimoeng o le kgakala; le fa mmȇ mmaObakeng a bua nae ka tsa botshelo 15 jwa Phiritona a reeditse ka matlho. 2.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Go ne go diragetse eng ka dikgomo tsa puso kwa kampeng? A Di tshabile B Di bolailwe C Di sule D Di utswitswe (1) 2.2.2 Matlhodi o ne a tswa kwa motseng ofe fa a tla nyalwa kwa Phiritona? (1) 2.2.3 Ke ka ntlha ya eng batho ba Phiritona ba ne ba tlhoile Matlhodi? (2) 2.2.4 Modimoeng o ne a kopa Kgosi gore a leke leng lwa ntlha go dirisa mokoro wa mošate? (2) 2.2.5 Obakeng le Tukisang ba tsalana jang? (2) 2.2.6 Tlhalosa gore Oshupile o dirile eng gore a tle a lemoge fa Matlhodi a imile. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 10 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 2.2.7 Kgosi e ne ya leboga Obakeng ka eng mabapi le dikgomo tsa mmuso tse di kileng tsa timela? (2) 2.2.8 A o dumalana le ntlha ya gore Serokolo o ne a tlhoile Motlhoiwa? (2) 2.2.9 Tlhalosa gore rre Serokolo o feletse kae mo pading. (2) 2.2.10 A bokhutlo jwa padi e nnile jo bo itumedisang? Tshegetsa ka lebaka. (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 11 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC POTSO 3: BODIBENG JWA MATLHOMOLA – DS Matjila Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 3.1 NOPOLO E Ba ya mo kgorong ya ntlha go kwadisa merwalo ya bona. Merwalo ya tsewa ya bewa mo sekaleng. Mothusi a kgomaretsa dipampiri tse di kwadilweng maina a Letlamoreng mo merwalong ya bona, mme tsa bewa mo lebanteng le le di isang kwa sefofaneng. Fa ba tswa mo merwalong ba ya kwa kgorong e go palangwang kwa go yona. Letlamoreng a ntsha ditekete ba di tlhatlhoba. 5 Ba ntsha tsebe e le nngwe mo teketeng nngwe le nngwe, mme morago ba mo neela tsona gape. Ka lesego Letlamoreng le balelapa ba kgona go feta sentle. Dimpho a wela matswalo fa a bona ba laela Gabasiane ka go mo emisetsa diatla. E rile go ise go fete sebaka, mongwe a goeletsa gore bapalami ba sefofane se se yang Lontone ba ka simolola go palama. Ba 10 tsena mo sefofaneng ba tsaya manno a bona go ya ka mo ba a abetsweng ka teng. Sefofane sa bona se ne se ya go feta kwa Mmunitŝhi kwa Jeremane pele se fetela Engelane. Gabasiane o ba tlhaloseditse gore Mmunitŝhi ke lefelo le le siameng le ba ka simololang kwa go lona. Fa kwa Engelane ba ka gana go le amogela, le tla busediwa morago kwa lefelong la ntlha le le 15 gorogetseng kwa go lona. Fa le busediwa kwa Mmunitŝhi, Jeremane ga e kitla e okaoka go le amogela jaaka batshabi. 3.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Batho ba ne ba swa kwa Thamaga mo kotsing ya dijanaga di le … (1) A tlhano. B pedi. C supa. D tharo. 3.1.2 Ke bomang ba ba ikwadisang go ya ka temana? (2) 3.1.3 Batho ba o ba umakileng mo go POTSO 3.1.2 ba mo lefelong lefe? (2) 3.1.4 Tiragalo ya kwa Tintis e ne e gopotsa Dimpho le Maipelo eng? (2) 3.1.5 Goreng Mogomotsi Raletsholo a ne a ile kwa ga Letlamoreng? (2) 3.1.6 Letlamoreng fa a le kwa Mochudi o itsitse jang gore Tsitsi le bana ba mo tseleng ya go mo latela? (2) 3.1.7 Go ya ka wena a go siame gore Odirile a thunye lepodisi le le neng le mo disitse fa a ne a le kwa bookelong? (2) 3.1.8 A go siame gore Odirile a bolokiwe kwa ntle ga tumalano ya batsadi ba gagwe? Tshegetsa ka lebaka. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 12 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 3.1.9 Ke eng se se neng se dira gore Dimpho a batle tiro ya nakwana fa a ne a tsena kwa Yunibesithi? (2) LE 3.2 NOPOLO F Sejanaga se ne se setse se fitlhile mo mabenkeleng. Dimpho a itumela ka gonne mabenkele a ne a se kgakala jaaka a ne a akanya. O ne a apere sekhethe le hempe le ditlhako tse a di rekileng kwa Maseru. E ne e le diaparo tse dintle, a sa farologane le maesemane a a sa tsolang dikhete tse dikhutshwane. Botshelo jwa kwa dikampeng tsa Lesotho bo mo tlwaeditse go 5 rwala tuku. Kwa tshimologong o ne a sa e rate, mme fa nako e ntse e tsamaya a simolola go e tlwaela. Fa ba le kwa dikampeng go apara tuku go ne go dira gore a ikutlwe o bolokesegile. Masole le banna kwa magaeng a Lesotho ba tlotla mosadi yo o itlotlang, yo o rwalang mo tlhogong. Fa o apere tuku le kobo mo magetleng, batho ga ba go dilole kgotsa ba go bua maswe o 10 ntse o ba utlwa. Mo Lontone ke semenogane. Ga gona motho yo o neng a lebile mosetsana wa sekhethe se sekhutshwane le mosimane wa difakafaka fa ba atlana fa pele ga batho. Fela fa a ka bo a apere tuku ya gagwe o ne a tlile go fetoga baesekopo ya Maesemane. Lebenkele le Motshweneng a ba tlisitseng mo go lona le ne le le lennye. 15 3.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Go ya ka mapodisi Odirile o sule ka ntlha ya … A kankere. B sukiri. C nyumonia. D lehuba. (1) 3.2.2 Sejanaga se go buiwang ka sona mo nopolong F, se ne se pegile bomang? (2) 3.2.3 Lefelo la batshabi le Letlamoreng le ba lelapa la gagwe ba gorogetseng kwa go lona le bidiwang? (1) 3.2.4 Ke eng se se makaditseng Dimpho ka matlo a kwa Lontone? (2) 3.2.5 Gabasiane o ne a begela Letlamoreng ka ga eng fa a ne a mo founetse? (2) 3.2.6 Tlhalosa tshobotsi ya ga Odirile ka dintlha DI LE PEDI. (4) 3.2.7 Letlamoreng o botlhokwa jang mo pading? (2) 3.2.8 Go tlile jang gore Dimpho le Mothonyana ba kopane lwa ntlha? (2) 3.2.9 Fa o lebile ke eng se se dirileng gore go tlhamiwe mokgatlho wa DiGerrilla? (2) [35] PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 13 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC KAROLO YA B: TERAMA Araba potso e le NNGWE mo karolong e. MOLATSWANA WA GAETSHO – DMG Sekeleko POTSO 4: 'BA TLA NKITSE' – ES Lekalakala Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 4.1 NOPOLO G (Go maitsiboa kwa motseng, go tlhaga sejanaga, se a ema) BOIPELO: (Ka go makala) Ke mang yo o tlang a kgweeditse ka tshoganyetso jaana? Nta ke tlhole ka letlhabaphefo. (Ka go tshoga) Lepodisi! Le batla eng fa? TAU: (O a kokota) A go na le motho gona fa? 5 BOIPELO: (O bua ka mo ntlong) Ke a tla! (O bula lebati) TAU: Dumela mohumagatsana. Ke tshepa ke sa timela. Ke batla fa ga rre Ramarumo. BOIPELO: Dumela rra. Ee, ga o a timela. 10 TAU: A nka tsena mma? BOIPELO: Tsena rra … TAU: (O mo tsena mo ganong) Tau. BIOPELO: Le fa Ramarumo a se fa gae, o fetsa go tswa a re o ya Tshwane ka mabaka a tiro. 15 TAU: Ke tlile mabapi le ena Ramarumo. (O bua ka pelo e e botlhoko) Mma, ke Sajene Tau wa matseka a Hammanskraal. Ke tla jaana ka dikgang tse di bosula e le tota. Rre Ramarumo o bone kotsi ya sejanaga kwa Klipdrift. Tota o gobetse mo go sa jeseng diwelang. O setse a rometswe kwa kokelong. 20 BOIPELO: (Ka bonako, le ka letshogo) O a re go diragetse eng gore a bone kotsi? TAU: Go bonagala fa a ne a nole mo a neng a se na taolo e e tletseng ya koloi. Mapodisi a tla batlisisa ka se se tlhodileng kotsi eo. 25 BOIPELO: (Ka go lela) Nka ya jang go mmona? Ga ke na yo o ka kgonang go nkisa teng. 4.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Monna wa Boipelo ke … A Ramarumo. B Ranko. C Mathule. D Motswedi. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 14 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 4.1.2 Monna wa Boipelo o tlhokofaletse kwa kae? (1) 4.1.3 Naya dilo DI LE PEDI tse Boipelo a neng a tshwanetse go di fiwa go ya ka kabo ya boswa ya ga Ramarumo. (2) 4.1.4 Ke tlotlo efe e Ramarumo a neng a e batla mo go Boipelo morago ga loso lwa gagwe? (2) 4.1.5 Batsadi ba ga Boipelo ba ne ba utlwisitswe ke eng botlhoko morago ga loso lwa monna wa ga Boipelo? (2) 4.1.6 Ramarumo o abetse bana ba difofu eng? (1) 4.1.7 Ka dintlha DI LE PEDI tlhalosa gore maitsholo a ga Boipelo a mo tlhagisa e le motho yo o ntseng jang mo khutshweng e? Tshegetsa ka lebaka. (4) 4.1.8 Boipelo o ne a raya jang fa a re 'Ba tla nkitse'? (2) 4.1.9 Fa o lebile a Motswedi o ne a rata Boipelo? (2) LE 4.2 NOPOLO H (Go motshegare, go ema sejanaga kwa ntle, Boipelo o gakgametse gore e ka be e le mang) BOIPELO: Go na le koloi e e emeng fa ga me Motswedi. Nta ke tlhole. (Tidimalo! Ka go tshoga) 5 Ke batsadi ba me, tlosa dinao tseo o be o iphitlhe Motswedi. Tsena kwa phaposing ya me. Dira ka bonako! (Go kokota mongwe) Tsena! RANKO: (Ba tsena ka lebati) Dumela Boipelo ngwanaka. 10 BOIPELO: Dumela ntate, dumela mme. Lo tsoga jang? RANKO/MOKGADI: Re tsogile Boipelo. Re botsa wena matsogo. BOIPELO: Ke sa tshedile sentle. Hei ke itumetse go lo bona, tsenang tlhe. (Ba a tsena, mme ba nna mo ditulong) 15 RANKO: (Ka go gatelela) Boipelo ngwanaka, nna le mmaago re tlile mo go wena go go tlhaba podi matseba ka maitsholo a mosadi a tshwana le wena jaana. Se re tla se buang ngwanaka, re setse re se buile. Re utlwa botlhoko thata go utlwa dikgang di fofa le mowa jaana gore o setse o 20 nwa e bile o iponetse segatamarukgwana se se tlholang fa le wena. BOIPELO: (Ka go tshwenyega) Molato e le eng rra? RANKO: Ngwanaka, leka go tlotla moswi Ramarumo. Ga a na lobaka a tlhokafetse. Bona jaaka o ntse jaanong. O setse 25 o apotse bontsho. Go reng ngwanaka? BOIPELO: (O tshwenyegile) Ga ke bone mosola rra. Nna ke mošwa, nako ya go lela e fetile. Ramarumo o tlhokafetse. Ke tla mo lelela go fitlha kae? Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 15 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 4.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Mmueledi wa ga Ramarumo ke … A Ranko. B Mokgadi. C Tau. D Mathule. (1) 4.2.2 Boipelo o ne a batla bokae go tswa go mmueledi wa ga Ramarumo? (1) 4.2.3 Boipelo o ne a batla go dira eng ka madi a o a neetseng fa go POTSO 4.2.2? (2) 4.2.4 Ke ka ntlha ya eng Mathulwe le Tau ba ne ba na le dipelaelo morago ga loso lwa ga Ramarumo? (2) 4.2.5 Moratwe o itsitse jang gore Motswedi le Boipelo ba itse sengwe ka loso lwa ga Ramarumo? (2) 4.2.6 Katlholo ya ga Motswedi le Boipelo e nnile efe fa ba ne ba le kwa kgolegelong? (2) 4.2.7 Maitsholo a ga Boipelo a amile botshelo jwa ga mmaagwe jang? (2) 4.2.8 Boipelo ga a kgona go ya losong lwa ga mmaagwe. A se ke ntlha kgotsa kakanyo? Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.2.9 A o dumalana le ntlha e e reng bojalwa bo lebatsa mathata jaaka re bone Boipelo a dira fa morago ga loso lwa monna wa gagwe? (2) 4.2.10 Molaetsa wa mokwadi ke ofe mo khutshweng e? (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 16 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC POTSO 5: O LAETSE JALO – KS Naledi Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 5.1 NOPOLO I MOETI: Rre Pholo, e re ke itlhaganele. Wena Lentuwane fa ke boa, re tlile go apara kobo e le nngwe. Wena Keleepile, taboga o ba reye ba itshiamise, ke sa ile go batla senamelwa, ke etla gona jaanong jaana. PHOLO: Kgang ya lona Lentuwane, e kete e tla nna kgaruuruu. 5 Tota e tshwanetse e ka bo e le khupamarama. Mma, lo tla re itshwarela, tota re ne re sa itse fa go tla nna jaana. Rona gantsi re itse dintwa e le tsa malapa ao a senang le e seng lesea le le ka reng 'nnyee!'. MOETI: Mmanontsheng kgaitsadiamotho, re tla boa re kopana. 10 Ga go se ke ka se dirang gona jaanong. Ke tla tla kwa go lona ka Laboraro. Salang sentle. (O a tswa) LENTUWANE: A lo di utlwile bagaetsho, di tlhamaletse. MMANONTSHENG: Nnyaya, go siame re di utlwile. Fa bothata bo gola, o 15 romele mongwe kwa go rona. Salang le Modimo. O ipee mo dithapelong. PHOLO: Ke kopa gore o itshoke, o nne bonolo jaaka kwana, o tla timoga bogale. O ithute go baya nkwe botsetse. Ga ke re o a utlwa mma? 20 LENTUWANE: Go siame, ke a leboga. Lo tsamaeng ka kagiso. PHOLO: Sala sentle mmaarona. 5.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Moeti o ne a le kwa bookelong jwa … A Lenatong. B Sikwane. C Boshoek. D Derdepoort. (1) 5.1.2 Ke mang yo o neng a tla go bitsa Moeti? (1) 5.1.3 Ke ka ntlha ya eng Moeti a raya Lentuwane a re o tlile go apara kobo e le nngwe le ena? (2) 5.1.4 Goreng Moeti a ne a tswa mo lelapeng la gagwe a itlhaganetse? (2) 5.1.5 Ke kgang efe e Pholo a buang ka yona? (2) 5.1.6 Mmanontsheng le Pholo ba ne ba ile go dira eng kwa ga Moeti le Lentuwane? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 17 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 5.1.7 Tlhalosa gore Lentuwane o itsitse jang gore Moeti o tlhokafetse? (2) 5.1.8 Go tlile jang gore go nne le kopano ya lesika la ga Moeti le Matoko fa Moeti a sena go tlhokafala? (2) 5.1.9 A o dumela gore Moeti o ne a le matlhomantsi. Tshegetsa ka lebaka. (2) 5.1.10 A go siame gore mo botshelong batho ba dire testamente jaaka Moeti a ne a e dirile? (2) LE 5.2 NOPOLO J KELEEPILE: Bagaetsho ba Lenatong, kgang re e utlwile. Bothata jo bogolo ke 'foko la moswi, legale re tla utlwa ka setlogolo Mojalefa gore ene o di bona jang. RAMPITIKWANE: O a itse, tota nna ke nyatsa sengwe. Ke eng fa re seka le ngwana mmaagwe a ithibile ditsebe? 5 RAMATLOTLENG: Rampitikwane, o ntseetse mafoko. A dipotso di lebe mmaagwe mosimane yo. Ga re batle go kgarakgatshwa ke tshegaingate. Mme Matoko, mafoko ke ao. A re utlwe gore wena o di bona jang? MATOKO: Borra le bomma, la me lefoko ke le lekhutshwane. Ga ke 10 na lefoko le le tiileng, segolo jang ka ke se wa lenyalo. Nna tsotlhe ke di tlogela mo kutlwanong ya lona le Mojalefa. Rre Moeti ga a ntaela, o laetse fela Mojalefa ka 'foko le le bogale. 'O dire jaaka ke go laetse!' MOJALEFA: (A ema ka bonako) Batsadi botlhe ba me, ke utlwile 15 mafoko otlhe. Ke utlwile ka moo lekgotla le batlang go dira ka teng. Ga ke ganetse seo, fela nna ke tlile go dirisa 'foko la ga rre. Ke tshotse sesupo se se tlatsang molaetsa wa modisa. Ke tlile go dira jaaka lokwalo lo, lo supa. Ga go phetogo 20 epe e e tla diragalang e sa kwadiwa mo. (O supa mo lekwalong) PHOLO: Hei! Wena mosimane ke wena! A o dumela go re buisetsa ditlontlokwane tseo tsa gago? MOJALEFA: Go ntse jalo, fela fa e le gore go kgatlha lekgotla le. 25 5.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Moeti o tlogeletse Mojalefa … ya madi a gagwe. A 53% B 05% C 15% D 35% (1) 5.2.2 Ke kgang efe e go buiwang ka yona go ya ka temana e? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 18 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 5.2.3 Ke eng se Moeti a kopileng gore fa a ka ya sepetlele se se ka sa diragala? (2) 5.2.4 Joyce ke mang go tswa mo terameng? (2) 5.2.5 Mojalefa le mmaagwe ba ne ba dira eng go rarabolola bothata bo ba neng ba lebagane le bona? (2) 5.2.6 Ke eng se kgosi le morafe ba neng ba dumela mo go sona ka loso lwa ga Moeti? (2) 5.2.7 Goreng Matoko le Mojalefa ba ne ba adimile koloi ya ga Sebokwane? (2) 5.2.8 Tlhalosa lebaka le le dirileng gore Matoko le Mojalefa ba ye kwa Mathobodukwane. (2) 5.2.9 Go ya ka wena ke eng se o se lemogileng ka botshelo jwa ga Moeti? (2) [35] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 19 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE mo karolong e. POTSO 6: NGATANA YA LEHUMO – KM Mbonani le ba bangwe Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 6.1 'MOEPA LEMENA O A BO A LE IKEPELA' – BM Ditlhokwe NOPOLO K A utlwa mafatlha a gagwe a kukumologa ka ntlha ya kutlobotlhoko, dikeledi tse di fisang tsa elela, tsa ba tsa kopanela ka fa tlase ga seledu. A gopola nako eo botshelo jwa bona bo neng bo le monate o o fetang wa tswina ya dinotshe, nako eo o neng a dula ka boitumelo le madinyana a gagwe. A utlwa e kete o utlwa monko o monate wa ditlolo tsa gagwe, a gopola molongwana o 5 o o boruma wa gagwe, moriri o o boleta o a neng a rata go tshameka ka ona, motho wa letlalo le le borethe. A ithaya a re o tsewa ke madiopo, e le go sisa ga pelo, a ikgomotsa ka gore 'tsatsi lengwe Modimo o tla mo fa matshediso, o tla mo fa se a se tlhokang, se go ganang se go rola morwalo. A ipotsa gore a mme go senyegelwa ke tiro ke gone go mo tlholetseng bohutsana jo bo 10 kanakana. Gore gompieno a bo a mmona fa e le sekopa ka go sa bone tiro. Ka a ne a itse kwa di neng di a tsaya gone, a ikgomotsa ka gore se sa feleng se a bo se tlhola. Ke a bona wa moeka o ne a tswa letsholo nakong e a neng a sa le kwa dikepong, go bona kwa matsapa di a tsayang gona. 6.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Leina la ga mmaagwe Kerileng ke … A Mmalenoko. B Mmalemena. C Mmakedirileng. D Mmatshepo. (1) 6.1.2 Go diragetse eng ka bana ba ga Groenewalt? (1) 6.1.3 Ke eng se se neng se sa itumedise rratsalaagwe Ketlafenya? (2) 6.1.4 Botshelo bo simolotse go ketefalela Groenewalt leng? (2) 6.1.5 Go direla Groenewalt ga Ketlafenya go mo tswetse mosola jang? (2) 6.1.6 Ke eng se se neng se hutsafatsa Ketlafenya mo lenyalong la gagwe? (2) 6.1.7 Tlhalosa semelo sa ga Thusano ka dintlha DI LE PEDI. Tshegetsa ka lebaka. (4) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 20 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 6.1.8 Go ya ka wena, a mmaagwe Kerileng o ne a ratela ngwana wa gagwe botshelo jo bo siameng? (2) 6.1.9 Naya morero wa kgangkhutswe e. (2) LE 6.2 'KE TLA THUSWA KE MANG' – PJ Mathibe NOPOLO L Ba lekile go mo tshwara, mme ka ntlha ya fa a ne a sa itlhaloganye, le gore maikutlo a gagwe a ne a tlhakatlhakane, o ne a siela mo lefifing gonne fa ba neng ba agile gona, go ne go se dipone dipe. Go ne go le jalo ka batsadi ba ne ba ipeile mo karolwaneng ya mmu e e neng e se na ditshwanelo tsa kago. Ka go rialo, go ne go se motlakase, metsi a a phephafaditsweng; a a 5 itshekileng go se ditsela le mebila e e tlwaelegileng e bile go se na dintlwana tsa go ithusetsa. Go ne go tshwana le fa nageng e e setlhafetseng. Go kgona go bona le go tshwara mosimane, go ne go le makete thata. O jelwe ke lefifi. Ga go ope yo o ka tlhalosang se se neng se diragala mo maikutlong a ga Phale, mme go tshwanetse go tlhaloganyege gore kana go ne go le dilo di le 10 dintsi, tse di utlwisang botlhoko tse di diragetseng mo go ene ka nako e khutshwane. Seno se re fitlhisa fa goreng go ka amogelesega fa a ne a ka ja ditlhare ka meno? Phale o tabogile fela jalo mo bosigong, le kwa a lebileng teng, a sa go itse e bile a sa go bone. O bonwe fa letsatsi le ntsha nko a itshuntse ka fa morago 15 ga motlaagana mongwe kwa motsaneng o o tshwanang le wa gaabo, o o kgakala thata le kwa gae. 6.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Phale o ne a na le dingwaga di le … fa a latlhegelwa ke batsadi. A lesomenngwe B lesomepedi C lesometharo D lesomenne (1) 6.2.2 Go diragetse eng ka motlaagana wa kwa ga boPhale? (2) 6.2.3 Batho ba ne ba bolaiwa ka tsela e e ntseng jang ka nako ya dipolotiki? (2) 6.2.4 Go tlhokafala ga ga nkokoage Phale go amile boitekanelo jwa gagwe jang? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 21 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 6.2.5 Ke eng se bana ba Soweto ba neng ba le kgatlhanong le sona ka nako ya dikhuduego? (2) 6.2.6 Tlhalosa seabe se se tserweng ke mafapha a mabedi a puso mo botshelong jwa ga Phale morago ga loso la batsadi ba gagwe. (4) 6.2.7 Fa o lebile, ke eng se mmuso o ka se dirang ka batho ba ba bolayang ba bangwe setlhogo jaaka go ne go diragala mo khutsweng e? (2) 6.2.8 Go ya ka wena, a o utlwela Phale botlhoko mo go se se mo diragaletseng? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 22 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE mo karolong e. POTSO 7: MABOKO A SETSWANA: Morulaganyi – MK Mothoagae Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 7.1 MAHUMA-PELO A GA PHOKOJWE – MS Kitchen 1 Ga nke ke tŝwa ke ŝela-ŝela tsatsi le tlhabile, 2 Ke itala go lala ke kaila go sa robetŝwe, 3 Ke apere lefifi maeba a sa sedile, 4 Ke sikologa badipa – motho le ntŝa ya gagwe. 5 Jalo tlhe! Motho ga ke mo je, ga ke mo re sepe, 6 O ilwa phifadu fela ke bo Tau, digagodi! 7 Ke bone fela le ene ba sa isanyeng gope, 8 Ka e le ditshwangtshwang bolalomeng bo' babedi. 9 Yo ke sa itseng gore ene o ša a ogolang 10 Ke Ntŝa ya gae; fa a tloga a nkela motlhaje 11 Le losika lwa setho, sika tota lo lo nkilang, 12 Etswa sika loorra Ntŝa e ntse ke loorra Phokoje. 13 Nkabo ke na le gone ka ipuelela bathung 14 Ka re, 'A e ke e nne modiga bana ba batho; 15 A Phokojwe le ene a letlwe a je ditŝwa-mbung 16 A none, a ba a ate a etse sika lwa setho.' 7.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Phokojwe o kgona fela go tsamaya … A phakela. B motshegare. C bosigo. D thapama. (1) 7.1.2 Tlhalosa setlhogo sa leboko le. (2) 7.1.3 Leboko le ke la mofuta ofe? Tshegetsa ka lebaka. (2) 7.1.4 Ke ponagalo efe ya poko e e dirisitsweng mo temaneng ya 1 mola 1. (2) 7.1.5 Ke eng se phokojwe a se ikopelang go tswa mo lebokong le? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 23 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 7.1.6 Mmoki o kaya eng ka mafoko a, 'o ša a ogolang' mo moleng wa 9? (2) 7.1.7 Goreng phokojwe a sa kgone go selasela letsatsi le tlhabile? (2) 7.1.8 Nopola mola o o bontshang gore phokojwe ga se phologolo e e kotsi mo bathong. (2) 7.1.9 Fa o lebile ke ka ntlha ya eng batho ba ila phokojwe? (2) LE 7.2 BOSIGO BO TSENE – TM Serobatse 1 Mangana lotso loophage o tlhatlosa matlho le leswana, 2 Thathana e e ka fosang molomo e e kgorogela ka bonako, 3 Matlho ona ke sa bue, e lebile ka tsepamo ka ona, 4 Ka ona e tŝamoletse ba ba kgorang tsa bona ka bonako. 5 Morwa molatlhwa-le-bowa o totile kgoro ka tlhoafalo, 6 Gore lerapo la ntlha le le latlhwang le kakatlelwe, 7 Ka meno a a kgekgeuthang lerapo ka mowa wa tlhoafalo, 8 Ka mowa wa tlhoafalo sejo sengwe le sengwe ga se tlogelwe. 9 Diphologolo le dinonyane tsa bosigo di a kalapa, 10 Di kalapela go itlamela le go tlamela bana ka dijo, 11 Tse di bonwang ka go nanara le gona go kalapa, 12 Di sa lebale gore le tsona bosigong di ka fetoga dijo. 13 Tshisibalo bosigo e remisa mooko marapong, 14 Tsotlhe dibatana le dinong di selasela ka tsholofelo, 15 Ya re gore tshetlha ya dikgwa e gosomane dilaong, 16 Gonne fa e puruma tsotlhe di felelwa ke tsholofelo. 17 Batho ka mmetela ba olegetse mo magaeng a bona, 18 Ba amogetsana magang le go itekodisana sentle, 19 Gore fa ba nanoga ba ya go robala malaong a bona, 20 Ba bo ba thethebaditse dipelo tsa bona le maikutlo sentle. 7.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Tshetlha ya dikgwa ke … A lenong. B ntšwa. C tau. D leradu. (1) 7.2.2 Ke eng se se bokiwang mo lebokong le? (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 24 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 7.2.3 Tlhalosa mola wa 1 mo temaneng ya 1. (2) 7.2.4 Goreng molatlhwa le boa a totile kgoro ka tlhoafalo? (2) 7.2.5 Ke eng se se dirang gore dibatana tsotlhe di tsome bosigo? (2) 7.2.6 Ke mafoko afe a a bontshang neeletsano mo temaneng ya 2? (2) 7.2.7 Ke sekapuo sefe se se tlhagelelang mo temaneng ya 5 mola 17? (2) 7.2.8 Go ya ka wena goreng tshisibalo bosigo e remisa mooko marapong? (2) 7.2.9 Fa o lebile batho fa ba olegela magaeng ba bo ba tswa kwa kae? (2) 7.2.10 Molaetsa wa leboko le, ke ofe? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA D: 35 PALOGOTLHE: 70 Kwalololo e ileditswe

Published documents with matching subject and grade metadata.

Matched using subject, grade, language, document type and exam metadata.

More from Grade 12 Setswana Fal

Explore more published documents in this catalogue.

View all