You're offline
Skip to content
Question paper

Setswana FAL P2 Nov 2020 hlayiso.com

Subject: Setswana FalGrade 12202022 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com SENIOR CERTIFICATE/ NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA BOBEDI (P2) NGWANAITSEELE 2020 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 22. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 2 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Buisa ditaelo ka kelotlhoko pele o ka simolola go araba dipotso. 2. O se ka wa leka go buisa pampiri yotlhe. Lebelela lenaane la diteng mo tsebeng e e latelang, mme o tshwae dipotso go tswa mo dikwalong tse o di buisitseng monongwaga. Morago ga moo tlhopha dipotso tse o batlang go di araba. 3. Pampiri e, e na le DIKAROLO di le NNE: KAROLO YA A: Padi (35) KAROLO YA B: Terama (35) KAROLO YA C: Dikgangkhutshwe (35) KAROLO YA D: Poko (35) 4. Araba DIPOTSO di le PEDI fela, potso e le NNGWE go tswa mo dikarolong TSE PEDI tse di farologaneng: KAROLO YA A: PADI Araba potso e le NNGWE go tswa mo pading e o e buisitseng. KAROLO YA B: TERAMA Araba potso e le NNGWE go tswa mo terameng e o e buisitseng. KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo dikhutshweng tse di boditsweng. KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo mabokong a a boditsweng. 5. Lenaanenetefatso le tla go thusa mo tlhophong ya dipotso. 6. Latela ditaelo tse o di neetsweng go tswa mo karolong NNGWE le NNGWE ka kelotlhoko. 7. Kwala palo ya dikarabo jaaka di tlhagelela mo pampiring ya dipotso. 8. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 9. Tiriso ya nako e e tshitshinngwang: Metsotso e le masomeamarataro (60) e dirisiwe mo karolong nngwe le nngwe. 10. Kwala ka mokwalo o o phepa o o bonalang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 3 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC LENANEO LA DITENG Tsebe e, e tla letla batlhatlhojwa go tlhopha dipotso tse ba batlang go di araba kwa ntle ga go buisa pampiri yotlhe. KAROLO YA A: PADI Araba potso go tswa mo pading e le NNGWE e o e buisitseng. POTSO MADUO TSEBE 1. Morabaraba 35 5 2. Bogosi Kupe 35 8 3. Bodibeng jwa matlhomola 35 10 KAROLO YA B: TERAMA Araba potso go tswa mo terameng e le NNGWE e o e buisitseng. 4. Molatswana wa Gaetsho 35 12 5. O laetse jalo 35 15 KAROLO YA C: KGANGKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE to tswa mo dikgangkhutshweng. 6.1 'Lenyalo ke kgetse ya lesogodi' 17 18 6.2 'Pina ya Bosetšhaba' 18 19 KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo mabokong. 7.1 'Mahuma-pelo a ga phokojwe' 18 21 7.2 'Bojaki' 17 22 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 4 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC LENANENETEFATSO Lebelela lenaanenetefatso le le latelang go bona gore o arabile dipotso tse di tlhokegang: KAROLO NOMORO PALO YA TSHWAYA YA POTSO DIPOTSO TSE POTSO E O DI ARABIWANG E ARABILENG A: PADI 1–3 1 (Dipotso tse dikhutshwane) B: TERAMA 4–5 1 (Dipotso tse dikhutshwane) C: KGANGKHUTSHWE 6 (6.1 + 6.2) 2 (Dipotso tse dikhutshwane) D: POKO 7 (7.1 + 7.2) 2 (Dipotso tse dikhutshwane) ELA TLHOKO: Netefatsa gore o arabile dipotso go tswa mo dikarolong di le PEDI fela. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 5 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC KAROLO YA A: PADI Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. POTSO 1: MORABARABA – SJ Lebethe Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 1.1 NOPOLO A Letsatsi la tla le ikaeletse, le tletse phatsimo, e kete letsatsi la botsalo ba ngwana wa segosing. Bese ya feta morago ga diura di ka nna tse pedi letsatsi le se na go ntsha nko, ya thuntsha dithole mo tseleng ya mmu ya Bakwena, bareki ba dinaga. E rile fa e tla e lebile ntlo nngwe ya ema. Mosimane a tlola sesimanyana, a 5 tsena mo gare: 'Ga-Rankuwa.' Ya tloga ya bokolela jaaka poo e dupelela moswang fa go neng go tlhabetswe kgomo gona, e tsamaya e ja naga e go neng go tsamaiwa ka mmotorokara maloba ka letsatsi la ngwaga o mošwa. Ya boa ya bopa ka maatla, fa e ema, mosetsana mongwe, a tlogile seipone se setse se rata go thubega, a itatlhela 10 mo gare: 'Ga-Rankuwa.' Lefatshe leno le tletsetletse dilo di gana go fela. Lefatshe leno la rona le eme ka dinao, ditsebe tsa rona a di nne ntlha le matlho a rona a tswe dinameng gore re tle re tshele re sa tshwenngwe ke balekane ba rona. Kaitsane Bontle o mmone. E rile letsatsi le tlhatloga a bona monnawe, mme a mmotsa gore 15 mogoloe o kae. A bona karabo e e reng o tsogile a phakeletse kwa Ga-Rankuwa. A se ka a mmotsa gore o ka bo a ile go dira eng koo. 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Dikgaisano tsa mmino wa dikolo di ne di tshwaretswe kwa … A Ga-Rankuwa. B Phokeng. C Madibeng. D Gauteng. (1) 1.1.2 Bontle o itsitse jang gore Morwesi o ile le Mpute kwa Ga-Rankuwa? (2) 1.1.3 Tlhalosa gore ke eng se se tlhodileng go reketla ga lerato la ga Morwesi le Ntshimane morago ga gore Morwesi a boe go tswa kwa ga mmangwanaagwe. (2) 1.1.4 Ditlamorago tsa go sa ikanyege ga ga Ntshimane mo go Morwesi e nnile dife? (2) 1.1.5 Lebaka le le neng la dira gore Ntshimane a tlhore le go sesefala mmele morago ga moletlo wa gagwe ke lefe? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 6 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC 1.1.6 Tlhalosa gore Ntshimane le Mpute ba kgonne jang go rulaganya loeto lwa go ya Manyeledi le makgarebe a bona. (2) 1.1.7 Neela leina la mosadi wa ga Ntshimane. (1) 1.1.8 Ke eng fa mmaagwe Morwesi a ne a re Ntshimane o itse kwa Morwesi a ileng gona? (2) 1.1.9 A fa o ne o ka newa tšhono, o ne o ka rotloetsa barutwana bangwe go tshwana le Mpute? (2) 1.1.10 Lebaka le le dirileng gore Mpute le Bontle ba ye kwa Tshwane pele ga ba ya kwa Ga-Rankuwa ke lefe? (2) LE 1.2 NOPOLO B Mme o re rutile melao, ditaolo tse di lesome. A re mo go nna, 'Ngwanaka, o direle batho ba bangwe jaaka o ka rata ba go direla.' O se utswe, o se tsietse. A o itse dilo tsotlhe tse motsadi yo o siameng o ratang go di ruta bana ba gagwe? Fa ke le mosimanyana ke ne ke sa senyetse ope! 5 Ke itse gore o setse o na le mosimane mongwe mono, mme kana bosula ke eng go bolelela motho nnete? Ga ke go nyatse, ke go tlotla tota.' 'Go na le dilo dingwe tse motho o sa kgoneng go di laola, ditoro le megopolo. Masigo mangwe fa ke robetse ke tlhobaela tota; ke menogane le dikobo, boroko bo sa tle, ke gopotse wena fela.' 10 'Gona jaanong ke a itse, gonne batho ba ntlhoile, gore go tloga go twe ke go tseetse mosimane yoo. Ke gore fela ke sa itse go bua gore ke go bolelele dilo tsotlhe tse. Kgangkgolo ke gore ga ke ise ke bone motho yo o tshwanang le wena, ga ke ise ke itse ope yo o tshwanang le wena. Ke sengwe se ke sa kgoneng go se laola.' 15 A phephethega mosimane, a itlantla loleme. Mosetsana o senya ka go tloga a mmotsa ka ga Bontle le Morwesi. A ba phailela kwa kgakalakala jaaka dikala tsa mokala. Mosetsana a ganelela mo go rateng go itse thata ka ga Bontle. Kitso ya gagwe ya dikgang ya gakgamatsa Mpute. A mmotsa gore o di utlwile kae. 20 Mosetsana a se ka a mo lobela. 1.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Mpute o isitswe sekolong sa bokgweetsi ka … A madi a basari. B madi a mmuso. C madi a disuga tsa ga rraagwe. D madi a kadimo. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 7 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC 1.2.2 Botsala jwa ga Mmemme le Ntshimane bo simologile leng? (2) 1.2.3 Anela gore go tlile jang gore Ntshimane le Mmule ba kgaogane. (2) 1.2.4 A go ne go le maleba gore Mpute a bue Ntshimane bosula mo go Mmule? (2) 1.2.5 Goreng Mmule a ne a kopa Ntshimane go mo felegetsa fa ba ne ba tsena kwa Tshwane? (2) 1.2.6 Fa o lebile a Morwesi o ne a itumelela basetsana ba ba neng ba nwa nnotagi fa a ne a le kwa Ga-Rankuwa le Mpute? (2) 1.2.7 Neela lebaka le le neng le dira gore Mmule a batle go itse thata ka ga Bontle. (2) 1.2.8 Ke karolo efe ya botsadi e rraagwe Ntshimane a e tsereng mo botshelong jwa ngwana wa gagwe? (2) 1.2.9 Tlhalosa maikutlo a ga Morwesi fa a se na go bona fa Mpute a nwa bojalwa e bile a goga motsoko. (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 8 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC POTSO 2: BOGOSI KUPE – DPS Monyaise Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 2.1 NOPOLO C Morago ga loso a itse gore ga go kgakala, o tshwanetse go boela gae. Fa ngwaga wa ntlha o fela a sa bonale a ikgomotsa ka gore motlhomongwe ke ena a felang pelo ka bonako. Wa bobedi le ona wa feta, le wa boraro, fela jalo a bo a lebala palo ya tsona. A itlhoboga. Mo mosong fa a tshwanetse go tsaya metsi a tlhapa potso e be e le gore o iphotlhela eng. A utlwa a tshwana 5 le motho yo o tsamayang loeto lo loleele ka tsela e e mokong, e re mo a lapileng teng, kwa a simolotseng tsela go le kwa moragorago, e be e kgonya mo thabeng. Mafoko a ga Obakeng a mo tsibosa. A nanoga. 'Ba rileng, ba rile ba tla tla kwano?' A bolela bopelokgale jwa ga Modimoeng ka mmaka mogale: Jaaka a tsenye mo logageng a le esi a goga Sajene Botipe yo e 10 rileng mo mosong a be a mo sotla; morago a goga rre Serokolo ba mo tlhobogile. Mmaagwe a itumela go utlwa a bua jalo. 'A ke re o tlile go mpona ka go huduga?' Go ne go sa tlhole go le lebaka le le mo tlosang mo Phiritona; boemong jwa go araba mmaagwe a re, 'Wena wa reng mma?' 'Nna ke emetse tsala ya gago.' A itse gore o tshwanetse go begela 15 mmaagwe, e se re ka moso a utlwa mo motseng a gakgamala gore ke eng a ntse a sa mmegele. 2.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Oshupile o sule ka ntlha ya bolwetse jwa … A pelo. B mafatlha. C sukiri. D mala. (1) 2.1.2 Naya leina la Sajene yo o neng a tshabega. (1) 2.1.3 Ke tiragalo efe e e neng e makaditse batho kwa Sefatlhane? (2) 2.1.4 A fa o lebile o ka re Moremi ke motho yo o nang le maikarabelo? (2) 2.1.5 Kampa ya dikgomo e ne e le mo tseleng efe? (1) 2.1.6 Goreng Obakeng a ne a sa utlwane le bontsalae? Neela dintlha di le PEDI. (4) 2.1.7 Serokolo o feletse kae mo botshelong? (2) 2.1.8 Go tlile jang gore Modimoeng a thuse banna ba lekgotla go batla barongwa ba ntlha ba ba timetseng? (2) 2.1.9 Leina la ga Modimoeng le tumisitswe ke eng mo Phiritona? (2) LE Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 9 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC 2.2 NOPOLO D A mo tseela kgang go simologa fa a fitlha mo sekgweng, gore e ne ya re ka go jewa ke bodutu a fitlhela tsatsi lengwe a betlile mokoro o montle. A bua lobaka lo loleele; fa a digela a itse gore o tshwanetse go loga leano la go mo tshwara mo gae. Ga feta lobaka lo loleele a loga maano, a a logolola; mme nako nngwe le nngwe a boela mo leanong la gore mokoro o tshwanetse go 5 tla gae. A itse gore fa a ka kgona go o lere mo bodibeng jo bogolo jwa Phiritona, gaufi le dikgaga, rre Modimoeng o tla dula mo gae … Ka go hema a itse gore o thulametse, a tswa a nanara go ya kwa ntlwaneng ya ga morwae. Obakeng o ne a sa tswa go robala fa mongwe a bula. A ithaya a re ke rre Modimoeng. 'A re setse re le mo tseleng?' Mmaagwe a re, 'S! Ke nna.' 'Mma! 10 O batlang bosigo?' Mmaagwe a mmolelela gore ka fa a utlwang rraagwe a bua ka teng go tla nna thata go mo tshwara mo gae kwa ntle ga go lere mokoro gae mo bodibeng jwa Phiritona. A itse gore se mmaagwe a se buang ke nnete, rre Modimoeng o ka se itumelele go tlhola mo gae a lwela moriti le kgatlampane, morago ga botshelo jo ba tswang mo go jona. 15 2.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Oshupile ke morwa wa ga … A Seleke. B Mogami. C Mothusi. D Metsing. (1) 2.2.2 Obakeng o ne a le dingwaga di le kae fa a batla go itse gore Modimoeng ke mang? (1) 2.2.3 Goreng Modimoeng a bidiwa Dimo? (2) 2.2.4 Ke ka ntlha ya eng Modimoeng a ne a nna kwa sekgweng? (2) 2.2.5 Ke eng se Matlhodi a neng a batla go se dira fa a kgaogana le Modimoeng pele a nyalwa ke Oshupile? (2) 2.2.6 Kgosi e lebogile Modimoeng jang fa a se na go mmetlela mokoro? (2) 2.2.7 Kgosi e ne e kopile mang go amogela baeng ka tsatsi la tsalo? (1) 2.2.8 Fa o lebile ke eng se se tlhodileng bodutu ba ga Modimoeng fa a fitlha kwa sekgweng? (2) 2.2.9 Obakeng o ne a tswa kwa kae fa a kopana le Modimoeng lwa ntlha? (1) 2.2.10 Go ya ka wena o ka re Modimoeng o ne a ntse jang ka mekgwa? Tshegetsa ka lebaka. (2) 2.2.11 Ke eng se se neng sa makatsa Matlhodi fa a utlwa Obakeng a umaka leina la Modimoeng lwa ntlha? (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 10 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC POTSO 3: BODIBENG JWA MATLHOMOLA – DS Matjila Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 3.1 NOPOLO E Masole a ne a beile basimane mangole. E rile fa ba tshwara ba le babedi, botlhe ba ineela. Mosimane wa leburu yo o goletseng kwa godimo, ka magetla a e keteng ke a rotwe, a goa ka lentswe la kodu e tona e kete ya tau. Basimane ba batho ba emisetsa mabogo kwa godimo. Dikgetse tsa marukhu a bona tsa tlhanololwa tsa bo tsa thinthwa. A sekaseka makasine o ba neng 5 ba o tshotse e kete o a mo nkgela. A tloga a o gagolaka manathwana a o latlha. A goa gape ka kodu e e tshikinyang lefatshe. Masole a tlamparela basimane, ba ba bofelela diatla ka kwa morago, ba ba latlhela mo jiping. Mosimane wa leburu wa magetla a rotwe a goa gape e kete o a tsenwa. Bolayang dintšwa tse tsa makomonese. Masole a mo leba a gamaregile e 10 kete ba mo utlwile ka tsa ga morakile. A goa ka lentswe le le roromang tšhakgalo, 'ka re bolayang dikafore tse dintsho tse kgotsa ga le batle! Basimane ba maburu ba tlhaba thedi, ba tsaya ditlhobolo ba di rwala mo magetleng, ba supa bana ba yunibesithi mo ditlhogong. Mosadimogolo mongwe wa mofetakatsela, yo o neng a apere seaparo sa kereke, a tlola ka 15 bonako a ema fa pele ga masole. 'Se direng jalo mei base, ke a le rapela, batho ba ke bana fela ba sekolo.' 3.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Ditiragalo tsa nopolo e di diragalela kwa motseng wa … A Mafikeng. B Mmakau. C Mankwe. D Mankweng. (1) 3.1.2 Tlhalosa ka boripana se se neng sa dira gore mosadimogolo wa merapelo a thuntshiwe. (2) 3.1.3 A go ne go le matshwanedi gore maphodisa a bolae batho setlhogo jalo ka go ba thuntsha? (2) 3.1.4 Lebaka le le dirileng gore Dimpho le Maitumelo ba iphitlhele ba le fa gare ga tlhakatlhakano ya dithunya ke lefe? (2) 3.1.5 Neela maina a bokgaitsadia Dimpho. (2) 3.1.6 Goreng Tsitsi a ne a re Dimpho a se bue sepe gore Modisaotsile o ne a le teng kwa gaabo motsing a neng a thuntshitswe? (2) 3.1.7 Ke eng se se neng se tlhotlheletsa mokgatlho wa FMP go lwantsha puso ya Aforikaborwa? (2) 3.1.8 A o dumalana le nkokoagwe Dimpho fa a re dibuka mo ngwaneng wa mosetsana ga di thuse sepe? (2) 3.1.9 Morero wa padi e ke ofe? (2) LE Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 11 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC 3.2 NOPOLO F Ba ne ba notleletswe ka fa gare ga bothale jo ba ka se kgoneng go bo sutlha. Dipota di ba itsa go bona lentle la kampa sentle. Sengwe se se kgatlhisang ke gore mo matlong go ne go na le mmepe wa Lesotho. O bontsha sentle gore kampa ya bona e fa kae. Jaanong ba ne ba tlhaloganya gore ba ntlheng efe ya lefatshe. Ba itse gore Aforikaborwa e ntlheng efe. Ba fitlhile letsatsi le sa 5 bolo go tswa, fa di tlwaela mafulo. Se se ba kgontshitse go bona naga. Ba bone metse le metsana, dikgwa le dikgwana. Ba fetile melapo le megobe le mangope. Ba boga masimo a mmopo, mabele le ntšhwe. A mangwe a masimo a bonagala e kete ke a motekwane. Motsemogolo Maseru o ne o le gaufi le mo kampeng e ba neng ba le mo go yona. Rraagwe o ne a setse a ile 10 kwa Maseru letsatsi le ba fitlhileng ka lona go buisana le ditokololo tse dingwe tsa mokgatlho tse di neng di nna kwa teng. Mo letsatsing la ntlha rraagwe a fiwa Lokwalo lwa Mosepele lo lo neng lo mo dumelela go tsena le go tswa mo kampeng nako nngwe le nngwe. O ne gape a filwe diforomo tsa go dira kopo ya phemiti ya go batla tiro kwa Maseru. 15 3.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Gabasiane o ne a nna kwa … A Mankweng. B Maseru. C Qwaqwa. D Mochudi. (1) 3.2.2 Ke eng se se neng se dira gore Kehitilwe a se tlhole a baya Dimpho sebete? (2) 3.2.3 Banna ba Basotho le banna ba basweu ba Aforikaborwa ba tshwana ka eng? (2) 3.2.4 Tlhalosa se se diragetseng gore Odirile a iphitlhele a le kwa bookelong jwa kgolegelo ya Phuthaditšhaba. (2) 3.2.5 Naga ya Lesotho e thusitse jang batshabi ba Aforikaborwa? (2) 3.2.6 Kwa Lesotho fa o ne o newa Lokwalo lwa Mosepele, lo ne lo go kgontsha go dira eng? (2) 3.2.7 Maemo a kwa dikampeng tsa kwa Botswana a ne a farologana jang le a kwa dikampeng tsa Lesotho? (2) 3.2.8 Amogelang o ne a ithutile eng ka ga Dimpho? (2) 3.2.9 Fa o ne o le Dimpho o ne o tla ikutlwa jang fa bomonnao ba sa tlhole ba gakologelwa kwa ga lona? (2) 3.2.10 Rraagwe Maitumelo o ne a dira tiro ya mofuta ofe? (1) [35] PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 12 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC KAROLO YA B: TERAMA Araba potso e le NNGWE mo karolong e. MOLATSWANA WA GAETSHO – DMG Sekeleko POTSO 4: 'MOIPOLAI YO O SA LELELWENG' – Enock K Lebethe Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 4.1 NOPOLO G (Kwa kgotleng banna ba ntse ba ngunanguna) SEAKO: (O tsholetsa lentswe): Lona lwa reng, banna? (Ga ba mo arabe) A re utlweng rre Mmalabadi ka a tsholeditse seatla. MMALABADI: (Ka mafega): Nna ga ke dire matlakalanyana ao.Tshimo ya me, ke tshimo ya me. Ga ke e tlhakantshe le ya motho, e bile 5 ke ya go nna ke lema mmopo! SEAKO: Borra, se imakatseng. Rre Phika a re o boletse le lona, mme lo dumetse. (Banna ba ngunanguna) O mpoleletse jalo mo mosong ono. MMALABADI: Ga go jalo rre Seako. Borre ba, le bona ba ka paka. Rre 10 Phika o ne a bua jaaka motho yo o tshitshinyang fa re ka kopanya masimo, mme ra lema korong. Fela, ga re a dira tshwetso epe nae. SEAKO: Borra, tshwetso ya bofelo ke ya lona. Nna Seako, ke ya go nna ke itemela mmopo. Le tshimo ya me, ga ke e 15 kgomagantshe le ya motho. BOTLHE: Le rona ga re kgomagantshe tsa rona le tsa ope. MMALABADI: (Ka go gopola): O nagana gore ke sematla. Tshimo ya me e mo ntshe lebotsane, mme nna ke tlhoke dimpa. Phika o tla nkitse sentle gompieno. 20 4.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Killer o ne a tlhaga a le kwa … (1) A Mpumalanga. B Limpopo. C Gauteng. D Natala. 4.1.2 Killer fa a se na go goroga mo motseng o dirile eng? (2) 4.1.3 Tlhalosa ka ntlha e le NNGWE gore rre Seako e ne e le motho yo o ntseng jang. Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.1.4 Phika o ne a batla go diragale eng ka masimo a balemi ba bangwe? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 13 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC 4.1.5 Fa o ne o le molemi o ne o tla ikutlwa jang fa Phika a go tseela tshimo jaaka a leka go dira ka balemi ba bangwe? Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.1.6 Modiragatsimogolo mo teramakhutshweng e ke mang? Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.1.7 Naya mofuta wa maitshetlego a a dirisitsweng mo teramakhutshweng e. (2) 4.1.8 Go tlile jang gore balemi ba bangwe ba feleletse ba tsamaile? (2) 4.1.9 Kgotlhang e tlhodilweng ke eng mo teramakhutshweng e? (2) LE 4.2 NOPOLO H (Go utlwala dikgomo le dipodi, Seako le Modise ba mo lesakeng. Go tlhaga sejanaga, mme se a ema) KILLER: (Ka bogale): O a itse monnanyana yo, o makgakga. Ga nke ke bua le motho gabedi, ba a nkitse kwa Jo'burg. PHIKA: Ke gona o tla ntumelang Killer fa ke re mothaka yo, o na le nkane. 5 KILLER: (O tlhaeletsa lentswe ka bogale): Heelang lona. Tswang lotlhe ka mo lesakeng. Ga ke batle go bua gabedi. MODISE: (Ka go boifa): Ntate, o a re bitsa. SEAKO: (O a seba): Diragatsa tse ke di go laetseng morwaaka. PHIKA: (O tlhaeletsa lentswe): Rre Seako a ke o tswele kwano, re go 10 letile. KILLER: (Ka bogale): O itira susu! A re tsene. Heela! A ga ke a go raya ka re ka ura ya bongwe, o be o se fa? SEAKO: O le mang wena? Le gona o itse eng ka masimo? KILLER: (O a goa): Ijojojoo! O nthogile. Nka se mo lese. Ke ya go mo 15 tlhaba. PHIKA: Kgale ke go bolelela Seako. Gompieno o kopane le dithaka tsa gago. (Go thwanya seme – dikgomo di a tlhakatlhakanya) KILLER: (O a goa): Ijonnawee! Mosadiagwe o ntshetse gase mo matlhong. PHIKA: (O a goa): Mogolole Seako, a ke o tshware dipholo tsa gago, re 20 buisane pila. 4.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Seako o laetse ba lelapa la gagwe go kopana kwa lesakeng ka ura ya … A bongwe. B bobedi. C boraro. D bone. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 14 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC 4.2.2 Ditiragalo tse di mo nopolong e, di diragalela kwa kae? (1) 4.2.3 Mosadi wa Mmalabadi o tlhotlheleditswe ke eng gore a rekise tshimo? (2) 4.2.4 Ke ka ntlha ya eng Seako a ne a itira susu fa Killer a mmiletsa kwa go ena? (2) 4.2.5 Ke karolo efe ya botlhokwa e mosadi wa ga Seako a e tsereng mo botshelong jwa monna wa gagwe? (2) 4.2.6 Goreng Phika a ne a bolelela Raditerekere gore Seako o a mo tlhorontsha? (2) 4.2.7 A Killer o ne a kgona go tsweletsa morero o a neng a o tletse wa go bolaya Seako? (2) 4.2.8 Seako le Phika ba farologana jang ka semelo? (2) 4.2.9 Re lemoga jang gore Modise o ne a sa batle Phika? (2) 4.2.10 A bokhutlo jwa teramakhutshwe e, e nnile jo bo itumedisang? (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 15 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC POTSO 5: O LAETSE JALO – KS Naledi Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 5.1 NOPOLO I (Kwa morakeng, Ntukelele o a goroga. O bonala a na le letsapa la loeto lo loleele. O fitlhela rre Moeti a ikhuditse ka fa tlase ga morula o mogolo. O adile kgetse.) NTUKELELE: (O emisa kariki.) Hokaiii! Ema Koloboi. Nte ke le thuse go kgwa mowa, loeto lo fedile, le ka ya go bo garola la bo fetisa 5 ka metsana. Tsamayang sentle. Tiro ke e dirile ka botshepegi. (O phutha ditweege go di isa kwa mokgorong.) NTUKELELE: Dumela rra. MOETI: (O tsosa tlhogo.) Dumela ngwanaka. O setse o gorogile? O tsamaile jang? 10 NTUKELELE: Ke tsamaile sentle tota. Go na le dikgang tse di monate kwa gae. MOETI: Hee, tswaya ka tsona. Ke go reeditse. NTUKELELE: Kgarejwana e bonwe kwa ga mme Lentuwane. MOETI: Kgarejwana? 15 NTUKELELE: Ee, rra. Ke boitumelo fela kwa gae. Ba ne ba botsa gore o tla leng? Moduduetso o ne o ile godimo. MOETI: Mmmm. Ke a bona. Kana ke maitibolo. Go siame mosimane, o ka goroga. Go na le mosoko mo pitseng. O tla bona nama ya kolobe ya naga mo kaseterolong. Ke sa ntse ke sekama 20 go le gonnye, o tla ntsosa fa o feditse. (O sekama gape. Ntukelele o tswelela ka go ja.) (O bua a le nosi.) Hei, borre! o ka se ba tlhaloganye. 5.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Ntutu ke monnawe Moeti wa … (1) A botlhano. B bobedi. C boraro. D borataro. 5.1.2 Ke eng se se neng se sa itumedise Moeti fa Ntukelele a mo itsise gore go belegwe ngwana wa mosetsana? (2) 5.1.3 Ke dilo dife di le PEDI tse Moeti o neng a roma Ntukelele go ya go di naya Lentuwane fa a ne a le moimana? (2) 5.1.4 A fa o lebile kgosi Pholo o ne a kgona go rarabolola dikgetsi tsa morafe wa gagwe? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 16 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC 5.1.5 Goreng Moeti a ne a kwala testamente e e akaretsang Matoko le Mojalefa? (2) 5.1.6 Go ya ka testamente Moeti o laetse gore go diragale eng fa a tlhokafetse? Neela di le PEDI fela. (4) 5.1.7 Maikutlo a ga Omphemetse e nnile afe fa a se na go utlwa gore rraagwe o na le ngwana yo mongwe wa mosimane? (1) 5.1.8 Keleepile o bone ka eng gore Moeti o tlhokafetse? (2) 5.1.9 Moeti o itsitse morago ga nako e kae gore Matoko o belege? (1) LE 5.2 NOPOLO J NTUKELELE: A o feditse mma? (Mmaletlapana o koma ka tlhogo.) Molaetsa o a neng a o tlogelela Mojalefa o ntse jaana; 'Ngwanaka Mojalefa, mpoloke jaaka ke go kopile. Fa ke ka ya bookelong, o se dumele ba nja ka magare. Go se nne le serwe se se 5 salelang kwa morago. O tlhokomele leruo la me le tla go tlhokomela. O ntlhabele pholwana morago ga ngwaga mongwe le mongwe. Mogopo wa me, o se omelele. Ke wena mojaboswa jwa me. O dire fela jaaka ke go laela. O se fetole sepe se ke se go kopileng.' 10 O feditse jalo Moeti pele a ikela badimong. Kgang e e kgolo. Tota mafoko a, a kwa godimo ga tlhaloganyo ya me. Ke feditse. LENTUWANE: (O thubega ka selelo.) Mmalonnawee! Matoko wee! O mpolaetse rraagwe banake wee! A ke gona fa a ne a 15 ikana gore o tlile go mo ntseela? MMALETLAPANA: Didimala mogadibo! Se sa feleng se a tlhola. Gomotsega ausi, tiro tsa Modimo ga di itsiwe. Modimo o ratile jalo, ausi, mogadibo! Kana ke wa ga mang ruri! (Lentuwane o menola matlho, Mmaletlapana o mo 20 sekamisa mo phateng. Fa a fetsa o sianela mo go Mojabeng.) MOJABENG: Ao! Motho wa batho, motho yo ke wena? MMALETLAPANA: Ee, malome, ke nna, ke a go batla. Marama a me a hupile masula. 25 MOJABENG: Masula? O tla ka dife jaanong? MMALETLAPANA: Abuti, Moeti o re gakgamaditse. O tlhokafetse, se tlhole o senya nako. A re tsamae. (Mo tseleng.) MOJABENG: Ga twe re a bo re utlwa afe jaanong? 30 MMALETLAPANA: Go diragetse, e bile go ntse fela jalo! MOJABENG: Bona fa kgaitsadi, taboga o ye go bitsa Ntutu. Ke tla ya go bitsa Kgosana. MMALETLAPANA: O itlhaganele abuti. Re tloga re fitlhela tse dingwe gape. MOJABENG: Nnyaya, ke ka se diege. 35 (Ba a kgaogana.) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 17 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC 5.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Mojalefa o ne a tshwanetse go direla Moeti eng ngwaga le ngwaga? A Go mo tlhabela konyana. B Go mo tlhabela potsane. C Go mo tlhabela kokwana. D Go mo tlhabela pholwana. (1) 5.2.2 Leina la moemedi wa polokelo ya Standard Bank ke mang? (1) 5.2.3 Ke lebaka lefe le le neng le dira gore Lentuwane a batle go tshola ngwana wa mosetsana pele? (2) 5.2.4 Mosenene o tsere karolo efe mo tharabololong ya kabo ya dithoto tsa ga Moeti? (2) 5.2.5 Moeti ga a swa loso lwa tlholego. A se ke ntlha kgotsa kakanyo? Tshegetsa ka lebaka. (2) 5.2.6 Ka dintlha di le PEDI tlhalosa semelo sa ga Keleepile. Tshegetsa ka mabaka. (4) 5.2.7 Maitshetlego a terama e, ke afe? Tshegetsa ka lebaka. (2) 5.2.8 Go ya ka wena a o bona fa Moeti a fitlheletse maitlhomo a gagwe a go nna le mojaboswa? (2) 5.2.9 Mojabeng le Moeti ba tsalana jang? (2) [35] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 18 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE mo karolong e. POTSO 6: NGATANA YA LEHUMO – KM Mbonani le ba bangwe Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 6.1 'LENYALO KE KGETSI YA LESOGODI' – MI Siko NOPOLO K 'Ga go mokgoro o o sa neleng, le rona re fetile mo go tse di fetang tsa gago. Ga se gore ke buelela Morwesi ka ke mo rata, ke botshelo ngwanaka. Lenyalo ke kgetsi ya tsie e e kgonwang ka go tshwaraganelwa.' Nakana ya go bega fa nako ya baeng e fedile ya kgadikana. Mosadimogolo a tloga a utlwile morwae a re: 'Ke lebogela dikgakololo tsa gago mma, ke tla sala ke di 5 sekaseka.' Dithole o ne a tshaba go bonwa molato ke morwae ka go mo tlogedisa kgarebe, ke sone se a neng a itsa morwae go thiba madi ka mmutlwa. Mokgethi o ne a golegilwe le pitse e e tlhaga go goga koloi mmogo. Mosepele wa yona o mo hupeditse mowa go fitlha a wela fa fatshe. Ditomo o lekile go di 10 goga gore e ngotle mosepele. Boemong jwa go iketla ya ja mokaragana go fitlha a wa a siane. Morago ga dibeke tse pedi ke fa a gololwa mo bookelong. Ntle le tikatiko a tlhamalela kwa 'lapeng go ya go utlwa ka tse a di boneng. Kgorogo ya gagwe a gakgamadiwa ke go fitlhela Morwesi a latlhegetswe ke mmele mo nakong e khutshwane. Gongwe Morwesi o ne a maketse fa a 15 dumedisiwa jaaka mo malobeng le mororo a kgoberile metsi a itshekile. 6.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Mokgethi o belegwe ka ngwaga wa … A 1970. B 1907. C 1977. D 1987. (1) 6.1.2 Goreng Dithole a ne a sa rate Lebogang? (2) 6.1.3 A fa o lebile Dithole o ne a rata Morwesi? (2) 6.1.4 Lebogang ke morwadia mang? (1) 6.1.5 Ke tiragalo efe e e kopantseng Morwesi le Mokgethi? (1) 6.1.6 Go tlile jang gore Mokgethi a robale kwa bookelong? (2) 6.1.7 Ke ka ntlha ya eng Morwesi le Mokgethi ba ne ba nna gaufi le masimo? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 19 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC 6.1.8 Tlhalosa semelo sa ga Morwesi ka ntlha e le NNGWE. Tshegetsa ka lebaka. (2) 6.1.9 Mokgethi o ne a dira eng fa Morwesi a tsile go mo lekola kwa bookelong? (2) 6.1.10 Lenyalo la ga Mokgethi le Morwesi le sentswe ke eng? (2) LE 6.2 'PINA YA BOSETŠHABA' – PJ Mathibe NOPOLO L Go ka diragala gore pina e nne ya bosetšhaba fa e le gore pina eo ke pina e e opelwang fela ka ntlha ya maikano a a ikaegileng mo ditsholofelong kgotsa ditsholofetsong tsa bolokologi le tlotlo. Pina e ka simolola fela, mme ka ntlha ya tse di umakilweng, go tlhalosa, di akareditswe, mme e le fela ka go e rata. Go ka diragala gore e ratiwe, batho ba ikutlwe ba se lesego fa ba ka tsena mo 5 tirong gongwe moletlong fa pina eo e sa opelwa. Pina eno ya bosetšhaba, e opelwa lefelo lengwe le lengwe fa maikutlo a a bo a tsholetsegile thata. Pina eno e tsenya batho mowa wa lerato, wa kagiso, boitumelo, boipelo le tse dingwe tse dintle tse motho a ka ipokang ka tsona. Go a diragala gore pina e tsene batho mo mading, mme kwa bokhutlong pina eno e amogelwa semolao 10 gore e tla nna ya setšhaba. Fa e ise e amogelwe ka molao, e sala go nna pina ya bosetšhaba. Phetogo e tliswa ke tlaleletso ya molao. Se se raya gore mmuso o tshwanetse go ntsha molao o o tla kwalwang mo dibukeng tse dikgolo tsa lefatshe leo go ya ka molaotheo wa lona. Setšhaba se simolola go nna le pina ya sona. Go tshwanetse ga tlhaloganyega gore pina ya setšhaba 15 ga e bolae pina kgotsa dipina tsa bosetšhaba. 6.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Mafatshe a a neng a le ka fa tlase ga Common Wealth of the British Empire a ne a buswa ke … A Aforikaborwa. B Boritane. C Netherlands. D Fora. (1) 6.2.2 Pele ga kgololosego mo Aforikaborwa pina ya bosetšhaba e ne e bidiwa eng? (2) 6.2.3 Pina ya bosetšhaba kwa Fora e amogetswe semmuso ka ngwaga ofe? (1) 6.2.4 Goreng bogologolo fa basweu ba utlwa motho a opela pina ya bosetšhaba ba ne ba sa itumele? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 20 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC 6.2.5 Fa o lebile botlhokwa kana mosola wa pina ya bosetšhaba ke eng? (2) 6.2.6 Go tswa mo khutshweng ke mafelo afe a le MABEDI a pina ya bosetšhaba e sa letlelelwang go tshamekiwa mo go ona? (2) 6.2.7 Maikutlo a motho a ka kgona jang go fodisiwa ke pina ya bosetšhaba? (2) 6.2.8 Pina ya bosetšhaba e ka aga jang batho? (2) 6.2.9 Ke dilo dife tseo batho ba sa tshwanelang go di dira fa go opelwa pina ya bosetšhaba? Neela di le PEDI fela. (2) 6.2.10 Go ya ka wena a go a patelesega gore moagi mongwe le mongwe mo nageng a itse pina ya bona ya bosetšhaba? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 21 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE mo karolong e. POTSO 7: MABOKO A SETSWANA: Morulaganyi – MK Mothoagae Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 7.1 MAHUMA-PELO A GA PHOKOJWE – MS Kitchen 1 Ruri legodimo le kabo le na le mogala 2 Nkabo ke lotlegela Mmopi, ke re a utlwe, 3 A thuse, a kgalemele motho re a nyelela, 4 Re nyelediwa ke motho le ntša ya gagwe. 5 Ga ke bewe sebete, mongwe wa diphologolo! 6 Le fa go dutsweng gone go dutswe fela ka nna- 7 Monkgwe wa dibatana! Ke ntshitswe loso-logolo 8 Ga twe le ke le bathong mokgwa ke gana ka one. 9 Jalo bana ba batho ba mekgwa mme e ngokologilwe, 10 Wa me one fa o gopotswe ke tlhola-e-eme; 11 Ga e ke e re go umakwa o didimalelwe, 12 Ba re sa me ga se bolotsana ke ntlo-lo-bone. 13 Ga nke ke tswa ke sela-sela tsatsi le tlhabile, 14 Ke itala go lala ke kaila go sa robetswe, 15 Ke apere lefifi maeba a sa sedile, 16 Ke sikologa badipa-motho le ntša ya gagwe. 7.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Leboko le ke la ... A segologolo. B segompieno. C magareng. D thoriso. (1) 7.1.2 Mmoki o kaya eng fa a re phokojwe ga a bewe sebete? (2) 7.1.3 Ke eng se se kopiwang go tswa go Mmopi go ya ka leboko le? (2) 7.1.4 A go siame gore phokojwe a tlhoiwe go le kana? Tshegetsa ka lebaka. (2) 7.1.5 Tlhalosa setlhogo sa leboko. (2) 7.1.6 Neela morumo wa temana ya 4. (2) 7.1.7 Ke ponagalo efe e e tlhagelelang mo moleng wa 14? (1) 7.1.8 Naya leina la sekapuo se se renang mo lebokong le. (2) 7.1.9 Goreng phokojwe a ne a sa tshele ka kgololosego? (2) 7.1.10 A motho le phokojwe e ka tsamaya e nna ditsala? (2) LE Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 22 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC 7.2 BOJAKI – SF Motlhake 1 Re teye maina, re se gakanege; 2 Leo le bonoga leina la ga Noge. 3 Leina lebe, borara, tlhe, seromo; 4 Re tise leina le ya boreelelo. 5 Koo-koo, bagaetsho dumelang, Bakwena 6 'Kwena, mme ntlha lo beile mopakwana? 7 Ya baagi yotlhe mefiko e tswetse, 8 Ka phaladi e ba phatlaladitse. 9 Semethemetheng mojaki a iphua, 10 Le ketekete tsa batho a di rua. 11 Batho ba mmona, o ka re ke bana; 12 Ba mo farafara e se mmaabona. 13 La latsa ditlhokwa fatshe lefatshe, 14 Le mojaki a bona a falotse; 15 Lejwe a le konopetse morago; 16 Kwa ga mothakga go ntswe ka marago. 7.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Mmoki o kaya eng ka mafoko a a reng, 'se gakanege'? A Re se tlhoke go itse se re se buang. B Re se tsewe ke phefo nngwe le nngwe. C Re se tsamae le ditsala ka go farologana. D Re se bue fela re sa akanya. (1) 7.2.2 Go ya ka wena ke goreng fa mmoki a ne a ipona a falotse? (2) 7.2.3 Mmoki o kopa eng go ya ka temana ya 1? (2) 7.2.4 Nopola mola o o bontshang fa mmoki a ne a ratiwa ke batho go tswa mo temaneng ya 3. (2) 7.2.5 Ke eng se se neng se makatsa mmoki go ya ka temana ya 2? (2) 7.2.6 Ke ponagalo efe ya poko e e tlhagelelang mo moleng wa 6? (2) 7.2.7 Leina Bakwena mo meleng 5 le 6 le bontsha ponagalo efe ya poko? (2) 7.2.8 Mmoki o kaya eng ka mola 15? (2) 7.2.9 Tlhalosa maikutlo a mmoki go ya ka diteng tsa leboko le. Tshegetsa ka lebaka. (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA D: 35 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Verified matching documents

The question paper, memo or addendum that belongs with this document.

Published documents with matching subject and grade metadata.

Matched using subject, grade, language, document type and exam metadata.

More from Grade 12 Setswana Fal

Explore more published documents in this catalogue.

View all