You're offline
Skip to content
Question paper

Setswana FAL P1 Nov 2020 hlayiso.com

Subject: Setswana FalGrade 12202010 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com SENIOR CERTIFICATE/ NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) NGWANAITSEELE 2020 MADUO: 80 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 10. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 2 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO e leng A, B le C. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (40) 2. Araba dipotso TSOTLHE. 3. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 4. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. 5. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 6. Tlogela mola mo magareng ga dikarabo tsa gago. 7. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 8. Nako e e tshitshinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 20 KAROLO YA C: Metsotso e le 50 9. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 3 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA A 1 Mo mosong wa Diphalane 2004 e ne e le ka Lamatlhatso, bana ba ne ba ya go reka ditlhako kwa lebenkeleng la 'Pep' le le neng le se kgakala le kwa ba nnang teng. Ba tlogile mo ntlong magareng ga ura ya borobedi le ya borobongwe. Morago ga gore ba tsamae, mmaabona o ne a ya kwa toropong, mme a boa ka ura ya lesome le bongwe, o ne a 5 gakgamatswa ke gore ga a ba fitlhela fa a boa kwa toropong. O ne a ipolelela gore ba tla goroga mo nakong e e sa fediseng pelo, mme ga go a ka ga nna jalo. 2 Fa Adam a boa kwa ngakeng ka nako ya dijo tsa motshegare, o ne a fitlhela Miena a sa itumela. Miena le monna wa gagwe ba ne ba tswa 10 letsholo go batlana le bana ba bona. Ba ile kwa lebenkeleng le bana ba neng ba ile kwa go lona, mme ba se ba fitlhele, ba ya le kwa mabenkeleng a a neng a le fa gaufi ya nna tsho kwa ga motshodi, mme ba bona go le botoka go ya kwa maphodiseng. Ba ne ba tsamaya le maphodisa, mme ga go a thusa sepe, bana ba ne ba sa bonale. 15 3 Ka Mosupologo, Miena le monna wa gagwe e leng Adam ba ne ba ya kwa sekolong go bega fa bana ba timetse. Mongwe wa baithuti o ne a ba bolelela fa a ba bone kwa mabenkeleng ba na le mosadi mongwe, mme moragonyana a ba bona gape kwa sepetlele sa George le ena mosadi yoo gape. Go ne ga nna le magatwegatwe a gore ba ba bone ka 20 Lamatlhatso kwa Blanco, dikilometara di le lesome go tswa kwa ba nnang teng. 4 Mosadi yo o ne a bonwa, a bodiwa dipotso, mme naga ya nna e ntse e le tshetlha. Go ne ga nna le moputso wa madi a a kana ka R80 000 kwa sephodiseng le ba mmasepala, mme ga go na ope yo o tlileng ka 25 tshedimosetso. Miena o ipotsa gore bana ba gagwe ba ja eng, a ba apere diaparo tse di bothito le gore a ba itekanetse. Bana ba gagwe e leng Werne (20) le Dominick ke bona ba Miena a nnang a ikgomotsa ka bona. 5 Setshwantsho se se tlhagelelang mo borokong e ne e ka re ke nnete: 30 bana ba gagwe ba ne ba ntse ka fa ntle, ba gatsetse e bile ba tshwerwe ke tlala, ba mo emetse gore a tle go ba tsaya, a ba tlhokomele. Miena Carlus a sianela kwa ntle, a fitlha a bula mojako, mme a fitlhela go se na motho. O ne a sala a le lolea le go ipotsa dipotso tse a saleng a ipotsa tsona dingwaga di le lesometlhano tse di fetileng. 35 6 Go timela ga Simia, Elrenzo Geraldo Carolus le Andre Adams go ne ga tlalatlala mo dikgannyeng. Tiragalo e, e ne ya tlhorontsha baagi ba motsana wa Conville kwa George kwa porofenseng ya Kapa-Botlhaba. Ba ne ba nna ka letshogo la gore fa go na le motho yo o utswang bana, o ne a ka nna a boa nako nngwe le nngwe. 40 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 4 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC 7 Batsadi ba ne ba tshela mo letshogong, ba tlhola ba disitse bana ba bona le maphodisa a tswile letsholo la go batlana le bana ba ga Miena ba ba latlhegileng, mme morago ga dingwaga tse di fetang lesome, go sa ntse go se na motlhala wa bana bao. Batho ba tsweletse ka matshelo a bona, mme Miena ga a na boikhutso mo moyeng. 45 8 Ngwaga mongwe le mongwe e nna segopotso se se botlhoko mo go Miena. Ka matsatsi a matsalo a bana ba gagwe le ka Keresemose e nna segopotso sa gore ga ba teng go bula dimpho tsa bona. Mosadi yo ga a batle go latlha tshepo ya gore ka tsatsi lengwe boraro jo bo tlile go boa fa gae. O ganeletse mo tshepong ya gore ka tsatsi lengwe go tla nna le 50 mongwe yo o ka tlang ka tshedimosetso ya go rarabolola bothata jwa go timela ga bana ba gagwe. [E nopotswe go tswa mo Drum Magazine, 2019] Leba TEMANA 1: 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Bana ba Miena ba latlhegile ka: A Diphala 2004 B Phalane 2004 C Diphalane 2014 D Diphalane 2004 (1) 1.1.2 Bana ba, ba ne ba ya go reka eng kwa lebenkeleng? (1) 1.1.3 Miena o lemogile leng gore bana ga ba teng? (1) 1.1.4 Adam o lemogile ka eng gore go sengwe se se sa siamang mo lelapeng? (2) Leba TEMANA 2: 1.1.5 Miena le Adam ba ne ba dira jang gore ba bone thuso? (2) Leba TEMANA 3 1.1.6 Go tsere malatsi a le makae pele Miena le Adam ba bega kwa sekolong gore bana ba latlhegile? (1) 1.1.7 Ke mafelo afe a MABEDI a mongwe wa baithuti a boneng bana ba ba latlhegileng kwa go ona? (2) Leba TEMANA 4 1.1.8 Mmuso o lekile jang go thusa Miena? (2) Leba TEMANA 5: 1.1.9 Tlhalosa toro ya ga Miena. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 5 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC Leba TEMANA 6: 1.1.10 Baagi ba Conville ba ne ba tlhorontshitswe ke tiragalo efe? (2) 1.1.11 Maikutlo a gago ke afe ka batho ba ba utswang bana? (2) Leba TEMANA 7: 1.1.12 Goreng baagi ba Conville ba ne ba tshelela mo letshogong? (2) Leba TEMANA 8 1.1.13 Miena o ne a na le tshepo ya gore ka letsatsi lengwe o tla bona bana ba gagwe. A se ke ntlha kgotsa kakanyo? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.1.14 Go roma bana kwa lebenkeleng ba le nosi go tliseditse Miena bothata jang? (2) 1.2 Sekaseka setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA B E re ke go thuse monna. Mpuru o faretswe. Tlogela bodipa! [Se nopotswe go tswa mo Shelbourn.com] 1.2.1 Monna yo o mo sekepeng o leka go dira eng? (1) 1.2.2 Lebaka le le tlhodileng gore monna a nne kwa godimo ga sejanaga ke lefe? (1) 1.2.3 Neela ditlamorago di le PEDI tse di ka bakiwang ke morwalela. (2) 1.2.4 Fa e ne e le sejanaga sa gago se leng mo morwaleleng, o ne o ka dira eng? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 6 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e latelang (TEMANA C), mme morago o kwale tshobokanyo ka go ntsha dintlha di le SUPA ka ga go tlogela motsoko. DITAELO 1. Kwala dipolelo tse di nang le dintlha di le SUPA, mme mafoko a gago a se ke a feta masomeasupa (70). 2. Dinomoro tsa dipolelo di kwalwe go simolola ka 1–7. 3. Kwala ntlha e le NNGWE mo polelong. 4. Kwala ka mafoko a gago mo go kgonegang, mme o sa fetole bokao jwa temana. 5. Kwala palogotlhe ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. TEMANA C GO TLOGELA MOTSOKO Ba lefapha le le neng le le kgatlhanong le tiriso ya motsoko, ba tshitshinya gore fa o batla go tlogela motsoko o tshwanetse go ipha nako gore o baakanye monagano wa gago. Dira gore o kope thuso mo go balosika, ditsala le badirammogo gore ba tle ba kgone go go ema nokeng. O tshwanetse go kgona go bona dilo tse di ka go raelang go tsuba. Se nne le ditsala tse di tsamayang masigo mo toropong, gonne di ka dira gore o eletse go goga motsoko. Fa o lemoga gore o tlile go nna le matsapa fa go le serame, se boele mo go tsubeng motsoko, dira maano a a tla go thusang go efoga go tsuba motsoko jaaka go ja dimonamone, ditšhapisi le dimonamone tsa mometso. Tiriso ya dibithamini jaaka B1, B3, B6 le B9 di tla dira gore keletso ya motsoko e ngotlege, gape le tiriso ya koketso ya bithamini B Complex e ka thusa go gatelela keletso ya khabohaeterete e e isang boima jwa mmele kwa godimo. Nna le leano le le tla go thusang go efoga keletso ya go goga. Ba lefapha le le kgatlhanong le tiriso ya motsoko ba tshitshintse gore go nwa galase ya metsi, go ja maungo kgotsa go itshidilola go ka thusa mo phokotsong ya go tsuba. Iteboge ka go ijesa monate ka madi a o neng o a dirisetsa go reka motsoko. [E nopotswe go tswa mo Drum Magazine, 2018] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 7 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka papatso e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA D IDOLS 1 Se fetwe ke tšhono! e tla gangwe fela mo ngwageng. Tsenela kgaisano, o tle o kgone go ikgapela moputso o. Re lebeletse bašwa fela! Walala wa sala!!! BAETLELETSI BA BA IKGANTSHANG KA DI IDOLS [Se nopotswe go tswa mo inthaneteng] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Motshameko o o mo papatsong e, o tla ga kae mo ngwageng? A Gabedi B Gararo C Gangwe D Gane (1) 3.2 Mofenyi o tla ikgapela eng mo kgaisanong e e mo papatsong? (1) 3.3 Papatso e e sekametse mo letlhakoreng le le lengwe. A ke ntlha kgotsa kakanyo? Tshegetsa ka lebaka. (2) 3.4 Kwala lefoko 'kgaisano' mo bontsing o be o le dirisa mo polelong e o e itlhametseng. (2) 3.5 Fetolela polelo e e latelang mo kganetsong. Tsenela kgaisano. (2) 3.6 Lefoko le le ntshofaditsweng mo papetlaneng ya 1 ke karolo efe ya puo? (1) 3.7 Phenyo ya sejanaga e bonwa mo lenaneong lefe? (1) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 8 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC POTSO 4 Sekaseka khathunu e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA E 2 Heela mosadi! O lebile kae? 1 Tshipi ya go Atamela ka bonya. nkgelela. Didiriswa tsa ditshipi ga di a letlelelwa. Tsireletso ya marumo. [E nopotswe go tswa mo Sowetan, Lwetse 2018] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Leina 'ditshipi' le dirisitswe jang mo polelong e e latelang? Didiriswa tsa ditshipi ga di a letlelelwa. A Letlhaodi B Lediri C Thuanyi D Thui (1) 4.2 Ke ka ntlha ya eng batho ba ba mo setshwantshong ba apere sesireletsamarumo? (2) 4.3 Siamisa mopeleto wa lefoko le le thaletsweng ka fa tlase. (1) 4.4 Fetolela polelo e e latelang mo tumelong. Didiriswa tsa ditshipi ga di a letlelelwa. (2) 4.5 Mo puduleng ya ntlha le ya bobedi ke efe e e bontshang fa go le modumo? (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 9 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC 4.6 Go gotola matlho ga mosetsana yo o ka fa tlase ga tshipi ya go nkgelela go bontsha maikutlo afe? (1) 4.7 Go ya ka wena goreng matlho a mosetsana yo o fa tlase ga tshipi ya go nkgelela a rotogile? (2) [10] POTSO 5 5.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA F E ne e le ka nako ya mampa a kolobe ka Labotlhano, ditiro di tlogetswe. Mosimane Kedibonye ka a ne a sa rate go nna ka diatla e bo e le yona nako ya go baakanya dilo mo ntlong e a neng a e adimile ka khiro go robala mo go yona. Botshelo jwa toropo ke jwa toropo, ga go na gore mogaeno o ka go adima 5 ntlo ya borobalo fela, o tshwanetse go mo tshwarisa sengwe ntswa mo malobeng go ne go sa nna jalo. Go ne go le teng gore motho o ka go thusa fela kwa ntle ga tefo. Fa gongwe, a go itse kgotsa a sa go itse, e le la ntlha le kopana. Gore a se ka a kobiwa mo ntlong e, o ne a tshwanetse go e dira phepa ka dinako tsotlhe. A e phepafatse ka fa ntle le ka fa teng. Gongwe go 10 be go twe a kgabise logora lwa yona la bothale ka dithunya le tse dingwe. Fa e ne e le mongwe o ka bo a ne a itsa batho go tsena teng ka go tshaba ona matsapa a, mme, kae, go ne go tsenwa fela ka kgololesego. [E nopotswe go tswa mo Ikeleng Tlhoko, NKG Moncho] 5.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Bokao jwa mampa a kolobe ke … A bosigo. B phakela. C motshegare. D hapama. (1) 5.1.2 Nyenyefatsa lefoko 'botshelo' o bo o le dirise mo polelong e o e itlhametseng. (2) 5.1.3 Neela lekaelagongwe la lefoko 'kopana'. (1) 5.1.4 Tshwaraganya dipolelo di le PEDI tse di latelang ka lekopanyi 'gore'. Bana ba ja bogobe. Bana ba a kgora. (2) 5.1.5 'Tsotlhe' ke mofuta ofe wa letlhophi? (1) 5.1.6 Neela bongwe jwa lefoko 'dithunya'. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 10 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC 5.1.7 Dirisa letlhalosi 'mo malobeng' mo polelong e o e itlhametseng. (2) 5.1.8 Bopa polelo e e nang le leemedi 'yona'. (2) 5.1.9 Tlhama seane ka leina 'motho'. (2) 5.2 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA G 'Mma, ga ke bone ka fao lefatshe le le ipusang le ka dirisanang ka teng le Lefapha la Botsogo la Yunibesithi ya Mosupologo. Le gona, go ruta ga go mo mading a me le e seng.' Katle pele. Yunibesithi ya Mosupologo e na le molao o o e amanyang le dipuso tsotlhe tse di mo lefatsheng. Kana gore thulaganyo ya malatsi a a somamane e gate e gatoga, magareng ga tse dingwe ke ka ntlha ya molao o. Wena se o tshwanetseng go se dira fa o tsena mo tirong e, ke go amusa o le mo sekgoropeng sa morutabana wa leaparapelo la gago. Kana ke go reile ka re ke sekgapha se matlhong; ke tshwere lematla la kgomo e sia ka namane. Go tla batlega gore ke ye go ja marapo a tlhogo. [E nopotswe go tswa mo Go tloga jaanong, Boitumelo Matlala] 5.2.1 Kwala polelo e e latelang go nna pakatlang. Ke tshwere lematla la kgomo e sia ka namane. (2) 5.2.2 Dirisa leina 'morutabana' jaaka sediri sa polelo. (2) 5.2.3 Lesupi le le thaletsweng mo polelong e e latelang ke la maemo a bokae? Magareng ga tse dingwe ke ka ntlha ya molao o. (1) 5.2.4 Fetolela lefoko 'ruta' mo tirweng. (1) [20] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 40 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 80 Kwalololo e ileditswe

Verified matching documents

The question paper, memo or addendum that belongs with this document.

Published documents with matching subject and grade metadata.

Matched using subject, grade, language, document type and exam metadata.

More from Grade 12 Setswana Fal

Explore more published documents in this catalogue.

View all