Skip to content

Setswana FAL Grade 12 P1 NSC November 2022 Question Paper

Question paperSetswana FALGrade 12202210 pages

Grade 12 Setswana FAL Paper 1 question paper from the NSC November Exam 2022, 10 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

NSC November Exam 2022

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) NGWANAITSEELE 2022 MADUO: 80 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 10. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 2 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO e leng A, B le C. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (40) 2. Araba dipotso TSOTLHE. 3. Simolola karolo NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 4. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. 5. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 6. Tlogela mola mo magareng ga dikarabo tsa gago. 7. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 8. Nako e e tshitshinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 20 KAROLO YA C: Metsotso e le 50 9. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 3 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA A LETSATSI LA BOSETŠHABA LA BAOKI 1 Letlha la 12 Moranang ke letsatsi la Bosetšhaba la baoki. Ke ka ntlha eo ba makasine wa Bona ba boneng go le botlhokwa go etela baoki ba babedi ba kwa bookelong jwa Netcare Umhlanga kwa porofenseng ya KwaZulu-Natala go bona dintlha tse di botlhokwa ka ga tiro e e masisi e. 2 Go tloga ka 2003 Brian e ntse e le mongwe wa baoki ba ba dirang ka 5 bana. 'Ke ne ke eleditse thata go nna ngaka fela ke ne ke se na madi a a lekaneng go ka duelela dithuto tsa Yunibesithi.' A, ke mafoko a gagwe. 'Morago ga go rupelelwa jaaka Mothusi wa mooki ke ne ka ikgolaganya le Netcare, mme ka tsweletsa dithuto tsa go itlhabolola go nna mooki.' 3 Batho ba le bantsi fa e le lwa ntlha ba kopana le Brian Khambule ba 10 gakgamalela ntlha ya gore ke mooki. Brian ke monna yo moleele yo o kwenneng e bile o ka mo akanyetsa go ka nna motshameki wa kgwele ya dinao le matsogo, e seng sepe fela ka balwetse. Fa o mo lebile jaaka a tla bo a dirisana le balwetse ba bannye o lemoga ka bonako gore ke motho yo o bonolo, yo o kutlwelobotlhoko, ka jalo o ne a le maleba mo tirong e a 15 e itlhophetseng. 4 Ditiro tsa ga Brian di akaretsa go naya balwetse melemo, dijo, go ba alololela le go thusa baoki ba bagolwane ka kemo ya tiro tota le dingaka. Se se botlhokwa ke gore Brian ka gale o teng go ka gomotsa bana ba ba ka bong ba na le letshogo kgotsa ba le mo ditlhabing. Ka dinako dingwe 20 go nna bosula thata fa ngwana a tlhokafala, fa ka dinako dingwe go nna botoka fa ngwana yo o lwalang thata a fola, mme a boela gae a nonofile e bile a itekanetse. 5 'Ke nna motlotlo tota fa ke kgonne go thusa a le mongwe fela go fola. Se, ke se booki bo leng ka ga sone.' O ne a konotetsa mafoko jalo. Sister 25 Pearl Mdluli o dira kwa phaposing ya balwetse ba ba kgarakgatshegileng maikutlo. E ke nngwe ya diphaposi tse ka gale go leng mo lebelong go thusa balwetse ba ba tlisiwang ke sepalangwa sa balwetse sa tshoganyetso. Karolo ya balwetse ba ba duleng dikgobalo ke nngwe ya diphaposi tse Pearl a dirang mo go tsona. 30 6 Pearl o iphitlhela a dira ka bana ba ba gotlholang go fitlha ka batswasetlhabelo ba dithunya, dikotsi tsa tsela le tse dingwe. 'Ke ne ke le motho yo o ratang go dira kwa phaposing ya balwetse ba ba kgarakgatshegileng maikutlo ka jalo ke ne ka itumela tota fa phatlatiro e tswa koo.' A, ke mafoko a ga Pearl yo o weditseng dithuto tsa gagwe tsa 35 booki ka 2003. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 4 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 7 Go dikgato di le tharo fela tsa borutegi jwa booki. Kgato ya ntlha ke go ikwadisetsa go nna mooki wa ditirelo tsa tlaleletso kgotsa Mothusi wa mooki. Dithuto tsa borutegi jo, di tsaya ngwaga fela. Kgato ya bobedi ke mooki wa ditirelo tsa tshegetso. Dithuto tsa borutegi jo, di tsaya dingwaga 40 di le pedi. Kgato ya boraro ke go nna mooki kgotsa Sister jaaka ba bidiwa. Dithuto tsa borutegi jo di tsaya dingwaga di le nne. 8 Mooki o ithutile dithuto tsa booki ka kakaretso, mme a ithutetse gape go belegisa, go dira ka balwetse ba tlhaloganyo le go nna mooki wa tirelo tsa pholo tsa loago. Fa fela o weditse dithuto tsa motheo, o kgona go 45 itlhopela gore ke balwetse ba mofuta ofe ba o batlang go dira ka bona, jaaka bana, batsofe, batho ba ba kgarakgatshegileng maikutlo jalo le jalo. [E nopotswe go tswa: Nkgo ya Puo ya Setswana, Lesego Mahlabe le ba bangwe] 1.1.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng ka go tlhopha karabo A, B, C kgotsa D. Go tloga ka 2003 go fitlha ka 2021 Pearl o tla bo a na le dingwaga di le … a ntse a dira tiro ya booki. A 18 B 38 C 28 D 08 (1) 1.1.2 Kgwedi ya 12 Moranang e itsege ka eng? (2) 1.1.3 Ke badiri ba makasine ofe ba ba neng ba etetse kwa Netcare ya Umhlanga? (1) 1.1.4 Ke ka ntlha ya eng badiri ba Bona ba bone go le botlhokwa go etela kwa Netcare Umhlanga? (2) 1.1.5 Go ya ka wena goreng batho ba ne ba bona Brian a sa tshwanelwa ke go nna mooki? (2) 1.1.6 Ka dintlha di le PEDI tlhalosa ditiro tsa ga Brian ka botlalo. (4) 1.1.7 Goreng Brian a paletswe ke go nna ngaka? (2) 1.1.8 Neela phaposi e LE NNGWE ya balwetse, e Pearl a neng a dira mo go yona. (2) 1.1.9 Ke kgato efe ya borutegi jwa booki e e tsayang ngwaga di le pedi? (2) 1.1.10 Go tlile jang gore Brian a atlege mo tirong ya booki? (2) 1.1.11 Fa o ka bo o le Brian ke eng se o neng o tlile go se dira gore o feleletse o le ngaka? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 5 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 1.1.12 Go ya ka temana mooki a ka kgona jang go itlhopela go dira ka balwetse ba mofuta o o rileng? (2) 1.2 Sekaseka setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA B [Se nopotswe go tswa mo www.google.health] 1.2.1 Tiragalo e e mo setshwantshong e diragalela kwa kae? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.2.2 Goreng batho ba ba emeletseng mo setshwantshong ba apere diaparo tsa mofuta o? (2) 1.2.3 Fa o lebile goreng monna yo o mo bolaong a dikaganyeditswe ke batho? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 6 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e latelang (TEMANA C), mme morago o kwale tshobokanyo ka go ntsha dintlha DI LE SUPA ka melao ya ipabalelo tseleng. DITAELO 1. Kwala dipolelo tse di nang le dintlha di le SUPA, mme mafoko a gago a se ke a feta masomeasupa (70). 2. Dinomoro tsa dipolelo di kwalwe go simolola ka 1–7. 3. Kwala ntlha e le NNGWE mo polelong. 4. Kwala ka mafoko a gago mo go kgonegang, mme o sa fetole bokao jwa temana. 5. Kwala palogotlhe ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. TEMANA C MELAO YA IPABALELO TSELENG E E TSHWANETSENG GO RUTIWA BANA Dipalopalo di supa fa bana ka bontsi ba tlhokafala ka ntlha ya dikotsi tsa tsela. Mabaka a a tlholang dikotsi tse ke go sa ele tlhoko melao ya tsela, botlhokakitso le botlhaswa, le fa go le jalo dira gore o ba neele kitso e ba tla kgonang go e diragatsa ka bo bone. Selo sa ntlha e bile se le botlhokwa ke go itse matshwao a tshireletsego. Batsadi le barutabana ba tswanetse go itse matshwaotheo otlhe a tsela pele ga ba ka tlogela bana ba bona le bangwe. Barutwana ba ba dirisang dipalangwa go ya sekolong, a ba rutiwe go ela tlhoko dikoloi tse di tlang ka fa molemeng le ka fa letsogong la go moja fa ba kgabaganya tsela. Ba rutiwe go ela tlhoko le go reetsa medumo ya tsiboso e e diriwang ke dijanaga fa ba kgabaganya tsela. Ba rutwe botlhokwa jwa go nna kelotlhoko mo ditseleng. Ba se taboge mo tseleng e e nang le pharakano e ntsi. Barutwana ba rata go taboga go na le go tsamaya ka dinao, ba gakolole gore ga ba a tshwanela go tabogela dipalangwa, mme ba tsamae ka iketlo go ya kwa go tsona. Ba rute go dirisa molathoko ka gale fa ba tsamaya mo tseleng. Le fa tsela e le lolea kgotsa e na le pharakano e ntsi. Netefatsa fa ba bonagala bosigo. Bana ke batho ba ka gale ba tshamekang go fitlha bosigo. Fa ba dirisa dipalangwa tsa go ya sekolong kgotsa dikoloi, ba se ke ba ntshetsa matsogo kgotsa ditlhogo tsa bona kwa ntle ga sepalangwa. [E nopotswe go tswa: www.roadsafety.com] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 7 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka phasalatso e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA D SEBOLAYA MEGARE SA MATSOGO Diporesente di le 99,99 tsa go bolaya megare le ditwatsi. O e dirisa kwa ntle ga metsi. [Se nopotswe go tswa mo www.googlesanitizer.com] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Papatso e, e bapatsa … A setlolo sa matsogo. B sebolaya megare. C mogare wa khorona. D sesira letsatsi sa matsogo. (1) 3.2 Naya leina la kuno e e bapatswang fa godimo. (1) 3.3 Setlolo se se na le dimililitara di le kae? (1) 3.4 Go ya ka sebapatswa se, go kaiwa e le diporesente di le kae tse di bolayang megare? (1) 3.5 Sebapatswa se, se ka dirisiwa ke bomang? Tshegetsa ka lebaka. (2) 3.6 Dirisa letlhalosi le le thaletsweng mo polelong e o itlhametseng. (2) 3.7 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore sebapatswa se, se ka dirisiwa kwa ntle ga metsi? Tshegetsa ka lebaka. (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 8 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC POTSO 4 Sekaseka khathunu e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA E Letsatsi la ntlha 3 sekolo se bulwa 2 Morutabana a Morutabana re maseke wa 1 o gotlholela me ke wa Morutabana mo go nna. madi a a kwa o apere tlase. maseke wa me. [Se nopotswe go tswa mo www.google.mangena cartoons] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Karolopuo e e ntshofaditsweng mo puduleng ya ntlha ke ... A lediri. B leemedi. C lesupi. D lerui. (1) 4.2 Batho ba ba mo setshwantshong ba mo lefelong lefe? Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.3 Neela bontsi jwa leina morutabana. (1) 4.4 Ke eng se se bontshang gore dibui tse di mo puduleng ya bobedi le ya boraro di a lwa? (2) 4.5 Ke ka ntlha ya eng morutabana a rwele matsogo mo tlhogong? (2) 4.6 Fa o ne o le morutabana o ne o tlile go dira eng go didimatsa barutwana? (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 9 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC POTSO 5 5.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA F Batho ba le bantsi ba ithaya ba re ke maemo go nna bogagapa mo ditseleng. Ba pepentsha dijanaga tsa bona, modiro wa tsona le lobelo lwa tsona, mme ba tsaya fa ba le kwa setlhoeng sa botshelo ka ntlha ya phitlhelelo e. O ka ba bona jaaka ba tlaabo ba butse dijanaga phogwana, ba thetheekela ba relela mo ditseleng e bile ba bona fa lefatshe e le la bona ba le bosi. Moono wa 5 bona ke gore ba ja botshelo, mme ba lebala mareledi a bona. Ditsela tse di fa gare ga motse, tse di ka kwa ntle le ditselafefo di na le lobelo lo lo lekanyeditsweng gore bakgweetsi ba kgweetse ka bomaleba. Bangwe fa go le sejanaga fa pele ga bona, mme go ya ka bona, mokgweetsi yo a tsamaya ka lobelo lwa leobu, le fa e le lobelo lo lo maleba lo lo 10 lekanyeditsweng go ya ka kgaolo eo, ba bo ba kukega mafatlha, ba sege sejanaga seo tsebe, mme ba tswelele go kgotlhana maikutlo a puo ya molomo kgotsa ya diatla e e nang le bokao jwa lenyatso le ditlhapa. [E nopotswe go tswa go: Nkgo ya Puo ya Setswana, Lesego Mahlabele le ba bangwe] 5.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Go tsamaya ka lobelo lwa leobu, ke go tsamaya … A ka bonako. B o taboga. C ka iketlo. D o fetoga. (1) 5.1.2 Bopa polelo e o e itlhametseng ka letlhophi 'bosi'. (2) 5.1.3 Fetolela polelo e e latelang mo go pakatlang. Moono wa bona ke gore ba ja botshelo. (2) 5.1.4 Nyenyefatsa lefoko 'tsebe', morago o tlhame polelo ka lona (2) 5.1.5 Dirisa lekopanyi 'e bile' mo polelong e o e itlhametseng. (2) 5.1.6 Tlhalosa gore lefoko le le thaletsweng mo temaneng le dirisitswe jang? (2) 5.1.7 Dirisa lefoko le le ntshofaditsweng mo temaneng go supa bokao jo bo farologaneng le jwa temana. (2) 5.1.8 Lefoko 'seo' ke lesupi la maemo a bokae? (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 10 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 5.2 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA G Letseno la naga mono Aforikaborwa le kwa godingwana fa le bapisiwa le dinaga tse dingwe mo kontinenteng, gape go na le mafaratlhatlha a maemo a a kwa godimo, le ditogamaano tsa ditšhelete tse di gatetseng kwa pele tse di e kgontshang go tsenelela bophasalatsi jwa dinaga tsa bophirima, thekenoloji le boleng jwa botshelo jo bo kwa godimo. Tsotlhe tse, ke mosele o o tsenyetsang naga ya rona metsi gonne di tlisa bokgoni jwa disenyi go gweba ka dividiyo le disiidi tse di kopisitsweng tse e seng tsa nnete. Go le jalo, botata jo bongwe jo bogolo ke botlhokatiro jo bo kwa godimo mono Aforikaborwa, jo bo romelang batho ba le bantsi kwa bosenying. [Setswana D Matjila le ba bangwe, Setshwantso se nopotswe go tswa go www.google.videos] 5.2.1 Siamisa mopeleto wa lefoko le le thaletsweng mo temaneng ya G. (1) 5.2.2 Aforikaborwa ke mofuta ofe wa leina? (1) 5.2.3 Bopa seane ka lefoko le le ntshofaditsweng mo temaneng ya G. (2) 5.2.4 Lefoko 'botlhokatiro' le bopilwe ka dikarolopuo dife? (2) [20] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 40 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 80 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana FAL

View all