Downloaded from hlayiso.com
NATIONAL
SENIOR CERTIFICATE
MOPHATO 12
SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL)
PAMPIRI YA NTLHA (P1)
NGWANAITSEELE 2018
MADUO: 80
NAKO: Diura di le 2
Pampiri e, e na le ditsebe di le 10.
Kwalololo e ileditswe Phetla
You're offline
Skip to contentQuestion paper 





View all
Setswana FAL P1 Nov 2018 hlayiso.com
Setswana Fal · Grade 12 · NSC November Exam · 2018 · setswana. Question paper, 10 pages. Read online or download the PDF.
- Subject
- Setswana Fal
- Grade
- Grade 12
- Language
- Setswana
- Document type
- Question paper
- Year
- 2018
- Exam period
- NSC November Exam
- Paper
- 1
- Pages
- 10
- File size
- 607.8 KB
Loading document…
Loading document…
1 of 10
Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 2 DBE/Ngwanaitseele 2018
NSC
DITAELO LE TSHEDIMOSETSO
1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO.
KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30)
KAROLO YA B: Tshobokanyo (10)
KAROLO YA C: Tiriso ya puo (40)
2. Araba dipotso TSOTLHE.
3. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA.
4. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE.
5. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe.
6. Tlogela mola mo magareng ga dikarabo tsa gago.
7. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
8. Nako e e tshitshinngwang:
KAROLO YA A: Metsotso e le 50
KAROLO YA B: Metsotso e le 20
KAROLO YA C: Metsotso e le 50
9. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 3 DBE/Ngwanaitseele 2018
NSC
KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO
POTSO 1
1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso.
TEMANA A
1 Letsatsi e ne e le Labone ka nako ya lotlatlana mme Nteseng o ne
a bonagala a tshwerwe ke letsapa, mme e bile a lebega e kete go na le
sengwe se se mo tshwenyang mo pelong. Boammaruri ke gore o ne
a lapisitswe ke tiro ya gagwe. O tlhotse a tshwaya dibuka tsa baithuti tsa
ditlhamo letsatsi lotlhe. Sengwe se se mo tshwentseng thata ke lekwalo le 5
a le amogetseng mo letsatsing leo.
2 Ke ne ka utlwa lentswe la gagwe fa a bitsa mosadi wa gagwe 'Sara, Sara!
Tlaa kwano.' A bo a tshela Sara ka dikgang. 'Ke amogetse lekwalo go
tswa kwa go Tafita. Ruri Tafita jaanong o a ntshwenya. Ke mmoleletse
maloba gore ga ke na nako, ke dira ka thata le fa go ntse jalo, o ntaletsa 10
ka thata go tla kwa ntlong ya gagwe ka Lamatlhatso. A re go na le
kgotlhang magareng ga gagwe le mosadi wa gagwe. A re o kopa gore ke
tle go tsereganya.'
3 Sara a araba ka boikokobetso: 'Tota fa a go kopa o tshwanetse go mo
thusa. Tafita ga se motho yo o ratang metlae. A o tla ya kwa teng ka 15
Lamatlhatso mo mosong?' Nteseng o ne a akanya gore o tla tsaya bese
ya badiri ka Labotlhano motshegare ka gonne a tshaba gore bese ya
Lamatlhatso e ka tla ya mo tlogela fa a ka tsoga thari.
4 Ka Labone Nteseng a laela mosadi wa gagwe gore a mo direle mofago o
a tla fitlhang a o naya Tafita. A mo kopa gore a tlhabe kgogo e a neng a 20
e neilwe ke kgaitsadiagwe, mme a e apeye ka botswerere. Mo letsatsing
la Labotlhano le Nteseng a rileng o ya kwa go Tafita, Sara a bo a ya go
bona Thina ka maikaelelo a go mmolelela gore o na le kgatlhego ya
go tsaya loeto le bona go ya kwa Serapeng sa Diphologolo sa Manyeleti
mo letsatsing le le latelang. Thina a itumelela mafoko a tsala ya gagwe ba 25
bo ba wetsa dithulaganyo tsotlhe jaaka go ne go tlhokega.
5 Fa Nteseng a tloga fa gae, Sara le ene o ne a itshiamisetsa go tloga mo
letsatsing le le latelang. Go ne go le maitseboa. Ke ka moo Thina a neng
a eletsa Sara gore a tseye mmata o a ka robalang ka ona. E le ruri fa ba
fitlha mo beseng ba fitlhela go se ope yo o emeng ka dinao. Batho botlhe 30
ba ne ba ile ka boroko ba ikhupeditse ka dimmata tsa bona e bile go le
lefifi mo beseng. Thina le Sara ba ne ba fetela kwa morago go nna mo
setulong sa bofelo.
6 Ga re itse gore ba ne ba tshaba gore ba tla bonwa ke batho kwa pele
kgotsa jang. Mo setulong sa bofelo se ba neng ba ntse mo go sona go ne 35
go le batho ba le babedi ba ba neng ba ikhupeditse ka dimmata tsa bona
mongwe wa bona a gona jaaka tau e rora.
Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 4 DBE/Ngwanaitseele 2018
NSC
7 Fa bese e fitlha mo kgorong go ne go ise go bulwe, ka jalo ya ema fa pele
ga kgoro gore batlhokomedi ba tle ba ba bulele. Thina o ne a setse a
tsogile, mme a tsosa Sara. Go ne go le maruru thata e bile ba sa batle go 40
bula matlhabaphefo. Ba ne ba lebile kwa ntle le fa mouwane wa mowa
o ne o ba kgoreletsa go bona sentle. Fa ba ntse ba bua ba bona tsala ya
bona Selina a nnetse kwa pele mo beseng, mme ba kopa mongwe gore
a ba biletse ena. Selina a goa ka lentswe le le kwa godimo, 'Aaaa!!
Ke wena Sara. O bone gore o tle le rona gore o se ke wa fetwa 45
ke monate.'
[Setswana se se monate, HEM Khaoli le ba bangwe]
1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A,
B, C kgotsa D.
Leba TEMANA 1
E ne e le ka nako efe ya letsatsi fa Nteseng a ikutlwa a na
le letsapa?
A Motshegare
B Phakela
C Motshegaregare
D Lotlatlana (1)
1.1.2 Nteseng o amogetse molaetsa wa gore a tle kwa go Tafita ka
letsatsi la bokae? (1)
1.1.3 Nteseng o ne a lapisitswe ke eng? (2)
1.1.4 Fa o lebile Nteseng o ne a dira tiro ya mofuta ofe? Tshegetsa
ka lebaka. (2)
Leba TEMANA 2
1.1.5 Nteseng o itsitse jang gore Tafita o batla gore a tle kwa ga gagwe? (2)
1.1.6 Ke ka ntlha ya eng Tafita a ne a batla gore Nteseng a tle kwa
ga gagwe? (2)
Leba TEMANA 3
1.1.7 Nteseng o ne a tlhotlhelediwa ke mang gore a ye kwa ga Tafita? (1)
1.1.8 Goreng Nteseng a ne a sa batle go ya kwa go Tafita ka
Lamatlhatso? (2)
Leba TEMANA 4
1.1.9 Tsala ya ga Sara e a kopaneng le yona mo beseng ke mang? (1)
1.1.10 Nteseng o ne a kopa Sara gore a mo direle mofago o o ntseng
jang? (2)
1.1.11 Ke eng se se neng se dira gore Sara a ye go bona Thina? (2)
Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 5 DBE/Ngwanaitseele 2018
NSC
Leba TEMANA 7
1.1.12 Bese e ne e emetse eng mo kgorong? (1)
Leba TEMANA 5
1.1.13 Fa o lebile goreng Sara le Thina ba ne ba nnela kwa morago mo
beseng? (2)
1.1.14 Sara le Thina ba fitlhetse go ntse jang mo beseng? (2)
Leba TEMANA 4
1.1.15 Serapa sa diphologolo se kwa lefelong lefe? (1)
1.2 Lebelela setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso.
TEMANA B (SETSHWANTSHO)
Diphetogo
Phenyo
[Motswedi: www.google.zapiro cartoons]
1.2.1 Mokatisi yo o mo setshwantshong o katisetsa batshameki mofuta
ofe wa motshameko? (2)
1.2.2 Ke phologolo efe e e dirisiwang go supa setlhopha se mokatisi yo
a se eteletseng pele? (2)
1.2.3 Fa o lebile ke dilo dife di le PEDI tse di tlhokegang mo setlhopheng
gore mokatisi a bone katlego? (2)
PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30
Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 6 DBE/Ngwanaitseele 2018
NSC
KAROLO YA B: TSHOBOKANYO
POTSO 2
Buisa temana e e latelang (TEMANA C), mme morago o kwale tshobokanyo ka go
ntsha dintlha di le SUPA tsa botlhokwa ka ga go ipaakanyetsa ditlhatlhobo.
DITAELO
1. Kwala dipolelo tse di nang le dintlha di le SUPA, mme mafoko a gago a se ke
a feta masomeasupa (70).
2. Dinomoro tsa dipolelo di kwalwe go simolola ka 1–7.
3. Kwala ntlha e le NNGWE mo polelong.
4. Kwala ka mafoko a gago ka mo go kgonegang, mme o sa fetole bokao jwa
temana.
5. Kwala palogotlhe ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa
tshobokanyo.
TEMANA C
GO IPAAKANYETSA DITLHATLHOBO
Moithuti mongwe le mongwe o tshwanetse go ipaakanyetsa ditlhatlhobo. A ipaakanye
nako e sa ntse e le teng. A itirele lenaneo la ipaakanyetso thuto, mme a le latele. Le tla
mo thusa go baakanya ditiro tsa gagwe ka nako, le go tsepamisa mogopolo.
Pele ga ditlhatlhobo a ye sekolong malatsi otlhe, a se thinye dithuto ka gonne
barutabana ba ba tlhaga thuso ka go ba naya lesedi le le tlhokagalang. Sa botlhokwa
se moithuti a tshwanetseng go se ela tlhoko fa a ithuta a le kwa gae ke gore a se
lebelele thelebišene, a se reetse mmino, a se dirise mogala wa letheka le go buisa a
robetse mo bolaong. Lefelo le a yang go ithutela mo go lona le tlhoka go nna le dibuka,
thanodi, khomputara le tse dingwe.
Tlhaloganyo ya moithuti e tlhoka go nna mo maemong a a siameng go ka kgona go
akanya sentle ka tsepamo. Se se ka kgonagala fela fa moithuti a nwa metsi ka
tshwanelo le go ja dijo tse di siametseng tlhaloganyo jaaka maungo, merogo le dijo tse
di nang le diporoteine. Mafura, kofi, dimonamone le dino tse di nang le sukiri e ntsi di
ka mo tlhokisa go tsepamisa mogopolo le go akanya sentle ka jalo a di ikgatholose.
A kope motsadi kgotsa mongwe go mmotsa dipotso ka se a se ithutileng. Ka letsatsi la
tlhatlhobo a kgobe makgwafo ka go itshidilola le go iketla metsotswana e le mmalwa
pele a ka kwala. A itshepe, mme a akanye ka katlego.
[E fetoletswe go tswa mo makasineng wa Move, 29 Seetebosigo 2016]
PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10
Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 7 DBE/Ngwanaitseele 2018
NSC
KAROLO YA C: TIRISO YA PUO
POTSO 3
Sekaseka papatso e e latelang, mme morago o arabe dipotso.
TEMANA D
FIREFLY
EA
Pente e
metsi
GO
KGOMARELA
BOLENG JO BO
KWA TLASE KA 50%
DIFOFANE TSOTLHE, MAFELO OTLHE
DIPEELETSO DI KA DIRWA KA 7 – 13 MORANANG
TSAYA LOETO KA PHUKWI 2017 – PHUKWI 2018
[Motswedi: http://adverts.com]
3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C
kgotsa D.
Go beilwe sebaka sa … go beeletsa loeto.
A dikgwedi di le 7
B malatsi a le 7
C malatsi a le 12
D dikgwedi di le 12 (1)
3.2 Go bapatswa eng mo papatsong e e fa godimo? (1)
3.3 A ke ntlha gore papatso e e sekametse mo letlhakoreng le le nosi? Tshegetsa
ka lebaka. (2)
3.4 Nopola letlhophi go tswa mo papatsong, mme o le dirise mo polelong e o e
itlhametseng. (2)
3.5 Go ya ka papatso, bokao jwa 50% off e e leng mo sekhetheng sa mosadi ke
bofe? (2)
3.6 Fetolela polelo e e latelang go nna mo kganetsong.
Pente e metsi. (2)
[10]
Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 8 DBE/Ngwanaitseele 2018
NSC
POTSO 4
Sekaseka khathunu e e latelang, mme morago o arabe dipotso.
TEMANA E
Nako e fitlhile jaanong gore re ye go tsena mo Go tlile go nkga go sa
motshamekong wa thenese. Re tla bona gore bola. 2
motshameki yo o tlhotlhwa ke mang. 1
4
3
Thwaa!
Pha!
[Motswedi:www.satiricalcartoons.co.za]
4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C
kgotsa D.
Lebotsi 'mang' le dirisiwa fa o batla go itse …
A bong jwa motho.
B leina la motho.
C leina la sengwe.
D mokgwa wa motho. (1)
4.2 Neela tlhaloso ya leele le le thaletsweng mo PUDULENG YA 2. (2)
4.3 Nopola lerui mo PUDULENG YA 1. (1)
4.4 O bona ka eng gore banna ba, ba ya go tshameka thenese? Neela dilo di le
PEDI. (2)
4.5 Bopa polelo e e nang le letlhaodi la popego ka ga ditedu tsa monna wa
PUDULA YA 2. (2)
4.6 Mafoko a a mo PUDULENG YA 3 le 4 ke karolopuo efe? (1)
4.7 Dirisa lefoko le le ntshofaditsweng mo PUDULENG YA 1 mo polelong e o
itlhametseng ka bokao jo bo farologaneng le jwa temana. (1)
[10]
Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 9 DBE/Ngwanaitseele 2018
NSC
POTSO 5
5.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso.
TEMANA F
Fa ke sa le ke bona tiro fa, e ne e le lwa ntlha ke iphitlhela ke tsene fa
diphaposiborobalong tsa banna ba bagaetsho. Le fa re ne re sa utlwane fa
ba bua puo ya bona ya Seswahile le Sešona, Sejatlhapi sona ba ne ba se
leka. Dekemane a re ga a tlhomamise sentle gore ke efe ya dipuo tse, e ba e
buang. Mongwe wa borre ba, rre Njende, o ne a setse a intlwaeditse thata le 5
mo maitsiboeng a o ne a ntaleditse go tla go itisa nae.
Fa o tsena ka mojako o amogelwa ke monkgo wa leswe. Ga ke tlhomamise
gore a ke la diaparo, dijana le dithini tse a apayang ka tsona kampo ke la
ditlhako. Mo sekhutlwaneng kwa godimo go kgabaganya pale e go
kgwageditsweng diaparo tse motho o sa itseng le mmala wa tsona. Fa go se 10
sengwe go thothobolo ya dikobo. Gaufi le dikobo go dikotlolwana tse pedi tsa
tshipi le thini e e dirisiwang jaaka pitsa ya go apaya. Lebone le dirilwe ka thini
le bo le tshelwa leokwane. Ka fa ntle le ka fa teng ga phaposi e ga go
pharologano ka go sa dilwa.
[A ke phoso? LJ Baloyi]
5.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A,
B, C kgotsa D.
Lefoko sejatlhapi le bopilwe ka:
A Letlhalosi + leina
B Letlhaodi + leina
C Lediri + leina
D Leina + leina (1)
5.1.2 Dirisa kutu ya lediri 'setse' mo polelong jaaka:
(a) Lediritota
(b) Lediriletlhaedi (2)
5.1.3 Kwala polelo e e latelang mo tumelong.
Ga ke tlhomamise gore a ke la diaparo, dijana le dithini tse a
apayang ka tsona. (2)
5.1.4 Lesupi le le thaletsweng mo polelong e e latelang ke la maemo a
bokae?
Fa ke sa le ke bona tiro fa, e ne e le lwa ntlha ke iphitlhela ke tsene
fa diphaposiborobalong tsa banna ba bagaetsho. (1)
5.1.5 Leina banna le dirisitswe jang mo polelong e e ntshofaditsweng mo
temaneng. (2)
5.1.6 Dirisa letlhaodi tse pedi mo polelong e o e itlhametseng. (2)
Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 10 DBE/Ngwanaitseele 2018
NSC
5.1.7 Kwala leemedi boemong jwa lefoko le le ntshofaditsweng mo
polelong e e latelang.
Lebone le dirilwe ka thini le bo le tshelwa leokwane. (1)
5.1.8 Dirisa lekopanyi 'le' go kopanya dipolelo di le PEDI tse o di
itlhametseng. (2)
5.1.9 Neela bontsi jwa lefoko monkgo. (1)
5.2 Sekaseka setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso.
TEMANA G
Pele ga motshameko wa Sejana sa Lefatshe sa kgwele ya dinao sa 2010, go
ne go tsogile kgaruuruu ka vuvuzela. Magatwe a re go na le kgonagalo ya
gore nakana e, e tla iphitlhela e kgabisitse kwa magaeng fa beng bona ba tla
bo ba itshopere kwa metshamekong. Baeteledipele ba kgwele ya dinao ba ne
ba lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya go loga maano a a tla kgontshang
balatedi go e dirisa.
[Re a ipela, S wa Mpope le ba bangwe]
5.2.1 Neela lekaelagongwe la lefoko le le ntshofaditsweng mo temaneng
e e golaganeng le setshwantsho. (1)
5.2.2 Bopa seane ka lefoko maano. (2)
5.2.3 Dirisa lefoko loga, go bontsha bokao jo bo farologaneng le jwa
temana. (2)
5.2.4 Lefoko itshopere, ke karolo efe ya puo? (1)
[20]
PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 40
PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 80
Kwalololo e ileditswe
Verified matching documents
The question paper, memo or addendum that belongs with this document.
Recommended for this subject
Published documents with matching subject and grade metadata.
Related documents
Matched using subject, grade, language, document type and exam metadata.

Question paper
Setswana FAL P2 Nov 2018 hlayiso.com

Question paper
Setswana FAL P3 Nov 2018 hlayiso.com

Question paper
Setswana FAL P1 May June 2018 hlayiso.com

Question paper
Setswana FAL P1 Nov 2023 hlayiso.com

Question paper
Setswana FAL P1 Nov 2023 MG hlayiso.com

Question paper
Setswana FAL P1 Nov 2022 MG hlayiso.com
More from Grade 12 Setswana Fal
Explore more published documents in this catalogue.












