You're offline
Skip to content
Question paper

Setswana FAL P1 May June 2018 hlayiso.com

Subject: Setswana FalGrade 12201810 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com GRADE 12 SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) 2018 MADUO: 80 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 10. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 2 DBE/2018 SCE DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO e leng A, B le C. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (40) 2. Araba dipotso TSOTLHE. 3. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 4. Thala mola morago ga karolo NNGWE le NNGWE. 5. Dinomoro tsa dikarabo di tlhagelele jaaka di ntse mo pampiring ya dipotso. 6. Tlogela mola mo magareng ga dikarabo tsa gago. 7. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 8. Nako e e tshitshinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 20 KAROLO YA C: Metsotso e le 50 9. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 3 DBE/2018 SCE KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA A 1 Sinenhlanhla Monageng ke mosetsana wa dingwaga di le 13 yo bontsi jwa nako a robalang a sa ja, mme letsatsi le le latelang a bo a gaisana le baithutimmogo ka metshameko. O tsewa jaaka mogaka wa sekolopotlana sa Madiba kwa Lenasia ke baithutimmogo le ena. Mošwa yo, o ne a filwe go utlwala, o ne ka gale a baya leina la sekolo 5 sa gagwe mo mmapeng, a gogola dimetale le dikgele tsa phenyo mo metshamekong. O ne a relela thata mo metshamekong e tshwana le bolotloa le diatleletiki. 2 Baagi ba motsana wa gagwe mmogo le sekolo sa gagwe ba ne ba le motlotlo ka ena fela go se yo o lemogang fa mosetsanyana yo, a nna 10 malatsi a le mantsi a se na se se yang maleng. Joel Monageng wa dingwaga di le 45, o ne a tsaya maikarabelo a go tlhokomela mosetsanyana yo mmogo le monnawe Mercury wa dingwaga di le 10. Joel e ne e se rre yo a ba tsalang, fela a kgaratlhela go ba fepa. Ba ne ba nna mo mokhukhung wa phaposi e le nngwe kwa Drizik Proper, 15 Orange Farm gaufi le Sebokeng. 3 Sinenhlanhla a re, botshelo bo makgwakgwa kwa lefelong le a nnang mo go lona, mme metshameko ke yona e e mo nayang tšhono ya go ikgatholosa matshwenyego le mathata a lefelo leo. O lebogela go nna teng ga rraagwe, Monageng, le tshegetso e a mo nayang yona mo 20 botshelong. A re 'Rre o leka ka thata go re tlhokomela, e bile re itumelela bonnye jo a re bo direlang. Ke toro ya me e kgolo go nna moatlelete yo o kwa setlhoeng mo isagong fela ka ntlha ya lemorago la me la go tlhoka, ditoro tsa me di ka feleletsa di sa tswelela'. Sinenhlanhla a re go mo 25 utlwisa botlhoko fa a tshwanetse go adima diaparo le ditlhako tsa go taboga ka a se na tse e leng tsa gagwe. 4 'Go thata ka gonne ke tshwanetse go bona gore o bona madi a thekisi go ya le go boa kwa sekolong, mme ke bo ke boe ke bone gore re bona sa go ja' ga bua rraagwe Sinenhlanhla yo a sa leng a fokodiwa 30 mo tirong kwa setlamong sa diaparo dingwaga di le supa tse di fetileng. 'Re tshela ka madi a a kana ka R180,00 a kotlo a ga Mercury. Ke retelelwa le ke go duela R400,00 ya sekolo ka ngwaga, mme se se tlhodile gore Sinenhlanhla a se bone dipholo tsa gagwe'. 35 5 Monageng o ne a leletsa ba Sunday Sport mogala a itirela boikuelo mo baetleletsing go thusa go tsweletsa maikaelelo a morwadie a go nna moatlelete yo o kwa setlhoeng, le go bona a tsamaya mafatshe a a farologaneng ka motshameko. O ne a dira se, go somarela talente ya morwadie pele e ya moribe. 40 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 4 DBE/2018 SCE Motsamaisi wa kgodiso ya diAtleletiki mo Aforikaborwa, Molatelo Malehopo, o ne a angwa maikutlo ke kgang e ya ga Monageng, mme a solofetsa go isa Sinenhlanhla kwa Akateming ya metshameko kwa Johannesburg. Morago ga matsapa a ga Molatelo, Sinenhlanhla o ne ka ngwaga oo a kaiwa e le setshameki sa ngwaga mo Aforikaborwa. 45 [E nopotswe go tswa go: Segarona, EE Pooe le ba bangwe] Leba TEMANA 1 1.1.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Mercury o ne a le monnye mo go mogolowe ka dingwaga di le … A nne. B pedi. C tharo. D tlhano. (1) 1.1.2 Ke motshameko ofe o Sinenhlanhla a neng a tumile ka ona? (1) Leba TEMANA 2 1.1.3 Le fa Sinenhlanhla a ne a dira bontle mo metshamekong, ke eng se baagi ba motse le sekolo ba neng ba sa se lemoge ka ga gagwe? (2) 1.1.4 O ikaegile ka temana, a ke bomme fela ba ba kgonang go godisa bana sentle? Tshegetsa ka lebaka. (2) Leba TEMANA 3 1.1.5 Ke eng se Sinenhlanhla a neng a aga a se dira go ikgatholosa matshwenyego le mathata a lefelo le ba neng ba nna mo go lona? (2) 1.1.6 Sinenhlanhla o ne a eletsa go ipona e le eng mo botshelong? (2) 1.1.7 Mo metshamekong e Sinenhlanhla a neng a e tshameka, ke ofe o o ka mo tswelang mosola mo isagong? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.1.8 Lebaka legolo le le neng le dira gore Sinenhlanhla a adime diaparo le ditlhako tsa go taboga e ne e le lefe? (2) Leba TEMANA 4 1.1.9 Balelapa la ga Joel Monageng ba ne ba itshedisa ka eng? (1) 1.1.10 Tlhalosa gore ke ka ntlha ya eng Sinenhlanhla a ne a se bone dipholo tsa gagwe. (2) 1.1.11 Neela lebaka le le neng le dira gore Joel a retelelwe ke go tlamela balelapa la gagwe jaaka go tshwanetse. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 5 DBE/2018 SCE Leba TEMANA 5 1.1.12 Neela leina la motsamaisi wa kgodiso ya diatleletiki. (1) 1.1.13 A go ikgolaganya ga ga rraagwe Sinenhlanhla le ba Sunday Sport, go ne ga tswela morwadie mosola? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.1.14 A toro ya ga Sinenhlanhla e ne ya tswelela kwa bofelong? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.2 Sekaseka setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA B Ke fofa jaaka serurubele, ke loma jaaka notshe! 1 2 [E nopotswe go tswa go: Yalo Pictures, inthanete] 1.2.1 Naya ditsela di le PEDI tse Muhammad Ali a neng a ipoka ka tsona fa a lwa. (2) 1.2.2 O golaganya jang ramabole wa 1 le ditlelafo tse dikgolo tse di mo setshwantshong? (2) 1.2.3 Goreng ditlelafo tse di mo setshwantshong di kgwageditswe? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 6 DBE/2018 SCE KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e latelang (TEMANA C), mme morago o kwale tshobokanyo ka go ntsha dintlha di le SUPA tsa botlhokwa ka ga go tlhopha ditlhako tse di maleba. DITAELO 1. Kwala dipolelo tse di nang le dintlha di le SUPA, mme mafoko a gago a se ke a feta masomeasupa (70). 2. Dinomoro tsa dipolelo di kwalwe go simolola ka 1–7. 3. Kwala ntlha e le NNGWE mo polelong. 4. Kwala ka mafoko a gago. 5. Kwala palogotlhe ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. TEMANA C MAELE A GO TLHOPHA DITLHAKO TSE DI MALEBA Go botlhokwa go rwala mofuta wa ditlhako o o maleba gore o tshole maoto a gago a itekanetse. Ditlhako tse di dirisediwang go tsamaya le go taboga di siametse go dirisiwa letsatsi le letsatsi. Fa o batla go tshola maoto a itekanetse, se rwale ditlhako tsa polasetiki ka gonne di thibela go phuthologa le go hema ga maoto. Rwala ditlhako le dikausu go tila go gata dilo tse di ka utlwisang maoto botlhoko. Netefatsa gore o reka ditlhako tse di tsholang menwana e phuthologile. Tlhopha dikausu tse di phepha, tse dikimanyana, mme di se nne le moroko. Ela tlhoko gore boalo jwa ditlhako bo boreledi ka fa gare. Fa o reka ditlhako a e nne tse di sireletsang maoto e bile di go lekana sentle. Rwala ditlhako fa go fisa go thibela maoto go šwa. Ela tlhoko gore ga o reke ditlhako tse di motsu kwa pele le tse di emeletseng kwa godimo thata ka gonne di baya menwana mo kgatelelong. Nako e e maleba go reka ditlhako tse di go lekanang sentle, ke motshegare maoto a tletse. Fa o dira mo mafelong a a kotsi jaaka meepo, o tshwanetse go tlhopha ditlhako tse di thata tse di tla go sireletsang mo dikgobalong. [E fetoletswe go tswa go: NDPF Programme] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 7 DBE/2018 SCE KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka phasalatso e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA D Dikarolo tsa mmele wa motho tse e seng tsa tlholego, ga se tsa nnete jaaka tsa dikoloi. SE KGWEETSE KA LEBELO!!! [E fetoletswe go tswa go: inthanete] 3.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng: Mafoko 'Se kgweetse ka lebelo!!!' a kwadile ka bontsho jo bo tseneletseng go … A gobelela. B tsaya letlhakore. C digela. D ngoka. (1) 3.2 Botlhokwa jwa phasalatso e, ke bofe? (2) 3.3 Go ya ka phasalatso, a o dumalana le tlhagiso e e reng 'Dikarolo tsa mmele wa motho tse e seng tsa tlholego, ga se tsa nnete jaaka tsa dikoloi'? Tshegetsa ka lebaka. (2) 3.4 Dirisa lefoko le le thaletsweng mo phasalatsong jaaka 'sedirwa sa polelo'. (2) 3.5 Lefoko 'mmele' le dirisitswe jang mo phasalatsong e e fa godimo? (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 8 DBE/2018 SCE 3.6 Fetolela polelo e e latelang go nna mo go 'modiriso keletso'. Se kgweetse ka lebelo. (2) [10] POTSO 4 Sekaseka khathunu e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA E 1 Mosimane yo, o 2 batla go njesa tiro. 3 [E nopotswe go tswa go: inthanete] 4.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng: Pudula e e mo khathunung e bontsha fa monna a … A omanya. B bua. C tshogile. D akanya. (1) 4.2 Tiro ya motho wa 1 ke efe? Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.3 Monwana o motho wa 3 a supileng motho wa 2 ka ona, o senola maikutlo afe? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 9 DBE/2018 SCE 4.4 Neela dilo di le PEDI fela tse di bontshang fa motho wa 2 a tshogile. (2) 4.5 Neela mofuta wa 'lediri' le le ntshofaditsweng mo puduleng. (1) 4.6 Bopa polelo e e nang le 'letlhaodi la popego' ka motho wa 3. (2) [10] POTSO 5 5.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA F Re ne re le bararo ka fa phaposibojelong fa go tlhagelela mongwe fa mojako. Fa a se na go gata kosene, a re kgatlha thu le morutabana wa gagwe, 'Aa! Morutisigadi!' Ya nna seupi ke go kgomaretse. A mo atamela thata a ntse a mo lebile mo dithakeng tsa matlho jaaka lekau le lebile mosetsana mo ngweding wa go tsoma noko mo magoleng, morago ga 5 dingwaga le sa mmone. 'Šššš! Ga go dirwe jalo fa re le fa go ntseng jaana ngwana; le gone se mpitse morutabana fa'. Ya nna modiga. Go tila boatla, ka kopa Boitemogelo go re bulela tiro. Fa a digela ka ba bolelela ka fa dithulaganyo di dirilweng le ka fa ba tshwanetseng go phuthologa ka teng. Ba mpaya fa fatshe ka legofi. 10 Ra tswa go ya go besa nama kwa ntle. Metsotswana Ababue a gorogile, Tsenang a mo apesa kobo ya mmala wa gagwe. [E nopotswe go tswa go: Setswana, D Matjila le ba bangwe] 5.1.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng: Leina 'morutabana' le bopilwe ka: A Leina + lerui B Lediri + letlhalosi C Leina + leina D Lediri + leina (1) 5.1.2 Neela lelatodi la lefoko 'digela'. (1) 5.1.3 Dirisa lefoko 'matlho' mo polelong go supa bokao jo bo farologaneng le jwa temana. (2) 5.1.4 Kopanya dipolelo tse di latelang ka lekopanyi 'mme'. Ba mpaya fa fatshe ka legofi. Ra tswa go ya go besa nama kwa ntle. (2) 5.1.5 Naya mofuta wa karolopuo e e thaletsweng mo temaneng. (1) 5.1.6 Kwala polelo e e latelang mo tumelong. Ga go dirwe jalo fa re le fa go ntseng jaana ngwana. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 10 DBE/2018 NSC 5.1.7 Naya bongtshadi jwa lefoko 'lekau'. (1) 5.1.8 Bopa seane ka leina 'ngwana'. (2) 5.1.9 Lesupi 'fa' ke la maemo a bokae? (1) 5.1.10 Neela bontsi jwa lefoko 'legofi'. (1) 5.2 Lebelela setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA G Sepodisi se golegile ditokololo tse kgolo tsa segongwana se se ntseng se belaelwa ka go nna le seabe mo go tlhagiseng le go phasalatsa dikhophi tse di gatisitsweng ntle le tetla tsa difilimi tse pedi tsa maemogodimo mo Aforikaborwa. Tsona ke filimi e e fentseng sekgele sa Oscar e bong Tsotsi le ya Mama Jack. Bagolegwa ba babedi, ba ba lebanweng ke molato wa bogodu, tsietso le bosenyi ba mo kgolegelong, mme ba tla tlhagelela kwa kgotlatshekelong ya Gauteng. [E nopotswe go tswa go: Segarona, EE Pooe le ba bangwe le inthanete] 5.2.1 Dirisa lefoko le le thaletsweng mo temaneng mo polelong e o e itlhametseng. (2) 5.2.2 Naya lekaelagongwe la lefoko le le ntshofaditsweng mo temaneng. (1) 5.2.3 Kwala polelo e e latelang mo kganetsong. Ba tla tlhagelela kwa kgotlatshekelong ya Gauteng. (2) 5.2.4 Fetolela lefoko 'golegile' mo tirweng. (1) [20] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 40 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 80 Kwalololo e ileditswe

Verified matching documents

The question paper, memo or addendum that belongs with this document.

Published documents with matching subject and grade metadata.

Matched using subject, grade, language, document type and exam metadata.

More from Grade 12 Setswana Fal

Explore more published documents in this catalogue.

View all