You're offline
Skip to content
Question paper

Setswana FAL P1 May June 2021 hlayiso.com

Subject: Setswana FalGrade 12202110 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS/ NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) 2021 MADUO: 80 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 10. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 2 DBE/2021 SC/NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO e leng A, B le C. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (40) 2. Araba dipotso TSOTLHE. 3. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 4. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. 5. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 6. Tlogela mola mo magareng ga dikarabo tsa gago. 7. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 8. Nako e e tshitshinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 20 KAROLO YA C: Metsotso e le 50 9. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 3 DBE/2021 SC/NSC KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA A GO BETLA 1 Mmetli Davis Ndungu o tsaletswe kwa Kenya. Dilo tse Davis a di betlang di utlwala di le botlhofo gonne o dirisa raba ya ditlhako go betla. Davis o dirisa diraba tsa ditlhako di le kana ka 7000 go betla ditshwantsho di le 2000. Dingwaga di le lesome tse di fetileng Davis yo ga jaana a nang le dingwaga di le 42 o dirisa diramphetšhane tsa kwa lewatleng/flip flops 5 go gogela batho ka go betla diphologolo jaaka thutlwa, dikolobe tsa naga, dinonyane tsa lewatle le ditshukudu. 2 Jaanong Davis o simolotse go betla fenitšhara e e tla rekisiwang mo lebentleleng la mafaratlhatlha/online le mmaraka wa Watershed o o leng kwa Victoria le Albert Waterfront kwa Kapa. Se se dirang gore tiro ya 10 gagwe e nne ntle ke gore o betla ka matsogo, mme sengwe le sengwe se se betlilweng se na le bontle ba sona. Davis a re o rotloeditswe ke kgotlelego ya lewatle gore a dirise ditlhako tsa kgale gape go betla sengwe se se tla nnang sentle le mosola. 3 Go betla go ke porojeke e e matsapa, e e botlhoko. Diramphetšhane tse 15 di dirisitsweng di tlhatswiwa pele ka binika le poletšhi. Dikarolo tse di kwa pele tsa diramphetšhane di a segiwa di bo di tshasiwa le semaparetsi gore di bontshe mmala o montle wa boloko. Davis o tshwantsha lentle la raba a bo a betla diphologolo go tswa mo rabeng. Tlou e nnyane e tsaya metsotso e le 90 pele e ka fetswa go betliwa le 20 go gotlhiwa gore e nne borethe. 4 Dingwe tsa di diriswa tse dinnye tse Davis a di betlang ke setshwara dinotlolo, mme sona se bonwa ka madi a le 100. Tiro e tona e a e dirileng ke go betla thutlwa e e bitsang diranta di le 750. Ditshwantsho tsa thutlwa di rekiwa thata. Go betla thutlwa go tlhoka diramphetšhane di 25 le tlhano tse di setseng di dirisitswe le fa Davis a tlhoka diramphetšhane tse di fetang tlhano go betla thutlwa ya boleele jwa dimetara tse pedi, e e ka mo tsayang dibeke di le pedi fa e betliwa. Thutlwa e, e ne e batla go rekiwa ke monna mongwe wa kwa Jeremane ka madi a le 37 500, mme yona e tsere dibeke di le supa go betliwa. 30 5 Davis o simolotse go nna le kgatlhego ya go betla a ntse a gola mo setlhaketlhakeng sa Lamu kwa Kenya. Setlhaketlhake se se itsege ka dikago tsa Dhow. Davis o ne a dirisa masalela a dikgong tse di neng di dirisiwa go betla dikepe, thini, letsopa go dira ditshamekisi. Setshamekisi se Davis a se dirileng lwa ntlha a na le dingwaga di le 6 ke VW Beetle. 35 Davis ga a kgona go tswelela ka sekolo ka jalo o ne a bona go le botoka gore a dirise diatla tsa gagwe go itirela botshelo. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 4 DBE/2021 SC/NSC 6 Go gola ga kgwebo go ne ga dira gore ka ngwaga wa 2010 a tle mo Gauteng, mme ka 2013 a bo a ya kwa Kapa. Davis o thapile borre ba le bane go tswa kwa Nyanga, mme o ba rutile go dira tiro e. Davis o 40 ikaeletse gape go ruta digole gore di kgone go bona madi di le kwa magaeng. Lebenkele le le mo Waterfront le tsewa jaaka la maemo a a kwa godimo, mme le ratiwa ke baitsanape, bajanala le diopedi jaaka Miley Cyrus. 7 Davis o dirisana mmogo le mabenkele a diaparo jaaka Mr Price le Pep 45 Store. Mabenkele a mabedi a, a ne a mo abela diramphetšhane di le 7 000. Davis o itumeletse gape go dirisana le Havaianas khampani ya diramphetšhane kwa Brazil, mme seno se mo rotloetsa go dira diphologolo tsa modiro wa Brazil. [E fetoletswe go tswa go You Magazine, December 2019] Leba TEMANA 1: 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Davis o goletse kwa … A Kapa. B Brazil. C Kenya. D Nyanga. (1) 1.1.2 Davis o ne a itshedisa jang? (2) 1.1.3 Neela mefuta e le mebedi ya diphologolo e Davis a neng a e dira. (2) Leba TEMANA 2: 1.1.4 Fa o lebile goreng Davis a ne a dirisa mafaratlhatlha go rekisa fenitšhara? (2) 1.1.5 Lebaka le le rotloeditseng Davis go dira tiro ya go betla ke lefe? (2) Leba TEMANA 3: 1.1.6 Tlhalosa gore diramphetšhane di tlhatswiwa jang fa di setse di dirisitswe? (2) Leba TEMANA 4: 1.1.7 Ke ka ntlha ya eng Davis a tsere dibeke di le supa go betla thutlwa? (2) Leba TEMANA 5: 1.1.8 Ke eng se Davis a se betlileng fa a na le dingwaga di le 6? (1) 1.1.9 Ke didiriso dife tse Davis a neng a di dirisa? Neela di le pedi. (2) 1.1.10 Setlhaketlhake sa Lamu se itsege ka eng? (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 5 DBE/2021 SC/NSC Leba TEMANA 6: 1.1.11 Goreng Davis a ne a batla go ruta digole go betla? (2) 1.1.12 Kgwebo ya ga Davis e ne ya gola. A se ke ntlha kgotsa kakanyo? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.1.13 Goreng lebenkele le le kwa Waterfront le ne le ratega? (2) Leba TEMANA 7: 1.1.14 Davis o ne a dirisana le khampani efe kwa Brazil? (1) 1.2 Sekaseka setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA B [Se nopotswe go tswa mo www.sport.com] 1.2.1 Neela leina la phologolo e e mo setshwantshong. (1) 1.2.2 Tlhalosa maemo a ikonomi go ya ka setshwantsho. (2) 1.2.3 Fa o lebile kopi e e mo setshwantshong e kaya eng? (2) 1.2.4 Kopi e e mo setshwantshong e bonwe ka ngwaga ofe? (1) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 6 DBE/2021 SC/NSC KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e latelang (TEMANA C), mme morago o kwale tshobokanyo ka go ntsha dintlha DI LE SUPA ka botlhokwa jwa go itemela merogo. DITAELO 1. Kwala dipolelo tse di nang le dintlha di le SUPA, mme mafoko a gago a se ke a feta masomeasupa (70). 2. Dinomoro tsa dipolelo di kwalwe go simolola ka 1–7. 3. Kwala ntlha e le NNGWE mo polelong. 4. Kwala ka mafoko a gago mo go kgonegang, mme o sa fetole bokao jwa temana. 5. Kwala palogotlhe ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. TEMANA C GO ITEMELA MEROGO Go ja tamati e e buduleng fa o ntse o dira mo tshimong go a itumedisa. Tatso ya tamati e o e rekileng ga e tshwane le e o e tsayang mo tshimong. Ga go tlhokege gore o dirise dikhemikhale le ditšhefu tse di bolayang ditshenekegi mo tshimong ya gago. Fa o na le malwetse kana dintšwa le dikatse, o ka dirisa melemo ya tlholego. Salmonella le Listeria ke malwetse a a itsegeng mo merogong. Go lema le go ja merogo e e tswang mo tshimong go fokotsa go tsenwa ke malwetse. Batho ba le dimilione di le 48 ba tsenwa ke bolwetse ba Salmonella le Listeria ngwaga le ngwaga. Merogo e e fitlhelwang mo mabenkeleng a magolo e nna go fitlhela e rekiwa. Merogo e, ga e sa tlhole e le phepa jaaka fa e ne e tswa mo tshimong. Merogo e e tswang mo tshimong e na le tatso e e botoka, e bile e siametse boitekanelo jwa mmele. Merogo e e jetsweng mo gae ga e batle tšhelete e ntsi. Tshimo ya merogo e dira gore o nne le nako e ntsi o dira kwa ntle. Go nna le mefuta e le mentsi ya go itshidilola fa o dira mo tshimong jaaka go epa, go jala le go kotula. Go a kgotsofatsa go bona o jala peo, mme e gola go nna dijo. Boiteko le tuelo e e tlhamaletseng go tswa mo tshimong di ka thusa gore o ikutlwe botoka le go tokafatsa mmele wa gago. [E nopotswe go tswa mo https://growagoodlife.com] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 7 DBE/2021 SC/NSC KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka phasalatso e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA D RE A BAAKANYA PELE RE REFOSANA E BOLOKA MADI LE NAKO GO SIMOLLA KA KGWEDI YA LWETSE 2015 PG GLASS E THUSITSE DIINSORANSE GO BOLOKA MADI A A KANA KA DIMILIONE DI LE ROBONGWE BOLENG BO BO TSHEPAGALANG\RE GO SOLOFETSA TIRO E E TSWILENG DIATLA [Se nopotswe go tswa mo www.pgglass.co.za] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Lwetse ke kgwedi ya … mo ngwageng. A borobedi B bobedi C borobongwe D lesomenngwe (1) 3.2 Neela lekaelagongwe la lefoko baakanya. (1) 3.3 O ka dirisa ditsela dife di le pedi go buisana le setlamo sa PG Glass? (2) 3.4 Fa o lebile boitumelo jo bo mo sefatlhegong sa monna yo o mo setshwantshong bo ka tswela setlamo sa PG Glass mosola jang? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 8 DBE/2021 SC/NSC 3.5 Goreng monna a rwele disireletsi tsa matsogo? (2) 3.6 Siamisa mopeleto wa lefoko le le thaletsweng ka fa tlase. (1) 3.7 Nopola letlhaodi la palo go tswa mo setshwantshong. (1) [10] POTSO 4 Sekaseka khathunu e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA E Ijoo! Mosetsana, mogala wa letheka le basireletsi ga ba a letlelelwa mo phaposing e! [E nopotswe go tswa go Sowetan, 13-06-2019] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Lefoko ijoo! ke karolo efe ya puo? A Letlhaodi B Lesupi C Leemedi D Lelatlhelwa (1) 4.2 Ke ka ntlha ya eng fa morutabana a rototse matlho? (1) 4.3 Ke dilo dife di le pedi tse di supang gore batho ba, ba mo phaposiborutelong? (2) 4.4 Fa o lebile goreng borre ba felegeditse ngwana go ya kwa sekolong? (2) 4.5 Polelo e e reng basireletsi ga ba a letlelelwa mo phaposing e mo modirisong ofe? (2) 4.6 Dirisa lefoko letheka mo polelong e o e itlhametseng. (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 9 DBE/2021 SC/NSC POTSO 5 5.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA F Mmalonnawe! Batho le bona ba rwele ditsebe, mme ga di utlwe. Gongwe ba batla go bona ka matlho. Gone ditlamorago ba a di bona, mme fela e kete ga ba dumele. Puso e lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya tiro. Go mo go rona batho gore a re tla lwantsha kgotlelego ya naga, metsi le lefaufau. Naga ya rona e kgotlelwa letsatsi le letsatsi. 5 Bagolo le bana, barutegi le ba ba sa buisang dibuka go tshwana fela. Fa go nna le mogwanto kgotsa ba ngongoregela sengwe mo motseng e setse e le tlwaelo gore tikologo eo e a kgotlelwa. Ee, ke nnete! Meepo le madirelo di kgotlela lefaufau ka mosi. Semoko se se tswang mo mosing, se tlhola diasiti mo lefaufaung. Dikepe le tsona di kgotlela lewatle ka oli e o tla e fitlhelang e 10 dutlela mo metsing. E bolaya ditshedi tsa metsi, diphologotswana, dinonyane tsa metsi le dimela tsa lewatle. Batlhokomedi ba tlhago ba leka ka bojotlhe go tlhokomela tlhago, bogolo dimela le diphologolo. Aforikaborwa e tlhomile molao wa gore khamphani nngwe le nngwe e e tshwaraganeng le kgwebo, e tshwanetse go beela kwa 15 thoko karolo ya madi a a thusang go phepafatsa lefelo leo fa tiro e fedile. [E nopotswe go tswa mo Re a ipela, Mpope le ba bangwe] 5.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Leina la karolo ya puo e e thaletsweng mo polelong e e fa tlase ke … Gongwe ba batla go bona ka matlho: A Letlhalosi B Leetsi C Lediri D Leemedi (1) 5.1.2 Neela lelatodi la lefoko rwele. (1) 5.1.3 Bopa polelo e o e itlhametseng ka lerui le le thaletsweng go tswa mo temaneng. (1) 5.1.4 Dirisa lekopanyi 'e kete' mo polelong e o e itlhametseng. (2) 5.1.5 Naya mofuta wa leina le le ntshofaditsweng mo temaneng. (1) 5.1.6 Kwala polelo e e latelang mo kganetsong. Ee, ke nnete. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 10 DBE/2021 SC/NSC 5.1.7 Naya bontsi jwa lefoko 'molao' o bo o le dirise mo polelong e o e itlhametseng. (2) 5.1.8 Dirisa leemedi 'rona' mo polelong jaaka sediri. (2) 5.1.9 Nyenyefatsa mafoko a a thaletsweng mo polelong e e latelang; Semoko se se tswang mo mosing, se tlhola diasiti mo lefaufaung. (2) 5.2 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA G Bontsi jwa batho ba leba tau jaaka morena yo o sa fenngweng wa diphologolo. Fa go ilwe kwa serapeng sa diphologolo, o tla fitlhela batho ba kgatlhegela go e bona go gaisa diphologolo tse dingwe. Batho ba kgatlhega thata fa ba e utlwa e bopa. Sebatakgomo se, ga se gakgamatse fela batho ba gompieno ka bogolo le bonatla jwa sona, le batho pele ba ne ba se gakgamalela e bile ba se tlhoile ka se ne se ba jela leruo. [E nopotswe go tswa mo Le re tlhabetse: Thabeng, EE Pooe le ba bangwe] 5.2.1 Naya mofuta wa letlhalosi le le ntshofaditsweng mo temaneng. (1) 5.2.2 Lefoko sebatakgomo le bopilwe go tswa mo dikarolopuong dife? (2) 5.2.3 Fetolela polelo e e latelang go nna pakatlang. Batho ba kgatlhega thata fa ba e utlwa e bopa. (2) 5.2.4 Fetolela lefoko le le thaletsweng mo temaneng go nna tira. (1) [20] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 40 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 80 Kwalololo e ileditswe

Published documents with matching subject and grade metadata.

Matched using subject, grade, language, document type and exam metadata.

More from Grade 12 Setswana Fal

Explore more published documents in this catalogue.

View all
Setswana FAL P1 May June 2021 hlayiso.com | Hlayiso