Skip to content

Setswana FAL Grade 12 Paper 1 NSC June 2023 Question Paper

Question paperSetswana FALGrade 12202311 pages

Grade 12 Setswana FAL Paper 1 question paper from the NSC June Exam 2023, 11 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

NSC June Exam 2023

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS/ NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) 2023 MADUO: 80 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 11. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 2 DBE/2023 SC/NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO e leng A, B le C. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (40) 2. Araba dipotso TSOTLHE. 3. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 4. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. 5. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 6. Tlogela mola mo magareng ga dikarabo tsa gago. 7. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 8. Nako e e tshitshinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 20 KAROLO YA C: Metsotso e le 50 9. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 3 DBE/2023 SC/NSC KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA A (TEMANA) RE IPELA KA BAGODI BA RONA! 1 Edward Moganana ke ngwana wa bobedi. O tshotswe ka, 24 Seetebosigo kwa motsaneng wa Taupye, dikilomitara di le masome a mabedi le botlhano kwa botlhabatsatsi jwa motse wa Mahalapye. Mo go goleng ga gagwe, o ne a disa dipodi tsa gaabo fela jaaka basimane ba Setswana ba dira. O simolotse go direla moepo wa Orapa ka 1975 5 e le mokgweetsi wa katakata. Fa re mo nopola a re 'ke mongwe wa badiri ba ba godileng le mokoti wa Orapa mo dingwageng tse di masome a mabedi le botlhano tse ke diretseng kompone.' 2 Mme sengwe se e reng fa a se gakologelwa mo botshelong jwa gagwe a rothise keledi, ke ka ngwaga wa 2002 fa a ne a tlogela tiro ka bogodi, 10 le go tlhokafala ga mohumagadi wa gagwe mmaagwe Mary. Fa e sale a tlogela tiro ka bogodi 'Jack 47' a re o ntse a inaakantse le mananeo a ditlhabololo a le mmalwa mo motseng wa gaabo. O kile a nna modulasetilo wa balemi le barui mo Mahalapye. A boa a nna modulasetilo wa mokgatlho wa batsadi le barutabana ga mmogo le go 15 kokoanyetsa madi ba ba tshelang le bogole le ba dikobo dikhutshwane. 3 E rile ka ditlhopho tsa setšhaba tsa 2004, Moganana a tlhophiwa go nna Mokhanselara wa Taupye sebaka sa dingwaga di le tlhano. Se e ne ya nna phitlhelelo e kgolo mo go ena mo go tsiseng ditlhabololo le pharologanyo. O ne a dira mo dikomiting di le mmalwa. Komiti ya 20 botsogo, e e sekasekang diteseletso tsa go gweba gammogo le tse dingwe. 'Ke ne ka iphitlhela ke le motlotlo thata go dirisa kitso ya me le maitemogelo a ke a amuleng ke santse ke direla kompone ya Debswana jaaka a balance score card, risk analysis, jalo jalo.' 4 Ga jaana 'Jack 47' o na le dingwaga tse di masome a marataro le 25 motso (61), mme o ntse a tshwere ka thata. Ke moeteledipele wa mokgatlho wa bagodi wa Mahalapye. Mokgatlho o, o na le maloko a feta lekgolo, ka jalo re solofele tse dikgolo. A re sa ntlha o eletsa go ngoka maloko a a saletseng kwa morago go inaakanya le mokgatlho go tsaya karolo mo phuthegong tsa motse tse di farologaneng. 30 Modulasetilo yo a re e tla re morago mokgatlho o dire thulaganyo ya go thusa bao ba tlhokang. O boleletse Bokamoso gore ba ya go dirisa tsotlhe tseo ba nang le tsona, a re ba tlaabo gape ba ntse ba tshegeditse tebelo pele ya setšhaba sa Botswana ya 2016. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 4 DBE/2023 SC/NSC 5 O tlhalositse fa mokgatlho o setse o kopile lefatshe le ba eletsang go 35 aga ofisi mo go lona kwa Land Board. A re ba solofeditswe fa ba tla le newa mo bogaufing. 'Fela fa re sena go le neelwa re ya go ikagela ofisi re le maloko ka thulaganyo ya leloko lengwe le lengwe kgomo.' Fa a digela 'Jack 47' o gwetlhile makalana a a ikemetseng ka nosi go tshegetsa le go tsaya karolo mo go godiseng mokgatlho wa bona. A re 40 o eletsa gore motse wa Mahalapye o nne le lefelo la itshidilolo le le tlaabong le diretswe bagodi ba Mahalapye le tikologo. Maikaelelo a se, e le go supa botlhokwa jwa go itekanela mo mebeleng ya bona, selo se se se botlhokwa fela thata fa motho a gola. 6 Fa ba itebaganya le kompone ya Debswana Diamond Company a e 45 gwetlha gore e tshwanetse ya lemoga seabe sa bone e le badiri ba pele, ka go ba abela dikgele jaaka bagaka le go ba laletsa meletlo le go ipela le bona. [E nopotswe go tswa go Bokamoso: Kgatiso 38, 2011] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Edward fa a simolola go dira e ne e le … A morutabana. B mokgweetsi. C moruti. D mooki. (1) 1.1.2 Ke tiro efe e Edward a godileng a e dira? (1) 1.1.3 Edward o simolotse go dira kwa kae? (1) 1.1.4 Goreng Edward a ne a rothisa keledi ka ngwaga wa 2002? (2) 1.1.5 Edward o dirile dingwaga di le kae kwa meepong? (1) 1.1.6 Go tlile jang gore 'Jack 47' a tlogele tiro? (2) 1.1.7 Ke phitlhelelo efe e kgolo e e nnileng teng mo botshelong jwa ga Moganana? (2) 1.1.8 Tlhalosa tiro ya komiti ya botsogo. (2) 1.1.9 Moganana o ne a eletsa go bona go diragala eng ka mokgatlho wa bagodi? Neela dintlha di le PEDI. (4) 1.1.10 Neela dintlha di le PEDI tse Moganana a neng a batla gore Debswana Diamond Company e ba direle tsona go bontsha seabe sa bona jaaka badiri ba pele. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 5 DBE/2023 SC/NSC 1.1.11 Goreng mokgatlho wa bagodi o ne o kopa lefatshe kwa Land Board? (2) 1.1.12 Go ya ka wena goreng Moganana a ne a tlhophiwa go nna moeteledipele mo mekgatlhong e mentsi? (2) 1.1.13 Ke ka ntlha ya eng Edward a ne a batla gore go nne le lefelo la go itshidilola mo motseng wa Mahalapye? (2) 1.2 Sekaseka setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) Ke bokhutlo jwa masetlapelo a a bakilweng ke ditshenyegelo. O bona jang? Tlala Ga go na ditiro [E nopotswe go tswa go www.google.natural disaster] 1.2.1 Batho ba ba tshotseng diboto ba tlhoka thuso ya eng? (2) 1.2.2 O bona jang gore lefelo le le mo setshwantshong ga le a babalesega? (2) 1.2.3 Fa o lebile mesima e e mo mmileng e bakilwe ke eng? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 6 DBE/2023 SC/NSC KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e latelang, (SETLHANGWA C) mme morago o kwale tshobokanyo ka go ntsha dintlha di le SUPA tse di thusang gore o robale monate bosigo. DITAELO 1. Kwala dipolelo tse di nang le dintlha di le SUPA, mme mafoko a gago a se ke a feta masomeasupa (70). 2. Dinomoro tsa dipolelo di kwalwe go simolola ka 1–7. 3. Kwala ntlha e le NNGWE mo polelong. 4. Kwala ka mafoko a gago mo go kgonegang, mme o sa fetole bokao jwa temana. 5. Kwala palogotlhe ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. SETLHANGWA C (TEMANA) GO ROBALA MONATE BOSIGO Go ya ka ngaka ya dikakanyo, Richard Wiseman, go nna le bothata ba go tlhoka boroko go ama motho a le mongwe mo go ba le bararo. Fa matlho a gago a lebagane le lesedi le le nang le mmala, segolobogolo go tswa mo ditshwantshong, boboko bo dira gore boroko bo nne bonnye ka go ntsha horomone e e bidiwang melatonini. Ka jalo, tlogela go dirisa selefone pele o robala. Go tlhapa go isa themperetšha ya mmele kwa godimo. Go tloga foo themperetšha ya mmele e tla ya kwa tlase e bo e romela molaetsa kwa tlhaloganyong gore o ipaakanyeditse go robala. Go tshwenyega ka mathata ka se o tshwanetseng go se dira mo letsatsing le le latelang, go ka dira gore o tlhoke boroko. Pele o robala dira lenaane la go dira dilo tsotlhe tse o di akantseng kgotsa tse o tshwanetseng go di dira. O se ka wa nwa dino tse di nang le khafeine, di ka dira gore o tlhoke boroko. Fa o sa lapa o ka nna le bothata ba go robala. Fa o na le bothata ba go robala tshameka mmino o o iketlileng. Mo nakong e khutshwane, tlhaloganyo ya gago e tla tsalanya mmino le boroko. Matshwenyego a ka dira gore o palelwe ke go robala. Go hema go go tseneletseng go ka go thusa gore o repe le go bona boroko. Fa o palelwa ke go tshwara boroko bosigo, dira tirwana e e seng bokete, se se tlaa go thusa gore o robale fa o boela mo dikobong. [E fetoletswe go tswa go https//www.the guardian.com/lifeandstyle/2016/Jan/31/12] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 7 DBE/2023 SC/NSC KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka phasalatso e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA D (PHASALATSO) JUNE 10–15 DINGWAGA TSA BATSHAMEKI 7–16 KAMPA YA KGWELE YA DINAO - RAGELANA - KGOKGOETSANA - NOSA DINO [E nopotswe go tswa go www.google.Sports] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 8 DBE/2023 SC/NSC 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Kgwedi ya June ka Setswana e bidiwa … A Mopitlwe. B Moranang. C Seetebosigo. D Motsheganong. (1) 3.2 Ke eng se se phasaladitsweng mo setshwantshong se se fa godimo? (2) 3.3 Goreng mafoko 'Kampa ya Kgwele ya dinao' a kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo le bontsho jo bo tseneletseng? (2) 3.4 Kampa e ya go tshwarelwa kwa kae? (1) 3.5 Dirisa lefoko 'ragelana' mo polelong e o e itlhametseng. (2) 3.6 Go ya ka wena, a batsamaisi ba kampa ba itse tiriso ya thekenoloji? (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 9 DBE/2023 SC/NSC POTSO 4 Sekaseka khathunu e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA E (KHATHUNU) Bookelo jo, bo tletse phetelela, a ga go a nna jalo mma? [E nopotswe go tswa go www.google.health] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Palo ya batho botlhe ba ba mo lefelong le ke … A supa. B thataro. C tlhano. D nne. (1) 4.2 O bona jang gore mosadi yo monna a mo tshwereng ka legetla ga a itumela? Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.3 Phaposi e balwetse ba leng mo go yona e bidiwa eng? (1) 4.4 Ke eng se se bontshang gore go na le tlhaelo ya malao mo phaposing? (1) 4.5 Sefatlhego sa monna yo o mo setshwantshong se supa maikutlo afe? Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.6 Neela maemo a bobedi a lesupi le le thaletsweng. (1) 4.7 Fa o lebile mo setshwantshong, goreng go robetse basadi fela mo phaposing e? (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 10 DBE/2023 SC/NSC POTSO 5 5.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA F (TEMANA) Mosadimogolo Mmaphefo o ne a tlhoka lesego fa a tla kubugelwa ke bolwetse jwa kgatelelo ya madi a setse a le dingwaga di le 80. E ne e setse e le lobaka a ntse a ngongorega gore bana ba gagwe ba batlhano ga ba nke ba tla go mo tlhola. Go le gantsi o ne a apeelwa le go phepafaletswa ke bana ba baagisane. Bana ba mosadimogolo Mmaphefo ba ne ba ikgorosa fela fa ba 5 itse gore madi a ketleetso a bagodi a setse a amogetswe. Go gorogeng ga bona ba ne ba sa tle ka sepe se se molemo. Ba ne ba puruputsha gotlhe go fitlha ba bona kwa mosadimogolo wa batho a subileng madi gone, mme ba a tsenye ka dikgwatlha. Fa a ne a a bofeletse mo go ena ba ne ba mo rutlarutla ba a mo amoge. Mosadimogolo o ne a sena kwa a lelelang gona. O ne a 10 tlhabiwa ke ditlhong gore batho ba tlile go reng fa ba utlwa se. Mathata a, a ne a mo latlhela fa fatshe ka go swa ga letlhakore. Mafoko a gagwe ka gale e ne e le gore: 'Go gola go tlhogola, go bona dilo,' a a refosanya le 'Ka tlhagolela mookana, ya re o gola wa ntlhaba.' [E nopotswe go tswa go Nkgo ya Puo ya Setswana, Lesego Mahlabe le ba bangwe] 5.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Leina Mmaphefo le bopilwe ka dikarolopuo dife … A leina + lerui. B leina + letlhalosi. C leina + leina. D leina + leemedi. (1) 5.1.2 Nopola letlhaodi la palo go tswa mo temaneng. (1) 5.1.3 Fetolela polelo e e latelang mo tumelong. Mosadimogolo o ne a sena kwa a lelelang gona. (2) 5.1.4 Nopola lerui go tswa mo moleng o o thaletsweng mo temaneng. (1) 5.1.5 Neela mofuta wa karolopuo e e ntshofaditsweng mo polelong e e latelang. Bana ba mosadimogolo Mmaphefo ba ne ba ikgorosa. (1) 5.1.6 Tlhalosa gore leina Maphefo le dirisitswe jang mo polelong e e fa tlase. Maphefo o apeile nama ya kolobe monate. (2) 5.1.7 Fetolela lefoko 'tlhola' go nna mo tirweng. (1) 5.1.8 Polelo e e latelang, e mo modirisong ofe? Mosadimogolo o ne a sena kwa a lelelang gona. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 11 DBE/2023 SC/NSC 5.1.9 Kwala polelo e e latelang ka pakajaanong. O ne a apeelwa le go phepafaletswa ke bana ba baagisane. (2) 5.1.10 Lefoko 'gotlhe' ke mofuta ofe wa letlhophi? (1) 5.2 Sekaseka setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA G (TEMANA) Go ne go le Lamatlhatso wa Sedimonthole 2011 fa go ne go ketekiwa moletlo wa lenyalo la ga Karabo kwa ga Ratshwene. Bo majaditlhogo ba ne ba gorosa dimpho tsa bona tse dintle ka ura ya bolesome pele monyadi a goroga. Ba tlile ba gapa nku e le nngwe e tshweu, mme yona e apesitswe sekhipa se se serolwana sa kgwele ya dinao ya bosetšhaba. Malome o ne a apere mosese o o ka bong o ne o le mosweu, mme ka ntlha ya gore e ne e le wa bogologolo o le mofitshwa. Ka a ne a le mosesanyane e bile a le moleele, a rwele ditlhako tse di kwa go dingwana tse khibidu. [E nopotswe go tswa go Nkgo ya Puo ya Setswana, Lesego Mahlabe le ba bangwe] 5.2.1 Gokelela mogatlana – ela mo go 'gapa' go bopa lediredi, mme o le dirise mo polelong e o e itlhametseng. (2) 5.2.2 Dirisa lediri 'gapa' mo polelong e o e itlhametseng go nna (2) ledirilefeteledi. 5.2.3 Dirisa thuanyi sediri 'ba' mo polelong e o e itlhametseng, mme o ele tlhoko gore polelo ya gago e nne le sediri. (2) [20] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 40 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 80 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana FAL

View all