You're offline
Skip to content
Question paper

Setswana FAL P1 Nov 2025 MG

Subject: Setswana FalGrade 1220257 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) NGWANAITSEELE 2025 KAEDI YA GO TSHWAYA MADUO: 80 Kaedi e ya go tshwaya e na le ditsebe di le 7. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 2 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC – Kaedi ya go tshwaya KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 Go Tshwaya Tekatlhaloganyo • Ka ntlha ya gore tsepamo e mo go tlhaloganyeng, mopeleto o o fosagetseng le diphoso tsa puo mo dikarabong tse dileele, batlhatlhojwa ba se ka ba di otlhaelwa/ tseelwa maduo. • Mo dipotsong tse di bulegileng, se abele EE/NNYAYA kgotsa TUMELO/ KGANETSO maduo, NNETE/FOSAGETSE kgotsa NTLHA/KAKANYO, le tsona ga di a tshwanela go abelwa maduo. Lebaka/Tshegetso ke tsona fela tse di tshwanetseng go tsewa tsia. • Fa e le karabo ya lefoko le le lengwe e e tlhokagalang, mme motlhatlhojwa a bo a naya mola otlhe, tshwaya gore o nepile fa fela lefoko le le nepagetseng le thaletswe/bontshitswe. • Fa dintlha tse pedi/tharo di tlhokagala, mme go neetswe di le mmalwa, tshwaya fela di le pedi/tharo tsa ntlha. • Fa motlhatlhojwa a dirisitse mafoko go tswa mo puong e sele ntle le e a tlhatlhojwang ka yona, ikgatholose mafoko ao, mme fa karabo e sa ntse e na le bokao, o se ka wa mo otlhaya. Fa e le gore go dirisitswe puo e sele mo setlhangweng, mme e tlhokagala mo karabong, seo se tlaa amogelwa. • Amogela ditengwana tse di farologaneng. • Mo dipotsong tse go nang le tlhopho ya karabo e e maleba, amogela dikarabo TSOOPEDI, tlhaka e e tsamaelanang le karabo e e nepagetseng LE/KGOTSA karabo e e kwadilweng ka botlalo. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 3 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC – Kaedi ya go tshwaya KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 1.1.1 C/KwaZulu-Natal. (1) 1.1.2 Karate/Metlae/Macowboy (Di le pedi fela.) (2) 1.1.3 Ke ka ntlha ya fa ba ne ba lebelela diDVD beke le beke kwa ga bone. (2) 1.1.4 Ke go kgatlhwa ke badiragatsi ba diDVD tse a neng a di thapa ka Lamatlhatso mongwe le mongwe. (2) 1.1.5 Ya Accounting. (1) 1.1.6 Ke ka ntlha ya fa a lemogile thari gore go na le sekolo sa bodiragatsi. (2) 1.1.7 Ba mo letleletse go tlogela Accounting go dira bodiragatsi/Ba mo kgalemetse gore ga ba kitla ba mo neela sebaka sa go fetola laboraro/O ne a dira se a se ratang e leng bodiragatsi/E bile o tumile. (2) 1.1.8 Go aloga mo thutong ya botlhagisi/Go itshimololela setheo sa botlhagisi sa Easy Sundays Productions. (E le nngwe fela.) (2) 1.1.9 Ke ka ntlha ya gore o ne a dira sengwe le sengwe ka bojotlhe le boineelo. (2) 1.1.10 Gonne Easy Sundays Productions e ne e le kgwebo ya gagwe ya botlhagisi, ka jalo o ne a sa batle ditshenyegelo/Gonne Easy Sundays Productions e ne e le kgwebo e e dirang bontle thata. (2) 1.1.11 Go ikatisa le go ja dijo tse di itekanetseng. (2) 1.1.12 Mosadi wa gagwe le barwa ba gagwe ba babedi. (2) 1.1.13 Ke ne ke tlaa ba rotloetsa ka go tshwara dikatiso tsa bodiragatsi mo mafelong a a farologaneng. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 1.2 1.2.1 Boitumelo, ka ntlha ya gore o bontsha a na le kgatlhego mo go se a se opelang/dirang. (2) 1.2.2 Mmino, ka ntlha ya sediriswa/katara e a e tshwereng. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 1.2.3 Ee, ka ntlha ya gore o tlosa bašwa mo mebileng le go ba aga ka molaetsa wa ona. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 4 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC – Kaedi ya go tshwaya Go tshwaya Tshobokanyo Go tshwaya go ikaege ka dintlha tse di tlhokiwang ke potso fela. Tshobokanyo e tshwanetse go tshwaiwa ka mokgwa o o latelang: • Kabo ya maduo: o Dintlha di le 7 – maduo a le 7 (ntlha e le nngwe e abelwa leduo le le 1) o Puo – maduo a le 3 o Maduo otlhe: [10] • Kabo ya maduo a puo fa motlhatlhojwa a sa nopola mafoko jaaka a ntse o Ntlha e e nepagetseng e le 1–3: aba leduo le le 1 o Dintlha tse di nepagetseng di le 4–5: aba maduo a le 2 o Dintlha tse di nepagetseng di le 6–7: aba maduo a le 3 • Kabo ya maduo a puo fa motlhatlhojwa a nopotse mafoko jaaka a ntse o A nopotse dintlha di le 6–7: se abe maduo a puo o A nopotse dintlha di le 4–5: aba leduo le le lengwe la puo o A nopotse dintlha di le 2–3: aba maduo a le mabedi a puo ELA TLHOKO: • Palo ya mafoko: o Batshwai ba tshwanetse go netefatsa palo ya mafoko a a dirisitsweng. o O se ka wa goga maduo ape fa motlhatlhojwa a sa tlhagisa palo ya mafoko a a dirisitsweng kgotsa fa palo ya mafoko e fosagetse. o Fa palo ya mafoko e fetilwe, buisa mafoko a le 5 go feta palo e e beilweng o bo o itlhokomolosa tshobokanyo e e setseng. Mafoko a a nopotsweng Mafoko a a tshikinngwang 1 'Go nna le tlhaloganyo e e tlhaga go tlisiwa ke 1 Go itshidilola go go naya tlhaloganyo fa o ikatisa ka dinako tsotlhe.' e e matlhagatlhaga. 2 'Go buisa ke nngwe ya dilo tse bagolo ba ka 2 Nna mmuisi wa leruri go tsosolosa tsosolosang tlhaloganyo ka tsona.' tlhaloganyo. 3 'Nna moithuti wa leruri ka se se thusa 3 O age o ithuta go humisa tlhaloganyo go akanya ka dilo tse dintšhwa tse tlhaloganyo. di diragalang.' 4 'Go ja dijo tse di dikotla go na le seabe se 4 Ja, menontsha go tshola tlhaloganyo segolo mo boitekanelong le go nna le e itekanetse. tlhaloganyo e e tlhaga.' 5 'Go dikaganyediwa ke ditsala le ba lelapa go 5 Se nne o le esi ka gale, nna le ditsala thusa go dira tlhaloganyo tlhaga.' le ba lelapa. 6 'O se ka wa nyatsa maatla a go robala sentle 6 Robala diura di le 7-8 ka letsatsi. bonnye diura di le 7-8 ka letsatsi.' 7 'Efoga go goga motsoko fa o batla go tshela o 7 O se ka wa goga motsoko. na le tlhaloganyo e e tlhaga.' PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 5 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC – Kaedi ya go tshwaya KAROLO YA C: DIPOPEGO TSA PUO LE MELAWANA YA TIRISO Mokgwa wa go tshwaya KAROLO YA C • Mopeleto: o Karabo ya lefoko le le lengwe e abelwe leduo le fa mopeleto o fosagetse ntle fela le fa phoso e fetola bokao jwa lefoko. o Fa dikarabo e le dipolelo tse di tletseng, mopeleto o o fosagetseng o sokelwe dirope fa phoso e le mo ponagalong ya puo e e tlhatlhobiwang. o Fa go tlhatlhobiwa dikhutshwafatso, karabo e tshwanetse go nna le matshwao a puiso a a nepagetseng. • Dipopego tsa polelo di tshwanetse go latela melawana ya dipopego tsa puo ka nepagalo e be e tlhagisiwe ka dipolelo tse di tletseng/go latela taelo. • Mo dipotsong tse go tlhophiwang karabo e e nepagetseng mo go tsona, amogela tlhaka e e nyalanang le karabo e e nepagetseng LE/KGOTSA karabo e e kwadilweng ka botlalo. POTSO 3: PHASALATSO 3.1 D/Vaseline (1) 3.2 Go gogela bareki gore ba lemoge fa e le botlhokwa. (2) 3.3 letlalo. (1) 3.4 Iponele setlolo se gompieno! (1) 3.5 Aloe Vera. (1) 3.6 Go tlogetswe leina la lefelo la borekisetso/Aterese/Nomoro ya mogala/ Webosaete. (Di le pedi fela.) (2) 3.7 Ee, ka gonne ga se bomme fela ba ba dirisang Vaseline, e dirisiwa ke batho botlhe. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 6 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC – Kaedi ya go tshwaya POTSO 4: KHATHUNU 4.1 D/Kgakgamalo (1) 4.2 Moaparo wa batho ba ba mo khathunung le mosimane yo o thumang. (2) 4.3 Ka matshwao a mmino a a mo puduleng. (1) 4.4 Pompo e e tlogetsweng e sa tswalwa/Monna yo o tlhatswang koloi a sa lekanyetsa metsi/Metsi a a tletseng e bile a tshologa mo lefelong la go thuma. (E le nngwe fela.) (2) 4.5 Ijoo, ke lomilwe ke noga! (2) 4.6 Ee, monna o tlhatswa koloi a sa lekanyetsa metsi a a ka a dirisang mo kgamelong le mororo go na le tlhokego ya metsi. Nnyaya, basadi ba ba mo khathunung ba bona pompo e sa tswalwa mme ga ba e tswale. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 7 DBE/Ngwanaitseele 2025 NSC – Kaedi ya go tshwaya POTSO 5: TIRISO YA PUO 5.1 5.1.1 B/Nyelele (1) 5.1.2 Sie/Boife/Tshoge (1) 5.1.3 Go ne ga re fii! fa ke lemoga gore ke latlhile madi. (2) 5.1.4 Letlhalosi la nako. (1) 5.1.5 Setso se re agile. (2) 5.1.6 Moranang (1) 5.1.7 Leina + leina (2) 5.1.8 Ke setlhako sa gago. (2) 5.1.9 Bana ba rutana dipalo. (2) 5.2 5.2.1 Akeronimi (1) 5.2.2 Buka (1) 5.2.3 Bantsho ba a opela. (2) 5.2.4 Bana ba bantsho ba gapile sekgele sa motshameko wa sephailane. (2) [20] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 40 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 80 Kwalololo e ileditswe

Published documents with matching subject and grade metadata.

Matched using subject, grade, language, document type and exam metadata.

More from Grade 12 Setswana Fal

Explore more published documents in this catalogue.

View all
Setswana FAL P1 Nov 2025 MG | Hlayiso