You're offline
Skip to content
Question paper

Setswana FAL P2 Nov 2024

Subject: Setswana FalGrade 12202426 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Confidential NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA BOBEDI (P2) NGWANAITSEELE 2024 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2½ Pampiri e, e na le ditsebe di le 26. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 2 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Buisa ditaelo le tshedimosetso ka kelotlhoko pele o ka simolola go araba dipotso. 2. O se ka wa leka go buisa pampiri yotlhe. Lebelela lenaneo la diteng mo tsebeng e e latelang, mme o tshwae dipotso go tswa mo dikwalong tse o di buisitseng monongwaga. Morago ga moo tlhopha dipotso tse o batlang go di araba. 3. Pampiri e, e na le DIKAROLO di le NNE: KAROLO YA A: Padi (35) KAROLO YA B: Terama (35) KAROLO YA C: Dikgankhutshwe (35) KAROLO YA D: Poko (35) 4. Araba dipotso di le PEDI fela, potso e le NNGWE go tswa mo dikarolong tse PEDI tse di farologaneng: KAROLO YA A: PADI Araba potso e le NNGWE go tswa mo pading e o e buisitseng. KAROLO YA B: TERAMA Araba potso e le NNGWE go tswa mo terameng e o e buisitseng. KAROLO YA C: DIKGANKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo dikgankhutshweng tse di boditsweng. KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo mabokong a a boditsweng. 5. Dirisa lenaneonetefatso go go thusa. 6. Latela ditaelo go tswa kwa tshimologong ya karolo nngwe le nngwe ka kelotlhoko. 7. Kwala palo ya dikarabo jaaka di tlhagelela mo pampiring ya dipotso. 8. Simolola karolo NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 9. Tiriso ya nako e e tshikinngwang: Dirisa metsotso e ka nna 75 mo karolong nngwe le nngwe. 10. Kwala ka mokwalo o o phepa o o bonalang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 3 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential LENANEO LA DITENG Tsebe e, e tla letla batlhatlhojwa go tlhopha dipotso tse ba batlang go di araba kwa ntle ga go buisa pampiri yotlhe. Buka nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa. Nov KAROLO YA A: PADI Araba dipotso go tswa mo pading e le NNGWE e o e buisitseng. POTSO MADUO TSEBE 1. Morabaraba 35 5 2. Bogosi Kupe 35 8 3. Bodibeng jwa matlhomola 35 11 KAROLO YA B: TERAMA Araba dipotso go tswa mo terameng e le NNGWE e o e buisitseng. 4. Molatswana wa gaetsho 35 14 5. O laetse jalo 35 17 KAROLO YA C: DIKGANKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo dikgankhutshweng. 6.1 'Kgodu ya Kgabutle e rothile' 17 20 6.2 'Ke tla thuswa ke mang?' 18 22 KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo mabokong. 7.1 'Boroko' 18 24 7.2 'Sekolo' 17 25 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 4 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential LENANEONETEFATSO Lebelela lenaneonetefatso le le latelang go bona gore a o arabile dipotso tse di tlhokegang: KAROLO NOMORO YA PALO YA TSHWAYA POTSO DIPOTSO TSE DI POTSO E O E ARABIWANG ARABILENG () A: PADI (Dipotso tse dikhutshwane) 1–3 1 KGOTSA B: TERAMA (Dipotso tse 4–5 1 dikhutshwane) KGOTSA C: DIKGANKHUTSHWE (Dipotso tse 6 (6.1 + 6.2) 2 dikhutshwane) KGOTSA D: POKO (Dipotso tse 7 (7.1 + 7.2) 2 dikhutshwane) ELA TLHOKO: Netefatsa gore o arabile dipotso go tswa mo dikarolong di le PEDI fela. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 5 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential KAROLO YA A: PADI Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Mo karolong e, dipotso di boditswe go tswa mo dipading tse di latelang: MORABARABA – SJ Lebethe BOGOSI KUPE – DPS Monyaise BODIBENG JWA MATLHOMOLA – DS Matjila POTSO 1: MORABARABA – SJ Lebethe Araba dipotso TSOTLHE tsa padi e o e buisitseng. Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo pading, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka dinopolo TSOTLHE, k.g.r POTSO 1.1 le 1.2. 1.1 NOPOLO A ʹLe fa ke mo tshwaya phoso, ga ke mmone molato thata, gonne a ka se ka a itlisa kwa go wena. Ke wena o mo simolotseng. Mme nnete ke gore le fa a itse, a ka nna a itatola.ʹ ʹMorwesi, o itse gore ke eng? Ke lobaka re bua mme re sa bue sepe. Ke setse ke fela pelo jaanong. Fa e le gore o eme ka maoto a mabedi mo 5 godimo ga dipuo tsa batho bangwe, o itse gore o mphedisa pelo. O mpolelele fa e le gore o ikaeletse ...ʹ ʹAa, letswalo le le molato le ikatlhola ka bogale.ʹ ʹNnxe!ʹ ʹO se ka wa galefa, tlhe. Mpolelele nnete fela.ʹ 10 ʹNnete efe?ʹ ʹGa go thuse sepe, Ntshimane. Moratiwa wa pelo ya me, yo ke neng ke mo tshepa, o se ka wa nkgalefela. Nna ga ke a go galefela. Fela o itse gore ga ke sa tlhole ke go tshepa. Ke gore fa ke fulara nakonyana fela, o setse o sa kgone go itshwara; le gona ka fa tlase ga nko ya me fela. ʹBona.ʹ A bua a 15 fetisa seatla fa pele ga sefatlhego sa gagwe, ʹke robetse, ga ke re? Mme go na le batho ba ba nthatang.ʹ ʹBoNaome?ʹ ʹIjo! Ke mang yo a reng ke boleletswe ke Naome?ʹ ʹSala sentle,ʹ a bua a nanoga. 20 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 6 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential 1.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 1.1.1(a) go fitlha go 1.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Mmamoki A o ratana le lekawana la kwa Rosslyn (b) Mmule B tsala ya ga Kedisaletse (c) Ntshetsana C o ne a nyetswe ke Ntshimane (d) Mmakgosi D o nyetswe ke Steve E o boleletse Mpute gore Ntshimane le Bontle ba a ratana (4 x 1) (4) 1.1.2 Go ya ka temana, ke letswalo la eng le Morwesi a buang ka ga lona? (2) 1.1.3 Nopola polelo go tswa mo temaneng e e bontshang gore Morwesi o ratana le Ntshimane. (1) 1.1.4 Peter o itsege ka go dira tiro efe? (1) 1.1.5 Mmangwaneagwe Morwesi o ne a nna kwa kae? (1) 1.1.6 Ke eng se se tlhodileng ntwa magareng ga ga Mpute le Bontle? (2) 1.1.7 Goreng Morwesi a re ga a sa tlhole a tshepa Ntshimane? (2) 1.1.8 Batsadi ba ga Ntshimane ba lemogile ka eng gore go ima ga ga Morwesi go amile ngwana wa bona? (2) 1.1.9 Fa o lebile o ka re maikaelelo a ga Naome e ne e le afe fa a bolelela Morwesi gore Ntshimane o ratana le Ntshetsana? (2) LE Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 7 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential 1.2 NOPOLO B Ka letsatsi lengwe lokwalo lwa ga Bontle lwa tla lo ikaeletse: ʹKe itse sentle gore ga se nna ke le nosi ke tshwereng kgaka ka diphofa tsa mogatla. Se le wena o a se itse. Mpute o ntshupeditse gore ke ena mang, mme le nna ke tshwanetse ka mmontsha. Ga go na ntlo e e jang e nngwe. Ke nako e telele o eme, mme o sa fele pelo. Ke palelwa ke go go bolelela gore 5 ke eng mo lokwalong lo. Ke bona go le botoka gore re di beele kwa thokwana; re tlaa di bona re kopana. O se ka wa isa pelo kgakala gonne ga ke ise ke re sepe. A kgotsa o na le bonnete jwa gore ke tlaa re ke supa ntlha efe? O tshwanetse wa bo o itlhoma gore o a itse gonne e le nako re tšhotlha 10 bonota jo. Fela ga ke go tlhotlheletse sepe. O tlaa bona ka nna.ʹ Ntshimane a bona gore dikgang di tsaya yona tsela e a neng a e tshogile. A bona botoka e le gore a se ka a senya sebaka. Le fa a sa tlhalosa ka botlalo ba tlaa bonana. 1.2.1 Feleletsa dipolelo tse di latelang ka go tlhopha mafoko a a nepagetseng go tswa mo masakaneng. (a) Ntshimane o tlhokafetse mo kotsing ya … bese/sejanaga/terena.) (1) (b) Rraagwe Mpute o ne a dira mo lefapheng la … (thuto/pholo/bojanala.) (1) (c) Rraagwe Bontle ke … (Mopedi/Mosotho/Motswana.) (1) 1.2.2 Ke mang yo o amogetseng lekwalo go tswa kwa go Bontle? (1) 1.2.3 Bontle o kaya eng fa a re ga se ena fela a tshwereng kgaka ka diphofa tsa mogatla? (2) 1.2.4 Tlhalosa leano le Morwesi a le dirileng gore a kgone go tsamaya le Mpute kwa Ga-Rankuwa. (2) 1.2.5 Ke eng se o se ithutileng ka semelo sa ga Naome? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.2.6 Goreng Ntshimane a tsewa jaaka moanelwamogolo mo pading e? (2) 1.2.7 Tlhalosa lebakalegolo le le utlwisitseng Ntshimane botlhoko mo botsalanong jwa gagwe le Mpute. (2) 1.2.8 A mosetsana wa Malateng o ne a rata Steve? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.2.9 Fa o bona, ke eng Bontle a palelwa ke go tlhalosa diteng tsa lekwalo? (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 8 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential POTSO 2: BOGOSI KUPE – DPS Monyaise Araba dipotso TSOTLHE tsa padi e o e buisitseng. Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo pading, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka dinopolo TSOTLHE, k.g.r POTSO 2.1 le 2.2. 2.1 NOPOLO C Le ne le ntsha nko fa barongwa ba kgosi ba tsena kwa goorraSeleke ba ile go mmitsa. A itse gore malomaagwe o tswa mošate. Fa mmaagwe a utlwa gore ba batla mang, a lela sa matlhomolapelo; gonne kgosi ya Phiritona e ne e sa tshamekelwe, fa e otlhaile motho motse otlhe o tlhapisega pelo. Ba ya nae mošate ba mo tsentse gare, diphorogotlho tsa maotlana, ba sa tsee dipotso 5 tsa gagwe tsia. Rraagwe o ne a sa ratege bobe mo Phiritona ka go tloga a lere moditšhaba wa Magogong jaaka e kete bothepa jwa ga gabo jwa mmala wa sebilo, batho ba matlho a koma, ba ile kgosing ka diferwana. E le kgale ba mo tsheletse dithupa mme a aga a relela mo diatleng tsa bone, a ba a ya badimong. E ne e 10 le matla-ka-maleo fa ba tshwere morwae. Kgotla e tletse. Ya re a sa tla mole bangwe ba fetsa mogopolo gore a atlholelwe kgomo e le nngwe, ka sa gagwe e ne e se makgakga e le lonyatso. Ba tlotla dikgang tsa bona tsa motse, le jaaka ntša ya ga sepheremphetšhane e letse e tshwere mmutla, kgotsa e siilwe ke mmutla. Barongwa ba fitlha ba ema ka ene ga ba ga feta ura. 15 Kgantele mongwe wa borre ba lekgotla a re, ʹBorra, a basimane bale ga ba ise ba boe? Ba tshwerwe ke eng, ba re diela ditiro?ʹ 2.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 2.1.1(a) go fitlha go 2.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Serokolo A o tsibosa kgosi ka banna ba ba batlang go mo tseela (b) Moremi bogosi (c) Motlhoiwa B o rekisa dikgomo kwa fantising (d) Masilo C modisa wa dikgomo tsa puso D o batla bogosi jo e seng jwa gagwe E o utswitse dikgomo tsa puso (4 x1) (4) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 9 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential 2.1.2 Neela dikao DI LE PEDI go tswa mo nopolong tse di bontshang gore tikologo e ke ya motseselegae. (2) 2.1.3 Mosadi yo o neng a nyetswe ke Oshupile o ne a tswa kwa motseng ofe? (1) 2.1.4 Go ya ka temana, neela lebaka le le dirileng gore banna ba lekgotla ba bo ba phuthegetse kwa kgotla. (2) 2.1.5 Matlhodi o itsitse jang gore bana ba ga Tukisang ba timetse? (2) 2.1.6 Ke eng se se dirileng gore Serokolo a tlhoe Motlhoiwa? (2) 2.1.7 Fa o ka bo o le kgosi, mme o itse gore go na le batho ba ba sa go batleng mo motseng wa gago, o ne o ka dira eng? (2) 2.1.8 Go ya ka wena, a bothata magareng ga Obakeng le Tukisang bo kgonne go rarabologa? Tshegetsa karabo ka lebaka. (2) LE 2.2 NOPOLO D Kgosi ya sebaseba le Sajene Botipe. Ya re a ema, ʹBagaetsho, ga ke na mafoko a mantsi, le nna ke fano ka ntlha ya ga rre yo,ʹ a supa Modimoeng yo ka bopelokgale jwa gagwe o ka bayang tau setsetse. ʹFa e ne e se ka ena, ga ke itse gore nka bo ke le kae. Le gale ao ke a rona. Rre Serokolo, bagaetsho, o kwa kokelong ya Sefatlhane. Ke tsogile ke mo isitse mosong ono, mme le fa 5 go twe moya-goleele o lefa ka marapo, nna ka nosi ga ke bone fa a tla tshela ... o kwa tlase thata. Ba bangwe ba a tlogileng nabo ga re itse kwa ba teng; ba sa le ba tsena le ena mo logageng. Mafoko a maleele, bagaetsho, mme ga re kitla re a fetsa otlhe.ʹ A retologela go kgosi, ʹJaanong, rra, ke solofela gore o tla re letla, nna le rre Modimoeng, go ya go bona fa re ka se ka ra bona 10 banna bale.ʹ Ya re ba ise ba tsamae, monnamogolo a bua lefoko la bofelo. ʹBakwena, ke batla gore lo nne lo ntse lo gopotse mafoko a ga Sajene Botipe, gore bogosi kupe. Ke mafoko a magolo thata. Ithuteng go sisimoga dilo tse di tshajwang ke rona boMmusi. Lo se ...ʹ 15 Mongwe a re, ʹPula e tshweu!ʹ Monnamogolo a mo tlhoma matlho, ba ithaya ba re o tla mo kgadiepeletsa go mo tsena mo ganong; ba swa ka ditshego go utlwa a bitsa mosimane yo o besitseng sebete. 2.2.1 Feleletsa dipolelo tse di latelang ka go tlhopha mafoko a a nepagetseng go tswa mo masakaneng. (a) Mmaagwe Obakeng o ne a re ba age matlwana a … (boitapoloso/boithusetso/botlhapelo) gaufi le losi la noka. (1) (b) Matlhodi o nyetswe a na le dingwaga di le … (masome a mararo/sometharo/masome a marataro.) (1) (c) Barwa ba ga Tukisang ba tlhokafaletse mo … (molelong/logageng/bodibeng.) (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 10 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential 2.2.2 Nopola tlhaloso E LE NNGWE go tswa mo nopolong e, e e bontshang gore kgosi o ne a le motlotlo ka ga Modimoeng. (2) 2.2.3 Totatota Sajene Botipe o raya bomang fa a re ʹbanna baleʹ, mo nopolong e e fa godimo? (2) 2.2.4 Neela lebaka le le dirileng gore Serokolo a feleletse a le kwa bookelong. (2) 2.2.5 Maemo a ga Serokolo kwa bookelong a ne a ntse jang? (1) 2.2.6 Tlhalosa ka fa mokwadi a atlegileng go bontsha tharabololo ya kgotlhang magareng ga kgosi le Serokolo ka teng. (2) 2.2.7 Tlhalosa gore kgolagano ya Obakeng le bontsalaagwe e sentswe ke eng. (2) 2.2.8 Ke eng se o ithutileng sona go tswa mo botshelong jwa ga Motlhoiwa? (2) 2.2.9 Maitemogelo a gago ke afe ka bogosi jwa kwa Magogong? (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 11 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential POTSO 3: BODIBENG JWA MATLHOMOLA – DS Matjila Araba dipotso TSOTLHE tsa padi e o e buisitseng. Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo pading, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka dinopolo TSOTLHE, k.g.r POTSO 3.1 le 3.2. 3.1 NOPOLO E ʹKe bona e kete re ne re go mpampetsa thata. Go na le dilo di le dintsi tse o sa di itseng ka lelapa le. Re ntse re di ntse ka marago, e le dipipanapipe.ʹ ʹTlogela go bua ka dikai mama, lepolola puo ke tle ke go tlhaloganye.ʹ Dimpho a bua a atamela mmaagwe e kete o batla gore fa a longwa tsebe Kagiso le Bakwena ba se utlwe sepe. 5 ʹRe ne re sa batle gore wena o amege mo dipolotiking. Re ne re sa batle go bona o itewa, o tshwarwa e bile o sotlakakiwa. Mokgatlho wa FMP o lwantsha puso ya Tlhaolele ya Aforikaborwa. Dilo di ne tsa senyega le go feta fa puso e ne e leka go dirisa puo ya Seaforikanse jaaka puo e barutwana botlhe ba tshwanetseng go rutwa ka yona. Dikhuduego di simolotse kwa Morris 10 Isaacson, fa barutwana ba gana go tsena mo diphaposing, go tloga moo, ba ne ba ya kwa dikolong tse dingwe mo Soweto jaaka baithuti ba ne ba dumelane.ʹ ʹBathong mama, kgang eo ke e itse sentle, a kere e diregile dingwaga di le pedi tse di fetileng?ʹ 15 ʹSe ntsene ganong Dimpho, madiba a dikgalapa a nwa a dibosana, o tloga o ntebatsa mafoko. Ke sa ntse ke go agela maitshetlego fela gore o kgone go tlhaloganya kwa kgang e tswang gona.ʹ 3.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 3.1.1(a) go fitlha go 3.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Gabasiane A ga a rate go omana le monna wa gagwe fa pele (b) Dimpho ga bana (c) Tsitsi B o tshabisitse boTsitsi ka go tswa kwa Mankweng (d) Modutlwe C tsala ya ga Letlamoreng D o okile mmaagwe fa a lwala E o bolaisitse Letlamoreng ka mapodisi (4 x 1) (4) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 12 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential 3.1.2 Neela ntlha E LE NNGWE e e tlhotlheleditseng batsadi ba ga Dimpho kgatlhanong le gore a amege mo dipolotiking. (2) 3.1.3 Dikhuduego tsa barutwana tsa go gana go tsena mo diphaposing di simolotse kae? (1) 3.1.4 Ke eng se se tlhotlheleditseng dikhuduego tse thata? (2) 3.1.5 Kgolegelo e Odirile a neng a le kwa go yona e bidiwang? (1) 3.1.6 Neela ditiragalo TSE PEDI tsa kwa Tintisi tse di fetotseng mokgwa o Dimpho a neng a leba botshelo ka teng. (2) 3.1.7 Kgotlhang ke selwelwa kana selo se se tlholang go sa utlwane magareng ga maphata a mabedi kgotsa go feta. O lebile ditiragalo, neela kgotlhang ya padi e. (2) 3.1.8 Ke ka ntlha ya eng Tsitsi a ne a sa batle Odirile a nna mongwe wa leloko la diGerilla? (2) 3.1.9 A go ne go le matshwanedi gore mapodisi a gane go neela Gabasiane setopo sa ga Odirile go se boloka? (2) LE 3.2 NOPOLO F ʹKe ne ke akantse gore ke tlile go dira bongaka, fela thuto ya saense e ne e le makete thata. Nka rata go dira mo inšorenseng kgotsa mo diofising tsa lekgetho. Dithuto tsa kgwebo di duela sentle fa o rutegile.ʹ ʹA basadi ba kgona go dira ditiro tsa mothale o mo Lesotho?ʹ ʹEe, gape mo ke Lesotho ga se kwa Aforikaborwa mo ditiro tsotlhe tse dintle 5 di beelwang banna ba basweu.ʹ A bua a sutasuta ka setulo. ʹLe fa e le gore ke ne ke le kwa kampeng nako e telele, ke ne ke bona e kete botshelo jwa mo bo bonya thata. Ke bona basadi ba sa ntse ba patelediwa go apara dituku. Go ya ka nna banna ba Basotho ga ba faapane le banna ba basweu ba Aforikaborwa.ʹ Dimpho a bua a mo lebile mo matlhong. 10 ʹLefatshe la Basotho le fa le se na madi, fela batho ba lokologile. Ga go motho yo o thibelwang go dira se a se batlang.ʹ Amogelang a bua e kete o leka go emelela Lesotho. ʹTota Aforikaborwa le fa e na le melao ya tlhaolele, kgatelelo ya basadi e botoka fa ke e tshwantshanya le ya Lesotho. Kwa Aforikaborwa melao ya 15 tlhaolele e tlhopholola bantsho botlhe, ga e tshwane le mo Lesotho mo basadi ba sa ntseng ba tseelwa kwa tlase thata.ʹ Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 13 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential 3.2.1 Feleletsa dipolelo tse di latelang ka go tlhopha mafoko a a nepagetseng go tswa mo masakaneng. (a) Tiragalo ya go thuntshiwa ga mosadimogolo wa seaparo sa kereke le mosimane yo o goeleditseng mafoko: Aforika ke tlaa go swela e tlhodile maikutlo a … (boitumelo/letlhologelo/ kutlobotlhoko) mo go Dimpho. (1) (b) … o rotloeditse boTsitsi go tshabela kwa Botswana, ba latele Letlamoreng. (kgaitsadiagwe Dimpho/tsala ya ga Dimpho/nkokoagwe Dimpho) (1) (c) Puso ya Engelane mo malobeng e ne e le ya tlhophololo le tlhaolele ka … (e ne e dira kgwebo le mebuso ya Aforikaborwa le Rhodesia Borwa/e ne e sa batle Seretse a nyala mosweu/e ne e batla Tshekedi e nna kgosi.) (1) 3.2.2 Neela ntlha e e dirileng gore batsadi ba ga Dimpho ba mo tlogedise dithuto tsa gagwe kwa yunibesithing ya Turfloop. (2) 3.2.3 Neela ntlha E LE NNGWE go bontsha gore tlhaolele ya mo Aforikaborwa e ne e farologana le tlhaolele ya kwa Lesotho. (2) 3.2.4 Ke lebaka lefe le le dirileng gore Dimpho a iphitlhele a le kwa gaabo Amogelang? (2) 3.2.5 Neela dintlha DI LE PEDI tse Gabasiane a di neetseng Letlamoreng mabapi le go tlhasela maburu a Aforikaborwa. (2) 3.2.6 Goreng Letlamoreng a ne a ikopa maitshwarelo mo go Mokapotene kwa kampeng ya masole kwa Lesotho? (2) 3.2.7 Fa o lebile, a tshwetso ya ga Letlamoreng ya go tshabela kwa Lontone, e nnile le mosola go ba lelapa la gagwe? (2) 3.2.8 Thuto e o ithutileng yona go tswa mo botshelong jwa ga Letlamoreng o ka e dirisa jang mo botshelong jwa gago? (2) [35] PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 14 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential KAROLO YA B: TERAMA Mo karolong e, dipotso di boditswe go tswa mo dipading tse di latelang: MOLATSWANA WA GAETSHO – DMG Sekeleko O LAETSE JALO – KS Naledi MOLATSWANA WA GAETSHO – DMG Sekeleko POTSO 4: 'BA TLA NKITSE ' – ES Lekalakala Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo terameng, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka dinopolo TSOTLHE, k.g.r POTSO 4.1 le 4.2. 4.1 NOPOLO G (O tsamaya mo mmileng gaufi le legae la gagwe, go utlwala batho le dijanaga) BOIPELO: Monna yo o tloga a nkotlisa letswalo. Matlho a gagwe e kete a katse. Fa a go lebile o bona e kete o bala tlhaloganyo ya gago. Motswedi o kae? Ke mo reile ka re a 5 tle morago ga dijo tsa motshegare. Fa a tla o tla swaba go utlwa matute a galakang a santlhoko a Mathule a sa tswang go ntshela ka ona. Owai, boMotswedi le bona ba itira matlalapoa. Ga ba itse sepe ka nako. (O fitlha mo legaeng la gagwe) A ga se nako e o rileng o tla tla ka 10 yona? Tlhang ga ke mo fitlhele fa gae? (O tsena ka lebati): Fela fa a sena go baya dithoto tsa gagwe go kokota mongwe) Motlhaope ke Motswedi … tsena …! MOTSWEDI: (O tsena ka lebati): Dumela Boipelo. Goreng e kete ga o a 15 iketla? Ke eng se se go gonyang maikutlo? BOIPELO: Tsena o nne fatshe. Dikgang di mafaratlhatlha. MOTSWEDI: A ko o ntshelele segalagala sa metlheng ke ikhaunye go le gonnye. Kana ke lapile e le tota. (Go utlwala jaaka a mo tshelela) 20 BOIPELO: Ke bo, itlhadie o tle o itse go anya mafoko sekonyana. MOTSWEDI: (O a nwa) O a re go direga eng? Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 15 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential 4.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 4.1.1(a) go fitlha go 4.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Tau A mmueledi wa ga Ramarumo (b) Mokgadi B tsala ya ga Boipelo (c) Mathule C lepodisi la kwa Hammanskraal (d) Moratwe D mosadi wa ga Ranko E lekau la ga Boipelo (4 x 1) (4) 4.1.2 Nopola mola go tswa mo nopolong o o bontshang gore Boipelo ga a iketla mo moweng. (2) 4.1.3 Goreng mokwadi a dirisitse lefoko mafaratlhatlha mo temaneng? (2) 4.1.4 Ramarumo o bolailwe ke eng? (1) 4.1.5 Ke dintlha dife DI LE PEDI go tswa mo tshupabosweng ya ga Ramarumo tse di neng di ka kganela Boipelo gore a bone boswa jwa gagwe? (2) 4.1.6 Tlhalosa semelo sa ga Moswinini ka dintlha DI LE PEDI. (4) 4.1.7 A o ka re Ramarumo o dirile sentle ka go dira tshupaboswa pele a tlhokafala? (2) LE 4.2 NOPOLO H (Go maitseboa go tlhaga sejanaga mme sa ema. Tau o tswa mo go sone mme o kokota mo lebating.) TAU: Koko ...! MOKGADI: (Ka go bitsa) Tsena. Re ka fa morago ka fa. Potela! TAU: (O ya teng) Dumela Koko. 5 MOKGADI: Dumela ngwanaka. Setulo ke seo. TAU: Ke a leboga … e tsoga jang mosadimogolo? MOKGADI: Re a leka ngwanaka. Re itshelela ka mathata. Ga re na ditlogolwana re ka bo re roma. TAU: Ke batla kwa ga monnamogolo Ranko Molefe. A ke gona fa? 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 16 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential MOKGADI: O nepile ngwanaka. Le gale monnamogolo o sa tswile. O fitlhela a tsamaya le motsana o a batla diphafana. Batho ba ba tsamaya thata e kete ba tlhotlhonyelwa ke legae. TAU: (Tau o a tshega) (Ka kutlobotlhoko): Nkoko le wena o ka nthusa, ke makgabe 15 a dipapetla. Ke tla jaana ka pego. Boipelo o tshwerwe. MOKGADI: (Ka letshogo) O tshwerwe? Jang? O ne a dirile eng? TAU: (Ka kutlobotlhoko) O tshwaretswe polao. Fa re ntse re dira dipatlisiso, re fitlhetse bopaki jwa gore ngwana wa gago ke mmolai wa ga Ramarumo. 20 MOKGADI: Wena o mang ngwanaka? TAU: Ke sajene Tau koko. O itsise monnamogolo fa a fitlha nkoko. Sala sentle. 4.2.1 Feleletsa dipolelo tse di latelang ka go tlhopha mafoko a a nepagetseng go tswa mo masakaneng. (a) Ramarumo o tlhokafaletse kwa … (morakeng/bookelong/ tirong.) (1) (b) Sekolo sa difofu se abetswe … (ntlo/llori/madi.) (1) (c) Motswedi o atlholetswe dingwaga di le … kwa kgolegelong. (tlhano/sometlhano/lesome.) (1) 4.2.2 Go tlile jang gore Sajene Tau a itse fa Boipelo a na le seabe mo polaong ya ga Ramarumo? (2) 4.2.3 Maikaelelo a ga Boipelo e ne e le afe fa a loga leano la go bolaya Ramarumo? (2) 4.2.4 Ke eng se se tlhodileng kgotlhang magareng ga Boipelo le rraagwe? (2) 4.2.5 Modiragatsimogolo mo teramakhutshweng e, ke mang? (1) 4.2.6 Ke eng se Mathule a neng a batla go se itse fa a ya go kopana le Sajene Tau kwa mapodising? (2) 4.2.7 Lerato la ga Motswedi le Boipelo le feletse kwa kae? (2) 4.2.8 A Mathule o ne a diragatsa ditaelo tsa ga Ramarumo go ya ka tshupaboswa? Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.2.9 A fa o lebile o ka re Boipelo o ne a rata Ramarumo? (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 17 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential POTSO 5: O LAETSE JALO – KS Naledi Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo terameng, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka dinopolo TSOTLHE, k.g.r POTSO 5.1 le 5.2. 5.1 NOPOLO I (Morago ga lenyalo kwa ga gabo Moeti, Lentuwane o dirile tsa go fitlhola.) MOETI: Heela mmaabo! Kana ruri o a itse fa o mpona ke riana, ke gopotse kwa morakeng. Ke ile go fitlhela bophokojwe ba itshwaisitse. LENTUWANE: Ao, tlhe rra! Ema pele ka tseo. E ka re ke ithaya ke re … 5 MOETI: O ithaya o reng? A ga o ise o kgotsofale? Kana rona ga re boradithai. Leruo mo go rona ke selo sa ntlha. LENTUWANE: Le nna ke dumalana le wena. Fela nnaganele tlhe, ratu! Kana malatsi a, ke ntse ke phaphasela jaaka phikoko. Le gona go sengwe mo go nna, noka tsa me, di tletse, maoto 10 a me le ona, a tletse. Ke feroga dibete gangwe le gape. Ga ke eletse fa o ka nkatoga tuu! MOETI: Ke ntse ke ipotsa gore o tla mphatlholola leng? Go bontsha bonna tota. Letshwao la gaetsho ga le kitla le ntatlhegela. Setso sa boraetsho se bokete. 15 LENTUWANE: O a itse ke lemoga gore ke tsene mo lesireng e le nngwe e kgabagantse. Ke bona e kete e tla nna mosetsana. MOETI: Ga ke a go utlwa, wa reng? Mosetsana? Ga ke dumele. E tshwanetse ya nna lekolwane. LENTUWANE: Nna keletso ya me ke go tshola mosetsana pele. Ke raya 20 gore a tle a kgone go belega bomonnawe. Le gale Modimo ke ona o itseng Motho o se ijese dijo tsa ditoro. MOETI: Mmm, ke a bona o ntsieditse ka nako. Ke ne ke gopotse go go apeela modi wa mokgalo. 5.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 5.1.1(a) go fitlha go 5.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Mmanontsheng A mosadi wa bobedi wa Moeti (b) Keleepile B tsala e kgolo ya ga Lentuwane (c) Matoko C kgaitsadia Matoko (d) Keabetswe D mosadi wa kgosana ya Lenatong E gofejane wa Lentuwane (4 x 1) (4) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 18 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential 5.1.2 Mmuisano o o mo nopolong e, o tlhodilwe ke eng? (2) 5.1.3 Go tswa mo nopolong ke eng se se bontshang fa Lentuwane a imile. Ntsha dintlha DI LE PEDI. (2) 5.1.4 Lentuwane le ba losika ba tlhotlheleditswe ke eng go ya kwa ga magiseterata? (2) 5.1.5 Tlhalosa semelo sa ga Moeti ka dintlha DI LE PEDI. (4) 5.1.6 Maikutlo a ga Moeti ke afe fa a re: ʹHee, banna! Ka tla ka itsala! Hei!ʹ (2) 5.1.7 A mokwadi o atlegile go neela modiragatsi Moeti leina le le mo tshwanetseng? (2) LE 5.2 NOPOLO J MOSENENE: BoorraMoeti, lo ikutlwetse. Ga go na se nna ke ka se dirang. Kana go utlwisa botlhoko ruri go seka motho a ithobaletse. Ga go na gore o ka mo lebisa potso. PHOLO: Jaanong go a tle go dirwe eng, rra? Tota kana selo se kgetse e tona ya morwalo. Rre yo, o tloga a tsamaya 5 mowa wa gagwe o lebile morago. Re ne re eletsa fa a ka ikela ka kagiso. NTUTU: Motlotlegi re utlwile dintlha tsotlhe. Fela ke kopa go botsa gore Moeti le Lentuwane ba nyetse ka tlhakanelo dithoto, go tla jang gore jaanong yo mongwe a di tsene 10 gare? MOSENENE: O bua boammaaruri jo bo se nang bana ba phefo. Molao o raya jaana. Mo thotong yotlhe ya lapa, rre o tsaya bogare jwa yona. Mme le ene fela jalo. Ga se tlolomolao fa rre a ka tlhokomela ngwana yo e seng wa 15 lapa, fa a dirisa karolo nngwe mo seripeng sa gagwe. Bothata bo ka nna teng fa a tshelela mo karolong ya ga mme. MMANONTSHENG: Ruri nna ga ke kgatlhwe ke sepe. Ke utlwa go buiwa kgang e e mokogo. Tlhakanelothoto yona e kaya eng? 20 Testamente le yona e bua tsa yona. MOSENENE: Testamente ke selo se se thata. E tswa fela gore mong wa yona o ratile jang. Ga go se re ka se dirang. Ke thato ya ga Mojalefa, re ka fetola dingwe. MOJALEFA: Bagaetsho botlhe ba ba fano, ke lo itsise jaana gore ga 25 ke kitla ke fetola sepe. Ke tshaba ʹfoko la ga rre. Ke batla go mo kgotsofatsa. Lefoko la moswi ga le tlolwe. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 19 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential 5.2.1 Feleletsa dipolelo tse di latelang ka go tlhopha mafoko a a nepagetseng go tswa mo masakaneng. (a) Moeti o tlhokofaletse kwa … (bookelong/masimong/ morakeng.) (1) (b) Mojalefa o ne a isiwa kwa bookelong jwa … (Sikwane/Lenatong/Dwaalboom.) (1) (c) Matoko le Mojalefa ba ne ba batlisisa ka ga loso lwa ga Moeti kwa go … (Mafuthe/Dikwanketla/Makgolokwe.) (1) 5.2.2 Go ya ka terama e, ke dilo dife tse Moeti a neng a batla gore Mojalefa a di dire morago ga loso lwa gagwe? Di LE PEDI fela. (2) 5.2.3 Ke eng se se bakileng ditiragalo tse di mo nopolong e e fa godimo? (2) 5.2.4 Maemo a lelapa la ga Matoko a godisitse kgotlhang ya terama e jang? (2) 5.2.5 Puo ya ga Mojalefa fa a re, ʹLefoko la moswi ga le tlolweʹ, e go thusa jang go tlhaloganya maikelelo a gagwe mo terameng e? (2) 5.2.6 Ke lebaka lefe le le neng le tlhotlheletsa Moeti gore a rate Mojalefa go gaisa bana ba gagwe botlhe? (2) 5.2.7 A o akanya gore lerato la ga Moeti le Lentuwane e ne e le la nnete? (2) 5.2.8 A setlhogo sa terama se tsamaelana le di teng tsa yona ? (2) [35] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 20 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE POTSO 6: NGATANA YA LEHUMO – KM Mbonani le ba bangwe Mo karolong e, dipotso di boditswe go tswa mo dikgankhutshweng tse di latelang:  ʹKGODU YA KGABUTLE E ROTHILEʹ – MI Siko  ʹKE TLA THUSWA KE MANGʹ – PJ Mathibe Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo dikgankhutsweng di le PEDI, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka ga dinopolo TSOTLHE, k.g.r. POTSO 6.1 le 6.2. 6.1 ʹKGODU YA KGABUTLE E ROTHILEʹ – MI Siko NOPOLO K Ferikgong o ne a le masomaamabedi fa ngwana wa batho a ne a kgaoganngwa le lefatshe. Gongwe le ditlhabi tsa loso ga a ka a di utlwa. Mmaagwe e rile go utlwa, a lela sa masetladibete bosigo le motshegare. Ngwanaitseele, kgwedi ya go leka baithuti, e ne e sa tswa go loma Diphalane serota. Baithuti ba ne ba le mo mogwantong wa matlhomahibidu, 5 ba latlhaganya diatla phatlalatsa fa pele ga mogokgo. Ditlhatlhobo ba gana go di obela mangole. Thitokgang e le gore dingongorego tsa bona di tsutsubololwe pele ba ka lekwa. Tlhogo ya baithuti ya tatalatsa molala jaaka kgosi ya Egepetwa e kile ya dira. Kwa bofelong baithuti ba ne ba rweswa merwalo ba ya gae ba sa kwala ditlhatlhobo. Moeng a gopola tshokolo e 10 mmaagwe a leng mo go yona, a ititaya mafatlha a leba kwa phaposing ya go lekwa. Ditsala tsa leka go mo fatlholola gore a bone kotsi e a yang go wela mo go yona, boemong jwa go tsaya dikgakololo tsia a di tseisa setsokotsane. Ditlhatlhobo a di nnela a le esi ka monwana, maphodisa a ne a etse maemo tlhoko ka nako eo gore ba ba kwalang ba se ka ba 15 kgoreletswa. Selo se e ne ya nna sekgopi mo tlhogong ya baithuti ka ba kile ba ngangisana mo matlhong a mogokgo ka go letla baithuti go kwala. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 21 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential 6.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 6.1.1(a) go fitlha go 6.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Moeng A moeteledipele wa baithuti (b) Pekwa B o ne a tsaya dithuto tsa gagwe tsia (c) Mathaithai C o ne a dira ka thata go (d) Bafedile neela Moeng bokamoso jo bontle D lepodisi le le neng le batlisisa ka ga mmolai E o ne a sotla mmaagwe (4 x 1) (4) 6.1.2 Ke eng se se tlhotlheleditseng dikhuduego tse di dirileng gore baithuti ba se ka ba kwala ditlhatlhobo? (2) 6.1.3 Neela lebaka le le dirileng gore Mathaithai a ipolelele gore o neetswe mokgweleo wa tiro ya go tlhotlhomisa ka ga mmolai wa ga Moeng. (2) 6.1.4 Moeng o tlhokafetse ka kgwedi efe? (1) 6.1.5 Neela lebaka le le tlhodileng go tlhoka kutlwisisano magareng ga ga Pekwa le Moeng. (2) 6.1.6 Bafedile o ne a ikutlwa jang morago ga gore Moeng a bolawe? (2) 6.1.7 Go ya ka nopolo, ditlamorago tsa go se kwale ditlhatlhobo ga baithuti e nnile dife? (2) 6.1.8 Go ya ka wena, a go ne go le matshwanedi gore mogokgo wa kwa kholetšheng a batle gore Pekwa a tle go tshwarelwa mo kantorong ya gagwe? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 22 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential 6.2 'KE TLA THUSWA KE MANG' – PJ Mathibe NOPOLO L E rile fa ba mmolelela gore nkokoagwe o ile badimong, a gana go utlwa. Ngwana a lwala sebaka se seleele thata mme morago a fola. E rile fa go twe o fodile, ya re mo bosigong bongwe fa a phaphama a fitlhela motlaagana wa gaabo o dikaganyeditswe ke malakabe a molelo o o boitshegang. 5 Ka ntlha ya go goga mosi wa dilo tse di neng di tshwerwe ke molelo, a ikutlwa a felelwa ke maatla mme ka gonne a godile le tsona, a ithatha ka kobo mo sefatlhegong mme a itaya setswalo ka tlhogo. Fa e le batsadi ba gagwe, ka ntlha ya go tsenwa ke mosi, ga ba a kgona go ka ipholosa. E rile fa a wela kwa ntle, ba ba neng ba lebile motlaagana o kuelela, ka 10 ntlha ya fa go ne go se thuso epe e ba neng ba na nayo, ba mo tlhatsisa le go mo diraka dilo. Kana thakana e tshesane le yona e ne e le teng le fa bangwe ba ne ba lela fa go utlwisang botlhoko mme ba se na thuso ya sepe. Matlho a bona a ne a hibitse mme dikeledi di elela mo marameng a bona. 15 Go itse ga bona gore batsadi ba ga Phale ba teng ka mo ntlong, ke gone go okeditseng khutsafalo le kutlobotlhoko. 6.2.1 Feleletsa dipolelo tse di latelang ka go tlhopha mafoko a a nepagetseng go tswa mo masakaneng. (a) Phale o ne a batla go ipolaya ka gonne ... (a se na bagaabo le legae/a simolotse go tsenwa/batho ba sa mo thuse botshelo.) (1) (b) Phale o belegwe ka ngwaga wa … (1980/1984/1990.) (1) (c) Dipolao tse di tlhagelelang mo kgankhutshweng, di tlhotlhelediwa ke … (dipolitiki/bosenyi/lenyatso.) (1) 6.2.2 Go ya ka nopolo, neela ntlha e le NNGWE e e tlisitseng khutsafalo le kutlobotlhoko mo botshelong jwa ga Phale. (2) 6.2.3 Tlhalosa se Phale a se dirileng go falola molelo o o bolaileng batsadi ba gagwe. (1) 6.2.4 Go bona batho ba bolawa le go lebelela ditopo go ka ama boPhale ba ba sa ntseng ba gola jang? Tshegetsa ka lebaka. (2) 6.2.5 Neela lebaka le le dirileng gore Phale a isiwe kwa ngakeng morago ga go thuntshiwa ga nkokoagwe? (2) 6.2.6 Ditlamorago tsa go tshabela ga Phale kwa motseng o o kgakala le wa gaabo e nnile dife? Neela e le NNGWE fela. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 23 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential 6.2.7 Goreng batho ba ne ba retelelwa ke go tshwara Phale fa a ne a tshaba morago ga go lemoga fa ntlo ya gaabo e jelwe ke molelo o o bolaileng le batsadi ba gagwe? (2) 6.2.8 A o ka re motse wa gaabo Phale o tletse ka ditlolomolao? (2) 6.2.9 Fa o bona a go tseelwa ga ga Phale kwa legaeng la bana ba ba se nang batsadi go tlaa mo tswela mosola? Tshegetsa karabo ka lebaka. (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 24 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential KAROLO YA D: POKO Mo karolong e, dipotso di boditswe go tswa mo mabokong a a latelang:  ʹBOROKOʹ – GK Setou  ʹSEKOLOʹ – SF Motlhake ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka maboko OTLHE, k.g.r. POTSO 7.1 LE 7.2. Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo mabokong a le MABEDI, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. POTSO 7: MABOKO A SETSWANA: Morulaganyi – MK Mothoagae 7.1 Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. BOROKO – GK Setou 1 Boroko seamogela dikhutsana, 2 Mosamo wa dikeledi. 3 Moamogedi o amogelang sengwe le sengwe 4 Nkamogele le nna ke lapile. 5 Ke eletsa go tsena lefatshe la ditoro, 6 Kgakala-kgakala le batho ba lefatshe, 7 Koo go tletseng letlepu la mokaragana, 8 Ke ka wena boroko ke ka tsenang koo. 9 Megopolo ya me e ne e kgarakgatshegile, 10 Pelo e ile le morati yo o mafoko mantsi; 11 Tlhaloganyo ya me e setse e gana dikakanyo tsa me; 12 Wena mohumagadi ka bopelotlhomogi wa intsha setlhabelo sa me. 13 Pelo ya me e kile ya gamutlhega madi, 14 Pelo ya lerato selwana ga e na boitshoko, 15 Dikeledi di thepologa matlhong se-ka metsi, 16 Wena moatlaredi wa mpulela diatla ka gomotsega. 17 E le ruri bana ba tshwana ka mangana, 18 Ka mekgwa gona ba a farologana. 19 Ke raya ka wena le loso lo antse tsele le le lengwe, 20 Sa ga loso e le go kgakgathisa batho dikeledi, 21 Sa gago ke go nna mogomotsi yo o mabogo mantle. 22 Tswelela fela jalo mosisibatsi. 23 O amogele bahumi o sa sisimoge bahumanegi. 24 O amogele dithaga o sa sisimoge merubisi. 25 Ka o le botshabelo le boikgonaro ba tsotlhe. 26 Ka tlotlo re tla itshobolokanya gaufi le wena. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 25 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential 7.1.1 Buisa leboko lotlhe ka kelotlhoko, mme morago o tlhophe tlhaloso mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le ponagalo ya poko kgotsa sekapuo se se mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 7.1.1(a) go fitlha go 7.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Poeletsomodumo A Dikeledi di thepologa matlhong se-ka metsi. (b) Tshwantshanyo B Koo go tletseng letlepu la (c) Poeletsomafoko mokaragana. (d) Pheteletso C Kgakala-kgakala le batho ba lefatshe. D Ke ka wena boroko ke ka tsenang koo. E Nkamogele le nna ke lapile. (4 x 1) (4) 7.1.2 Leboko le, ke la mofuta ofe? Tshegetsa ka lebaka. (2) 7.1.3 Leboko le, le bua ka ga eng? (2) 7.1.4 Tlhalosa maikutlo a mmoki go tswa mo lebokong. (2) 7.1.5 Ke ka ntlha ya eng mmoki a re boroko bo amogela bahumi bo sa sisimoge bahumanegi? (2) 7.1.6 Tlhalosa sekapuo sa mothofatso. (2) 7.1.7 Nopola mola mo temaneng ya borataro, o o bontshang gore boroko ga bo ise tlhogong maemo a motho. (2) 7.1.8 Ke dikgato dife tse o ka di tsayang go bona thuso fa o hutsafetse ntle le go robala? (2) LE 7.2 SEKOLO – SF Motlhake 1 Lekolwane la kotama nkokwane, 2 Dilo kolwane la ntsha molomo; 3 Di dirwang tsa dirwa ka bomo. 4 Basadi ba tshela mogolokwane, 5 Bannabagolo ba bina dikoma, 6 Basimanyana ba lathela kama. 7 Mephatwana ya sutela mephato, 8 Tlhaloganyo ya tlhwatlhwa ka tlhwaafalo, 9 Wa rwalwa ke rona botlhe morwalo, 10 Morwalo wa se rwalwe ke semphato, Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 26 DBE/Ngwanaitseele 2024 NSC Confidential 11 Wa se fetole khudu ya mariga; 12 Babei ba se kang ba bo ba e bega. 13 A e nne modiga, batsadi ba me, 14 Godimong lo go yang se yeng le ʹtaola, 15 Fatsheng a re ruteng bana ditaola, 16 Kana thari ke eo magosi a me; 17 Sugelang bana ba lona thari mpeng; 18 Tshuga-thari ga se puela-lengopeng 7.2 7.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Mo lebokong go buiwa ka ga sekolo sa … A bana. B bogwera. C bagolo. D bojale. (1) 7.2.2 Nopola mola o o supang poapoeletso ya ditumammogo mo temaneng ya ntlha o bo o thalele modumo o o boaboeleditsweng. (2) 7.2.3 Ke ka ntlha ya eng mmoki a dirisitse lefoko mogolokwane mo moleng wa bone? (2) 7.2.4 Tlhalosa ponagalo ya neeletsano go tswa mo temaneng ya bobedi. (2) 7.2.5 Mmoki o ikopela eng mo temaneng ya boraro? (2) 7.2.6 Goreng mephatwana e sutela mephato mo temaneng ya bobedi? (2) 7.2.7 O ithutile eng go tswa mo lebokong le? (2) 7.2.8 Fa o lebile, maikaelelo a mmoki ke afe ka go dirisa mafoko a a mo mola 17? (2) 7.2.9 Fa o bona, ke ka ntlha ya eng bannabagolo ba itumetse go tswa mo lebokong le? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA D: 35 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Published documents with matching subject and grade metadata.

Matched using subject, grade, language, document type and exam metadata.

More from Grade 12 Setswana Fal

Explore more published documents in this catalogue.

View all