You're offline
Skip to content
Question paper

Setswana FAL P2 May June 2024

Subject: Setswana FalGrade 12202428 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Confidential SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS/ NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA BOBEDI (P2) MOTSHEGANONG/SEETEBOSIGO 2024 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2½ Pampiri e, e na le ditsebe di le 28. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 2 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Buisa ditaelo ka kelotlhoko pele o ka simolola go araba dipotso. 2. O se ka wa leka go buisa pampiri yotlhe. Lebelela lenaane la diteng mo tsebeng e e latelang, mme o tshwae dipotso go tswa mo dikwalong tse o di buisitseng monongwaga. Morago ga moo tlhopha dipotso tse o batlang go di araba. 3. Pampiri e, e na le DIKAROLO di le NNE: KAROLO YA A: Padi (35) KAROLO YA B: Terama (35) KAROLO YA C: Dikgangkhutshwe (35) KAROLO YA D: Poko (35) 4. Araba DIPOTSO DI LE PEDI fela, potso e le NNGWE go tswa mo dikarolong TSE PEDI tse di farologaneng: KAROLO YA A: PADI Araba potso e le NNGWE go tswa mo pading e o e buisitseng. KAROLO YA B: TERAMA Araba potso e le NNGWE go tswa mo terameng e o e buisitseng. KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo dikgangkhutshweng tse di boditsweng. KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo mabokong a a boditsweng. 5. Dirisa lenaanenetefatso go go thusa. 6. Latela ditaelo go tswa kwa tshimologong ya karolo nngwe le nngwe ka kelotlhoko. 7. Kwala palo ya dikarabo jaaka di tlhagelela mo pampiring ya dipotso. 8. Simolola karolo NNGWE LE NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 9. Tiriso ya nako e e tshitshinngwang: Dirisa metsotso e ka nna 75 mo karolong nngwe le nngwe. 10. Kwala ka mokwalo o o phepa o o bonalang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 3 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential LENANEO LA DITENG Tsebe e, e tla letla batlhatlhojwa go tlhopha dipotso tse ba batlang go di araba kwa ntle ga go buisa pampiri yotlhe. KAROLO YA A: PADI Araba potso go tswa mo pading e le NNGWE e o e buisitseng. POTSO MADUO TSEBE 1. Morabaraba 35 5 2. Bogosi Kupe 35 8 3. Bodibeng jwa matlhomola 35 11 KAROLO YA B: TERAMA Araba potso go tswa mo terameng e le NNGWE e o e buisitseng. 4. Molatswana wa gaetsho 35 14 5. O laetse jalo 35 18 KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo dikgangkhutshweng. 6.1 'Moepalemena o a bo a le ikepela' 18 22 6.2 'Maintia mo Natala' 17 24 KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo mabokong. 7.1 'Taelo go Dingwetsi' 18 25 7.2 'Loso' 17 27 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 4 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential LENAANENETEFATSO Lebelela lenaanenetefatso le le latelang go bona gore a o arabile palo e e batlilweng ya dipotso: KAROLO NOMORO YA PALO YA TSHWAYA POTSO DIPOTSO TSE DI POTSO E O E ARABIWANG ARABILENG A: PADI (Dipotso tse 1–3 1 dikhutshwane) KGOTSA B: TERAMA (Dipotso tse 4–5 1 dikhutshwane) KGOTSA C: DIKGANGKHUTSHWE (Dipotso tse 6 (6.1 + 6.2) 2 dikhutshwane) KGOTSA D: POKO (Dipotso tse 7 (7.1 + 7.2) 2 dikhutshwane) ELA TLHOKO: Netefatsa gore o arabile dipotso go tswa mo dikarolong di le PEDI fela. 2024 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 5 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential KAROLO YA A: PADI Mo karolong e, dipotso di boditswe go tswa mo dipading tse di latelang:  MORABARABA – SJ Lebethe  BOGOSI KUPE – DPS Monyaise  BODIBENG JWA MATLHOMOLA – DS Matjila Araba dipotso TSOTLHE ka padi e o e buisitseng. POTSO 1: MORABARABA – SJ Lebethe Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo pading, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka dinopolo TSOTLHE, k.g.r. POTSO 1.1 le 1.2. 1.1 NOPOLO A Ba tsena kwa hoteleng e e mabono a mantle. Dipone di ba goile ba sa le kgakala. Monna yo a neng a ba rwaletse dithotonyana tsa bona a ithaya a re o itse mosetsana yo, rraagwe ke semangmang kwa Bakwena. A belaela. E ne e sa le ngwana. Le gona a ka bo a itsitse ka ga lenyalo. Rraagwe ke motho yo o ratang go phatshima mo ditsaleng. Batho ba tle ba tshwane, o a utlwa? 5 Ba ne ba beetswe mo go ya maemo a a kwa godimo, phaposi, kooteng go tilwe ke ya mongwe wa batshameki, yo o sa tswang go nyala, jaanong o tlile le mosadi. Legodimo la ga Morwesi la gola, a bo a sala a ipona mo go lona. Lefatshe la gagwe la tlala ditšhese tsa mefutafuta tsa mebalabala, tota le tsa lonko lwa Letlhabula, phefo e foka ka molodi o o fodileng. A leba moagi wa 10 boitumelo botlhe ba gagwe, matlho a gagwe a fetoga dinaledi tse di phatsimang ka phatsimo e kgolo, fa di itumelela go se nne teng ga ngwedi. A bona e le setshwantsho sa tiro ya monna tota. Ka moso ditsala tsa ga Mpute tsa goroga ka ura ya borobongwe fa go se na go fitlholwa. Ba tla ka mmotorokara o o neng o lerile Mpute le Morwesi maabane bosigo. 15 1.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 1.1.1(a) go fitlha go 1.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Ntshetsana A mosetsana wa Bethane (b) Mmule B o ratana le Steve (c) Mapule C mosetsana wa Mopedi (d) Bontle D o ratana le lekawana la kwa Rosslyn E Peter o ne a ratana le … (4 x 1) (4) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 6 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 1.1.2 Mola o o reng, 'Dipone di ba goile ba sa le kgakala' o kaya eng? (2) 1.1.3 Batho ba ba tsenang mo hoteleng ba tswa kwa kae? (1) 1.1.4 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala nomoro e e nepagetseng (i) kgotsa (ii): (a) Naome o ne a tlhoboganya Ntshimane le Morwesi ka go bolelela Morwesi gore Ntshimane o ratana le … (i) Ntshetsana. (ii) Bontle. (1) (b) Tlhakatlhakano mo pading ya Morabaraba e simolotse fa … (i) Mpute a kopana le Mmammoki. (ii) Ntshimane a kopana le Morwesi. (1) 1.1.5 Go ya ka ditiragalo tsa padi, tlhalosa ka dintlha DI LE PEDI tse di bontshang fa semelo sa ga Mpute le Ntshimane se tshwana. (4) 1.1.6 O ithutile eng ka moanelwa Peter? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.1.7 A fa o ne o le Morwesi o ne o tla itshwarela Bontle morago ga gore a go tseele lekau? (2) 1.2 NOPOLO B Masetlapelo a fitlha kwa ditsebeng tsa ga Ntshimane. A dira gore a nne teng kwa diphitlhong. Morwesi le ena o ne a le teng. Nnete ya sedimogela Ntshimane mo go lona letsatsi le. Motho le fa a le moganetsi wa gago e sa ntse e le motho. Pelo ya gagwe e ne e le botlhoko fa a gopola gore Mpute o tsamaya a le mošwa. A ikgomotsa ka gore ga se thato ya motho ope gore 5 batho ba phukalale. Ba ne ba le mo maemong a a tshwanang le ene Morwesi. Kwa ntle ga gore ba ne ba latlhegetswe ke batho ba ba neng ba ba rata, e ne e le ditsala tsa bona bonnyeng. Kana mosimane ke rraagwe monna. Botshelo bo motho o bo tshelang fa a godile. Batho ba motho o tshelang le bona fa a le monnye ba tla nna ka gale dipone tse o lebelelang botshelo jwa gagwe ka 10 tsona. Fa morago ga phitlho ba tsamaya mmogo. Ntshimane a bona go le matshwanedi gore a mo felegetse. O ne a sa ema sentle ka maoto a gagwe a mabedi. O ne a fetogile. E ne e setse e le mosadi. Le gale Ntshimane a bona, ka e ne e setse e le monna. Fa a leba Morwesi a bona gore ngwaga o a neng a o feditse a le esi o ne a sa tlhoka thata mo go 15 ena. 1.2.1 Ke masetlapelo a eng a go buiwang ka ona mo temaneng e? (2) 1.2.2 Tlhalosa se se bakileng masetlapelo a o a kaileng mo go 1.2.1. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 7 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 1.2.3 Ke mang yo o utlwileng botlhoko go tswa mo temaneng e? (1) 1.2.4 Rraagwe Mpute o ne a dira mo lefapheng lefe? (1) 1.2.5 Ke tiragalo efe e e utlwisitseng Ntshimane botlhoko fa a boa kwa Ntwane? (2) 1.2.6 Goreng polelo e e fa tlase e fosagetse? Morwesi ga a ya moletlong wa botsalo jwa ga Ntshimane gonne o ne a lwala. (2) 1.2.7 Ke molaetsa ofe o mokwadi a re fitlhisetsang ona ka botsalano jwa ga Mpute le Ntshimane go tswa mo pading? (2) 1.2.8 Tlhalosa leano le Mpute le Morwesi ba le dirileng gore ba bone maroko kwa ga mosadimogolo. (2) 1.2.9 Mmapule o ne a le matlhomantsi. A se ke ntlha kgotsa kakanyo? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.2.10 A kwa bokhutlong botshelo jwa ga Mpute e ne e le jo bo itumedisang? (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 8 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential POTSO 2: BOGOSI KUPE – DPS Monyaise Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo pading, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka dinopolo TSOTLHE, k.g.r. POTSO 2.1 le 2.2. 2.1 NOPOLO C 'Ausi, ga ke itse sepe, ke ngwana mo go wena. Mme nyalo ya Setswana ke e ganela sona se. Motho o tshwanetse go ipatlela. Ga ke tlhaloganye gore …' 'O ka tlhaloganyang le wena fa o itebile?' 'Bagologolo ba ne ba dira jang ruri. Ga ba go botse sepe. Ke fela, sego ke se.' 5 Kgaitsadie a mo tlhoma matlho. A gakologelwa motsing go o neng a utlwa go twe a phuthe diaparo tsa gagwe, mme a bona go tsogile se-mphete-ke-go- fete, go pegwa meseme le dikika le metshe mo koloing. A ise a ke a bone Oshupile le fa e le ka leitlho, a sa itse kwa o yang. A le masome a mararo a dinyaga ka nako eo. Lefetwa! Le fa a ne a ise a ke a bone molekane wa 10 gagwe, a sa itse kwa o isiwang gone, le mororo a ka se rerisiwe, a ineela go tswa mo kgobong ya batho ba Magogong. E le ena fela ka monwana a setseng mo lesomong le o neng a tswa nalo. Etswa tsatsi le ba neng ba isitse marago kwa kgosing e ne e kete e tla re ka moso a bo a le mo ntlong ya gagwe; ntekwane ba tla feta fela ba lebile gosele, kgabagare motse wa duma 15 gore mmaagwe o a tshwaratshwara. Balekane ba tsamaya ka bongwe, ka bongwe, fa pele ga matlho a gagwe; a sala a le esi jaaka lotlhokwa lo tlogetswe ke masitlaoka, go se fa a ka iphitlhang gone. 2.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 2.1.1(a) go fitlha go 2.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Serokolo A sajene wa kwa Sefatlhane. (b) Moremi B rre wa sekwele yo o rekang dikgomo a di rekise. (c) Masilo C legodu la dikgomo tsa mmuso. (d) Botipe D modisa wa dikgomo tsa mmuso. E moeteledipele wa lekgotla la bobedi go ya go batla banna ba ba timetseng. (4 x 1) (4) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 9 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 2.1.2 Ke ka ntlha ya eng go ne go tsogile se-mphete-ke-go-fete kwa gaabo Matlhodi? (2) 2.1.3 Goreng polelo e, e fosagetse? Obakeng o ne a ya go seka kwa kgosing gonne a senyeditse mmuso. (2) 2.1.4 Ke semelo sefe sa ga Tukisang se se tlhageletseng morago ga loso lwa ga Oshupile? Tshegetsa ntlha e ka lebaka. (2) 2.1.5 Lebaka le le dirileng gore mmaagwe Matlhodi a kobe Modimoeng ke lefe? (2) 2.1.6 Ke tiragalo efe ya kwa sekgweng e e neng ya dira gore mosimane wa lepodisi a pitikologe ka ditshego? (2) 2.1.7 Maikutlo a gago ke afe ka lenyalo la go batlelwa molekane jaaka go diregile ka Matlhodi? (2) 2.1.8 Fa o lebile goreng Matlhodi a ne a batla go bolelela Obakeng ka ga rraagwe? (2) LE 2.2 NOPOLO D A itse gore o tshwanetse go begela mmaagwe, e se re ka moso a utlwa mo motseng a gakgamala gore ke eng a ntse a sa mmegele. 'Mma, o ntse o itse ke nna le ditsala kwa sekgweng sa ga Dimo, mme o sa itse lebaka. Go botoka gore o utlwe ka nna, e seng ka motho osele.' A mo lotlegela jaaka e rile a tswa go reka dikgomo kwa Sefatlhane a bona dingwe fa thoko ga tsela, 5 nteko ke dikgomo tsa mmuso; ka go sa itse a di gapela mo dithabeng tsa Phiritona, mme nako yotlhe fa a ntse a seo mo gae o a bo a le kwa dikgomong tseo. Ga se gore o di utswitse, nnyaya. Mmaagwe a mo tlhoma matlho. 'E le gore o ne o tsenwe ke eng?' A tila potso ya gagwe, a bolela jaaka e rile morago ga dikgomo tsa mmuso a gakologelwa 10 dipogiso tsa boMokotedi, a ba tswa letsholo – a tsamaya le Modimoeng le Motlhoiwa. 'O raya Motlhoiwa yo ke mo itseng?' 'Ena ka sebele.' Mmaagwe o ne a sa bolo go belaela gore o itse sengwe ka go nyelela ga bana ba ga kgaitsadie ka o ne a ise a ka a itshwenye go ba batla. A mo tlhoma matlho lobaka lo loleele, a bona sefatlhego sa ga mogatsa Tukisang motsing go o 15 neng a tlile go bega gore bana ba gagwe ba nyeletse, a lebetse jaaka a mo jeseditse kgobedung morago ga loso lwa ga Oshupile. Molato wa gagwe o ne o sekilwe ke ditshoswane. 2.2.1 Ke mafoko afe a mokwadi a a dirisitseng mo nopolong ya D a a supang fa go ne go na le kgotlhang magareng ga Obakeng le bontsalae? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 10 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 2.2.2 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala nomoro e e nepagetseng (i) kgotsa (ii): (a) Mogwaafatshe wa barwa ba ga Tukisang o fisitswe ke … (i) Baromiwa ba kgosi. (ii) Barwa ba ga Tukisang. (1) (b) Loso la ga Oshupile le tlhodilwe ke bolwetse jwa … (i) pelo. (ii) lehuba. (1) 2.2.3 Naya dithitokgang DI LE PEDI tsa padi e. (2) 2.2.4 Go tswa mo temaneng, ke eng se Obakeng a neng a batla go se begela mmaagwe? (2) 2.2.5 Modimoeng o ne a iphedisa ka go dira eng? (1) 2.2.6 Ke ka ntlha ya eng mokwadi a neile padi e setlhogo 'Bogosi kupe'? (2) 2.2.7 Go ya ka padi, Modimoeng o feletse kae le morafe wa kwa Phiritona? (2) 2.2.8 Go ya ka wena, ke katlholo efe e o neng o ka e naya Serokolo morago ga go lemoga maikaelelo a gagwe a go thopa kgosi? (2) 2.2.9 A o ka re Obakeng o ne a bua nnete fa a ne a bolelela mmaagwe gore ga a itse gore bontsalaagwe ba feletse kae? (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 11 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential POTSO 3: BODIBENG JWA MATLHOMOLA – DS Matjila Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo pading, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka dinopolo TSOTLHE, k.g.r. POTSO 3.1 le 3.2. 3.1 NOPOLO E 'O se ka wa tshwenyega Dimpho, re setse re tlotse molelwane, re mo lefatsheng la Basotho. Maaforikaborwa ga a kitla a re dira sepe fa re setse re le fa. Basupatsela ba bangwe ba tsamaya kwa morago ga rona. Re ka nne ra simolola go bua jaanong.' 'Ke ikutlwa ke lokologile jaanong. Go tsena mo nageng e e lokologileng, mo 5 go se nang melao ya tlhaolele.' Dimpho a bua a atlarela letsogo la ga rraagwe. 'Kana ke sona se re se lwelang se. Go tsamaya re lokologile mo nageng ya borraaronamogolo. Go bua megopolo ya rona re sa boife sepe. Re batla go nna le seabe mo ditlhophong tsa naga ya rona, re itlhophele baeteledipele ba 10 rona.' 'Tota ke tokologo efe e re e lwelang gone fa? O ka lwela tokologo ka go inaya naga. Se re se dirang se, go ya ka nna, ke bogatlapa. Re setse re ineetse mo matsogong a sera. Nna ke tlhajwa ke ditlhong. Segolo ke paletswe ke go femela Odirile mo diatleng tsa baba.' Tsitsi a bua a betilwe ke pelo. 15 'Se latlhegelwe ke tsholofelo mogatsaka.' Letlamoreng a bua ka lentswe le le kgwabofetseng. Se bue jalo tlhe mme, Odirile o tlile go lokololwa. A o akanya gore go tloga kwa Botswana ke go tshabela ntwa ya tokologo? 3.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 3.1.1(a) go fitlha go 3.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Letlamoreng A kgaitsadiagwe Dimpho (b) Odirile B mogatsa Letlamoreng (c) Tsitsi C rraagwe Maitumelo (d) Motshweneng D rraagwe Dimpho E tsala ya ga Letlamoreng (4 x 1) (4) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 12 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 3.1.2 Mmuisano o o mo temaneng e, o diragalela kwa nageng efe? (1) 3.1.3 Naya mefuta ya maikutlo a a tlhagelelang mo nopolong, o lebile Dimpho. (2) 3.1.4 Neela mefuta ya maitshetlego a a dirisitsweng go tswa mo pading. (2) 3.1.5 Puso ya Aforikaborwa e dirile eng go tsweletsa ditiragalo tsa padi e kwa pele? (2) 3.1.6 Tsitsi o latlhegetswe ke tsholofelo ya go fitlhelela tokologo. Neela dintlha DI LE PEDI go tswa mo temaneng go netefatsa se. (2) 3.1.7 O ka dirisa jang thuto e o ithutileng yona go tswa mo go Dimpho ka nako ya fa mmaagwe a ne a lwala fa ba ne ba le kwa Lesotho? (2) 3.1.8 Fa o lebile goreng mokwadi a neile padi e setlhogo sa 'Bodibeng jwa matlhomola'? (2) LE 3.2 NOPOLO F 'Fologa Dimpho, basupatsela ba tshwanetse go boela morago jaanong.' Letlamoreng a bua a atamela morwadie. Banna ba babedi ba basupatsela ba ne ba ntse ba omanya fa ba ntse ba bofolola mahuto a a thata a a bofaganeng mo dibekeng. E rile fa Dimpho a leba kwa morago a bona masole a Lesotho a tla kwa go bona. A tlhaloganya gore ke goreng basupatsela ba 5 omanya. Mo nakong e, Dimpho o ne a repile. Kana o ne a setse a falotse loso gantsinyana. Kwa gae kwa Mankweng, o paletse banna ba romilwe ka koloi go tla go ba thopa. Kwa Mochudi o paletse dibomo tse di neng di foloswa mo difofaneng go ba ripitla. Kwa dithabeng o tlhotse metsi a bodiba jwa diphefo tse di bogale jaaka tsa kgwanyape. Jaanong masole a Lesotho a ka mo dira 10 eng? Ba ithaya ba re bona ke bomang. Le fa ba ne ba tla ba tabogile, ka difatlhego tse di tukang bogale, Dimpho o ne a ba lebile fela jaaka sengwe le sengwe se se mo tikologong. O ne a eletsa e kete masole a ka ba isa gongwe kwa a tla fitlhang a bona dijo le marobalo. Fa basupatsela ba fetsa go tikela ke fa masole a goroga mo go boDimpho. 15 3.2.1 Nopola mola go tswa mo temaneng o o bontshang gore Dimpho o ne a iketlile fa ba goroga kwa Lesotho. (2) 3.2.2 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala nomoro e e nepagetseng (i) kgotsa (ii): (a) Komano ya basupatsela e tlhotswe ke … (i) go bofolola mahuto a a thata a a neng a bofagane mo dibekeng. (ii) go senya nako ga boDimpho. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 13 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential (b) Mokwadi o tlhagisa mmuisano o o mo nopolong e ka go dirisa motho wa … (i) boraro. (ii) ntlha. (1) 3.2.3 Tlhalosa gore goreng polelo e e fa tlase e fosagetse. Mapodisi a bolaile Odirile gonne ba belaela gore ke setlhodi. (2) 3.2.4 Ke ka ntlha ya eng merwalo ya boLetlamoreng e ne e phuruphutswa thata kwa kampeng ya masole a Lesotho? (2) 3.2.5 Ke merero efe e mebedi go tswa mo pading e e bontshang gore mo malobeng tota botshelo jwa Bantsho e ne e le bodiba jwa matlhomola? (2) 3.2.6 Botlhokwa jwa ga Gabasiane ke bofe mo tsweletsong ya ditiragalo tsa padi e? (2) 3.2.7 Tlhalosa ka ntlha E LE NNGWE semelo sa ga Motshweneng. (2) 3.2.8 Fa o ka bo o le Dimpho, o ne o tlaa dira eng fa o sa kgone go ithuta ka ntlha ya go tlhoka legae la nnete? (2) 3.2.9 A go ne go tlhokega gore Tsitsi le bana ba gagwe ba latele Letlamoreng kwa Botswana? (2) [35] PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 14 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential KAROLO YA B: TERAMA Mo karolong e, dipotso di boditswe go tswa mo diterameng tse di latelang:  MOLATSWANA WA GAETSHO – DMG Sekeleko  O LAETSE JALO – KS Naledi Araba dipotso TSOTLHE ka padi e o e buisitseng. POTSO 4: 'MOIPOLAI YO O SA LELELWENG' – EK Lebethe Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo terameng, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka dinopolo TSOTLHE, k.g.r. POTSO 4.1 le 4.2. 4.1 NOPOLO G (Go kwa magaeng. Go utlwala melodi ya dinonyane, dikgogo le dikgomo. Go tlhaga sejanaga, fa se fitlha se a ema, lebati la sone le a bulwa morago le a tswalwa.) PHIKA: (Ka boitumelo) Le tsogile jang rre Seako? SEAKO: (O tshega setshego sa boitumelo) Go a itumedisa mosong ono 5 rre Phika. (Ba tshega mmogo) Monongwaga e ka re re tla kotula fa go tlalang seatla. PHIKA: O ka re go ka nna jalo. Go itshupa fa o itlhaganeletse kwa masimong? SEAKO: Go jalo tsala. 10 PHIKA: (Ka bonolo) A balemikarona ga ba ise ba go begele sengwe? SEAKO: (O gakgametse) Nnyaya. Go ka tswa go diregile eng? Kana ke tlhotse kwa toropong maabane. PHIKA: (Ka phuthologo) Se tshoge tsala. Ke dikgang tse di monate. Monongwaga re ile go tlhakantsha masimo, e bile … 15 SEAKO: (O gakgametse) … Tlhakantsha masimo! PHIKA: Go ntse jalo. Gape re ile go jala korong rotlhe. SEAKO: Mogalammakapaa! E le gore ke kgopolo ya ga mang eo? PHIKA: Ke kgopolo ya ga kgosi ya me. Ke ne ka tlhajwa botlhale ke tsala nngwe ya me kwa botlhabatsatsi. 20 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 15 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 4.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 4.1.1(a) go fitlha go 4.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Phika A molemirui wa mmopo (b) Mmalabadi B o lemela balemirui (c) Seako C molemirui wa korong (d) Raditerekere D tsala ya ga Seako E modisa wa dikgomo (4 x 1) (4) 4.1.2 Ke mang yo o fologang mo sejanageng? (1) 4.1.3 Tlhalosa lebaka legolo le le dirileng gore Phika a ye kwa go Seako. (2) 4.1.4 Mmalabadi le Phika ba ne ba lwela eng go ya ka teramakhutshwe e? (2) 4.1.5 Raditerekere o tswetse Phika mosola jang mo go direng ka masimo ? (2) 4.1.6 Moipolai yo o sa lelelweng ke mang mo teramakhutshweng e? Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.1.7 Tlhalosa se se dirileng gore Mmalabadi a bolawe. (2) 4.1.8 Go ya ka wena, a go siame go tseela balemi ba bangwe tshweetso jaaka Phika a dirile? (2) LE Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 16 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 4.2 NOPOLO H (Go utlwala modumo wa kwa magaeng) MMASEAKO: Nna ke bona se se botoka rraabo, e le go amogela bonnyane jo a re bo nayang, re bo re itsamaela. MODISE: E seng jalo mama. Nna ga ke batle go tsamaya. MMASEAKO: Modise tsamaya o ye go ikhutsa ngwanaka. O tsogile o 5 thothile dikgetse tse dintsi tsa mmopo. SEAKO: Mmaabo. MMASEAKO: Ke reeditse mogatsaka. SEAKO: A le wena o setse o eletsa re ka fuduga? MMASEAKO: Go bua boammaaruri, ke gore ga ke batle go fetoga 10 motlhologadi gonne ke a itse gore Phika o ile go dirisa mokgwa mongwe le mongwe o o makgwakgwa go go tlosa mo tseleng ya gagwe. SEAKO: Mmaago Modise ke batla o ntlhaloganye sentle. Lefatshe leno ke a le rata. Go feta foo, gore ke fuduge 15 mono, ke gona fa ke kgaogane le temo. MMASEAKO: Kana o tlhokomele gore botshelo ba gago bo mo kotsing. SEAKO: (Ka boganka) Matshelo a batho botlhe a mo kotsing. Gape itse gore ga ke tshosiwe ke Phika. Ke matlholaadibona. Tseno ke dinyana, ke fetile dikotsi tota. 20 MMASEAKO: Le gale, re tla tsoga re bona gore Phika o tswa go ithuta mathaithai afe kwa Gouteng. SEAKO: (O gatelela lentswe): Fela nna, ke ya go nna ke nna Seako. A ka se mphetole. (Ba a tswa) 4.2.1 MmaSeako le Seako ba tshwere kgang ka ga eng? (2) 4.2.2 Bonnyane bo MmaSeako a buang ka bona ke eng? (1) 4.2.3 Tlhalosa mola o o fa tlase go ya ka temana. Go bua boammaaruri, ke gore ga ke batle go fetoga motlhologadi. (2) 4.2.4 Molwantshi ke mang mo teramakhutshweng e? Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.2.5 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala nomoro e e nepagetseng (i) kgotsa (ii): (a) Mosadi wa ga Seako o ne a laetswe … fa Phika le Killer ba tla kwa lesakeng. (i) go betsa dikgomo ka sebepi (ii) go itira yo o seporeiyang dikgomo (1) (b) Ditiragalo tsa teramakhutshwe e, di diragalela kwa … (i) motseselegaeng. (ii) Motsesetoropong. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 17 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 4.2.6 Phika o kgonne jang go dira gore balemi ba le lesome ba fuduge mo motseng? (1) 4.2.7 Seako o itsitse jang gore terata ya masimo a gagwe e kgaotswe? (2) 4.2.8 O ithutile eng ka modiragatsi Raditerekere? (2) 4.2.9 Bothata jo bo tlhagelelang mo teramakhutshweng e, bo rarabolotswe jang? (2) 4.2.10 Go ya ka wena, a Killer o tsere kgato e e siameng ka go lwantsha Seako? (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 18 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential POTSO 5: O LAETSE JALO – KS Naledi Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo terameng, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka dinopolo TSOTLHE, k.g.r. POTSO 5.1 le 5.2. 5.1 NOPOLO I MOETI: Owaii! O bua ditsiabadimo. Yole mosadi ke mo rata jaaka ke go rata. Se ke se go direlang, le ene se a mo tshwanela. O ntsholetse ngwana wa mosimane. Ke ka se latlhe madi a me, legoka! Nka le kgwa lethe. O iketle mma, ke tloga ke tlhatsa jaanong. Fa o sa dumele go 5 amogela Matoko jaaka mmangwane wa bana, o tla ikotlhaya kwa morago. LENTUWANE: Bona fa rra, fa lorato lo fedile, kgaogana le rona, o fafalele le naga. O kgarakgatshege jaaka kgare e fokwa ke setsuatsue. 10 MOETI: O nketile pele. Ke ne ke ikaeletse go go rerisa sentle ka tlotlo. Ga ke itse gore motlhodi o kopane kae le ona. Tota fa o sa dumelane le nna, go tswa mo nkong ya lekgarebe. LENTUWANE: Ke a utlwa rra, Modimo o tla mpelega. O bone o se 15 ithwese mokgweleo. MOETI: Khudu ga e ke e imelwa ke morwalo e le wa yona. LENTUWANE: Mm! O ithaya o re ke e ya dibing! Ke tla go tlhakanya tlhogo. MOETI: Bona fa motho wa batho. 20 LENTUWANE: Mogalammakapa! Wa reng? Motho wa batho? Heelang! A le ditlhong ga di teng? Gompieno o lebetse go mpitsa ratu, mogatsaka. Ke ithaya ke re … MOETI: Ema pele mma, go mongwe mo lobating. Mongwe o a kokota, o mang? 'Coming' tsena! 25 MMANONTSHENG: Ba ga Moeti, dumelang. Lo tlhotse jang? MOETI: Nnyaya, re tlhotse bagaetsho. 5.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 5.1.1(a) go fitlha go 5.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Rantweetwee A magiseterata wa kgotlatshekelo ya Madikwe (b) Mosenene B ngaka ya ditaola (c) Pholo C morutimogolo wa kereke ya Lutere (d) Makgolokwe D modiredi wa kwa bankeng E kgosana ya motse wa Lenatong (4 x 1) (4) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 19 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 5.1.2 Ke kgangkgolo efe e e tletsetletseng mo mebileng ka ga Moeti? (2) 5.1.3 Ke eng se se bontshang fa Lentuwane a ne a sa itumelela kgolagano ya Moeti le Matoko? (2) 5.1.4 Molwantshiwa mo terameng e, ke mang? Tshegetsa ka lebaka. (2) 5.1.5 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala nomoro e e nepagetseng (i) kgotsa (ii): (a) Go ya ka setso Lentuwane a ka bo a rarabolotse bothata ba lenyalo la gagwe le Moeti ka … (i) go batla ngaka ya setso go bolaya Matoko. (ii) go itsise bomalome bothata ba gagwe gore ba mo thuse. (1) (b) Matoko ga a na lerato la nnete ka gonne … (i) o ratana le Moeti le fa a ntse a itse gore o nyetse. (ii) o ratela Moeti dithoto tsa gagwe ka a batla go tswa mo bodiding. (1) 5.1.6 Tlhalosa bokao jwa mafoko a ga Moeti a a reng, 'khudu ga e ke e imelwa ke morwalo e le wa yona'. (2) 5.1.7 A o bona kgato e e tserweng ke Lentuwane ya go kopa rre Pholo go bua le Moeti e le e e siameng. Tshegetsa karabo ya gago. (2) 5.1.8 A fa o lebile, o ka re Radinonyane o kgonne go rarabolola kgaogano ya dithoto tsa ga Moeti? (2) LE Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 20 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 5.2 NOPOLO J (Kwa ga Matoko, nako ya bosigogare, Mojalefa o a lora.) 'Mojalefa ngwanaka, ke go ikgethetse go mpoloka. Ke batla gore o nne monnatia. Ntlo e e manobonobo e, o tlile go e aga. O ele basadi tlhoko, ba ka go tlisetsa difatlhi, wa iphitlhela o imotile ka boletswa. O tlhokomele mmaago 5 thata. Gangwe le gape ke tla go etela. Fa go le sengwe ke sa se rate, ke tla go lemosa. Ngwana wa gago wa mosimane, o mo neele leina la Moeti. Menate o e lekanyetse, e se go timetse. O tlhokomele ditsala thata, di ka go tlogela o nyobokile.' (Mojalefa a upuga mo 10 dikobong.) MOJALEFA: Hei! O a itse go sengwe, ke eng ke gopotse rre jaana? Go raya gore morago ga phitlho ke tlile go tshwenyega. O a itse go a makatsa, ke utlwa e kete ke ntse ke na le rre fa. Toro e ke ntseng ke e lora e, e nkgopoditse rre ka 15 namana. (Kwa ga Lentuwane. Ke nako ya sethoboloko, go goroga Nteseng, Mmaletlapana le Ntutu.) NTESENG: Dumelang bagaetsho. LENTUWANE: Dumela mogaetsho. Re tsogile, fa e se o ne matsapa a a re mamereng a. 20 MMALETLAPANA: Ausi, lo tsamaile jang kwa go Mageseterata? LENTUWANE: Nnyaya, go tsamaya re tsamaile sentle. Kgangkgolo ke gore, moswi a bolokiwe go tswa kwa lelapeng la ga Matoko. NTESENG: Heelang! A ke gore selo se ke nnete! 25 LENTUWANE: Go ntse fela jalo. Banna ba ganelela mo go se se kwadilweng. Pelo ya me e botlhoko e le ruri. Go ya mo go reng ke tloga ke itshwarisa bolwetse jwa pelo. 5.2.1 Mojalefa o lora a bua le mang? (1) 5.2.2 Ke mola ofe go tswa mo temaneng o o bontshang gore Moeti o ne a sa batle gore leina la gagwe le nyelele? (2) 5.2.3 Ke ka ntlha ya eng mokwadi a neile terama e setlhogo sa, O laetse jalo. (2) 5.2.4 Tlhalosa ka fa Pholo a bontshitseng go sa itumelang fa Mojalefa a newa tšheke ya madi fa ba ne ba le kwa lekgotleng. (2) 5.2.5 Ka bokhutshwane, tlhalosa setlhoa sa terama e. (2) 5.2.6 Ke lebaka lefe le le tlhotlheleditseng Moeti go agela Matoko ntlo? (2) 5.2.7 Naya lebaka le legolo le le nayang Mojalefa maatla a go boloka rraagwe. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 21 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 5.2.8 Anela ka bokhutshwane ka ga bolwetse jwa ga Matoko le Mojalefa. (2) 5.2.9 A fa o lebile, o ka re ngaka Mafuthe o ne a tshwanetse go ganela boLentuwane go tshwara setopo sa ga Moeti? (2) [35] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 22 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE Mo karolong e, dipotso di boditswe go tswa mo dikgangkhutshweng tse di latelang:  'MOEPALEMENA O A BO A LE IKEPELA' – BM Ditlhokwe  'MAINTIA MO NATALA' – PJ Mathibe POTSO 6: NGATANA YA LEHUMO – KM Mbonani le ba bangwe Buisa dinopolo tse di latelang go tswa mo dikgangkhutsweng di le PEDI, mme morago o arabe dipotso tse di boditsweng ka nngwe le nngwe ya tsona. Palo ya maduo a a abetsweng potso nngwe le nngwe a go kaela boleele jo bo solofetsweng mo karabong ya gago. ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka dinopolo TSOTLHE, k.g.r. POTSO 6.1 le 6.2. 6.1 'MOEPALEMENA O A BO A LE IKEPELA' – BM Ditlhokwe NOPOLO K Go ne go se monate kwa ga Mmalenoko, e kete ga se gone kwa go neng go jewa ka 'mpa tse pedi, go le go setlha. Masimo a tlhogile meokana le ditshetlho, megoma yona e rusitse, go se ope yo o neng a ikutlwa go mo tswa diatla. Botshelo bo mo tlhanogetse, dikgomo di swa leroborobo. E rile gore Takalane le Tumelo ba bone fa go le maswe, ke raya bana ba ga Ketlafenya, 5 ba ngwegela kwa go rraabone. E ne e re fa mongwe wa bona a ka bua fa a tlhoafaletse rraagwe, a tsenngwe moretlwa, ba jewe ping, ba lailwe fa e se rraabone. E rile gore Mmalenoko a bone fa botshelo bo mo tlhanogetse, a tlhakana tlhogo ka a ne a bona fa a aparwa ke kobo ya khumanego. A simolola go tlhoka boroko, e le go ngunanguna ka pelo fela. A bua fa e le 10 Ramodikane, yo o setseng 'lapa la gagwe morago, fa a nyeleditse khumo ya gagwe ka ditswammung. A ikana a se na mathe ganong gore o ya go mo lobela dintsi, fa a ya go tswala ntlo ya gagwe ka letlhaku. A ikana ka moswi mmaagwe gore go ya go nkga go sa bola. A tsaya tuku a e rwala, a leba kwa ga Mmalemena. Go fitlha teng, ba dumalana ka go mo ithoma ka sebele, go 15 mo ntsha mowa nameng. 6.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le leina le le mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–E) fa thoko ga potso 6.1.1(a) go fitlha go 6.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Kereeditse A monna wa moitsholedi (b) Ketlafenya B o ne a ratana le Kereeditse (c) Thusano C ngwana wa gagwe ke Kabelo (d) Ketlhophile D sefane sa kwa gaabo Kerileng E o tlhadilwe ke mosadi (4 x 1) (4) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 23 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 6.1.2 Ke eng se se neng se dira gore go se ke ga nna monate kwa ga Mmalenoko? (2) 6.1.3 Ntsha mola mo temaneng o o bontshang gore Mmalenoko o ne a batla go bolaya Ramodikane. (2) 6.1.4 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala nomoro e e nepagetseng (i) kgotsa (ii): (a) Thusano e ne e le mohumi mme o ne a … (i) nyatsa lelapa la gagwe. (ii) sa tlhaetse batho matlho. (1) (b) Mmalenoko le Mmalemena ba ne ba … (i) rata dingwetsi tsa bona thata. (ii) tsenatsena manyalo a bana ba bona. (1) 6.1.5 Lebaka legolo le le bolaileng Kerileng ke lefe? (1) 6.1.6 Ke eng se se go lemosang go tswa mo kgangkhutshweng fa ditiragalo di diragalela kwa magaeng? (1) 6.1.7 Tlhalosa se se bakileng kgotlhang magareng ga Ketlhophile le Kereeditse. (2) 6.1.8 Ke tshweetso efe e e tserweng ke Ketlafenya ka go thusa Kerileng fa a se na go tlhokafalelwa ke mmaagwe? (2) 6.1.9 Fa o ka bo o le Takalane kgotsa Tumelo, ke eng se o neng o ka se dira fa o ganediwa go kopana le rraago? (2) LE Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 24 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 6.2 'MAINTIA MO NATALA' – PJ Mathibe NOPOLO L Maintia a ntlha a gorogile ka dikepe di le pedi e bong Truro le Belvedere mo Durban ka 1860. Ba gorogile ba le palotlase mme morago ba ntsifala thata. Kana ka gonne ba tlile ka konteraka e e rileng, go supa fa ba ne ba sa tsholwa sentle foo mmuso e rileng ka 1866 wa tlhagisa go se itumele ga ona ka tsholo ya badiri ba Maintia. Ka ntlha ya maemo a a ntseng jalo ga emisiwa 5 ga bo ga thibelwa go tsena ga bona mo Natala. Gone foo ke fa go nna lekgotla la tshologelo ya Maintia mme ga dumelanwa gore go tla abiwa madi a a kana ka R20 000,00 a a tla ntshiwang mo dingwageng di le masomamaabedi go thusa bafudugi bao. Kgolo le koketsego ya bona e nnile mo taolong go fitlha ka 1874 mme morago 10 ba oketsega thata. Maintia a a neng a setse a weditse konteraka ka bontsi a itlhophela go sala mo Natala go na le go boela kwa Intia fa bangwe ba ne ba boela kwa gae ka go ituelela. Ka ngwaga wa 1876 ke fa ba setse ba oketsegile foo ba ba neng ba na le mabenkelenyana ba ne ba setse ba tshwarisitse ba Basweu bothata ka gonne ba ne ba rekisa ka ditlhotlhwa tse 15 di neng di amogelwa ke mongwe le mongwe. 6.2.1 Neela maina a dikepe tse pedi tse Maintia a gorogileng ka tsona kwa Durban. (2) 6.2.2 Ke eng se se dirileng gore go nne le lekgotla la tshologelo ya Maintia? (2) 6.2.3 Natala e ne e le fa tlase ga puso efe ka ngwaga wa 1806? (1) 6.2.4 Go ya ka temana, borramabenkele ba Maintia ba ne ba farologana jang le ba Basweu? (2) 6.2.5 Ke mokgwa ofe o Lekgotla la boradikgwebo la Ungungundlovu (Pietermaritzburg Chamber of Commerce) le o dirisitseng go rarabolola kgotlhang magareng ga Maintia le Basweu? (2) 6.2.6 Ke maikutlo afe a o itemogelang ona mabapi le go tshwarwa makgwakgwa ga Maintia? (2) 6.2.7 Puso ya Natala e dirile eng go gapeletsa Maintia go boela gaabobona? Neela dintlha DI LE PEDI. (2) 6.2.8 A mokgwa wa go busa wa Natala le Teransefala o ne wa thusa mo phitlhelelong ya temokerasi ya naga ya rona? (2) 6.2.9 Ke eng se o neng o ka se dira fa o ne o le Mointia, mosweu a go dirisa gore a tle a kgone go tswelela mo botshelong mme a sa batle wena o tswelele? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 25 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential KAROLO YA D: POKO Mo karolong e, dipotso di boditswe go tswa mo mabokong a a latelang:  'TAELO GO DINGWETSI' – MTM Seate  'LOSO' – LD Raditladi ELA TLHOKO: Araba dipotso tse di boditsweng ka maboko OTLHE, k.g.r. POTSO 7.1 LE 7.2. POTSO 7: MABOKO A SETSWANA: Morulaganyi – MK Mothoagae 7.1 Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. TAELO GO DINGWETSI – MTM Seate 1 Dingwetsi, tlang le kokoane le nne seopasengwe, 2 Tlang le ipopeng jaaka ngatana ya bojang 3 Tsholetsang ditlhogo le lebe kwa botlhagatsatsi, 4 Lebang tlhabo ya letsatsi, le bonneng tswanologo, 5 E khibidukhibidu mme e a re tshosa. 6 Phetogo ya metlha ke eo e le sia le e lebile! 7 Dingwetsi, letlang tshokologo go tla dipelong tsa lona, 8 Fetogang maikutlo jaaka bojang morago ga phiso ya naga, 9 A ke lo butsweng ditlhaloganyo jaaka masimo a morara, 10 Fa le riana kana ga le a tseelwa botshwakga le bobodu, 11 Ga le a laelwa go kgaoganya lekau le babelegi ba lona, 12 Go rogana ga lona le bommatsale go ileditswe ke setšhaba. 13 Mekgwa ya lona e e maswe e ntlhabisitse kgala, 14 Dipuo tsa lona le bommatsale ga di njese diwelang, 15 Go seba-seba ga lona potetshong go mpherosa dibete, 16 Metsamao ya lona nkete nka e tsenya selepe, 17 Dikeledi ke tseo di rotha pho! pho! matlhong a lona; 18 La re bommatsale ba le phura ka meno tadi e amusa. 19 Nnyaya dingwetsi, digang makgwafo le namatshegeng, 20 Botlhoko jwa lona menaganong a bo kokobeleng, 21 Tiro tsa lona tse di sisimosang ke tsona di le jesetsang kgobedung, 22 Ga go ope mo lefatsheng yo o le tlhorontshitseng, 23 Matšhwititšhwiti a a lorato ke ao a le dikaganyeditse, 24 Mafoko a lona a ka agelwa mosako fa le ka fetoga. 25 Tsa maloba dingwetsi di ne di sa nna jaana, 26 Ngongorego ka tsona e ne e seyo mo setšhabeng, 27 E ne ele tsona dikgabisa matshelo mo morafeng, 28 Morafe o ne o tlala lethabo fa o nagana ka tsona, 29 Kgalalelo ya tsona e ne e tlhomphiwa ke batho botlhe, 30 Tsa gompieno dingwetsi, di bodile di ntse di tsamaya. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 26 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 7.1.1 Tlhopha tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaelanang le sekapuo mo KHOLOMONG YA A. Kwala fela tlhaka (A–D) fa thoko ga potso 7.1.1(a) to 7.1.1(d) mo BUKENG YA DIKARABO. KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B (a) Tshotlo A tlayang le ipopeng jaaka ngatana ya bojang (b) Tshwantshanyo B tsa gompieno dingwetsi, di (c) Pheteletso bodile di ntse di tsamaya (d) Mothofatso C tiro tsa lona tse di sisimosang ke tsona di le jesetsang kgobedung D phetogo ya metlha ke eo e le sia le e lebile E la re bommatsale ba le phura ka meno tadi e amusa (4 x 1) (4) 7.1.2 Go laiwa bomang mo lebokong le? Tshegetsa ka lebaka. (2) 7.1.3 Tlhalosa maikutlo a mmoki go tswa mo lebokong le. (2) 7.1.4 Naya ponagalo ya poko e e dirisitsweng mo moleng wa 5. (2) 7.1.5 Neela pharologano e le nngwe magareng ga dingwetsi tsa maloba le tsa segompieno. (2) 7.1.6 Tlhalosa bokao jwa mela 23 le 24. (2) 7.1.7 Ke kgakololo efe e mmoki a e neelang dingwetsi mo lebokong le? (2) 7.1.8 Go ya ka wena, ke eng se se dirang gore mmoki a re dingwetsi tsa gompieno di bodile? Tshegetsa ka lebaka. (2) LE Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 27 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 7.2 LOSO – LD Raditladi 1 E rile ke utlwa ba re o sule ka tshoga, 2 Ka nyera moko, ka rothisa keledi, 3 Lefatshe la ntshofala, la dikologa, 4 Leitlho la me la benya jaaka naledi, 5 Sengwe sa seba pelong khibidu ya me 6 Sa re; 'Se lele, ke thata ya Modimo!' 7 Dikeledi tsa kgala mo letlhaeng la me, 8 Loleme lwa ama magalapa godimo, 9 Ka didimala fela ka nna semumo. 10 Ga se gope kwa loso re sa lo boneng, 11 Re lo bona ka matlho gongwe le gongwe 12 Mo lobopong lotlhe lo lo sa tsamaeng, 13 Le mo phologolong le mo bathong, longwe. 14 Selemo se ntsha dibe tsa letlhafula, 15 Maungo a lone ke mefago ya dingwaga, 16 Ba ba a fulang ba a ja dimpa go gompala 17 Ba itse ba tlogela tsotlhe tsa lenaga 18 Mme ba ba sa sweng ba leta la mariga. 19 Fa o falotse wena, o se ka wa lebala, 20 A o Kgosi e kgolo kana o Mokgalagadi, 21 Leru la loso le tla nako nngwe fela, 22 Ga le phatsime, ga le dume setladi. 23 Loso lo rena pakeng tsotlhe tsa ngwaga, 24 Lo rena, lo buse, lo rene serena, 25 Letlhafula, kgakologo le mariga. 26 Dithunya di kgabisa phupu tsa rona, 27 Le metlantlanyane e rapama le rona. 7.2.1 Ke eng se se bokiwang mo lebokong le? (1) 7.2.2 Tlhalosa polelo e, ka mafoko a gago. 'Ka nyera mooko, ka rothisa keledi' (2) 7.2.3 Go ya ka temana ya ntlha, ke lebaka lefe le le dirileng gore mmoki a se tlhole a lela? (2) 7.2.4 Neela morumo wa mela ya 10–18. (2) 7.2.5 Nopola mola o o supang gore loso ga le tlhophe gore o mang mo temaneng ya boraro. (2) 7.2.6 Goreng mmoki a dirisitse puo ya tshwantshanyo mo moleng wa 22? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 28 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 7.2.7 Tlhalosa ponagalo ya poko e e dirisitsweng mo moleng wa 24. (2) 7.2.8 Fa o lebile a leboko le, le ka tsewa e le la segompieno? Tshegetsa ka lebaka. (2) 7.2.9 Loso ga le ipaakanyediwe, le tla nako nngwe le nngwe. A se ke ntlha kgotsa kakanyo? Tshegetsa ka lebaka go tswa mo temaneng. (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA D: 35 PALOGOTLHE: 70 Kwalololo e ileditswe

Verified matching documents

The question paper, memo or addendum that belongs with this document.

Published documents with matching subject and grade metadata.

Matched using subject, grade, language, document type and exam metadata.

More from Grade 12 Setswana Fal

Explore more published documents in this catalogue.

View all