You're offline
Skip to content
Question paper

Setswana FAL P2 May June 2017 hlayiso.com

Subject: Setswana FalGrade 12201717 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA BOBEDI (P2) 2017 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 17. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 2 DBE/2017 SCE DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Buisa ditaelo le tshedimosetso ka kelotlhoko pele o ka simolola go araba dipotso. 2. O se ka wa leka go buisa pampiri yotlhe. Lebelela lenaane la diteng mo tsebeng e e latelang, mme o tshwae dipotso go tswa mo dikwalong tse o di buisitseng monongwaga. Morago ga moo tlhopha dipotso tse o batlang go di araba. 3. Pampiri e, e na le DIKAROLO di le NNE: KAROLO YA A: Padi (35) KAROLO YA B: Terama (35) KAROLO YA C: Dikgangkhutshwe (35) KAROLO YA D: Poko (35) 4. Araba dipotso di le PEDI fela, potso e le NNGWE go tswa mo dikarolong tse PEDI tse di farologaneng: KAROLO YA A: PADI Araba potso e le NNGWE go tswa mo pading e o e buisitseng. KAROLO YA B: TERAMA Araba potso go tswa mo terameng e o e buisitseng. KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo dikhutshweng tse di boditsweng. KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo mabokong a a boditsweng. 5. Lenaanenetefatso le tla go thusa mo tlhophong ya dipotso. 6. Latela ditaelo tse o di neetsweng go tswa mo KAROLONG NNGWE le NNGWE ka kelotlhoko. 7. Kwala palo ya dikarabo jaaka di tlhagelela mo pampiring ya dipotso. 8. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 9. Tiriso ya nako e e tshitshinngwang: Metsotso e le masomeamarataro (60) e dirisiwe mo KAROLONG NNGWE le NNGWE. 10. Kwala ka mokwalo o o phepa o o bonalang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 3 DBE/2017 SCE LENANEO LA DITENG Tsebe e, e tla letla batlhatlhojwa go tlhopha dipotso tse ba batlang go di araba kwa ntle ga go buisa pampiri yotlhe. KAROLO YA A: PADI Araba potso go tswa mo pading e le NNGWE e o e buisitseng. POTSO MADUO TSEBE 1. Morabaraba 35 5 2. Bogosi Kupe 35 7 KAROLO YA B: TERAMA Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo terameng. 3. 'Mosese, mosese, mangole le menwana' 35 9 KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo dikgangkhutshweng. 4.1 'Mogatsaka o tla nkgopola' 17 12 4.2 'Pina ya (bo)setšhaba' 18 13 KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo mabokong. 5.1 'Motlhokagae' 18 15 5.2 'Bojaki' 17 16 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 4 DBE/2017 SCE LENAANENETEFATSO Lebelela lenaanenetefatso le le latelang go bona gore o arabile dipotso tse di tlhokegang: KAROLO NOMORO YA PALO YA TSHWAYA POTSO DIPOTSO TSE DI POTSO E O E ARABIWANG ARABILENG () A: PADI 1–2 1 B: TERAMA 3 2 (3.1 + 3.2) C: DIKGANGKHUTSHWE 4 2 (4.1 + 4.2) D: POKO 5 2 (5.1 + 5.2) ELA TLHOKO: Netefatsa gore o arabile dipotso go tswa mo dikarolong di le PEDI fela. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 5 DBE/2017 SCE KAROLO YA A: PADI Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. POTSO 1: MORABARABA – SJ Lebethe Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 1.1 NOPOLO A Motse wa Bakwena o na le nokana e e o kgaoganyang ka bogare. Kgaogano e, ya tlhago, e lerile dilo, dilelo le dintwa di gana go fela. Batho ba metsana e e itharileng ka Madibeng, ba setse ba itse thata ka ga noka e. Madibeng, Madibeng o tlhokile leina, leina la gago ga se la gago. Mariga a tsena dikgomo tsa gago di a bopama, naga o fitlhele e re setlhee, bojang. 5 Baagi ba gago ba rata molelo, o fitlhele naga e re fii! ka pilo. A letlhabula le fitlhe re ke re go bone. Baitse ba dilo ba re sefatlhego sa mosadi yo o tsetsweng ke mosadi a le montle fa naga yotlhe e le mmele wa gagwe, ruri ke wena. A letsatsi la letlhabula le go tlhabele, ka thabana e e motsheo kwa 10 bophirima; e re le wela e go aparetse moriti o o marutshwana. A e re fa le tlhaba jalo re lebelele matlo a gago, batho e kete ba nna kwa Mmakaipaya. Dipilara tsa gago matlo a a mabono, dikago tse ditshweu di dikologile noka. Bona ntlha e jaaka Mokwena o agile tlhe! Nnyaya, ga re na lefoko la go ngongorega. Nnyaya, ke nako ele basweu ba ise ba tle ka mokgwa wa 15 bona wa go aga matlo a salane morago, batho e kete ke ditsenwa. 1.1.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Mpute o tsene sekolo kwa ... A Mangaung. B Mafikeng. C Madibeng. D Mogwase. (1) 1.1.2 Goreng o akanya gore Mpute o ne a rata basetsana? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.3 Ke eng se se simolotseng kgotlhang magareng ga Ntshimane le Morwesi? (2) 1.1.4 Morwesi, Ntshimane, Bontle le Mpute ba ne ba keteka letsatsi lefe la ngwaga? (1) 1.1.5 Neela lefelo le baratani ba, ba neng ba ile kwa go lona ka letsatsi le o le umakileng mo go POTSO 1.1.4. (1) 1.1.6 A go ya ka wena o ka re Morabaraba ke padi ya matlhotlhapelo? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 6 DBE/2017 SCE 1.1.7 Ditlamorago tsa go ratana ga Morwesi le Mpute e nnile dife? (2) 1.1.8 Ke eng se se neng sa tshosa Ntshimane mo torong ya gagwe? (2) 1.1.9 Go tlile jang gore mmaagwe Morwesi a mo neele tetla ya go felegetsa Bontle kwa sekolong? (2) 1.1.10 Ntshimane o ikutlwile jang morago ga go utlwa gore Morwesi ga a kitla a nna gona kwa moletlong wa gagwe? (2) LE 1.2 NOPOLO B Go na le puo mo motseng gore Mpute le Ntshimane ke ditsala, ga se ditsala. Baitse ba dikgang ba re basimane boobabedi dinokwane gonne ba tshameka ka basetsana. Ga twe ba rile go lapisiwa ke Bontle le Morwesi, ba ba amogana. Batsei ba molelo ba re Mpute fa a tsamayang gona, o jala dipuo tse di maswe ka ga Ntshimane mo ditsaleng tsa bona, mme le ena 5 Ntshimane fela jalo. Podi ya tsela ya re ba rulagantse jaana gore basetsana ba se ka ba itse gore eng ke eng. Mpute a gana. Ga go na selo se se ntseng jalo go ya ka fa ena a itseng ka gona. Selo se ena a se eleletsweng ke gore Bontle o setse a na le maitsholonyana a 10 mangwe a a sa a tlhaloganyeng. Ke lobakanyana a belaela gore Ntshimane o tshwanetse a bo a na le se a se dirang. Batho ba le bantsi ba mmoleletse gore ba tlhola ba ba bona mmogo. Ba re fa a se teng mo gae, Ntshimane ke letsatsi la gagwe. Ba tla tsamaya le Bontle moeka a rwele setsayaditshwantshonyana sele sa gagwe, go twe go iwa go tsewa 15 ditshwantsho motshegare otlhe? 1.2.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Rraagwe Mpute o ne a fuduseditswe kwa … A Ga-Rankuwa. B Tshwane. C Gauteng. D Madibeng. (1) 1.2.2 Ntshimane o ne a ithutela tiro efe? (2) 1.2.3 Mpute o ne a newa eng kwa tirong fa a simolola go dira? Neela di le PEDI. (2) 1.2.4 Maikaelelo magolo a mokwadi gore a ise Ntshimane kwa Ntwane e ne e le afe ka ga semelo sa ga Mmule le Mpute? (4) 1.2.5 Mpute le Morwesi ba tsamaile le bomang go ya kwa Lakasanta? (2) 1.2.6 Goreng go ne go le botlhokwa gore Morwesi a se tsamaye a utlwelela dikgang ka ga Ntshimane? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 7 DBE/2017 SCE 1.2.7 Neela leina la mosetsana wa kwa Bethane yo o neng a ratana le Mpute. (1) 1.2.8 A o akanya gore Mmakgosi o nnile le seabe mo go lweseng Ntshimane le Morwesi? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.2.9 A bokhutlo jwa botshelo jwa ga Mpute bo go makaditse? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) [35] POTSO 2: BOGOSI KUPE – DPS Monyaise Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 2.1 NOPOLO C Ka mahube a magakgala Motlhoiwa a tswa mo motseng ka dintšwa, a tsoma, a bapile le molapo ka maikaelelo a go kgatlhantsha barongwa mo tseleng. A tsamaya a ba a tlogela motse kgakala a sa tsosa sepe se monna o ka yang go se bega kwa gae. A ema, go kgwa mowa. Dintšwa di ne di tsomela kgakala nae, e kete di lemogile gore gaufi le tsela ga go nko e e 5 tswang lemina. Ka ponyo ya leitlho a itatlhela fa fatshe, a pitikologela mo tlhageng. A feta gaufi-gaufi, a ba a ithaya a re o mmonye; ntekwane o gopotse kwa pele gore a fitlhele kgotla e ise e tsene, le mororo a sa akanya gore mongwe a ka gakala jaana ka tsatsi la nama. A itse gore o tswa morakeng, mme a ne a ile go dirang … go kaetsa barongwa kgomo e ba 10 tshwanetseng go e tsaya … kgotsa go rapela morwae yo mmotlana gore a se gane ka yona? A itse gore lebaka le gone. Lebaka le le utlwalang. A akanya sele le sele se se ka phakedisang Tukisang go le kalo a setse a atlhotswe. 2.1.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Tsala ya ga Obakeng ke … A Metsing. B Mogami. C Motsomi. D Motlhoiwa. (1) 2.1.2 Barongwa ba ntlha ba kgosi ba ne ba romilwe kwa kae? (1) 2.1.3 Ke ka ntlha ya eng barongwa ba, ba ne ba ya kwa lefelong le o le umakileng mo go POTSO 2.1.2? (2) 2.1.4 Lebaka legolo le le dirileng gore Tukisang a atlholwe kwa kgotla ke lefe? (2) 2.1.5 A go ya ka wena, kotlhao ya ga Tukisang e ne e le maleba? (2) 2.1.6 Matlhodi o tsalana jang le Tukisang? (2) 2.1.7 Go diragetse eng ka barongwa ba ntlha ba kgosi? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 8 DBE/2017 SCE 2.1.8 Matlhodi o ne a nyetswe kwa motseng ofe? (1) 2.1.9 Tlhalosa semelo sa ga Matlhodi ka dintlha di le PEDI. (4) LE 2.2 NOPOLO D Oshupile mogatsaka, ke gopola mafoko a gago motsing ge re neng re boa kwa gae o nthaya o re ke nne mosadi mokotleng wa gago, o tla menola lefatshe. Ga o a le menola mogatsaka; mme seo ga se re sepe. Se segolo ke gore o sule o na le maikaelelo ao. Ke itse gore ke go lomeleditse ka dilo di le dintsi, kana go botlhoko jang fa monna kgotsa mosadi a golaganye ka 5 nyalo le yo o mo itsang go rena! Ke go lomeleditse, ga ke a dira matsapa ape go leka go go ithuta; ga ke a leka go go itse. Ka dinako tsotlhe go ne go ikgopotse nna fela – nna yo ke se nang matlho, yo ke se nang ditsebe, yo ke se nang maitlhomo. Tukisang a re ke nna ke go bolaileng, mme ga a ake. Ntlha nka go bolaya ka mabogo go na le go go hupetsa mowa! 10 Dikgopolo tse di ne di feresa mo moweng wa gagwe fa a tla a setse morwae morago. A sa fetse go ipaya molato ka sele le sele se a tlhaetseng go se dira mogatse a sa tshela. 2.2.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Obakeng o tsamaile dikgwedi di le … morago ga loso lwa ga Oshupile. A tlhano B tharo C thataro D pedi (1) 2.2.2 Mogatsa Oshupile, ke mang? (1) 2.2.3 Ke eng se se tlhodileng loso lwa ga Oshupile? (2) 2.2.4 Go ne ga diragala eng ka dikgomo tsa ga Oshupile fa a se na go swa? (2) 2.2.5 Go tlile jang gore Obakeng a kopane le rraagwe? (2) 2.2.6 Goreng batho ba Phiritona ba ne ba sa rate mogatsa Oshupile? (2) 2.2.7 A maitsholo a ga Matlhodi fa a ne a begelwa loso lwa ga Oshupile a ne a supa fa a mo rata? (2) 2.2.8 A ke ntlha kgotsa kakanyo, gore ditiragalo tsa padi e, ke tsa bogologolo? (2) 2.2.9 Tlhalosa tshobotsi ya ga Modimoeng ka dintlha di le pedi. (2) 2.2.10 Go kopana ga ga Obakeng le Modimoeng go nnile le mosola ofe mo go Matlhodi? (2) [35] PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 9 DBE/2017 SCE KAROLO YA B: TERAMA MOLATSWANA WA GAETSHO – DMG Sekeleko Araba dipotso TSOTLHE mo karolong e. POTSO 3: 'MOSESE, MOSESE, MANGOLE LE MENWANA' – SJ Shole Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 3.1 NOPOLO E (Go bosigo, go tlhaga sejanaga, sa ema, mme lebati la sona la bulega) BOSALALA: Feke, fologa monna, o ye gae go bosigo. Fologa, fologa, fologa! Ga o nwe mosimane ke wena wa re tšhutšhu (Feke a botla) Mogošane wa gago o ka re ke wa motho a hupile ntšwa e 5 e suleng. FEKE: (O botla gape) Ntšwa e e suleng! Go siame monna. Boleo jwa me ke bojalwa le mogošane. Jwa gago jona ke tlile go bolelela Nnuku ka banyana ba ba salang ba mo thubela motse a se yo. (O itewa ke kgodisa) 10 BOSALALA: (O tshegisa tshotlo) Ooyii, kana o tlwaetse go ntshosetsa ka go re o tla bolelela Nnuku! Go fedile gompieno, buti. O ile Nnuku. Ke bolokegile … Ga se maloba ke go reka ka madi a bojalwa gore o se ka wa mmolelela. FEKE: O kobile Nnuku? O kobile mosadi monna? 15 BOSALALA: O tshosiwa ke eng? O nyale o tle o tlogele go gakgamalela mathata a banna ba bangwe. Botagwa jo ke jona jo bo dirileng gore o palelwe ke bopodisi. Jaanong o bona gore o itire lepodisi la … FEKE: Ke lepodisi la diphiri tsa gago. Fa o ka bo o se na diphiri nka 20 bo ke sa bolawe ke bojalwa jo o ntswalang molomo ka jona. 3.1.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Nnuku o ne a itaaganya Mmemme le … A tshipi. B bolao. C setofo. D lebota. (1) 3.1.2 Feke le Bosalala, ba ne ba tswa kwa kae fa ba goroga ka sejanaga kwa ga Bosalala? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 10 DBE/2017 SCE 3.1.3 A se ke ntlha kgotsa kakanyo gore Bosalala o ne a le matlhomantsi. Tshegetsa ka lebaka. (2) 3.1.4 Goreng Bosalala a ne a bolaisa Feke bojalwa? (2) 3.1.5 O itse jang gore Feke e ne e le lepodisi? (2) 3.1.6 Ditiragalodikgolo tsa teramakhutshwe e, di diragalela kwa kae? (1) 3.1.7 Goreng mokwadi a dirisitse moanelwa a tshwanang le Feke mo teramakhutsweng e? (2) 3.1.8 Go robala ga Mmemme kwa ga Bosalala; go re ruta eng ka ga gagwe. (2) 3.1.9 Goreng go ne go sa siama gore Bosalala a nne le banyana ba Feke a buang ka ga bona. (2) 3.1.10 Ke eng se o se ratang ka semelo sa moanelwa Feke? (1) LE 3.2 NOPOLO F BOSALALA: Se ke sa se itseng ke gore e re ke swetswe ke moeng, o be o sa lele le nna. Ga ke itse gore a kgotsa o belaela e le nna ke bolaileng motho yo. RANTLERU: Bosalala, gore ke mogoloo kgotsa gore motho yo ke eng sa gago, ga go nthibele go diragatsa maikarabelo a me mo 5 mabakeng a a ntseng jaana. Motho yo, o na le beng, mme ba tlile go batla go itse gore o swela jang mo ntlong ya gago. Ba tlile go batla go itse gore nna ke le lepodisi, ke dirileng. Kgotsa o ne o batla gore ke nnele go bokolela jaaka wena? 10 BOSALALA: Nnyaya, kana ke gore o nnetse go nkgakgautha. RANTLERU: Ga ke go kgakgauthe, ke batla nnete. Tswaya ka nnete o tle o tlhatswege mo molatong o. Motho ke yo o bolailwe. O swetse mo ntlong ya gago. BOSALALA: Fela go a itshupa gore ga a bolaiwa ke nna. 15 RANTLERU: Re tla itse ka eng? 3.2.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Aterese ya kwa ga Bosalala ke … mmila wa Kgama. A 6664 B 6666 C 4664 D 6446 (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 11 DBE/2017 SCE 3.2.2 Neela leina la motho yo go tweng o swetse mo ntlong ya ga Bosalala. (1) 3.2.3 Motho yo o swetseng mo ntlong ya ga Bosalala o amana jang le ena? (2) 3.2.4 Tlhalosa gore ke eng se se gakgamaditseng Rantleru fa a ne a feta kwa ga Bosalala? (2) 3.2.5 Kgotlhang magareng ga Nnuku le Mmemme e tlhodilwe ke eng? (1) 3.2.6 Nnuku ke motho yo o ntseng jang? Tshegetsa ka lebaka. (2) 3.2.7 Feke o tsere karolo efe ya botlhokwa mo go rarabololeng kgetse ya polao? Neela dintlha di le THARO. (3) 3.2.8 Ke eng se se go itumedisitseng ka bokhutlo jwa teramakhutshwe e? (2) 3.2.9 A setlhogo sa khutswe e, se tsamaelana le diteng? Tshegetsa ka lebaka. (2) 3.2.10 O ithutile eng ka semelo sa modiragatsi Rantleru? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 12 DBE/2017 SCE KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE mo karolong e. POTSO 4: NGATANA YA LEHUMO – KM Mbonani le ba bangwe Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 4.1 'MOGATSAKA O TLA NKGOPOLA' – BM Ditlhokwe NOPOLO G Mmadira o ne a simolola go lemoga fa mokgwa o le teng, e setse e le makgetlho monna a tla masigo, mme e ne e se motho wa dilo tseo. A bona gore a di lese di gole mmogo, ka a itse fa a tla di bona motsing wa thobo. Pelo ya ga Tatlhego e ne e tlala boitumelo fa a gopola Ditshebo. A sa tsena ka le le lengwe, a itatlhetse ka a mabedi. Monna a utlwa la gagwe mo go 5 Mmadira le tlhoka molodi, e bile a mo tena, e kete a ka mo tlhaba ka tsela. A simolola go nna le ditsala, a tsamaya dilo ga twe dithafene. A sa tlhole a bo nwa, a bo tshela, a lala nageng, a tla le masigo. Go le thafene. Dilo tse tsa ama Mmadira maikutlo, a bona gore le pelong ga le tshetse, le fa e le lobaka a dutse legala le lehibidu ka marago, a lekile go e sugela 10 le leswe, mme go se nko e e tswang lemina, a bula molomo a re, 'Tatlhego mogatsaka, a tota o lemoga fa o ikepela lemena ka dilo tse di maswe tse o di dirang. Ruri malatsi a ga ke go tlhaloganye, o lala o goroga masigo, o lala digoba, o itshiela go feta selekano, e bile o ditsalatsala. Go diragala eng ka wena mogatsaka?' 15 'Bona fa Mmadira, ke go nyetse, ke go agetse ntlo, ke go fa madi, jaanong o mpatla eng? Le gone o mang wena gore o ntaole, mme le rre kgale ba beile tlhogo.' 4.1.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Tatlhego o ne a dira kwa … A TELKOM. B ISCOR. C ESKOM. D VODACOM. (1) 4.1.2 Ditiragalo tsa khutshwe e, di diragalela kwa motseng ofe? (1) 4.1.3 Neela maina a batsadi ba moswi mogatsa Ditshebo. (2) 4.1.4 Ke eng se se sa tlwaelegang se Mmadira a neng a se lemoga ka mogatse? Neela di le PEDI fela. (2) 4.1.5 Ka boripana, tlhalosa se se tlhodileng gore Tatlhego a furalele lelapa la gagwe. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 13 DBE/2017 SCE 4.1.6 Goreng go ne go le botlhokwa mo go Mmatotlhanyo go kgaoganya Mmadira le monna wa gagwe? (2) 4.1.7 O lebeletse botsalano jwa ga Mothusi le Tatlhego, a o ka re go nna le tsala go botlhokwa? Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.1.8 Ditshebo ke motho yo o ntseng jang? Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.1.9 A toro ya ga Mmadira e ne ya fetoga nnete? Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.1.10 Ke eng se o se ratileng ka semelo sa moanelwa Mmadira? (1) LE 4.2 'PINA YA (BO)SETŠHABA' – PJ Mathibe NOPOLO H Pele go ka tlhaloganyega mo magareng ga pina ya setšhaba le ya bosetšhaba go tshwanetse ga kaiwa dilo dingwe tse di tla re fitlhisang fa go boneng pharologano e e teng. Go ka diragala gore pina e nne ya bosetšhaba fa e le gore pina eo ke pina e e opelwang fela ka ntlha ya maikano a a ikaegileng mo ditsholofelong 5 kgotsa ditsholofetsong tsa bolokologi le tlotlo. Pina e ka simolola fela, mme ka ntlha ya tse di umakilweng, go tlhalosa, di akareditswe, mme e le fela ka go e rata. Go ka diragala gore e ratiwe, batho ba ikutlwe ba se lesego fa ba ka tsena mo tirong gongwe moletlong fa pina eo e sa opelwa. Pina eno ya bosetšhaba, e opelwa lefelo lengwe le lengwe fa maikutlo a bo 10 a tsholetsegile thata. Pina eno e tsenya batho moya wa lerato, wa kagiso, boitumelo, boipelo le tse dingwe tse dintle tse motho a ka ipokang ka tsona. Go a diragala gore pina e tsene batho mo mading, mme kwa bokhutlong pina eno e amogelwa semolao gore e tla nna ya setšhaba. Fa e ise e amogelwe ka molao, e sala go nna pina ya bosetšhaba. Phetogo e tliswa ke 15 tlaleletso ya molao. Se se raya gore mmuso o tshwanetse go ntsha molao o o tla kwalwang mo dibukeng tse dikgolo tsa lefatshe leo go ya ka molaotheo wa lona. 4.2.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Pina ya bosetšhaba ya kwa Borithane ke … A Star Spangled Banner. B Die Stem. C God save the King/Queen. D British Empire. (1) 4.2.2 Ke naga efe e e opelang 'Morena boloka Setšhaba' ka loleme lo e seng lwa Setswana? (1) 4.2.3 Ke lebaka lefe le le tlholang gore pina e nne ya bosetšhaba? (2) 4.2.4 Mmuso o tshwanetse go dira eng gore pina e nne ya bosetšhaba? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 14 DBE/2017 SCE 4.2.5 Tlhalosa ka boripana gore ke dilo dife tse batho ba di dirang go bontsha fa ba sa tlotle pina ya bosetšhaba. Neela di le PEDI fela. (4) 4.2.6 Neela dipina di le PEDI tse mokwadi a di kaileng e le dipina tse di sa leng di opelwa jaaka dipina tsa bosetšhaba mono Aforikaborwa. (2) 4.2.7 Botlhokwa jwa pina ya bosetšhaba ke bofe mo setšhabeng? (2) 4.2.8 Go ya ka wena a o bona go le botlhokwa gore go nne le pina ya bosetšhaba? (2) 4.2.9 Ke lebaka lefe le le dirang gore o rate pina ya bosetšhaba ya Aforikaborwa? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 15 DBE/2017 SCE KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE mo karolong e. POTSO 5: MABOKO A SETSWANA – MK Mothoagae 5.1 Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. Motlhokagae – LD Raditladi 1 Lo bule, ditsebe ke bula letlole, 2 Ke tla duma jaaka segwana sa phefo, 3 Kgotsa ke duma fela jaaka botlole, 4 Ke kurutla jaaka diphuka tsa phofo, 5 Ka bagaetsho ba ne ba ntsenya tlhalefo, 6 Ba mpopela kgomo ya mmopa, ya lela, 7 Namane ya yone ka ba ka e kotela. 8 Ke bolailwe ke batho betsho maloba, 9 Ba ntshidika le ka disana magetla, 10 Pelo ya me ka ba ka e utlwa e uba. 11 Gwa re ke gadime fela jaaka kgatla, 12 Ke supa fa di le phepa, tsa me diatla, 13 Ba mpatika, ka tlhoka monamoledi, 14 Ka bona ke sekaseka dikeledi. 15 Ke pagame Gabane ka gabalala, 16 Ke re ke lekole bao ba sa nthateng, 17 Ke ko ke okomele batsayamotlhala, 18 Ke bone bampolai bampolai bao ba sa mpatleng! 19 Ga ke gaufi, ke ile le lefatshe boteng, 20 Mefago ya tlotlopo e le kgonkgonyane, 21 Le sejo sa tsela e le sa dinonyane. 5.1.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Mmoki o kaya go … ka go bopelwa kgomo ya mmopa. A bopa kgomo ka mmu B se tsewe tsia C patelediwa sengwe D buelwa maaka (1) 5.1.2 Naya tlhaloso ya setlhogo sa leboko. (2) 5.1.3 Ke sekapuo sefe se se dirisitsweng mo temeng ya 1 mola wa 2? (2) 5.1.4 Goreng mmoki a dirisitse sekapuo se o se neileng mo go POTSO 5.1.3? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 16 DBE/2017 SCE 5.1.5 Naya morumo o o tlhagelelang mo temeng ya ntlha. (2) 5.1.6 Naya dilo di le PEDI tse mmoki a reng o tla duma jaaka tsona. (2) 5.1.7 Fa o lebile ke ka ntlha ya eng motlhokagae a sa itumela? (2) 5.1.8 Ke ponagalo efe ya poko e e tlhagelelang mo temeng ya 3 mola 1? (2) 5.1.9 Nopola mola go tswa mo temaneng ya 3 o o supang gore mmoki o kgakala le legae. (1) 5.1.10 Molaetsa wa leboko ke ofe? (2) LE 5.2 Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. Bojaki – SF Motlhake 1 Re teye maina, re se gakanege; 2 Leo le bonoga leina la ga Noge. 3 Leina lebe, borara, tlhe, seromo; 4 Re itse leina le ya boreelelong. 5 Koo-koo, bagaetsho dumelang, Bakwena. 6 'Kwena, mme ntlha lo beile mopakwana? 7 Ya baagi yotlhe mefiko e tswetswe, 8 Ka phaladi e ba phatlaladitse. 9 Semethemetheng mojaki a iphua, 10 Le ketekete tsa batho a di rua. 11 Batho ba mmona, o ka re bana; 12 Ba mo farafara e se mmaabana. 13 La latsa ditlhokwa fatshe lefatshe, 14 Le mojaki a bona a falotse; 15 Lejwe a le konopetse morago; 16 Kwa ga mothakga go ntse ka marago. 17 Ga kwalwa dikwalo, ga ipoeletswa; 18 Sa se tshose mojaki sebiletswa, 19 A netefatsa hularela-beno, 20 Bagagabo ba tlhoka toga-mano. 5.2.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Mmoki o kaya eng fa a re 'Leina le ya boreelelong'. A Leina le le tsamaelanang le ditiro. B Leina le le reeletsweng motho. C Leina le le tsamaelang le lefelo. D Leina le le futsang batho. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 17 DBE/2017 SCE 5.2.2 Ke ponagalo efe ya poko e e tlhagelelang mo meleng 5 le 6? (2) 5.2.3 Neela morumo wa temana ya boraro. (2) 5.2.4 Leboko le ke la mofuta ofe? Tshegetsa ka dintlha di le PEDI. (2) 5.2.5 Ke sekapuo sefe se se dirisitsweng mo moleng 13? (2) 5.2.6 Ke ka ntlha ya eng fa go ne go beilwe mopakwana fa kgorong? (2) 5.2.7 Ke ka ntlha ya eng Mojaki a ne a kwalelwa makwalo kgapetsakgapetsa? (2) 5.2.8 A go siame go tsamaya sebaka se seleele o tlogetse legae le o nnang mo go lona? (2) 5.2.9 Mmoki o kaya eng ka mola 15 le16? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA D: 35 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Verified matching documents

The question paper, memo or addendum that belongs with this document.

Published documents with matching subject and grade metadata.

Matched using subject, grade, language, document type and exam metadata.

More from Grade 12 Setswana Fal

Explore more published documents in this catalogue.

View all