You're offline
Skip to content
Question paper

Setswana FAL P2 May June 2018 hlayiso.com

Subject: Setswana FalGrade 12201822 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA BOBEDI (P2) 2018 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 22. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 2 DBE/2018 SCE DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Buisa ditaelo le tshedimosetso ka kelotlhoko pele o ka simolola go araba dipotso. 2. O se ka wa leka go buisa pampiri yotlhe. Lebelela lenaane la diteng mo tsebeng e e latelang, mme o tshwae dipotso go tswa mo dikwalong tse o di buisitseng monongwaga. Morago ga moo tlhopha dipotso tse o batlang go di araba. 3. Pampiri e, e na le DIKAROLO di le NNE: KAROLO YA A: Padi (35) KAROLO YA B: Terama (35) KAROLO YA C: Dikgangkhutshwe (35) KAROLO YA D: Poko (35) 4. Araba dipotso di le PEDI fela, potso e le NNGWE go tswa mo dikarolong tse PEDI tse di farologaneng: KAROLO YA A: PADI Araba potso e le NNGWE go tswa mo pading e o e buisitseng. KAROLO YA B: TERAMA Araba potso go tswa mo terameng e o e buisitseng. KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo dikhutshweng tse di boditsweng. KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo mabokong a a boditsweng. 5. Lenaanenetefatso le tla go thusa mo tlhophong ya dipotso. 6. Latela ditaelo tse o di neetsweng go tswa mo KAROLONG NNGWE le NNGWE ka kelotlhoko. 7. Kwala palo ya dikarabo jaaka di tlhagelela mo pampiring ya dipotso. 8. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 9. Tiriso ya nako e e tshitshinngwang: Metsotso e le masomeamarataro (60) e dirisiwe mo KAROLONG NNGWE le NNGWE. 10. Kwala ka mokwalo o o phepa o o bonalang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 3 DBE/2018 SCE LENANEO LA DITENG Tsebe e, e tla letla batlhatlhojwa go tlhopha dipotso tse ba batlang go di araba kwa ntle ga go buisa pampiri yotlhe. KAROLO YA A: PADI Araba potso go tswa mo pading e le NNGWE e o e buisitseng. POTSO MADUO TSEBE 1. Morabaraba 35 5 2. Bogosi Kupe 35 7 3. Bodibeng jwa Matlhomola 35 9 KAROLO YA B: TERAMA Araba potso go tswa mo terameng e le NNGWE e o e buisitseng. 4. Molatswana wa gaetsho 35 11 5. O laetse jalo 35 14 KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo dikgangkhutshweng. 6.1 'Lenyalo ke kgetse ya lesogodi' 18 17 LE 6.2 'Moepalemena o a bo a le ikepela' 17 18 KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE go tswa mo mabokong. 7.1 'Bosigo bo tsene' 17 20 LE 7.2 'Motlhokagae' 18 21 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 4 DBE/2018 SCE LENAANENETEFATSO Lebelela lenaanenetefatso le le latelang go bona gore o arabile dipotso tse di tlhokegang: KAROLO NOMORO PALO YA TSHWAYA YA POTSO DIPOTSO TSE POTSO E O DI ARABIWANG E ARABILENG A: PADI 1–3 1 (Dipotso tse dikhutshwane) B: TERAMA 4–5 1 (Dipotso tse dikhutshwane) C: KGANGKHUTSHWE 6 (6.1 + 6.2) 2 (Dipotso tse dikhutshwane) D: POKO 7 (7.1 + 7.2) 2 (Dipotso tse dikhutshwane) ELA TLHOKO: Netefatsa gore o arabile dipotso go tswa mo dikarolong di le PEDI fela. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 5 DBE/2018 SCE KAROLO YA A: PADI Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. POTSO 1: MORABARABA – SJ Lebethe Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 1.1 NOPOLO A Letsatsi la tlhola le le monate tota. Ntshimane a bonwa a tsamaya le naletsana motshegare otlhe. Ka nako ya dijo batho ba mmona gape a nnetse kwa thokonyana le Mmemme ba ja mmogo. Go ne go bonala sentle gore Mmemme o itumelela go nna le Ntshimane. Go ne go bonala gore o rata thata gore mosimane a mo tseele dikgang. 5 Go ne go na le phatshimonyana nngwe ya boitumelo mo matlhong a gagwe fa a na le Ntshimane, e ditsala tsa gagwe di palelwang ke go e bona. E rile fa go iwa ka magoro bese ya tlala batho, Ntshimane go sa itsiwe gore o kae. Mmakgosi a ya go nna le Mmemme mo setulong. E rile fela a nna, Mmemme a mmolelela gore mong wa setulo seo o tla tla ka nakonyana. 10 'Mong wa eng? Mong wa setulo se ke mang?' 'Ke Ntshimane. O ne a dutse gone fa, fa re tla.' 'Wa re ke manno a gagwe? A ke manno a gagwe gonne wena o dutse mo go ona, kgotsa o go reile a re o mo solofelele ona? 'Ke tsa gago tseo. Fela ena o etla.' 15 E rile Mmakgosi a tloga Ntshimane a tsena ka sephuthelwana sa maungo. 1.1.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Kgotlhang ya ga Ntshimane le Morwesi ya ntlha e tlhodilwe ke ... A Mmemme. B Mmakgosi. C Naome. D Bontle. (1) 1.1.2 Kgaitsadie Ntshimane o ne a dira tiro efe? (1) 1.1.3 Neela dilo di le PEDI tse Mpute a neng a di fiwa kwa tirong ya gagwe. (2) 1.1.4 Anela ka bokhutshwane gore loso lwa ga Ntshimane lo tlhodilwe ke eng? (2) 1.1.5 Padi e ke ya matlhotlhapelo. Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.1.6 Neela mabaka a le MABEDI a a neng a dira gore Ntshimane a latlhegelwe ke tsholofelo ya gore o tshwana le basimane ba bangwe. (4) 1.1.7 A Mmakgosi o ne a rata Ntshimane? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.1.8 O ithutile eng ka ga botsala jwa ga Bontle le Morwesi? (2) 1.1.9 Ke eng se mmaagwe Morwesi a neng a se dira go supa go dumalana le lorato lwa ga Ntshimane le Morwesi? (2) LE Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 6 DBE/2018 SCE 1.2 NOPOLO B 'Re a tshela, Ntshimane molato ga o gona fela re bona tiro, re tshwerwe ke ditlhatlhobo tsa bana. Le e seng nakonyana ya go ikhutsa motho ga o e bone. Le jaanong ke gona ke boang kwa sekolong fa o mpona jaana.' A se ka a mmotsa gore a ena o tshela sentle, e le mokgwa o a fapogang ka ona. Moeka a italetsa. 5 'Nna ke ntse ke bobola mo malatsing a a fetileng. Aitsane mosarasarane wa maloba o re leretse mefikela fela. Le gale ke botoka jaanong.' Ya ne e kete o felelwa ke mafoko. 'Ke ... ke rile ke tle go go bona gonne e le lobaka re sa bonane.' 'Nnyaya, ke boammaruri, fela e se ka ya nna selo sa ka metlha. Ga go 10 tlhole go tlhokega.' Kgang e ke nnete gore sesesedi se fetile, mme sa foka dipampiri tse di neng di dira patlelo leswe, mme felo gongwe di kgabisitse. 'Ke a utlwa, mma, fela ke batla go netefatsa sengwe se se ntshwenyang mo moweng. Ke eletsa go itse ... ke raya gore kana wena le Mpute ... ga ke re 15 o ratana le Mpute, tsala ya me?' 'Molato ke eng fa e le nnete kgotsa e se nnete?' 'Ke ne ke re fa go le jalo ke bise go tla ke go bona. Selo se se ntseng jaana se ka lere kgotlhang.' A tsaya legato lwa bonna. 1.2.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Go tlile jang gore Mpute a nne kwa Madibeng? A O ne a tsena sekolo kwa teng. B Rraagwe o ne a fudiseditswe kwa teng. C O ne a nna le nkokoagwe kwa teng. D O ne a batla go nna gaufi le ditsala tsa gagwe. (1) 1.2.2 Motho yo a buisanang le Ntshimane mo nopolong e e fa godimo, ke mang? (1) 1.2.3 Bontle o ne a ikutlwa jang fa a utlwa gore Morwesi o tsamaile le Mpute kwa Garankuwa? (1) 1.2.4 Go tlile jang gore Mpute a feleletse a ratane le Mmule? (2) 1.2.5 Ke kgakololo efe e mogoloe Ntshimane a neng a e mo naya go rarabolola kgotlhang magareng ga gagwe le Morwesi? (2) 1.2.6 Ke eng se se neng se farologanya Ntshimane le basimane ba bangwe ba mo motseng? (2) 1.2.7 Ke sephiri sefe se mmaagwe Morwesi a neng a se lobela monna wa gagwe? (2) 1.2.8 Ke dilo dife di le PEDI tse Morwesi a neng a sa di itse ka ga Mpute? (2) 1.2.9 Peter o ne a nwa bojalwa botlhaswa. A se ke ntlha kgotsa kakanyo? (2) 1.2.10 Kgotlhang magareng ga Bontle le Mpute e tlhodilwe ke eng? (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 7 DBE/2018 SCE POTSO 2: BOGOSI KUPE – DPS Monyaise Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 2.1 NOPOLO C Ga feta lobaka lo loleele Sajene Botipe a itisitse nabo. Ka maitiso a magolo ba mo felegetsa go boela mošate kwa o neng a ya go latsa gone go fitlhela motshegare wa maitsiboa a ka moso, Tsatsi la Tsalo ya Morena. Ba tsamaya le ene ka moratho wa dikgomo, fa a se na go goroga kwa mošate ba boa ka motshelakgabo wa dinao. Mo gare ga ona Mme 5 mmaObakeng a ema a leba rre Modimoeng, pelo e tletse. Morago ga lobaka lo loleele ba eme, a re, 'Fa o se na go nkatla re ka tsamaya; e ne e le tshwanelo gore ke kgaogane le Oshupile fa re simolotseng teng, ke be ke simolole le wena fa ke kgaoganang nae gone. Ke rapela Modimo gore o nkabele botlhale jwa go go itumedisa.' 10 Modumo wa mošate le motse o mmotlana, wa tsatsi la ka moso, o ne o simolola. Mme mmaObakeng a tlalelana, a itse gore fa a sa batle go lala a sa robala o tshwanetse go tlosa mogopolo wa gagwe mo mafokong a a gaufi le pelo. A tseela rre Modimoeng kgang ka ga Tsatsi la Tsalo mo Phiritona, le mokgwa o go mo tshotseng sebaka ka ona go tlwaela. 15 Mogopolo wa ga rre Modimoeng o le kgakala; le fa mme mmaObakeng a bua nae ka tsa botshelo jwa Phiritona a reeditse ka matlho. 2.1.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Sajene Botipe e ne e le lepodisi la kwa … A Magogong. B Phiritona. C Sefatlhane. D Kgotlhakaletswele. (1) 2.1.2 Neela maina a le MABEDI fela a batho ba Sajene Botipe a neng a itisitse le bona. (2) 2.1.3 Ke tiragalo efe e e neng ya dira gore go nne le maitiso? (2) 2.1.4 Kgosi le banna ba lekgotla ba ne ba ikutlwa jang fa ba utlwa gore Tukisang o buile maaka ka ga Obakeng? (1) 2.1.5 Mme mmaObakeng o kgaogane jang le Oshupile? (2) 2.1.6 Go ya ka wena, ke ka ntlha ya eng Tukisang a ne a re Mme mmaObakeng o ne a sa rate Oshupile? (2) 2.1.7 Modimoeng o ne a le lerato. Tshegetsa tlhagiso e ka dintlha di le PEDI. (4) 2.1.8 Magareng ga Modimoeng le Oshupile ke mang tota yo o neng a le mo pelong ya ga Matlhodi? Tshegetsa ka lebaka. (2) 2.1.9 A ditiragalo tsa padi e, di khutla ka boitumelo? Tshegetsa ka lebaka. (2) LE Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 8 DBE/2018 SCE 2.2 NOPOLO D A lemoga gore mmaagwe o itiketsa ka ditlhare, a mo sala morago. Mo tlung a re, 'Mma, ke tshwanetse go itse.' A itse gore ga go ka mokgwa o mongwe, a dula fa fatshe. 'Fa o tshwanetse go itse, ngwanaka, ke tshwanelo gore o utlwe ka nna.' A didimala, a kgaratlha le maikutlo a a neng a batla go mo hupetsa mowa. E ne e tla bo e le sa ntlha fa e sa le go tloga morago ga loso 5 lwa ga Oshupile ba bulelana mafatlha. A bitsa morwae gore a dule gaufi le ena: a simolola ka tsatsi la fa Modimoeng a fapogela mo motseng wa Magogong. A didimala lobaka lo loleele. Jaanong a tlhaloganya dilo tse dintsi tse di neng di ntse di le bofitlha mo go ena: gore ke eng Modimoeng a ne a sa 10 batle a ka nna malatsi a mantsi kwa nageng a ise a ye go tlhaga kwa gae, mme fa a ka tla a bolela setlhabi e be e le gore moeka o tla lala a sa robala; a gakologelwa gore tsatsi la ntlha fa a utlwa leina la gagwe o ne a itumela thata. 'Ehe, ga ke ngwana wa ga Oshupile?' A utlwa e kete o bua a befile; a atamala. 'Obakeng, ngwanaka … ke ne nka 15 dira eng fa ke nyetswe ke rata rre Modimoeng?' 2.2.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Obakeng o kopane le Modimoeng a le dingwaga di le … A Masomeamabedi/20. B Lesometharo/13. C Lesomelebobedi/12. D Masomeamabeditharo/23. (1) 2.2.2 Ke eng se Matlhodi a neng a tshwanetse go se tlhalosetsa Obakeng? (2) 2.2.3 Obakeng ke segatlhamelamasisi. A se ke ntlha kgotsa kakanyo? Tshegetsa ka lebaka. (2) 2.2.4 Go tlile jang gore Obakeng a kopane le Modimoeng? (2) 2.2.5 Tlhalosa tshobotsi ya Modimoeng ka dintlha di le PEDI. (2) 2.2.6 Ke eng se se go lemosang gore lorato lwa ga Matlhodi le Modimoeng e ne e le lwa nnete? Tshegetsa ka lebaka. (2) 2.2.7 Go tlile jang gore Obakeng a godisiwe ke Oshupile e seng Modimoeng? (2) 2.2.8 Botshelo jwa ga Modimoeng bo tokafaditswe ke eng? (2) 2.2.9 Tlhalosa maemo a botshelo kwa ga Oshupile morago ga loso lwa gagwe. (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 9 DBE/2018 SCE POTSO 3: BODIBENG JWA MATLHOMOLA – DS Matjila Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 3.1 NOPOLO E 'O se ke wa botsa nna potso eo Dimpho. Ga go ope yo o itseng gore kgaratlho e tla fela leng. Kgaratlho e tlaa fela fa re busediwa lefatshe la rona. Mafoko a a tlhapileng a re, e re go longwa ke sefifadu, e re o bona pilo o sie. Ke la me leo ke leka go le raya ke re, le tlogetswe mo tsatsing, le tshwanetse go ikisa meriting ga go mme o rile.' 5 Fa mosadimogolo a ntse a bua ka go tsamaya, Tsitsi o ne a lebile phaposi ya gagwe ya go roba sogo. Ba ne ba tsere dingwaga di le dintsi go tlhopha diphatlho tsa yona ka kelotlhoko, e le maphatsiphatsi. Disofa tsa letlalo, ditshwantsho tse di takilweng ke ditswerere, tse di tlhotlhwa. Thelebišene e kgolo e ntse mo rakeng e ntle ya kota yo ouku. Gaufi le yona e le 10 setshamekaditshwantsho, setshamekadikhasete le radio. Fa fatshe go ne go adilwe legong le le tshwanang le siling. Tafole ya galase e e fa gare ga disofa e le mo godimo ga mmetshe wa modiro wa Phešia. Go na le dikgabisa tse di kolopetsweng fale le fale tse ba tsamaileng ba di reka kwa mafelong a a tlhophegileng. Mongwe le mongwe yo o etang mo ntlong ya 15 bona a gakgamadiwa ke bontle jo bokanakana. 3.1.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Rragwe Dimpho e ne e le tokololo ya mokgatlho ofe? A FMP B IFP C EFF D MPF (1) 3.1.2 Ditiragalo tsa padi e di simolotse kwa motseng ofe? (1) 3.1.3 Naya ditiragalo di le PEDI tse Dimpho a di boneng, mme a di kwadile mo kakanyong ya gagwe. (4) 3.1.4 Goreng batho ba ne ba ipitsa diGerilla? (1) 3.1.5 Ke ka ntlha ya eng Tsitsi a ne a sa batle go tswa kwa Mankweng? (2) 3.1.6 Fa o lebile goreng Tsitsi a feleleditse a tshabetse kwa Botswana le bana ba gagwe? (2) 3.1.7 Ke ditiragalo dife mo pading tse di go tsitsibantseng madi a mmele ka loeto lwa go ya kwa Lesotho ga Letlamoreng le balelapa la gagwe? (4) 3.1.8 Ke mang yo o thusitseng ba lelapa la ga Letlamoreng go ya kwa Lontone? (1) 3.1.9 Dimpho o bone jang gore diapole di tswa kwa Aforikaborwa fa ba ne ba le kwa Lontone? (2) 3.1.10 Dimpho o feleleditse a ikwadisitse le yunibesithi efe kwa Lontone? (1) LE Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 10 DBE/2018 SCE 3.2 NOPOLO F Balelapa la ga Letlamoreng ba robetse ba lapile thata. Fela bosigo ya nna bo bokhutshwane. Dimpho o ne a tshwenyegile ka mmaagwe, mme a sa kgone go robala sentle. Go ne go le maruru fela dikobo di tlhaela. Ntlwana e ba neng ba le mo go yona e na le diphatlha tse di tsenyang phefo. Dinta le ditshitshiri di letse di iketlile ka madi a bona. 5 O ne a patlama ka mpa morago a kaname ka mokokotlo. A retologele molemeng morago a retologele kwa mojeng. Fa a utlwa di sa emise, a bo a nna ka marago fa fatshe. Ka go ne go se na dipone o ne a sa kgone go bona gore di fa kae. Nako nngwe o ne a utlwa e kete mmele otlhe wa gagwe o saila ditshitshiri. 'A ko lo ntlhologeng disaatane ke lona.' 10 'O a lora Dimpho ga go sepe se se go palameng.' Letlamoreng a bua jalo a ntse a itse gore Dimpho o bua ka eng. O ne a batla go omanya fela a sa batle go tsosa ba bangwe. Kagiso le Bakwena ba ne ba sule ka boroko. Mmaagwe le ena o ne a sa tlhobaele. Go ne go se sepe se ba ka se dirang ka ditshitshiri mo lefifing. O ne a tshwanetse go itshoka go fitlha letsatsi le tlhaba gore a 15 kgone go di bolaya. 3.2.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Mmaagwe Maitumelo ke … A Tsitsi. B Odirile. C Modutlwe. D Kehitilwe. (1) 3.2.2 Balelapa la ga Letlamoreng ba ne ba le kwa nageng efe fa Dimpho a ne a tshwenyegile ka mmaagwe? (1) 3.2.3 Goreng Dimpho a ne a tshwenyegile ka mmaagwe? (1) 3.2.4 Lebaka legolo le le dirileng gore ba ga Letlamoreng ba tloge kwa Mochudi ke lefe? (2) 3.2.5 Tlhalosa se se diragetseng ka Odirile fa a se na go falotsha Dimpho mo bodibeng jo a neng a wetse mo go jona. (2) 3.2.6 Tsitsi o ne a ikutlwa jang fa Odirile a ne a ya go nna leloko la diGerilla? (1) 3.2.7 Ke ka ntlha ya eng masole a kwa Lesotho a ne a sotla batswantle? (2) 3.2.8 A bokhutlo jwa padi e, bo a kgotsofatsa? Tshegetsa ka lebaka. (2) 3.2.9 Modutlwe o dirile eng go sireletsa balelapa la ga Letlamoreng? (2) 3.1.10 Goreng Tsitsi a ne a sa batle Dimpho a apara diaparo tse di tlwaelegileng fa ba le kwa Botswana? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 11 DBE/2018 SCE KAROLO YA B: TERAMA MOLATSWANA WA GAETSHO – DMG Sekeleko Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. POTSO 4: 'BA TLA NKITSE' – ES Lekalakala Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 4.1 NOPOLO G MOTSWEDI: (O tsena ka lebati) Dumela Boipelo. Goreng e kete ga o a iketla? Ke eng se se go gonyang maikutlo? BOIPELO: Tsena o nne fa fatshe. Dikgang di mafaratlhatlha. MOTSWEDI: A ko o ntshelele segalagala sa metlheng ke ikhaunye go le gonnye. Kana ke lapile e le tota. (Go utlwala jaaka a mo 5 tshelela) BOIPELO: Ke bo, itlhadie o tle o itse go anya mafoko sekonyana. MOTSWEDI: (O a nwa) O a re go direga eng? BOIPELO: Mathule o ne a mpiditse … MOTSWEDI: Mathule? 10 BOIPELO: Ee, Mathule. O ne a ile go nthadisetsa ka ga kabo ya boswa. Ke itsholela go nna magalamasuge mo tirong e. Nko go se dupe. O a itse gore a reng? MOTSWEDI: Nnyaya, tlaa ka tsona. BOIPELO: A re re ka se kgone go nyalana. Ramarumo o fetotse 15 Tshupaboswa ya gagwe pele a tlhokofala. MOTSWEDI: (Ka go makala) O a re o fetotse tshupaboswa ya kabo ya boswa? BOIPELO: Ee. MOTSWEDI: Ga go sa na le molemo le mosola wa gore re nne mmogo. 20 BOIPELO: O raya jang? MOTSWEDI: Bona Boipelo ke a go rata, mme nka se kgone go go nyala. Fa ke go nyala, o latlhegelwa ke tsotlhe. Re kganelwa go nyalana ke motho yo o ileng badimong. A seo ke nnete? BOIPELO: Itlhophele Motswedi. Lenyalo ga le tshwenye. Ke na le wena, 25 ke na le madi, ke tlhoka eng? Fa re nyalana re latlhegelwa ke madi. 4.1.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Boipelo ke mosadi wa ga … A Motswedi. B Ranko. C Ramarumo. D Mathule. (1) 4.1.2 Ke eng se se tlhotlheleditseng Boipelo le Motswedi go bolaya Ramarumo? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 12 DBE/2018 SCE 4.1.3 Ke taelo efe mo tshupabosweng ya ga Ramarumo e e dirileng gore Boipelo a palelwe ke go fitlhelela maikaelelo a gagwe? (2) 4.1.4 Neela maina a batsadi ba ga Boipelo. (2) 4.1.5 'Ke na le madi, ke na le sengwe le sengwe. Ga ke batle dikeletso tse di se nang mosola.' Naya lebaka le le dirang gore Boipelo a bue mafoko a, le batsadi ba gagwe. (2) 4.1.6 Fa o ne o le motsadi wa ga Boipelo o ne o ka dira eng fa ngwana a bua le wena ka tsela e e sa siamang? (2) 4.1.7 Boipelo o itsitse jang gore Ramarumo o tlhokafetse? (2) 4.1.8 Goreng Boipelo a ne a na le tshepo ya gore o tlile go bona madi otlhe a ga Ramarumo? (2) 4.1.9 Katlholo ya Boipelo le Motswedi e ne ya nna efe? (2) LE 4.2 NOPOLO H BOIPELO: Moswinini, tshela setlabošane seo. Kana nna ke nyorilwe (Go utlwala jaaka a tshela) MOSWININI: Ke tse ke di tshetse. MORATWE: Nna ke tla phoka kofi. BOIPELO: (Ka lenyatso) Wena Moratwe o itirile mmamorutinyana. Nna 5 ke a inwela. Bojalwa bo lebatsa mathata a lefatshe, le gona bo a lapolosa. MORATWE: (Ka mafega) Nnyaya basadi, nna ga ke wa leloko leo. BOIPELO: (Ka go nyatsa) Owaii! Moswinini tlogela Moratwe. Ka re boMoratwe ga ba itse sepe. Nna ke tlile go lo bontsha 10 metlholo. Bahumi ba Themba batla itse fa go na le motho a bidiwa Boipelo. MOSWININI: Dira moletlo wa diragadibonwe. O bitse ditaitai tsa motse ono. Ke raya gore ba tlaa go itse. 15 MORATWE: (Ka go tenega) Ga se mokgwa wa nnete oo. Nna ga ke o bee sebete. Wena Moswinini o wetsa Boipelo go dira ditiro tse di sa tleng ka tsela. Motho yo ga se kgale a tlhokofaletswe ka tsela. O sa ntse a le mo bontshong. A ga o elelwe fa o dira boleo? 20 MOSWININI: (Ka go nyatsa) Wena Moratwe o tshwenngwa ke dithuto tsa gago. Nna ga ke batle batho ba re ke fufegela dithuto tsa gago. O rutegile, o montle, mme ga o bue jaaka setlhalefi. MORATWE: (Ka go itatola) Nnyaya ausi, ke leka go lo gakolola. Se wetse Boipelo, nnare lo dira sekae? 25 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 13 DBE/2018 SCE 4.2.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Sajene Tau e ne e le mongwe wa matseka a … A Mabopane. B Tlhabane. C Hammanskraal. D Hammansdale. (1) 4.2.2 Ke eng se se tlhodileng ntwa magareng ga Boipelo le Moratwe? (2) 4.2.3 O ratile eng ka modiragatsi Moratwe? (1) 4.2.4 Batho ba ba neng ba laleditswe kwa moletlong wa ga Boipelo e ne e le ba maemo afe? (1) 4.2.5 Go ya ka wena a Boipelo o ne a tsaya tshwetso e e siameng ka go itebatsa mathata ka bojalwa? Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.2.6 Lebaka le le ka tswang le tlhotlheleditse Ramarumo go fetola tshupaboswa ke lefe? (2) 4.2.7 Ke eng se se neng se dira gore Mathulwe a nne le dipelaelo ka ga Motswedi morago ga loso lwa ga Ramarumo? (2) 4.2.8 Molwantshiwa ke mang mo teramakhutsweng e? (1) 4.2.9 O ikaegile ka teramakhutshwe e, tlhalosa gore goreng o ka se tlhophe Moswinini go nna tsala ya gago. Tshegetsa ka lebaka. (2) 4.2.10 O ithutile eng go tswa mo terameng e? (2) 4.2.11 Molao o itsitse jang gore Boipelo ke ena mmolai wa ga Ramarumo? (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 14 DBE/2018 SCE POTSO 5: O LAETSE JALO – KS Naledi Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 5.1 NOPOLO I (Go maitsiboa kwa motseng) MMANOTSHENG: Heelang, ba ga Moeti, go kgangkgolo mo mebileng. Itharabologelweng bagaetsho. Ke kopa gore lo ikategeng. Mo mebileng kgang ke lona fela. LENTUWANE: Ke nnete mma, e setse e le dikgwedinyana. MOETI: Hei! Wena tlhwaya tsebe pele o sutlha naga. 5 LENTUWANE: Ga go tlhokege gore o kuke maikutlo go le kalo. O beye pelo rra. MMANOTSHENG: Bagaetsho, nna ke kopa gore go nne modiga. Re tla kgona go utlwana. LENTUWANE: Ke la me leo. 10 PHOLO: Go tla ga rona fa, go tla re tswela mosola. Reetsang ka tlhoafalo. A selo se sentle go thusana! A lo re solofetsa go re utlwelela? MOETI: Ke a le solofetsa, mme se se gagakgamatsang ke gore Lentuwane o sianela go le tsena ganong, jaaka e kete o 15 itse seo lo se tshotsheng. LENTUWANE: Intshwareleng ba ga Pholo. Ke tla leka go diga maikutlo. PHOLO: Ka bokhutshwane bagaetsho, batho ba a lo sotla. Botlhe re a itse fa go se ntlo e e sa neleng. E setse e le lona go kopiwang ditee ka lona. Ntwa ya lona e utlwiwa gaufi le 20 kgakala. Ga twe dikhitšhineng gona, megala e lela kgapetsakgapetsa. Ke kopa go itse gore matsapa di a tsaya kae? LENTUWANE: Lo opile kgomo lonaka. Motseng o wa Lonatong kgang ke rona. Mathata a simolotse ke rraabo. Rre Moeti o tlhomile 25 motlhatlhana wa bobedi. 5.1.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Tirelo ya ga Moeti e ne e tsamaisiwa ke moruti … A Rampitikwane. B Rantweetwee. C Ramatlotleng. D Radinonyane. (1) 5.1.2 Ke kgangkgolo efe e e tletsetletseng mebila ka ba ga Moeti? (2) 5.1.3 Mafoko a a neng a buiwa ke Moeti fa a re 'Hei! Wena tlhwaya tsebe pele o sutlha naga,' a mo senola e le motho yo o ntseng jang? Tshegetsa ka lebaka. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 15 DBE/2018 SCE 5.1.4 Ke dikakanyo dife tse di sa siamang tse Lentuwane a neng a na le tsona ka ga Matoko fa a ne a bitsa ngaka? (2) 5.1.5 Naya lebaka le legolo le le neng le naya Mojalefa maatla a go boloka rraagwe. (2) 5.1.6 Neela dilo di le PEDI tse Ntukulele a neng a romiwa go di tlisetsa Matoko fa e ne e le motsetse. (2) 5.1.7 Tlhalosa ka botlalo gore Moeti o tlhokafetse jang? (2) 5.1.8 A thuso e Lentuwane a neng a e kopa kwa go Pholo le Mmanotsheng ka ga lenyalo lwa gagwe le Moeti e mo tswetse mosola? Tshegetsa ka lebaka. (2) 5.1.9 Ke bothata bofe jo Lentuwane a neng a bo itemogela fa Moeti a se na go tlhokafala? (2) 5.2 NOPOLO J (Kwa ga Matoko, ka nako ya bosigogare, Mojalefa o a lora) 'Mojalefa ngwanaka, ke go ikgethetse go mpoloka. Ke batla gore o nne monnatia. Ntlo e e manobonobo e, o tlile go e aga. O ele basadi tlhoko, ba ka go tlisetsa difatlhi, wa 5 iphitlhela o mo imotile ka boletswa. O tlhokomele mmaago thata. Gangwe le gape ke tla go etela. Fa go le sengwe ke sa se rate ke tla go lemosa. Ngwana wa gago wa mosimane o no neele leina la Moeti. Menate o e lekanyetse, e se go timetse. O tlhokomele ditsala thata, di 10 ka go tlogela o nyobokile.' (Mojalefa a upuga mo dikobong) MOJALEFA: Hei! O a itse go sengwe. Ke eng ke gopotse rre jaana? Go raya gore morago ga phitlho ke tlile go tshwenyega. O a itse go a makatsa ke utlwa e kete ke ntse ke na le rre fa. 15 Toro e ke ntseng ke e lora e, e nkgopoditse rre ka namana. (Kwa ga Lentuwane. Ke nako ya sethoboloko, go goroga Nteseng, Mmaletlapana le Ntutu.) NTESENG: Dumelang bagaetsho. 20 LENTUWANE: Dumela mogaetsho. Re tsogile, fa e se ona matsapa a a re mamereng a. MMALETLAPANA: Ausi lo tsamaile jang kwa go Magaseterata? LENTUWANE: Nnyaya, go tsamaya re tsamaile sentle. Kgangkgolo ke gore, moswi a bolokiwe go tswa kwa lapeng la ga Matoko. 25 5.2.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Makgolokwe o batlile Lentuwane diranta di le … A Makgoloamatlhano/500. B Masomeamatlhano/50. C Sometlhano/15. D Tlhano/5. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 16 DBE/2018 SCE 5.2.2 Naya maina a le MABEDI a bo malomaagwe Moeti. (2) 5.2.3 Lebaka le legolo le le neng le dira gore Lentuwane a lwele gore Moeti a kgaogane le Matoko ke lefe? (2) 5.2.4 Ke eng se o sa se rateng ka modiragatsi Moeti? (1) 5.2.5 Thitokgang ya terama e, ke eng? (2) 5.2.6 A bokhutlo jwa terama e, bo a kgotsofatsa? Tshegetsa ka lebaka. (2) 5.2.7 Goreng Moeti a ne a dirile testamente? (2) 5.2.8 Matoko o itsitse jang gore monna wa gagwe o tlhokafetse? (2) 5.2.9 Go diragetse eng ka basadi ba ga Moeti kwa mabitleng? (2) 5.1.10 O ithutile eng ka modiragatsi Mojalefa? (2) [35] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 17 DBE/2018 SCE KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE Araba dipotso TSOTLHE mo karolong e. POTSO 6: NGATANA YA LEHUMO – KM Mbonani le ba bangwe Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 6.1 'LENYALO KE KGETSE YA LESOGODI' – MI Siko NOPOLO K Mokgethi a tlhoma mmaagwe matlho jaaka ntsu; a ipotsa gore madi a mmutla a rothisitswe ke mang. 'Se rotole matlho, nkarabe; e seng jalo Mogasi o ya go itse fa re goroga kwa gae.' Lekau la tshwara kwa le kwa, ditonki tsa ema fa thoko ga tsela jaaka e ka re di batla go utlwa se se buiwang. Ba tswa mo go tsona jaaka Pilato fa a ne a tswa mo tshekong ya 5 ga Jesu. 'Ntekwane mma fa o ne o re ke go ise kwa tleliniking kwa Kameelboom o ne o rata go mpotsa dilo tse, e ka re o tshwerwe ke setlhabi wa kgwa magala jaana? O tla mpotsa dipotso kwa gae e seng mo nageng.' Mosadimogolo a mo tshosetsa ka gore o ya go phunya tlhagale fa pele ga rraagwe fa a sa 10 mo arabe. Mokgethi a gopola bogale jwa ga Mogasi, mme a ikobela mmaagwe. Lekau la leka go ritela mafoko ka thitelo ga se thuse sepe. 'Setlhabi se nkokonela ka ntlha ya gago ngwanaka, se lobe sepe.' 'Mma, a o rata go kgomarolola lenala mo kgonopeng?' Ya nna jaaka e ka re o badile mmaagwe. Dithole a tsholola tsa mathe, a ikana ka Bakgatla fa a 15 ya go tlhalosa fa pele ga rraagwe. 'Ngwanaka ke go somaretse go tloga ka 1970 o sa ntse o bopega, o leitibolo la me e bile ke go rata go feta bomonnao. Se ntlisetse sego se se dutlang; le gona ke batla galase, e seng dilo tsa kgale.' 6.1.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Morwesi o ne a dira tiro ya … A go opela. B booki. C borutabana. D bokwaledi. (1) 6.1.2 Naya maina a batsadi ba ga Mokgethi. (2) 6.1.3 O ne o ka dira eng fa o ne o le Mokgethi, mme o tlhophelwa mosadi? (2) 6.1.4 Tlhalosa gore Dithole o ne a tshosetsa Mokgethi gore o tla dira eng gore a kgaogane le Lebogang. (1) 6.1.5 A go ne go siame gore Dithole a itshunyatshunye mo mererong ya lorato lwa ga Mokgethi le Lebogang? Tshegetsa ka lebaka. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 18 DBE/2018 SCE 6.1.6 Ke eng se se neng sa dira gore Mokgethi a kgomarele Morwesi morago ga go bontsha mmaagwe senepe sa gagwe? (2) 6.1.7 Morwesi le Lebogang ba farologana jang? (4) 6.1.8 Ke eng se se dirileng gore Mokgethi a iphitlhele a le kwa bookelong? (2) 6.1.9 O ithutile eng go tswa mo khutshweng e? (2) LE 6.2 'MOEPALEMENA O A BO A LE IKEPELA' – BM Ditlhokwe NOPOLO L Kerileng a tshwaragana le bothata ka diatla, a le mo bohutsaneng, Ketlhophile a taboga le Pulane, a sa tlhole a batla le go mmona mo a fetileng gone. Go itshupa fa a fetile ka ene mosetsana wa pheta ka pejana, a sa batle go utlwa sepe ka ena, ngwanyana a sa wele fatshe. A ja se ratwang ke pelo, a apara tsa tlhotlhwa. E le monwana le lenala, le le bogale bo fetang sa 5 magagane. A simolola go tlhoka boroko, go mo tlogela a mo robile leoto, mosadi a momonega jaaka letlhokwa le jewa ke masitlaoka ka go buela ruri ka pelo. E rile ʼtsatsi le le latelang, ke a bona o ne a re o isetsa mmaagwe mogodungwana, a fitlhela maloba e le maabane a fitlhela e le kgale motho a 10 sa bolo go tsidifala. A tlolaka go bitsa mme mongwe wa moagisani go tla go mo lebisa mmaagwe sentle. Ena yo o neng a sa bewe sebete, go twe ke wa e e motopo, wa mpa e tshetlha. E rile gore Ketlafenya a utlwele, a ntsha letsema go ya go siamisa tsa phitlho, a ya go reka kese ya ditšhelete, a ntsha dikgomo tse pedi, dinku tse tlhano. 15 A eme tlhogo, a ipotsa gore a ke ena Ketlafenya monna wa gagwe, rraagwe bana ba gagwe. 6.2.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Mmaagwe Kerileng e ne e le … A Mmadira. B Mmalemena. C Mmalenoko. D Mmalefu. (1) 6.2.2 Goreng mmaagwe Kerileng a ne a sa rate lenyalo la morwadie le Ketlafenya? (2) 6.2.3 Rre Groenewalt o thusitse Ketlafenya jang mo botshelong? (2) 6.2.4 Ke dilo dife tse PEDI tse Thusano a neng a sa di rate ka mosadi wa gagwe? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 19 DBE/2018 SCE 6.2.5 Go ya ka wena ke eng se se go lemosang fa ditiragalo tsa khutshwe e, di diragalela kwa magaeng? Neela di le PEDI fela. (2) 6.2.6 Nopola tiragalo go tswa mo khutshweng e, e e go lemosang fa Ketlafenya a ne a le pelontle. (2) 6.2.7 Go ne go diragetse eng gore Kerileng a feleletse a ile kwa ngakeng ya Mopedi? (2) 6.2.8 Tlhalosa ka boripana gore Kerileng o bolailwe ke eng. (2) 6.2.9 Thusano le Ketlafenya ba tshwana jang? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 20 DBE/2018 SCE KAROLO YA D: POKO Araba dipotso TSOTLHE mo karolong e. POTSO 7: MABOKO A SETSWANA – MK Mothoagae(Morulaganyi) 7.1 Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. Bosigo bo tsene – LD Raditladi 1 Mangana lotso loophage o tlhatlosa matlho le leswana, 2 Thatana e e ka fosang molomo o e kgorogela ka bonako, 3 Matlho ona ke sa bue, e lebile ka tsepamo ka ona, 4 Ka ona e tšamoletse ba ba kgorang tsa bona ka bonako. 5 Morwa molatlhwa-le-bowa o totile kgoro ka tlhoafalo, 6 Gore lerapo la ntlha le le latlhwang le kakatlelwe, 7 Ka meno a a kgekgeuthang lerapo ka mowa wa tlhoafalo, 8 Ka mowa wa tlhoafalo sejo sengwe le sengwe ga se tlogelwe. 9 Diphologolo le dinonyane tsa bosigo di a kalapa, 10 Di kalapela go itlamela le go tlamela bana ka dijo, 11 Tse di bonwang ka go nanara le gona go kalapa, 12 Di sa lebale gore le tsona bosigong di ka fetoga dijo. 13 Tshisibalo bosigo e remisa mooko marapong, 14 Tsotlhe dibatana le dinong di sesela ka tsholofelo, 15 Ya re gore tshetlha ya dikgwa e gosomane dilaong, 16 Gonne fa e puruma tsotlhe di felelwa ke tsholofelo. 7.1.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Lefoko mmetela le kaya eng go ya ka leboko le? A Bonnye B Bontsi C Bongwe D Boripa (1) 7.1.2 Ke sekapuo sefe se se dirisitsweng mo meleng 1 le 2? (2) 7.1.3 Ke ponagalo efe ya poko e e tlhagelelang mo meleng 3 le 4? (2) 7.1.4 Mosola wa ponagalo e o e neetseng mo go 7.1.3 ke ofe? (2) 7.1.5 Mmoki o kaya eng ka mela 9 le 10? (2) 7.1.6 Neela morumo wa temana 3. (2) 7.1.7 Neela mofuta wa morumo o o o neetseng mo go 7.1.6. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 21 DBE/2018 SCE 7.1.8 Fa o lebile goreng fa tshetlha ya dipoa e puruma, diphologolo di bo di felelwa ke tsholofelo? (2) 7.1.9 O ithutile eng go tswa mo lebokong le? (2) LE 7.2 Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. Motlhokagae – LD Raditladi 1 Ke tsamaile nosi jaaka lenong marung, 2 Ka gatagata lenaga ke sa le itse, 3 Ka bo ke dubaka mo bogorogorong. 4 Ke raletse le lefatshe ke sa le itse, 5 Ka tsena ka dithotana di le dintsi, 6 Mafelo nageng ka 'a ka a lalela jale, 7 Ka bo ke dirwa ke lenaga bogole. 8 Ke palame terena ya labotlhano, 9 Nna ka namela dilokose ka poelwa, 10 Ya matla ka nna, kgomo ya Makgoa ke fano. 11 Ke kgakalakgakala jaanong, ke a boelwa; 12 Le mamphephe mo diatleng tsa me a a gobelwa; 13 Fa lo ntshwara lo ka ditaya mogala, 14 Fo lo ka roma pitse yone e tla tlhaela. 15 Re, ke fetile le Sekolo sa Moeding. 16 Le Taemane nna ke mo potile ka kwa, 17 Ke le makgasana le ditlhale mmeding, 18 Le bata tsa borokgwe ke sa di rokwa, 19 E kete ruri ke Tau ka gagolakwa. 20 Ga ke sa tlhwa ke sekisiwa lesidi, 21 Ga ke sa tlhola ke amogela lefifi. 22 Fa dinaledi tsa godimo di ka nkgoa, 23 Mowa wa me wa goletsegela marung, 24 Mme wa tlogela mmele wa me o le mokoa, 25 Tsayang nama ya me lo ko lo e tsenye mmung, 26 Lo re: 'Yo legae o lo bonye mo losong, 27 O tshwana fela le moswela Tebele, 28 Ka moswela ga gabo ga a jewe mmele.' 7.2.1 Tlhopha karabo e e nepagetseng. Kgomo ya makgoa ke … A mmotorokara. B sefofane. C bese. D terena. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 22 DBE/2018 SCE 7.2.2 Mmoki o senola maikutlo afe mo lebokong le? (1) 7.2.3 Ke sekapuo sefe se se tlhagelelang moleng wa 1? (2) 7.2.4 Ke ka ntlha ya eng mmoki a re ba ba batlang go buisana le ena ba dirise mogala? (2) 7.2.5 Neela leina la sekapuo se se tlhagelelang mo moleng wa 19. (2) 7.2.6 Morero wa leboko ke ofe? (2) 7.2.7 Naya dilo di le PEDI tse di supang gore mmoki o ne a apere makgasa. (2) 7.2.8 Goreng mmoki a re mmokiwa o ne a gatagata lenaga a sa le itse? (2) 7.2.9 Neela ponagalo e e tlhagelelang mo meleng 20 le 21. (2) 7.2.10 A leboko le, ke la segompieno? Tshegetsa ka lebaka. (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA D: 35 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Verified matching documents

The question paper, memo or addendum that belongs with this document.

Published documents with matching subject and grade metadata.

Matched using subject, grade, language, document type and exam metadata.

More from Grade 12 Setswana Fal

Explore more published documents in this catalogue.

View all