You're offline
Skip to content
Memorandum

Setswana FAL P2 May June 2018 Memo hlayiso.com

Subject: Setswana FalGrade 1220189 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA BOBEDI (P2) 2018 MEMORANTAMO MADUO: 70 Memorantamo o, o na le ditsebe di le 9. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 2 DBE/2018 SCE – Memorantamo KAEDI YA GO TSHWAYA • Motlhatlhojwa o tshwanetse go araba dikarolo di le PEDI mo setlhangweng se le sengwe. • Fa motlhatlhojwa a neetse dikarabo di le pedi, go tshwaiwe ya ntlha ya bobedi e ikgatholosiwe le fa e nepagetse. • Fa dinomoro tsa dikarabo di sa kwalwa sentle, memorantamo o tshwanetse go latelwa. • Fa phoso ya mopeleto e fetola bokao, se e abele maduo. Fa phoso ya mopeleto e sa fetole bokao e abele maduo. • Fa motlhatlhojwa a sa dirisa ditsejwana fa a nopola, se mo time maduo. • Se abele EE/NNYAYA kgotsa TUMELO/KGANETSO maduo. Lebaka/Tshegetso ke tsona fela tse di tshwanetseng go tsewa tsia. • Se abele NNETE/FOSAGETSE kgotsa NTLHA/KAKANYO maduo. Lebaka/ Tshegetso ke tsona fela tse di tshwanetseng go tsewa tsia. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 3 DBE/2018 SCE – Memorantamo KAROLO YA A: PADI POTSO 1: MORABARABA – SJ Lebethe 1.1 1.1.1 B/Mmakgosi (1) 1.1.2 Booki (1) 1.1.3 Ntlo (1) mmotorokara/koloi/sejanaga (1) 1.1.4 Terena ya boNtshimane e ne ya thulana le ya dithoto fa ba ne ba ya Thekong. (2) 1.1.5 Ntshimane o tlhokafetse mo kotsing ya terena, Mpute le Bontle ba tlhokafetse mo kotsing ya sejanaga. (2) 1.1.6 -Ka gonne Mmemme o ne a bonwe ke mosimane mongwe kwa Tshwane. (2) -Ka gonne Ntshetsana o ne a iponetswe ke lekau lengwe le le dirang kwa Rosslyn. (2) 1.1.7 Ee, ke ka foo a neng a batla go senya lorato lwa ga Ntshimane le Morwesi. (2) 1.1.8 Ke ithutile gore tsala ga e tshepagale. (2) 1.1.9 E ne e re fa Ntshimane a tsile kwa go Morwesi a bo a ba fa nako ya go nna ba le bosi. (2) 1.2 1.2.1 B/Rraagwe o ne a fuduseditswe kwa teng. (1) 1.2.2 Mmule (1) 1.2.3 O ne a utlwa botlhoko. (1) 1.2.4 Mpute o ne a bolelela Mmule maaka ka ga Ntshimane. (2) 1.2.5 O ne a mo gakolola gore a laletse Morwesi go tla moletlong wa gagwe wa matsalo. (2) 1.2.6 O ne a na le seriti/botho/a sa rate ntwa/a le metlae e bile a ratwa ke basetsana. (2) 1.2.7 Go ima ga Morwesi. (2) 1.2.8 Go nwa bojalwa (1) Go goga motsoko. (1) 1.2.9 Ke ntlha, fa ba tswa kwa Lakasanta Peter o ne a nwa gore a palelwe ke go kgweetsa. (2) 1.2.10 Ke maaka a Mmakgosi a gore Ntshimane o ratana le Bontle. (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 4 DBE/2018 SCE – Memorantamo POTSO 2: BOGOSI KUPE – DPS Monyaise 2.1 2.1.1 C/Sefatlhane (1) 2.1.2 Modimoeng le Obakeng. (2) 2.1.3 Menolopuso/Go thopiwa ga kgosi. (2) 2.1.4 Ba ne ba ikutlwa ba tenegile/ba ne ba šakgala. (1) 2.1.5 Ba kgaogantswe ke loso. (2) 2.1.6 Ka ntlha ya gore o ne a batla gore a fitlhiwe ka bonako. (2) 2.1.7 -Modimoeng o ne a falotsha Kgosi mo matsogong a dira le fa tota a ne a sa ratege mo motseng. (2) -Modimoeng o ne a sa batle gore Obakeng a nne sebaka se seleele a sa bone mmaagwe. (2) 2.1.8 Modimoeng, ka gonne e ne e re a utlwa go umakiwa leina la gagwe, a tsogelwe ke maikutlo a lorato. (2) 2.1.9 Ee, Modimoeng o ne a boa a kopana le Obakeng le Matlhodi morago ga lobaka lo loleele ba kgaogane, mme ba tshela mmogo monate jaaka monna le mosadi/ba lelapa. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko.) (2) 2.2 2.2.1 A/Masomeamabedi/20 (1) 2.2.2 Matlhodi o ne a tshwanetse go tlhalosetsa Obakeng gore rraagwe totatota ke Modimoeng. (2) 2.2.3 Ke ntlha, Obakeng o ne a ya go nna le Modimoeng kwa dikgageng a sa mo itse. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko.) (2) 2.2.4 Obakeng o kopane le Modimoeng a tswa go rekisa mekodue ya kwa gaabo kwa fantising. (2) 2.2.5 Modimoeng o ne a goletse kwa godimo/a le matlhamutlhamu/a tshwanologile le batho. (Dikarabo di le PEDI fela.) (2) 2.2.6 Modimoeng le Matlhodi fa ba kopana morago ga sebaka se seleele ba ne ba tsweledisa lorato lwa bona pele. (2) 2.2.7 Mmaagwe Matlhodi o ne a leleka Modimoeng gonne a ne a sa rate tshobotsi ya gagwe. (2) 2.2.8 Modimoeng o ne a thusa kgosi fa e ne e thopiwa, mme a amogelwa gape mo Phiritona/Loso lwa ga Oshupile lo ne lwa dira gore a kgone go boelana le Matlhodi. (2) 2.2.9 Botshelo bo ne ba nna bokete gonne mekodue e sa kgone go lema/Matlhodi o ne a jewa ke bodutu gonne Obakeng o ne a nna kwa nageng le Modimoeng. (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 5 DBE/2018 SCE – Memorantamo POTSO 3: BODIBENG JWA MATLHOMOLA – DS Matjila 3.1 3.1.1 A/FMP (1) 3.1.2 Mankweng (1) 3.1.3 - Go bolawa ga mosimane kwa Tintis Supermarket. (2) - Go thuntshiwa ga mosadimogolo wa merapelo. (2) 3.1.4 Gonne e ne e le balwelakgololosego. (1) 3.1.5 O ne a sa batle go tlogela ntlo ya gagwe e ntle. (2) 3.1.6 Ba ne ba tlhasetswe ke mapodisi. (2) 3.1.7 - Ke fa Dimpho a ne a wela mo bodibeng. (2) - Odirile a thuntshiwa ke mapodisi. (2) 3.1.8 Gabasiane (1) 3.1.9 Go ne go kwadilwe gore di tswa kwa Kapa. (2) 3.1.10 Lancaster (1) 3.2 3.2.1 C/Modutlwe (1) 3.2.2 Lesotho (1) 3.2.3 Ka gonne mmaagwe o ne a lwala. (1) 3.2.4 Ke ka ntlha ya gore masole a Aforikaborwa a ne a tlhasetse ba malapa a diGerilla ba ba neng ba tshabetse kwa Botswana. (2) 3.2.5 - O ne a thuntshiwa ke mapodisi. (1) - A tshwarwa. (1) 3.2.6 Tsitsi o ne a sa itumela. (1) 3.2.7 Ka gonne ba ne ba sa tshepe batswantle/ba ne ba batla go sireletsa naga ya bona. (2) 3.2.8 Ee, gonne ba ga Letlamoreng ba ne ba tshela sentle, Dimpho le bana ba gagaabo ba ne ba kgona go ya sekolong gape. Nnyaya, gonne mokwadi ga a dira gore balwelakgololosego ba kgone go boela kwa Aforikaborwa go ja maungo a kgaratlho ya bona. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko.) (2) 3.2.9 O ne a ba tshabisa ka sejanaga ka go ba isa kwa dithekesing tse di yang Botswana. (2) 3.1.10 Batho ba kwa Mochudi ba ne ba sa tshwanela go bona gore ga ba tshwane le bona/ba se ke ba lemogiwa gore ga se batho ba kwa Mochudi. (2) [35] PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 6 DBE/2018 SCE – Memorantamo KAROLO YA B: TERAMA MOLATSWANA WA GAETSHO – DMG Sekeleko POTSO 4: 'BA TLA NKITSE' – ES Lekalakala 4.1 4.1.1 C/Ramarumo. (1) 4.1.2 Gore ba kgone go nyalana le go ja boswa jwa gagwe mmogo. (2) 4.1.3 Gore Boipelo a se ke a nyalwa go fitlhela a ya badimong. (2) 4.1.4 Ranko (1) Mokgadi (1) 4.1.5 Ke fa a ne a ithaya a re Ramarumo o mo tlogeletse madi le dithoto, mme a sa itse maemo a tshupaboswa. (2) 4.1.6 Ke ne ke tla leka go kopa dikgakololo mo bagolong ba bangwe/ Ke ne ke tla leka go mo aga. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko.) (2) 4.1.7 O begetswe ke sajene Tau. (2) 4.1.8 Ka gonne Ramarumo a se na ba gagaabo ba ba tla lwelang boswa le ena. (2) 4.1.9 Ba ne ba isiwa kwa kgolegelong/Ba tswalelwa kwa kgolegelong. (2) 4.2 4.2.1 C/Hammanskraal (1) 4.2.2 Boipelo o ne a sa itshola sentle morago ga loso lwa monna wa gagwe, mme a sa batle go tsaya dikgakololo tsa ga Moratwe. (2) 4.2.3 Ke tsala ya nnete. (1) 4.2.4 Maemo a kwa godimo. (1) 4.2.5 Nnyaya, bojalwa bo ne ba diga seriti sa ga Boipelo. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko.) (2) 4.2.6 Ke go lemoga fa Boipelo a se boikanyego mo go ena. (2) 4.2.7 Motswedi o ne a simolola go tshamekela kwa ga Ramarumo/ Motswedi o ne a apara diaparo tse di turang, mme a sa dire. (2) 4.2.8 Ramarumo (1) 4.2.9 Ka gonne a se na dikgakololo tse di siameng, e bile ke senwamadi. (2) 4.2.10 Motho a ka go bolaya a ntse a nna le wena/Go nna megagaru go a bolaisa/Menomasweu polaya e tshega. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) (2) 4.2.11 Moratwe o ne a loma sajene Tau tsebe gore o utlwile Boipelo le Motswedi ba umaka gore ke bona ba ba bolaileng Ramarumo. (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 7 DBE/2018 SCE – Memorantamo POTSO 5: O LAETSE JALO – KS Naledi 5.1 5.1.1 B/Rantweetwee (1) 5.1.2 Ya gore Moeti o ratana le Matoko. (2) 5.1.3 A bontsha e le motho yo o se nang tlotlo mo mosading wa gagwe ka gonne a bua le ena jaaka ngwana. (2) 5.1.4 O ne a batla go bolaya ngwana wa ga Matoko. (2) 5.1.5 Ke ka gonne rraagwe a ne a tlogetse testamente e e mo laelang go mmoloka. (2) 5.1.6 Ditantanyane/khujwane/mogato wa ngwana le nku. (Di le PEDI fela.) (2) 5.1.7 O tlile a lapile go tswa kwa gagwe, fa a fitlha kwa morakeng o ne a robala ka ntlha ya letsapa, mme a se tlhole a tsoga. (2) 5.1.8 Nnyaya, ga e a mo tswela mosola ka ntlha ya gore Moeti o ne a tatamala a gana go tlogela Matoko. (2) 5.1.9 Ke bothata jwa gore monna wa gagwe a bolokelwe kwa ga Matoko. (2) 5.2 5.2.1 B/Masomeamatlhano/50 (1) 5.2.2 Radikolong (1) Mojabeng (1) Tsheko (A le MABEDi fela.) 5.2.3 Ke ka gore a re bana ba gagwe ba tla loba lefa la bona. (2) 5.2.4 O matlho mantsi/O rata basadi/Ga a rate lelapa la gagwe. (1) 5.2.5 Lenyalo (2) 5.2.6 Ee, ka gonne dilo di ne tsa diragala ka molao, mme botlhe ba kgonne go bona ditshwanelo tsa bona jaaka Moeti a ne a laetse. (2) 5.2.7 O ne a batla gore Mojalefa a bone bontlhabongwe jwa leruo la gagwe. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko.) 5.2.8 O ne a begelwa ke Ntukelele. (2) 5.2.9 Ba ne ba idibala. (2) 5.2.10 Ke ithutile gore ke ngwana yo o kelotlhoko. (2) [35] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 8 DBE/2018 SCE – Memorantamo KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE POTSO 6: NGATANA YA LEHUMO – KM Mbonani le ba bangwe 6.1 'LENYALO KE KGETSE YA LESOGODI' – MI Siko 6.1.1 C/Borutabana (1) 6.1.2 Mogasi (1) Dithole (1) 6.1.3 Ke ne ke ka se dumalane le tshwetso eo. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) 6.1.4 O ne a mo tshosetsa ka gore o tla bolelela rraagwe. (1) 6.1.5 Nnyaya, Mokgethi o ne a tshwanetse go itseela ditshwetso ka boena ka gonne ka moso fa dilo tsa gagwe di sa mo tsamaele sentle o ne a tla lela ka ena. Ee, o ne a tshwanetse go mo gakolola jaaka motsadi. (2) 6.1.6 Gonne a lemogile gore ke ena yo mmaagwe a mo ratang. (2) 6.1.7 Lebogang – o lorato gonne o ne a rata Mokgethi ka pelo yotlhe ya gagwe. (2) Morwesi – ga a na lorato lwa nnete gonne o ratana le Terry ntswa a nyetswe. (2) 6.1.8 Sejanaga sa gagwe se thulane le setimela. (2) 6.1.9 Ke ithutile gore fa o le motsadi o se tseele ngwana ditshwetso/ Ke ithutile gore bontle bo na le dibelebejane. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko.) (2) 6.2 'MOEPALEMENA O A BO A LE IKEPELA' – BM Ditlhokwe 6.2.1 B/Mmalemena (1) 6.2.2 Ke ka ntlha ya gore Ketlafenya e ne e le modidi, ka jalo o ne a sa mo ratele morwadie. (2) 6.2.3 O ne a mo naya tiro/O ne a mo tlogelela dithoto le leruo lotlhe lwa gagwe. (2) 6.2.4 Go sotla badiri ba gagwe le go itshunyatshunya mo lenyalong la ngwana wa gagwe. (2) 6.2.5 Go a rwalelwa, go a lengwa e bile go na le meraka. (2) (Di le pedi fela) 6.2.6 O bolokile mmaagwe Kerileng le fa a ne a mo nyatsa. (2) 6.2.7 O bone Ketlhophile a setse a taboga le Pulane. (2) 6.2.8 O bolailwe ke go lemolola mpa/O tlhatlhegile melemo, mme a nwa ka bikiri e tletse, mme ka go tlhoka lesego ngwana a tshwarana le mala a bo a tlhokafala. (2) 6.2.8 Boobabedi ba ne ba le botho. (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 9 DBE/2018 SCE – Memorantamo KAROLO YA D: POKO POTSO 7: MABOKO A SETSWANA – MK Mothoagae (Morulaganyi) 7.1 'BOSIGO BO TSENE'– SF Motlhake 7.1.1 B/Bontsi (1) 7.1.2 Mothofatso (2) 7.1.3 Neeletsano (2) 7.1.4 Ke go gatelela tebo/pono/bokao. (2) 7.1.5 Diphologolo le dinonyane di tletsetsetse di ipatlela le go batlela bana ba tsona dijo. (2) 7.1.6 abab (2) 7.1.7 Morumo o o tlolaganyang. (2) 7.1.8 Ke ka gonne di itse fa e tlile go di bolaya. (2) 7.1.9 Bontsi jwa diphologolo di sela dijo bosigo. (2) 7.2 'MOTLHOKAGAE' – LD Raditladi' 7.2.1 D/Terena (1) 7.2.2 Maikutlo a kutlobotlhoko. (1) 7.2.3 Tshwantshanyo (2) 7.2.4 O ne a le kgakala le legae la gagwe. (2) 7.2.5 Tshwantshiso (2) 7.2.6 Motho yo o se nang legae. (2) 7.2.7 Ke le makgasana le ditlhale mmeding. (1) Le bata tsa borokgwe ke sa di rokwa. (1) 7.2.8 Ka gonne a ne a sa itse kwa a yang kwa teng. (2) 7.2.9 Tlhatlagano (2) 7.2.10 Ee, le kgaogantswe ka ditemana/Puo e a tlhaloganyega/Le boka sengwe le sengwe. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko.) (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA D: 35 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Verified matching documents

The question paper, memo or addendum that belongs with this document.

Published documents with matching subject and grade metadata.

Matched using subject, grade, language, document type and exam metadata.

More from Grade 12 Setswana Fal

Explore more published documents in this catalogue.

View all