You're offline
Skip to content
Memorandum

Setswana FAL P2 Nov 2018 FINAL Memo hlayiso.com . hlayiso.com

Subject: Setswana FalGrade 12201811 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA BOBEDI (P2) NGWANAITSEELE 2018 KAEDI YA GO TSHWAYA MADUO: 70 Kaedi e ya go tshwaya e na le ditsebe di le 11. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 2 DBE/Ngwanaitseele 2018 NSC – Kaedi ya go tshwaya KAEDI YA GO TSHWAYA  Motlhatlhojwa o tshwanetse go araba dikarolo di le PEDI mo setlhangweng se le sengwe.  Fa motlhatlhojwa a neetse dikarabo di le pedi, go tshwaiwe ya ntlha ya bobedi e ikgatholosiwe le fa e nepagetse.  Fa dinomoro tsa dikarabo di sa kwalwa sentle, memorantamo o tshwanetse go latelwa.  Fa phoso ya mopeleto e fetola bokao, se e abele maduo. Fa phoso ya mopeleto e sa fetole bokao e abele maduo.  Fa motlhatlhojwa a sa dirisa ditsejwana fa a nopola, se mo time maduo.  Se abele EE/NNYAYA kgotsa TUMELO/KGANETSO maduo. Lebaka/Tshegetso ke tsona fela tse di tshwanetseng go tsewa tsia.  Se abele NNETE/FOSAGETSE kgotsa NTLHA/KAKANYO maduo. Lebaka/Tshegetso ke tsona fela tse di tshwanetseng go tsewa tsia. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 3 DBE/Ngwanaitseele 2018 NSC – Kaedi ya go tshwaya KAROLO YA A: PADI POTSO 1: MORABARABA – SJ Lebethe 1.1 1.1.1 A/Khwadubeng. (1) 1.1.2 O ne a batla go ratana le ena. (2) 1.1.3 O ne a se na motho yo a mo ntshang bodutu gonne Morwesi a se teng. (2) 1.1.4 Nnyaya, ga ya nna mofenyi ka gore Ntshimane ga a ka a mo nyala. (2) 1.1.5 Ke go bona Mpute a itshietse e bile a rarana loleme. (2) 1.1.6 Morwesi le Mmule. (2) 1.1.7 Go tlhodile kgotlhang/go sentse lorato lwa bona. (1) 1.1.8 Ke ne ke tla buisana le ena go utlwa letlhakore la gagwe, mme re tle ka tharabololo ya kgang e/Ke ne ke tla batlisisa bonnete jwa kgang e ke e utlwang, mme ka bo ke buisana le ena. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) 1.1.9 O ne a sa batle go ya moletlong wa ga Ntshimane e bile o ne a ikemiseditse go utlwisa Ntshimane botlhoko. (2) 1.1.10 Nnyaya, Mpute o ne a rata basetsana le go tshameka ka bona, fa Ntshimane a ne a ratiwa ke basetsana ka ntlha ya go rata metlae ga gagwe. (2) 1.2 1.2.1 B/Ntwane (1) 1.2.2 Ntshimane o botho/seriti – Ga a emelelane le Mpute ntswa a itse gore o mo tseela lekgarebe. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) 1.2.3 Nnyaya, gonne o gatikela ditshwanelo tsa bona le go utlwisa maikutlo a bona botlhoko/A ka ba tlholela malwetse a thobalano/ a ka ba lwesa. (2) 1.2.4 O ne a thusa Morwesi go lemolola mpa ya ga Ntshimane. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) 1.2.5 O ne a batla go naya Morwesi le Ntshimane nako ya gore ba laelane sentle. (2) 1.2.6 O ne a rata go mo senya leina mo makgarebeng a gagwe. (2) 1.2.7 O ile a imisiwa ke Mpute. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 4 DBE/Ngwanaitseele 2018 NSC – Kaedi ya go tshwaya 1.2.8 Ke ne ke tla buisana le ena ke mo lemosa fa ke sa itumelele seo/Ke ne ke tla kgaogana le lekgarebe go efoga kgotlhang. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) (2) 1.2.9 O lerato, o adima Ntshimane mmotorokara go intsha le ditsala tsa gagwe. (2) [35] POTSO 2: BOGOSI KUPE – DPS Monyaise 2.1 2.1.1 C/Dithabeng tsa Phiritona. (1) 2.1.2 Sefatlhane (1) 2.1.3 Serokolo (1) 2.1.4 Phiritona (1) 2.1.5 E ne e se Mokwena. (2) 2.1.6 Ke fa a ne a potologa motse ka moratho wa dikgomo. (2) 2.1.7 Tsela ya moraka wa ga Tukisang. (2) 2.1.8 O ne a iketse badimong. (2) 2.1.9 Ee, Motlhoiwa o ne a mo lomile tsebe. (2) 2.1.10 Ba ne ba mo katetse dikatana mo ganong. (2) 2.1.11 Ba latlhetse Sajene ka tlhogo mo seretseng. (2) 2.2 2.2.1 D/Moremi. (1) 2.2.2 Go timela ga bana ba ga Tukisang. (1) 2.2.3 Matlhodi (1) 2.2.4 Modisa o ne a robetse gonne a ne a itshietse. (2) 2.2.5 Dikgomo tsa kwa gaabo Obakeng e ne e le mekodue e e sa kgoneng go lema. (2) 2.2.6 O ne a timetsa motlhala wa dikgomo ka go goga letlhaku. (2) 2.2.7 Motlhoiwa o ne a tlile le banna ba lekgotla kwa dikgageng ke fa a kopana le Obakeng le Modimoeng. (2) 2.2.8 Nnyaya, o di utswitse gonne o ne a di gapa ntswa e se tsa gagwe. (2) 2.2.9 Ba ne ba latlhela Obakeng mo molapong o o tletseng metsi. (2) Yo mmotlana o ne a bula tlhogo ya ga Obakeng ka bothale. (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 5 DBE/Ngwanaitseele 2018 NSC – Kaedi ya go tshwaya POTSO 3: BODIBENG JWA MATLHOMOLA – DS Matjila 3.1.1 A/Botswana (1) 3.1.2 Yunibesithi ya Lancaster. (1) 3.1.3 Maitumelo (1) 3.1.4 Ka gonne e tshwana le tshukudu ka popego. (2) 3.1.5 Segatlhamelamasisi - o ne a kgona go emelana le botshelo jwa dipolotiki. Ke senatla - o dula a phepafatsa ntlo le go apeela balosika. O bofitlha - o kgonne go nna ka sephiri sa diGerilla go fitlhela ba fudugela kwa Botswana/o ne a tshwere sephiri sa botshelo jwa monna wa gagwe jwa dipolotiki. (Di le pedi fela) (2 x 2) (4) 3.1.6 O ne a utlwile botlhoko, mme a fitlha a bolelela mmaagwe ka se a se boneng. (2) 3.1.7 Nnyaya, o ne a leka go sireletsa Tsitsi le bana ba ngwana wa gagwe gore ba se bolawe ke mapodisi. (2) 3.1.8 Ke tlhaolele/kgethololo/polotiki. (2) 3.1.9 O ne a tlwaetse go tlhagola phuphu gangwe ka kgwedi le go baya dithunya. (2) 3.2 3.2.1 C/Modutle (1) 3.2.2 Bakwena le Kagiso. (2) 3.2.3 O ne a thuntshitswe ke mapodisi/batsomi ba diGerilla. (2) 3.2.4 Ee, Letlamoreng ke mogoloe Modisaotsile/ke bana ba motho. (2) 3.2.5 Letlamoreng, gonne ditiragalo tsa padi di ikaegile ka ena. (2) 3.2.6 Ke fa ba ne ba tlhasetswe ke masole/mapodisi. (2) 3.2.7 Ke go rata AK-47 le botshelo jwa go nna Gerilla. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) (1) 3.2.8 Ee, gonne fa mapodisi a ne a mmotsolotsa dipotso ga a ka a tshoga le go latlhegelwa ke dikarabo/O ne a kgona go emelelana le mathata a ba neng ba rakana nao kwa mafelong otlhe a ba neng ba tshabela kwa go ona. (2) 3.2.9 Ba ne ba mmatla ka gonne e le mongwe wa mokgatlho wa diGerilla/Ka gonne e ne e le mongwe wa balwelakgololosego. (2) 3.2.10 Nnyaya, se ne se sa siama gonne se ne se bontsha kgatako ya ditshwanelo tsa botho/Kgatako ya kgololosego ya dipolotiki. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) (2) [35] PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 6 DBE/Ngwanaitseele 2018 NSC – Kaedi ya go tshwaya KAROLO YA B: TERAMA MOLATSWANA WA GAETSHO – DMG Sekeleko POTSO 4: 'MOSIMANE WA SANKATANE' – DM Mothibi 4.1 4.1.1 C/Mogane. (1) 4.1.2 Gore morafe ga o a lebogela mabele a mantsi a o a robileng. (2) 4.1.3 O ne a bona fa e le ena fela a ka ba tlhagang thuso. (2) 4.1.4 Go ne go twe ke bona ba ba bolaileng Senanapo morwadia kgosi. (2) 4.1.5 O ne a mediwa ke kgodumodumo. (2) 4.1.6 Yo o lenyatso, o ne a bua le kgosi jaaka a rata. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko. 4.1.7 O ne a iphitlhile mo khuting. (2) 4.1.8 Nnyaya, kgosi e ka bo e dirile fela moletlo wa tebogo go sireletsa morafe/kgosi e paletswe ke go dira moletlo wa tebogo go sireletsa morafe. (2) 4.1.9 Ke ithutile gore sengwe le sengwe se o se newang o tshwanetse go se lebogela/Ke ithutile gore motho le fa a le monnye jaaka Sankatane ka dinako dingwe e ka nna ena a go ntshang mo mathateng. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) (2) 4.2 4.2.1 C/Lerumo (1) 4.2.2 O ne a tshaba gore le ena e ka tloga ya mo metsa. (2) 4.2.3 O ne a tswa a ya go selasela dijo gangwe le gape. (2) 4.2.4 Nnyaya, gonne ba mediwa ke kgodumodumo dingwagangwaga, mme ba tswa ba sa ntse ba tshela morago ga dingwaga tseo/ Mosadi wa moimana a ka se nne mo khuting a ba a tsholela ngwana mo go yona. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) (2) 4.2.5 Ke gore o ne a batla go ntsha rraagwe mo mpeng ya kgodumodumo. (2) 4.2.6 Phoka/Rraagwe dikgosi le dikgosana tsa Phokeng. (1) 4.2.7 Ka go mo dira kgosi ya ona. (2) 4.2.8 Nnyaya, ke go bontsha fa morafe o nyatsa kgosi. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) 4.2.9 Ke fa kgosi e retelelwa ke go sireletsa morafe kgatlhanong le go jewa ke kgodumodumo. (2) 4.2.10 Bogosi (2) [35] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 7 DBE/Ngwanaitseele 2018 NSC – Kaedi ya go tshwaya POTSO 5: 'O LAETSE JALO' – KS Naledi 5.1 5.1.1 B/Pholo (1) 5.1.2 Ba le bararo. (1) 5.1.3 Matoko (1) 5.1.4 Lonatong (1) 5.1.5 O ne a tlhokafala. (2) 5.1.6 O ne a sa batle gore bana ba gagwe ba feleletse ba sa bone boswa jwa bona/Gonne e ne e le ena mosadi wa molao wa ga Moeti. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) 5.1.7 Ka go ya kwa go ramolao yo a neng a kwaletse Moeti testamente. (2) 5.1.8 O ne a re ka setso sa gaabo ga a newe seatla. (2) 5.1.9 Tsa gore ngwana wa ga Matoko/Mojalefa o a lwala. (2) 5.1.10 Nnyaya, gonne e ne e le rralapa ka jalo o ne a tshwanetse go bolokelwa kwa ga gagwe ka a ne a sa nyala Matoko semmuso. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) 5.1.11 Nnyaya, ke ne ke ka se dumele gonne re tsere kano ya lenyalo gore re tla tshegetsana mo monateng le mo bosuleng/Ga go supe lorato lwa nnete. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) 5.2 5.2.1 A/Mmueledi mo kgaolong ya Madikwe. (1) 5.2.2 O ne a batla go ipala mabala a kgaka. (2) 5.2.3 Nnyaya, gonne Moeti o ne a sa tlotle Lentuwane a mo omanya le go bua le ena jaaka a batla fa pele ga Keleepile/Moeti o ne a sa mo dira mojaboswa wa gagwe/A sa batle gore a mmoloke fa a tlhokafetse. (2) 5.2.4 Nnyaya, gonne kwa bofelong se se neng se kwadilwe mo testamenteng e ne ya nna sona se se tsewang/Pholo ga a ka a boela kwa go Lentuwane. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) 5.2.5 Lentuwane o ne a mo tshelela more o a neng a o bone go tswa mo ngakeng ya gagwe. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 8 DBE/Ngwanaitseele 2018 NSC – Kaedi ya go tshwaya 5.2.6 E rile Lentuwane a atamela lebitla, matlho a pelekana, a nyemetlhana a bo a idibala. Matoko ena o kgonne go tshela lorojana la mmu, mme fa a retologa le ena dipone tsa tima. (2) 5.2.7 A tšhakgalo/tenego - gore dithoto tsa bana ba gagwe di phatlhaladiwa a lebeletse. (2) 5.2.8 O bolotsana – ga a ka a bolelela Lentuwane gore o batla go nyala lefufa. (2) Ga a na lerato – O ne a ikgatholosa go aroganyetsa bana botlhe boswa ka go lekana. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) [35] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 9 DBE/Ngwanaitseele 2018 NSC – Kaedi ya go tshwaya KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE POTSO 6: NGATANA YA LEHUMO – KM Mbonani le ba bangwe 6.1 'LEINA LA NGWANA' – PJ Mathibe 6.1 6.1.1 C/Ngwana wa ntlha e nna wa morago. (1) 6.1.2 Karabo/Refilwe/Boitumelo/Thapelo/Kokeletso/Gontse (2) (A le mabedi fela) 6.1.3 Gore go nne bonolo go itse gore ke ngwana wa ga mang/Go nne bonolo go mmatlisisa mo tshikeng. (2) 6.1.4 Ke ka ntlha ya tlhakatlhakano ya merafe e e setseng e rena mo mafatsheng a rona gompieno. (2) 6.1.5 Go tila mathata a a ka tlang ka ntlha ya leina/Go tsweletsa kgolagano ya losika. (2) 6.1.6 Go tlhalosa le go tshola kgolagano magareng ga malapa a le mabedi. (2) 6.1.7 Nnyaya, gonne ka dinako dingwe, ngwana a ka tloga a tsaya mekgwa ya yo a reeletsweng ka ena. Ee, go direla gore tshika e se ke ya kgaoga, ngwana a kgone go itsiwe ka bonako gore ke wa ga mang. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) 6.1.8 Batsadi (1) 6.1.9 Ka go a kgatlhegela/ka go a rata. (2) 6.1.10 Ke ithutile gore go neela ngwana leina go na le bokao jo bogolo/Gore ngwana ga a neelwe leina fela gonne ka dinako dingwe le ka mo tlisetsa mathata. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) (2) 6.2 'MOGATSAKA O TLA NKGOPOLA' – BM Ditlhokwe 6.2 6.2.1 B/Mokaedimogolo (1) 6.2.2 Van Wyk (1) 6.2.3 Gore a kgone go nna le Ditshebo ntle le kgoreletso. (2) 6.2.4 O ne a itse go tswa mo torong ya gagwe gore Tatlhego ga a itire. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 10 DBE/Ngwanaitseele 2018 NSC – Kaedi ya go tshwaya 6.2.5 Nnyaya, Ditshebo le mmaagwe ba ne ba dirisitse ditswammung go gapa Tatlhego. (2) 6.2.6 Mmatotlhanyo le Bafedile. (2) 6.2.7 Morago ga go isa Tatlhego kwa go nkadingala o ne a fola a boela tirong, a bo a boelana le Mmadira. (2) 6.2.8 Ee, a ne a fetoga nnete gonne o feleleditse a sela dipampiri e bile a nwa bobe. (2) 6.2.9 Ke ithutile gore motho le fa a go foseditse o mo itshwarele. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) 6.2.10 Ka gonne o ne a nyetse. (1) PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 11 DBE/Ngwanaitseele 2018 NSC – Kaedi ya go tshwaya KAROLO YA D: POKO POTSO 7: MABOKO A SETSWANA – MK Mothoagae (Morulaganyi) 'Ntwa ya 1939–45' – LD Raditladi 7.1 7.1.1 C/Thataro (1) 7.1.2 Ntwa e e neng e runtse/ntwa. (1) 7.1.3 Neeletsano. (2) 7.1.4 A kutlobotlhoko, gonne go ne go bolawa batho. (2) 7.1.5 Ba ne ba ikana, ka gonne ba ne ba sa batle go tseelwa lefatshe la bona/Ba ne ba ikana. (2) 7.1.6 Ababcc (2) 7.1.7 La magareng, le kgaogantswe ka ditemana, le na le morumo. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) (2) 7.1.8 Go tshwantshisa mokgwa o Majeremane a neng a bolaya batho ka teng o ka re maruarua a ja batho. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) (2) 7.1.9 Leruuruu la marumo le dikanono. (2) 7.1.10 Ba ikuela mokgosi kwa Amerika le Aforika go thusiwa. (2) 7.2 'Bosigo bo tsene' – TM Serobatse 7.2.1 C/Ntšwa (1) 7.2.2 Pheteletso (2) 7.2.3 Batho ba tlile gae ka bontsi. (2) 7.2.4 Neeletsano (2) 7.2.5 Gore lerapo la ntlha le le latlhwang a le kakatlele. (2) 7.2.6 Go itlamela le go tlamela bana ka dijo. (2) 7.2.7 Go amogetsana magang le go itekodisana sentle. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) 7.2.8 Re tshwanetse go ithuta gore re fe diruiwa tsa rona dijo ka di re tlhokomela. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) (2) 7.2.9 Ya gore di tla bona dijo. (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA D: 35 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Verified matching documents

The question paper, memo or addendum that belongs with this document.

Published documents with matching subject and grade metadata.

Matched using subject, grade, language, document type and exam metadata.

More from Grade 12 Setswana Fal

Explore more published documents in this catalogue.

View all