Skip to content

Setswana FAL Grade 12 P1 NSC November 2019 Question Paper

Question paperSetswana FALGrade 12201911 pages

Grade 12 Setswana FAL Paper 1 question paper from the NSC November Exam 2019, 11 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

NSC November Exam 2019

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) NGWANAITSEELE 2019 MADUO: 80 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 11. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 2 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO e leng A, B le C. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (40) 2. Araba dipotso TSOTLHE. 3. Simolola karolo NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 4. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. 5. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 6. Tlogela mola mo magareng ga dikarabo tsa gago. 7. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 8. Nako e e tshitshinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 20 KAROLO YA C: Metsotso e le 50 9. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 3 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA A 1 Rre Mogaetsho o ne a supetsa Kedigoletse fa ba thubileng teng. E rile fa Kedigoletse a bona mokgwa o go butsweng lebati ka ona, a mo itsise gore batho ba ba thubileng foo, sediriswa se ba neng ba se dirisa se tshwana fela le se ba butseng ka sona kwa sekolong. Basimane ba, go bontsha ba ne ba dirisa kepu go robakanya ditshipi tsa disireletsamabati 5 le matlhabaphefo. Fa ba se na go robakanya jaana, ba bo ba dirisa sekurufuteraeba se se thata go tšhwetlelela konotswana ya lobati ba bo ba bula lobati kwa ntle ga go roba matshwaro a lona. E le mokgwa o ba bulang mabati ka ona. 2 Makolwane a ga Gasenna ba na le ntlo ya letlotla kwa ba beelang teng 10 thoto e ba e utswang mo mabenkeleng. Morago ga go utlwa kgang e, ya go thuba ga bona kwa lebenkeleng la ga Mogaetsho, maphodisa a tsaya yo mongwe wa bona go ya go sukolola diphatlho. Maphodisa a fitlhela letlotla le tletse ka thoto tsa lebenkele. Le fetogile bobeelo jwa dithoto. 3 Maphodisa ka a sa palelwe ke go gonya nnete, ba kabolola mosimane 15 ditshoka gore a bo a nne a tswe ka nnete gore ba kgonne jang go rwala thoto e kanakana. Mosimane a thathologa ka yona. 'Ke ne ke se esi. Ke ne ke na le Sparks. Ke ena a neng a re bolelela gore re dire eng fa re tsena kwa lebenkeleng la ga rre Mogaetsho, fa re fitlhela modisa wa bosigo,' a bua jalo mosimane wa ga Gasenna. A tlhalosetsa maphodisa 20 gore ba ne ba le babedi, mme Sparks e le wa boraro. 4 E rile fa ba tsena ka kgoro e kgolo ya segotlo sa lebenkele ba fitlhela modisa a ise a di huhumele. Ba tsena ka segotlo, mme ba mo phagelela mo mokgotshwaneng o a sielang borwa mo go ona fa bo setse bo pokile. Sparks a mo ikadima a ragaka modisa wa batho ka ditlhako, a 25 tsamaya a mo tshosetsa gore fa a ka kua, o tlaa bo a kuile la bofelo mo lefatsheng le le ka kwano. Modisa a wela dingalo fela a tshaba go tlhaba mokgosi. 5 Selo se se neng se dirwa ke Sparks le ditsala tsa gagwe e ne e le gore nako ya fa a ntse a tseneletse modisa ka magofi le ditlhako jaana, 30 basimane ba babedi ba, bona ba bo ba kgokgomolola thoto mo lebenkeleng. Ba direla ka pele go itse gore ba ka nna ba welwa. Ba rwala ba bo ba ikgotsofatsa. Kooteng bosigo joo, ba boelela gabedi kgotsa gararo kwa ga Mogaetsho. Fa bosa bo sa, ke fa ba tsere bontlhabongwe jwa lebenkele. 35 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 4 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC 6 Maphodisa a ipolelela gore Sparks le Gasenna ba tlile go arabela ditatofatso tsotlhe tse, fa ba tlileng go ba tshwara teng. Ba simolola go batla ka modidi le kelotlhoko e e boitshegang. Gasenna e ne e le lekolwane le motho o neng o ka le tswela pelo fa o le lebile. Sebe sa phiri ka lona, e le dinala tse di metsi le go nna dinalanyana. 40 7 Fa a se na go lemoga gore basimane ba itirela tsa bosimanyana, a itsalanya le bomogoloabona, ba ba tlhaloganyang gore go tshwara poo ke eng. A ba lemosa gore fa ba ka tshwarwa ba le mo tirong e e botlhokwa e, o tla ba golola mo kgolegelong. A ba laya gore le fa di ka ba babalela dithupa, ba se ntshe yo ba neng ba na nae fa ba le mo 45 kgwebong e ya bona. E nne banna dinku ... A rulaganya nabo, a ba supetsa dintlo tsa baitsholedi mo motseng. Ga nna jalo ba feta wa balala wa baruakgomo ba tsena ka ona. 8 Batho ba motse wa Kolontwane ba gakgamalela seboba sa koloi se se saleng se tlhola se tsamaya se ineneketsa mo motseng. Matlhabaphefo 50 a koloi e, a le mantsho e kete koloi ya ditopo. Ya tlhola e ntse e keleka motse jaaka segodi se kwaile ditsuane. Ba bantsi ya ba babisa lobadi. E rile tadi e amusa, modisa wa dikgomo tsa kgosing a e feta mo sekgweng sa ga Rabaitsile, e kgwa mowa foo. Basimane, majakana a ga Gasenna, ba iketlile ka bojalwa ba sekgowa e bile ba dirile pesonama 55 mo sekgweng sa lengana. Motshegare otlhe oo, koloi ya ga Gasenna e sa bee lerago fa fatshe. [Motswedi: Moapayabodila: OK Bogatsu] Leba TEMANA 1 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Lebenkele le le neng le thubilwe e ne e le la ga ... A Sparks. B Rabaitsile. C Mogaetsho. D Kedigoletse. (1) 1.1.2 Rre Mogaetsho o ne a supetsa Kedisaletse eng? (1) 1.1.3 Neela didiriswa di le PEDI tse basimane ba neng ba di dirisa fa ba thuba. (2) Leba TEMANA 2 1.1.4 Basimane ba ne ba isa dithoto kwa kae fa ba se na go thuba? (1) 1.1.5 Moeteledipele wa disenyi e ne e le mang? (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 5 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC Leba TEMANA 3 1.1.6 Go tlile jang gore mosimane a bolelele maphodisa nnete? (2) Leba TEMANA 4 1.1.7 Ke ka ntlha ya eng modisa a ne a tshaba go tlhaba mokgosi fa lebenkele le thubiwa? (2) 1.1.8 Modisa o ne a ise a robale fa go thubiwa. A se ke ntlha kana kakanyo? Tshegetsa ka lebaka. (2) Leba TEMANA 5 1.1.9 Leano la ga Sparks fa a itaya modisa e ne e le lefe? (2) 1.1.10 A fa o lebile o ka re lebenkele la ga rre Mogaetsho le ne le na le tshireletso e e gagametseng? (2) Leba TEMANA 7 1.1.11 Goreng makolwane a ga Gasenna a ne a ineela mo go senyeng? Neela lebaka le le LENGWE. (2) 1.1.12 Go ya ka wena a go ne go siame gore Gasenna a tlhotlheletse bogodu mo motseng? (2) Leba TEMANA 8 1.1.13 Ke eng se se neng sa gakgamatsa batho ba motse wa Kolontwane? (2) 1.1.14 O bona ka eng gore basimane ba ga Gasenna ba ne ba le mo boitumelong? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 6 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC 1.2 Sekaseka setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA B Gopola Kutlobotlhoko e re leng Khayelitsha mo go yona e tla feta. [Motswedi: The Star, October 2018] 1.2.1 O lemoga eng ka mosi o o bonagalang mo setshwantshong se? (1) 1.2.2 Tiragalo e e fa godimo e diragalela kwa lefelong lefe? (1) 1.2.3 Ke ka ntllha ya eng batho ba utlwile botlhoko? (2) 1.2.4 Ditlamorago tsa molelo o, e tlile go nna dife? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 7 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e latelang (TEMANA C), mme morago o kwale tshobokanyo ka go ntsha dintlha di le SUPA ka ga go aga marapo. DITAELO 1. Kwala dipolelo tse di nang le dintlha di le SUPA, mme mafoko a gago a se ke a feta masomeasupa (70). 2. Dinomoro tsa dipolelo di kwalwe go simolola ka 1–7. 3. Kwala ntlha e le NNGWE mo polelong. 4. Kwala ka mafoko a gago mo go kgonegang, mme o sa fetole bokao jwa temana. 5. Kwala palogotlhe ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. TEMANA C GO AGA MARAPO Batho ba ba sa itshidiloleng ke bona thata ba ba ka tshabelelwang ke bolwetse jwa marapo jo bo bidiwang osteoporosis. Go itshidila go oketsa osteoblast e e tlisang khalesiamo gore marapo a thatafale. Go itshidilola jaaka go tsamaya, go tlolatlola, go tansa le motshameko wa thenese di ka thusa gore marapo a itekanele. Dijo tse di nang le diagammele tse di tshwanang le dibithamini le khalesiamo di botlhokwa thata mo go thatafatseng marapo. Khalesiamo e tshegetsa marapo fa dibithamini tsona di a godisa. Go thata go bona selekanyo se se tshitshinngwang sa diminerale le dibithamini ka letsatsi go tswa mo dijong fela. Go dirisa dino tsa koketso ya marapo e ka nna tsela e tona ya go netefatsa gore mmele o bona diminerale tse di tlhokegang tsatsi le letsatsi. Dipalopalo tsa dipatlisiso di bontsha fa go goga motsoko go isa boima jwa marapo kwa tlase. Batho ba tshwanetse go tlogela go tsuba motsoko gonne motsoko o dira gore marapo a robege bonolo. Motho o tshwanetse go nwa dilitara di le pedi tsa metsi ka letsatsi gore marapo a itekanele. Kafeine e ntsi kwa ntle ga khalesiamo e ka koafatsa marapo. Motho a ka fokotsa go nwa dino tse di nang le kafeine, mme a tlhophe tse di se nang kafeine go thusa gore marapo a nne a itekanetse. Ba Lefapha la Boitekanelo ba bontshitse fa go fokotsega kana go oketsega ga mmele go ka ama marapo. Marapo a ka thatafala nako e telele fa boima jwa mmele bo ka nna fa taolong. [Motswedi: Dischem Magazine Spring 2018] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 8 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka phasalatso e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA D TSHELA KA BOIKGANTSHO TSHELELA KWA GODIMO Karata ya monagano ke 120 Di bonwa ka mmala o montsho le wa gouta Call centre: 0860 86 11 11 Di bonwa mo mabenkeleng a a rileng fela le mo nageng ya Aforikaborwa [Motswedi: Jet Magazine, 2016] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Karolopuo e e thaletsweng mo phasalatsong e, e bidiwa … A letlhalosi. B lesupi. C letlhaodi. D leamanyi. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 9 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC 3.2 Tiro ya sediriswa se se phasaladitsweng ke eng? (1) 3.3 Fa o lebile goreng go dirisitswe mosetsana mo phasalatsong e? (2) 3.4 Go buiwa ka founu ya modiro ofe? (1) 3.5 Dirisa letlhalosi 'kwa godimo' mo polelong e o e itlhametseng. (2) 3.6 Goreng sefatlhego sa mosetsana se na le monyebo? (2) 3.7 Neela a le MONGWE wa baetleletsi ba phasalatso e. (1) [10] POTSO 4 Sekaseka khathunu e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA E Ijaa! Monate wa nama o o tswang ka ditsebe e bile o rokotsa mathe. [Motswedi: www.google.com] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Lefoko le le thaletsweng mo khatunung ke karolopuo efe? A Letlhophi B Lekopanyi C Lelatlhelwa D Letlhaodi (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 10 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC 4.2 O bona jang gore monna o ja nama e e monate? (2) 4.3 Fa o lebile goreng go dirisitswe dikgomo mo setshwantshong? (2) 4.4 O lemoga jang gore dijo tse di mo khathunung di bolelo? (2) 1. 4.5 Kwala lefoko 'ditsebe' mo nyenyefatsong o be o le dirise mo polelong e o e itlhametseng. (2) 4.6 Pudula e e dirisitsweng mo setshwantshong e bontsha eng? (1) [10] 2. POTSO 5 5.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA F E ne e le la ntlha Ditiro a tlile go bona serapa sa diphologolo. Go kgatlhega ga gagwe go ne go sa lekane le ga Warona yo o neng a ja mokaragana ka boitumelo, a sianela mo kgeitšheng nngwe le nngwe. E rile fa Ditiro le mmaagwe ba atamela lengwe la magora, Warona a ba supetsa phologolo e e neng e iphitlhile ka matlhare a ditlhare. 'Ke tshwene!' a goa jalo a ntse a tabogela kwa legoreng le lengwe. Ditiro a bala diphologolo tsotlhe tse a iseng a ke a di bone – ditlou, dikgabo, ditau le mefuta e mengwe ya dikgabo. O ne a itumeletse lepogo thata le le neng le ya kwa pele le kwa morago ka makoko, e kete ke kgosi e lekola puso ya yona. Mo gare ga ditselana go ne go na le meetse ya bojang mo batho ba nnang teng, ba iketla le go tshwarela dipikiniki tsa bona kwa teng. Rrangwane Baipidi a ba rekela dinotsididi le ditšhipisi. Go ne go le monate go nna mo bojannyeng, mme o utlweletse medumo ya diphologolo tse di farologaneng le go šwatlhametsa ga tlhago. Ditiro o ne a sa dumele gore o fa gare ga toropokgolo ya Tshwane. [Motswedi: Motse wa Gauta, G Segone] 5.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Go ja mokaragana ke go … A lela. B itumela. C ja monate. D kgarakgatshega. (1) 5.1.2 Siamisa lefoko la mokwalo o o sekamisitsweng mo temaneng. (1) 5.1.3 Neela lelatodi la lefoko le le thaletsweng mo polelong e e fa tlase. Go ne go le monate go nna mo bojannyeng. (1) 5.1.4 Kwala polelo e e latelang mo kganetsong. Rangwane Baipidi a ba rekela dinotsididi le ditšhipisi. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 11 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC 5.1.5 Dirisa lekopanyi 'mme' mo polelong e o e itlhametseng. (2) 5.1.6 Bopa polelo ka go dirisa letlhophileakaretsi 'tsotlhe' mo polelong e o e itlhametseng. (2) 5.1.7 Kwala polelo e e ntshofaditsweng ka pakajaanong. (2) 5.1.8 Kopolola polelo e e latelang, mme o kwale maemedi mo boemong jwa maina. Ditiro a bala diphologolo tse a iseng a ke a di bone. (2) 5.1.9 Naya mofuta wa leina le le thaletsweng mo temaneng. (1) 5.2 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA G Go itshepa go monate. Ga se mang le mang yo o kgonang go iteboga mo botshelong. Fa o bone tšhono e dirise gonne maikwatlhao ke namane ya morago e bile se sa feleng se a tlhola. Go monate go ikaega ka sejanaga se o sa itseng mong wa sona gore ke mang, fa a le sebete a a tle a nkatamele a tle a bone metlholo ke ise ke fetse go nwa se se mo galaseng e. [Boitlhamedi] 5.2.1 Lefoko 'mang' le le ntshofaditsweng mo temaneng ke karolopuo efe? (1) 5.2.2 Neela lekaelagongwe la lefoko le le thaletsweng go tswa mo polelong e e fa tlase. Fa o bone tšhono e dirise. (1) 5.2.3 Polelo e mokwalo wa yona o sokamisitsweng e mo modirisong ofe? (2) 5.2.4 Dirisa lerui 'wa sona' mo polelong e o e itlhametseng. (2) [20] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 40 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 80 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana FAL

View all