Via Afrika
Mophato 12 Buka ya morutabana
O seka wa solofela sepe mo barutwaneng se o ka
se kgoneng go se dira ka bowena. O ka se solofele
gore barutwana ba gago ba nne mo nakong, fa o se
Setswana Puo ya Gae
mo nakong. O ka se solofele barutwana go nna le
maitseo le go tlotla batho, fa o sa ba tlotle le bone.
Fa fela o dira jalo, barutwana ba simolola go go etsa, Mophato 12 Study Guide
mme ba go lebelele.
— Patiswa Qokweni, Mogokgo le Morutabana M.P. Mogapi, T.M. Aphane, B.P. Lekome, P.C. Mooa
Via Afrika e tlhaloganya, e anaanela le go ema nokeng seabe sa gago jaaka morutabana. O dira tiro e e botlhokwa fela thata
Via Afrika Setswana Puo ya Gae
mo go tsa thuto, mme re a lemoga gore maikarabelo a gago a akaretsa go feta fela go ruta. Re dirile bojotlhe jwa rona go
go bolokela nako le go go tlhofofaletsa tiro, e bile re motlotlo go bo re kgona go go thusa go ruta serutwa seno ka katlego.
Dilo dingwe ke tseno tse re di dirileng go go thusa mo khosong eno e ntšha-ntšha:
1. Motseletsele ono o kwadilwe gore o tsamaisane le Pegelo ya Pholisi ya Bosetšhaba ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo
(PPBKT) e ka puo ya seeng e itsegeng jaaka Curriculum and Assessment Policy Statement ( CAPS ). Leba tsebe 9–13 go
bona kamoo ditlhokego tsa PPBKT di fitlheletsweng ka teng.
2. Go tsenyeleditswe le lenaane la thulaganyetsothuto le o ka le dirisang, maikaelelo ke go go nonofaletsa tiro le go go
bolokela nako. Leba tsebe 5–8 go bona gore le ka go bolokela nako e ntsi go le go kana kang.
3. Setlhogo sengwe le sengwe se simolola ka dintlha-kakaretso tsa se se tlileng go rutwa, le didirisiwa tse o tla di tlhokang.
Leba tsebe 40 go bona gore seno se ka go thusa jang mo thulaganyong e o tlileng go e dira.
4. Go na le kgakololo ka go ipeela lobelo lwa tiro go go thusa go fetsa tiro yotlhe ya ngwaga ka nako.Leba tsebe 14 go
bona ka fa seno se ka dirwang ka gone.
5. Kgakololo ka go tsenyeletsa dikgopolo le go aga sekefole sa go ithuta (mokgwa wa go ruta wa go belesa barutwana
maikarabelo a go ithuta) di neetswe mo setlhogong sengwe le sengwe. Leba tsebe 24 go bona sekai.
6. O neetswe dikarabo tsotlhe go go bolokela nako ya go dira dithutiso ka bowena. Leba tsebe 27 go bona sekai.
7. Go tsenyeleditswe gape le CD e e tletseng ka didiriswa go go thusa go ruta le go lekanyetsa. Leba ka fa teng ga tsebe
ya ka fa pele.
Mo bukeng ya morutwana o tla fitlhela diteng tsotlhe tse barutwana ba gago ba tshwanetseng go nna le bokgoni mo go tsone.
Buka ya morutwana e kwadilwe ka puo e e tlhaloganyesegang,e e botlhofo, e barutwana ba ka ithutang ka yona. Boalo le
thulaganyokgabô e e kgatlhang di tla dira gore kgatlhego ya bone e se ka ya fokotsega le go dira gore o natefelwe ke go ba ruta.
Re ka rata go utlwa ditshwaelo tsa gago. Ke eng o sa re bolelele gore go ntse go tsamaya jang ka go re romelela imeile mo
atereseng ya setswana@viaafrika.com? Kgotsa leba foramo ya rona ya barutabana mo atereseng ya www.viaafrika.com.
Language: Setswana
www.viaafrika.com
Skip to contentStudy guide
Gr12 Setswana Study Guide Gr12 LR
Grade 12 Setswana study guide, 72 pages. Read online or get the free PDF download.
Setswana · Grade 12. Study guide, 72 pages. Read online or download the PDF.
- Subject
- Setswana
- Grade
- Grade 12
- Document type
- Study guide
- Curriculum
- CAPS
- Pages
- 72
- File size
- 6.6 MB
Loading document…
Loading document…
1 of 72
Document textSearch extracted text and jump to a page.
swovoute
Via Afrika
Setswana Puo ya Gae
Mophato 12
Via Afrika
Our Teachers. Our Future.
2
MATSENO
Kaedi e e tlhagisa tlhaloso e khutshwane ka ga dikgato tsa go kwala (process writing)
le go tlhagisa. Gape e abelana ka kaedi le dintlha tsa botlhokwa tsa go ruta le go
tlhagisa mefuta ya ditlhamo, ditlhangwa tsa tirisano (seno se akaretsa le dikao tsa
tsona), dipopego tsa puo le melawana ya tiriso, thanolo ya ditlhangwapono,
tshekatsheko ya ditlhangwa tsa dikwalo le ditlhatlhobo.
DITLHANGWA TSA BOITLHAMEDI LE TSA TIRISANO
Tlhokomela dintlha tse:
e Barutwana ba tshwanetse go kwala kgapetsakgapetsa. Dikwalwa tsa ditiragalo tsa
letsatsi le letsatsi, tse di sa lekanyetsweng semmuso ke didiriswa tse di botlhokwa
mo go rotloetseng barutwana go kwala. Go le gantsi barutwana ba tshwanetse go
newa tShono ya go kwala ka kgololosego ba sa lekanyediwe.
¢ Mo dikwalong tse dintsi tsa semmuso, barutabana ba gakololwa go lekanyetsa
bokgoni jo bo rileng pele. Sekao; bokgoni jotlhe jwa tirisopuo ga bo a tshwanela go
lebelelwa mo kgatong nngwe le nngwe ya kwalo ya setlhangwa ka se se setse se
dirilwe kwa morago. Se, se ne se dira gore bokgoni jwa go tlhabolola go kwala bo
itlhokomolosiwe ka go ne go tlhokega tekanyetso e e tseneletseng.
e Barutwana ba tshwanetse go ithuta go baakanya diphoso mo tirong ya ba bangwe
ka gonne tirisano ya bone e le karolo e e botlhokwa mo tsweletsong ya go kwala
mme e tokafatsa maitemogelo a bone botlhe.
e Karolo e e botlhokwa ya poelo e, ke tlhagiso ya tiro e e kwadilweng. Tiro e e ka
bontshwa barutwana ba bangwe, barutabana, sekolo sotlhe, batsadi kgotsa
batsayakarolo ba ba farologaneng. Moithuti o tla itumelela setlhangwa se se
feletseng, se rulagantswe/ kwadilwe ka bokgabane.
e Barutwana ba tshwanetse go itsisiwe ka diponagalo le ditlhokego tsa mefuta e e
farologaneng ya ditlhangwa tsa boitlhamedi le tsa tirisano. Tlhaloso e khutshwane
ya mefuta ya ditlhamo le ditlhangwa tsa tirisano tse moithuti a solofelwang go di
kwala e latela fa tlase fa:
DIKGATO TSA GO KWALA
Kwalo le botlhami ke tiro e e dirwang ka dikgato. Go botlhokwa go naya barutwana
tShono ya go diragatsa kwalo e go ya ka dikgato tsotlhe tsa yona.
Dikgato tsa go kwala
Barutwana ba tshwanetse go dira tse di latelang ka nako ya go kwala.
Go dira paakanyetsotiro
e Tsaya tshwetso ka maitlhomo le baamogedi ba setlhangwa se se tshwanetseng go
kwalwa.
e Tlhomamisa sebopego, mokgwa le ntlhakemo.
e Kokoanya dikakanyo o dirisa, sekao, thulaganyo ya dintlha kgotsa mananeo.
e Lebelela metswedi e e maleba, tlhopha tshedimosetso e e maleba.
Go kwala ditlhangwa tsa ntlha
¢ Dirisa dintlhakgolo le dikakanyo tse di tlaleletsang ka tsenelelo go tswa mo
kgatong ya ipaakanyetsotiro.
e Tlhagisa ditlhangwa tsa ntlha o lebeletse maitlhomo, bareetsi, setlhogo le
mofutakwalo.
¢ Buisa ditlhangwa tsa ntlha ka tsenelelo o be o tseye ditshwaelo go tswa mo go ba
bangwe (barutwana-ka-wena).
e Tsaya tshwetso ka tlhopho ya mafoko o dirisa mafoko a a maleba, aa tlhalosang,
dipolelo le ditlhagiso gore go kwala go buisege.
e Tlhomamisa lentswe (dikakanyo/maikutlo) le le leomosegang le mokgwa ka go
lebaganya puo le lentswe go tshwanela bareetsi le maitlhomo a go kwala.
e Supa ntlhakemo ka go tlhalosa meetlo, ditumelo le maitemogelo.
e Akaretsa dintlha tse di rileng tsa setlhangwa se se tlhokegang (tiriso dinopolo,go
tshegetsa le go rotloetsa ngangisano).
Go boeletsa, go tseleganya, go tlhotlha diphoso le go tlhagisa
e Dirisa dintlha tse di neetsweng go atlhola ka kakaretso tiro ya mong le ya ba
bangwe gore e tokafadiwe.
e Siamisa tlhopho ya mafoko, popego ya polelo le ya temana (tsenya tshedimosetso
ya tlaleletso, o dirisa mafoko a a maleba).
e Tlhagisa dikwalo tse dintsi fa a ntse a ipaakanya, a boeletsa
e Tlosa puo e e bokaobontsi, ya ka gale, ya tlaopo le puo e e fatlhang.
e Tlhatlhoba diteng, mokgwa le rejisetara.
e Dirisa matshwao a puiso, mopeleto le dipopego tsa puo ka tsela e e siameng gape e
le maleba.
e Rulaganya setlhangwa sa bofelo.
2. Sekaseka 3. Kwala
1 4.
setlhogo lefoko la
Kgobokanya
Ditaelo botlhokwa
dikakanyo
mo gare ga
pampiri
5. Kwala dipolelo
6. Tlhopha 7. Kwala dikakanyo 8. Kwala
dikakanyo mo mmepeng wa ditlhangwa tsa
tse o gago wa tlhaloganyo ntlha
batlang go
kwala ka
9. 10. Kwala
tsona
Tseleganya setlhangwa
tiro ya gago sa bofelo
5
segompieno: megopolo ya me’).
Ditlhamo tsa ngangisano di ganetswa go tswa mo kemong ya mmui; tshireletso kgotsa
tlhaselo e tsepame fela go itshupa gore e letlhakore le lengwe; bokhutlo bo itshupa
sentle gore kemo ya mokwadi e fa kae.
Ditlhamo tse di sa tseyeng letlhakore di itshupa di lekalekana, le go tlhagisa
matlhakore a a farologaneng a ngangisano e e rileng; popego e rulagane ka kelotlhoko
le ka tlhomamo; e lebeletse kemo ya botlhe, fela mokwadi a ka itebelela ka dinako
dingwe; ka puo e e tsosang maikutlo e kgonagala, ngangisano e e tswileng diatla
gantsi e a fenya ka ntlha ya gore e dira tlhaloganyo e e utlwalang. Bokhutlo bo supa
kemo ya mokwadi sentle.
Ditlhamo tsa maitlhomo di tlhagisa kakanyo, tlhaloganyo, megopolo le maikutlo a
mokwadi mo setlhogong se se rileng, e le selo sengwe se a dumelang thata mo go sona.
Gantsi e lebile mokwadi ka namana go feta dikakanyo tsa gagwe; e tlhoka popego ee
tseetsweng matsapa, fela ga e patelesege go tlhagisa bokhutlo jo bo tlhamaletseng,
kgotsa gona go tlhagisa mmuisano 0 o tsepameng, le fa gona e kgona go dira jalo. Eka
kgatlhisa kgotsa ya tsepama thata.
Dintlha tsa tlhokomelo
e Ditlhamo tsa ngangisano di ganetswa go tswa mo kemong ya mmui; tshireletso
kgotsa tlhaselo e tsepame fela go itshupa gore e letlhakore le lengwe; bokhutlo bo
itshupa sentle gore kemo ya mokwadi e fa kae.
« Simolola tlhamo ka go tlhagisa ntlhakemo ya gago
= Puo e dirisiwa ka maikutlo fela mmui a se ke a tlhoka maitseo,
" Mokwadi 0 tlaa leba thata dintlha tse di kgatlhanong.
e Tlhopho ya mafoko: mokwadi o tshwanetse go tlhopha mafoko sentle ka go
dirisa puo e e tlhamaletseng gore ba setlhopha sa kganetso ba kgone go go
tlhaloganya. Dingangisano di dirisa puo ya maikutlo, ya tlhotlheletso, e e
naganelang letlhakoreng le lengwe le e e digelang thata ka mmui 0 a bo a leka
go pateletsa bareetsi go dumalana le ena. Dirisa metswedi ya tshedimosetso go
tlhopha tlotlofoko e e matshwanedi.
¢ Go kwala temana: Kwala dikarolo tse di farologaneng tsa ditemana: Setlhogo,
dikakanyokgolo le tse di tshegetsang, matseno a a kgatlhisang, mmele le
bokhutlo. Go nne le tatelano e e maleba
e Temana ya bokhutlo: Temana ya bokhutlo e tshwanetse go tlogela mmuisi ka
kakanyo kgotsa kgopolo e e tla nnang le ena lobaka lo lo leele morago ga
tlhamo e sena go buisiwa.
e Go tlhaloganya rejisetara le setaele: Dirisa rejisetara e e maleba e e
tlhamaletseng. Bua ka tlhamalalo le mmuisi ka tsela e e dirang gore a ikutlwe 0
bua le ena.
= Kwala ka tokologo le go itshepa, 0 se ke wa kopa maitshwarelo a kemo eo e
tshotseng.
" Dirisa dintlhakemo tse di farologaneng fela fa go tlhokega.
e Melawana ya puo: tlhokomela tiriso ya matshwaopuiso mo tirwaneng e e
fetileng.
2. KAROLO YA 2: Ditlhangwa tsa tirisano
Barutwana ba mophato wa 12 ba tshwanetse go itse go kwala mefuta e e farologaneng
ya ditlhangwa tsa tirisano tse di telele. Ka jalo go botlhokwa go ithuta ditlhangwa tse
ka ntlha ya gore fa 0 itse kagego ya tsona le puo e e maleba ya tsona, ba tla dira sentle
mo pampiring ya boraro. Ditlhangwa tsa tirisano ke tseo dia latela:
MAKWALO A E SENG A SEMMUSO/A BOTSALANO
Makwalo ae seng a semmuso a ka kwalelwa, gareng ga tse dingwe, go:
e leboga
e utlwela botlhoko
e eleletsa masego
e kwalela tsala kgotsa mongwe wa ba losika -o tlotla fela tiragalo nngwe e e rileng.
e keleletsomasego.
Sekao sa kagego ya lekwalo la botsalano
Sekao sa letlhomeso la lekwalo la botsalano ke seo se a latela:
P.O Box 10089
Lichtenburg
2740
3 Seetebosigo 2012
Kenna an
Boitumelo
Aterese ya
mokwadi_ le
letlha
le lekwalo
le
kwadilweng
ka lona
O tlola mola
Ditumediso
tse di
repileng
O tlola mola
Temana ya
matseno
O tlola mola
Mmele
O tlola mola
Bokhutlo jo
bo repileng
O tlola mola
Leina la
mokwadi
Tlhokomela dintlha tse di latelang:
¢ Dirisa rejisetara le setaele sa puo se se repileng.
¢ Rejisetara yona ke go repa kana go gagamala ga puo. Sekao, fa o bua le tsala ya
gago o dirisa puo e e repileng, ga o tlhophe mafoko mme fa o bua le mogokgo
wa sekolo sa gago 0 dirisa puo e e gagametseng.
e Sala dikgato tsa go kwala morago, tsona ke tse: go dira paakanyetsotiro,
ditlhangwa tsa ntlha, poeletso, tseleganyo, go tlhotlha diphoso le tlhagiso.
Dintlha tse dingwe tse o tshwanetseng go di tlhokomela ke tse dia latela:
Go aga polelo ka nako ya go kwala lekwalo: Tlhokomela gore o dirisa dipolenolo,
makopanyi, maemedi le dithuanyi ka nepagalo go aga dipolelo tse di nepagetseng.
Go kwala temana: Tlhokomela gore temana e nngwe le e nngwe e na le
ntlhakgolo/kakanyo ya yona. Lekwalo la gago le nne le tatelano e e maleba.
Kwala ka puo e e bonolo ee tshelang.
Le nne le matseno, mmele le bokhutlo.
Le nne le aterese e le nngwe ya mokwadi, ka letlha le lekwalo le kwadilweng ka
lona (fa tlase ga aterese)
Le nne le ditumediso tse di repileng tse di tlang fa morago ga aterese ya mokwadi.
Bokhutlo bo repile le go salwa morago ke leina la mokwadi.
Lekwalo la semmuso (la ngongorego)
Go a tlhokega mo botshelong gore ka dinako dingwe motho a golagane le batho ba ba
gaufi kgotsa ba ba kgakala le ena ka tlhaeletsano ya lekwalo. O ka golagana le setheo
sengwe ka maikaelelo a go tlhagisa ngongorego mabapi le sengwe. Mo ntlheng e, o
tshwanetse go dirisa lekwalo la semmuso, go kwalela setheo se o batlang go tlhagisa
ngongorego ya gago ka ga sengwe kwa go sona.
Dintlha tsa tlhokomelo
Lekwalo le, le tshwanetse go nna le diaterese di le pedi, ya mokwadi, e e
kwalelwang kwa godimo mo letsogong la moja, le ya mokwalelwa, e e kwalwang
mo letsogong la molema morago ga go tlola mola fa go se na go kwalwa ya
mokwadi.
Ditumediso e nne tse di tlhomameng, sekao; Motlotlegi, Rra, Mma jalo le jalo.
Ditumediso di kwalwa fa tlase ga aterese ya mokwalelwa morago ga go tlola mola.
Setlhogo sa lekwalo se kwalwa fa tlase ga ditumediso morago ga go tlola mola mme
se tshwanetswe go thalelwa fa se kwadilwe ka ditlhaka tse dinnye.
Lekwalo le, ke le le khutshwane, gakologela go kwala ka mokgwa o 0 tla dirang
gore baamogedi ba tshedimosetso ya lona ba le tlhaloganye ka nepo, ba tle ba
neelane ka tsibogo e e maleba, e e amogelesegang.
Kwala o tlhamaletse kwa ntlheng, o tlhagise fela se o batlang tharabololo ya sona.
Lekwalo le ka ntlha ya fa e le la semmuso, puo, moono le segalo tsa lona e
tshwanetse ya nna tse di tlhomameng e bile di supa fa mokwadi a le boingotlo.
Supa rejisetara e e tlhamaletseng ya puo, rejisetara e, e se nne e e repileng go
tshwana le e e dirisiwang fa go kwalwa lekwalo la botsalano ka gonne fa o kwalela
mongwe wa maemo a a rileng, o ka tswa 0 mo itse kgotsa 0 sa mo itse.
e Okanna wa kwala dinomoro tsa mogala kwa o ka fitlhelwang gone fa e le gore go
ka tlhokega gore o neelana ka tshedimosetso nngwe e e rileng mo godimo ga e o
neelaneng ka yona.
e Supa bokhutlo jo bo tlhomameng bo latelwa ke sefane le ditlhakaina tsa gago.
e Sala dikgato tsa go kwala morago, e leng: go dira paakanyetsotiro, sekwalwa sa
ntlha, poeletso, tseleganyo, go tlhotlha diphoso le tlhagiso.
Sekao sa lekwalo la ngongorego
P. O. Box 9587
Meridianburg
0299
17 Diphalane 2013
Motsamaisi
Lekgotlatoropo la Ditsobotla
139 Tsela ya Thabo Mbeki
Gaetsho
2677
Rra/ Mma/Motlotlegi
NGONGOREGO MABAPI LE BOIMANA BA BANA BA PORAEMARI
Ke kwala jaana go ngongorega mabapi le maitsholo a bagolo mo baneng ba poraemari.
Bana ba, ba sa le bannye go ka ima ka ba se na maitemogelo a a kalo ka botshelo.
Batho ba ba imisang bana ba, ba gatelela ditshwanelo tsa bona e bile seno ke mokgwa
mongwe wa tsholo e e makgwakgwa e ba e itemogelang. Go utlwisa botlhoko go bona
sekolo se sa supe kgatlhego epe ya go bega badiri ba kwa sepodising. A lebaka la
kgogo e, ya dinao ke ka gobo bangwe ba bagami ba tiro e e setlhogo e, e le barutabana
ba sekolo se bana ba ba tsenang mo go sona? A lefapha la thuto le tila go ba tseela
dikgato maikaelelo e le go sireletsa tiro ya bona?
Pabalesego ya bana mo diatleng tsa barutabana e a tlhobaetsa. Go betelelwa ke motho
yo o mo tlase ga tlhokomelo le tataiso ya gagwe ga go monate le e seng. Maitsholo a
barutabana a tota a supa gore e le ruri moloi ga a na mmala. Ke palelwa ke go itshokela
go bona bokamoso jwa bana bo senngwa ke lebile.
10
Nka itumela fa botsamaisi bo ka batlisisa maitsholo a, mme ga tsewa dikgato tse di
maleba go ba ba amegang.
Tiego go rarabolola bothata jo, e tla mpateletsa go tseela lefapha kwa
kgotlatshekelong.
Weno ka boikokobetso
Kesaobaka M.
11
Lekwalo la phelegetso
Lekwalophelegetso ke lekwalo la semmuso le le kwalelwang setheo se se rileng.
Mokwadi 0 kopa phatlhatiro kana thuso mo setheong seo.
Aterese ya Mokwadi wa lekwalo
(GO SE NNE LE MATSHWAO
A PUO NTLE FELA FA E LE GORE
GO DIRISITSWE P. 0. BOX)
TLOLA MOLA
Aterese ya mokwalelwa
(GO SE NNE LE MATSHWAO
A PUO NTLE FELA FA ELE
GORE GO DIRISITSWE P. O. BOX)
TLOLA MOLA
Ditumediso(E ka nna Motlotlegi/Rra/Mma(GO SE NNE LE MATSHWAO A PUO) O
letleletswe go dirisa ditumediso tse di maleba go yo 0 mo kwalelang.
TLOLA MOLA
SETLHOGO (se kwalwa ka ditlhakakgolo mme fa se kwalwa ka ditlhaka tse dinnye se
thalelwe)
TLOLA MOLA
Diteng: Ditemana di le tharo go ya go di le nne,go tsenyeleditswe le ya matseno. Ela
tlhoko gore temana e nngwe le e nngwe e hupile kakanyokgolo ya yona e bile go na le
neeletsano e e siameng magareng ga tsona. Tlola mola morago ga temana e nngwe lee
nngwe. (Gakologelwa go tlola mola morago ga temana e nngwe le e nngwe). Bokhutlo
TLOLA MOLA
Weno ka boikokobetso/Ka boikokobetso (GO SE NNE LE
MATSHWAO A PUO)
Sefane le ditlhakaina tsa mokwadi
Lekwaloikitsiso
e Le kwalelwa ditheo le mafapha a puso fa mong a batla tiro.
12
e Ke tshedimosetso e e kitlaneng e e maleba thata le mofuta wa tiro e e kopiwang.
Dintlha tse o tshwanetseng go di tlhokomela
e Kantlha ya gore bontsi jwa batho mo metlheng e, ba dirisa dithempoleite go
botlhokwa go batlisisa gore thempoleite e e gaisang ke efe le gore o ikamanye le
yona le go e tlatsa ka mokgwa 0 e tla go tswelang mosola ka teng.
e Ipapatse/ ithekisetse lefatshe mo pampiring.
e Kwala ka maatla mo mothong yo o simololang go go itse.
e Tlhagisa tshedimosetso e e lolameng, e tsepame, e nne khutshwane.
¢ Tshedimosetso e nne maleba le se kopo e se lebileng.
e Neela:
¢ Tshedimosetso ka ga mong.
e Borutegi
¢ Maitemogelo a tiro (fa go le maleba).
¢ Dipaki
Sekao sa lekwaloikitsiso lwa go batla tiro
LEINA: Itumeleng Sego
ATERESE: 1048 Motsatsi Street
Tlhabane 8335
DINTLHA TSA KGOLAGANO: Mogala: 053 8396689
Wa letheka: 082 4915 651
imeile: itusego@ gmail.com
LETLHA LA TSALO: 2 Ferikgong 2011
NOMORO YA BOITSHUPO: 760102 5070 087
MAEMO A NYALO: Ga ke a nyalwa
BOSETSHABA: MoAforikaborwa
DINTLHA TSA DITHUTO
13
SEKOLO SE SEGOLO: 2003-2007
Sekolo se Segolo sa Mmanape
DITHUTEGO TSE DI FITLHELETSWENG: MOPHATO WA 12
LETLHA LA TSALO: 2 Ferikgong 2011
DIRUTWA: Setswana Puo ya Gae
English 1st Additional Language
Afrikaans 1st Adissionale Taal
Mathematics
Physical Science
Life Sciences
METSHAMEKO: Bolotlowa
DIPAKI:
Ken Seojane (Rre) Seojane and Associates
156 Jones Street Mogala: 053 861 0092
Kimberley 8300
Renette Bojang Moremogolo FET College
19 Modimogale Street Mogala: 053 861 3942
Galeshewe 8300
Sekao sa lekwalo la kgatiso le o ka le tlhagisang
P. O. Box 9587
Meridianburg
0299
17 Diphalane 2013
Motsereganyi
Lekwalodikgang la Naledi
1739 Tsela ya Thabo Mbeki
Mahikeng
2978
Rra/ Mma/Motlotlegi
BOLWETSE BA LEBOLELATENG GA SE BOLEO.
Go le gantsi ke a tle ke gakgamalele batho ba ba sisimogang batho ba ba
14
tshwaeditsweng ke bolwetse ba Lebolelamading le go ba tlhaetsa matlho. Go ya ka nna
batho ba mothale o, ke dilalome, ga ba tshwanelwa go letlelelwa go tshela.
Bolwetse jo bo tshwana fela le loso, ga bo tlhaole e bile bo ka go tshwara ka nako eo sa
solofelang ka yona. Bagaetsho, boemong jwa go itira ba ba phepa ntswa gona re itse
gore ga re phepa, a re nneng seoposengwe go kgaratlhela thibelo ya bolwetse jo. A re
supeng maikarabelo mo kgodisong ya bana ba rona ka gonne ke ka makgetlo a le
mantsi o fitlhela re palelwa ke go tlhaloganya
metsamao ya bana ba rona.
A re rateng motho yo o tshwaeditsweng ke bolwetsi jwa Lebolelamading. A maitsholo a
re ba bontshang ona a laolwa ke botlhokakitso ka ga bolwetsi jo kgotsa a laolwa ke
boikgogomoso? Botho ba rona re le Bantsho bo ile kae?
Ke solofela fa re ka fetola maitsholo a rona go balwetse ba bolwetse jo mme mmogo ra
fenya megopolo e e fosagetseng ka bona.
Moagi yo o tshwenyegileng
Bapaletswe J. J.
Dintlha tsa tlhokomelo
Tiriso ya matshwaopuiso mo lekwalong
Tiriso ya matshwaopuiso a a latelang: Phegelwana, khutlo le tiriso ya
dikhutshwafatso: Aterese ya lekwalo e dirisa dikhutshwafatso mmogo le dikhutlo. sk.
P.O. Phegelwana e ka dirisiwa mo mmeleng wa lekwalo fa go tlhokagala. Go se dirisiwe
letshwaopuiso lepe mo bokhutlong jwa lekwalo. .
Lekwalo la taletso
Dintlha tsa tlhokomelo:
e Tlhalosa gore ke ka ntlha ya eng fa o bona go tshwanela gore tiro e dirwe ke
mokwalelwa
e Neela dintlha tsa moletlo (nako,lefelo, letlha le nako)
e Tlhalosa gore ke bomang ba laleditsweng
¢ Mo neele setlhogo/ntlha e lo ratang a ka bua ka yona
e Ama ntlha ya thulaganyo ya didiriswa
e Neela nako e lo ka mo e rebolelang
e Tlhalosa ka tsa marobalo le ditshenyegelo tse di ka nnang teng mo moletlong le se
lo tla mo se direlang
15
e Kopa boikitsiso jo lo ka bo dirisang go mo itsise pele a ka neela puo.
Sekao sa lekwalo la taletso
Kereke ya Anglican
P. O. Box 56
Maruping
8665
Ngaka Molapo
224 Hillside Avenue
Klerksdorp
8765
Rra
TALETSO YA GO NNA SEBUI-SEGOLO
Re le mokgatlho wa baSwa ba kereke ya Anglican mo Maruping re kgatlhilwe thata ke
dipuo tsa gago tsa thotloetso tse di kgonang go aga baSwa. Re ka nna motlotlo thata fa
o ka tla go nna sebui-segolo mo moletlong wa rona wa letsatsi la baSwa.
Moletlo o tla tshwarelwa kwa kerekeng, ka Seetebosigo a le lesome le borataro, go
tloga ka ura ya lesome mo mosong. Re ikaelela go laletsa baSwa ba dikereke tse dingwe
mmogo le baruti ba sedika sa rona.
Re eletsa fa o ka bua le rona ka ntlha nngwe e e amanang le thotloetso mo baSweng mo
malatsing a gompieno. Re ka go rebolela metsotso e le masome a le mararo mme 0 re
itsise fa e le gore go didiriswa tsa kutlo le pono tse re ka di rulaganyang.
Fa o amogela taletso ya rona lekgotla la kereke le tla tsaya maikarabelo a go go tshelela
lookwane lwa go tla le go boa. O ka rulaganyediwa marobalo le sefitlholo mo lefelong
la Kamogelo le le gaufi le kereke.
Aokare romelela boikitsiso jwa gago mmogo le setshwantsho sa gago fa o amogela
taletso ya rona? Re ikaelela go dirisa setshwantsho mo ditaletsong tsa rona le mo
mananeo-tsamaisong a moletlo wa rona.
16
Re solofela fa 0 tla sekegela kopo ya rona tsebe mme wa amogela taletso e.
Ka boikokobetso
Tlhalefo Morole
Modulasetulo wa Mokgatlho wa BaSwa
Setlhangwa sa tirisano: Athikele ya makasine
Dintlha tsa tlhokomelo
Barutwana ba tshwanetse go itlwaetsa go kwala diathikele tsa makasine tse di tswileng
diatla ka sengwe le sengwe se ba boneng se le botlhokwa go ka kwala ka sona,
gammogo le diathikele tse di tshegisang gore ba kgone go tshegisana, kgalana, go
intsha bodutu, go tshega ka ga sengwe, le go kgala setlhogo sengwe se se maleba.
Tlaa re ithuteng go kwala athikele ya makasine. Dintlha tse di di latelang di tshwanetse
go elwa tlhoko fa go kwalwa athikele ya makasine:
e Athikele e tshwanetse go nna le tshedimosetso mme e bile e ngoke.
e Setlhogo se nne sekhutshwane, se nne le maatla e bile se ngoke
e Maina, mafelo, dinako, maemo le tshedimosetso e nngwe le e nngwe e e botlhokwa
e tshwanetse go akarediwa mo athikeleng
e Diathikele tsa dimakasine di kgaoganngwe ka dikholomo gore puiso e nne bonolo
e Tiro e rulaganngwe sentle mme e kgaoganngwe go ya ka ditemana tse di nang le
matseno, mmele le bokhutlo.
e Leina la mokwadi le tlhagelele
¢ Go aga polelo: o tshwanetse go dirisa dipopego tsa puo le melawana ya tiriso ka
nepagalo. Dirisa mabotsi fa go tlhokagala. Dirisa mefuta e e farologaneng ya
dipopego tsa puo le melawana ya tiriso go gatelela bokao jo bo lolameng. Dirisa
thulaganyo e e lolameng ya dipolelo go bontsha kgatlhego le kgatelelo.
¢ Go kwala temana: O tshwanetse go dirisa dikarolo tse di farologaneng tsa
ditemana. Athikele e nne le setlhogo, dikakanyokgolo le dintlha tsa tshegetso. Go
netefatsa nyalano, kwala mefuta e e farologaneng ya ditemana le ditlhangwa o
dirisa mafoko a a lemosang kgotsa makopanyi.
e Tlhopho ya mafoko:Dirisa puo e e tlhamaletseng. Neela dintlha le go tlhagisa
kakanyo.
e Melawana ya puo: Dirisa ditlhakakgolo le matshwaopuiso ka nepagalo.
17
Banna ba bathobantsho ba reng ka basadi ba bakima?
Banna ba batho bantsho ba rata
basadi ba bona ba nonne.
Ke ba le mmalwa fela ba ba ratang
basadi ba basesane.
Le gale mongwe le mongwe
o itlhophela se a se ratang,
bokima kgotsa bosesane go tswa mo
mothong. Go na le banna bangwe ba ba
sotlhang basadi ba bona
ka bokima jwa bona letsatsi
lengwe le lengwe. Basadi ba mofuta o
ba feleletsa ba sa tlhole ba itshepa ka
ntlha ya se. Ba simolola go nwa
ditlhare tsa go diga mmele
maikaelelo e le go kgatlhisa banna ba
bona. Banna ba tshwanetse go dira
gore basadi ba bona ba ikutlwe ba le
motlotlo ka
boima jwa bona, e seng go ba sotlha
mo
meweng.
A basadi le bona ba nne le go itshepa,
ba se ke ba ipaakanya fela ka ba batla
go kgatlha banna ba bona.
Se se tona ke gore o ikutlwa
jang ka se o leng sona. A fa
o itebelela mo seiponeng o
kgotsofalela se o se bonang mo
seiponeng. Kgotsofalela se 0 se
boneng gonne fa o sa ithate o
tla ratwa ke mang? E kwadilwe ke
Masego Lekome. Ditshwaelo di ka
romelwa go: Masego.
Lesego@gmail.com
Dintlha tsa tlhokomelo
¢ Gopola dikgato tsa go kwala: Go dira paakanyetsotiro, go kwala ditlhangwa tsa
ntlha, go boeletsa, go tseleganya, go tlhotlha diphoso le go tlhagisa
Thulaganyo e ka nna jaana:
setlhogo = se sekhutshwane mme se ngoka
Matseno = amakhutshwane mmea kgatlhise
Mmele ™— ditemanatse di farologaneng
Bokhutlo = jo bokhutshwane mme bo gopolega bonolo
Go kwala mmuisano
Mmuisano ke mokgwa wa tlhaeletsano 0 0 dirisiwang ke batho ba le babedi kgotsa go
feta ba aroganya dikakanyo ka ga setlhogo sengwe. Mmuisano 0 kwalwa ka mokgwa
wa terama.
Dintlha tsa tlhokomelo
. Supa motlotlo magareng ga batho ba le babedi.
18
Kwala go refosana puo fa go ntse go tsweletswe, ka tlhamalalo go tswa go
ntlhakemo ya mmui.
Gakolola batsayakarolo (kgotsa babuisi) gore ba tshwanetse go bua/ tlhagisa
tiragatso mo masakaneng pele ga mafoko a buiwa.
Tlhola maemo a tiragatso pele ga 0 e kwala.
Dipuisano ke selo se sentle se o ka se dirisang fa o dira lenaneo le le kwalwang,
ka go bo dipuisano di senola Setswana se se buiwang, se ka nna gaufi thata le
se se kwadilweng.
Dipuisano ga di tlhoke go nna magareng ga batho ba ba babedi fela.
Go bopa polelo: Dirisa sediri, lediri (letiro), sedirwa, dipaka, mediriso, tumelo,
kganetso, madirimathusi, tira le tirwa, puosebui le puopegelo. Dirisa mabotsi
(goreng? kae? jang? eng?) Dirisa thulaganyo e e lolameng ya dipolelo go
bontsha kgatlhego le kgatelelo.
Go kwala temana: Kwala dikarolo tse di farologaneng tsa ditemana: polelo e e
tshwereng kgangkgolo ya temana, dikakanyokgolo le tse di di tshegetsang,
matsenoa a kgatlhisang, mmele le bokhutlo.
Tlhopho ya mafoko: Tlhagisa bokao jo bo tlhamaletseng
Go tlhaloganya rejisetara le setaele sa puo e e kwalwang: Dirisa rejisetara e e
maleba. Bua ka tlhamalalo le mmuisi ka tsela e e dirang gore a ikutlwe o bua le
ena.
Kwala ka kgodisego le go itshepa, o se ke wa kopa maitshwarelo a kemo e oe
tshotseng.
Dirisa dintlhakemo tse di farologaneng fela fa go tlhokega.
Melawana ya puo: Dirisa ditlhakakgolo, phegelwana, matshwao a nopolo, khutlo,
letshwao la potso, ngati, thalela, tlhakatshesane, phegelo, lenalana, tlamanyi, thaladi
le masakana.
Sekao sa Mmuisano ke seo se a latela
19
Masego: Nkgonne Boitumelo!
Boitumelo: Bua ke go reeditse.
Masego: A o utlwile gore mme a reng?
Boitumelo: (Ka go makala) Ka eng nnaka?
Masego: O letse a omanela mokgwa 0 re lebelelang thelebiSene ka ona.
Boitumelo: O ne a raya wena ka ke wena yo o sa neyeng thelebiSene mowa. O e
lebelela bosigo le motshegare.
Masego: Maabane ga ke ise ke lebelele thelebiSene. Nna ke nagana gore o buelela mo
go wena.
Boitumelo: Go siame Masego, re tla bona gore o ne a buelela mo go mang, mme gona
o bua nnete ka gore e re tlhokisa nako ya go buisa.
Masego: Re tla bona.
Go kwala Puo
Puo e, ke e e kwalwang ka maitlhomo a go e tlhagisa fa pele ga batho ba o kopilweng
go ba gakolola ka sengwe. O kwala jaaka e kete o bua le batho bao ba fa pele ga gago.
¢ Neela maitlhomo a puo ya kopano, ke eng se 0 ratang go se fitlhelela.
e Tlhokomela mofuta wa kopano, sk. Ditlhomamiso, lenyalo, jalo jalo.
e Bareetsi ke bomang, a ke baSwa, bogolo, jalo jalo.
e Faosimolola, dumedisa bareetsi le go leboga ba ba go laleditseng go bua.
e Oka simolola ka go dira motlae gore o ngoke bareetsi.
e Puoena le matseno, mmele le bokhutlo.
e Leboga bareetsi ka ba go adimile ditsebe.
¢ Gopola dikgato tsa puo e leng: Paakanyetsotiro, ditlhangwa tsa ntlha, poeletso,
20
tseleganyo le tlhagiso.
"Aga dintlha tsa gago ka tolamo le go tila go phatlhalala ga dintlha.
" Lekalekanya kganetsano ka go neelana ka dikgonagalo tse di utlwalang.
" Bokhutlo bo botlhokwa, fela ga se tshobokanyo ya se se kwadilweng.
¢ Goaga polelo: Dirisa dipolelo tse dikhutshwane.
¢ Go kwala temana: Rulaganya le go lomaganya dintlha tsa gago gore puo e elele.
e Tlhopho ya mafoko: Dirisa dikakanyo tse di bonolo ka dikao tse di
tlwaelegileng.
e Go tlhaloganya rejisetara le setaele: se dirise ditlhapa kgotsa tshotlo.
Sekao sa puo
Puo e o ka neelanang ka yona fa o kopilwe go bua le barutwana ka ga mogare le
bolwetsi jwa lebolelamading.
Ke rata go dumedisa moradise le go mo lebogela go nnaya tShono ya go bua le
phuthego ee fa. Ke tswelele ka go dumedisa baeng ba tlotlo ba ba nang le rona
gompieno, batsadi, barutabana le mogokgo wa sekolo se.
Ke itumeletse gore lo bo lo bone go tshwanela gore mongwe a tle go bua le barutwana,
mme lwa baya tshepo ya lona mo go nna, lwa laletsa nna go dira tiro e, ke leboga go
menagane.
Barutwana ba ba rategang, bophelo bo thata bonnake. Mogare le bolwetse jo jwa
21
lebolelateng, bo teng e bile bo a bolaya. Tlaa re lekeng go itlhokomela. Go na le
mokgwa o le mongwe fela o re ka itlhokomelang ka ona, e leng go sa tseye karolo mo
thobalanong, re santse re le bannye thata. Tlaa re direng tsa bongwana e seng tsa
bogolo.
A go na le mosetsana yo a ka nthayang a re ena ga a batle go nyalwa a ise a angwe ke
ntsi? Ga ke dumele faa le teng. Go lona basimane ke rata gore, ke lona ba lo etelelang
pele mo dintlheng tsa marato. Fa e le gore o tota o rata mosetsana, mo tlhokomele
mme o se ke wa mo pateletsa go dira sepe se a sa se batleng.
Ke solofela fa puo e, e sedimoseditse mongwe le mongwe wa lona. A tshedimosetso e, e
se ke ya wela mo mmung 0 0 sa nonang.
Ke itumelela go bo lo nkadimile ditsebe.
Kea leboga
Pegelo
A re ikhumiseng ka kitso ya go itse le go tlhaloganya pegelo le go kgona go e kwala.
Pegelo ke tlhaloso e e rulagantsweng ya ditiro kgotsa ditiragalo, maitemogelo le
diphitlhelelo tsa mokwadi. Pegelo e neelana ka kitsiso go tloga go lephata lengwe go
ya go le lengwe. E thusa go boloka molaetsa kgotsa tiragalo nngwe
ya botlhokwa mo setheong.
Dintlha tsa tlhokomelo
e Setlhogo sa pegelo se tshwanetse go supa sentle gore e ka ga eng.
e Otshwanetse go kaya gore ke mang yo o tshwanetseng go amogela pegelo e.
e Etshwanetse go kwalwa ka pakapheti.
e Tirwa e ka dirisiwa go supa bonnete.
e Dintlha tsa botlhokwa di ka totobadiwa.
e Ditlhogwana di kwala ka ditlhaka tse dikgolo.
e Ditlhogwana di newa dinomoro gore di tle di fitIhelelwe bonolo.
¢ Mokwadi wa pegelo o tshwanetse go kwala letlha leo a e kwalang ka lona le go e
saena.
Pegelo ka moletlo wa dikabo tsa barutwana ba Mophato wa 12 ba Sekolo se Segolo
sa Rakoko 0 oneng o tshwaretswe kwa Sun City ka la 19-20 Mopitlwe 2011
22
DIPALANGWA:
Bese e e neng e thapilwe e ne e tshwere nako, e le manobonobo le go tlhokomelwa
sentle. Re atlenegisa gore e ka thapiwa gape fa re na le loeto mo nakong e e tlang.
MAROBALO:
Malao a a tlhatlhaganeng a re robetseng mo go ona a ne a le phepa, botobetobe le go
nna le phatlha e e lekaneng gare ga ona. Mafelo a go ithusa a ne a le phepa a
tlhokometswe sentle.
DIJO LE LEFELO LA BOJELO:
Lefelo la bojelo le ne le le phepa, go tsena lesedi le mowa 0 o lekaneng. Ditafole le
ditulo di ne di lekane e bile di feta ka palo. Phaposi ya boapelo e ne e le phepa e na le
dijana tse di lekaneng tse dintle.
TSA GO ITUMEDISA:
Barutwana ba ne ba tletse boitlhamedi, ba itumedisa thata le moletlo wa bofelo 0 ne
wa atlega thata. Ditebogo di tshwanetse go lebisiwa go Rre Sedupane ka
matlhagatlhaga le dithulaganyo tsa gagwe.
TSHIRELETSO:
Barutabana le barutwana ba ne ba ikutlwa ba bolokegile thata ka ntlha ya balebeledi
ba ba neng ba le gona diura di le 24 ka letsatsi. Ba ne ba tlhokometse dikgoro
motshegare le go dikologa legora bosigo.
DIKATLENEGISO:
Moletlo o, 0 atlegile thata. Re atlenegisa gore lefelo le, le ka dirisiwa gape mo nakong e
e tlang gonne le na le dilo tsotlhe tse re batlang go di dirisa. Re kopa gore kopo ya go le
dirisa e diriwe go sa le gale gonne ke lefelo le le ratiwang thata ke ditheo le batho.
Tshaeno: L Mabote
Modulasetulo: Lekgotla la Barutwana
Letlha: 30 Mopitlwe 2011
Go mefuta e le mentsinyana ya dipegelo, go ya le gore ke ya lebaka lefe.
Dipotsotherisano: Ke eng?
23
Dipotsotherisano ke kopano e e rulaganeng e mo go yona go nang le yo o bodiwang
dipotso (motsenela potsotherisano) go fitlhelela tshedimosetso ka sengwe se se rileng.
Dipopego tsa puo le melawana ya tiriso ya tsona mo dikgatong tsa go kwala.
Rejisetara, setaele le lentswe
e Dirisa rejisetara e e maleba: e e tlhomameng, kgotsa e e sa tlhomamang, go ya
ka maemo a batsenela dipotsotherisano.
e Bua ka tlhamalalo le mmuisi ka tsela e e dirang gore a ikutlwe o bua le ena.
e Kwala ka kgodisego le go itshepa, o se ke wa kopa maitshwarelo a kemo e oe
tshotseng.
e Dirisa dintlhakemo tse di farologaneng fela fa go tlhokega.
¢ Dirisa mabotsi, matshwao a tsiboso jalo le jalo.
Tlhopho ya mafoko
e Dirisa mefuta e e farologaneng ya madiri, mabotsi, matlhaodi le matlhalosi go tlisa
kakanyo e e rileng le tshedimosetso le tlhaloso e e lolameng fa go kwalwa.
e Dirisa puo e e tIhomameng ka mokgwa 0 0 maleba.
e Neela dintlha le go tlhagisa kakanyo.
e Tlhagisa bokao jo bo tlhamaletseng.
Dipopego tsa polelo
e Drisa dipopego tsa puo le melawana ya tiriso ka nepagalo.
e Dirisa mabotsi, madiri, matlhalosi le letshwao la tsibogo.
Diponagalo tsa dipotsotherisano
e Go tshwanetse ga nna le motsenela-potsotherisano yo o bodiwang dipotso.
¢ Go tshwanetse ga nna le yo 0 botsang dipotso.
Potsotherisano
e Etsaya sebopego sa mmuisano.
e Potsotherisano go le gantsi ke puo e e kwadilweng e bile ke se se tshwanetseng
go diragala.
e Neelana ka leina la mmui mo molemeng wa tsebe e e dirisiwang.
¢ Dirisa mola o moSwa go supa mmui yo moSwa.
e Fa barutwana ba kwala potsotherisano, ba ithuta ka bonako magareng ga
24
e Setswana se se buiwang le se se kwalwang, gape ba ka itemogela gore go kwala
potsotherisano e e buisegang ka gale go akaretsa go tseleganya ka kelotlhoko.
¢ Dipotsotherisano ke dipotso tse di batlisisang ka ga motsenelapotsotherisano ka
go mmotsa dipotso.
Sekao sa potsotherisano
Potsotherisano magareng ga bathapi le mothapiwa
Mosidi 0 batla tiro ya bokwaledi mo setheong sa malatlha mme 0 ya go tsenela
dipotsotherisano.
Mothapi wa 1: Dumela Mosidi
Mosidi: Dumela rra.
Mothapi wa 1: A 0 tsogile sentle, nna ke rre Rapula mokwaledi mogolo wa setheo se.
Mosidi: Ke tsogile sentle rra.
Mothapi wa 1: Ke tlile go go itsise badiri ka nna ba ba tlileng go go botsa dipotso ke
kopa 0 lokologe o tle o kgone go araba dipotso tse re tla go botsang tsona sentle. Rre yo
o mo letsogong la me la moja ke rre Molamu ke mogokaganyi mo setheong se sa rona
sa malatlha. Mme yo o ka fa letsogong la me la molema ke mme Gomolemo ke
motsamaisi wa setheo. Mongwe le mongwe wa bona 0 tlile go go botsa dipotso di le
pedi. Go tla simolola nna.
Potso ya ntlha: Re bolelele gore goreng re tshwanetse go go thapa mo setlamong se?
Mosidi: Ka gonne ke na le makwalo a thuto le maitemogelo a le mantsi mo tirong e.
O KA TSWELETSA POTSOTHERISANO E.
Lenanetema le metsotso ya kopano
Pele kopano e bidiwa go tlhokega gore komiti e:
e Sobokanye se se tla buiwang kwa kopanong.
¢ Romelele balalediwa lenanetema pele ga kopano.
e Rulaganye dintlha go ya ka botlhokwa jwa tsona pele ga kopano.
¢ Tseye tshwetso mabapi le letlha, lefelo le nako e ntlha e nngwe le e nngwe e tla e
tsayang.
25
Dintlha tsa botlhokwa
Lenanetema ke kitsiso le kgobokanyo ka dintlhakgolo tse go tlileng go buiwa ka
tsona mo kopanong e e¢ rileng. Le thusa batlapitsong go itse se ba se bilediwang le
gore ba tle pitsong ba ipaakantse, ba rulagantse ditshwaelo tsa bona sentle.
Tshedimosetso yotlhe ya kopano e tshwanetse go kwalwa mo lenanetemeng gore
maloko a tle a bone tshedimosetso/ ba ipaakanye / ba bone gore ba tsaya
letlhakore lefe/ ba batle dinopolo pele ga kopano gore ba tle ba goroge ba na le
tshedimosetso gore kopano e ka ga eng.
Letlha le lenanetema le tswang ka lona le tshwanetse gore le se ke la nna gaufi
thata le la kopano.
Ka dinako dingwe, lenanetema le na le go nna le palo ya dintlha tse di ka
tshotlhwang ka letlha le le lengwe, fa fela di fitlheletswe, ga go kitla go nna le ntlha
epe e nngwe e e ka tsenngwang, ka jalo maloko a tla letela kopano e e latelang go
tlhagisa dintlha tsa bone.
Letlha la kopano e e latelang le a fiwa.
Metsotso
Go kwalwa se se diragetseng kwa kopanong
Go tlhagelela dintlha tse di latelang:
Leina la setlamo, lefelo le nako e kopano e tshwerweng ka yona.
Rejisetara ya batsenela kopano.
Ditshwetso tse di tserweng lefoko ka lefoko.
Go tlhagisiwa tshobokanyo ya se se tshitsintsweng le se go dumalanweng ka sona
kwa bofelong.
Go kwalwa ka pakapheti.
Metsotso fa e kwalwa, ka gale e etelelwa pele ke lenanetema. Metsotso ga e kwalwe
esa pataganngwa le lenanetema.
Lenanetema le tshwanetse go nna le
e Leina la setlamo kwa godimo.
e Setlhogo se se laletsang se na le nako, letlha le lefelo la kopano le rejisetara ya
batsenelakopano.
e Dintlha tse di tla buiwang.
e Ka letsatsi la kopano mokwaledi o tshwanetse go kwala dintlha tsotlhe tsa
botlhokwa tse go buisanweng ka tsona mme seno ke se se bidiwang Metsotso ya
kopano.
A re boneng sekao sa lenanetema jaaka se latela
26
Kitsiso ya pitso
Maloko otlhe a mokgatlho wa Dikwankwetla a kopiwa go tsenela kopano ee tlaa
tshwarwang ka labotlhano 29 Sedimonthole 2013, kwa kerekeng ya Lutere mo
Montshiwa Mahikeng ka ura ya borobedi.
Lenanetema
Pulo le kamogelo
Maloko aa tlileng kopanong
Maitato
Puiso le kamogelo ya metsotso ya kopano e e fetileng
Ditswametsotsong
6. Dintlha tsa kopano
6.1 Loeto la moporesidente wa naga
6.2 Dipholo tsa barutwana ba Mophato wa 12
6.3 Pulo ya legae la bana ba dikhutsana
7. Tsele le tsele
8. Letlha la kopano e e latelang
9. Tswalelo
10. Tshaeno
SEWN op
Mokwaledi: K Lebogo
Nomoro ya mogala: 072 292 7408
Modulasetulo: F Madilo
Nomoro ya mogala: 071 231 6084
A re lebelele sekao sa metsotso e e ka bong e kwadilwe mo kopanong ya di
29 Sedimonthole 2013.
Metsotso ya kopano ya mokgatlho wa Dikwankwetlae e neng e tshwerwe ka
Labotlhano 29
Sedimonthole 2013, ka ura ya 20:00 mo kerekeng ya Lutere 12 Montshiwa Mafikeng.
Pulo le kamogelo
Modulasetulo o ne a amogela maloko otlhe a a tlileng kopanong.
Maloko aa tlileng kopanong
Rre F Madilo — Modulasetulo
Mme K Lebogo —- Mokwaledi
27
Rre G Boile - Ramatlotlo
Mme P Selebogo
Mme U Tau
Rre L Wesi
Maitato
Mme B Makobe
Rre K Magagane
Metsotso ya kopano e e fitileng
Metsotso ya kopano e e neng e tshwerwe ka di 11 Diphalane 2013 e buisitswe ke
mokwaledi, ya amogelwa mme ya saenelwa ke modulasetulo jaaka metsotso e e
amogetsweng.
Ditswametsotsong
Modulasetulo o begile gore o kopane le ramotse mme ba buisana ka kago ya sekolo sa
bana ba ba bokoa mo ditlhaloganyong ba kwa Lomanyaneng. Ramotse o itumeletse
kakanyo eo, a re mmasepala o beile madi a a kana ka dibilione tse tharo tse di
tshwanetseng go dirisiwa go aga le go siamisa dikolo. Motshwaramatlotlo o begile gore
baa atlega go ngoka baagi go tsaya boloko ba mokgatlho wa sepolotiki wa Moumo. Ba
solofetsa go tlisa maina a bakwadisi ba baagi ba ba batlang go tsaya boloko mo pitsong
ee latelang.
Dintlha tse dintShwa
Modulasetulo o boleletse maloko gore ba baakanyetse kopano e e tla tshwarwang ke
moporesidente wa naga. A re moporesidente wa naga o batla go bona makhanselara
otlhe le maloko otlhe a dikarolo tsa ga mmasepala. Ramotse le ofisi ya gagwe ba tsere
tshwetso ya gore ba tla dira le barutabana le boemedi ba thuto ba karolo, go tokafatsa
dipholo tsa barutwana ba matereki. Ba thapile mokgatlho wa botaki maabane le
gompieno go tla go diragatsa dibuka tse di buisiwang ke barutwana ba matereki e
bong Juliase Kesara le Dintshontsho tsa Lerato. Porojeke yotlhe e tla jela mmasepala
dikete di le lesome tsa diranta. Ramotse gammogo le kantoro ya Tona ba tlile go bula
legae la bana ba dikhutsana ka di 1Ferikokgong 2014. Maloko otlhe a BEC a kopiwa go
nna teng kwa moletlong.
Kakaretso
Mokhanselara wa karolo S Lebelo o boleletse maloko a mokgatlho gore o ntse a
tsamaya mo dikolong a gwetlha barutwana ba dikolo go kokoanya matlotlo a go thusa
batswasetlhabelo ba Tsunami. O boleletse maloko gape gore go tla dirwa maparego mo
28
ditseleng go leka go fokotsa lebelo la bakgweetsi ba dijanaga gore ba kgweetse ka
iketlo mo mebileng, le go leka go fokotsa dikotsi le go sireletsa bana.
Letlha la kopano e e tlang
Kopano e e latelang e tla tshwarwa ka di 10 Tlhakole 2014. Lefelo la kopano le tla
itsisiwe ka nako.
Tswalelo
Modulasetulo o ne a tswalela ka thapelo. Kokoano e khutlile ka 22:30.
Mokwaledi: K. Lebogo
Nomoro ya mogala: 072 292 7408
Letlha: 29 Sedimonthole 2013
Modulasetulo:
Letlha:
TLHATLHOBO YA BOGARE/BOFELO JWA NGWAGA
SEBOPEGO SA PAMPIRI YA 3: Maduo a le 100
KAROLO YA A: TLHAMO: MADUO A LE 50
Potso 1
e Lo tlaa newa ditlhogo di le 8 tsa ditlhamo, di le 2/3 tsa tsona e tlaa nna tsa pono.
¢ Lo tlaa tlhoka go araba potso e le nngwe fela ya tlhamo.
e Boleele jwa tlhamo e nne mafoko a le 400-450.
KAROLO YA B: SETLHANGWA SE SELEELE: MADUO A LE 30
Potso 2
e Ditlhogo di le 4 di tlaa newa go tswa mo ditlhopheng tse di neetsweng fa tlase.
e Ditshwantsho di ka dirisiwa fela go tshegetsa.
e Setlhopha sa 1: Makwalo-lekwalo le le tlhomameng le le le sa tlhomamang:
lekwalo la botsalano le la semmuso-LEKWALO
e Setlhopha sa 2: Puo, tsa botshelo jwa moswi
e Setlhopha sa 3: Potsotherisano e e kwalwang (e e tlhomameng) le pegelo e e sa
tlhomamang.
¢ Setlhopha sa 4: Pegelo-e e tlhomamang le ee sa tIhomamang
e Setlhopha sa 5: Kgwebo
Memorantamo, lenanetema le metsotso, lekwaloikitsiso le lekwalophelegetso/la
kopo.
e Setlhopha sa 6: Mmedia
29
Kgatiso, boroutShara, athikele ya makasine, athikele ya lekwalodikgang, le thadiso
(e e tthomameng)
TLHOKOMELA: Lo tshwanetse go araba dipotso di le pedi go tswa mo
ditlhangweng tse tsa tirisano-maduo a le 25X2=50. Boleele jwa setlhangwa e nne
mafoko aa kana ka 180-200 diteng fela.
3. Thanolo ya ditlhangwa tse di kwadilweng le tse di bonwang: dipapatso;
dikhathunu le ditshwantsho
Ditlhangwa tsa pono ke ditlhangwa tse di bonwang, tse di buisiwang, tse go ka tswang
go sa kwalwa sepe mo go tsona kgotsa go ka tswa go neetswe tlhaloso e e rileng ka
boripana. Mmuisi o tshwanetse go kgona go utolola thitokgang le molaetsa mo go
tsona.
Ke ditlhangwa tse di bogelwang ka matlho mme di na le kgang e di e tlhalosang. Di
bontsha bokgabane le boipelo ka go solofelwa gore ka botsona, di tlhagisa maikutlo a
a rileng e bile di tlhalosa tiragalo nngwe e e rileng, e ka nna maitsholo, go kgala tsa
sepolotiki jalo le jalo. Di na le maatla ka di kgona go ngoka le go tsosolosa maikutlo aa
rileng mo baamogeding ba tshedimosetso. Ke ditlhangwa tse e leng gore fa di
sekwasekwa ka tsenelelo, mosekaseki 0 kgona go utolola thitokgang le molaetsa wa
tsona.
Maano a tlhotlheletso: A puo le ditshwantsho tse di dirisitsweng ke tsa maikutlo,
tlhotlheletso, tse di tsayang letlhakore, tse di digelang, tse di tlhaolang go ya ka
mmala, bong, jalo le jalo. Ka moo puo le ditshwantsho di tlhagisang le go bopa meetlo
le ditlwaelo ka teng. Seabe sa go dirisa mokwalotlanyo le mebala e e farologaneng,
ditlhogo le dinopolo. Ke ka ntlha ya eng setlhogo se kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo
le ka mmala 0 mohibidu?
Dipapatso ke mokgwa o barekise ba o dirisang go ngokela bareki go reka kuno e e
phasaladiwang. Papatso e e kwadilweng e ka dirisa puo e e dirisang dikakanyo,
dintlha, puo ya maikutlo, puo e e tlhotlheletsang, puo e e digelang le puo e e
naganelang letlhakoreng le le lengwe, ka jalo, ga re a tshwanela go dumela sengwe le
sengwe se re se utlwang kgotsa re se buisang ka dipapatso. Dipapatso dingwe di dirisa
dikakanyo fa dingwe di dirisa dintlha. Gore o tlhaloganye papatso sentle o tshwanetse
go itse gore e kwaletswe bomang/baamogedi bafe le gore maitlhomo a yona ke afe.
Fa mokwadi a tlhama setlhangwa, o tshwanetse go tlhokomela dintlha tse di latelang:
30
¢ Maitlhomo/maikaelelo a setlhangwa. A maikaelelo ka setlhangwa ke go naya
tshedimosetso, go ruta, go itumedisa kgotsa go tlhotlheletsa mongwe
¢ Baamogedi/babuisi/bareetsi ke bomang? Lemorago la bona le ntse jang le kitso
ya bona ka setlhogo.
¢ Molaetsa ke ofe?
¢ Mofuta o papatso e tlhagisiwang ka ona. A e kwadilwe? A ke puo? A ke tlhagiso
ya mmediantsi?
Puo ya botshwantshi/papiso le didiriswatsa poko di dirisitswe go nna le tlhotlheletso e
e rileng mo mmuising le gore puo e se lebalege, sk. tshwantshanyo, tshwantshiso,
poeletsomodumo, morumo, moribo, jalo jalo
Go lemoga tiriso ya puo: ka tsela e e tseneletseng
Go botlhokwa gore fa o buisa kgotsa 0 reeditse o kgone go lemoga puo ¢ e tseneletseng
jaaka ee latelang:
¢ Ntlha le kakanyo
e Bokao jo bo tlhamaletseng le jo bo sa tlhamalalang
e Bokao jo bo totileng ntlha le jo bo itlhametsweng go ya ka tiriso
e Lemorago la setlhangwa le la mokwadi le le amang setso, dipolotiki le loago
e Seabe sa go tsenya le go tlogela (mafoko/dikakanyo) mo bokaong
e Kamano magareng ga puo le maatla
e Puo e e tlhotlheletsang, e e tsosang maikutlo a a rileng, e e digelang, e e
sekamelang mo letlhakoreng le le lengwe, e e gobelelang, le e e lebelelang dilo ka
letlhakore le le lengwe, ditsela tse di farologaneng tsa go dirisa puo sk. boteme, go
ipopela bokao, go inaganela, dintlha tse di tshegetsang, lebaka la go tsenya kgotsa
go tlosa tshedimosetso.
Puo e e lebelelang dilo ka letlhakore le le lengwe - ono ke mofuta wa puo 0 o
lebelelang dilo ka leitlho le le lengwe. Puo e, e nyeuma thata mo dianeng tsa rona tsa
Setswana, sk. “banna ga ba na thwadi ba bonwe ke mmamariga”. Seane se, se raya
gore banna ga ba nnete. Ka jalo ra re seane se se naganela letlhakoreng le lengwe ka
ntlha ya fa se kaya fa banna e le bona fela ba ba senang nnete ntswa le basadi bangwe
ba se na nnete. Sekao se sengwe ke se se latelang; banna ba morafe wa matebelele ba
rata basadi, seno le sona ke puo e e naganelang letlhakore le le lengwe gonne go na le
banna ba bangwe ba e seng ba morafe wa matebele ba le bona ba ratang basadi. Puo e
e digelang ke puo e e tsietsang motho ka botlhale gore a iphitlhele a rekile kuno. Ka
jaanong re tlhaloganya seo ntlha, kakanyo, puo e e lebelelang dilo ka letlhakore le le
lengwe le puo e e digelang e leng sona, tlaa re boneng gore a re ka supa dintlha tse di
fa isong tse go tswa mo dipolelong tse di latelang: e lebelelang dilo ka leitlho le le
lengwe le puo e e digelang
31
1.
2. 1.
3.
4. 2.
3.
5. 4.
5.
6. 6.
7. 7.
8.
32
kwadilwe ka ditlhaka 9. Le fa o sa itse go apaya, fela o tlaa
tse dikgolo.: itumelela nama ya KFC
8. Leina le 'ditswammung' le 10. Nama ya KFC
bopile ka 11. Ekwaletswe batho botlhe
dikarolo dife tsa puo?
9. Neela marui aa dirisitsweng
mo papatsong e.
10. Ke mafoko afeaa
tshwanetseng go gogela
mmuisi?
11.A 0 bona papatso ee
fitlheletse maikaelelo a yona
kgotsa nnyaa? Neela lebaka
la karabo ya gago.
Sekao se sengwe sa papatso ke se se a latela:
Metsi a Sediba sa Tlholego
Ga a ise a tshwarwe ke monna
Asiame ka tlholego
33
1.
2.
3.1.
3.2.
4.
5.
6.
34
Maemoa,a &
fisa ele tota A
———_——=
UMA
ry
B ;
Bl ausiceall
Itlhatlhobe
1. Khathunu e e kwadilwe ke mang?
2. Enee gatisitswe leng?
3. Neela maina a baanelwa ba le
babedi ba ba
tlhagelelang mo khathunung e.
4. Moapei wa thankga ke mang?
5. Neela lebaka la karabo ya gago e
emo go
3 fa godimo.
6. Ke eng se se bontshang gore tota
goa fisa?
7. Maemo aa fisang aa fisa mang
tota?
8. Fao bona go ka tswa go diragetse
eng?
9. Go diragala eng ka Heath mo
khathunung e?
Dikarabo
1. Mothoagae
2. 18 Dec 2011
3. Heath le Zuma
4. Zuma
5. Oapere khiba e bile go bontsha
ntlo ya boaapelo e le ya gagwe
6. Dipudula tsa mofufutso 0 0
tlhodilweng ke bolelo
7. Heath
8. Gone go na le magatwe a gore
rre Zuma o mo tlhatswa diatla ka
ntlha ya fa a ne a mo eme nokeng
faale
mo mathateng/ Khathuni e bua
ka rre Heath yo o thapilweng ke
moperisidente Zuma mme go na
le dipuotsa gore o ne a thusa rre
Zuma mo molatong wa gagwe 0
rre Mbeki a neng a mo phara ka
35
ona
9. Goitshupa Heath a tswa mo
ofising/maemong aa fisang a.
Ditshwantsho
Kwa bokhutlong jwa tirwana e, o tshwanetse go ka itse go sekaseka . le ditshwantsho o
lebile dintlha di tshwana le tiriso ya mebala, bogaufi kana bokgakala jwa
motshwantshi go tswa go motshwantshiwa le gore setshwantsho se tshotswe
motshwantshi a le mo maemong afe (kwa godimo kgotsa kwa tlase). O tla dira le ka
mokwalotlanyo/fonto. Morutabana wa lona o tla lo tlhalosetsa ka dintlha tse di fa
godimo tse, mme morago a lo neele sekao gore lo tle lo kgone go itshekatshekala ka bo
lona.
Tiriso ya mebala
Fa ditshwantsho di ranolwa, tiriso ya mebala e tshwanetse go tlhokomelwa ka ntlha ya
fa e na sepheto mo go bontsheng maikutlo a a rileng. Mebala e e farologaneng e kaya
dilo tse di farologaneng. Lebelela mebala e e fa tlase.
Dintlha tsa tlhokomelo
e Bosweu - go sa itse sepe/boitshepo/boitumelo/kagiso
¢ Botala jwa tlhaga — kgolo/tsholofelo/kgora YY
¢ Bohibidu —lerato/go tenega/kotsi [i
¢ Botala jwa legodimo - botsididi/ bodutu |
¢ Bontsho - sefifi/ bosula/kutlobotlhoko
e Serolwane- boitumelo 7
36
Letlha la makasine
i Setlhago Sa
makasine
17-30 DECEMBER
l Wi Y
Batshameki
bagolo ba terama
ya Muvhango
| Tshedimosetso
| @@mo gare ga
makasine
37
Itlhatlhobe: Sekao sa go sekaseka mebala mo ditlhangweng
1. Goreng mokwadi wa makasine a kwadile ‘Thandaza le Pheko ba a ratana’ ka
mebala e mebedi e leng 0 0 serolwana le o mosweu.
2. Goreng mokwadi a dirisitse mmala o mohibidu mo go ‘A ba tlaa feleletsa ba le
mmogo?/Meiki ga a ineele bonolo’
3. Goreng mokwadi a dirisitse mmala o mosweu mo go ‘A yo ke monna y 0 moSwa wa
ga Pipa?
Sekao sa go sekaseka mokwalotlanyo mo ditlhangweng
e Mokwadi wa setlhangwa a ka dirisa ditlhaka tse dikgolo ka maikaelelo a go ngoka
babuisi.
¢ Mokwadi wa setlhangwa a ka dirisa mokwalo 0 monnye go bontsha tshedimosetso
fela e e tlhagelelang mo
Bogaufi kana bokgakala jwa motshwantshi go tswa go motshwantshiwa
a. Fa motshwantshi a tsaya motshwantshiwa senepe/setshwantsho, bokgakala jwa
gagwe bo ka farologana go ya ka maitlhomo a gawe, ke gore, se a batlang go se
fitlhelela. Fela jalo, dinepe tsa gagwe le tsona di tla farologana. Dikao:
e Motshwantshi a ka nna kgakala le motshwantshiwa: maikaelelo fano ke go gatelela
lemorago e seng motshwantshiwa ka bo ena. Motshwantshiwa o bonagala a le
kgakala thata mme lemorago le bonala sentle. Maikaelelo fano ke go gatelela
lemorago e seng motshwantshiwa ka boena.
38
¢ Motshwantshi a ka nna mo magareng, ke gore, a se kagakala thata le
motshwantshiwa. Setshwantsho sa mofuta o, se lekalekanya lemorago le
setshwantsho sa motshwantshiwa. Maikaelelo ka mofuta o wa setshwantsho ke
gore lemorago le selo se tshwantshiwang di bonagale ka go lekana.
e Motshwantshi a ka nna gaufi thata le motshwantshiwa: maikaelelo fano ke go
gatelela ditebego tsa sefatlhego sa motshwantshiwa e seng lemorago. Fano 0 kgona
go bona le keledi e e rothang mo sefatlhegong kgotsa lebadi ka sefatlhego kgotsa
motshwantshiwa a nna mogolo gona le lemorago.
b.
Setshwantsho se tshotswe motshwantshi a le mo maemong afe (kwa godimo kgotsa
kwa tlase). Mokgwa 0 motshwantshi a o dirisang go tsaya ditshwantsho le ona o na
le tlhotlheletso mo mokgweng o batho ba tsibogelang baanelwa le maemo ka teng.
Go na le mekgwa ¢ e farologaneng ya go tsaya ditshwantsho:
Motshwantshi a ka tsaya motshwantshiwa a le kwa godimo-mme fano maikaelelo e
le go dira gore a lebege a se botlhokwa ka nakao eo. Ga o bone sefatlhego sa
motshwantshiwa sentle e bile o lebega a le mokhutshwane thata.
e Motshwantshi a ka tsaya motshwantshiwa go tswa kwa tlase - mme fano
maikaelelo e le go dira gore a lebege a le botlhokwa thata e bile a le maatla ka nako
eo. O bona sefatlhego sa motshwantshiwa sentle e bile o lebega a eme sentle.
¢ Motshwantshi a ka tsaya motshwantshiwa a lebagane le ena - mme fano maikaelelo
a mo magareng.
5-DIPOPEGO TSA PUO LE MELAWANA YA TIRISO
Go kwala tshobokanyo
Tshobokanyo ke mokgwa wa go khutshwafatsa temana e e rileng ka go neela fela
dintlha tsa tlhokomelo o dirisa mafoko a gago mme o sa fetole bokao ba temana e e
sobokanngwang. Bokgoni jwa go itse go khutshwafatsa ditlhangwa, bo botlhokwa ka o
39
bo dirisa mo go ithuteng dirutwa tsotlhe. Fa o le mokwaledi kwa dikopanong, o dirisa
bokgoni jwa go khutshwafatsa tsotlhe tse dibui di di buang ka go kwala fela
tshedimosetso le dintlha tse di botIhokwa tsa kopano eo. O tla tshwanela go sobokanya
temana ya mafoko a le 300 go nna le mafoko a le 80-90.
Dintlha tsa tlhokomelo
Fa o sobokanya temana o tshwanetse wa:
e Buisa temana ka kelotlhoko gore o kgone go e tlhaloganya ka bophara.
e E buise gape mme o tsamaye o thalela dipolelo tse di botlhokwa mo
temaneng nngwe le nngwe. Seno gantsi ke polelo ya ntlha ya temana e
nngwe le e nngwe mme se se latelang ke ditlhaloso tsa temana eo.
¢ Fao kwala tshobokanyo, dipoapoeletso, puo e e bofitlha ya botshwantshi
le ya papiso, dikao, dinopolo le ditlhaloso tse di ka fitlhelwang mo
temaneng eo di tshwanetse go tlogelwa.
e Kwala lenaane la dintlhakgolo. O ka dirisa mafoko a gago mme 0 sa fetole
bokao jwa temana.
e Ntsha sekwalwa sa ntlha sa tshobokanyo ka go kopanya dikakanyo tse ka
mokgwa 0 o siameng.
e Buisa sekwalo sa ntlha mme o tsamaye o ntsha mafoko a a sa
tlhokagaleng, sekao: matlhalosi le matlhaodi.
e Bala mafoko.
e Tlhokomela gore kwa bokhutlong, tshobokanyo ya gago fa o neelana ka
yona e a bo e tlhotlhilwe diphoso tsotlhe e bile e le mo sebopegong se se
batlegang.
e Ntsha temana ya gago ditlhokwa (tlhokomela mopeleto le puo).
e Neela setlhogo se sekhutshwane fa go kgonega.
e Kwala temana ya gago ya bofelo, o tlhokomele gore o dirisa mafoko a
gago.
e Naya palo ya mafoko a 0 a dirisitseng mo temaneng kwa tlase.
Matshwao a puiso
Tlaa re ithuteng ka matshwaopuiso otlhe ka tota a dirisiwa gotlhe mo go kwaleng.
Letshwaopuiso Tiriso
Ditlhakakgolo ¢ Go simolola polelo, maina le mo polelong ya
ntlha ya puosebui
Khutlo (.) e Khutlo e bontsha bokhutlo jwa polelo. Di
fitlhelwa gape fa morago ga dikhutshwafatso
tse dingwe.
Phegelwana (,) e E dirisetswa go kgaoganya mafoko kgotsa
40
dipolelwana mo lenaaneng.
E bontsha bokhutlo jwa polelwana e nngwe
le tshimologo ya e nngwe.
Re ka e dirisa fa morago ga ‘le gale’ jj.
Phegelo (;)
Ke go ikhutsa go go telejana go go
lekalekanyang dikakanyo di le pedi tse di
amanang kgotsa tse di farologaneng.
Khutlwana (:)
E bontsha gore go latela lenaane, tlhaloso
kgotsa kakanyo e a latela.
E itsise le nopolo.
Lenalana (‘)
E bontsha tlogelo ya tlhaka/ditlhaka dingwe
Ditsejwana (‘
“)
‘) kgotsa (“
Matshwao a, a dirisetswa go bontsha
puosebui
A dirisetswa go nopola tiro/puo ya motho yo
mongwe.
Letshwao la_ ditsejwana le le sa
tlhatlhaganang le dirisiwa fa o dirisa puo ya
ditlhopha tse dingwe (puo e e sa siamang).
Letshwao la tsiboso (!)
Le dirisetswa go tiisa segalo sa polelo.
Le dirisiwa fa morago ga dipolelo tse di nang
le maikutlo, jaaka, tenego, go tshaba,
boitumelo, go tshoga, jj.
Masakana(__) Tlaleletso ya tshedimosetso e e kwa ntle ga
masakana.
Tlamanyi (-) E thusa go farologanya bokao
E golaganya ditlhogo le mafoko
E golaganya mafoko a le mabedi go bopa
mainatswako
Popego ya leina
Dintlha tsa tlhokomelo
Leina le bopilwe ka tlhogo le kutu. Ke solofela fa rotlhe re itse ditlhopha tsa maina
ka re dirile ka tsona fa re ne re dira ka dithuanyi. Sekao, Mo- ke tlhogo mme -tho ke
kutu ya leina, mo bontsing e tla nna Ba- e le tlhogo le kutu —tho. Setlhopha sa
ntlha e leng sa Bo- /Ma-, ke se se akaretsang batho.
Go na le mefuta e e farologaneng ya maina e leng: mainakgopolo,
mainakgongwa, mainatswako, mainagoboka, mainatota le mainamatswa: .
41
Dikao tsa mefuta e e farologaneng ya maina
Mefuta ya maina
Dikao
Mainakgopolo
Boikarabelo (maikarabelo), bonna, bogodimo,
boitshwarelo (maitshwarelo), go itshoka, botlhabatsatsi,
bokgakala, jalo jalo.
Mainakgongwa
Mainatswako
Leina le leina: sk.lentswe+tshipi>lentswetshipi
Lediri le leina: sk. (tlhogo ya leina mo-) ja+nku>Mojanku
Leina le lerui: sk.mmatsale+wa gago>mmatsalaago
Lediri le letlhalosi: sk. tlhhogo ya leina se-+
ya+nokeng>seyanokeng
Leina le letlhaodi: sk.monna+mogolo>monnamogolo
Mainagoboka
Diphologolo: kgomo>dikgomo>logomo
Mosetsana>Basetsana>tshetsana
Podi>dipodi>lobodi
Moretlwa> meretlwa> loretlwa
Mainagoboka a tlholego:
Losalaba lwa batho
Motlhape wa dikgomo
Motshitshi wa dinotshi
Phuthego ya badumedi
Lesogodi la tsie
Mainamatswa
Mo madiring: lokwalo-dikwalo
Dikutu tsa madirimatswa: -ratana>baratani
Dikutu tsa matlhalosi: -kgakala>bokgakala,
-godimo>bogodimo/magodimo jalo jalo
Dikutu tsa maetsi: -kuru>mokuru
Maemeditho: lona>bowena
Maemeditota: yona>boyona
Dikutu tsa marui: -gaetsho>mogaetsho
Mainatota
Pule, Modise, Mmapule, jalo jalo
Tiriso ya maina
Leina le dirisiwa mo dipolelong ka ditsela tse di farologaneng:
e Sediri sa polelo: Modise 0 ja bogobe
e Sedirwa sa polelo: Modise 0 ja bogobe
e _Letiro la polelo: Nna ke moruti
42
e — Tlhalosi ya letiro la polelo:
= Le tlhalosa kopanelo: Mme o tsamaile le Modise
= Le tlhalosa nako: Re tla tlaka moso
= Le tlhalosa sediriso: Mosimane o rema logong ka selepe
= Le tlhalosa felo: Mme 0 ile kwa kgonnyeng
= Le tlhalosa mokgwa: Masego o ne a dumedisa Mogomotsi ka boikokobetso
Madirimafeledi le Madirimafeteledi
Madirimafeledi ke madiri a tiro e e kaiwang ke lediri e felelang mo lediring Sekao:
Mosidi 0 a tlola.
Tiro ya go tlola e felela mo lediring tlola.
Madirimafeteledi ke madiri a tiro e e kaiwang ke lediri e fetelelang mo
sedirweng.
Sekao: Mosidi 0 tlola kgati.
Tiro e e kaiwang ke lediri ya go tlola, e fetelela mo sedirweng kgati.
6.TLHATHOBO YA BOGARE/BOFELO JWA NGWAGA
Dipopego tsa puo le melawana ya tiriso, temogo ya puo e e tseneletseng
Tlhatlhobo ya bogare jwa ngwaga/bofelo jwa ngwaga
Pampiri ya 1: Tekatlhaloganyo, Tshobokanyo, Puo: Maduo a le 70
Karolo ya A: Tekatlhaloganyo: Maduo a le 30
Potso 1
e Ditlhangwa di le 2: ya porosa le ya pono (setshwantsho)
e Ditlhangwa di tshwanetse go amana.
e Lo tlaa kopiwa go bapisa ditlhangwa tse pedi tse.
e Go tlaa nna le dipotso di le pedi/e le nngwe e e bulegileng
e Go tlaa nna le potso e le nngwe ya tlhopho ntsi.
Karolo ya B: Tshobokanyo: Maduo a le 10
Potso 2
¢ Lo tlaa kopiwa go sobokanya setlhangwa ka temana kgotsa ka dintlha.
¢ Memorantamo o tlaa nna dikarabo di le pedi, e leng ya temana le ya dintlha.
¢ Ga lo kitla lo tshwaiwa phoso fa lo neile kagego e lo neng lo sa e kopiwa, fela
ithuteng go araba dipotso ka mokgwa wa tshwanelo.
Karolo ya C: Puo: Maduo a le 30
43
e Lo tlaa bodiwa ka ditlhangwa di le 3 mo karolong e. Tsona ke tse: Papatso,
Khathunu le Porosa
e Karoloe, ena le dipotso di le 3.
Potso 3: Papatso: Maduo a le 10
Setlhangwapono se se kwadilweng/sa molomo se tlaa tlhatlhoba tse di latelang:
e Dithegeniki/malepa a papatso a a akaretsang tiriso ya puo.
e Go tshwanetse ga nna le potso e le nngwe e e bulegileng (potso e e senang
karabo e le nngwe fela).
Potso 4: Khathunu: Maduo a le 10
e E tlaa tlhatlhoba: Pono le tiriso ya puo
e Go tlaa nna le potso e le nngwe ya e e bulegileng
Potso 5: Porosa: Maduo a le 10
e E tlaa tlhatlhoba: Tiriso ya puo, thutapuo le dikgono tsa tseleganyo mo tirisong.
¢ Go tlaa nna le dipotso di le pedi tse di bulegileng mo Karolong ya C (mo
papatsong le e le nngwe mo khathunung).
¢ Go tlaa nna le bontsi jwa dipotso tsa tlhophontsi di le pedi mo karolong ya C)
7-DIPONAGALO LE MELAWANA YA DITLHANGWA TSA TLHAELETSANO YA
MOLOMO
Go reetsa le go bua ke dikgono tse di farologaneng fela e nngwe e ikaegile ka e nngwe.
Ka bobedi di bonala go ya go ile mo phaposiborutelong fa barutwana ba amogela le go
buisana ka tshedimosetso. Go reetsa le go bua go go tlhomameng le go go sa
tlhomamang mo mabakeng a a kgethegileng, sekao, dingangisano di batla thuto e e
itebagantseng le tsona. Go reetsa le go bua go go tlhomameng le go go sa tlhomamang
go lotagantswe le puiso, go kwala le tiragatso ya puo, le go bua go ka naya setlhangwa
se se kwadilweng sebopego sa tiro ya molomo (sk. 0 buisetsa kwa godimo).
GO REETSA
Go reetsa ke kgono e e botlhokwa thata mo go ithuteng puo. Mme seno ga se reye gore
dikgono tse dingwe ga di botlhokwa. Fa morutabana a buisa temana o tshwanetse go
reetsa ka kelotlhoko ka a tlile go lo botsa dipotso go tswa mo go yona. Go reetsa ka
tlhoafalo go tlhokega gape mo dipuisanong tsa ditlhopha ka o tla tshwanelwa ke go
tshwaela ka se morutwana ka wena a buileng ka sona. O ka reeletsa dilo di le nne
tsona ke tse di latelang:
¢ Go reeletsa tshedimosetso e e kgethegileng
44
Go reetsa, gona le go utlwelela fela, e nna e ntse e le ntlhakgolo mo tsibogong nngwe
le nngwe e e botlhale mo lefatsheng le le re dikologileng. Mo lefatsheng le thekenoloji
e itlhomileng kwa pele ka go tlhama dilo tse dintsintsi jaaka medumo, mantswe,
mmino, go bua, go ithuta le go reetsa tse di leng mosola kgotsa di dirisega e nna
sengwe sa botlhokwa. Bontsi jwa dilo tse di tlhagisitsweng fa tlase fa, tse di diragalang
mo dikgatong tse di farologaneng tsa theetso tse di kailweng, ga e ne e nna tse disa
tlwaelegang mo barutwaneng ba setlhopha se, barutabana ba tlhoka fela go dira ka
dikgato tse ba akanyang gore barutwana ba santse ba di tlhoka.
e Dira dintlhathuto tse di nang le bokao o thadisa, aroganya ka ditlhopha,
sobokanya, dira manaanenetefatso, bua gape, tlhalosa
e Tlhaola molaetsa go tswa mo sebuing
e Tlhokomelo ya tiriso le bokao jwa mafoko
¢ Lemoga, ranola le go tlhatlhoba melaetsa
¢ Tlhaloganya ditaelo, dikaelo, le ditsamaiso
¢ Lemoga dikakanyokgolo le mabaka a a di tshegetsang
e Aga tshedimosetso ka go: bapisa, obamela ditaelo, tlatsa diphatlha, batla
dipharologano, tshwaya dintlha, fetisa tshedimosetso, tlhomaganya,
tshwantsha, ranola bokao
e Sala morago tlhagiso ka go: araba dipotso, boeletsa dintlhathuto, kgaoganya
dikakanyo ka ditlhopha, sobokanya, tlhalosa, lebelela gape go bua kgotsa go
kwala.
Go reeletsa tshekatsheko ya tsenelelo le tlhatlhobo
Maitlhomo a go reeletsa tshekatsheko ya tsenelelo ke gore lo nne barutwana ba ba
buisang ka tsenelelo. Bontsi jwa dikgato/tsamaiso e e neetsweng fa tlase di ka thusa
mo go ithuteng ditlhangwa le ditokomana tsa sepolotiki. O tshwanetse go ithuta
mareo/ditlhaloso tse di latelang:
e Lemoga le go ranola puo e e tlhotlheletsang, e e tsosang maikutlo aa rileng, ee
digelang, e e sekamelang mo letlhakoreng le le lengwe, e e gobelelang, le ee
lebelelang dilo ka letlhakore le le lengwe.
e Farologanya magareng ga ntlha le kakanyo
e Supa temogo le go ranola segalo, lebelo le tiriso ya puo
e Tsibogela setaele, segalo le rejisetara 0 bo o tlhatlhobe ka nepagalo
e Tlhaloganya tatelano ya tshedimosetso
e Dira ditshwetso le go neela bopaki
¢ Dira diphopholetso le go bonelapele ditlamorago
e Tsibogela tiriso ya puo, tlhopho ya mafoko, popego le kapodiso
45
Go reeletsa kgatlhegelo le tlhaeletsano le ba bangwe
Ditirwana tse tsa theetso di dirwa bontle mo dingangisanong, mo dipuisanong tsa
ditlhopha tse dinnye le mo dipuisanong dingwe le dingwe tse di rulaganeng. Go
lebelela difilimi go ka thusa mo go sekasekeng diponagalo jaaka di neetswe fa tlase:
¢ Go tsiboga mo maemong a tlhaeletsano
e Letla dithefosano mo motlotlong.
e Botsa dipotso go tsweletsa tlhaeletsano
e Tsibogela puo ya matsogo, tebo ya matlho, le ya mmele.
e Supa go tlhaloganya botsalano magareng ga puo le setso ka go bontsha tlotlo
mo melawaneng ya ditso.
e Tsibogela bontle jwa boleng jwa setlhangwa sa molomo, sk. moribo, lobelo,
seabe sa lentswe, tshwantshanyo, le ditlhangwa tse dingwe tse di tsamaisanang
le setlhangwa.
Go bua
Fa barutwana ba ka kgona go go ithuta go bua bonolo, ba iketleeditse ka nepagalo, ba
tlaa bo ba fitlheletse letlotlo le le nang le boleng la botshelo, botho le boithutelo jwa
bona. Go tlhola go itshepa ka boena go botlhokwa thata go feta malepaaa
kgethegileng a puo ya mo phatlhalatseng. Barutwana ba tlhoka go itse gore fa ba bua
ga ba kitla ba sotliwa kgotsa ba nyadiwa ka gope, e bile ba netefaletswe tshegetso le
thotloetso e e tletseng ya morutabana ka dinako tsotlhe.
Fa o neilwe ditlhogo go ipaakanyetsa go tlhagisa puo, o tshwanetse go sala
morago dikgato tse di latelang:
¢ Godira paakanyetsotiro, patlisiso le thulaganyo.
e Ikatiso
¢ Tlhagiso
Go dira paakanyetsotiro
¢ Tlhopha setlhogo, go kwala kgosomano ya dikakanyo/go dira mmepe wa
tlhaloganyo/tShate ya dikakanyo
Patlisiso le thulaganyo
e Dira dipatlisiso kwa dilaeboraring ka setlhogo, 0 itseele dintlha.
e Rulaganya dintlha tse o di batlisitseng sentle
Tkatiso
46
Ikatise ka dintlha tse o di kgobokantseng. Seno se raya gore 0 ikatise gore 0 ya go
tlhagisa jang fa pele ga bareetsi. Itebelele mo seipong gore o kgone go bona gore 0 ya
go dirisa jang matsogo, tebo ya matlho le tiriso ya dikarolo tsa mmele.
Tlhagiso ya molomo.
e Jaanong ka 0 ikatisitse, o ka tlhagisa puo ya gago fa pele ga bareetsi. O tsamaye
o dirisa matsogo, o leba bareetsi le go dirisa dikarolo tsa mmele jaaka o
ikatisitse. Tsamaya 0 nopola tshedimosetso e oe fitlheletseng ka nako ya
dipatlisiso.
e Dirisa rejisetara, setaele le lentswe le le nepagetseng go ya ka bareetsi,
maitlhomo, bokao le thitokgang.
¢ Dirisa puo e e nepagetseng.
Go na le mefuta e e farologaneng ya ditlhagiso tsa molomo, tsona ke tse di
latelang:
Dingangisano
Dintlha tsa tlhokomelo
Mo dingangisanong ditlhopha di le pedi di a gaisana mme di solofela fa di tla kgona go
pateletsa bareetsi le modulasetulo go tsaya ntlhakemo ya bona.
Moatlhodi/motsereganyi
Motshwaranako z 4 | Modulasetulo
Setlhopha sa Setlhopha sa
tumelo kganetso
Lebelela dintlha tse di latelang ka ga ngangisano
Diponagalo le melawana ya dingangisano
e Go tshwanetse ga nna le kgangkgolo e e rarabololwang/setlhogo se se
rarabololwang ke ditlhopha tse pedi tse di ganetsanang ka ga sona.
e Dikganetso: di tlhalosa lebaka la gore ke ka ntlha ya eng setlhopha se sengwe se sa
47
dumelane le se sengwe
Dibui tse di dumelanang: di dumelana le tshwetso/tlhagiso. Setlhopha se se
dumelanang ka gale se tshwanetse go rwala maikarabelo a go tlhagisa dintlha tsa
letlhakore la sona. Se simolola le go wetsa/fedisa ngangisano.
Dibui tse di ganetsang: ga di dumelane le kgangkgolo ka go tlhagisa ntlha e e
kgodisang e ba ganetsang tumelano le go tshegetsa kemo ka yona.
Dikgato tsa puo tse o tshwanetseng go di latela fa 0 ipaakanyetsa puo.
Go dira paakanyetsotiro, patlisiso, thulaganyo le tlhagiso
Tlhokomela dintlha tse di latelang ka ga tsamaiso ya dingangisano
Setlhogo le dintlha tse di tshegetsang dikakanyo tsa setlhopha di neelwa ke sebui
sa ntlha sa tumelano
Ditlhopha tsa tumelano le tsa kganetso di letlwa go ikhutsa metsotso e le 5-10 go
baakanya kganetso ya bona. Setlhopha se sengwe le se sengwe se patelesega go
ganetsa dintlha tsa baganetsi ba bona le go tiisa le go sireletsa ntlha ya bona.
Setlhopha sa kganetso se neela dikganetso tse pedi kgatlhanong le dintlha tse pedi
tsa setlhopha sa tumelano le go neela mabaka a mabedi.
Setlhopha sa tumelano se neela dikganetso tse pedi kgatlhanong le dintlha tse pedi
tsa setlhopha sa kganetsano le go neela mabaka a mabedi.
Go ikatisa le go tlhagisa
O tshwanetse go kgona go bontsha dikgono tsa go tlhagisa ka molomo ka:
¢ Go bua le bareetsi ka tlhamalalo.
¢ Go lebelela mefuta e mentsi ya metswedi e e maleba e e dirisitsweng, go
akaretsa dintlha le dikao tse di farologaneng go ya ka ditlhokego tsa tiro.
¢ Go dirisa matseno aa ngokang le bokhutlo jo bo tiileng; go aga dikakanyo le
dintlha tse di tshegetsang ka tsela e e utlwalang, e tlhaloganyega; e tshegetsa
puo mo ntlheng le go efoga go tswa mo setlhogong, dipoeletso tse di sa
tlhokegeng, mafoko/dipolelo tse di dirisitsweng thata di feleletse di
latlhegetswe ke bokao, dipegelo tse di sa batleng tsibogelo.
¢ Go dirisa dipopego tsa thulaganyo jaaka ditatelano, bomaleba, lebaka le
ditlamorago, papiso le pharologano, bothata le tharabololo go sedimosa le go
tlhotlheletsa.
e Go dirisa segalo se se nepagetseng.
e Go tlhagisa le go tsweletsa dintlha tse di tshegetsang ka tsela e e utlwalang le go
tlhopha mefuta ya bosupi jo bo maleba (sekao, dipalopalo, bopaki, dinako tse
di kgethegileng) tse di arabelang maemo a teko ya bosupi, go akaretsa
boikanyego, kamogelesego le bomaleba.
48
¢ Go dirisa mefuta e e farologaneng ya go raya/bitsa batho go ya ka maemo a
bona kgotsa dipoeletso: bomme le borre, makgarebe le makau; ke batla go
gatelela gore ...
e Go dirisa tlhopho e e nepagetseng ya mafoko, dipopego le melawana ya puo.
¢ Go dirisa malepa a go bua ka mafoko le ka dikarolo tsa mmele mo ditlhagisong,
(sekao: segalo, kutlwalo ya lentswe/ phetogo ya segalo, modumo, lebelo/
morethetho, tebo ya matlho, puo ya sefatlhego, puo ya matsogo le puo ya
mmele).
Puo e e ipaakanyeditsweng
Fa lo ka kgona go bua bonolo, lo iketleeditse ka nepagalo, lo tlaa bo lo fitlheletse
letlotlo le le nang le boleng la botshelo, botho le boithutelo jwa lona. Go tlhola go
itshepa ka bo lona go botlhokwa thata go feta malepa a a kgethegileng a puo ya mo
phatlalatseng. Lo tlhoka go itse gore fa lo bua ga lokitla lo sotliwa kgotsa lo nyadiwa
ka gope, e bile lo netefalelwe ke tshegetso le thotloetso e e tletseng ya morutabana
ka dinako tsotlhe.
Dintlha tsa tlhokomelo
Dikgato tsa ditogamaano tsa go bua e leng: Paakanyetsotiro, patlisiso, thulaganyo,
ikatiso le tlhagiso
Melawana ya puo e¢ e ipaakanyeditsweng. Lo tshwanetse go kgona go bontsha
dikgono tsa go tlhagisa ka molomo ka:
Go bua le bareetsi ka tlhamalalo.
Go lebelela mefuta e mentsi ya metswedi e e maleba e e dirisitsweng, go akaretsa
dintlha le dikao tse di farologaneng go ya ka ditlhokego tsa tiro.
Go dirisa matseno a a ngokang le bokhutlo jo bo tiileng; go aga dikakanyo le
dintlha tse di tshegetsang ka tsela e e utlwalang, e tlhaloganyega; e tshegetse puo
mo ntlheng le go efoga go tswa mo setlhogong, dipoeletso tse di sa tlhokegeng,
mafoko/dipolelo tse di dirisitsweng thata di feleletse di latlhegetswe ke bokao,
dipegelo tse di sa batleng tsibogelo.
Go dirisa dipopego tsa thulaganyo jaaka ditatelano, bomaleba, lebaka le
ditlamorago, papiso le pharologano, bothata le tharabololo go sedimosa le go
tlhotlheletsa.
Go dirisa segalo se se nepagetseng.
" Go tlhagisa le go tsweletsa dintlha tse di tshegetsang ka tsela e e utlwalang le go
tlhopha mefuta ya bosupi jo bo maleba (sekao, dipalopalo, bopaki, dinako tse
di kgethegileng) tse di arabelang maemo a teko ya bosupi, go akaretsa
boikanyego, kamogelesego le bomaleba.
" Go dirisa mefuta e e farologaneng ya go raya/bitsa batho go ya ka maemo a
bona kgotsa dipoeletso: bomme le borre, makgarebe le makau; ke batla go
49
gatelela gore...
" Go dirisa tlhopho e e nepagetseng ya mafoko, dipopego le melawana ya puo; le
" Go dirisa malepa a go bua ka mafoko le ka dikarolo tsa mmele mo ditlhagisong.
(sekao; segalo, kutlwalo ya lentswe/phetogo ya segalo, modumo,
lebelo/morethetho, tebo ya matlho, puo ya sefatlhego, puo ya matsogo le puo
ya mmele)
¢ Go bopa polelo: o ka dirisa mabotsi (goreng? kae?, jang?, eng?) go tsosa
kgatlhego. O ka dirisa mefuta e e farologaneng ya dipolelo, sk. polelonolo,
polelotswako, polelopate, jalo jalo. O tshwanetse go dirisa thulaganyo e e
lolameng ya dipolelo go bontsha kgatlhego le kgatelelo. Dithuanyi
(dipopapolelo) di dirisiwe ka nepagalo.
¢ Go kwala temana: Ditemana di rulaganngwe sentle
=" Puo e nne le setlhogo, dikakanyokgolo, dintlha tsa tshegetso. matseno a a
kgatlhisang, mmele le bokhutlo.
"Go nne le tatelano e e maleba: Sa ntlha, sa bobedi, sa boraro, pele ga moo,
morago, kgabagare, go fitlhelela, la bofelo, ga jaana, jalo jalo.
" Garela/khutlhisa puo ya gago
e Tlhopho ya mafoko: Dirisa bokao jo bo tlhamaletseng.
= Puo gantsi e dirisa puo ee tlhotlheletsang.
" Rejisetara, setaele le lentswe: Kwala ka kgodisego le go itshepa, 0 se ke wa
kopa maitshwarelo a kemo e 0 e tshotseng.
" Dirisa dintlhakemo tse di farologaneng fela fa go tlhokega
e Melawana ya puo: Dirisa ditlhakakgolo, phegelwana, matshwao a nopolo,
khutlo, letshwao la potso sentle.
Dikopano le mokgwa wa go di tsamaisa
Mo botshelong, batho ba ba rileng ba a tle ba kopane go tla go buisanela dintlha
dingwe tse di rileng ka maikaelelo a go fitlhelela ditshwetso kgotsa ditumalano tse di
rileng ka ga se ba se kopanetseng. Mo thutong e, lo tlile go ithuta ka se kopano e leng
sona. Kopano ke kokoano e mo go yona batlapitsong ba kokoanang go tla go buisana
ka dintlhakgolo tse di rileng, e ka nna go neelana ka pegelo, go rarabolola mathataaa
rileng, go tla go rulaganyetsa sengwe, jalo le jalo. Dintlha tse, di rulaganngwa go ya ka
lenanetema le le tla salwang morago mo tsamaong ya dipuisano mme dintlha tse go
dumalanweng ka tsona di kwalwa ka go kgobokanngwa e le metsotso ya ditumalano
tse di fitlheletsweng.
Diponagalo tsa dikopano
e Kopano ena le modulasetulo yo 0 bulang kopano ka go neelana ka maitlhomo a
yona le go tlhalosa gore ke eng se e tshwanetseng go se fitlhelela.
50
Modulasetulo ke ena a tsamaisang le go laola kopano go ya ka melawana e go
dumalanweng ka yona mo tshimologong ya kopano kgotsa e e mo molaotheong wa
mokgatlho.
Go na le mokwaledi go kwala a dirisa pakapheti, gore mang 0 rileng, go kwala
ditumalano le ditshwetso tse di fitIheletsweng, ke maikarabelo a bomang go tsenya
tirisong ditumalano le diphitlhelelo tsa kopano le nako e ba e neetsweng go
diragatsa tseo.
Modulasetulo le mokwaledi ba tshwanetse go rulaganya lenanetema le go tlileng
go buisanwa ka lona mo kopanong. Dintlha tsa lenanetema di ka oketswa ka
ditlhagiso tse batsenelakopano ba ka ratang di ka buisanelwa mo kopanong.
Lenanetema la kopano le tshwanetswe go romelelwa batsenelakopano pele ga
nako ya kopano gore ba tle ba itse se ba se bilediwang.
Mo kopanong, sebui sengwe le sengwe se se batlang go bua se neelwa tetla ya go
bua ke modulasetulo.
Batsenelakopano ba tshwanetse go reetsa le go tlotla tlhagiso ya sebui sengwe le
sengwe le fa ba ka tswa ba sa dumalane le sona.
Kwa bokhutlong, modulasetulo o tshwanetse go sobokanya kopano ka go tlhagisa
ditumalano tse di fitlheletsweng le go tswalela ka go leboga batlapitsong botlhe.
Go tlhagisa
Bua le bareetsi ka tlhamalalo.
Emelela ntlhakemo ya gago ka go tlhagisa dikakanyo le megopolo o phuthologile
mme gona 0 bontsha go tlotla dikakanyo tsa ba bangwe.
Aga dikakanyo le go di tlhagisa ka tsela e e utlwalang, e tlhaloganyega; e tshegetse
puo mo ntlheng le go efoga go tswa mo maitlhomong a kopano, go tlogela
dipoeletso tse di sa tlhokegang le dipegelo tse di sa batleng tsibogelo.
Dirisa segalo se se nepagetseng.
Tlhagisa le go tsweletsa ntlhakemo e e utlwalang le go tlhopha mefuta ya bosupi jo
bo maleba (sekao, dipalopalo, bopaki, dinako tse di kgethegileng) tse di arabelang
maemo a teko ya bosupi, go akaretsa boikanyego, kamogelesego le bomaleba.
Dirisa mefuta e e farologaneng ya go bua kgotsa dipoeletso: borre le bomme,
makau le makgarebe; ke batla go gatelela gore ...
Dirisa tlhopho e e nepagetseng ya mafoko, dipopego le melawana ya puo.
Dirisa malepa a go bua ka mafoko le ka dikarolo tsa mmele mo ditlhagisong,
(sekao: segalo, kutlwalo ya lentswe/phetogo ya _ segalo, modumo,
lebelo/morethetho, tebo ya matlho puo ya sefatlhego, ya matsogo le ya mmele).
Go itsise sebui
51
Dikgato tsa go bua
Rulaganya, ipaakanye, tlhagisa.
Itsise bareetsi sebui ka botlalo le ka nepagalo.
Dintlha tsa tlhokomelo
Dirisa puo e e tIhomameng go amogela le go itsise sebui. Se tswe mo tseleng.
Dira dipatlisiso go fitlhelela tshedimosetso go tswa go sebui le puo ea tla ratang go
itIhalosa ka yona.
Tlhomamisa le sebui ka ga se a ka ratang se dirisiwa go tswa mo lokwaloikitsisong
la gagwe.
Neela tshedimosetso e e nepagetseng ya lemorago.
Neela ka boripana tshedimosetso ka ga sebui mabapi le go tsena sekolo le
boiphediso, dithutego, dintlha tsa go thapiwa ka go farologana.
Kaya dilo tse o fetisang nako ka tsona le dikgatlhegelo tsa gago fa fela di le maleba
mo bokaong jwa kgang ya gago.
Kaya diphitlhelelo tsa maemo a a kwa godimo tsa sebui.
Nyalanya kitsiso le thitokgang ya puo, sekao, goreng go laleditswe sebui se go tla
go bua mo kopanong.
Itsise leina la sebui, kwa bofelong o tlhomamise gore le kapodisiwa sentle le ka
nepagalo.
A kitsiso e nne khutshwane: bareetsi ba tlile go reetsa sebui e seng motho yo 0
itsiseng sebui.
Dirisa dipopego tsa puo le tiriso ya melawana ka nepagalo.
Go neela puo ya ditebogo
Neela puo ya tebogo go sebui morago ga go neela puo go bareetsi.
Rulaganya, ipaakanye, tlhagisa.
Dintlha tsa tlhokomelo
Reetsa sebui ka tlhoafalo gore o tle o tlhagise dintlha dingwe tsa botlhokwamo
puong.
Kwala dintlha tse di utlwalang go tswa mo puong ya sebui sekao, lebogela sebui go
senola dikakanyo/ dintlha tse di neng di sa itsege pele.
Neela puo ya ditebogo e khutshwane e bile e totile dintlha.
Dirisa dipopego tsa puo le tiriso ya melawana ka nepagalo.
Dipuisano tse di sa tlhomamang/motlotlo
Dintlha tsa botlhokwa fa re dira dipuisano tse di sa thhomamang/ motlotlo.
Simolola le go tsweledisa motlotlo.
52
Tsayang ditumelano ka go refosana.
Sireletsa kemo ya ditumelano tse di tserweng.
Rerisanang.
Tlaleletsa diphatlha le go rotloetsa sebui.
Abelana dikakanyo le maitemogelo le go supa go tlhaloganya megopolo.
Elang tlhoko dintlha tse di latelang:
Dipuisano tse di sa tlhomamang ke fa batho ba tlotla ka setlhogo se se rileng mme
go se thulaganyo epe e e rileng e e setsweng morago.
Setlhopha se sengwe le se sengwe se nna le dibui tse pedi kgotsa go feta.
Go tlhaloganya setlhogo go botlhokwa thata.
Ke maikaelelo a dibui go bontsha bokgoni le kitso ka setlhogo.
Kakanyo e nngwe le e nngwe e tshwanetse go tshegetswa ka mabaka.
Modulasetulo 0 itsise dibui tsa tlotlego setlhogo se go tlilweng go buisanwa ka
sona.
Dibui tsa tlotlego di buisana ka setlhogo, yo mongwe le yo mongwe a newa tShono
ya go tlhagisa maikutlo a gagwe.
Modulasetulo 0 eta a botsa sebui dipotso tse a dumelang di ka neelana ka
tshedimosetso e e maleba le setlhogo.
Go solofelwa gore dibui tsa tlotlego di tla neelwa tShono ya go tlhagisa maikutlo a
tsona ka tshosologo mme ba reetsane, ba tlotlane ka go tlotla ditshwaelo le
ditlhagiso tsa ba bangwe.
Mo dipuisanong tsa mothale o, go a dumelesega gore sebui se dirise dithwe tsa
mmele kgotsa ditshwantsho go gatelela le go tlhagisa ntlha ya gagwe ka nepo.
Bareetsi kgotsa babogedi ba dipuisano tse, ba newa tShono ya go botsa dibui tsa
tlotlego dipotso mo dintlheng tse ba ka tswang ba sa di tlhaloganye.
Sebui sa tlotlego sengwe le sengwe se neelwa tShono kwa bofelong ba dipuisano go
sobokanya maikutlo le dikakanyo tsa gagwe malebana le setlhogo.
Dintlha tsa tlhokomelo
Sebui se sengwe le se sengwe se bua ka karolo e e rileng ya setlhogo.
Tiriso ya melawana mo dipolelwaneng.
Ditiro tsa modulasetilo:
¢ Go baya maemo mo taolong.
e Go laola nako.
e Go tlhomama mo lenanetemeng.
¢ Go rotloetsa botsayakarolo.
e Gose tseye letlhakore.
Go ngoka ditshitsinyo kgotsa ditlhopho.
53
REJISETARA
Rejisetara e ka tlhalosiwa e le tlhopho ya mafoko le mofuta wa puo e e dirisiwang.
Rejisetara ke tiriso ya mafoko a a farologaneng, setaele, thutapuo, tsholetsego ya
lentswe le segalo mo mabakeng a a farologaneng. E ka nna go repa kgotsa go gagamala
ga puo go ya ka batho ba o buang le bona. Fa 0 bua le tsala ya gago rejisetara e a repa
kae le motho yo o mo tlwaetseng, fa e le mogolo rejisetara e nne e e ttIhomameng. Fa o
bua kgotsa o kwala o tshwanetse go dirisa rejisetara e e matshwanedi.
Ka bokhutshwane, rejisetara e e maleba e ikaegile ka:
e Tlotlofoko e e dirisiwang
¢ Bonolo kgotsa bomarara jwa kago ya dipolelo
e Bamaleba jwa dintlha tse mo maemong.
Dintlha tse di tlhotlheletsang rejisetara
e Maitlhomo a gago-lebaka la gago la go tlhaeletsa le tlaa tlhomamisa gore 0 bua
jang. Segalo sa lentswe la gago se tlaa bontsha maikutlo a gago tebang le diteng
(molaetsa) le bareetsi/babuisi (baamogedi).
e Ntlhae nngwe ee tlhotlheletsang rejisetara ke lemorago, dingwaga, maitemogelo
le maemo a dikgono a baamogedi. Phaphang ya dintlha tse e tlhoka melebo e e
farologaneng le tiriso ya puo.
e Otshwanetse go tlhokomela le maemo a tlhaeletsano e diragalelang teng, ka ntlha
ee tlhotlheletsa rejisetara. Sekao, rejisetara e e tIhomameng e dirisiwa fa go buiwa
ka dintlha tsa botlhokwa, jaaka dipuisano tsa kgwebo. Le gale, rejisetara e e sa
tlhomamang (e e repileng) e dirisiwa mo metlotlong ya ka metlha le mo
dipuisanong tse di sa tlhomamang.
Tiriso ya puo le rejisetara
Puo ya mo mebileng/ya ditlhopha dingwe tse di rileng (slang)
Ke puo e e sa tlhomamang. E dirisiwa ke ditlhopha tse di rileng ka nako nngwe e e
rileng. Mofuta o wa puo ga 0 letlelelwe mo dipuisanong tse di tIhomameng.
Puo ya borutegi jwa setlhopha se se rileng (jargon)
Seno ke puo e batho ba ba sa direng dithuto tseo ba ka sekeng ba e tlhaloganya.
Serutwa sengwe le sengwe se na le tlotlofoko eo se e dirisang. Sekao, baoki ban a le
tlotlofoko ya bona, fela jalo ka bamolao, barutabana, dingaka, jalo jalo.
THUTO YA DIKWALO
54
Diponagalo tsa dikwalo
Poloto le dipolotwana (Tshimologo, tharaano, thatafalo (tlhakatlhakano), setlhoa,
tharabololo, le bokhutlo, go tlhalosa ditiragalo tsa gompieno mme o tsamaya o
lebelela tsa bogologolo, go dira diponelopele tsa se se tla diragalang mo nakong e e
tlang.
Kgotlhang
Boanedi
Seabe sa mopadi
Molaetsa le morero
Maitshetlego
Mo6n6
Poko
Ka jaanong re tlhaloganya mareo a poko, tla re sekasekeng temathetho e e latelang ya
leboko la ga Rre Raditladi mmogo
Morutwana 0 tla buisa leboko mme lo arabe dipotso mmogo.
Loso-L.D Raditladi
1. Erile ke utlwa ba re o sule ka tshoga,
Ka nyera moko, ka rothisa keledi,
Lefatshe la ntshofala, la dikologa,
Leitlho la me la benya jaaka naledi,
Sengwe sa seba pelong khibidu ya me
Sa re: “Se lele, ke thata ya Modimo”
Dikeledi tsa kgala mo letlhaeng la me,
Loleme lwa ama magalapa godimo,
Ka didimala fela ka nna semumu.
Ve eS
1.
Poko ke eng?
Ke tshenolo ya maikutlo a a kwa teng a mmoki/mokwadi. Maikaelelo a mmoki ka poko
ke go: go ruta sengwe, go bontsha bontle jwa puo le go rotloetsa go bua Setswana.
2.
Diponagalo tsa mefuta e meraro ya maboko ke:
Maboko a segologolo
e A rorisa bagale, dikgosi, batlhabani, diruiwa tse di rileng, merafe/dikgotla,
diphologolo tse di boitshegang.
e Gaarulaganngwa ka ditemana.
55
e Bontsi jwa ona a maleele
e Adirisa tlotlofoko e e thata
e Adirisa puo ee bofitlha (dikapuo).
e Gaanamorumo 0 o rulagantsweng ka mmoki 0 ne a ema fela a tsatsanka se
a batlang go se tsatsanka, ka jalo o ne a sa rulaganye morumo mo lebokong
jaaka go dirwa gompieno.
e Anale moribo. Moribo o ka nna o 0 matlhagatlhaga kgotsa 0 0 repileng e le
go tlhagisa maikutlo mangwe aa rileng.
Maboko a magareng
e Mofuta o wa maboko, ke go fitlhelwang ditlhokego tsa maboko a
segompieno le a segologolo
e A arogantswe ka ditemana, fela diteng tsa ona ke tsa maboko a segologolo.
Maboko a segompieno
Go na le mefuta e mebedi e megolo e e welang mo pokong ya segompieno, yona ke
epiki/leanela le letlhologela. Re tla lebelela mefuta e ya maboko fa re dira ka mefuta ya
maboko.
e Maboko a, gaa rorise fela, a eta a laya, a a kgalema, aa tlaleya, aa ruta, a
bontsha lerato, letlhologelelo.
e Anale matshwao a puiso
e Moribo le morumo di rulagantswe sentle
e Eakaretsa merero e e farologaneng, e bua ka sengwe le sengwe se e batlang
go bua ka ga sona.
Dintlha ka ga maboko a segompieno.
Mefuta ya maboko a segompieno
Epiki: ke leboko le le leele le le anelang tiragalo nngwe e kgolo kgotsa motho
mongwe yo 0 itsegeng yo a neng a le teng. Sekao sa epiki ke Dikgang tse Pedi ya ga
tre G.C Motlhasedi. Mefuta e ya poko e bua ka baanelwa jaaka ba amega mo
tiragalong e e anelwang.
Balate: Ke mofuta wa leboko 0 mo go lona mmoki a buang ka batho kana ditiragalo
go ya ka fa ena a di bonang ka teng. Seno ke kgang fela mme kgang e, e tlhagisiwa
ka mokgwa wa leboko.
Letlhologela: Ke mofuta wa poko 0 mo go ona go buiwang ka ga sengwe. Mofuta o
wa poko o tlhagisa maikutlo a mmoki a tlhoafalo/tlhologelo, a lerato, a kilo, a
kgatlhego, a go sulafalelwa, a kgalemo, jalo jalo.
e Alegori: Ke kanelo ee tlhageleng ka mokgwa wa papiso e telele. E tlisa thuto ee
fitlhegileng.
Leriki: (Lyric): Ke mofuta wa leboko o o tlhagisiwang ka mokgwa wa pina. Mofuta
o wa leboko o tlhagisa maikutlo/dikakanyo tsa mmoki go na le ditiragalo tse di kwa
56
ntle ga maikutlo a gagwe. Dileriki tse dingwe e ka nna kanelo ya kgang. Mofuta o
wa leboko o ratwa thata ke baboki ba ba bokang ka tsa marato. Sekao:
Sengalamotse. Mefuta ya dileriki ke e e latelang:
e Oute (ode): Eno ke leriki e e tlotlomatsang mongwe go ya ka ditiro tse dintle
tsa gagwe. Gantsi ditemana di tsamaya di fetafetana ka mela, sk.
Semakaleng-a-Monyaise. Ke leboko le le tlhalosang maikutlo a mmoki.
e Sonete: Leboko le le nang le mela/melatheto e le somenne (14). Mela e e
robedi (8) ya ntlha e tlhagisa bothata mme mela e merataro ya bofelo
tharabololo. Mofuta o wa sonete ke o o bidiwang sonete ya Sentariana
(Italian Sonnete). Sekao sa mofuta o wa sonnet eke Botsofe ka rre L.D
Raditladi.
e Eleji (elegy): Mofuta o wa leriki ke wa maitlhomo o o akaretsang ditlhogo
tse di tshwanang le loso kgotsa gona go nna mo kutlobotlhokong. Mmoki o
lelela botshelo/loso lwa sengwe kgotsa mongwe. Sekao: Thulamotse
Bokao jo bo tlhamaletseng: Ke tiriso ya mafoko ka mokgwa wa tlwaelo kwa ntle ga go
dirisa dipapiso. Bokao ga bo bofitlha ka jalo bo tlhaloganyega bonolo.
Bokao jwa papiso: Ke tiriso ya puo e e bofitlha, e e sa tlhamalalang. Mmoki ga a bitse
seolo seolo.
Moono/maikutlo: Ke maikutlo afe a leboko le a tsosolosang mo go rona? A le re
tlhomola pelo, le a re tshosa, le tletse boitumelo, kutlobotlhoko, jalo jalo. Maikutlo a
motlhami ona ke afe? A selo se a se bokang se a mo tena, se a mo kgatlha kgotsa se a
mo hutsafatsa?
Morero/thitokgang: Seno ke kgangkgolo, ke se leboko le buang ka ga sona.
Molaetsa: A go na le molaetsa mongwe kgotsa thuto nngwe e mmoki a ratang go re
naya yona mabapi le tsa botshelo.
Puo ya Botshwantshi: Seno ke tiriso ya diane le maele mo lebokong. Ponagalo e e
fitlhelwa gantsi mo mabokong a bogologolo. Fela seno ga se reye gore maboko a
gompieno le a magareng ga a na puo ya botshwantshi.
Diponagalo tsa maboko
1. Tlhatlagano ya mafoko
E raya fa mela e e latelanang e simolola kgotsa e felela ka mafoko/dipolelwana tse di
tshwanang. Mosola wa tlhatlagano ke go gatelela bokao.
Ee kwa bofelong jwa mela
Sekao: Monna wa go di gama di robetse
Senatla sa go di tapolola di robetse
Ee mo tshimologong ya mela
Sekao: Kgomo tsa etsho di ntshang maswi a monate
Kgomo tsa gaetsho di gangwang di robetse
57
2. Tlhatlagano ya bokao
Ke fa mela e mebedi e e salang morago e simolola kgotsa e felela ka mafoko a a sa
tshwaneng fela a tshwana ka dikakanyo. Mosola wa tlhatlagano ke go gatelela bokao.
Fela mo sekaong se se latelang, tlhatlagano ya dikakanyo e fitIhelwa mo meleng yotlhe
ka bobedi.
Batho ba nthogakaka fela ke sa ba dira sepe
Batho ba ntlhapaotsa fela ke sa ba rumola
3. Neeletsano ya mafoko
Neeletsano ya mafoko ke fa mafoko a karolo ya bofelo ya mola a boelediwa mo
karolong ya ntlha ya mola 0 o latelang. Mosola wa neeletsano ke go golaganya mela e
mebedi kwa ntle ga go dirisa makopanyi kgotsa go golaganya dikakanyo. Neeletsano
gape e dirisetswa go gatelela bokao.
Sekao: Ngwale boela yoo o mmokile
O boka 0 sa itse ‘ina ja gagwe
‘Ina ja gagwe matsodimatsoke
4. Neeletsano ya dikakanyo
Ke fa kakanyo e e feleletsang mola wa ntlha e simolola mola 0 0 latelang.
Sekao: Le nna fa ke le mosetsana nka ya nokeng,
Nka ya go ga metsi le nna ka bontsha bokgoni
5. Tshekagano
Ke fa mafoko a a tshwanang/a a nang le bokao jo bo tshwanang a sisimololang mola o
o mo godimo se feleletsa mola 0 0 latelang. Mafoko a ka sekagana fa gare ga dipolelo.
Sekao: Ngwana nthute molodi
O nthute molodi ngwana
6. Morumo
Go tshwana ga dinoko kwa bofelong jwa mela e mebedi kgotsa go feta. Ke mokgwa
mongwe wa go tulaganya mafoko a bofelo gore dinoko tsa bofelo tsa mafoko di
rumisane kgotsa di raeme. Go na le mefuta e e farologaneng ya merumo, fela rona re
tla lebelela e le mebedi fela, e leng:
e Morumo 0 o pataganeng: Mela e mebedi e rumisana ka go tshwana
Sekao: Gompieno mathata a tlhagile, ngwana o timetse
Ngwana wa mosimane 0 ineile naga, o timetse a
MmaMolefe o rwele matsogo mo tlhogong,
A re wa gagwe ngwana o tla mmona sekgweng vi
Go mmona ke tshwanetse go mmona, ka Modimo’ Cc
58
Ka Modimo ngwana ena ke tla mmona, se e tla nna molemo c
¢ Morumo halofo
Ono ke morumo o o sa tsepamang, ka ntlha ya fa dinoko di sa rumisane fela
ditumanosi e le tsona tse di rumisanang.
Sekao: Ngwana wa mosimane 0 tla nyala kgaitsadio a
O tla mo nyala ka lesire le lebolomo a
Batla batla o sa le moSwa, o sa kgona
Fao ka re o emela motlha o tlaang 0 tla itiya
7. Enjambamente
Enjambamente ke fa mela ya leboko e salana morago go se na letshwao la puiso.
Kakanyo e simolola kwa moleng wa ntlha e tsamaye e tlolela mo meleng e e latelang go
fitlha fa mmoki a ikhutsang teng, fela kakanyo e ntse e le nngwe. Mosola wa
enjambamente ke go tlisa kelelo ya dikakanyo.
Sekao: Ntheetseng ka tsebe ntlha
Lo ntetle go tsatsanka Aforika Borwa.
8. SeSura
Ke fa polelo e le nngwe e kgaogantswe ka dikarolo di le pedi ka tiriso ya phegelwana
kgotsa letshwao le (/). Karolo ya bobedi ya mola e tlhalosa karolo ya bobedi.
Sekao: Ka nyera mooko, ka rothisa kekedi
Lefatshe la ntshofala, la dikologa
Ntlha tse dingwe tse di tshwanetseng go rutwa barutwana ke tse:
Moribo/morethetho
Ke go kiba kiba ga mela ya leboko fa go bokiwa. Mela e ka tsamaya e lekalekana kgotsa
e ka fetafetana ka boleele go ya ka maemo a se se tlhalosiwang. Leboko le ka bokela ka
bonako kgotsa ka bonya go ya ka maikutlo a mmoki.
Mmoelelo
Ke mola kgotsa mela e e boelediwang mo ditemaneng tsotlhe tsa leboko ka go
tshwana. Mola 00 o gatelelwa jaaka molaetsa wa leboko
Dipoeletso
Go na le poeletsomodumo le poeletso mafoko. Mefuta e ka bobedi e naya leboko
molodi
Poeletsomodumo
Poeletsomodumo ke poeletso ya ditumanosi le ditumammogo. Tsona di thusa go tlisa
moutlwalo/mosito 0 o rileng mo lebokong. Lebelelang sekao se se latelang seo mo go
sona go boeleditsweng tumammogo s le tumanosi e.
59
Sekao: Ke selo se se senang sepe le ope
Poeletsomafoko
Poeletsomafoko ke fa go boeletswa mafoko mo polelong.
Sekao: Ke se phutha ditShaba o phuta-phuthile bana bag a mmaagwe
Tlogelo
Ke go tlogela dikarolo dingwe tsa mafoko, e ka nna ditlhogo kgotsa megatlana. Mosola
wa tlogelo ke go somarela mafoko. Tlogelo e thusa motlhami go bopa moribo wa
leboko sentle.
Sekao. Fatshe la borre (go tlofetswe noko ‘le’)
Puo ya botshwantshi
E ke puo ee akaretsang puo ya papiso (dikapuo). Barutwana ba tlhoka go di itse ka ba
tla di didirisa thata le mo go kwaleng puo ee nonneng.
Kaediso: ke sekapuo seo mo go sona selo se tlhagisiwang ka seo se
tsamaelanang le sona. Mosola wa yona ke go tlhagisa bokao jwa se go
buiwang ka sona.
Sekao: Ya matla ka nna, kgomo ya makgoa ke fano. Mo moleng 0, “kgomo ya
makgoa” e emetse lefoko terena.
Fa dinaledi tsa godimo di ka nkgoa (fano mmoki o dirisitse “dinaledi tsa
godimo” boemong jwa lefoko loso.
Kemedi: Ke sekapuo se mo go sona fa 0 bua 0 dirisa karolo ya sengwe boemong
jwa se sengwe. Mosola wa yona ke go tlhagisa bokao jwa se go buiwang ka
sona.
Sekao: Mosetsana 0 rata tshega — se se kaya gore 0 rata basimane.
Pitsa e a bela — ga go bele pitsa go bela metsi a a mo pitseng.
Kobiso le tshotlo di tlhagisa maikutlo a a rileng mo lebokong. Tiriso eo ya puo
e ka tena kgotsa ya tshegisa. Kobiso le Tshotlo ga di dirise puo e e
tlhamaletseng. Mmoki 0 dirisa lefoko le tota a sa lebaganang le bokao jwa lona.
Mosola wa tsona ke go kgalema sengwe/ maitsholo mangwe. Gape ke go
tsenya maikutlo a a rileng mo lebokong go supa gore mmoki o ikutlwa jang
ka selo se a se bokang.
Tshotlo: Ke puo e e sotlang. E batlile go tshwana le kobiso ka go sotla ga yona.
Pharologanyo ke gore sekapuou se sona se raya se se se kayang se ntse se sotla,
e bile se tlhaba.
Sekao: Banna ba ke badumedi ba ba sa itseng batho ba bangwe. Fa ke bua jalo,
ke a bo ke ba sotla, ke re ba itira badumedi ntswa ba sa tlotle batho ba bangwe.
Kobiso: Ke fa o bua ka mongwe o ka re o dira selo se sentle fela se sa siama.
Kobiso ka nako nngwe e ka kgalema sengwe.Ke sekapuo se mafoko a sona a
rayang kganetso ya se a se kayang.
60
Sekao: Wena 0 itse dilo tsotlhe, mme ke raya gore ga 0 itse sepe. O monna tota,
mme tota ke raya gore ga o monna wa sepe.
e Mothofatso: ke sekapuo se se nayang dilo dingwe tse di sa tsheleng
dipharologantsho tsa setho. Dilo tse di sa tsheleng kgotsa tse e seng batho, di
dirisiwa ditiro tse di dirwang ke batho. Mosola wa yona ke go rorisa kgotsa go
kgala selo.
Sekao: Molaetsa wa Phologolo — “Mme ke ne ke bua ka gogolegwa game,
Mme photi a nkeme nokeng ka kgomotso”
e Phefofatso: ke sekapuo se mo go sona mafoko a a bogale a tlhofofatswa ka go
dirisa a a bonolo a a amogelegang. Mosola wa sona ke go nolofatsa molaetsa
gore o amogelesege.
Sekao: Go na le gore re re ‘motho o sule’ ra re ‘motho o tlhokafetse/ o ragile
kika’. Go na le gore re re ‘o bua maaka’ ra re ‘oa fosa’
e Pheteletso: ke sekapuo se mo go sona puo kgotsa sengwe se tlhalosiwang go
feta selekano. Mosola wa pheteletso ke go totobatsa le go gatelela se se
kaiwang.
Sekao: Batlase, lo Njetse Kgomo - “Rure, banna ba, ga ba je ba a olela”
e Tshwantshanyo: ke sekapuo se se dirisediwang go tshwantsha dilo kgotsa
ditiralo tse pedi. Se lemogiwa ka tiriso ya ‘jaaka’, ‘seka’, ‘tshwana le’, ‘o ka re’, ‘
e kete’. Mosola wa sona ke tlhalosa selo kana tiragalo ka sengwe se sele.
Sekao: “Ba kgaokgaotse jaaka kgomo e le tshojwana.”
O ikgarile e kete sebokolodi
e Tshwantshiso: ke sekapuo se se dirisediwang go tshwantsha dilo kgotsa
ditiralo tse pedi. Mo sekapuong se selo se bidiwa ka seo se tshwatshiwang le
sona. Ga go twe se ‘tshwana le’, gat we ‘ke/ 0’. Mosola wa sona ke go tlhalosa
selo kana tiragalo ka sengwe se sele.
Sekao: Modiegi ke katse
Mmotsa, o ntsie tala.
¢ Tatodi le pharologantsho: Ka dinako dingwe, mmoki o dirisa malatodi go
tlhalosa. Mmoki o dira se go leka go totobatsa se a se kayang ka go se
farologanya le se a sa se kaeng. Mosola wa tatodi ke go naya mola kutlwalo e
e monate mo lebokong Ie go gatelela bokao.
Sekao: Mpherefere ga se tshiamo, tshenyego.
Bodipa ga se botho, bolalome
Kgakantshi: Mo sekapuong se go na le go ikganetsa go go rileng. Sekao, Morena
Jeso 0 bolaile loso ka go re swela/ Tlala ke senatla sa legatlapa.
61
e Semenoganye: Ke go tshameka ka mafoko a a tshwanang mme o menoganya
bokao jwa ona. E ka nna mafoko kgotsa maina a a tsamaelanang le ona, sekao,
Potlakela mafoko Morena Potlako/Ka ke ruta, ke morutabana
¢ Moono/Maikutlo
¢ Ona ke maikutlo aa ralalang lokwalo, a mmuisi a itemogelang ona fa a ntse
a buisa.
e Ntlhakemo
o Mmoki o senola ntlhakemo ya gagwe ka go tlhoma mogopolo mo maemong a
pono ya gagwe go ya ka diteng tse a di senolang. Ntlhakemo e, e tshwanetse go
nyalana le diteng tse a di tlhagisang. Mmoki a ka tlhagisa ntlhakemo ya gagwe
ka go dirisa metlhala ya bokao kgotsa ka tiriso ya puo.
¢ Kutlwalo ya lentswe
o Ethusa go tlhotlheletsa setaele se mmoki a se dirisitseng go itlhalosa. kutlwalo
ya lentswe e lemosega bonolo fa leboko le bu isetswa kwa godimo ka gonne se,
se thusa mmuisi go lemoga tshenolo ya maikutlo a mmoki go ya ka se a se
bokang gore a ke a boitumelo, a selelo kgotsa a lerato.
¢ Moanedi
¢ Go le gantsi mmoki o tlhagisa diteng tsa leboko la gagwe ka boena, ka jalo, o
tlhopha mafoko ka kelotlhoko gore a tle a mo kgontshe go senola maikutlo a
gagwe.
e Kgelekiso e akaretsa tlhopho ya mafoko le tiriso ya mafoko a mokwadi. Kgelekiso e
ka thusa mo go senoleng boitshwaro / maikutlo a moanedi mme se, se ka
golaganngwa gape le kutlwalo ya lentswe. Go botlhokwa go ela
Dinaane ke eng?
Dinaane ke dikgang tse di neng di somarelwa go tswa bagolong go fetisetswa kwa
baneng ka go tlotliwa kgotsa go buiwa ka molomo. Nako e e tlwaelegileng ya go di
tlhaba e ne e le maitseboa fa go itisitswe fa isong. Di ne di tlhabiwa ke bokoko, ba di
tlhabela bana. Dinaane ga di tlhabiwe motshegare mme fa o batla go di tlhaba
motshegare ga twe o tshwanetse go tlhoma letlhokwa mo tlhogong.
Mefuta ya dinaane
¢ Dianelaphologolo —- mainane
62
Dianelabatho — dinaane tsa batho
Dika-hisetori — dinoolwane
Dianelalobopo — dikinane
Matseno a dinaane a ka simolola ka ditsela tse:
e Gatweekile....
e Ga twe e rile bogologolo tala majwe a santsane a tobetsega....
e Bogologolo tala go ne go nale.......
e Gokile ga bo gole.....
e Erile ka letsatsi lengwe....
e Ka letsatsi le lengwe....
e Fa majwea sa ntse a tobetsega...
Bokhutlo jwa dinaane
Bokhutlo jwa naane bo bokhutshwane.
Dinaane di felelela jaana: ‘Legotlo ke leo’/ke tsona tsotlhe/ga bo go nna jalo.
Pharologano ya dinaane le dikwalo tse dingwe
Di na le dipina tse di opelwang mo gare ga ditiragalo.
Baanelwa ke batho le diphologolo tse di mothofaditsweng
Poloto ga ea tseelwa matsapa.
Poloto e tlhamaletse.
Go na le poapoeletso ya ditiragalo.
Kwelano e ntsi, mo polotong.
Mesola ya dinaane
Dinaane dia ruta.
Dinaane di a kgalema.
Dinaane di tlhaba botlhale.
Dinaane dia tsibosa.
Dinaane di ruta bana go nna kelotlhoko.
Dinaane di itsa bana go tsena mo ditirong tse di maswe.
Di somarela setso.
Maitshetlego a dinaane
Maitshetlego a dinaane a bonolo go bonwa ka di simolola ka “ga twe e rile bogologolo
tala majwe a santsane a tobetsega’. Fa moaned a re ‘bogologolo tala’ o setse 0 itse gore
ditiragalo ke tsa bogologolo.
63
Poloto ya dinaane
Poloto ya dinaane e khutshwane e bile e tletse ka kwelano/ditiragalo tse di sa
dumelesegeng. Poloto ya dinaane e tshwana le ya terama ka ntlha ya fa e le
khutlotharo, e na le tshimologo, setlhoa, le bokhutlo.
Padi
Morutabana 0 itsise mofutakwalo 0 mongwe e leng padi. O naya barutwana tiro mo
phaposing go e dira mo ditlhopheng tsa bona. Laela barutwana go sekaseka mareo aa
neilweng mme o tsamaye o ba thusa gore ba kgone go a tlhaloganya botoka.
Dikarabo tse di solofetsweng le tshedimosetso e nngwe ya tlaleletso
Poloto le dipolotwana
e Kanelo le poloto
Pele o sekaseka lereo le poloto le barutwana, go botlhokwa gore lo farologanye mareo
a mabedi a ka gonne a sa tshwane, fela a batlile a tshwana. Kanelo ke tatelano ya
ditiragalo go tloga kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong jwa tsona mo nakong e e
rileng. Kanelo e supa gore go ne ga diragala eng, leng le gona kae. Mo go yona ga go
botlhokwa go itse gore tiragalo e ne ya nna gona ka ntlha ya mabaka afe.
Poloto e akaretsa kanelo ka gonne le yona ke tatelano ya ditiragalo mo nakong le
lefelong le le rileng mme ditiragalo tseo di bontsha mabaka a a di tlholang, a a di
gapeletsang go diragala.
Tatelano e ya ditiragalo le mabaka a a di gapeletsang go diragala, e bontsha fa poloto
e bopiwa ka dikgato tse di farologaneng: ela tlhoko gore ga se terama fela e e bonalang
ena le dikgato tse, Padi le yona e ntse e na le tsona.
e Tshimologo/Tshenolo/Thaego
Ditiragalo di a simologa. Bothata le kgotlhang di ntsha ditlhogo.
e Tharaano
- Ditiragalo tsa poloto di gatela pele, di a thatafala, bothata le kgotlhang dia
gola. Moanelwamogolo o Iwa ka tsotlhe tse a nang natso go rarabolola mathata
a gagwe. Babuisi ba lela le ena ka ba mo tlhomogela pelo.
¢ Setlhoa
Mo kgatong e, ditiragalo di ngangegile, kgarakgatsego ya moanelwamogolo e
gogomosa maikutlo a mmuisi, maikutlo a gagwe a ema _ ka ditsetsekwane mme o
buisetsa go ya pele ka a batla go itse gore bothata jwa moanelwamogolo bo ile go
rarabololwa jang.
e Tharabololo
Bothata le kgotlhang di simolola go rarabologa. Kgotlhang e simolola go bepa mme
maikutlo a mmuisi a simolola go ritibala. Maphata a a neng a gotlhana, a lwantshana,
aa itshwarelana, sekgele se tsewa ke moanelwa yo o fentseng mme yo o fentsweng oa
ineela.
64
e Bokhutlo
Dikgarakgatshego tsa matshelo a baanelwa le maiteko a bona go leka go di rarabolola
di khutlisiwa mo kgatong e.
Diponagalo tsa Poloto di Ka tsharololwa ka papetlana e e tshwanang le e :
Setlhoa
Tharaano Tharabololo
Tshimologo Bokhutlo
Dipolotwana
Kokoanyo e potlana ya ditiragalo mo pading kgotsa mo terameng. Dipolotwana ka
bontsi di golagana le polotokgolo, di dira jaaka dintlhatlhalosa, dintlhatlaleletso
kgotsa di tshegeta thitokgang ya polotokgolo. Ka dinako dingwe dipolotwana tse pedi
di kopana go bopa polot
Kgotlhang
Kgotlhang ke bothata kgotsa selwelwa mme e tsalwa go tswa mo morerong 0 0
senolwang mo lokwalong. Bothata jo, bo ka tlisa ntwa, go sa utlwaneng kgotsa
kgogakgogano mo lokwalong. Moanelwa a ka nna le kgotlhang fa gare ga gagwe le
tikologo ya gagwe,go ya ka setso, tumelo, meetlo kgotsa melao ya tikologo eo. E ka
tsalega gape fa gare ga baanelwa, ba gotlhana kgotsa ba lwela sengwe. E ka itshenola
gape fa gare ga moanelwa le maikutlo a gagwe. Kgotlhang ke kgogedi e bile ke
konokono mo pading ka gonne e gapeletsa baanelwa go kgaratlha, go loga maano a go
rarabolola mathata a bona. Kgotlhang gape ke kgogedi mo pading ka gonne e dira gore
babuisi ba nne ka ditsetsekwane, ba buisetse go ya pele ka ba rata go bona gore
bothata jo baanelwa ba nang nabo ba ile go bo rarabolola jang.
65
Mefuta ya kgotlhang
Go na le mefuta e le meraro ya kgotlhang.
e Ee fa gare ga moanelwa le maikutlo a gagwe. Mofuta o wa kgotlhang o ka
lemogiwa mo dikakanyong tse moanelwa a ka tswang a kampane natso. Moanelwa
o nna le mafaratlhatlha a dikakanyo, kgwetlho e nne go sa itse gore a swetse go
inaakanya le kakanyo efe. Ga se thona go utlwa motho yo 0 itemogelang mofuta o
wa kgotlhang a re: ‘Ke na le dipelo tse pedi ka ga selo se.’ E le fa a kaya bothata ba
go sa itse gore a ka tsaya kakanyo efe.
e Ee fa gare ga badiragatsi, e ka nna fa gare ga modiragatsi le yo mongwe kgotsa ba
bangwe kgotsa fa gare ga ditlhopha tsa badiragatsi. Mo mofuteng o wa kgotlhang,
ntwa e tsalega ka ntlha ya go sa dumalane ka sengwe magareng ga badiragatsi. Yo
mongwe le yo mongwe o loga maano a go ikgolola mo bothateng jo bo tlholegileng,
e nne ena mofenyi.
e Ee fa gare ga modiragatsi le tikologo ya gagwe. Mo mofuteng o wa kgotlhang, go
nna le thulano ya dikakanyo magareng ga modiragatsi le ditumelo, meetlo kgotsa
melao e badiragatsi ba bangwe ba dumelang mo go yona. Ba nna kgatlhanong le
dikakanyo tse di totileng go tokafatsa matshelo a bona,ba ngaparela mo go se ba
dumelang mo go sona.
e Boanedi
Boanedi ke ka moo moanelwa a leng ka teng le se maikaelelo a gagwe e leng sona. Ka
moo a tlhalosiwang ka teng.
¢ Moanelwa
Moanelwa ke motho yo o rweleng maikarabelo a dikakanyo le tiragatso mo pading.
Moanelwa yo mongwe le yo mongwe o na semelo sa gagwe, se mokwadi a se dirisang
go aga poloto ya lokwalo le maikutlo a a rileng. Boitshwaro jo bo farologaneng, le
ditebego tsa baanelwa di ka tlhotlheletsa dikarolo tse dingwe tsa tiro ya bokwadi jaaka
thitokgang, lefelokgang le kutlwalo ya lentswe. Go na le baanelwa ba ba sephara le
baanelwa ba ba kgolokwe.
¢ Moanelwa yo o sephara/moanelwa yo o sa tsheleng
Moanelwa yo o sephara o na le dintlha di le mmalwa tsa botho. Yo ke moanelwa yo e
seng wa nama le madi ka a sa diragalelwe ke dilo tse di diragalelang batho ba ba
tshelang. Moanelwa yo o sa tsheleng ga a fetoge ka gope mo tsamaong ya ditiragalo.
¢ Moanelwa yo o kgolokwe/yo o tshelang
Moanelwa yo o kgolokwe o fetoga go ya ka ditlamorago tsa tiragalo nngwe. Moanelwa
yo o kgolokwe o na le ditlhaloso tse di le dintsi tsa botho. Ba matswakabele jaaka
batho ba boammaaruri, sekao, moanelwa 0 boboi, 0 lerato, o dikgoka.
e Seabe sa mopadi
66
Karolo e e tsewang ke mopadi ke efe, a ke moanelwa kgotsa ke moanedi fela mo
pading.
¢ Molaetsa le morero/thitokgang
Thitokgang/morero ke tsela e mokwadi a e dirisang go tlhagisa dikakanyo, megopolo
le maikutlo a gagwe mo babuising. Ke ntlhakgolo ya ditiragalo. O araba potso e: e bua
ka eng?
Molaetsa ke se mokwadi a ratang go re ruta sona ka padi ya gagwe.
e Maitshetlego
Ke boalo jo bo kwa morago jwa ditiragalo. Maitshetlego a akaretsa a lefelo le a nako.
Mokwadi gantsi o anela gore ditiragalo di diragaletse kae gona di diragetse leng. Mo
dinakong tse dingwe maitshetlego a nako ga a nne mo pepeneng, mme barutwana ba
kaa bona ka go sala dilo tse di latelang morago:
- Lebelela ditiro le dipuo tsa baanelwa
- Didirisiwa, sekao, fa go buiwa ka koloi ya Hammer 0 itse gore ditiragalo ke tsa
jaanong, fa go buiwa ka basetsana ba ba rweleng dinkgo ba apere makgabe, o
itse gore ditiragalo tsa bogologolo.
© Mo6éné
Ona ke maikutlo a a ralalang lokwalo, a mmuisi a itemogelang ona fa a ntse a buisa.
Moono 0, o tlhagisiwa ke mokwadi ka segalo se a se dirisang le didiriswa tse di
farologaneng tsa puo
Badiragatsi: Ke batsayakarolo mo terameng.
Seabe sa moterama/badiragatsi, ntlhakemo: Ke karolo le ntlhakemo e
moterama/modiragatsi a e tsayang go tsweledisa ditiragalo tsa terama.
Morero/kgangkgolo/thitokgang: Ke se terama e buang ka ga sona.
Maitshetlego: Ke lemorago la ditiragalo. A akaretsa nako/motlha le lefelo.
Maitshetlego a nako a ka tlhalosiwa ka moaparo, didiriswa jalo jalo.
Dikaelo tsa serala: mafoko a a mo masakaneng a a kwadilweng ka ditlhaka
tse di sekameng tse di supang se modiragatsi a se buwang le se a tla se dirang.
Kobiso ya terama: Kitso e mmuisi a nang le yona ka se se yang go diragalela
modiragatsi, mme modiragatsi a sa itse se se yang go mo diragalela/se
mmogedi a bonang se ya go diragalela modiragatsi mme ena a sa se bone.
67
Segalo
¢ Moterameng, segalo ke mokgwa o ka ona moterama a itlhalosang go ya ka
ditiragalo tsa terama ya gagwe.
e Segalo se senola maikutlo a moterama. Tse tsotlhe o di tlhagisa ka tlhopho
ya mafoko, bogolo jang ka tiriso ya puo-sebui, boleele ba dipolelo le tiriso ya
matshwao a puiso.
e Segalo se ka tlhalosiwa se le botsalano, bogale, se kobisa se sotla, se supa go
tenega, se a tshegisa/se tlaopa.
e Tiriso ya segalo e thusa go tlhola maikutlo a a eletsegang mo lokwalong.
TLHATLHOBO YA BOGARE/BOFELO JWA NGWAGA
SEBOPEGO SA PAMPIRI YA 3 ya bogare/bofelo jwa ngwaga
Pampiri e, e na le dikarolo di le 3 tsa maduo a le 80. Morutwana o tshwanetse go araba
dipotso di le 5 go tswa mo dikarolong di le 3.
KAROLO YA A: POKO (MADUO A LE 30)
e Dipotso 1-4: Ke tsa maboko a a tlhaotsweng a Mophato wa 12.
e Potso1 ke ya tlhamo (leboko le le tlhaotsweng)
e Dipotso 2,3 le 4 ke dipotso tse dikhutshwane.
e Otshwanetse go araba dipotso di le pedi go tswa mo karolong e.
e Maduo ke 10X2=20 go tswa mo mabokong a le 4 a a rebotsweng a Mophato wa 12.
Dipotso 5-6 ke tsa maboko a a sa bonwang (a a sa ithutiwang).
Potso 5- ke ya tlhamo
Potso 6 ke dipotso tse dikhutshwane
O tshwanetse go tlhopha e le nngwe fela ya dipotso tse.
Maduo: 10X1=10
KAROLO YA B: PADI (MADUO A LE 25)
Potso 7
Tlhokomela: Fa 0 arabile potso ya tlhamo mo Potso 7, o tshwanetse go araba dipotso
tse dikhutshwane mo Potso 8. Fa 0 arabile potso ya tlhamo mo Potso 8, o tshwanetse
go araba dipotso tse dikhutshwane mo Potso 7.
¢ Gonaledipotso di le pedi, ya tlhamo le ya dipotso tse dikhutshwane.
e Otshwanetse go tlhopha e le nngwe fela ya dipotso tse.
KAROLO YA C: TERAMA (MADUO A LE 25)
Potso 8
68
¢ Gona le dipotso di le pedi, ya tlhamo le ya dipotso tse dikhutshwane.
¢ Otshwanetse go tlhopha e le nngwe fela ya dipotso tse.
11.MAEMO A TLHALOGANYO A TLHATLHOBO GO YA KA THEKESONOMI YA GA
BARETTE
MAEMO A
DIPOTSO
TIRWANA
PHESENTE
YA TIRO
Tiriso ya
tshedimosetso ka
tlhamalalo
(Maemo 1)
Thulaganyo seSwa
(Maemo 2)
Dipotso tse di botsang ka ga tshedimosetso e e
tlhagisitsweng ka botlalo mo setlhangweng
Neela maina a dilo/batho/mafelo/dikarolo...Kaya
dintlha/mabaka/dikakanyo...
Supa mabaka/batho/dibakwa...
Neela lenaneo la /dintlha/maina/mabaka
Tlhalosa lefelo/motho/semelo...
Nyalanya tiragalo/karolwana/maitemogelo...
Dipotso tse di tlhokang tshekatsheko, tlhaolo kgotsa
thulaganyo ya tshedimosetso e e tlhagisitsweng ka
botlalo mo setlhangweng.
Sobokanya
dintlhakgolo/dikakanyo/mabaka/dipoelo le
ditlamorago...
Kgobokanya dikarolwana/mabaka a ka gale...
Tlhagisa ditshwano/
dipharologano...
Neela thadiso ya ...
Maemo
1le 2: 40%
Go itseela
tshwetso
(Maemo 3)
Dipotso tse di tlhokang gore motlhatlhojwa a dirise
tshedimosetso e e tlhagisitsweng ka botlalo mo
setlhangweng, ae dirise mo maemong a
maitemogelo a gagwe a botho.
Tlhalosa kakanyokgolo ...
Bapisa dikakanyo/ maitsholo/ ditiragatso (ditiro) ...
Maikemisetso/maitsholo/tshusumetso/lebaka ... la
mokwadi (kgotsa moanelwa) ke eng?
Tlhalosa sebako/ditlamorago tsa ...
Tiragalo/tshwaelo/maitsholo (jalojalo) a senola eng
ka moanedi/ mokwadi/ moanelwa ...
Tshwantshiso/tshwantshanyo/setshwantsho se ama
Maemo 3:
40%
69
jang go tlhaloganya ga gago ...
O akanya gore poelo/kamego (jalojalo) ya
tiragalo/maemo e tla nna eng...
Tlhatlhobo
(Maemo 4)
Kgatlhegelo
(Maemo 5)
Dipotso tse di dira ka dikatlholo tse di ka ga meetlo
le boleng.
Tse di akaretsa dikatlholo ka ga bonnete,
boikanyego, dintlha le dikakanyo, kamogelesego,
tlhaloganyo le go ntsha mabaka, le ditlhagiso di
tshwana le keletso le kamogelo ya ditshwetso le
ditiragalo (ditiro) go ya ka meetlo ya maitsholo.
A oakanya gore se se tlhagelelang se a ikanyega/ se
na le bonnete/ se a kgonega ...?
A ngangisano ya mokwadi e a amogelesega/ e na le
tlhaloganyo/ e a khutlisa ...
Tshwaela ka tsenelelo ka tiragalo(tiro)/
maikemisetso/tshusumetso/maitsholo/tshitsinyo/
bokao ...
Ao dumelana le kemo/polelo/temogo/thanolo ...
Ka mokgwa 0 0 bonang dilo ka teng, a mokwadi/
moanedi/moanelwa o siame fa a tshitsinya gore/ a
buelela gore ...
A maitsholo/ mekgwa/ tiro ya moanelwa e a
letlelesega/ amogelesega mo go wena? Tshegetsa
karabo ya gago ka lebaka.
Ditiro/maitsholo/ditshusumetso tsa moanelwa ...di
supa eng ka ena mo bokaong jwa meetlo ya botlhe?
Tshwaela ka tsenelelo ka ga boleng jwa dikatlholo
tse di dirilweng mo setlhangweng.
Dipotso tse di ikemiseditse go tlhatlhoba
ditlamorago tsa saekholoji le temogo ya bontle jwa
setlhangwa mo motlhatlhojweng.
Di tota tsibogo ya maikutlo mo diteng, go inyalanya
le baanelwa kgotsa ditiragalo, le tsibogo ya
mokwadi mo tirisong ya puo (jaaka tlhopho ya
mafoko le botshwantshi).
Bua ka tsibogo ya gago mo
Maemo
4les:
20%
70
setlhangweng/tiragalong/ maemong/
kgotlhang/pitlaganong ...
A o inyalanya le moanelwa ka kutlwelobotlhoko? Ke
kgato/ tshwetso efe e o ka bong 0 e tsere fa o ka bo o
ne o le mo maemong a a tshwanang le ao?
Tshwaela ka tiriso ya puo ya mokwadi ...
Bua ka nonofo ka ga setaelel/ matseno/
bokhutlo/botshwantshi/ tsa poko ditlamaganyo
(didiriswa) tsa dikwalo tsa mokwadi
71
Study this subject
Notes, quizzes and topic questions for Grade 12 Setswana.
Recommended for this subject
More papers and memos for this grade and subject.

/Setswana-HL-Subject-Revision-Guide_--ef9b9ac9-6a1e-434b-922b-928cadc20b0b/v1-1d642fa7c3d527152b57/card.webp)
/SETSWANA-PAMPIRI-YA-NTLHA-_--6d9f3d05-8571-41a1-a65a-edb34abe8099/v1-89486be8bfecbe71e62c/card.webp)
/2020%20Bukana%20ya%20Morutwana%20dipoeletso%20moranang-1--df76ed56-8abe-4917-8e87-af01ff1bde03/v1-24cfd2d68de1c8ccf382/card.webp)
/DIPOELETSO%20Moranang%202020%20Bukana%20ya%20Morutabana-1--87d0eb11-f737-4d16-b227-fa019496191b/v1-391a48b8efbbe054d48a/card.webp)