Skip to content
Study guide

SETSWANA PAMPIRI YA NTLHA

Grade 12 Setswana study guide (Setswana), 6 pages. Read online or get the free PDF download.

Publisher: North West Study Guides

Subject: SetswanaGrade 126 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
SETSWANA PAMPIRI YA NTLHA TEKATLHALOGANYO  Buisa tekatlhaloganyo makgetlo a le mararo go fitlhelela molaetsa.  Buisa dipotso ka tsenelelo go bona gore potso e batla eng.  Boela gape kwa temaneng go batla dikarabo tse di maleba.  Lebelela temana o batle mafoko a adirisitsweng mo potsong gore o kgone go bona karabo  Buisa mela le temana mo potso e tswang gona mme o batle karabo gona.  Ka dinako tsotlhe tshegetsa ka lebaka fa o kopiwa go dira jalo. Lebaka la gago le tsamaisane le se go buiwang ka ga sona mo temaneng.  Potso ya maikutlo le semelo di tshegediwe ka tiragalo go tswa mo temaneng.  Tlhokomela tiragalo e temana le setshwantsho di e tlhagisang kgotsa di buang ka ga yona. TSHOBOKANYO  Buisa temana makgetlo a le mararo go fitlhelela moonomogolo wa temana.  Morago ba thalele dintlhakgolo tse potso e di tlhokang  Kwalolola dintlha tseo ka tsela e e tshwanetseng mme ba leke ka bojotlhe go dirisa mafoko a bona.  Fa o dirisa mafoko a gago tlhalosa mareo a a tlhokang go tlhalosiwa kgotsa dirisa makaelagongwe boemong jwa mafoko mangwe. ET: kaedi ya go tshwaya e aba maduo a go dirisa mafoko a gago.  Se tsenye dintlha di le pedi mo polelong e le nngwe.  Kwala palo ya mafoko. ELATLHOKO: Mafoko a a ntshofaditsweng mo potsong a tshwere potso ya gore o ntsha dintlha dife go sobokanya. Tshobokanyo e kwadiwa ka temana. TIRISO YA PUO: POTSO 3, 4 le 5 KHATHUNU LE PAPATSO  Buisa tshedimosetso nngwe le nngwe e e tlhagelelang mo ditlhangweng tse.  Lemoga puo ya mmele e e dirisitsweng.  Ka gale tiriso ya puo e a tlhagelela mo ditlhangweng tse mme o tshwanetse go e lemoga. ITHUTE  Dipopegopuo  Ithute tiriso ya dipopego tsa puo mme o itse dikao tsa teng o Sediri
Download Apps for Previous Question Papers Click one of the icons below to download the app Visit our MeneTRS Gauteng Grade 11 \ Exam Paper's / (sia GAUTENG PROVINCE < Gaute Grade we \ Exam Papers / \ (iy education (‘stm education mie a KZN Grade 11 a __ KZN porate 10 \ Exam Papers )\] Exam Papers (¥ Ney EASTERN ont ) Eastern Cape Grade it \ Exam Papers / (ey ney E | esi ERN, CAPE Eastern Cape Grade ri \ Exam Papers / | Ae \ teh | EASTERN CAPE Eastern Cape Grade 0 \ Exam res lenge bse ohn poe (is ms North Wert Grade 11 \ Exam Papers / education CE North Wet Grade 10 FREE STATE \ Exam Papers / FREE STATE Grade 11 \ Exam Papers / ~~ basic edu cation YY REPUB OF SOUTH APR: MATRIC higher — \ NATED | NCV | NSC ‘| NCV ay ¢ anne atone oF boot Study Guides)
https://ultradeep.co.za o Sedirwa o Thui o Tlhalosi ya kopanelo, sediriso, felo, sediragatsi  Kganetso le tumelo  Tiri le tirwa  Puosebui le puopegelo  polelopate PAMPIRI YA BOBEDI DIKWALO TLHAMO: POKO, PADI LE TERAMA  thalela mafoko a a botlhokwa go tswa mo potsong  netefatsa gore o tlhaloganya se potso e se tlhokang  Kgobokanya dintlha mabapi le setlhogo ELATLHOKO: POPEGO: Tlhamo e kwalwe ka ditemana e seng ka dintlha. Ruboriki e aba maduo a akagego. MATSENO A TLHAMO  bolela setlhogo gape kgotsa o se itsise,  tlhalosa setlhogo ka botlalo ka dikao tsa ditiragalo tse di maleba. MMELE  Tsepama mo go se se boditsweng! Se kwale ka maitemogelo a gago a botshelo fa o sa kopiwa go dira jalo.  Diteng di golagane le se potso e se batlang. O se ke wa kwala dintlha tse dingwe tse di sa tlhokegeng le fa e ntse e le ditiragalo tsa buka.  O se ka wa kwalolola buka.  Tshegetsa dikakanyo ka ditiragalo go tswa mo bukeng  Tlhagisa maikutlo a mokwadi fa o kopilwe go dira jalo  Dirisa ditemana gape o kwale boleele jo bo lebeletsweng.  Dirisa menatetshapuo e e maleba le ditiragalo tsa buka. ELATLHOKO: Diteng tsa tlhamo di tlhatlhobiwa go lebeletswe thanolo ya setlhogo, boteng jwa ngangisano, go fa mabaka le go tlhaloganya setlhangwa. Tatelano e e elelang le kgolagano ya ditiragalo. Gangwe le gape kwala temana mme o boele kwa potsong gore a o arabile go ya ka potso Tlhokomela nako e e abetsweng potso e. Boleele jo bo solofetsweng jwa tlhamo elwe tlhoko. https://tvetpapers.co.za
https://ultradeep.co.za BOKHUTLO  Tlhamo e tshwanetse go felela ka bokhutlo jo bo maleba  konosetsa tlhamo ya gago ka polelo / ka seane se se maleba  Bokhutlo bo nyalane/golagane le matseno DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE  Tshegetsa potso ya maikutlo ka lebaka  Tshegetsa semelo ka ditiragalo  Tshegetsa sekapuo ka tiragalo kana mosola wa sona.  Tshegetsa mosola wa diponagalo tsa poko. Sekao: o Mosola wa tlogelo ke go tlisa go kibakibela ga lebelo la leboko/ go oketsa lebelo la moribo le merethetho mo moleng. o Neeletsano – go tsweletsa kakanyo mo moleng o o latelang jaaka lefoko le le tswelela mo moleng o o latelang PAMPIRI YA BORARO TLHAMO YA BOITLHAMEDI  Tlhokomela gore ka metlha o thala letlhomeso la tlhamo ya gago. Setlhangwa sa ntlha se botlhokwa. Se kwale o siamise diphoso tse di mo go sona o bo o thala mola go se ralala go supa fa e le setlhangwa sa ntlha. Jaanong o ka kwala setlhangwa sa bofelo. ET: Ruboriki e aba maduo a ipaakanyo.  Matseno a tlhamo ya gago a ngoke. Itsise le go tlhalosa setlhogo sa gago mo temaneng ya matseno.  Dirisa ditemana go kwala tlhamo. Ditemana di se ke tsa nna ditelele thata. Simolola dipolelo tse dišwa ka ditlhakakgolo. Efoga go dirisa dipolelo tse ditelele. Menatetshapuo e nne gona mme e nne maleba le setlhogo le diteng. Se simolole dipolelo ka makoponyi. ET: Ruboriki e aba maduo a kagego.  Bokhutlo bo nne maleba. Tlhagisa maikutlo a gago mabapi le setlhogo le diteng. O ka khutlisa tlhamo ka seane se se maleba. Bokhutlo go tsamaisane le matseno.  Tlhotlha diphoso tsa bofelo. ET: Ruboriki e aba maduo a tlhamo e e se nang diphoso.  SETSWANA PUO YA GAE LEFOKO TLHALOSO Baamogedi bareetsi, babogedi, babuisi ba mefuta e e farologaneng ya tlhaeletsano ka kakaretso. https://tvetpapers.co.za
https://ultradeep.co.za Baanelwa batho ba mokwadi wa porosa a anelang ditiragalo tsa padi, khutshwe kgotsa setlhangwa sa setso ka ga bona, Boanedi ditlhaloso le dikarologantsho tsa baanelwa Bodiragatsi go tsaya karolo mo motshamekong, sekao, terama. boitshimololedi boikakanyetsi jwa moithuti ka nosi jo bo kgethegileng, a bo ithaetse go tlhagisa kitso ya gagwe Bokao jo bo tiriso e e tlhamaletseng, e e golaganngwang le se se umakiwang/ se tlhamaletseng se totilweng, go se na bofitlha bope jo bo ka fiwang mafoko. Bokao jwa papiso go dirisa sengwe o tlhagisa bokao jwa sona bo kuname bo sa tlhalosege bo le tlhôlôlô. Bokao jo bo tlhagisiwang bo se thôôthôô ka bo emela kgotsa bo ka golaganngwa le sengwe. Botshwantshi tiriso ya puo e e sa tlhamalalang, e e dirisang dikapuo jaaka tshwantshiso, tshwantshanyo, mothofatso, jalo jalo, go thusa go taka setshwantsho se se rileng mo tlhaloganyong ya mmuisi/ moamogedi. Puo ya botshwantshi – puo e e tsenyeletsang maele, diane le manatetshapuo a mangwe jaaka mainamafatshwa. dikaelo tsa serala mafoko a a mo masakaneng a a kwadilweng ka ditlhaka tse di sekameng tse di supang se modiragatsi a se buiwang le se a tla se dirang dikarolo tsa polelo dikarolwana tse di bopang polelo jk, sediri, sedirwa, letiro, dipolelwanakala dingangisano dikganetsano tse mo go tsona go nang le matlhakore a le mabedi ba bangwe ba dumelana le ntlha ba bangwe ba e ganetsa diponagalo dilo dingwe tse di itlhophileng tse di tlhaolang se sengwe go se sengwe jaaka poko e farologana le padi. Sekao; Diponagalo tsa leboko ke: ditemana, dipoeletso, moribo, morumo, jj. Ditlhangwa tsa ntlha ke dikwalo tse di kwalwang la ntlha go intshiamisetsa sekwalo sa bofelo. Di thusa go fokotsa diphoso. lebelela ka tsenelelo lebelela setlhangwa kgotsa go se sekaseka ka maitlhomo a go bona bokao jo bo fitlhegileng le go le tlhaloganya. Kagego thulaganyo ya setlhangwa go ya ka popego, bogolo https://tvetpapers.co.za
https://ultradeep.co.za Maitshetlego a nako le lefelo – boalo jotlhe jo bo kwa morago jwa tiragatso ya tiro jo bo akaretsang lefelo, sebaka sa nako, motlha wa ditiragalo, dinnete tsa loago, sepolotiki gongwe tsa semowa. Makwalwatshwana mafoko a a kwalwang ka go tshwana fela a sa dume ka go tshwana e bile a farologana ka bokao, sekao: (i) tshela – wa botshelo le tshela – wa go tshela metsi, (ii) nama – e le sejo le nama – ya go phutholola maoto MASEGO LE KATLEGO MO DITLHATLHOBONG TSA GAGO! https://tvetpapers.co.za

Study this subject

Notes, quizzes and topic questions for Grade 12 Setswana.

More papers and memos for this grade and subject.