Skip to content

Mathematics Grade 3 Gauteng Provincial November 2022 QP

Question paperMathematicsGrade 3202215 pages

Grade 3 Mathematics question paper from the Gauteng Provincial November Exam 2022 (Setswana), 15 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
TLHATLHOBO YA POROFENSE NGWANATSELE 2023 MOPHATO 3 DIPALO: SETSWANA NAKO: URA E LE 1 MADUO: 50 LEINA LA MORUTWANA: MOPHATO 3: LEINA LA SEKOLO: DITSEBE KE TSE 15 PHUTHULOLA
DIPALO MOPHATO 3 2 Ditaelo go barutwana 1. Pampiri e , e na le dikarolo tse 3 • Karolo A – Tlhopho ya dikarabo • Karolo B –Dipotso tse khutshwane • Karolo C –Tharabololo ya dipotso 2. Buisa ditaelo tsothe ka kelotlhoko. 3. Araba dipotso tsotlhe jaaka o laelwa ke morutabana. 4. Fa go nang le tlhopho ya dikarabo, sekeletsa tlhaka ya Karabo e e nepagetseng. 5. Tiro yotlhe e tshwanetse go bonagala fa pampiring ya gago. 6. Sethusa go bala ga se a letlelelwa. 7. Kwala ka matsetseleko mokwalo o o bonagala sentle. PHUTHULOLA.
DIPALO MOPHATO 3 3 KAROLO A Sekeletsa Karabo e e nepagetseng go simolola mo Potso 1 go fitlha go Potso 10. POTSO 1 Nyalanya leinapalo la 788. A Makgolo a supa, masome a supa-robedi B Makgolo a robedi, masome a robedi-robedi C Makgolo a supa, masome a robedi-robedi D Makgolo a robedi , masome a supa-supa. (1) POTSO 2 Letshwaopalo la makgolo a marataro a masome matlhano pedi ke … A 625 B 652 C 562 D 265 (1) POTSO 3 Boleng jwa palo 759 ke … A 900 + 50 + 7 B 900 + 90 + 7 C 700+ 90+ 5 D 700 + 50 + 9 (1) POTSO 4 Tlhopha mola wa dipalo tseo di bontshang go bala ka palo mafeta fela. A 161, 163, 165, 167 B 275, 300, 325, 350 C 205, 210, 215, 220 D 510, 520, 530, 540 (1) PHUTHULOLA.
DIPALO MOPHATO 3 4 POTSO 5 Dirisa tshupanako e e fa tlase go araba potso. Tshupanako e bontsha nako mang? A 8:10 B 8:50 C 9:10 D 9:50 (1) POTSO 6 Sekeletsa tlhaka e e bontshang dinomoro tseo di balang ka 20. A 200, 300, 400, 500, 600 B 520, 530, 540, 550, 560 C 980, 960, 940, 920, 900 D 812, 824, 836, 848 (1) POTSO 7 45 gabedi ke … A 85 B 80 C 90 D 95 (1) PHUTHULOLA.
DIPALO MOPHATO 3 5 POTSO 8 Halofo ya 250 ke bokae? A 143 B 189 C 150 D 125 (1) POTSO 9 Golokeletsa 634 gaufi le 10. A 635 B 630 C 640 D 645 (1) POTSO 10 Sekeletsa karaba e e nepagetseng ya R5,88. A 500c + 8c + 7c B 500c + 70c + 8c C 500c + 8c + 70c D 500c + 80c + 8c (1) PHUTHULOLA.
DIPALO MOPHATO 3 6 KAROLO B POTSO 11 Kwala nako ya analoko, metsotso e le 40 morago ga nako e e neetsweng mo tshupanakong. (1) POTSO 12 Halofo e le 1 e lekana le dikotara tse kae? (1) POTSO 13 Ke metsotso e le mekae e e lekanang le halofo ya tshupanako? (1) POTSO 14 Ke popego e feng e e nang le matlhakore a 5 ? (1) POTSO 15 Ke sediriswa se feng seo se ka diriswang go lekanya sekgala magareng ga Johannesburg le Pretoria? (1) PHUTHULOLA.
DIPALO MOPHATO 3 7 POTSO 16 Feleletsa paterone ya dinomoro. A 250; 750; 1 000; 1 750 B 1 000; 1 250; 1 750 (2) POTSO 17 Feleletsa paterone gangwe fela. (1) POTSO 18 Feleletsa theibole. Kwala dinomoro go simolola ka e kgolo go ya go e nnye 659, 705, 607, 701, 706 ____ _____ ____ ____ _____ (1) PHUTHULOLA.
DIPALO MOPHATO 3 8 KAROLO C POTSO 19 Kwala tlhaka ya selo sa 3D. (a) khube (b) khounu A. B. C. D. (2) POTSO 20 Sekeletsa karabo e e nepagetseng. Tlhalosa mothamo. E tletse Halofo go tlala Dikotara tse tharo go tlala (1) PHUTHULOLA.
DIPALO MOPHATO 3 9 POTSO 21 Araba dipotso tse di fa tlase KHOLOMO A B C D 1 2 MOLA 3 4 (a) Kgwele ya dinao e mo sekwereng sefe? (b) Kgwele ya dinao e tla nna fa sekwereng sefe fa e tsaya kgato e le 1 go ya kwa mojeng le kgato e le 1 go ya kwa tlase? (c) Silintara se tla nna fa sekwereng sefe fa se tsaya dikgato tse 2 go ya kwa godimo le kgato e le 1 go ya kwa molemeng? (d) Ke popego ya selo sefe e e leng mo B2? (4) POTSO 22 Boalo jwa dikwere ke tse 16. Boalo bo badilwe jang? (2) PHUTHULOLA.
DIPALO MOPHATO 3 10 POTSO 23 Atlegang o tshwanetse go reka ditasene tse 2 tsa mae. Ke tla nna mae a makae gotlhelele? (2) POTSO 24 Lebokoso la dikukukomeletsa tse 12 di boima jwa digerama tse 360. Dikukukomeletsa tse 2 di tla nna le boima jo bo kana kang? (2) PHUTHULOLA.
DIPALO MOPHATO 3 11 POTSO 25 ALEX SARA JABU JAY 149 cm 151 cm 154 cm 138 cm Jabu o moleele go gaisa, Alex o boleele jwa 149 cm. Sara o moleele go feta Jay. Sara o boleele jo bo kana kang go feta Jay? (2) POTSO 26 Kwala ka moo go arogatsweng tekatekanyo mo tatelanong ya arei. (paterone). (1) PHUTHULOLA.
DIPALO MOPHATO 3 12 POTSO 27 Pat o kgomareditse dikgomaretsi mo meleng e metlhano mo letlhareng. Mola mongwe le mongwe o na le dikgomaretsi tse thataro. Go na le dikgomaretsi tse kae gotlhelele mo letlhareng ? (2) POTSO 28 Feleletsa molapalo 36 ÷ 3 = 0 3 6 9 12 15 18 21 24 27 30 33 36 39 (2) PHUTHULOLA.
DIPALO MOPHATO 3 13 POTSO 29 Amo o dira digalase tse robedi tsa matute a namune. Galase nngwe le nngwe ya matute o dirisitse dinamune tse nne O dirisitswe dinamune tse kae gotlhelele go dira matute? (2) POTSO 30 Go na le diapole tse lesome tlhano mo setlhareng sa diapole. Diapole tse thataro di wetse fa fatshe. Ke diapole tse kae gotlhelele? Kwala polelopalo. (2) PHUTHULOLA.
DIPALO MOPHATO 3 14 POTSO 31 Balela: 242 + 353 = (2) POTSO 32 Balela: 598 – 75 = (2) PHUTHULOLA.
DIPALO MOPHATO 3 15 POTSO 33 Bana ba mophato wa boraro ba rata go buisa dibuka.Kerafo e bontsha dibuka tseo barutwana ba di ratang ka fa phaposing. 10 9 8 PALO YA BARUTWANA 7 6 5 4 3 2 1 Dibuka tsa Buka ya Dibuka tsa Dibuka tsa diphogolo metlae metshameko dikoloi Araba dipotso tse di latelang. (a) Ke dibuka difeng tse di rategang go gaisa? (b) Ke barutwana ba ba kae ba mophato wa 3 ba ba buisang dibuka? (c) Ke barutwana ba bakae ba ba buisang dibuka tsa metlae go feta bao ba buisang dibuka tsa metshameko? (3) GOTLHE: 50 BOKHUTLO

Study this subject

More from Grade 3 Mathematics

View all