Skip to content

Setswana HL Grade 12 P1 NSC November 2017 Question Paper

Question paperSetswana HLGrade 1220179 pages

Grade 12 Setswana HL Paper 1 question paper from the NSC November Exam 2017, 9 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

NSC November Exam 2017

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) NGWANAITSEELE 2017 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 9. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/Ngwanaitseele 2017 NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO DI LE THARO. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (30) 2. Buisa ditaelo TSOTLHE ka kelotlhoko. 3. Araba dipotso TSOTLHE. 4. Simolola karolo NNGWE LE NNGWE mo tsebeng E NTŠHWA. 5. Thala mola morago ga karolo NNGWE le NNGWE. 6. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 7. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 8. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 9. Kabo ya nako e e tshikinngwang: KAROLO YA A: 50 metsotso KAROLO YA B: 30 metsotso KAROLO YA C: 40 metsotso 10. Kwala ka mokwalo o o buisegang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/Ngwanaitseele 2017 NSC KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA A (TEMANA) 1 Mphebatho ke sekolo se segolo sa mo Thaba-ya-Batho. Se simolola ka mophato wa bosupa go fitlha ka marematlou. Ke sekolo sa basimane le basetsana. Mo go sona go dihosetele tse di agetsweng baithuti go tswa kgakala le gaufi. Se agilwe dikilometara di ka nna pedi go tswa mo motseng kwa borwabotlhaba. Fa o leba mo kgorong, o fitlhela go kwadilwe ka ditlhaka 5 tse dikgolo leina la sekolo. Fa tlase ga leina ke ditlhaka dingwe, e kete motheo wa sekolo. Fa ke gakologelwa sentle di kwadilwe 'LE ARAMELE LE SA TLHABILE'. 2 Motheo o ga o a tlhotšhwa fela, tota le tlhabile mo Mphebatho. Ba ba nang le matlho go bona, le ditsebe go reetsa, se agetswe bona. Ba ba tlholegang go 10 dirisa monyetla o, ba tlaa thanya lomapo lo le tsebeng. 3 Go dikaganyetsa ntlo e ya lesedi, ke legora le legolo la bothale, ka kgoro e le nngwe fela. Kgoro e lebagane thwi le kantoro ya ga mogokgo, gore a bone sengwe le sengwe se se tlhagang kwa ntlheng eo. Go meago e le mene e e nang le diphaposi di le thataro mongwe le mongwe. Fa gare ga meago, 15 mo lebaleng le go tshwarelwang thapelo ya mo mesong, go ikadile phate ya lenaga, e e tlhokomelwang sentle ka dinako tsotlhe. O tlaa fitlhela e re tala! mo ditlheng tsotlhe tsa ngwaga. Mo go felelang matlho, ke ditšhese tsa mebalabala, tse di gogelang motho a le kgakala. Go tswa kwa kgorong ke ditlhare tse di jetsweng ka mokoloko mme di dikaganyeditswe ke mafika a a 20 kalakilweng ka bosweu. 4 Kwa bophirima jwa diphaposi re fitlhela kantoro ya mogokgo, ya mothusamogokgo le tsa ditlhogo tsa mafapha. Gaufi le kantoro tse, laeborari, laboratori le letangwana la ditlhapi. Ka fa letlhakoreng ke ntlo ya thutatlhweko le kapeo. Dilaterina tsa barutabana le tsa bana di kwa botlhaba jwa diphaposi. 25 Go epilwe metsi le ona tota motlakase o tsentswe. Bana ba sekolo se ba itsege ka tlotlo ya bona le boikobo. Ba itse gore motho yo mogolo ke eng, le gore o tlhoka go direlwa eng. Ntlo e e phatsimang lesedi e, e eme gaufi le thaba ya Tlakone. Barutegi ba nyeuma jaaka diboko mo motseng o, ka 'naga dimpalo e bolaile masarwa'. 30 5 Mogokgo wa Mphebatho ke morena Modingwana. O ne a phutholotse motshweneng ka a lemogile gore ditlamelwana tsa pula di baakanngwa go sa le gale. O mo utlwe a setse a tšhoma, o ne o ka rata go itse puo ya mohumagadi. A se bogale a le botlhale. Motlhamongwe o ne a ithutile dithuto tsa bosaekholoji. O ne a tlhaloganya ngwana sentle thata. Fa a ka go šeba 35 mo matlhong o tswa nnete yotlhe o sa fitlhe sepe. A sa itse go dirisa thupa. Barutwana ba sa eletse go mmona a e tshotse. Mo matlhong a bana e le motsadi, tsala le mogakolodi. Mo matlhong a gagwe, barutwana ba lekana botlhe, barutabana ba le mo maemong a a tshwanang. A ila molato e seng motho. 40 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/Ngwanaitseele 2017 NSC 6 Borutabana e ne le pitso mo go ena. A tlotla tiro ya gagwe thata. Modingwana e ne le modingwana wa bana ba Mphebatho. Fa o tlaa re motho o bua boammaaruri, o utlwe a ikana ka ena. Barutwana ba ne ba mo tlotla e bile ba mmoifa. Ba mo rata e bile ba mo reetsa. O ne a sa bue gabedi. Leina la Mphebatho le ne le itsiwe gaufi le kgakala ka ntata ya mmino. Kana ke raya 45 malobanyana fa, e kopane le dikgwari tsa nnete boHeberone, Mamelodi-o- motona, Tlakole le Lovedale kwa makgaolakgannyeng. Mo kgweleng ya diatla, ya dinao le ngangisano ya baithuti e tshabega e se selalomi. Fa re tla mo dipholong tsa dithutong re lebaleng. Fa re bua ka moedi wa thuto, re bua re šebile fa … 50 7 Mo go nngwe ya diphaposi tsa mophato wa lesome re fitlhela barutwana ba maemo a ntlha e bidiwa 10(a) ke barutwana le barutabana. Fa go buiwa ka lebebe la Mphebatho go kaiwa phaposi eo. Ke barutwana ba ka nna masome-a-mabedi tlhano ka palo. Fa o le morutabana wa ntetefoo, ba ka go tshabisa sekolo. Dithuto tsa bonetetshi di rutiwa ke mogokgo ka sebele, ka a 55 batla go netefatsa gore ba bona dipholo tse di itumedisang. 8 Kwa morago, kwa sekhutlong se se kwa botlhaba, ke mosimane mongwe o tswa Temba, leina la gagwe le nkgakelang tlhe? Nnyaya o bidiwa Puso. O jesetsa bana ba bangwe kgobedung ka dithuto, go tla fa pele go simolola basetsana. Fa thoko ga mojako ke Kebusitswe. Ke ene a bakisang Puso 60 maemo a ntlha. Bangwe ba latelana fa morago ga bona. [E nopotswe go tswa go Malakabe, DS Matjila] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Tlhagiso e e reng 'LE ARAMELE LE SA TLHABILE' ke … (Temana 1) A maikano a Mphebatho. B moono wa Mphebatho. C pina ya sekolo sa Mphebatho. D thotloetso ya barutwana ba Mphebatho. (1) 1.1.2 Nopola mola go tswa mo go temana 1 o o re netefaletsang gore barutwana ba Mphebatho ba ne ba sa tswe fela mo Thaba-ya-Batho? (1) 1.1.3 Sekolo sa Mphebatho se na le diphaposiborutelo di le kae? (1) 1.1.4 Go kaiwa motshameko ofe ka lereo le: 'kgwele ya diatla'. (Temana 6) (1) 1.1.5 Naya mareo a Setswana boemong jwa 'monyetla' le 'dilaterina'. (Ditemana 2 le 4) (2) 1.1.6 Go ya ka wena, 'barutwana ba ba matlho go bona le ditsebe go reetsa', ke ba ba ntseng jang? (Temana 2) (2) 1.1.7 Mo malatsing a gompieno, naa go maleba go ka kaya sekolo jaaka ntlo ya lesedi? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/Ngwanaitseele 2017 NSC 1.1.8 Naya dintlha di le PEDI tse di tlhalosang botho jwa barutwana ba Mphebatho. (2) 1.1.9 Tlhagiso e e reng: 'Morena Modingwana o ne a phutholotse', e kaya eng? (Temana 5) (2) 1.1.10 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore mogokgo o ne a sa fose go bona sengwe le sengwe se se tsenang ka sekolo? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.11 Barutwana le barutabana ba ne ba tlotla le go rata mogokgo Modingwana. Tshegetsa tlhagiso e ka dintlha di le PEDI fela. (2) 1.1.12 A re ka re leina la ga Modingwana mo Mphebatho le ne le fetogile go nna ina lebe seromo? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.13 Mogokgo Modingwana o ana eng? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka go tswa mo setlhangweng. (2) 1.1.14 Go latela seemo sa thuto sa Mphebatho, re ka re morutabana wa ntetefoo ke morutabana yo o ntseng jang? (Temana 7) (2) 1.2 Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) [E nopotswe go tswa mo inthaneteng] 1.2.1 Tikologo ya sekolo sa SETLHANGWA A e farologana jang le ya sekolo sa setlhangwa B? (4) 1.2.2 Go ya ka wena, bogolo jwa barutwana ba ba mo setshwantshong bo kaya fa sekolo se e le sa seemo sefe? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/Ngwanaitseele 2017 NSC KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E bua ka ga mosola wa Rejisetara ya Tshireletso ya Ngwana. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: 1. Sobokanya o dirisa mafoko a gago, mme o sa latlhe bokao jwa temana, ka go tlhagisa mosola wa Rejisetara ya Tshireletso ya Ngwana. 2. Kwala ka temana. 3. Boleele bo se fete mafoko a a 90. 4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. 5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. SETLHANGWA C REJISETARA YA BOSETŠHABA YA TSHIRELETSO YA NGWANA Rejisetara ya Bosetšhaba ya Tshireletso ya Ngwana e rekota bana bao matshelo a bona a leng mo dipharagobeng. Bana ba ba leng ka fa tlase ga bogolo jwa dingwaga di le 18 mme ba tlhoka tshireletsego, ke bona ba ba rekotiwang mo rejisetareng e. Rejisetara e e tsholwa le go tlhongwa leitlho ke modirelaloago mo Lefapheng la Tlhabololo ya Loago le ditlamo tse di tlhaotsweng tsa tshireletsego ya bana. Tshedimosetso e e mo rejisetareng e, ga se ya batho botlhe, e ka aroganngwa fela le bao e leng karolo ya setlhopha sa tshireletso ya ngwana jaaka barutabana, baoki, mapodisi jalo jalo. Rejisetara e ga e a tlhamelwa go oketsa palo ya dibuka mme maikaelelomagolo a yona a a ikaegileng ka Molawana wa Bana wa 2005 wa palo ya 38 a totobaditswe. Rejisetara e e tlhametswe, magareng ga tse dingwe, go tshola maina a bana ba ba sotliwang kana ba go itshelwang moriti o o tsididi ka bona. Bana ka kakaretso ba tshela mo maemong a a farologaneng. Rejisetara e e sedimosa maemo a bana ba ba sotliwang le ba go itshelwang moriti o o tsididi ka bona ba iphitlhelang ba tshela mo go ona. E senola dintlha tsa botlhokwa tse di ka dirisiwang go sireletsa bana gore tshotlo ya bona e se eteegele. Bana ba, ba tshwanetse go direlwa ka tsela e e tlhaolegileng. Rejisetara e leba dikgetse le ditirelo tsa bana bao ka leitlho le le ntšhotšho. Ka ngwana e le sejo a tlhakanelwa, rejisetara e ke sediriswa sa go abela barutegi ba setlhopha sa tshireletso ya bana tshedimosetso ya botlhokwa ka ga bana ba. E senola mekgwa le mefuta ya tshotlo le ikgatholoso e bana ba mekamekanang le yona. Madi a botlhokwa mo maemong otlhe ka jalo rejisetara e e abelana ka dintlha tse di tlhokegang go rulaganya kabo ya matlotlo go ema kgatlhanong tshotlo le ikgatholoso ya bana mo maemong a bosetšhaba, diporofense le bommasepala. Rejisetara e ga e ame ka gope ditshwanelo le maikarabelo a semolao a batsadi. Ditshwanelo le maikarebelo a batsadi di tlaa amega fa go tlhokega gore go tsewe dikgato tsa semolao mabapi le bana ba. [E fetoletswe go tswa mo inthaneteng] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/Ngwanaitseele 2017 NSC KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA D TLHOKOMELO YA MORIRI E NTŠHWA! [True Love, Moranang 2016] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Tiro ya setlolo se se bapadiwang ke go … A ntlafatsa sefatlhego. B nonotsha mmele. C tlhokomela moriri. D godisa Jabu Stone. (1) 3.2 O kgona go lemoga leina la setlolo se se bapadiwang jang? (2) 3.3 Badirisi ba setlolo ba nna le maikutlo afe morago ga go se dirisa? (2) 3.4 Naya leina la leungo le le tlhagelelang mo papatsog? (1) 3.5 Naya lelatodi la lefoko le: 'NTŠHWA!' (1) 3.6 Leinaletswa 'TLHOKOMELO' le bopilwe ka lediri lefe? (1) 3.7 A go tlaa bo go siame fa re ka re setlolo se se rekisediwa batho ba basadi fela? (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 8 DBE/Ngwanaitseele 2017 NSC POTSO 4 Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA E Ke eletsa go bonana le wena mo mafaratlhatlheng fela. [E nopotswe go tswa mo inthaneteng] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Puo ya lekau le e senola maikutlo afe? A Boitumelo B Lerato C Kutlobotlhoko D Letlhoo (1) 4.2 Nopola leemedi le le dirisitsweng mo khathunung o bo o neele mofuta wa lona. (2) 4.3 Fetolela puo ya lekau go nna ya modirisokgonego. (1) 4.4 Naya didiriswa di le PEDI fela tse o di bonang mo khathunung. (2) 4.5 Ke eng se se farologanyang batho ba babedi ba? (2) 4.6 Fa o lebile khathunu e, a go na le tlhaeletsano magareng ga bobedi jo? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 9 DBE/Ngwanaitseele 2017 NSC POTSO 5 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA F 1 Go ne go nkga go sa bola beke eno kwa Kanye fa baithuti ba Thuto-Ga-e- Golelwe ba kgaolo ya Borwa ba ne ba iteisana borathana mo dikgaisanong tsa bona tsa meopelo, poko le bommabontle. 2 Thuto-Ga-e-Golelwe ke lenaneo la thuto le le thusang bagolo go ithuta le go tswelela ka go dira ka diatla go tsweledisa matshelo a bona. Bagolo ba tsena 5 sekolo sa Thuto-Ga-e-Golelwe ka makatlanamane mme sebe sa phiri ke gore borre ba maoto a tshupa le mororo bangwe ba sa itse go buisa le go kwala. 3 Go ne go phadisanngwa, go leba yo o sebete. Mo dikgaisanong tsa mmino wa dikhwaere ditlhopha di ne di le nne e bong Moshupa, Thankane, Lobatse le Kanye. Kanye e ne ya tsaya maemo a ntlha, a bobedi ya nna Moshupa, ga 10 latela Lobatse mme Thankane ya di goga kwa mogatleng. Mo dikgaisanong tsa Poko, rre wa kwa Gasita o ne a tsaya maemo a ntlha. Mo go borrabontlenyane, rre wa kwa Letlhakane Botlhaba a nna rrabontlenyane. [Daily News, Labotlhano, 26 Phatwe 2016] 5.1 Karolopuo (popegopuo) e e thaletsweng mo go mola 1 e bidiwa … (1) 5.2 Lediri le le thaletsweng mo go mola 4 ke la mofuta ofe? (1) 5.3 Polelo e e thaletsweng mo go mela 5 le 6 e mo modirisong ofe? (1) 5.4 Naya paka ya lediri la polelo e e thaletsweng mo go mela 5 le 6. (1) 5.5 Naya lelatodi la lefoko le le ntshofaditsweng mo go mola 6. (1) 5.6 Nopola polelwanakalatlhalosi ya teseletso e e tlhagelelang mo polelong e e ntshofaditsweng mo go mela 7. (1) 5.7 Lekaelagongwe la lefoko le le ntshofaditsweng mo go mola 8 ke … (1) 5.8 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng mo go mola 10 go nna ya tirwa. (1) 5.9 Dirisa leinatshwana le le thaletsweng mo go mola 9 mo polelong go supa bokao jo bo farologaneng le jwa setlhangwa. (2) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE: 70 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana HL

View all