Skip to content

Setswana HL Grade 12 P1 NSC November 2021 Question Paper

Question paperSetswana HLGrade 12202111 pages

Grade 12 Setswana HL Paper 1 question paper from the NSC November Exam 2021, 11 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

NSC November Exam 2021

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) NGWANAITSEELE 2021 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 11. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/Ngwanaitseele 2021 NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (30) 2. Buisa ditaelo TSOTLHE ka kelotlhoko. 3. Araba dipotso TSOTLHE. 4. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 5. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. 6. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 7. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 8. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 9. Kabo ya nako e e tshikinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 30 KAROLO YA C: Metsotso e le 40 10. Kwala ka mokwalo o o buisegang le ka mopeleto o o kannweng ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/Ngwanaitseele 2021 NSC KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA A (TEMANA) 1 'Bafedile, tota o ya go simolola leng go ithuta fa mpuru a setse a faretswe jaana? Ga ke bolo go hupela, pelo ya me e elela kgodu e khibidu fa ke gopola kwa nna le wena re tswang teng – malatsi a rona a bonyana mmogo, le ditsala tsa rona; re tshega, go le monate. Gompieno o fetogile, ga ke itse …' 5 2 E ne e se ka maikaelelo go a digela, fela sengwe sa mo bipa kgokgotso; ya ne e kete a ka ngaa jaaka lesea. Boitumelo a didimala sebakanyana, tlhaloganyo e boetse morago. A fofile malatsi! A boela a eletsa go tswelela go kgala tsala, fa Bafedile a mo tswala molomo ka wa gagwe. 'O a re ke go ratela eng tsala ya me ya seinong, fa e se 10 tlhaloganyo eo ya gago. O tota o opile kgomo lonaka. Maloba fa re ne re le banyana re ne re tshameka, re tlolaka, re senyaka, mme re dira tsotlhe tsa bonyana. Go ne go le monate go se letsapa le le fisang pelo. Mpolelele gee gore fa re setse re le mo mophatong wa Marematlou jaana, a re tswelele ka go ipitsa bana? Nnyaya Boitumelo, 15 nna ke mogodi. Ke gata ke bo ke tsena ka fa go tsenang bagolo teng. 3 Basetsana ba babedi ba ba godile mmogo kwa motseng wa Marapyane. Bafedile o tsamaisitswe loeto lwa botshelo ke mosadi wa moitshodi dingwaga di le somerobongwe, nnyaya fa ke akanya sentle di ne di le lesome. Le fa mmaagwe a ne a tlogelwa ke molekane wa 20 gagwe botshelo jwa bona bo sa tswa go simolola, o ne a supa letsatsi gore mamphorwana a gagwe ga a kitla a ikwatlhaela go lerwe mo lefatsheng, le fa ba ne ba ka a tlhomaganya ba tlhoka letswainyana mme boemong ba futswela ka metsi. O ne a kile a tlelwa ke kakanyo ya kgakakgolo fa e ne e boleletse basotli puo phaa gore yona fa e se 25 na mebala e e ka ipelang ka yona mebala eo e ka fitlhelwa kwa dikgakaneng. 4 Maitseboa a e ne e le a bofelo fa barutwana ba sekolo sa Tlhabologang ba bona sebaka sa go ya go ikgopotsa dithuto tse ba tsenelang ditlhatlhobo tsa tsona. Go ne go le makgaphilakgaphila kwa 30 matloborobalong a basetsana e le semphete ke go fete. Ka tebo ya matlho, motho o kgona go bona gore motsetse o ja ka seatla. E rile go tlatsa legaba ba latlhela megopolo kwa motsheo ba gopotse dikwalo. 5 Ditlhako tsotlhe; e seng tsotlhe bagaetso, di ne di lebile kwa ntlolehalahaleng kwa go ithutelwang gona, maoto a le bofefo. Motho a 35 fete a eme lobaka fa kgorong gore a tle a kgone go bona gore tsala e nnetse kae, mme a kgone go ka e katoga. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/Ngwanaitseele 2021 NSC 6 Boitumelo, mosetsana yo ka gale motho o neng o mmona a ntse a tletse ditshegwana o ne a sa fetoga. O ne a ipeile mo maemong a dipitse tsa mojago wa kgwedi ya Phukwi, mme a ipotsa gore sefoka ke 40 sa ga mang fa e le ena le dipotso tsa ditlhatlhobo. 7 Tshipi ya sekolo ya lela 'ura ke ya bosupa – a re yeng go ithuta'. Barutwana ba tsena ka dikgoro go ya go thubana natso go ipaakanyetsa ditlhatlhobo. Setlhotšhwana sengwe se ne se eme mo lefitshwaneng e kete sona ga se tshwenngwe ke sepe. Fa a se 45 atamela, Boitumelo a ema ka lobelo fa a utlwa setshegwana se se tswakantseng le molotsana wa pina. A itse mong' a sona, a be a netefatsa fa a utlwa mafoko a ga Kefetile fa a re: 'Fa ke na le wena ke ipheditse moratiwa. Ga go ope kgotsa sepe se se ka itumedisang mowa wa me go feta wena, Bafedile. 50 8 Tsala ya ga Bafedile, Matlakala a lemoga go le matshwanedi gore a lemose tsala ya gagwe fa go setse go le thata, ba ye go buisa: 'Bafedile, re swatogile ka la mogodu mo ditlhatlhobong tsa Seetebosigo. O itse sentle gore maina a rona a nkga dibodu kwa kantorong ya ga mogokgo ka re dikile re itshotse makgwakgwa 55 ngwaga otlhe. Sala sentle, ke sa ya go bona fa nka se tswe temanyana. Batho ba setse ba simolotse. 9 Le le latelang la itshenola jaaka le solofetswe ke botlhe, letsatsi le le ilwang ke metlapa, letsatsi le le itumelelwang ke bagaka bao ba sa leng ba le ipaakanyeditse. Jaaka barutwana ba bangwe, Bafedile a 60 tsaya maemo a gagwe. Lokwalopotso lwa ntlha lwa Bonetetshi lwa goroga. Matlho a ikala le dipotso tsotlhe ka gangwe. A roroma. A fifala pelo. A boa a di buisa gape. Tlheng e kete ga a ye go tswa ka sepe. Matlho a fifala, mme letshogo la re bai! 10 'Ijoo morutabana, thusang fa. Bafedile …' Ga goa mosetsana yo o 65 neng a ntse ka fa morago ga gagwe. Ga tlhakatlhakana. O thantse a le mo bolaong jwa gagwe kwa marobalong a basetsana, Bafedile. Ditlhatlhobo tsona di ne di tsweletse. [E nopotswe go tswa mo Mantswe a Robongwe, RJ Makgaledise] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Ditlhatlhobo tse di kwalwang ke tsa paka efe ya ngwaga? A Kgweditharo ya ntlha B Bogare jwa ngwaga C Kgweditharo ya bobedi D Bofelo jwa ngwaga. (1) 1.1.2 Ke mafoko afe a a buiwang ke Boitumelo go supa fa Bafedile a fetogile? (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/Ngwanaitseele 2021 NSC 1.1.3 Matshwenyego a ga Boitumelo ka ga Bafedile e ne e le afe? (1) 1.1.4 Ke mang gape yo o neng a tshwenyegela Bafedile? (1) 1.1.5 Go ya ka temana, ke serutwa sefe se barutwana ba simolotseng ditlhatlhobo ka sona? (1) 1.1.6 Tshwetso ya ga Bafedile ya go gata a bo a tsena mo go tsenang bagolo teng, e amile jang tiragatso ya gagwe mo dithutong? (TEMANA 2) (2) 1.1.7 Goreng basetsana ba ne ba ema lobaka fa kgorong pele ba tsena mo ntlolehalahaleng? (2) 1.1.8 Ke dilo dife tse PEDI tse di sentseng leina la ga Bafedile le tsala ya gagwe kwa kantorong ya ga mogokgo? (2) 1.1.9 A mafoko a ga Bafedile a a reng, '… nna ke mogodi, ke gata ke bo ke tsena mo go tsenang bagolo teng', a maleba go buiwa ke morutwana? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (TEMANA 2) (2) 1.1.10 Polelo e e reng, 'A fofile malatsi', e kaya eng? (TEMANA 2) (2) 1.1.11 A ke ntlha kgotsa ke kakanyo gore mmaagwe Bafedile o ne a lebeletse dikgolo mo go ena? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (TEMANA 3) (2) 1.1.12 Nopola tlhagiso e e kayang gore go ne go senyegile kwa matloborobalong a basetsana ka nako ya ditlhatlhobo. (TEMANA 4) (1) 1.1.13 Ke eng se se dirileng gore Bafedile a idibale mo phaposing ya ditlhatlhobo? (2) 1.1.14 Go kaiwa eng fa go twe: 'maoto a le bofefo'? (TEMANA 5) (2) 1.1.15 A ke nnete gore Boitumelo o ne a ikaeletse go falola ditlhatlhobo. Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/Ngwanaitseele 2021 NSC 1.2 Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) [E nopotswe go tswa mo inthaneteng] 1.2.1 Naya dintlha di le PEDI tse SETLHANGWA sa A le SETLHANGWA B di farologanang ka tsona. (4) 1.2.2 Moaparo wa batlhatlhojwa ba ba mo setshwantshong, o senola gore ke ba ditheo dife tsa thuto? Naya di le PEDI. (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/Ngwanaitseele 2021 NSC KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E tlhagisa dintlha ka ga maitsholo a badiredipuso. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: 1. Sobokanya temana e ka go tlhagisa dintlha di le SUPA ka ga MAITSHOLO A BADIREDIPUSO. 2. Kwala ka temana, o dirisa mafoko a gago, mme o sa latlhe bokao. 3. Boleele bo se fete mafoko a a ka nnang 90. 4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. 5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. SETLHANGWA C Badiredipuso ke bathapiwa ba puso ba maitlhomomagolo a bona e leng go direla setšhaba. Badiredipuso ba na le melawana e ba tshwanetseng go itshola ka yona mo bodireding jwa bona gore mo pusong go se nne kwa ga Mmegaampone. Kaedi e ya maitsholo e dirisiwa go kaela badiri ka se se solofetsweng mo go bona mabapi le maitsholo a mantle mo bojosing jwa bona kgotsa mo botsalanong le ba bangwe. Melawana e ya maitsholo e rotloetsa bodiredi jo bo tlhotlhwagodimo gape e thusa ka netefatso ya go itshepa mo badiredipusong. Go solofetswe gore badiredipuso le bakhuduthamaga ba Kgotlapeomolao ba itshole ka mokgwa mongwe o o tlhaolegileng. Badiredipuso ba dirisana ka sebona gape ba dirisana le setšhaba. Bodiredi le botsalano jwa badiredipuso bo beilwe leitlho le le ntšhošho le go atlholwa ke bathapi le setšhaba. Ba tshwanetse go dirisana ka botlalo go atolosa dikgatlhego tsa setšhaba. Ka tsamaiso ya ditheo, ga go na setheo se se se nang molaodi. Badiredipuso le bona ba na le batho bao ba ba tlhaoletsweng go ba tsamaisa mme ba tshwanetse go diragatsa ditaelo tse ba di neilweng ka fa molaong e bile di sa thulane le molaotheo ka gope. Ga go modiri ope yo o nang le tetla ya go dirisa thata ya gagwe go tlhotlheletsa badiri ba bangwe kana go ba gatelela ka mokgwa mongwe. Ga go mokgoro o o sa neleng, ka jalo badiredipuso ba na le tšhono ya go tlhagisa dilelo tsa bona ka tsela e e maleba le kwa kemeding e e maleba. Ba ineele go godisa, go rotloetsa badirikabona le go nna le botsalano jo bo se nang selabe. Ba iphape mo ditirong tsa mekgatlo ya sepolotiki ka nako ya tiro. Ba dirisane le ba bangwe ntle le kgobelelo. Ngwana yo o sa utlweng molao wa batsadi o tlaa utlwa wa manong. [E fetoletswe go tswa go News Letter dig &hs] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 8 DBE/Ngwanaitseele 2021 NSC KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA D Dilo tse di siameng di diretswe go nnela ruri! IKGAPELE malatsi a boikhutso kwa o tlaa bonang tšhono ya go palama tlou! Reka setlhako sa 'toughees' mo lebentleleng la ditlhako mme o tle o tsenele kgaisano. [E nopotswe go tswa mo inthaneteng] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Kungo e e bapadiwang ke efe? A Tlou B Sekolo C Ditlhako D Diaparo (1) 3.2 Ke leano lefe la papatso le le dirisitsweng go tlhagisa leina la kungo e o e kaileng mo go 3.1. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 9 DBE/Ngwanaitseele 2021 NSC 3.3 Go latela malepa a puo ya papatso, mosola wa tlhagiso e e reng, 'dilo tse di siameng di diretswe go nnela ruri', ke ofe? (1) 3.4 Goreng go dirisitswe tlou mo papatsong e? (2) 3.5 Ke mokgwa ofe wa papatso o o dirisisweng go ngoka bareki? (1) 3.6 Naya mofuta o le mongwe wa modiriso o o tlhagelelang mo papatsong o bo o nopole sekao sa ona. (2) 3.7 A papatso e e tlaa ungwela batho botlhe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 10 DBE/Ngwanaitseele 2021 NSC POTSO 4 Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA E KE LEKA GO REKA PAMPIRI YA DIPALO, WA BONA, JAANONG TSOTSI E E NTHEKISEDITSE MOKOKOTELO! [E nopotswe go tswa mo inthaneteng] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Go atlhama le go phatlhalatsa seatla ga mosimane go senola gore o dirisa segalo sefe mo puong ya gagwe? A Sa boitumelo B Se se kwa godimo C Se se kwa tlase D Sa magareng (1) 4.2 Go reka pampiri ya dipalo mo khathunung e, go senola seemo sefe ka ga mosimane yo? (2) 4.3 Puo ya mmele ya batho ba ba mo khathunung e tlhagisa maikutlo afe a a farologaneng? (2) 4.4 Ke eng se mosimane a se buileng se se dirang gore monna a tsiboge ka mokgwa oo? (1) 4.5 Naya lekaelagongwe la lefoko le le thaletsweng mo khathunung. (1) 4.6 Nopola sekao sa thui go tswa mo khathunung. (1) 4.7 Go ya ka wena, a o bona go siame gore barutwana ba rekisediwe dipampiri tsa ditlhatlhobo? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 11 DBE/Ngwanaitseele 2021 NSC POTSO 5 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA F 1 Ya re ke re ke a mo utswa, ka fitlhela a nketile pele mme ke tlaa jela mo tafoleng: 'Fela.' Ka ithaya ka re o tlaa tshega. A nyeba fela, a ba a setlhafala. A retologa, a nteba mo matlhong, a bua le nna jaaka o ka dira ka ngwana a se na tsebe. 2 Bonyana! E le gona bo sang mo tlhaloganyong ya me. Re tlhola re ile 5 mminong, go twe ke rutwa setapa; dibaesekopo tsa masigo re di ya mmoelela, e re re le mo boidiiding jalo, a nnyaragane, a ye go nna le ba bangwe, mme e re tsotlhe di fedile a se ka a lebala go mpotsa gore a go ne go le monate. 3 Ee, go a sedimoga jaanong. E le motho wa go buisa dibuka tsa bo 'Fair Lady' 10 le bo 'Scope', mme e bile a kgothaletse gore e ne e re re ikhuditse, motlha o tshwana le o, re di patlamele mo meriting, re itisa mmogo ka tsona. 4 Ka gopola motlha ke kopana le Joe la ntlha. Ditlhopha tsa bo di ngangalane ka kgwele ya dinao mo lebaleng. Batho ba tlile ka makatlanamane, bangwe ba goa ka boitumelo. Bangwe ba tletse fela go tla go sotla ka ba bangwe, 15 mme bangwe gape, jaaka nna le Joe, ba sa bone sepe fela sa bontle jwa letsatsi leo. [E nopotswe go tswa go Mokaragana, BD Magoleng le SF Motlhake] 5.1 Dirisa lekwalwatshwana 'fitlhela' mo polelong ka bokao jo bo farologaneng le jo bo mo go mola 1. (1) 5.2 Nopola sekao sa leitiri go tswa mo temaneng ya 1. (1) 5.3 Naya lelatodi la lereo 'bonyana' mo go mola 5. (1) 5.4 Naya mofuta wa letlhalosi le le thaletsweng mo go mola 7. (1) 5.5 Fetolela mola o o latelang go nna puosebui. A mpotsa gore a go ne go le monate. (MOLA 8 le 9) (1) 5.6 Leemedi 'tsona' mo go mola 12 le dirisitswe jang? (1) 5.7 Leinatswako le le thaletsweng mo go mola 14, le bopilwe ka dipopego dife tsa puo (dikarolopuo)? (2) 5.8 Bolela gore thuanyi e e ntshofaditsweng mo go mola14 ke efe? (1) 5.9 Dirisa lesupi le le thaletsweng mo go mola 17 mo polelong go supa kgatelelo. (1) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana HL

View all