Skip to content

Setswana HL Grade 12 Paper 1 NSC June 2021 Question Paper

Question paperSetswana HLGrade 1220219 pages

Grade 12 Setswana HL Paper 1 question paper from the NSC June Exam 2021, 9 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

NSC June Exam 2021

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS/ NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) 2021 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 9. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/2021 SC/NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (30) 2. Araba dipotso TSOTLHE. 3. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 4. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. 5. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 6. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 7. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 8. Kabo ya nako e e tshikinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 30 KAROLO YA C: Metsotso e le 40 9. Kwala ka mokwalo o o buisegang le ka mopeleto o o kannweng ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/2021 SC/NSC KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa setlhangwa se se latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA A (TEMANA) 1 E ne e le setlhotswana sa basimane ba ba neng ba tshwana ka mekgwa e bile mo phaphosiborutelong ba se botlhale. Go ne go se sepe se ba neng ba se itse mo dithutong, sa bona e ne e le bopoo fela. O ne o ka fitlhela motho wa teng a palelwa ke go buisa buka ya mophato wa ntlha a peleta mafoko jaaka e kete ga a mo mophatong wa bosupa. Motho wa 5 teng o ka fitlhela a didimaditse bolotsana e kete katsenyana ya modumedi, e re sekolo se tswe fela, o tlaa bona metlholo. Bona barutwana ba mofuta o, ga ba falole bonolo mo ditlhatlhobong. Go le gantsi ba utlwelwa botlhoko, mme ba fetisiwe fela go fitlha kwa mophatong wa marematlou. Botlhogonkope ba ba bosula ba, e rile fa ba 10 setse ba le kwa sekolong se segolwane, ba palelwa ke go tswelela pele ka dithuto, ba ne ba dumelana ka bongwe fela jwa pelo go lebala ka sekolo. 2 Ba ne ba tsenyana ka ditlhogo mo nthagarageng ya bosenyi. A utlwalega jang Razer, moeteledipele wa bona, ba mo dikaganyeditse 15 boNthibeng, Jack le Bosi. Ba sisibetse e kete ba mo phitlhong ya kgosi. A ba bontsha ka moo ba tlaa humang ka teng e bile ba tlaa kgweetsa dikoloi tsa go tura tsa majabajaba. Jack a mo tlatsa a sa kgale mathe ganong a ntse a rototse matlho a makima, a thwantsha menwana e meleele a ntse a re, re tlaa be re le dikhothana. Re tlaa itsege lefatshe ka 20 bophara. Banyana le basimane ba tlaa utlwa ka rona. Go ne go se ope yo o kgatlhanong le se se mo tafoleng. 3 Ba ne ba setse ba itumetse e bile ba bela madi, ba eletsa gore e kete ba ka bo ba setse ba simolotse tiro ya bosenyi. E rile pele ba simolola tiro ya bona, ba batla leina la setlhopha gore ba tle ba tiye dipelo, ba tume 25 gaufi le kgakala. Bosi a tlola ka lona a re: 'Matlantla', Razor a le gana. Nthibeng a bua ka kotswana a re: 'Maragantšwa'. Ba tlola ka gangwe fela ba tshega, ba goeletsa ba re, eitha! Maragantšwa, majita. Go tloga letsatsi leo, ba dira gore diaparo tsa bona di kwalwe Maragantšwa. 4 Maragantšwa a feretlha Tlebetlebe, a ya godimo le tlase, batho ba 30 Modimo ba ba se nang molato ba tlhoka go hema e le ruri. Bosigo le motshegare ba tshwarwa poo ke Maragantšwa. Ba ne ba le mašetla e bile ba le swele, ba se na kutlwelobotlhoko. Ba ne ba sa tshabe go ya kwa dikamogelong tsa batsofe ba rwele bommamatlhwana, ba fete ba tsose lerole la Phatwe go le mariga. 35 5 Maragantšwa a ne a tlhatlhamolola marulelo a metlhatlhagano e megolo ba sa ipelaele, kwa dikolong gona go ne go itsege e le matantabelo a bona. Ba ne ba feditse dikhomputara tsa dikolo le dipolokelo tsa tshipi, mme ba sa tshwarwe. Ka nako eo, ba ne ba ise ba nne le makwaloitshupo, ka jalo mapodisi a a tsayang dikgatiso tsa menwana ba 40 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/2021 SC/NSC itaya sefololetse. Go ne go se ope mo motseng yo o neng a batla go loma mapodisi tsebe ka bona ka ba ne ba tshabega e bile ba itsege ka boswele. Batsadi ba bona ba ne ba tlhomola pelo ka ba ne ba kgalemeletse ruri, mme go se nko e e tswang lemina. Go bontsha gore ba ne ba ba tsosetsa malwetsi a pelo. 45 6 Go ne go makatsa go bona badiri ba ba dirang ka natla, bangwe ba direla puso, mme ba se na dikoloi tse Maragantšwa a tsamayang ka tsona. Ba na le dikoloi tsa mefuta ya sejeremane, mme ba sa dire gope. Basimane ba ne ba tuma gaufi le kgakala tota le kwa Gauteng ba ne ba budutsa ba sa tshameke. Ba ne ba sa gopole gore 'tsatsi lengwe ba tlaa 50 tlhagelwa ke madimabe ka gonne go senyetsa batho mo go bona e ne e se phoso. Ba ne ba itoile dipelo. Ba ne ba bona botshelo bo le monate, go se letsapa le le ba fisang pelo. O ntse jalo monate, o ka go fetola wa nna makoko. 7 Ditsala tsa tswelela ka go bogisa batho ba sutlha ka fa ba tswa ka fa e le 55 bothelela-bodiba ba madi a magolo. Letsatsi lengwe fa morago ga sebaka se se leele, la bona letsatsi la ba tlela jaaka loso ba sa nagana. E rile fa koloi e e tsamaisang tšhelete e ba feta mo tseleng, ba e meletsa mathe ba bo ba e baya mangole ka koloi ya bona e ne e le lebelo thata. E rile pele ga koloi ya madi e tlaa goroga kwa lefelong la mogolo wa 60 batsofe, Maragantšwa a ponto le šeleng, ba be ba tlhakatlhakane le yona ka dithunya, basimane ba ba dipelo di thata. Go ne ga šwa logong ga sala molora. Banna ba ba tsamaisang madi ba rutilwe go dirisa sethunya sentle. Maragantšwa tsatsi leo, ba ineela, ba tsholetsa diatla mo phefong. Ba ipileditse bokoa jwa mmele go sa tlhokege. 65 [E nopotswe go tswa go Botlhoko, monate, di ya thoteng. O Motlhabane] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Maragantšwa ke setlhopha sa ... A dirukhutlhi. B maitsegotlhe. C boramatlhajana. D matlantla. (1) 1.1.2 Naya leina la mosimane yo o tlileng ka kakanyo ya bosenyi. (1) 1.1.3 Naya dikgwetlho di le THARO tse di kgoreleditseng basimane go tswelela ka dithuto tsa bona kwa sekolong. (3) 1.1.4 Fa Maragantšwa a tlogela sekolo, a ne a le mo seemong sefe? (1) 1.1.5 Kwala lereo 'tura' ka Setswana se se tlhololo. (TEMANA 2) (1) 1.1.6 Tlhagiso e e reng 'ba tlhoka go hema' mo go TEMANA 4, e kaya eng? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/2021 SC/NSC 1.1.7 Ke lefelo lefe le Maragantšwa ba neng ba le tsenelela bonolo? (1) 1.1.8 Goreng Maragantšwa a ne a rwala bommamatlhwana fa ba ya kwa dikamogelong tsa batsofe? (2) 1.1.9 Maragantšwa ba ne ba dirisa madi a ba a utswitseng jang? (2) 1.1.10 Ditlamorago tsa bosenyi jwa Maragantšwa e nnile dife? (2) 1.1.11 Tlhalosa gore go tewa jang fa go twe 'la bona letsatsi la ba tlela jaaka loso ba sa nagana'. (TEMANA 7) (2) 1.1.12 Go ya ka wena, go ka bo go dirilwe eng go thusa basimane ba ba kaiwang mo temaneng go tila ditiragalo tsa bosenyi? (2) 1.1.13 A ke ntlha kgotsa ke kakanyo gore Maragantšwa a ne a itoile dipelo? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (TEMANA 6) (2) 1.1.14 Fa o ne o le mongwe wa batho ba ba senyeditsweng ke basimane ba, o ne o tlaa dira eng? (2) 1.2 Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) [Se nopotswe go tswa mo inthaneteng ya Google Image] 1.2.1 Naya ntlha e le NNGWE e SETLHANGWA A le SETLHANGWA B di tshwanang ka yona. (2) 1.2.2 Naya ntlha e le NNGWE e SETLHANGWA A le SETLHANGWA B di farologanang ka yona. (2) 1.2.3 A o ka dumelana le ntlha ya gore dirukhutlhi tse di mo go SETLHANGWA B, ga di boife sepe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/2021 SC/NSC KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E tlhagisa tshedimosetso ka ga go reka sejanaga kwa fantising. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: 1. Sobokanya temana e ka go tlhagisa dintlha di le SUPA ka ga tshedimosetso e moreki a tshwanetseng go nna le yona fa a reka sejanaga kwa fantising. 2. Kwala ka temana, o dirisa mafoko a gago, mme o sa latlhe bokao. 3. Boleele bo se fete mafoko a a ka nnang 90. 4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. 5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. SETLHANGWA C GO REKA SEJANAGA KWA FANTISING Batho ba bantsi ga ba nke ba nagana ka ditsela tse dingwe tsa go reka sejanaga. Ba nagana fela ka tsela e e tlwaelegileng ya go ikela kwa lebenkeleng la dijanaga kgotsa go reka mo mothong yo mongwe. O ka tlhopha go iponela sejanaga ka go reka kwa fantising. Fantisi ke sengwe se se ka go itumedisang. Ga se batho ba bantsi ba ba ka lemogang gore ba ka boloka madi a mantsi go bona dijanaga tsa ditoro tsa bona ka mokgwa o. Tlhokomela gore go ka nna le dilo dingwe tse dintsi tse di ka se tsamayeng sentle. Fa o reka sejanaga kwa fantising, netefatsa gore setheo seo se kwadisitswe le molao wa tshireletso ya bareki. Setheo se, se bolela fa fantisi e sireletsa bareki ka ditsela tse tharo tse di latelang: go kwala diphoso tsotlhe tsa sejanaga, mofantisi o tshwanetse go neela batho nako go lekola sejanaga pele fantisi e simolola, mme ga a tshwanela go bua bobe ka, kgotsa go tlhagisa maemo a sejanaga. Itse gore dijanaga di rekisiwa ka maemo ao di leng mo go ona. Se se kaya gore o ka se ka wa se kgweetsa pele o se reka. Ka letsatsi la fantisi, o tshwanetse go duela madi a peeletso, mme o bone nomoro ya go ikwadisetsa theko. O tlhoka lokwaloitshupo, setlankana sa go kgweetsa le lokwalo la ditirelo tsa masepala. Tlhokomela gore o tsaya maikarabelo a go duelela dilo tsotlhe. O ka duela ka mekgwa e e farologaneng, e ka nna ka EFT kgotsa karata ya banka. Fa o ya kwa difantising tse di farologaneng, o ka fitlhela sejanaga sa ditoro tsa gago ka tlhotlhwa e e kwa tlase. Difantisi dingwe di nna teng beke nngwe le nngwe. Nna o tlhokometse gore dinomoro tsa enjene di nyalelana le tse di mo ditlankaneng tsa sejanaga. Mantswe a bofelo: Go reka sejanaga kwa fantising go a tshosa fa e le gore ga o itse ka fa dilo di tsamaisiwang ka gona. Fa o na le kitso ya go reka dijanaga kwa fantising, o ka se tlhole o reka ka tsela e nngwe gape. [Se fetoletswe go tswa go Skyways, Tlhakole, 2020] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/2021 SC/NSC KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA D KE SE KGWEETSE FA KE LAPILE LELETSA 10111 [E nopotswe go tswa mo inthaneteng] 3.1 Papatso e, e ka ga ... A tshireletsego mo ditseleng. B go tsaya tshwetso. C go nna monana. D go leletsa 999. (1) 3.2 Papatso e, e lebisitswe go bomang? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 3.3 Goreng mafoko a a reng 'ke tsaa tshwetso' a kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo? (2) 3.4 Ke tshedimosetso efe ya malepa a phasalatso e e tlhaelang mo papatsong e? (1) 3.5 Mafoko a a reng 'ke monana' a kaya eng? (2) 3.6 Fetolela polelo e e latelang mo kganetsong, 'Ke monana'. (1) 3.7 Kwala lefoko 'tsaa' ka mopeleto o o nepagetseng. (1) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 8 DBE/2021 SC/NSC POTSO 4 Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA E ... jaanong, lona lo batla go ithutela eng? Go thapiwa! 29% Botlhokatiro [E nopotswe go tswa mo inthaneteng] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Khathunu e e fa godimo e mabapi le eng? A Kgaisano B Thuto C Kopano D Dipotsotherisano (1) 4.2 Barutwana ba bangwe ba ba sa tsholetsang matsogo ba bonala ba tlhomile megopolo ya bona kae? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 4.3 Go latela khathunu e, batho ba ba sa direng ba lekanyeditswe ka diperesente di le kae? (1) 4.4 Lefoko 'lona' mo khathunung ke popego efe ya puo? (1) 4.5 Fetolela polelo e 'Go thapiwa' go modirisokgonego. (1) 4.6 Puo ya mmele ya mosimane yo o tsholeditseng letsogo e senola maikutlo afe? (2) 4.7 Go ya ka wena, a karabo ya morutwana yo o buang, e maleba? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 9 DBE/2021 SC/NSC POTSO 5 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA F 1 Fa ke goroga kwa gae, ka fetela kwa phaposing ya boikhutso go boga ditshwantsho tsa ga Mmašadi jaaka di manegilwe mo godimo ga lobota. Ka boela ka apeswa ke leru. Ga twe ke tsenwe ke eng? A fa Ditsile ga a njesa diphirimisi gore ke rothise tete jaaka setseketseke? Mmašadi o ne a tsoga, a wa le nna; jaanong ke fano ke fofa le boDitsile, mosetsana wa matlho a 5 mafatshwana. 2 Morago ga go kgaratlha ka mogopolo, ka fetsa ka gore nna le Ditsile re tlaa nna ditsala fela tse di se nang sepe sa ka kwa sekhutlhwaneng. Re tlhotse mmogo sentle, mme le ena o itumeletse go tlhola le nna. A gona go phoso go itumela le Ditsile? Kana ga go sepe se se bosula fa gare ga rona! Ka fetsa ka 10 gore re tlaa nna ditsala tse di ntshanang seinong fela. 3 Ka fitlhela a ntetile. Ra wela mo tseleng. Ra bua ka dilo tse dintsinyana. Ee, ra tlwaelana mo nakong e khutshwane, mme ke sa fetse go gakgamalela botho ba gagwe, e kete ke gona ke mmonang la ntlha mo botshelong jwa me. Ka fitlhela matlho a gagwe a makima, sefatlhego sa gagwe se se edileng, moriri wa gagwe 15 o o tseetsweng matsapa, tsotlhe di tsamaya le maikutlo a me. [E nopotswe go tswa go Le Pelong. BD Magoleng] 5.1 Fetolela polelo e e thaletsweng mo go mola 2 le 3 go tiri. (1) 5.2 Popego ya puo e e ntshofaditsweng mo go mola 5 ke ya mofuta ofe? (1) 5.3 Bolela gore leina le le ntshofaditsweng mo go mola 7 le dirisitswe jang. (1) 5.4 Naya bontsi jwa leemedi le le thaletsweng mo go mola 9. (1) 5.5 Naya lekaelagongwe la lefoko le le ntshofaditsweng mo go mola 12, mme morago o le dirise mo polelong e o e itlhametseng. (2) 5.6 Fetolela polelo e e thaletsweng mo go mola 12 go nna mo kganetsong. (1) 5.7 Dirisa mogatlana '-ana' go nyenyefatsa leina 'moriri' go tswa mo temana 3, mme morago o le dirise mo polelong e o itlhametseng yona go supa kakgolo. (2) 5.8 Naya mofuta wa popego ya puo e e ntshofaditsweng mo go mola 16. (1) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana HL

View all