Skip to content

Setswana HL Grade 12 Paper 1 NSC June 2016 Question Paper

Question paperSetswana HLGrade 12201610 pages

Grade 12 Setswana HL Paper 1 question paper from the NSC June Exam 2016, 10 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

NSC June Exam 2016

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) 2016 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 10. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/2016 SCE DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (30) 2. Araba dipotso TSOTLHE. 3. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 4. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. 5. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 6. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 7. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 8. Kabo ya nako e e tshitshinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 30 KAROLO YA C: Metsotso e le 40 9. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/2016 SCE KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA A (TEMANA) 1 Letsatsi la Tshipi le le latelang Matlhatso a phitlho ya ga Mofeti, ya bo e le lona la go tlhatswa masela kwa lapeng. E le gona batho bangwe ba kgwang mowa fa e sa le ba eme ka dinao beke yotlhe pele ga phitlho; ba batla ba felelediwa ke tebelelo. Bontsi bo ne bo felelana pelo. Motho a ngongorega gore e kete o sa le a tila 5 ditiro beke yotlhe: e re go apewa, a ipege leino; ya re go tsholwa megoga, a itire moeng. Yo mongwe ka kwa, o ngongoregiswa ke gore beke yotlhe e ne e le ena fela a tlhokometseng bana ba moswi – go se na yo o ikutlwang go mo tla matshediso. 2 Mo moriting wa setlhare sa perekisi ka kwa mafuri, go dutse 10 monnamogolo Matlapeng le rraagwe Kedisaletse, ba farafarilwe ke bangwe ba losika. Dikgang tsa bona di magakwagakwa jaaka metsi a molapo mariga. Mongwe le mongwe o a ne a nweela le ditoro tsa pelo a le esi. Ba tlaa itheng bannabagolo ba Modimo? A badimo ba bona ba ba direle moriti o mongwe, mme tladi e se 15 boele ya o padimola jaaka o e sa tswang go o phampholola. Matlapeng o lelela morwa. Ketlamoreng o lelela mogwe. Dipelo di rotha madi-e seng ka Mofeti mo go kalo, gonne yoo ke madi-a-tlhageng – e bong ka Kedisaletse le Tlhobolo le Seteno. Mosadi a santse e le lenyeme jalo morwarra, ke lešetla. 20 Mongwe wa banna ba ba foo ga a rate tidimalo e. O itse gore modumo o botoka. Ona ga o go fe sebaka sa go reetsa kutlobotlhoko. O thuba tuulalo ele ka gore: 3 'Bagaetsho segologolo se re latlhile. Ditshenyegelo tse di bonagetseng fano malatsi a matlhano a a fetileng di ka roba 25 tlou mokwatla. Dijo ... Malomo ... Lekase ... Tšhelete e gosomane magosomane e sa tswa go gosomana sa pula ya matlakadibe.' O a bua monna yo wa mmualebe. Mongwe o mo tlatsa ka gore: 4 'Ke boammaaruri monna wa kgosing; fela o lemoge gore rona 30 Batswana re tlotla baswi go gaisa batshedi. Re gapeletswa ke poifo ya go se tlhaloganye loso. Re batla gore moswi a tsamaye ka kagiso. Tota ka ditshenyegelo tse, ra re moenyana-o-pele lobone Iwa wabo. Ke ditumelo ka ga badimo.' 'Re tlhakatlhakanya ditumelo: Sekeresete le setso. Ka segarona – 35 Setswana – re bitiela motho. Le fa a sule, e sa ntse e le motho. Ka Sekeresete ga go a nna jalo. Bakeresete ba bitiela setopo, e seng motho. Ena ga a yo; go setse seaparo sa gagwe fela. Ke ka ntlha eo rona re sisimogang moswi go gaisa makgoa.' Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/2016 SCE 5 'Aitse fa le bua ka ga setso le seeng, le mo mafokong, e seng 40 mapempetlwane.' Ba mo segetse mo lefureng. 'Ka setso kobo ya moswi ke letlalo la kgomo ya megoga, e seng magasigasi a lekase.' Ga ikutlwatsa monnamogolo Matlapeng. A tshokane a gakologelwa gore fa lekase la Mofeti le tlaa tlhotšhwa, o ne a leka go eletsa gore go batliwe la madi a a potlana. Ba tseisa 45 mafoko a gagwe phefo ka go bua gore kwa ga semangmang go ne go rekilwe la madi a a rileng; ka ntlha eo bona ba tshwanetse go reka le le jang a a kwa godingwana go supa maemo a bona. 'Tlhabologo e ya lona e nnile botlhale; ya senya setso leina gore sengwe le sengwe se se amanang le setso, se nkge 50 lefetlha.' 6 Fa le atla dithaba tsa bophirima la Sontaga oo, ke fa batho ba ngotlegile. Ka Mosupologo ga bo go setse beng-gae ba se bakae. Jaanong ba ka itsheba go se yo o tla reng go utlwa dikomang tsa bana ba mpa, a tsamaya a atlhame jaaka 55 tlatlawe. Matlapeng a mmina thakadu, o biditse Ketlamoreng gore ba fane maele ka tsa 'lapa la ga Mofeti a fetileng a sa laela. Ga a laletsa bommaagwe bana. Fa o ka simolola ka bao kgang e a folotsa; ba lotso loo ba atlhama ba ise ba akanye. Fa wena monna o bona tse di kwa tlhoeng ya thaba, bona ba bona fela 60 tsa bokhutlo jwa molebo wa nko. Mo nakong e ba setse ba di sugile fa e leng gore di ya borumong gonne Ketlamoreng a re: 7 'Nna le fa ke le motho wa Soweto, ke bona go le botoka gore thitšhere Tholo – ka a ise a tseye – a mpe e nne ena a tsosang dithako tsa lelapa la ga mogoloe. Bangwe ba tlaa re re 65 potlakile thata; mme kana go botoka go akofa go ise go tle mongwe kana sengwe se se ka tsenyang kgadi monwana. Ke ipoa kgatsu ka re lebitla la mosadi ke kwa bogadi e bile lebitla ga le tlhadiwe, gona mosadi ke wa eng fa e se wa dikgomo? Ke rapela gore Kedisaletse a nkutlwe ka ntlha ya kgole e,' o supa 70 Tlhobolo, 'e Mofeti a nanogileng ba setse ba bofagane ka yona.' [E nopotswe go tswa mo Mmualebe, RM Malope] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Kedisaletse o tlhokafaletswe ke monna, jaanong o bidiwa ... A seyantlo. B moswelwa. C moswagadi. D motlholagadi. (1) 1.1.2 Sobokanya ka mafoko a gago dingongorego tse di neng di tlhagelela ka letsatsi la morago ga phitlho. Naya di le PEDI fela. (Temana 1) (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/2016 SCE 1.1.3 Temana 2 e tlhagisa fa tladi e phamphamolotse moriti wa bannabagolo. Go ya ka wena, go tewa mang go twe 'moriti'? (1) 1.1.4 Matlapeng o ana eng? (1) 1.1.5 Go bolelwang fa go twe Ketlamoreng o lelela mogwe? (Temana 2) (2) 1.1.6 Tlhagiso e e reng 'dikgang tsa bona di magakwagakwa jaaka metsi a molapo mariga' e kaya eng? (Temana 2) (2) 1.1.7 Mosadi yo o santseng a le lenyeme ke yo o ntseng jang? (Temana 2) (2) 1.1.8 Ke tiragalo efe e Matlapeng a neng a sa dumelane le ba losika ka yona? (2) 1.1.9 Ke dilo dife di le PEDI tse monnamogolo Matlapeng a supang fa e se setso gotlhelele? (2) 1.1.10 Nopola polelo e e tlhagisang fa madi a dirisitswe go feta tekanyo e bile re ka re a sentswe. (2) 1.1.11 A go tlaa be go le maleba fa re ka re banna ba babedi ba, ba lebelela dilo ka letlhakore le le lengwe ba sa laletse bommaagwe bana? Tshegetsa ka lebaka. (Temana 6) (2) 1.1.12 A o dumelana le tlhagiso ya ga monnamogolo Ketlamoreng ya gore Tholo a tsose dithako tsa lelapa la ga Mofeti? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (Temana 7) (2) 1.1.13 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore bannabagolo ba ne ba itlhaganelela gore Kedisaletse a nyalwe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/2016 SCE 1.2 SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. [Se nopotswe go tswa mo inthaneteng] 1.2.1 Naya dintlha di le PEDI tse SETLHANGWA A le SETLHANGWA B di farologanang ka tsona. (4) 1.2.2 A mofuta wa lenyalo la SETLHANGWA B ke wa setso kana wa seeng? Tshegetsa karabo ya gago ka mabaka a le MABEDI. (3) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/2016 SCE KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E tlhagisa dintlha ka ga maikarabelo a basimane le basetsana. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: • Sobokanya temana e e latelang o dirisa mafoko a gago mo go kgonegang, mme o se latlhe bokao jwa temana, ka go tlhagisa dintlha di le SUPA ka ga maikarabelo a basimane le a basetsana maloba le gompieno. • Kwala ka temana. • Boleele bo se fete mafoko a a 90. • Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. • Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. SETLHANGWA C MAIKARABELO A BASIMANE LE A BASETSANA MALOBA LE GOMPIENO Botshelo jwa basimane le basetsana jwa segompieno bo farologana le jwa maloba. Mo malobeng go ne go na le ditiro tse di tlhaoletsweng basimane le tse di tobileng basetsana. Basimane ba ne ba dira ditiro tse di bokete go gaisa. Ba ne ba tshwanetse go disa dikgomo, ba ithute go tsoma gore ba tle ba kgone go tsoga ba tlhokomela malapa a bona. Ba ne gape ba thusa borre go dira ditiro tse dingwe jaaka go suga matlalo, go ya kgonnye, go betla, go aga masaka le go nna batlhabani. Basimane ka ba ne ba tsewa jaaka bajaboswa ba ne ba rutiwa go tsaya ditshwetso ba sa le mo dingwageng tse di kwa tlase. Basetsana ba ne ba dira ditiro tse di motlhofo mo gae ka go thusa bomme e bile ba rutiwa go tlotla basimane ka se se tlaa thusa gore ba tsoge ba tlotla banna ba bona. Tiro ya basetsana e ne e le go apaya, go tlhatswa, go thuga le go sila mabele, go duba mmu wa go kgapa lelapa, go roka, go loga le tse dingwe. Basetsana ba ne ba rutiwa gore ba tshwanetse ba nne le banna ba ba tlaa ba tlhokomelang. Botsalano jwa basetsana le basimane ka bo ne bo se botona mo go kalo, se se ne se thusa bagolo gore ba kgone ba ba tlhophele balekane pele bona ba ka itlhophela. Dithuto tsa kwa sekolong le tsona di ne di farologana go ya ka bong. Botshelo jwa gompieno bo neela basimane le basetsana nako e ntsi ya go nna mmogo, ka gore ba tshameka mmogo e bile ba tsena sekolo le go dira dithuto tse di tshwanang. Botsalano jwa bone e nna jo bo tseneletseng thata. Basetsana ba kgona go dira ditiro tse di batlang maatla tse mo tlwaelong di neng di dirwa ke basimane, mme basimane ba dira ditiro tsa go roka le go apaya tse di neng di tlwaelegile e le tsa basetsana. [http://tlhalefang.com/setswana/setso.html] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 8 DBE/2016 SCE KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka papatso e e fa tlase , mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA D MELEMONG Boitekanelong Mogala (053) 871 2701 8 Phaphama Galeshewe Ikgolaganye le rona fa o tlhoka molemo wa kgotlholo le mofikela! DINAKO TSA KGWEBO Mosupologo-Labotlhano: 09:00–19:30 (Go tswalwa ka 13:00–14:00) Lamatlhatso: 09:00–13:00 Latshipi: 17:00–18:00 [DFA: Laboraro, 2 Letswe 2015] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Papatso e e bapatsa eng totatota? A Lebentlele la melemo. B Molemo wa kgotlholo le mofikela. C Mokgwa wa boitekanelo. D Megala ya lebentlele. (1) 3.2 Ke ka ntlha ya eng lefoko 'Melemong' le kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo go gaisa tse dingwe? (2) 3.3 Leemedi 'rona' le dirisitswe jang mo papatsong e? (1) 3.4 Ke lefoko lefe le le dirisitsweng jaaka sedirwa? (1) 3.5 Fa o lebile mosadi yo o mo papatsong yo, ena o tlhoka molemo wa eng? (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 9 DBE/2016 SCE 3.6 Re kgona go fitlhelela lebentlele la 'Melemong' ka nako efe ya letsatsi ka Latshipi? (2) 3.7 A dinako tsa Latshipi tsa go bula lebentlele di mosola? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) [10] POTSO 4 Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA E LUKA! GA O KA KE WA A FOROKO KE LA BOFELO TLHASELA MOTHO KA MOTHO YOLE A EE FOROKO EO! FOSAGETSE? NTEBA MASWE JAANA! 1 2 3 [DFA: Laboraro, 2 Letswe 2015] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Fa o lebile khathunu e, batho ba, ba kwa lefelong lefe? A Kwa phaposiborutelong. B Kwa kgotlatshekelo. C Kwa lebentleleng la bojelo. D Kwa phaposing ya dipotsotherisano. (1) 4.2 Dirisa lesupi 'yole', go tswa mo khathunung, go supa kgatelelo ya leina. (1) 4.3 Nopola sekao sa letlhalosi la mokgwa le le dirisitsweng mo khathunung. (1) 4.4 Lefoko 'foroko' mo go PAPETLANA 2 le dirisitswe jang? (1) 4.5 Motho yo o tsholeditseng foroko mo go PAPETLANA 2 o senola maikutlo afe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 4.6 Go ntshofadiwa ga mafoko 'LA BOFELO' le 'LUKA' go kaya eng mo dipuisanong tse? (2) 4.7 A lefelo le le maleba gore tiragalo ya PAPETLANA 2 e diragalele mo go lona? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 10 DBE/2016 SCE POTSO 5 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA F 1 Fa o ka tla go ntsaya bosigogare, diranta di le masome-a-mabedi ke tsa gago. O tla mphitlhela gona fa, ke tlaabo ke setse ke boile kwa ga Malome. Ga ke batle go lala mo dikgweng tse tsa Phokeng. Kana nna ke mosimane wa ntlo ya nomoro. Rathekisi a mo tshepisa gore o tlaa kgona. 5 2 Ba kgaogana. Nkwe a wela tsela e e lebang Phokeng. Fa o le mo tseleng e e yang kwa Phokeng, go na le mokgoro ka fa molemeng, o dirisiwa ke morekisi wa merogo le maungo. Nkwe a tsena mo go ona. A fetsa go o ikadima ntle le kitso ya mong. O tla tlhokomela fela gore a se ka a senya sepe mo teng. A apola diaparo ka bofefo, mme a apara tsa 10 bopodisi. A phutha tsa gagwe sentle, a di sunya mo sekhung. A boela kwa tseleng e e boelang kwa teropong. 3 Fa a fitlha fa batho ba emelang dipalangwa teng, a ipatlela sesana mme a itulela fa fatshe. A ikotlhaela botlaela jwa gagwe jwa go lebala go itlela le semetlana. Kgopolo e ne ya mo eledisa bojalwa mo go golo. Le gona 15 e seng bojalwa bongwe le bongwe fela, nnyaya, jwa ga Bogadi. [E nopotswe go tswa mo Ga a site, LR Peega] 5.1 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng mo meleng 2 le 3 mo kganetsong. (1) 5.2 Fetolela polelo e e thaletsweng mo mokgweng wa puo-sebui. (Mela 4 le 5) (1) 5.3 Leemedi 'ona' mo moleng 8 le dirisitswe jang? (1) 5.4 Polelo e e ntshofaditsweng mo meleng 9 le 10, ke mofuta ofe wa polelwanakala? (1) 5.5 Dirisa polelo e e thaletsweng mo meleng 13 le 14, go bopa modirisotaelo. (1) 5.6 Lerui 'tsa gagwe' mo moleng 11 le dirisitswe jang? (1) 5.7 Bopa sekao sa ledirani ka lediri 'boela' o bo o le dirise mo polelong. (2) 5.8 Dirisa lefoko 'fitlha' ka bokao jo bo farologaneng le jo bo mo temaneng. (Mola 13) (2) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana HL

View all