Skip to content

Setswana HL Grade 12 P1 NSC November 2016 Question Paper

Question paperSetswana HLGrade 12201611 pages

Grade 12 Setswana HL Paper 1 question paper from the NSC November Exam 2016, 11 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

NSC November Exam 2016

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) NGWANAITSEELE 2016 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 11. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/Ngwanaitseele 2016 NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (30) 2. Araba dipotso TSOTLHE. 3. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 4. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. 5. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 6. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 7. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 8. Kabo ya nako e e tshikinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 30 KAROLO YA C: Metsotso e le 40 9. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/Ngwanaitseele 2016 NSC KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA A (TEMANA) 1 Mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng. Mmaphefo ena o ne a nnetse go thikga keledi fela. Barutabana ba gagwe ba itsisiwe, le maotlana a mmuso a tlhagisediwa ka ga tiragalo e. Ba itelekela ka bonako, basimane ba mmuso, matlho a le majakajaka. Ba feretlha dikgwa le makgabana, ba tshela dinoka le dinokana le 5 magaga ba eta ba ntse ba a perula. 2 Kwa kgotleng ya kgosi lepatata la letswa, mephato ya gasagasana le lenyaokana go phuruphutsha dithabana. Botlhe ba itaya sefololetse. O ne a sa tshameka, a nole mowa mosimane wa Kgatleng a re, 'ba tlaa mpotsa mokadi-wa-thola'. Morago ga 10 ditshipi di le tharo ba mo utlwaletse kwa ga Rasegokgo. O ne a iphile naga, mosimane, a leka go somola tlhogo mo ditlamong tsa melao ya batsadi le barutabana. O ne a lemoga fa a kgoreletsega mo go ineng maikutlo le mogopolo wa gagwe mo botshelong jwa segompieno jo bo bofefo, jo bo gwetlhang bo sa batle 15 kgoreletsego epe. 3 Rasegokgo e ne e le mogwebi wa Mojuta yo o neng a itsege thata mo kgaolong eo, a na le badiri ba sa balwe, e bile a ba duela mo go kgotsofatsang. Ba mo latela, ba fitlhela a theogetse, lekau la rona a sa fisiwe ntshi ke sepe, fa e se letsapa la tiro fela. Ga ba ka 20 ba mmotsa dipotso dipe, fa e se go mo pega e nkgwe le go mo latlhela mo koloing ya mmuso e e sa lefiweng ke ope. Ba feta ka ena fa ga gabo, ba mo ngapangapa go se nene mo maragong. A ngaa jaaka kolobe ya mokodue e bolailwe ke tlala. Ba mo isa kwa go rraagwe yo o neng a setse a tlhotlhoregile maikutlo. 25 4 Rraagwe o fetile a ba leboga thata, a ba a ba kopa gore ba mo ngwaye fa pele ga gagwe, mme ba mo tlhagisetsa fa ba setse ba ikgotsofaditse ka ena. Balelapa ba mo phuthaganela jaaka motho a bina pina e ntšhwa e e monate e e sa itsegeng. 5 'Mathaithai ngwanaka, tota o tsenwe ke eng se se kalokalo?' Ga 30 botsa rre Tshikari ka pelo e e botlhoko. 'Ntate, nna ga ke tlhole ke batla go tsena sekolo ka gope, ke batla go ya go itirela, gore le nna ke bone sengwe le sengwe se ke se batlang.' Ga rialo lekawana la rona. Batsadi ba ema madi, ba ota ditlhogo, ga rena tidimalo e ntshonyana, ba utswana ka matlho, e kete go tsene 35 pegi ya tatolo ya botshelo. Kana motho yo, Mathaithai, o ne a le rasetu. Puelontle ga se masenya-diagela. Motho yo o didimetseng o bolotsana go feta yo o buang. Puo-phaa! e a tlhalefisa. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/Ngwanaitseele 2016 NSC 6 Mathaithai o ne a ntse a tsholetse batsadi ba gagwe lerumo mo pelong. Ee, tota o ne a ntse a re, 'ba lese wena, ke tlaa ba ruta 40 magokonyane'. Motho ga a itsiwe e se naga. Batsadi ba mmotsolotsa ka ga maikutlo a gagwe, mme a supa letsatsi. Khupamarama re swa ka yona. Maikutlo a gagwe a a hupa mo marameng a gagwe. Magogorwana rokela banneng, e re setsiba sa kobo se tlala, ba se go thuse. Se ne sa tlalela rre Tshikari le 45 Mmaphefo setsiba sa kobo ya botshelo, mme ba gopola Moruti Seleke wa kereke ya bona ya Luthere le mogokgo wa ga Mathaithai, rre Tshipe Rakobo. Ba bileditswe kgang ya mosimane, mme ba se ka ba senya nako. Le bona ba fetile ba mmotsolotsa, mme a gana go fetola maikutlo. O ne a jele mokgwa a o feditse. 50 Nama ya pateletsa e thuba pitsa. Ba dumelana go mo letlelela go diragatsa dikeletso tsa gagwe. 7 Mogokgo a mo laletsa kwa ga gagwe, ka maikaelelo a go ya go mo tlhaba botlhale ka ga isagwe ya gagwe. Kgori e bona lee, lesapo ga e le bone. Kana Mathaithai o ne a bona monatenyana 55 wa go itirela kwa ga Rasegokgo sebakanyana fela, a sa lemoge mathata a a letileng fa pejana mo botshelong ... E rile a fitlha kwa go ena, rre Rakobo o ne a re: 'Monna Mathaithai, ke go biditse jaana, mosimane wa etsho, go go lemotsha setlhabinyana sengwe sa botshelo, se o sa se lemogeng. Se go laletse ka bogale. O se 60 ke wa ithutla mo batsading ba gago ngwanaka ...' 8 Ditiro di senola ditshwetso tsa pelo le maikutlo. Mathaithai o ne a feditse monagano wa gagwe, gore ba ka bua ba be ba kgala mathe mo ganong, 'nna ke ya go itirela'. A fitlhela lefatshe le ja mmamodikwadikwane ka menagano ya gagwe, e bile a sa itse 65 gore a ka tshwara fa kae mo lefatsheng le le kana kana le. Leina lebe seromo. Tota lefatshe le ne le tshameka mathaithai ka ena. Le mo konkonyetsa, a le swabela, a leka go ka phamola maungo a a monate a. [E nopotswe go tswa mo, Mantswe a a robong; JR Marobe] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Lereo 'maotlana a mmuso' le raya bomang? (TEMANA 1) A Bana ba motse B Dialogane C Mapodisi D Baeteledipele ba puso (1) 1.1.2 Naya batho ba Mathaithai a neng a ikgatholosa dikgakololo tsa bona. (2) 1.1.3 Nopola tlhagiso e e kayang fa Mathaithai a ne a ngwegetse kwa ba neng ba sa mmone bonolo teng. (TEMANA 2) (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/Ngwanaitseele 2016 NSC 1.1.4 Go thikga keledi ga ga Mmaphefo go ka bakela Mathaithai ditlamorago dife? (TEMANA 1) (2) 1.1.5 Naya maina a batsadi ba ga Mathaithai. (2) 1.1.6 Monna yo o neng a thapile Mathaithai ke wa lotso lofe? (1) 1.1.7 Tlhalosa tlhagiso e e reng 'ba mo ngapangapa go se nene ...' (TEMANA 3) (2) 1.1.8 Lebakalegolo la ga Mathaithai la go tlogela sekolo ke lefe? (2) 1.1.9 'Magogorwana rokela banneng, e re setsiba sa kobo se tlala, ba se go thuse.' Naya ditiro tsa banna bao batsadi ba ga Mathaithai ba neng ba rokela mo go bona. (TEMANA 6) (2) 1.1.10 Go tewa eng fa go twe, 'Mathaithai, o ne a le rasetu'? (TEMANA 5) (2) 1.1.11 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore Mathaithai o kgwathisitswe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.12 Go latela SETLHANGWA A, a tlhagiso e e reng ditiro di tlhaloganyega go feta go bua ke nnete? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.2 Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) [E nopotswe go tswa mo, The New Age; 18 Sedimonthole 2015] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/Ngwanaitseele 2016 NSC 1.2.1 Naya dintlha di le PEDI tse DITLHANGWA tsa A le B di farologanang ka tsona. (4) 1.2.2 Naya ditheo di le PEDI tse ka gale tiragalo e e mo go SETLHANGWA B e diragalang kwa go tsona. (2) 1.2.3 Wena o ka inyalanya le tiragalo ya SETLHANGWA sefe mo go A le B? Tshegetsa tlhopho ya gago ka lebaka. (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/Ngwanaitseele 2016 NSC KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E tlhagisa ditlhagiso tsa botlhokwa ka ga boeteledipele. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: 1. Sobokanya o dirisa mafoko a gago, mme o sa latlhe bokao jwa temana, ka go tlhagisa dintlha di le SUPA ka ga mokgwa wa go etelela pele. 2. Kwala ka temana. 3. Boleele bo se fete mafoko a a 90. 4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. 5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. SETLHANGWA C DITLHAGISO TSA BOTLHOKWA KA GA BOETELEDIPELE Batho ka bontsi ba lebelela boetapele le boeteledipele e le marefosi, mme tota mareo a a farologane. Go tlhomamisa se o tshwanetse go itse gore a o bona setlhopha sa gago sa tiro e le batho ba ba gakatsang seemo, mme o patelesega go ba itshokela gore o fitlhelele maikaelelo le ditiro tsa letsatsi le letsatsi. A kampo o itumelela go dira le setlhopha sa gago go fitlhelela maikaelelo a gago. Go le gantsi setlhopha se se ntshang dipholo tse dintle go gaisa ke se se kaelwang. Baetapele ba ba batla go laola tiragatso nngwe le nngwe ka dinako tsotlhe fa baeteledipele ba itse gore setlhopha sa bona se tlhoka kaelo le tshegetso ka jalo ba tlhoma letlhomeso la tiro ba be ba natlafatsa ditlhopha gore tiro e dirwe. Ba kaela setlhopha go feta go se laola. Baetapele ba tatalala mo mokgweng o ba batlang dilo di dirwa ka ona, mme baeteledipele bona ba tlhaloganya boleng jwa batho ba bona, mme ba fetole mokgwa wa bona wa go dira fa go tlhokega. Baetapele ba tsaya tlotlomatso fa ditlhopa di dirile sentle, mme ba nne ba ntlha go ba kgobotletsa fa tiro e sa dirwa jaaka go solofetswe. Baeteledipele ba itse sentle gore katlego ya bona e tswa mo matsapeng a setlhopha. Ba baya mo pepeneneng matsapa a ditlhopha tsa bona, mme ba rwale maikarabelo otlhe fa go retetse. Baetapele ga ba tshepe ope go dira tiro ka botlalo fa baeteledipele ba naya ditlhopha tiro yotlhe, mme bona ba ete ba e tlhola fela go bona gore ba santse ba le mo temeng. Motho yo o etelelang batho pele o tshwanetse go itumelela go dira le batho, go ba thusa le go ba bona ba atlega. Baetapele ba efoga go lekeletsa fa baeteledipele ba sa tshabe go tsena mo kotsing ka go rotloetsa ditlhopha go nna le boitlhamedi, mme ba lebelela phoso jaaka tšhono ya go tokafatsa. Baetapele ba rotloetsa ka ntlha ya poifo fa baeteledipele ba rotloetsa ka go tlhotlhomisa gore ke eng se se ka tlodisang setlhopha ditlhase. Ba rotloetsa le go keteka katlego e kgolo le e potlana. [E rulagantswe sešwa go tswa go, City Press, 10 Motsheganong 2015] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 8 DBE/Ngwanaitseele 2016 NSC KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA D ALAFA MMELE WA GAGO KA TEE YA DIMELA TSA SETSO MELEMO YA DIMELA TSA SEAFORIKA ya boitekanelo TEE E E PHEPAFATSANG MADI [E nopotswe go tswa mo Bona, Sedimonthole 2015] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Polelo e e reng 'Alafa mmele wa gago ka tee ya dimela tsa setso', e senola mofuta ofe wa maano a tlhotlheletso ya puo ya papatso? A Puo e e lebelelang dilo ka letlhakore le le lengwe. B Puo e e gobelelang. C Puo e e digelang. D Puo e e sekamelang ka fa letlhakoreng le le lengwe. (2) 3.2 Semela se sa setso, se fitlhelwa mo kontinenteng efe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 9 DBE/Ngwanaitseele 2016 NSC 3.3 Nopola polelwanakalatlhaodi e e dirisitsweng mo papatsong. (1) 3.4 Naya popipolelo (thuanyi) e e dirisitsweng go le gantsi mo papatsong e. (1) 3.5 Goreng mafoko 'Tee Ya Sela' a kwadilwe ka bontsho jo bo tseneletseng go feta a mangwe mo papatsong? (2) 3.6 A semela sa Sela, se ka go tswela mosola? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) [10] POTSO 4 Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA E DUMELANG BARUTWANA! KGALEMO! TSENA KA GO ITSHEPA [E nopotswe go tswa mo, Sowetan, 3 Phukwi 2013] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Morutabana o apere jaaka batshameki ba … A kherikete. B dikuta. C kgwele mo segaganeng. D bolotloa. (1) 4.2 Khathunu e e senola seemo sefe ka ga botsalano jwa barutwana le barutabana? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 10 DBE/Ngwanaitseele 2016 NSC 4.3 Fetolela polelo e e latelang go kganetso mo bontsing. Tsena ka go itshepa. (2) 4.4 Puo ya mmele ya barutwana ba, e senola eng? (2) 4.5 Ke sediriswa sefe sa thuto se barutwana ba tshwanetseng go se dirisa, mme ba sa se tshwara? Naya se le SENGWE fela. (1) 4.6 A go ya ka wena seemo sa phaposiborutelo e, se siametse go ruta le go rutiwa? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) [10] POTSO 5 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA F 1 A leba tshupanako pele a re: 'Mogatsake o fetetse kwa Hoopstad ka merero ya tiro, mme o solofeditse go tla go ntsaya ka ura ya bone'. O ne a mo lotlegela jaaka a ne a swelwa ke batsadi a sa le mmotlana, mme a godisiwa ke ba losika ka go refosana. Bangwe ba ne ba mmogisa a ba a inaya naga. La bofelo a ipona a fetogile ngwana wa mo mebileng. 5 2 E rile a le dingwaga di le lesomethataro, a iponela tiro kwa lelapeng la ga rre le mme Greenhoff, ba Maesimane. O ne a nna kwa kamoreng e e ka kwa morago mo segotlong sa Maesimane jaaka bommaarona ba ne ba dira mo metlheng ele e go neng go direlwa basweu fela mo digaising tsa bona. 3 O ne a tswelela go tlhalosa jaaka bathapi ba gagwe ba ne ba setse ba mo 10 tsere jaaka ngwana wa bona ka ba ne ba ba tlhoka. O ne a ba lotlegela tsa motsing ba neng ba tsamaile go jela malatsi a khunulogo jaaka lelapa kwa setlhakatlhakeng sa 'Mauritius.' 4 Mmawena. E le la ntlha ke palama sefofane, e le la ntlha ke tswela ka kwa ntle ga naga ya gaetsho e bile e le la ntlha ke utlwa monate wa botshelo. 15 [E nopotswe go tswa mo, Ke go jetse eng?, P Tsheole] 5.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Polelo e e thaletsweng mo meleng 14 le 15 ke … A polelonolo. B polelotswako. C polelopate. D polelwanakutu. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 11 DBE/Ngwanaitseele 2016 NSC 5.2 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng mo mokgweng wa tira. (Mela 3 le 4) (1) 5.3 Naya paka ya polelo e e thaletsweng. (Mela 4 le 5) (1) 5.4 Nopola lediriletlhaedi mo moleng 10, o bo o le dirise jaaka lediritota mo polelong. (2) 5.5 Naya sekao sa lediredi go tswa mo temaneng. (1) 5.6 Leinatswako 'Mmawena', le bopilwe ka dipopego dife tsa puo? (2) 5.7 Dirisa lefoko 'ntlha' go supa bokao jo bo farologanang le jo bo mo temaneng. (Mola 14) (2) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana HL

View all