Skip to content

Setswana HL Grade 12 P1 NSC November 2022 Question Paper

Question paperSetswana HLGrade 12202210 pages

Grade 12 Setswana HL Paper 1 question paper from the NSC November Exam 2022, 10 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

NSC November Exam 2022

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) NGWANAITSEELE 2022 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 10. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (30) 2. Buisa ditaelo TSOTLHE ka kelotlhoko. 3. Araba dipotso TSOTLHE. 4. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 5. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. 6. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 7. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 8. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 9. Kabo ya nako e e tshikinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 30 KAROLO YA C: Metsotso e le 40 10. Dirisa mokwalo o o buisegang le ka mopeleto o o kannweng ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA A (TEMANA) 1 Lefapha la Setso, Botaki le Merero ya Segosi la Bokonebophirima le ketekile beke ya bosetšhaba ya puiso kwa motsesetoropong wa Itsoseng gaufi le toropo ya Ditsobotla. 2 Beke ya go buisa e tshwarwa ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Lwetse, ka thotloetso ya setheo sa South African Book Development Council 5 (SABDC) le Lefapha la Bosetšhaba la Setso le Botaki. Moono wa beke e ne e le o o reng: Dinaane tsa rona. Dipatlisiso di supa fa diperesente di le 14 fela tsa baagi ba Aforikaborwa di le tlhaga mo go ipuisetseng dibuka, fa di le tlhano tsa batsadi di buisetsa bana ba bona. 3 Go keteka beke ya bosetšhaba ya go buisa go mosola e bile go 10 rotloetsa baagi ka kakaretso go nna le seabe le go natefelelwa ke go buisa. Go solofelwa gape fa baagi ba tlaa simolola go tsaya puiso ya dibuka jaaka mokgwa wa go itapolosa. Seno se raya gore fa motho a sa dire sepe mme a itapolositse gongwe a ikhuditse, a ka tsaya buka a e buisa. 15 4 Fa a ne a tlhalosa maitlhomo a letsatsi leno, moemedi wa setheo sa SABDC, Moporofesara Sihawukele Ngubane, o rile maikaelelo a khansele ke go rotloetsa batho go buisa, segolo dibuka tsa diteme tsa segabona. A re lebaka le lengwe ke go rotloetsa baagi go kwala dibuka ka loleme lwa bona le go tlhalosa ka tsa botshelo jwa bona. A re baagi 20 ba rotloediwa go kwala dibuka tse di buang ka se se diragalang mo matshelong a bona letsatsi le letsatsi. 5 Moporofesara Ngubane a re baagi ba tshwanetse go buisa dibuka tse di lapolosang, segolo jang fa ba sena go digela ditiro tsa bona tsa letsatsi. A re, seno se ka lapolosa ditlhaloganyo tsa bona. Tlhogo ya 25 Lefapha la Setso, Botaki le Merero ya Segosi, Setlhoane Bapela, o tlhalositse fa lenaane la go rotloetsa baagi go buisa le le maleba ka gonne le tshwaretswe kwa motsesetoropong, go lebeletswe tiragatso ya nngwe ya dipilara tse tlhano tsa Puso ya Bokonebophirima, e e tlhokometseng gore metsemagae, metsesetoropo le ditorotswana di a 30 ungwelwa mo go rebolweng ga ditirelo tsa puso. 6 Bapela o rotloeditse bašwa go buisa sengwe le sengwe se se botlhofo, e bile ba dira jalo e kete ba a tshameka. A re ga go tlhole go le matsapa go buisa dibuka gonne ba ka kgona go dira jalo le mo mafaratlhatlheng a megala ya letheka kwa ntle ga matsapa ape. A re 35 selo se se itsegeng jaaka Di-e-books, se dira gore mongwe le mongwe, segolo jang bašwa, ba buise ntle le go itsapa ka ntlha ya fa matshelo a bona a ikaegile mo tirisong ya megala ya letheka e bile ba sa rate go kgaogana le yona ka gope. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 7 Bapela a re go buisa go botoka, go na le gore bašwa ba tlhole ba dirisa 40 megala ya letheka go dira dilo tse di se nang mosola. O ba lemositse fa jaanong ba ka dirisa megala ya bona go buisa dibuka tse ba di ratang. A re seno se tlaa ba kgontsha go buisa ba kgobile kgobe ka mmutlwa. Se se tlaa ba kgontsha gape go buisa ba le gongwe le gongwe le ka nako nngwe le nngwe. Ba tlaa fitlhelela tshedimosetso e 45 e botlhokwa ba sa pitlaganngwa ke nako. O ba kopile gore ba se ka ba itsapa go buisa buka nngwe le nngwe gonne ba ka iponela tshedimosetso e e ka ba thusang mo matshelong a bona. 8 Moopedi yo o itsegeng, Stoane Seate, e bile e le moambasadara wa go buisetsa bana dibuka, o tlhagisitse fa mo go goleng ga gagwe, 50 mmaagwe a ne a sa rate go mo rekela dilwana tsa go tshameka. A re o ne a sa rekelwe ditshamekisi di tshwana le dikolotsana gongwe dithunya, mme o ne a rekelwa ditshamekisi tse di neng di mo ruta go buisa, segolo dibuka tsa bana. A re gompieno ke moambasadara wa go buisa gonne o kgona go dirisa lentswe la gagwe go rotloetsa bašwa 55 ka tse di ka ba tswelang mosola, segolo jang go buisa. Seate a re: 'seno se diragala ka ntlha ya gore go buisa, go opela le go tlotla diane le maele go oketsa kitso ya motho'. [E rulagantswe sešwa go tswa mo go Semphete Seetebosigo, 2020] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Toropo ya Ditsobotla e mo nageng ya … A Bokonebophirima. B Botswana. C Aforikaborwa. D Gauteng. (1) 1.1.2 Ditheo tse di rotloetsang gore go nne le beke ya go buisa ke dife? (2) 1.1.3 Naya moono wa letsatsi la bosetšhaba la keteko ya puiso e e neng e tshwaretswe kwa Itsoseng. (1) 1.1.4 Diperesente tse di neetsweng mo temaneng di kaya eng ka seemo sa puiso mo baaging ba Aforikaborwa? (2) 1.1.5 Sekaseka puo ya ga Moporofesara Ngubane mme morago o neele maikaelelomagolo a setheo sa (SABDC) a keteko ya kwa Itsoseng. (Temana 4) (2) 1.1.6 Tlhagiso e e reng: 'ba kgobile kgobe ka mmutlwa' e kaya eng? (Temana 7) (2) 1.1.7 Mosola wa go buisa ke ofe go ya ka temana? (2) 1.1.8 Di-e-books di rotloetsa bobuisi (go buisa) jang? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 1.1.9 Go latela Seate, ditlamorago tse di bosula tsa go sa buise e ka nna dife? (Temana 8) (2) 1.1.10 A lenaane la thotloetso ya go buisa le tsamaelana le manaane a Puso ya Bokonebophirima? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.11 Go ya ka wena, a ditshamekisi di ka nna le seabe se se bonalang mo bokamosong jwa bana? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.2 Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) [E nopotswe go tswa mo go axiell.com/solutions/public libraries] 1.2.1 Tiragalo e e mo setshwantshong se, e diragalela kae? (1) 1.2.2 Naya ntlha e le NNGWE e SETLHANGWA A le SETLHANGWA B di tshwanang ka yona. (2) 1.2.3 Naya ntlha e le NNGWE e SETLHANGWA A le SETLHANGWA B di farologanang ka yona. (2) 1.2.4 Naya dintlha di le THARO tse di tshegetsang ntlha ya gore SETLHANGWA B ga se a sekamela mo letlhakoreng le le lengwe. (3) 1.2.5 Sekaseka lefelo la tiragalo ya SETLHANGWA B morago o bolele gore a ke ntlha kgotsa kakanyo gore go buisetsa mo go lona go lekanyeditswe nako. (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E bua ka ga dintlha tsa botlhokwa tsa go laola bolwetse jwa sukiri. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: 1. Sobokanya o dirisa mafoko a gago, mme o sa fetole bokao jwa temana, ka go tlhagisa dintlha di le SUPA tse di ka thusang go laola bolwetse jwa sukuri mo bathong. 2. Kwala ka temana. 3. Boleele bo se fete mafoko a a ka nnang 90. 4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. 5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo SETLHANGWA C Go tshela ka bolwetse jwa sukiri ke kgwetlho e mo go yona motho a tshwanelwang ke go tlhokomela se a se jang, go nwa melemo le go ela tlhoko dilo tse dintsi tse di ka nnang le tshwaetso ya seelo sa sukiri mo mading. Moitseanape e bong Bridget Mcnulty o tllhagisa diphetogo tse di ka thusang mo go laoleng bolwetse jwa sukiri bonolo. Tsela e e bonolo ya go gopola go nwa melemo ya gago ke go e dira tlwaelo ya go tshela gore o gakologelwe go e nwa nako le nako morago ga dijo. O tshwanelwa ke go tlogela lemao le o itlhabang ka lona ka fa tlase ga mosamo gore o se ka wa robala o sa itlhaba. Batho botlhe ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri ba tshwanelwa ke go dira lenaane la ngwaga le mo go lona ba dirang diteko tsa madi mo kgweditharong nngwe le nngwe. Boemong jwa go nwa dinotsididi, tlhopha go nwa metsi a o ka a tsenyang ratsuru, kgobedimetsing le dikgapetlana tsa maungo mme metsi a tlaa nna le tatso e ntšhwa. Sephiri sa go ja dijo tse di itekanetseng ke go tlhokomela se o se jang. Fa o itsholetse, nna fa fatshe o je ka iketlo, go go kgontsha go tsaya tshwetso e e maleba ka se o se jang le go lemoga fa o kgotse. Go botlhokwa go tlwaetsa leleme la gago sukiri e e kwa tlase. Ka ntlha ya bolwetse jwa leruri, o tshwanelwa ke go tla ka thararabololo e e tlaa go ntshang mo sukiring ka bonya go fitlhela leleme la gago le kgona go utlwa fa go le sukiri thata. Rotloetsa balelapa la gago go ja dijo tse di sa farologaneng le tsa gago tse di nang le dikotla jaaka maungo le merogo. Go simolola go itlwaetsa go tsamaya bonnye halofo ya ura letsatsi le letsatsi ka dinao ka maitlhomo a go itshidilola mmele, go ka tsholetsa go betsa ga pelo ya gago. Sengwe se o ka se dirang ke go tlogela sejanaga sa gago kgakala gore o kgone go tsamaya ka dinao go ya kwa mafelong a borekelo go na le gore o kgweetse. [E nopotswe go tswa mo go www.sweetlife.org.za] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA D Sephiri sa ntlo e e phepa e e monko monate. O ka ikanya Plush Supreme mo go phepafatseng fa fatshe, ditofo le diphaposi tsa go tlhapela. Plush Supreme e ntsha leswe lotlhe le mafura. E tlogela mafelo otlhe a le phepa e bile a phatshima. www.plush.co.za @PlushSA @Plush_ZA [E nopotswe go tswa mo go www.plush.co.za] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Tlhagiso e e reng 'sephiri sa ntlo e e phepa e e monko monate', mo maanong a puo ya papatso ke puo … A e e sekametseng mo letlhakoreng le lengwe. B e e lebelelang dilo ka letlhakore le lengwe. C ya kgobelelo. D e e digelang. (1) 3.2 O akanya gore ke eng mmapatsi a dirisitse mosadi mo papatsong? (2) 3.3 Moreki a ka bona jang kungo e e bapaditsweng fa a e tlhoka? (1) 3.4 Go ya ka wena, go baya monwana mo molomong ga mosadi go kaya eng? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 8 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 3.5 Ke maano afe a mmapatsi a a dirisitseng go ngoka bareki? Naya a le MABEDI. (2) 3.6 Karolopuo (popegopuo) e e thaletsweng mo papatsong e, e dirisitswe jang mo polelong? (1) 3.7 Bolela mofuta wa letlhophi le le fitlhelwang mo papatsong. (1) [10] POTSO 4 Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA E PAPETLANA 1 PAPETLANA 2 PAPETLANA 3 Goreng buka ya gago ya Ke e dirisa thata 1+2 = ? Dipalo e le ntšhwa? E morutabana! bontsha o sa e dirise! PAPETLANA 4 PAPETLANA 5 PAPETLANA 6 A o akanya fa o tlile go Ee, morutabana. Ga ke na Ke itse serutwa sa falola serutwa sa Dipalo? bothata ba serutwa sa Dipalo, fela ga ke bone Dipalo. Ke tlile go falola. dikarabo tse di maleba. [E nopotswe go tswa mo go www.daniecronje.co.za] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Tiragalo e e mo khathunung e diragalela kwa ... A phaposing ya go jela. B phaposiborutelong. C phaposing ya borobasogo. D phaposing ya barutabana. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 9 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 4.2 Puo ya morutabana mo go PAPETLANA 1, e senola maikutlo afe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 4.3 Ke puo efe ya mmele e e bontshang fa mosimane a gamaregile mo go PAPETLANA 2? (1) 4.4 Fetolela polelo e e mo go PAPETLANA 2 mo kganetsong. (1) 4.5 Lediri 'tlile' mo go PAPETLANENG 4 le dirisitswe jaaka lediriletlhaedi. Le dirise jaaka lediritota. (1) 4.6 O ikaegile ka PAPETLANA 3, bolela gore a mme mosimane yo o tlaa falola serutwa sa Dipalo jaaka a bua. Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 4.7 Bolela gore mokhathunu o bontshitse tshegiso jang mo PAPETLANENG ya 6. (2) [10] POTSO 5 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA F 1 E setse e le tlwaelo le moetlo wa Maaforikaborwa go keteka letsatsi la basadi mo kgweding ya Phatwe. Pele ga leroborobo le le aparetseng naga ka bophara la Covid-19, basadi ka dipalopalo tse di kwa godimo, ba ne ba kgobokana go tlotlomatsa bangwe ba ba tshamekileng karolo ya botlhokwa ka go tsaya dikgato mo go atlegeng ga ditshwanelo tsa bona. 5 2 Mo dingwageng tsa ga jaana go itshenotse go sa belaetse ka moo basadi ba santseng ba tshegetsana, ba tlotlomatsana, e bile ba sa akgolane ka se bona fela, ba akaretsa le ba bangwe ka kgwedi ya Phatwe le mo go tse dingwe tse di latelang. Le fa maitlhomomagolo a makasine wa 'True love' e le go tlotlomatsa basadi, maikaelelo a kgwedi ya Phatwe a gatela kwa petšana ka 10 e le nako e basadi ba tlotlomadiwang semmuso ke botlhe. Ngogola, makasine wa 'True love' o ne wa golola lenaane la basadi ba ba tlhotlhwa lekgetlo la boraro mo ngwageng. 3 Lenaane le, ke la basadi ba ditiro tsa bona di rotloetsang ba bangwe, go tsewa tsia le go tlhophiwa ka boitseanape jo bo tseneletseng. O ka tswa o ise 15 o utlwele ka ga bangwe ba bona, mme ke ka ntlha ya fa ba sa batle go tlhagelela mo mafaratlhatlheng. Ka jalo gangwe le gape go tlotlomadiwa basadi ba ba mo lefapheng la bongaka, thuto ya dipuo le dikwalo, ka ga kgwebo, bothakga jwa setso le tsa metshameko. [E fetoletswe go tswa mo go True Love, Phatwe/Lwetse 2021] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 10 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC 5.1 Bolela mofuta wa karolopuo (popegopuo) e e ntshofaditsweng mo moleng wa 3. (1) 5.2 Leinatswako le le thaletsweng mo go mola 9 le bopilwe ka dikarolopuo (dipopegopuo) dife? (2) 5.3 Nopola lediredi mo moleng wa 10. (1) 5.4 Polelo e e thaletsweng mo meleng ya 11–13 e mo modirisong ofe? (1) 5.5 Naya bongwe jwa leemedi le le fitlhelwang mo go mola 14 o bo o le dirise mo polelong e e tlhabosang. (2) 5.6 Nopola polelwanakalatllhaodi go tswa mo polelong e e ntshofaditsweng mo meleng ya 17 le 18. (1) 5.7 Kwala lekaelagongwe la lefoko le le thaletsweng mo go mola 19 morago o le dirise mo polelong e e tlhabosang. (2) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana HL

View all
Setswana HL Grade 12 P1 NSC November 2022 Question Paper | Hlayiso