Skip to content

Setswana HL Grade 12 P1 NSC November 2019 Question Paper

Question paperSetswana HLGrade 1220199 pages

Grade 12 Setswana HL Paper 1 question paper from the NSC November Exam 2019, 9 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) NGWANAITSEELE 2019 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 9. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (30) 2. Buisa ditaelo TSOTLHE ka kelotlhoko. 3. Araba dipotso TSOTLHE. 4. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 5. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. 6. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 7. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 8. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 9. Kabo ya nako e e tshikinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 30 KAROLO YA C: Metsotso e le 40 10. Kwala ka mokwalo o o buisegang le ka mopeleto o o kannweng ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa setlhangwa se se latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA A (TEMANA) 1 Go fetile dikgwedi tse tharo Nkwe a amogile Sajene Pitse seaparo sa gagwe sa bopodisi, ka leano le a tshepang fa go se ope yo a ka bong a le naganne. Jaanong o tshwanetse go simolola go se dirisetsa tiro e a se tseetseng yona. Kana ga a se tseela go se boloka, o se tseetse gore se mo tlisetse mausausa a madi. O bone Sajene Pitse a apere seaparo se 5 sešwa maloba. Go bonala fa go diragetse fela jaaka a ne a naganne: gore o fitlhile a bega gore o šwetswe ke seaparo, mme jaaka sajene, a fiwa se sengwe ntle le go botsolotswa dipotso. Gompieno mogaka wa rona, Nkwe, o simolola go ipaakanyetsa go simolola tiro ya gagwe. O ithuta sengwe ka diphoso tse mokgweetsi a ka di dirang mo 10 pharakanong. O ne a di kwadile mo tsebeng ya buka. 2 Mo tshokologong a ya go batla thekisi e e tla mo isang toropong. E rile go tsena ka toropo a laela mokgweetsi wa thekisi gore a lebe kwa keratšheng e e gaufi. A tsena, mme a kopa go rekisediwa oli ya bogologolo e e ntshitsweng mo dijanageng. O ne a kaya fa dikgomo tsa 15 gagwe kwa Kanana di tlhasetswe ke dikgofa. Semangmang o mo lomile tsebe gore oli e kgologolo e di bolaya swi! Ba e mo fa ka modutwana wa diletara di le masome-a-mabedi. A leboga, mme a le pega mo thekising. E rile fa a goroga a rulaganya le mokgweetsi wa thekisi gore a tle go mo tsaya ka ura ya borobedi mantsiboa, gore a tle a mo ise kwa Phokeng. 20 A tsena ka fa lapeng, a sekama. 3 Ka ura ya bosupa a tsoga. A phuthela seaparo sele sa bopodisi sentle. A tsaya botlolo ya litara a e tlatsa ka oli e e maswe ele. A tsaya pene, a leba kwa alemanakeng. A tshwaya letsatsi la 3 Moranang 1961. O ne a tshwanetse go le gakologelwa. Letsatsi la tshimologo ya khumo ya 25 gagwe. Selo se se neng se mo kgatlha thata ke gore go ne go tswiwa mo moletlong wa Tsogo ya Morena, ka jalo, badiri ba Gauteng ba boela tirong. Go tlaa nna le dijanaga tse dintsi mo tseleng e e tswang kwa Phokeng go ya Gauteng. Dingwe tsa tsona di tlaa bo di pegile palo e e fetileng ya batho. O tlaa rakana le tsona. 30 4 Ka ura ya borobedi thekisi ya goroga. Ba bolola go leba Phokeng. Fa ba fitlha, fa marakanelong a tsela ya Swartruggens, Phokeng le Tlhabane, a emisa thekisi, mme a laela rathekesi go tla go mo tsaya bosigogare. Nkwe a wela tsela e e lebang Phokeng. A tsena mo mokgorong wa logong ka fa molemeng, o o dirisiwang ke morekisi mongwe wa dinku, 35 merogo le maungo. A baya oli mo sekhutlong sa ona. A apara diaparo tsa bopodisi ka bofefo. A wela mo tseleng e e boelang kwa toropong. Jaanong a leta ka bopelokgale sejanaga sa ntlha se se tla welang mo diatleng tsa gagwe. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC 5. Ke mo mosong, ga go motho yo o itumetseng jaaka Nkwe. O beile botala 40 fa pele ga gagwe. Maabane o letse a dirile sentle. Nkwe o ne a kgatlhilwe ke tsela e a tsamaisitseng tiro ka yona. E rile fa koloi ya ntlha e feta a e emisa. A folosa bapalami. A e tlhatlhoba. Go ne go se na phoso epe fela e a ka e supang mo go yona. Jaanong go ne go setse ntlha ya bofelo, enjene! A tsena mo koloing. A e tlopela mafura go fitlha fa mokgorong ole 45 wa gagwe. A bula koloi ka kwa pele. A gasa enjene ka oli e e leswe ele. A boela kwa go bona. A fologa a ntse a re, 'Koloi ya gago e siame sentle fa e se oli e e dutlang mo enjeneng.' Kotlhao ya enjene e e dutlisang leokwane e ne e le R10,00. 'Tlisa diranta tse di lesome!' Mokgweetsi a di ntsha. Le fa madi a a simolotseng ka ona a ne a se mantsi, o ne a 50 kgatlhiwa ke go atlega mo maitekong a gagwe a ntlha. Kana Motswana o rile: dinnye di tsala dikgolo. 6 Nkwe o ne a nnela go fotlha madi. Fa sejanaga se ne se se na phoso, o ne a se kgotlhela enjene ka oli. Pele litara ya oli e fela, ke fa e mo diretse R300,00. Dijanaga tse dingwe tse a neng a di tshwara ke tse di pegileng 55 palo e e fetileng ya batho, tsa dithaere tse di borethe, mabone a a sa tshubeng sentle. Bontsi jwa madi a gagwe bo ne ba tswa mo dijanageng tse di se nang tetla ya go nna dithekisi. Bona o ne a sa ba bontshe kutlwelobotlhoko, o ne a ba duedisa R100,00. O ne a tshwara di le lesomenngwe. Tsa mabone a a sa tshubeng sentle, a tshwara di le supa. 60 Tsa dithaere tse di borethe, a tshwara di le lesome. Tsa palo e e fetileng ya batho a tshwara di le tlhano. Madi otlhe a gagwe e ne e le R2 325, fa re tlhakanya le a koloi e a neng a e tshwarela lebelo. [E rulagantswe sešwa go tswa go Mantswe a Robong, ML Lephogole] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Nkwe o ne a dirisa seaparo se a neng a se amogile Sajene Pitse go … A thusa Sajene Pitse ka tiro. B boloka batho mo ditseleng. C tsietsa bakgweetsi. D thusa Sajene gore a tle a bone se sešwa. (1) 1.1.2 Naya lebaka le le dirang gore Nkwe a emise dijanaga bosigo. (2) 1.1.3 A Nkwe o ne a na le sejanaga? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.4 Goreng Nkwe a ne a tshwaya letsatsi la 3 Moranang 1961 mo alemanakeng? (2) 1.1.5 Mo dijanageng tse Nkwe a di tshwereng, ke dife tse a di duedisitseng madi a mannye? (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC 1.1.6 Lereo 'botala' mo tlhagisong e e reng 'O beile botala fa pele ga gagwe' le kaya eng? (TEMANA 5) (2) 1.1.7 Maikaelelo a ga Nkwe ka oli e a neng a e fiwa kwa keratšheng e ne e le afe? (1) 1.1.8 Go latela setlhangwa, ke kotlhao efe e Nkwe a dirileng bontsi jwa madi ka yona? (1) 1.1.9 Naya palogotlhe ya dijanaga tse Nkwe a di tshwereng. (2) 1.1.10 Go kaiwa eng ka tlhagiso e e reng, 'Nkwe o ne a nnela go fotlha madi'? (TEMANA 6) (2) 1.1.11 Tlhagiso e e reng Nkwe o dirile sentle mo go TEMANA 5, e kaya eng? (2) 1.1.12 Go ya ka wena go ka dirwa eng ka batho ba ba tsietsang batho ka mokgwa o? (2) 1.1.13 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore Nkwe o ne a tseela bakgweetsi madi e se ka fa molaong? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.1.14 Fa o ne o le mongwe wa bakgweetsi, mme o sa newe sesupo sa tuelo, o ne o tlaa dira eng? (2) 1.2 Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) [Se nopotswe go tswa mo inthaneteng] 1.2.1 Naya dintlha di le PEDI tse SETLHANGWA A le SETLHANGWA B di farologanang ka tsona. (4) 1.2.2 Botlhokwa jwa tiro e e diriwang ke lepodisi le le mo setshwantshong ke bofe? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E bua ka ga temogo ya tshireletsego kwa tirong. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: 1. Sobokanya o dirisa mafoko a gago, mme o sa latlhe bokao jwa temana ka go tlhagisa dintlha di le SUPA ka ga tse badiri ba tshwanelang go di dira go netefatsa tshireletsego kwa tirong. 2. Kwala ka temana. 3. Boleele bo se fete mafoko a a 90. 4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. 5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. SETLHANGWA C TEMOGO YA TSHIRELETSEGO KWA TIRONG Tshireletsego ke karolo ya botshelo e e tshwanetseng go elwa tlhoko ka dinako tsotlhe. Ka dinako dingwe mo mafelong mangwe a ditiro ga go bonolo go ka tlhaola baeng go tswa mo badiring ba lefelo leo. Re le badiri kana re le baeng ba ba letleletsweng le ba ba sa letlelelwang, re eletsa go tshepiwa le go ikanngwa rotlhe. Fa re le kwa ditirong re tlhoka go nna malala a laotswe ka tshireletsego. Tshireletsego ya kwa ditirong ga e felele kwa dikgorong fa re goroga, e tlhokega le mo teng ga diofisi. Modiri mongwe le mongwe o tshwanetse go nna podimatseba a eme ka ditsetsekwane go sireletsa dithoto, tiro ya gagwe le mothapi wa gagwe. Go dintlha dingwe tse badiri ba tshwanetseng go di ela tlhoko le go di gakologelwa fa ba le kwa tirong. Dikgwama le dibeke ga di a tshwanelwa go tlogelwa ka gope mo tafoleng. Beng fa ba tswa, ba di tseye kana ba di tswalele. Madi a bewe mo lefelong le le bolokesegileng. A tswalelwe kana a tlosiwe mo dikagong fa go rolwa jokwe, a se ka a tlogelwa mo mpaananeng kana a sa lotlelelwa. Dinotlolo di tlhokomelwe jaaka lesea, tse di sa dirisiweng di se ka tsa bewa mo tafoleng. Motho yo o sa itsiweng a botsolotswe dipotso go tila go akanya gore gongwe ke mongwe wa badiri. A a bodiwe gore a o tlhoka thuso, mme ka se, o ka lemoga ketsaetsego e e rileng. Moeng a se amogelwe bonolo fela ka ntlha ya gore a re o bone tetla ya go tsena. O se ka wa tlogela moeng a le nosi mo ofising ya gago, letsa mogala go batla tshedimosetso e o e tlhokang kana go kopa thuso. Ga go kgathalesege gore moeng o lebega a le botlhokwa go le kae, o se ka wa mo senolela tshedimosetso epe e e masisi. Lemosa mogolwane wa gago ka ga kopo ya moeng yoo. Go se nne ope yo o letlelelwang go sutisa dithoto tsa ofisi ntle le sesupo sa tetla ya go dira jalo. Ga se badiri botlhe ba ba ikanyegang jaaka wena. [E rulagantswe sešwa go tswa go Tlhagiso: 7 ya Mopalami] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka phasalatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA D EMISA EMISA TB TB! [Se nopotswe go tswa mo inthaneteng] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Bolwetse jo bo mo phasalatsong e, bo amana le ... A pelo. B madi a magolo. C diphilo. D mafatlha. (1) 3.2 Fetolela polelo e e latelang go nna tirwa: Dira diteko. (1) 3.3 Kwala leina la lefapha le le tlhagisitsweng mo phasalatsong e ka puo ya Setswana. (1) 3.4 Dirisa lediri 'amogela' go bopa leinaletswa. (1) 3.5 Ke dintlha dife tsa malepa a phasalatso tse di tlhaelang mo phasalatsong e? Naya di le PEDI fela. (2) 3.6 Mafoko a a reng: 'EMISA TB' a kaya eng mabapi le bolwetse jo? (2) 3.7 Go tlhagisa leina la lefapha mo phasalatsong, go kaya eng? (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 8 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC POTSO 4 Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA E IJAA! Ke a go tswa jang fa? [Se nopotswe go tswa mo Sowetan, 5 Lwetse 2018] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Go thubega ga borogo go senola eng? A Bokete jwa serori . B Kwelotlase ya ikonomi. C Kgolo ya naga. D Maemo a a kwa tlase a kago ya ditsela. (1) 4.2 Ijaa!, ke mofuta ofe wa popego ya puo? (1) 4.3 Sefatlhego sa mokgweetsi wa serori se senola maikutlo afe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 4.4 Ke eng se se dirisitsweng go supa ikonomi ya naga mo khathunung? (2) 4.5 Ke naga efe e go buiwang ka ga yona mo khathunung e? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 4.6 A mokgweetsi wa serori a ka tswa a bua le mongwe kgotsa o akanya fela gore o ya go tswa jang fao? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 9 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC POTSO 5 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA F 1 Fa mogokgo a sena go digela puo ya gagwe ga bidiwa Amantle go arabela dipuo tse di neng di builwe mosong oo ka ena. E rile fa a tshwanetse go bua dikeledi tsa pumpunyega go tswa mo matlhong a gagwe. Botlhe ba gakgamala gore go diragala eng ka ena gonne ba ne ba itse a tlwaetse go bua fa pele ga batho ka e ne e le moeteledipele wa setlhopha sa dingangisano mo sekolong. 5 2 Morago ga metsotso e ka nna meraro a kgona go bua. Fa a simolola go bua o ne a re, 'Bagaetsho ke na le nnete ya gore lo gakgametse gore ke lelelang. Fa lo ne lo itse kwa ke tswang gona, lo ne lo ka tlhaloganya gore goreng ke lela.' 3 Ke a lela ka ntlha ya bobotlana jwa batsadi ba me. Ke ne ke sa gopola gore a letsatsi lengwe go ka nna jaaka go ntse jaana. Nna rre ke modisa kwa morakeng. 10 O disetsa batho ba bangwe. Ga a tshegofadiwa ka dithoto, fela o ikanya Modimo. Ga ke itse gore nka mo leboga jang gonne e rile ke ne ke rata go gana go tla sekolong a nthotloetsa thata. Le mme ke mo leboga thata ka fa a nkgodisitseng ka teng. Morago go ne ga iwa dijong. [E nopotswe go tswa go Phitlhelelo Kwa Setlhoeng, J Malao] 5.1 Bolela gore leemedi le le thaletsweng mo go mola 2 le dirisitswe jang mo polelong. (1) 5.2 Naya mofuta wa letlhophi le le ntshofaditsweng mo go mola 3. (1) 5.3 Leinatswako le le thaletsweng mo go mola 5 le bopilwe ka dipopego dife tsa puo? (2) 5.4 Dirisa lefoko 'bua' mo polelong ka bokao jo bo farologaneng le jo bo mo go mola 5. (2) 5.5 Lekaelagongwe la lefoko le le ntshofaditsweng mo go mola 7 ke ... (1) 5.6 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng mo go mola 11 mo tumelong. (1) 5.7 Naya mofuta wa letlhalosi le le dirisitsweng gabedi mo go mola 13. (1) 5.8 Bolela gore polelo e e thaletsweng mo go mola 14 ke ya mofuta ofe. (1) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana HL

View all