Skip to content

Setswana HL Grade 12 P1 North West Mock 2019 Question Paper

Question paperSetswana HLGrade 12201911 pages

Grade 12 Setswana HL Paper 1 question paper from the North West Mock Exam 2019, 11 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

North West Mock Exam 2019

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) LWETSE 2019 MADUO : 70 NAKO : Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 11. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 NW/Lwetse 2019 NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e kgaogantswe ka DIKAROLO di le THARO. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (30) 2. Araba dipotso TSOTLHE. 3. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 4. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. 5. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 6. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 7. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 8. Kabo ya nako e e tshikinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 30 KAROLO YA C: Metsotso e le 40 9. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang le ka mopeleto o o kannweng ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 NW/Lwetse 2019 NSC KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 SETLHANGWA A (TEMANA) 1.2 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. 1 Mpotseng o simolotse letogo la go rekisa marukgwe ka katlego. O ne a gakgamadiwa segolo ke mokgwa oo batho ba neng ba wela marukgwe godimo ka ona, e kete ga ba ise ba bone mabentlele. Ya re e ne e se motho wa go jela Keresemose mo Tshwane, a iphitlhela a sa kgona go ya gae mo bofelong jwa 1970. Le fa go ntse jalo a romela madi a a bonalang le diaparo 5 tsa bana, tsa mmaabo le mosadimogolo. Le mororo e ne e le selemo sa mogote o o ntshang noga mosimeng, a romela rangwaneagwe – Mothosu – jase gore e ye go amogetsa ya sejone e e neng e setse e utlwaletswe. 2 A gakgamala go bona morolo o mosesane mo hosetele e le ona o rekang ka mmetela. Thekiso ya marukgwe ke yona e mo tlwaeditseng batho ba le bantsi 10 mo hosetele. Bontsi e le jo bo disuga nae, gonne mathaka a ne a tšhonisa, e le gore e tla re bofelong jwa kgwedi kana beke ya bopherephetšhane, ba tla go kata dikgatlampi. Fa o setse o jele digwapa tsa kgomo, ga go bonolo go duela moegorekisetsi. 3 O ne a sa tlhole a fitlhelwa mo phaposing ya gagwe jaaka pele. Gale o ne o ka 15 fitlhela ka Matlhatso fa a bofologile kwa G.P.O., a tlhatswa digaswana tsa gagwe, mme a phatsimisa ditlhako, gongwe a sidila yunifomo ya kwa tirong, le fa e le dihempe tsa Sontaga. Marukgwe a gagwe e ne e le botlhatswa-o- nkapare. Mo malatsing ano botshelo jwa gagwe bo ne bo fetogile jaaka legola le lemilwe gonne a patile podi-ka-pedi go akisa seane se se reng diphilo tsa 20 tlou ga di pataganngwe. Le gale thekiso ya marukgwe ya mo ntsha motho. E ne e re a tsena kwa 200 Ramasodi, a bulelwe tsela jaaka kgosana, a sa tlhole a gakololwa ka mafega gore a tlamele ka botlalo le gona ka nako. Madi, o a boife. Ka ona letlakala e nna lentswetshipi. Ke kgongwana ya makgoa e e ilang lesaka! 25 4 Morago ga Keresemose kgwebo ya koafala mo go maswe. Bontsi jwa mathaka bo sa boa go tswa magaeng. Hosetele e ne e rile nga! ka bosetlabošweng ba ba maruru – dilo tsa dikonteraka. Bangwe ba ba neng ba mo tshwere madi a marukgwe, ba ne ba tsere dikonteraka tse di ba rometseng go sele, e seng Tshwane. A ikgomotsa ka gore ba mo rutile 30 magokonyane, la gagwe ke la ka moso. Ke fa a tla tlogela go rekisa marukgwe mme a ikanya matokomane a dikgadika. A sa tlhokwe mo mapatlelong ka Matlhatso le la Tshipi. 5 Bofelong jwa Morula wa 1971, Mpotseng a fitlhela a apeile pherere. Le fa go twe o nkgêkgê, malapa a mabedi? Le go ka! E seng kgwebo e koafetse jalo. 35 Mpotseng a tshwanelwa ke go dira sengwe ka bonako. Le fa a ne a goga mo seretseng, a sa nyemisetse ba GaMosetlha diatla; segakolodi se gana. O ne a boifa go nyaraganya Keneeletswe gonne a sa batle go ora kgakgamosi, a tloga a di tlhaolela dibekere. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 NW/Lwetse 2019 NSC 6 O tlogile a lemoga go sa le gale gore ga e ne, e a komakoma: kwa 200 40 Ramasodi o ya go o ora a kotame gonne teng o gopolwa ka kgamelo. A simolola go batla Mosala ka tlhoafalo. Beke ya bobedi a ntse a mo tswetse letsholo, a rakana nae ba sa tswa go tlhatsiwa ke mafofonyane. Ba fitlhela ditlhologelo tsa bona di nyalana jaaka monwana le palamonwana: ba itela lenyora jaaka mawelana a tswa madisong; ba tsena mo Emthonjeni. 45 7 Ba bua ka sele le sele ba ntse ba amogana phafana ya mabele mabelega batho. Fa ba le mo go ya boraro, Mosala a botsa Mpotseng gore kgwebo e tsamaya jang: “Maswe!” Ga araba Mpotseng a kgotlhokgotsa phafana: “Maswe!” A bo a isa magoletsa. 8 “Se bue jalo tlhe, morwarra!” 50 “Mathaka a nthutile magokonyane. Ba nketse ka dinakana metsing, matlalapoa ao a ma…” A tswa maina mafatshwa ka legano. “Mo kgwebong, monna Mpotseng, sa theko se amoganwa diatleng. A ga o itse molao oo?” 9 “Fa motho a go tshwarisa bonnye, mme a go solofetsa go gorosa masalela, ka le le latelang, ga go bonolo go gana. O itemoga boeleele go sa tlhole go thusa 55 sepe. Madi a ditokomane le ona a sutlha ka dipaka tsa menwana jaaka metsi. Nna ke batla madi a a tsenang ka bonako goka direlwa sakana la nkope.” 10 A diga lentswe: “Ke lekgetho la boraro ke go umakela talane. Bona fa monna Mpotseng,” a tswelela a ribegile lentswe, “thekiso ya talane ke: mphe ke go fe. E kotsi; fela mo go wena go ka nna bonolo. O morekisi wa marukgwe. Le 60 ditokomane o setse o di lekile.” A tsaya mothamo. “Pataganya more oo le diaparo, e le gore tota o diretse thekiso ya ona moriti ka ya diaparo. Go bonolo. A ke re o kile wa nna kwa Isiterose, kwa boramabentlele ba neng ba rekisa digalagala di le mo mabotlolong a dinotsididi?” 11 “Le fa ke ka bo kena le sebete go e bapatsa, ke tla e bona kae. Ke tla itse jang 65 baji ba yona?” “Mo go nna.” Ba dule mo Emthonjeni ka go kgaramediwa ke maletamotse. Le gale ba kgona go reka nama e e gadikilweng mme ba latela ka letswai. La ka moso ke la ba bangwe. [E nopotswe go tswa go Matlhoko, Matlhoko, R.M. Malope] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Mpotseng o ne a dira kwa … A GPO B SAPS C Eesterus D Ralewe (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 NW/Lwetse 2019 NSC 1.1.2 Lebaka le le tlhotlheleditseng Mpotseng go se ye keresemoseng kwa gae ke lefe (TEMANA 1)? (2) 1.1.3 Rrangwaneagwe Mpotseng yo go buiwang ka ena mo setlhangweng se ke mang? (1) 1.1.4 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore Mpotseng o ne a patile podi ka pedi go akisa seane se se reng diphilo tsa tlou ga di pataganngwe. Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.5 Go tewa jang fa gotwe marukgwe a gagwe e ne e le botlhatswa-o- nkapare? (TEMANA 3) (2) 1.1.6 Kwa 200 Ramasodi Mpotseng o ne a ratwa le go tlotlwa. Tshegetsa tlhagiso e ka dintlha di le pedi. (TEMANA 3) (2) 1.1.7 Nopola mola mo TEMANA 3 o o netefatsang gore madi ga a dulele ruri mo mothong. (1) 1.1.8 Go bonala fa kgwebo ya ga Mpotseng ya go rekisa marukgwe e ne ya phutlhama, tota e ne e phutlhamisitswe ke eng? (TEMANA 4) (2) 1.1.9 Naya dilo di le PEDI tse di neng di pateletsa Mpotseng go dira kgwebo kwa thoko a ntse a dira? (2) 1.1.10 Mpotseng le Mosala ba ne ba aga ba kopanela kwa … (1) 1.1.11 Go ya ka wena a Mosala ke tsala e e siameng? Dumela kgotsa o ganetse mme o tshegetse karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.12 Fa o ne o le Mpotseng o iphitlhela o gaeletswe mo gare ga malapa a mabedi, o ne o tlile go dira jang? (2) 1.1.13 Ke eng se se neng se ka dira gore go nne bonolo mo go Mpotseng go ka rekisa talane ntle le go lemogiwa. (TEMANA 10-11) (2) 1.1.14 Ditlamorago tsa maele a Mosala a neng a a neela Mpotseng e ka nna dife? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 NW/Lwetse 2019 NSC 1.3 Leba setshwantsho se se latelang mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) [E nopotswe go tswa mo inthaneteng] 1.3.1 Naya dintlha di le PEDI tse SETLHANGWA A (Temana) le SETLHANGWA B (Setshwantsho) di farologanang ka tsona. (4) 1.3.2 Maikaelelo a mme yo o mo SETLHANGWA B ke afe? (1) 1.3.3 Neela kuno e le NNGWE e e rekisiwang mo setshwantshong se. (1) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 NW/Lwetse 2019 NSC KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E tlhagisa dintlha ka ga go tseelwa dijanaga ka dikgoka ke bakgothosi. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: 1. Sobokanya temana e ka go tlhagisa dintlha di le SUPA tse o ka di dirang go efoga go tseelwa sejanaga ka dikgoka. 2. Kwala ka temana, o dirisa mafoko a gago mme o sa latlhe bokao. 3. Boleele bo se fete mafoko a a 90. 4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. 5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. SETLHANGWA C Go ya ka basepodisa sa Aforika Borwa ba ba dirang ka tsa bogodu jwa dijanaga mo nageng ya rona ba totobaditse fa bogodu jwa go tseela batho dijanaga ka dikgoka mo mebileng bo tlhatlhogile ka diporesente di le 5,4 magareng ga 2012 le 2013. Se se tlisa palogare ya dikgothoso tsa dijanaga di le 28 ka letsatsi. Botsamaisi jwa insorense ya 1st for Women Robyn Farrel bo rotloetsa bakgweetsi ba dikoloi go itlhokomela thata fa ba tswa le go tsena mo dijanageng tsa bona ka dinako tsotlhe. Bo totobaditse gore bakgweetsi ba tshwanetse go lebelela ka kelotlhoko fa go se ope mo sejanageng pele ba tsena kana ba tswa mo go sona. Bo tswelela ka gore fa o etela gongwe o itsise mongwe gore o ya go dirisa tsela efe le gore bonnye o tlaa goroga nako mang kwa o yang gona. Fa o kgweetsa lebelela seipone se se go bontshang kwa morago ka dinako tsotlhe go lemoga fa go se sejanaga se se go lateletseng. Efoga go kgweetsa o dirisa mogala wa letheka ka o tla go kgoreletsa go lemoga fa sengwe se sa tsamaye ka tsela. Se kgweetse o butse matlhabaphefo a sejanaga, kgweetsa o notletse mejako ka dinako tsotlhe. Fa o belaela gore mongwe o go setse morago, kgweeletsa kwa seteiš eneng sa mapodisa ka potlako kgotsa o tsamaele kwa lefelong le le tlhanaselang batho go kopa thuso. Gopola gore mo batho ba leng bantsi gona dinokwane di boifa go itlhagisa. Fa o ema fa morago ga koloi e nngwe e bile e belaetsa, bula sekgala go ipha tšhono ya go tshaba fa sengwe se ka diragala. Bakgweetsi ba rotloetswa go dula ba le malala a laotswe gore ba se lelele kgama le mogogoro. [Tshedimosetso go tswa mo inthaneteng] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 8 NW/Lwetse 2019 NSC KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA D Nolofatsa letlalo la gago ka go dirisa setlolo sa Nivea. [Tshedimosetso go tswa mo inthaneteng] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Papatso e e bapatsa … A sesepa. B letlalo. C setlolo. D ditwatsi. (1) 3.2 Fa o lebile sefatlhego sa lekgarebe le le mo papatsong, o ka re Nivea e naya modirisi maikutlo afe? Tshegetsa ka lebaka. (2) 3.3 A go tlaa bo go le maleba fa re re papatso e e sekametse mo letlhakoreng le le lengwe? Tshegetsa ka lebaka. (2) 3.4 Nyenyefatsa leina letlalo mme morago o le dirise jaaka sedirwa mo polelong. (2) 3.5 Neela lelatodi la lefoko le le thaletsweng mo papatsong e. (1) 3.6 Naya dintlha di le PEDI tsa tshedimosetso ya botlhokwa ya papatso tse di tlhaelang mo papatsong e. (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 9 NW/Lwetse 2019 NSC POTSO 4: KHATHUNU Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA E Tsena ka pii pii pii! Sefofonedi sa ikeetlo dimetale mosetsana! Didiriswa tsa metale ga di a letlelelwa ka fa. [Sowetan, 17 Lwetse 2018] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Ditiragalo tsa khathunu e, di diragalela kwa kae? A Seteišeneng sa mapodisa B Kerekeng C Bookelong D Sekolong (1) 4.2 Go barutwana ba le bakae mo phaposing e? (1) 4.3 Khathunu e e senola seemo sefe kwa dikolong? (2) 4.4 Go ya ka wena ke eng tota se se senolang rre yo o mo khathunung jaaka molebeledi? (1) 4.5 Go lela ga sefofonedi mo khathunung fa mosetsana a tsena go kaya eng? (2) 4.6 Nopola leetsi le le dirisitsweng mo khathunung o bo o le dirise mo polelong e e tlhabosang. (2) 4.7 Polelo ya rre wa molebeledi e mo modirisong ofe? (1) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 10 NW/Lwetse 2019 NSC POTSO 5: TEMANA Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA F 1 Kgwedi morago ga phitlho, Kedisaletse a le esi le bana mo gae, basadibagolo ba sa ntse ba mo sinogile ka go ya go tlhola bannabagolo kwa gae, ga goroga Pekwa – tsala ya Mofeti ya go tshega le go tlhonama. Pekwa e ne e le mongwe wa banna ba ba mmalwa ba motho o ka ba tlhalosang ba le bantle. Ka tiro e ne e le morekisi wa dikhai mo lebentleleng la Boys Town 5 mo mmileng wa Prinsloo, Tshwane-a-Mmamelodi. A tlhophilwe ke motho a itse tiro ya go tlhaola badiri, gonne dikhai e ne e kete o tsetswe a di apere. 2 Ba ba mo itseng ba re fa o ka tsena kwa Boys Town ga o tswe o sa tlogela letshwao dibukeng gore di go gakologelwe bofelong jwa kgwedi. Leleme o ne a le adimilwe ke tlhware; a le moleele ka metepe. Mo Phelandaba o ne a nna 10 kwa karolong e go tweng Black Rock mo mmileng wa Maunde nomoro … e nkgakelang ne! Fa ke sa fose, e kete o kile a leka go tlhoma mogwaafatshe le mosetsana wa Bammala a tswa ka fa Marabasetata ka fa. Mo malatsing ao Pekwa o ne a ipitsa ‘Valk’ – e le ka maiteko a go nna mongwe wa Bammala, gonne kwa tirong ba ne ba duelwa botoka. Oaii! Ba kolopana ka dijana 15 ngwaga o ise o fele. 3 A didimala go le gonnye. Mofeti o ne a ntlwaeditse. Go nnile thata go tla kwano ke itse gore ga nka ke ka tlhola ke utlwa lentswe le metlae ya gagwe. Ke gorogile maabane go tswa Thekwini kwa ke neng ke le gona kgwedi yotlhe jaaka ke ne ka bua lwa bofelo fa re ne re robile sogo mono mmogo. 20 “Modimo o setlhogo ruri.” A metsa mathe ka thata. [Mantswe a robong. Maskew Miller Longman] 5.1 Leina bana mo mola 1 le dirisitswe jang? (1) 5.2 Bolela gore leinatswako le le ntshofaditsweng mo mola 2 le bopilwe ka dipopegopuo dife? (2) 5.3 Kwala leemedi boemong jwa leina le le ntshofaditsweng. (Mola 5) (1) 5.4 Naya lekaelagongwe la lefoko le le thaletsweng mo temaneng mme morago o le dirise mo polelong e o itlhametseng. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL/P1) 11 NW/Lwetse 2019 NSC 5.5 Nopola sekao sa ledirani le le fitlhelwang mo mola 15. (1) 5.6 Nopola letlhophi le le fitlhelwang mo mola 20 o bo o bolele gore ke la mofuta ofe? (2) 5.7 Bopa mola o dirisa lefoko nna ka bokao jo bo farologaneng le jo bo mo temaneng. (1) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana HL

View all