Skip to content
Question paper

Setswana Hl Grade 12 P1 NSC June 2023 Question Paper (Setswana)

Grade 12 Setswana Hl Paper 1 question paper from the NSC June Exam 2023 (Setswana), 11 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Subject: Setswana HlGrade 12202311 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS/ NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) 2023 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 11. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/2023 SC/NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO DI LE THARO. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Dipopego tsa puo le melawana ya tiriso (30) 2. Buisa ditaelo TSOTLHE ka kelotlhoko. 3. Araba dipotso TSOTLHE. 4. Simolola karolo NNGWE LE NNGWE mo tsebeng E NTŠHWA. 5. Thala mola morago ga karolo NNGWE le NNGWE. 6. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 7. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 8. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 9. Kabo ya nako e e tshikinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 30 KAROLO YA C: Metsotso e le 40 10. Kwala ka mokwalo o o buisegang mme o dirise mopeleto o o kannweng ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/2023 SC/NSC KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA A 1 Olebogeng Kgengwe ke moithuti wa dingwaga di le masome a mabedi go tswa mo porofenseng ya Foreisetata mme ke morati yo mogolo wa dibaesekele. O ne a sutlha dipula le dirame, a feta dinoka, a swaya baesekele mo meweng e e bogale le segaganeng mo leetong la gagwe la dikilomitara di le 1 600 go tloga Gauteng go ya Kapa. Tsholofelo ya 5 gagwe e ne e le go kgobokanya ditlhako tsa sekolo di ka nna 1 600 ka maikaelelo a go thusa bana ba ba tswang mo malapeng a a dikobo dikhutshwane. Olebogeng yo e leng karolo ya setlhopha sa bapagami ba dibaesekele sa Central University of Technology, a re o ntse a batla go dira sengwe sa botlhokwa ka lerato la gagwe la dibaesekele go 10 thusa bana ba ba tlhokang. 2 Tshimologo ya porojeke e, e tlhotlheleditswe ke go bona morutwana mongwe a kobiwa kwa sekolong ka gobo a ne a rwele ditlhako tsa go itshidila boemong jwa tsa sekolo. 'Ke ne ka bona se, se sa siama gonne se ama ditshwanelo tsa ngwana yoo,' go tlhalosa Olebogeng. 15 O simolotse leeto la gagwe ka la 23 Motsheganong kwa Three Rivers Lodge kwa Gauteng mme a fitlha kwa Kapa ka la 31 Motsheganong. 3 Go ya ka Olebogeng, letsatsi la ntlha le nnile bokete ka ntlha ya ditsela tse di tletseng metsi le diretse. 'Ke robetse ura e le nngwe kwa Makeleketla pele ke fitlha kwa Mangaung mme teng ka tshwanelwa ke 20 go baakanya baesekele ya me,' go kaya Olebogeng. 'Ke ne ka robala diura di le nne mme letsatsi le le latelang ka tsena mo leetong lwa me go fitlha kwa lefelong la ga Tom go nwa kofi gore e tsene mo mmeleng wa me. Se, se ne sa thusa go thutafatsa mmele le go tswelela ka leeto.' 25 4 Olebogeng o ne a tswelela ka leeto go fitlha kwa Colesburg mo a robetseng diura di le tharo mme a tsoga ka ura ya boraro mo mesong. Dikilomitara di le tharo go tswa foo, o ne a nna le bothata jwa mangole a a neng a gatsetse thata mme se sa mo diegisa go tswelela ka leeto fela ga a ka a latlhela seditse. O ne a tshwanela ke go robala kwa 30 lefelong lengwe go thutafala go fitlha letsatsi le tlhaba. 5 Mo tseleng o ne a kopana le molemirui yo o neng a mmolelela gore o a tsenwa gonne go tlile go nna le mowa o o tsididi thata mafelo a beke. Ga a ka a reetsa se mme a tsamaya go fitlha Sutherland, maemo koo e ne e se a a itumedisang mme se se ne sa ama lobelo lwa leeto la 35 gagwe. O robetse foo ka maikaelelo a go tsogelela tsela, mme fa a tsoga, ke fa pula setse e na. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/2023 SC/NSC 6 O ne a swaya baesekele mo gare ga ditsuatsue le segagane fela a nna a tswelela pele. 'Go feta mo gare ga Tankwa National Park e ne e le nako e e thata go gaisa mo leetong la me gonne ke ne ke gatsetse e 40 bile ke tshwerwe ke tlala ka ntlha ya gore ke ne ke feletswe ke dijo,' go tlhalosa Olebogeng. O ne a fitlha mo lefelong la dijo kwa Tankwa mme ka go tlhoka lesego, go ne go tswetswe. O ne a robala mo ntlwaneng a le metsi e bile a tshwerwe ke tlala. Mo mosong mong wa lefelo leo o ne a neelana ka dipara di le pedi tsa ditlhako tsa sekolo a tlhotlheletswa 45 ke go utlwa ka ga leeto la ga Obakeng. 7 Olebogeng o ne a neela baagi ba Mangaung ba ba ka kgonang go nna kutlwelobotlhoko dinomoro tsa gagwe tsa mogala go ikgolaganya le ena go thusa go fitlhelela maikaelelo a gagwe a go abelana ka ditlhako tsa sekolo di le 1 600. Ka thuso ya baagi le borrakgwebo ba tikologo, o 50 ne a kgona go kgobokanya ditlhako tseo mme a di abela barutwana ba dikolo tse di mo kgaolong ya Mangaung. 8 Ke dikolo di le tlhano tse di neng tsa abelwa ditlhako tse di kgobokantsweng ke Olebogeng. Bagokgo, barutabana le batsadi ba bana bao, ba ne ba itumelela matsapa a a tserweng ke Olebogeng. 55 Tiragalo e, e ne ya itumedisa Olebogeng go bona difatlhego tse di itumetseng tsa baamogedi ba dimpho tse. Go tlogeng foo o ne a ipolelela gore o tlaa tswelela ka toro ya gagwe ya go bona barutwana ba thusiwa ka ditsela tse di farologaneng gore kwa bofelong ba kgone go tsena sekolo le go bona thuto e e maleba. 60 [E fetoletswe go tswa go: Lokwalodikgang lwa Courant, 2 Seetebosigo 2022] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Olebogeng ke moagi wa porofense efe? A Gauteng B Bokone Bophirima C Foreisetata D Kapa (1) 1.1.2 Maikaelelo a ga Olebogeng e ne e le afe ka go tsaya leeto ka baesekele go ya kwa Kapa? (1) 1.1.3 Olebogeng e ne e le leloko la setlhopha sefe sa mabelo a dibaesekele? (1) 1.1.4 Leeto la mabelo la dibaesekele la ga Olebogeng, le simologile kwa porofenseng efe? (1) 1.1.5 Ke eng se se susumeditseng maikaelelo a ga Olebogeng? (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/2023 SC/NSC 1.1.6 Neela kgwetlho e le NNGWE fela e Olebogeng a itemogetseng yona mo leetong lwa gagwe. (1) 1.1.7 Tlhagiso e e reng 'go nna dikobo dikhutshwane' e kaya eng? (Temana 1) (2) 1.1.8 Olebogeng o tsamaile malatsi a le makae go tloga kwa Gauteng go ya Kapa? (2) 1.1.9 Goreng Olebogeng a ne a tshwanelwa ke go robala fa thoko ga tsela kwa Colesburg? (Temana 4) (2) 1.1.10 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore Olebogeng o ne a kopana le mongwe yo o neng a leka go mo kgoba marapo mo leetong la gagwe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.11 Go ya ka wena sekolo se ka bo se dirile eng go na le go koba morutwana yo? (2) 1.1.12 Boineelo jwa ga Olebogeng bo nnile le ditlamorago dife? (2) 1.1.13 Go ya ka setlhangwa, a o bona leina Olebogeng le ile boreelelong? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.14 A go neelana ka dinomoro tsa mogala ga ga Olebogeng go baagi ba Mangaung go mo tswetse mosola? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.15 Fa o ne o le morutwana yo o kobilweng kwa sekolong ka ntlha ya go tlhoka ditlhako tsa sekolo, o ne o tlaa dira eng? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/2023 SC/NSC 1.2 Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) [E nopotswe go tswa mo inthaneteng] 1.2.1 Ka dintlha di le PEDI fela, farologanya SETLHANGWA A le SETLHANGWA B. (4) 1.2.2 Fa o lebeletse morutwana yo o mo setshwantshong, e ka tswa e le wa sekolo sa seemo sefe? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/2023 SC/NSC KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E bua ka ga maitsholo a a siameng tebang le boitekanelo ba gago ka kakaretso. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: 1. Sobokanya temana e ka go tlhagisa dintlha di le SUPA tsa se o tshwanetseng go se dira go tlhokomela boitekanelo jwa gago ka kakaretso. 2. Kwala ka temana, o dirisa mafoko a gago mme o sa latlhe bokao. 3. Boleele bo se fete mafoko a a ka nnang 90. 4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. 5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. SETLHANGWA C Mo malatsing a segompieno a a itlhaganetseng phetelela, batho ba itlhokomolosa go dira ka tshwanelo fa go tla mo tlhophong ya dijo tse di agang mmele le mokgwa o ba itlhokomelang ka ona. Go tlodisa boroko ga se kgetse e e potlana. Bonnete ke gore mmele o tlhoka boikhutso ba diura di le supa bosigo bongwe le bongwe gore o kgone go dira ka botlalo. Go robala diura tse di kwa tlase ga tse thataro, go nna le ditlamorago tse di maswe mo mmeleng le mo tlhaloganyong. Babatlisisi ba golaganya go se robale diura tse di lekanyeditsweng le go nona. Se, ke ka ntlha ya gore boroko bo bo sa lekanang bo oketsa go dira ga homoune e e oketsang keletso ya dijo. Sengwe se babatlisisi ba itemogetseng sona gape ke go se tlhape meno ka tsela e e maleba. Go botlhokwa go ntsha leswe le le tseneletseng mo gare ga meno go tila go pakelana ga leswe le go baka ditwatsi. Go tlola nako ya go ja, go ka baka kwelo tlase ya insulini, e e ka tlholang bolwetse ba sukiri mo isagong. Ja dijo tse di lekaneng gararo ka letsatsi, o boele o je selekano se sennye mo magareng ga dijo tse di feleletseng tsa letsatsi. Go tila go ja go ka diegisa tshilo ya dijo. Go sala morago thulaganyo e le nngwe ya go ikatisa go diegisa mmele go agega ka tshwanelo mme se ga se ungwele mmele go fetoga jaaka go solofetswe. Bothata jo bongwe jo bo itemogelwang ke go se omise mmele gotlhelele fa o sena go tlhapa, ka jalo letlalo le ka simolola go babelwa le go nna le ditwatsi. Go botlhokwa thata go omisa mmele pele o apara. Go dirisa digalaletsa letlalo ntle le go di tlhapa fa o robala, go tlhokisa letlalo go hema. Se, se ka bakela letlalo ditlamorago tse di sa itumediseng mme tsa ja thata mo kgetseng ya gago. Dipatlisiso di senola fa go sa dirise setlolo sa go itshireletsa kgatlhanong le letsatsi go senya letlalo le go le tsofatsa ka bonako, ka jalo tlotsa letlalo la gago ka gale o le sireletse. [E nopotswe go tswa go www.dischem.co.za] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 8 DBE/2023 SC/NSC KAROLO YA C: DIPOPEGO TSA PUO LE MELAWANA YA TIRISO POTSO 3: PAPATSO Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA D SESOLO MO THEKISONG YA DIJANAGA!!! SETHEO SE SE ITLHOMILENG PELE. Reka jaanong mme o simolole go duela morago ga dikgwedi tse tharo! FA O RATA DILO TSE DINTLE MO BOTSHELONG JWA SEGOMPIENO ITHEKELE NNGWE YA DIJANAGA [E nopotswe go tswa go www.orangetaxis.co.uk] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetsen A, B, C kgotsa D. Papatso e e fa godimo e ka ga ... A kago ya matlo. B thekiso ya dijanaga. C lorato lwa dilo tse dintle. D bogodu jwa dijanaga. (1) 3.2 Tlhagiso e e reng, 'FA O RATA DILO TSE DINTLE MO BOTSHELONG JWA SEGOMPIENO ITHEKELE NNGWE YA DIJANAGA', ke mofuta ofe wa puo ya papatso? (2) 3.3 Ke malepa afe a mmapatsi a a dirisitseng go digela bareki. Naya ntlha e le NNGWE fela. (2) 3.4 Naya togamaano e le NNGWE fela e mmapatsi a e dirisitseng gore papatso ya gagwe e gogele babuisi. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 9 DBE/2023 SC/NSC 3.5 A go ka nna bonolo mo bareking ba dijanaga go ka fitlhelela kuno e? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 3.6 Nopola leitiri go tswa mo papatsong e. (1) 3.7 'Jaanong' ke mofuta ofe wa letlhalosi? (1) [10] POTSO 4: KHATHUNU Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA E Nnyaya, seno Ahaa, le nna ke ke bokhutlo jwa tlaa nna le nako Ke nno! rona jwa ya thelebišene! metshameko ya sejana sa lefatshe. Kgwele ya dinao e ka bakela motho bolwetse. [E nopotswe go tswa go @ www.yalo cartoons] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Metshameko ya sejana sa lefatshe e go buiwang ka ga yona mo khathunung ke ya ... A sephailane. B mabelo. C kgwele ya dinao. D kerikete. (1) 4.2 Go phutha matsogo ga monna yo o mo khathunung go kaya eng? (2) 4.3 A totatota mosadi yo o mo khathunung o itumeletse nno? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 10 DBE/2023 SC/NSC 4.4 Ke maikutlo afe a a tlhagisiwang ke monna yo o mo khathunung? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 4.5 Mofuta wa pudula o o dirisitsweng mo tsibogong ya mosadi o kaya eng? (1) 4.6 Naya mofuta wa leina le le thaletsweng go tswa mo khathunung. (1) 4.7 Nopola leemedi go tswa mo khathunung. (1) [10] POTSO 5: TEMANA YA POROUSE Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA F 1 'Owai!, o se ka wa iphora ka lekukana le,' a bua a tlhomile matlho mo dimpeng. 'A o a bona! Ke mo motlhaleng wa lekgwelwa lengwe. Ke sa le ke mo ja lešwe go tswa Nkaikela, jaanong o ntimeletse mo boidiiding jwa batho ba mono. Go boile gole kana gore ke mo tlhasinye. Fela jwa gompieno ga bo na go sa. Maloba, ka Labone, ke fa a thula morwadia rre Sedumo, tadi e amusa! Batho 5 bangwe ba iphadile ditlhong e le ruri.' 2 'Dikgang tsa diphailane tsa re o ne a aga a bonwa le yo ke buisitseng mo kuranteng fa o mo tshwere kwa Ditsobotla, ba phamolela batho dikgwama tsa madi mo tereneng ya Ditsobotla. Ka rre ka Moutlwatsi, malatsi a gagwe a kgololosego a badilwe.' 'E le gore o simolola leng ka matsomo?' 10 'Maitiso a magolo, bontsi bo setse bo boetse kwa mekgorong, ke bo ke putlaputla lekeišene. Ga ke batle go mo tsosetsa modumo, a ka tla a kgotlomela.' 3 'Ke dumela gore ke na le disuga le monna yoo, tse ka nako e, o ka bong a sa bolo go di ntuela. Le mororo go ka twe ke tsena lorole lwa dikatse ke se na 15 dikatsana.' [E nopotswe go tswa go Masaikategang a magodimo, JKM Mekgwe] 5.1 Nopola lelatlhelwa go tswa mo moleng wa ntlha o be o le dirise mo polelong e o e itlhametseng. (2) 5.2 Neela lekaelagongwe la lefoko le le ntshofaditsweng mo go mola 1. (1) 5.3 Bolela gore lesupi le le ntshofaditsweng mo go mola 7, ke la maemo afe? (1) 5.4 Dirisa lekwalotshwana 'madi' mo polelong go farologana le ka mo le dirisitsweng ka teng mo go mola 9. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 11 DBE/2023 SC/NSC 5.5 Naya mofuta wa modiriso o o thaletsweng mo go mola 7. (1) 5.6 Fetolela polelo e e latelang go nna puopegelo: 'E le gore o simolola leng ka matsomo?' (1) 5.7 Bolela gore leina le le ntshofaditsweng mo go mola 14 le dirisitswe jang. (1) 5.8 Naya leina la popegopuo e e thaletsweng mo go mola 15. (1) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE: 70 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

Revise the topics in this paper, then practise them question by question.

More papers and memos for this grade and subject.

More from Grade 12 Setswana Hl

View all