Skip to content

Setswana HL Grade 12 Paper 1 NSC June 2018 Question Paper

Question paperSetswana HLGrade 12201810 pages

Grade 12 Setswana HL Paper 1 question paper from the NSC June Exam 2018, 10 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

NSC June Exam 2018

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) 2018 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 10. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/2018 SCE DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (30) 2. Araba dipotso TSOTLHE. 3. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 4. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. 5. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 6. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 7. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 8. Kabo ya nako e e tshikinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 30 KAROLO YA C: Metsotso e le 40 9. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/2018 SCE KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA A (TEMANA) 1 Go tsoga mo mosong a ya tirong e ne e se matsapa a makalo, Dikeledi o ne a setse a tlwaetse go tsoga pele ga batho ba le bantsi ba ka nagana go somoga mo dikobong. Fa e sa le a tlwaela go tsoga fa a ne a oka mmaagwe. Ka nako eo, o ne a tlwaetse go tsoga pele ga batho ba bangwe, mme a siamisetse bomonnawe go ya sekolong. 5 Pele a ka ba isa sekolong o ne a tshwanela ke go bona gore mmaagwe o jele motogo gore a kgone go nwa dipilisi. 2 O ne a sa rate fa mmaagwe a ne a nna mo phaposing e e leswe, ka jalo o ne a phepafatsa phaposi ya gagwe moso le moso. Mmaagwe e ne e le seithati sa mosadi. Go tshwanetse ga bo go mo utlwisa 10 botlhoko go palelwa ke go iphepafaletsa phaposi le go alola bolao jwa gagwe. Mmaagwe o ne a mo rutile a sa le monnye gore o tshwanetse go tlhatswa sejana se a jelang mo go sona le gore phaposi ya gagwe ga e a tshwanela go nna leswe fa ena a tlhapile, a le montle. Thuto eo, e ne ya mo dira mosetsana yo o nang le 15 maikarabelo. 3 Le fa mmaagwe a ne a bona gore tsela ya go ya badimong e bulegile, o ne a itse sentle gore Dikeledi o tlaa sala a itshwere sentle e bile bomonnawe ba tlaa tsaya sekai sa botshelo jo bo siameng mo go ena. 20 4 E rile fa Dikeledi a ne a tsaya tshwetso ya go tlogela sekolo, mmaagwe o ne a utlwa botlhoko thata gonne o ne a solofetse gore morwadie o tlaa nna le isago e e phatsimang. Dikeledi o ne a mmolelela gore morutabana mongwe o mo gakolotse gore a leke go tsena sekolo sa bagolo, se se tsenang mo tshokologong gore a 25 kgone go fitlhelela mophato wa marematlou. 5 O ne a beela maikarabelo a gagwe a go tsena sekolo sa bagolo thoko fa a lemoga gore mmaagwe o gatelelwa ke bolwetse e bile o tlhoka motho yo o mo tlhokomelang ka dinako tsotlhe. Kana mmaagwe o ne a apolwa a apesiwa, a pitikololwa bosigo le 30 motshegare gore a se ka a tswa diso tsa go robala. Dikeledi o ne a mo tlhapisa letsatsi le letsatsi, e bile e le ena a neng a mo amogelela madi a thuso ya batho ba ba gateletsweng ke bolwetse jo bogolo. 6 Baagisane ba ne ba rata ka fa Dikeledi a nang le maikarabelo ka teng, ba eletsa e ka re bana ba bona ba ka nna fela jalo. E ne e re ba 35 kgalemela bana ba bona ba ditshwakga, ba ba bolelele ka ga Dikeledi. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/2018 SCE 7 Bangwe ba bana ba baagisani ba ne ba simolola go ila Dikeledi, ba re o itira yo o botoka mo go bona. Le kwa kerekeng, moruti Tau o ne a tle a rate go dira sekao ka Dikeledi. O ne a tlwaetse go bolelela 40 bašwa gore ba reetse batsadi ba bona le gore ba itsetsepele ka dithuto tsa kereke. E ne e re a bua a bo a tlaleletsa ka gore: … fela jaaka Dikeledi. 8 E rile fa mmaagwe Dikeledi a sena go fitlhwa, rre mongwe wa moagisane a re: 'Mosadi yo o tlogetse bana ba gagwe le mosetsana 45 yo o nang le maikarabelo. Ga ba na go sotlega.' Ba ba itseng Dikeledi ba ne ba ka dumelana le rre yoo. 9 Se se neng se etegetsa lefufa la bana ba bangwe, bogolosegolo jang basetsana, e ne e le ditebego tsa gagwe. Kana o ne a le montle mosetsana yo. E ne e le tshetlhana ya Morolong, o ka re o tlhapile ka 50 maswi, mme a iphotlhe ka kgatsele. O ne a na le letheka le lesesane, monyebo le motsamao wa gagwe o ne o gopotsa motho Mpule Kwelagobe, mmabontle wa kwa lefatsheng la Botswana. E ne e re a tshega, go bonale mesima mo marameng a gagwe. 10 Ba ba mo ratang ba ne ba re o tshwanetse go kokoroga jaaka katse 55 mo seraleng sa boditšhabatšhaba, fa ba ba mo fufegelang bone ba ne ba re o nagana gore o montle go gaisa basetsana botlhe mo Galeshewe, mme ena, tsotlhe tseo di ne di sa mo tshwenye gonne mmaagwe o ne a setse a kile a mo raya a re mosaditshwene o jewa mabogo. 60 11 Rraagwe o ne a kile a mmolelela gore bontle bo na le dibelebejane, mme a se ke a ipolelela gore o tlaa dirisa ditebego tsa gagwe go tswelela mo botshelong. 'Ditebego tsa motho di a fetoga, mme bontle jwa ka fa teng bo nnela ruri.' Rraagwe o ne a kile a bua. 12 Fa basetsana ba bangwe ba ntse ba mo leba ka leitlho la lefufa, 65 Dikeledi o ne a tsepamisitse mogopolo wa gagwe mo ditorong tsa gagwe tsa go ipona e le morutabana ka letsatsi lengwe, a kgona go neela bomonnawe tsotlhe tse ba di tlhokang. [E nopotswe go tswa go Dikeledi, Sabata-Moho Mokae] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Dikeledi o ne a ikantse bonatla jwa gagwe go feta bontle gonne mmaagwe o ne a kile a mo gakolola gore ... A ditebego tsa motho di a fetoga. B mosadi tshwene o jewa mabogo. C bontle bo na le dibelebejane. D bontle jwa ka fa teng bo nnela ruri. (1) 1.1.2 Tlhagiso e e reng 'Tsela ya go ya badimong e bulegile' e kaya eng? (Temana 3) (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/2018 SCE 1.1.3 Goreng mmaagwe Dikeledi a ne a utlwa botlhoko fa Dikeledi a tlogela sekolo? (2) 1.1.4 Toro ya ga Dikeledi ka botshelo jwa gagwe e ne e le efe? (1) 1.1.5 Dikeledi o tlogetse sekolo ga kae? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (Temana 4 le 5) (3) 1.1.6 Fa o lebile, a mmaagwe Dikeledi o ne a itumelela go phepafalediwa ke morwadie? Tshegetsa ka lebaka. (Temana 2) (2) 1.1.7 Naya dilo di le PEDI tse mmaagwe Dikeledi a di mo rutileng fa a sa le monnye. (2) 1.1.8 Ke dilo dife tse PEDI tse Dikeledi a neng a tshwanela go di dira moso le moso? (2) 1.1.9 A ke ntlha kgotsa ke kakanyo gore Dikeledi o na le maikarabelo? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.10 Tiro e Dikeledi a neng a e dira ya go oka mmaagwe e boima mo ngwaneng yo o santseng a tsena sekolo. Go ya ka wena, Dikeledi o ne a ka thusiwa ka tsela efe? (2) 1.1.11 Ntle le baagisani, ke mang gape yo a neng a rata maitsholo a ga Dikeledi? (1) 1.1.12 Tiro ya go oka e Dikeledi a neng a e dira mo go mmaagwe, e tlhoka dithutego dife? (2) 1.1.13 Fa o ne o le Dikeledi, mme bana ba baagisani ba go ila, o ne o tlaa dira eng? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/2018 SCE 1.2 Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) [Se nopotswe go tswa mo inthaneteng] 1.2.1 Naya dintlha di le PEDI tse SETLHANGWA A le SETLHANGWA B di farologanang ka tsona. (4) 1.2.2 Fa o batla go dira tiro e e diriwang ke bomme ba ba mo go SETLHANGWA B, o tshwanetse go nna motho yo o ntseng jang? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/2018 SCE KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E tlhagisa ditsela tsa go itepatepanya le kutlobotlhoko. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: 1. Sobokanya temana e ka go tlhagisa dintlha di le SUPA ka ga ditsela tsa go itepatepanya le kutlobotlhoko. 2. Kwala ka temana, o dirisa mafoko a gago, mme o sa latlhe bokao. 3. Boleele bo se fete mafoko a a 90. 4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. 5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. SETLHANGWA C DITSELA TSA GO ITEPATEPANYA LE KUTLOBOTLHOKO Go itepatepanya le kutlobotlhoko kana tatlhegelo ke sengwe se batho botlhe ba tshwanetseng go se dira mo botshelong. Kutlobotlhoko ke seemo sa tlholego. Ga e ka ke ya tlhamiwa ka gope. Ke mokgwa wa go tsibogela tatlhegelo ya sengwe kgotsa motho mongwe yo o neng a ratiwa thata. Tatlhegelo e e tsalang kutlobotlhoko e akaretsa loso kgotsa tatlhegelo ya tiro, kgaogano le moratwa kgotsa tlhalo. Go na le ditsibogelo tse di tlwaelesegileng tsa loso kgotsa tatlhegelo. Ka dinako dingwe batho ba akanya gore gongwe go ka bo go ile ga diriwa sengwe go tila maemo ao a tatlhegelo. Maikutlo a mofuta o, a diegisa pholo ka gale. Re tsibogela kutlobotlhoko ka ditsela tse di farologaneng. Batho bangwe ba hutsafala mo ba sa kgoneng le go bona boroko. Bangwe ba latlhegelwa ke keletso ya dijo. Ka nako ya kutlobotlhoko batho ba ikutlwa ba se na molemo e bile ba felelwa ke maatla. Batho bangwe ba šakgalela botshelo. Tsela nngwe ya tharabololo ya kutlobotlhoko ke go inyalanya le maikutlo a a farologaneng a tatlhegelo o bo o amogela tatlhegelo. Ga go ngaka epe e e ka kgonang go beela kutlobotlhoko nako nngwe e e rileng. Ga go modumedi ope yo mogolo yo o ka nyatsang nako ya kutlobotlhoko. Motho a ka rarabolola kutlobotlhoko ka go bua ka ga tatlhegelo ya gagwe le mongwe yo a mo tshepang. Go tsholola dikeledi go ka neelana ka khunulogo mo kutlobotlhokong. Go maikutlo a a farologaneng, a mangwe a a tshepisa fa a mangwe a kgoba marapo, o tshwanetse go amogela maikutlo ao otlhe gore o gololosege. Tsela ya kutlobotlhoko ke ya botlhe, buisana le ba ba setseng e le bomoenyana o pele mo tseleng e. Maikutlo mo seemong se a dubakane ka jalo motho o tshwanetse go letlelela gore a nne le dinako tsa boitumelo le setshego. Ka dinako dingwe batho ba o tshelang le bona ba na le tse di ba itumedisang, tsenela nako ya go itumela le ditsala, o keteke malatsi a gago a botsalo le a boikhutso. Se sa feleng se a tlhola. [E rulagantswe sešwa go tswa go The Eye, Lefapha la Katlaatleloloago, June 2016] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 8 DBE/2018 SCE KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA D GO TABOGA GO GO GOLOLOSEGILENG, NIKE KGOLOLOSEGO YA DINAO TSA GAGO Di a temeka. Di bofefo. Fela jaaka dinao tsa gago. Mabentlele a TEKKIES naga ka bophara. [E nopotswe go tswa mo inthaneteng] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Ditlhako tse di bapatswang ke tsa modiro wa: A Adidas B All Star C Nike D Reebok (1) 3.2 Nopola puo e e digelang e e dirisitsweng mo papatsong e. (1) 3.3 Ke tlhagiso efe mo papatsong e e tlhalosang mokgwa o setlhako se bopegileng ka ona? (1) 3.4 Naya dintlha di le THARO tsa tshedimosetso ya botlhokwa ya papatso tse di tlhaelang mo papatsong e. (3) 3.5 Naya modiriso o o tlhagelelang mo polelong e e latelang: 'Go taboga go go gololosegileng.' (1) 3.6 Naya lelatodi la lefoko 'kgololosego'. (1) 3.7 A ditlhako tse di ka rekwa ke batho botlhe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 9 DBE/2018 SCE POTSO 4 Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA E TSAMAYA! [Se nopotswe go tswa mo Sowetan, 7 Sedimonthole 2016] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Tiragalo e e mo khathunung e, e amana le motshameko ofe? A Kgwele ya dinao B Bolotloa C Lebelo la marathone D Metale ya serala (1) 4.2 Difatlhego tsa batho ba ba apereng dikipa tsa methaladi di senola maikutlo afe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 4.3 Ntle le ditebego tsa sefatlhego, batho ba ba mo khathunung ba dira eng go senola maikutlo a bona? (2) 4.4 Khathunu e, e na le batho ba bogolo jo bo farologaneng. Naya dipharologano tsa bogolo jaaka di tlhagelela mo khathunung. (3) 4.5 Fa o ne o le monna yo o gadimileng batho ba, o ne o tlaa dira eng? (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 10 DBE/2018 SCE POTSO 5 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA F 1 'Ntatemogolo, ke eng go twe legapu le a nowa, mme go sa twe le a jewa?' 'Ga twe le a nowa gonne bontsi ba lona ke metsi. Kgodu ya lona e botswa legodi. Fa o se na go ja legapu, go sala kgari ya legapu. Yona ke mojo wa dikolobe. Podi le yona ga e batle go gaiwa. Nngoba le yona ga e jewe, gonne re tsuntsunyetsa metsi, mme re kgwe ditšhotlo.' 5 2 'Dijalo tsa marotse (magapu, mawane, makgomane) le nngaba di ne di jewa fela ka paka ya letlhafula. Go ne go se na ka fa di neng di ka bolokwa ka teng gore di tle di jewe mo isagong. Dikungwa tse dingwe tsona di ne di omelela, di bo di phutlhelwa mo difaleng, di tlaa jewa ka iketlo go ya le ngwaga jalo.' 10 3 'Mmopo fa o omeletse, mme e seng thata, o ne o apeiwa ka diako, morago o kgokgothiwe, o anegiwe, mme re ne re o bitsa mmopo wa letshotlho, lona letshotlho le, le ne le ka apeiwa gape le ntse fela jalo la jewa e le lefatana la letshotlho. Gape le ka tlhobolwa la ntshiwa moroko, mme le apewa setampo sa letshotlho. Le ne le ka tlhakanngwa ka dinawa gongwe ditloo.' 15 [E nopotswe go tswa go Re tswa kae Batswana?, II Lesejane] 5.1 Kwalolola polelo e e ntshofaditsweng mo go mola 3, mme o dirise leemedi boemong jwa leina le le thaletsweng. (1) 5.2 Nopola sekao sa polelotswako go tswa mo go SETLHANGWA F. (1) 5.3 Leemedi le le ntshofaditsweng mo go mola 3 le dirisitswe jang? (1) 5.4 Fetolela polelo e e thaletsweng mo go mola 4, go nna mo tumelong. (1) 5.5 Naya lekaelagongwe la lefoko le le ntshofaditsweng mo go mola 7. (1) 5.6 Dirisa lekwalwatshwano 'mme' mo polelong e o itlhametseng yona go bontsha bokao jo bo farologaneng le jo bo mo temaneng. (2) 5.7 Nopola sekao sa letlhalosi la mokgwa go tswa mo setlhangweng. (1) 5.8 Naya leina la popego ya puo e e thaletsweng mo leinatswakong le le tlhagelelang mo go mola 1. (1) 5.9 Lefoko 'marotse' mo go mola 6 le dirisitswe jang? (1) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana HL

View all