Skip to content

Setswana HL Grade 12 P1 NSC Supplementary 2018 QP

Question paperSetswana HLGrade 1220189 pages

Grade 12 Setswana HL Paper 1 question paper from the NSC Supplementary Exam 2018, 9 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

NSC Supplementary Exam 2018

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) TLHAKOLE/MOPITLWE 2018 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 9. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2018 NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO DI LE THARO. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (30) 2. Buisa ditaelo TSOTLHE ka kelotlhoko. 3. Araba dipotso TSOTLHE. 4. Simolola karolo NNGWE LE NNGWE mo tsebeng E NTŠHWA. 5. Thala mola morago ga karolo NNGWE le NNGWE. 6. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 7. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 8. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang. 9. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 10. Kabo ya nako e e tshikinngwang: KAROLO YA A: 50 metsotso KAROLO YA B: 30 metsotso KAROLO YA C: 40 metsotso Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2018 NSC KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA A (TEMANA) 1 Moremogolo go betlwa wa taola wa motho o a ipetla. Ontiretse o godisitswe ke malomaagwe. O tsene sekolo mo Rasimone, a itshoka. A sutlha sa mariga a gopotse mafoko a mogologolo a a reng 'Ngwana wa dikgomo ithute molodi malata a sa le teng.' Malomaagwe o ne a na le morwa yo o lekanang le Ontiretse ka dingwaga. Motho ke yoo, a bo a 5 le dinala di metsi. Ontiretse ena o ne a le diatla, tiro ya sekolo le yona o ne a e dira ka bojotlhe. Mmamalomaagwe fa a lemoga gore Ontiretse o phala morwae ka tsotlhe, a itaya Ontiretse ka noga e tshela. Ontiretse a itshoka a ba a fetsa mophato wa botlhano. A ipolelela gore a ka se tlhole a kgona go tswelela pele ka dithuto. 10 2 Moso mongwe a rwalela ditlhako kwa TEBA go ya go batla tiro. O palame bese le Sengwelesengwe ba le mo mokgapheng o le mongwe, go batla tiro. Fa dikantoro tsa TEBA kwa Phokeng di bulwa mo mosong ke fa ba le fa kgorong. Moepo ga o ke o tlala. Ba ne ba thapiwa. Ba itlhophela go dira kwa tlase ka ba ne ba utlwile go twe fa o dira kwa 15 tlase o e olela ka kokoro. Sejanaga sa moepo se ba se bitsang ntorontoro sa ba rwalela kwa moepong. Bapalami botlhe ba ne ba emeletse ka dinao mme go bonala ditlhogwana tsa bona tse di tlhageletseng mo diphatlheng. Ntorontoro nngwe le nngwe e tsamaya le lephodisa le le bulelang bapalami fa ba palama kgotsa ba fologa. Ga 20 twe batho fa ba palame ntorontoro ba tsenwa ke mowa wa go roga mongwe le mongwe le ena mokgweetsi tota. 3 Ontiretse le Sengwelesengwe ba gorogile kwa moepong jaaka setlhare se se medileng mo sekakeng. Ba etelelwa pele ke lephodisa la moepo. Ba tsenngwa mo go nngwe ya diphaposi tsa dipati tse ditala. Ka fa gare 25 ga phaposi eo, go ne go le rre mongwe yo o neng a ba laela gore mongwe le mongwe a itseele sejana sa aluminiamo le materase o motala. Mo mosong wa le le latelang ka ura ya boraro ga ragiwa mapai. Ka nako e, go ne go tlhanasela e le semphete ke go fete. Phaposi ya bojelo e ne e tletse e rile thi! Ba fetile ditlhotshwanatlhotshwana di 30 theogetse, go lela garawe. Ka ura ya boraro tiro ya fela. 4 Ba boela komponeng ba goga dinao e kete ba gapeletswa ke mongwe go tsamaya. Ontiretse wa teng a fufuletswe le ditlhako. A palama mo godimo ga bolao a re o rola ditlhako, a ela ruri. Sengwelesengwe o sa le a re o kgwa mowa, owaii! A kgakgamolola dithaba. Letheka le opa e 35 kete mongwe o ne a mo otla dinoka ka motshe. Mo mosong wa le le latelang ba kgaoganngwa. Ba goroga fa ba neng ba tshwanetse go dira gona. Nako ya gana go suta. Motsotso mongwe le mongwe e kete ke ura. Sengwelesengwe le ena a le mo dinakeng tsa kukama. Pelo nngwe ya re a ineye naga. O tlaa tswa kae a sa itse tsela? Ngwana yo o sa 40 leleng o swela tharing. A itirela boikuelo mo go moetapele wa bona. Sampoko a gana tsona tse. Bokete jo Sengwelesengwe a neng a le mo go bona, Ontiretse le ena o ne a le mo go bona. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2018 NSC 5 Mosimane a ipofa lebanta gangwe le gape. Mo mosong wa le le latelang basimane bao ba tswa ka kgoro ya kompone. Ba sa 45 gadime kwa morago gonne ba ne ba tshaba go fetoga thaba ya letswai jaaka mosadi wa ga Lota. Ontiretse a itshoka. Bokete bole ba tiro a bo tlwaela. Fa morago ga ngwaga a ntse a dira a romelwa kwa sekolong sa boapeelo. O dutse koo dikgwedi di le tharo. O boile koo a rupisitswe e le moeteledipele. A tlhaga a 50 filwe oborolo e tshweu, kokoro e tshweu le ditlhako tsa teng. A simolola go supa ka monwana. Tiro ya moepo ya mo natefalela. 6 O ne a gorogile mo dingwageng tsa go gorosa. A gorosa kwa ntle ga mathata ape. A aga hebehebe ya ntlo. Batho ba simolola 55 go mo leba ka matlho a e seng a keleletsomasego. Letlhogonolo ga se lebelo. A kokoanya khumo ya gagwe a iketlile. A rapela fela gore tiro ya gagwe e se ka ya fela a ise a kgobokanye. Tiro ya moepo ke e nngwe ya ditiro tse di neng di sa sireletsega ka gore modiri a ka kobiwa nako nngwe le nngwe mme a tlhoke 60 kwa a neng a ka lelela gona. [E nopotswe go tswa go Molaetsa, SS Mokua] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Ontiretse le Sengwelesengwe ba ne ba dira kwa: A Sekolong B Bophodiseng C Rasimone D Moepong (1) 1.1.2 Ontiretse o tsalana jang le morwa wa ga malomaagwe? (1) 1.1.3 Naya dintlha di le PEDI tse di tlhotlheleditseng Ontiretse go ya go senka tiro morago ga go fetsa mophato wa botlhano. (4) 1.1.4 Tiro ya kwa meepong e tlhoka batho ba ba ntseng jang? (2) 1.1.5 A Ontiretse le Sengwelesengwe ke diyathoteng di bapile? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.6 A Ontiretse ke sekao sa tlhagiso e e reng 'moremogolo go betlwa wa taola wa motho o a ipetla'? (Temana ya 1) Tshegetsa karabo ka lebaka. (2) 1.1.7 Ke maitsholo afe a a sa eletsegeng a a fitlhelwang mo bathong fa ba palame ntorontoro ba le setlhotshwana. (Temana 2) (2) 1.1.8 Tlhalosa se se kaiwang fa go twe 'Ontiretse le Sengwelesengwe ba gorogile kwa meepong jaaka setlhare se se medileng mo sekakeng'? (Temana ya 3) (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2018 NSC 1.1.9 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore Sengwelesengwe o ne a itela kwa moetapeleng wa gagwe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.10 Go itshoka ga ga Ontiretse, go mo tswetse mosola jang kwa tirong? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.11 A o ka itumelela go bona tiro kwa meepong? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.2 SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. [Sunday Times, Lwetse 2015] 1.2.1 Tiragalo e e mo go SETLHWANGWA B e tlhotlhelediwa ke eng? (2) 1.2.2 Tiro e e tlhagisitsweng mo go SETLHANGWA A e farologana jang le e e mo go SETLHANGWA B? Naya dipharologano di le pedi. (4) 1.2.3 Go ya ka wena a tiro e e diriwang ke monna yo o mo setshwantshong e ka fetola botshelo jwa gagwe? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2018 NSC KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E tlhagisa dintlha ka ga maitsholo a badiredipuso. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: 1. Sobokanya o dirisa mafoko a gago, mme o sa latlhe bokao jwa temana, ka go tlhagisa dintlha di le SUPA ka ga kaedi ya maitsholo a badiredipuso. 2. Kwala ka temana. 3. Boleele bo se fete mafoko a a 90. 4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. 5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. SETLHANGWA C KAEDI YA MAITSHOLO A BADIREDIPUSO Badiredipuso ke bathapiwa ba puso bao go wa le go tsoga ga bona e leng go direla setšhaba. Badiredipuso ba na le melawana e ba tshwanetseng go itshola ka yona mo bodireding jwa bona gore mo pusong go se nne kwa ga Mmegaampone. Kaedi e ya maitsholo e dirisiwa go kaela badiri ka se se solofetsweng mo go bona mabapi le maitsholo a mantle; e ka nna mo bojosing jwa bona kgotsa mo botsalanong le ba bangwe. Melawana e ya maitsholo e rotloetsa bodiredi jo bo tlhwatlhwagodimo gape e thusa ka netefatso ya go itshepa mo badiredipusong. Go solofetswe gore badiredipuso le bakhuduthamaga ba Kgotlapeomolao ba itshole ka mokgwa mongwe o o tlhaolegileng. Badiredipuso ba dirisana ka sebona gape ba dirisana le setšhaba. Bodiredi le botsalano jwa badiredipuso bo beilwe leitlho le lentšhotšho le go atlholwa ke bathapi le setšhaba. Ba tshwanetse go dirisana ka botlalo go atolosa dikgatlhego tsa setšhaba. Ka tsamaiso ya ditheo, ga go na setheo se se se nang molaodi. Badiredipuso le bona ba na le batho bao ba ba tlhaoletsweng go ba tsamaisa mme ba tshwanetse go diragatsa ditaelo tse ba di neilweng ka fa molaong e bile di sa thulane le Molaotheo ka gope. Ga go modiri ope yo o nang le tetla ya go dirisa thata ya gagwe go tlhotlheletsa badiri ba bangwe kana go ba gatelela ka mokgwa mongwe. Ga go mokgoro o o sa neleng, ka jalo badiredipuso ba na le tšhono ya go tlhagisa dilelo tsa bona ka tsela e e maleba le kwa kemeding e e maleba. Ba ineele go godisa, go rotloetsa badiri-ka-bona le go nna le botsalano jo bo se nang selabe. Ba iphape mo ditirong tsa mekgatlho ya sepolotiki ka nako ya tiro le kwa tirong. Ba dirisane le ba bangwe ntle le kgobelelo. Ngwana yo o sa utlweng molao wa batsadi o tlaa utlwa wa manong. [E fetoletswe go tswa go NewsLetter dlg & hs] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2018 NSC KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka phasalatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA D Daniëlskuil Kuruman Khatu Postmasburg 3 Diphalane 2016 4 Diphalane 2016 5 Diphalane 2016 6 Diphalane 2016 Tlhakalatlou Holo ya Toropo Holo ya Motse Holo ya Toropo Holo ya Motse wa Sishen Tlaya o tle go utlwa se o tlhokang go se itse ka ga:  Go rulaganyetsa kgwebo le tataiso  Ditlhokego tsa thuso ya matlole  Ditsela tsa go boloka le go beeletsa Re laletsa dikgwebo tsotlhe tsa bantsho le basweu, go tla NATIONAL go utlwa gore ba ka ungwelwa jang le go nna le seabe mo kgolong ya ikonomi ka B-BBEE. EMPOWERMENT www.nefcorp.co.za/www.nefbusinessplanner.co.za FUND 0861 843 633 [DFA: Laboraro, 2 Lwetse 2016] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Lefoko 'B-BBEE', mo phasalatsong e ke sekao sa … A thipo ya leina. B khutshwafatso. C akeronimi. D mopeleto wa leina. (1) 3.2 Pitso e e mo phasalatsong e goeleditswe ke setlamo sefe? (1) 3.3 A pitso e, e laleditse dikgwebo tsa batho ba merafe yotlhe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 8 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2018 NSC 3.4 Lefoko 'thuso' le dirisitswe jang mo phasalatsong? (1) 3.5 Fetolela polelo e e latelang mo bontsing: (1) 'Tlaya o tle go utlwa se o tlhokang go se itse …' 3.6 Go ya ka wena, a pitso e e tlaa dira gore dikgwebo tsa balalediwa di atlege? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 3.7 Ke bokao bofe jo bo senolwang ke lee mo teng ga sentlhaga jaaka go tlhagelela mo phasalatsong? (2) [10] POTSO 4 Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA E DIRITBATSI KGWEETSA O GO REKISIWA FETE! A O KA RATA GO KHOKHEINE TLHAKANYA SEO LE THIKI RRA? NYAOPE THIKI MATEKWANE O AMOGETSWE [Sowetan, Laboraro Seetebosigo 15 2016] 4.1 Khathunu e, e bua ka ga eng? (1) 4.2 Nopola sekao sa tlhalosi ya kopanelo go tswa mo khathunung. (1) 4.3 Tlhagiso e e reng, 'KGWEETSA O FETE!' e mo modirisong ofe? (1) 4.4 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Ke seritibatsi sefe se se tlhagelelang mo khathunung se se tshwaetsang batho le fa ba sa se dirise? A Motsoko B Nyaope C Thiki D Khokheine (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 9 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2018 NSC 4.5 A e ka nna nnete fa go twe mokhathunu o senola bareki e le ba bong bo le bongwe fela? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 4.6 A go molemo gore motsadi a tle le ngwana mo lefelong le, jaaka rre yo o tlhagelelang mo khathunung? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 4.7 Goreng koloi e eme gaufi le letlhabaphefo? (2) [10] POTSO 5 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA F 1 Moselekatse o ne a ralala naga yotlhe ya Aforikaborwa, a bolaya, a phatlalatsa e bile a ikgapela. Batlhabani ba gagwe ba ba pelodithata ba ne ba le bantsho ba fifetse e ka re ba itshasitse tsholo. E ne e re fa letsatsi le thusumela, ga bo go utlwala selelo sa ngwana le sa mosadi. Marumo a ne a ja motho, motho a wela kwa. Madi a pumpunyega jaaka metsi a motswedi, 5 dipula di nele, e le diphororo. E re fa go le makgaphilakgaphila jaana selelo se khurumetse motse otlhe. Ba ba lesego ba ba neng ba tle ba falole ditlhaselo ba ne ba siela mo dikgageng, ba fete ba ithe golwe, ba etse dipela di bone ntšwa. Madi a ne a tlalatlala le naga, tlhaga e tlhoka go talafala, mme e hibila ka madi a bana ba batho. 10 2 Manong a maphatshwa a ne a phaphasela mo godimo ga loapi a lebile dinama tsa ditoto tsa batho. Bophokojwe le bophiri ba ne ba ja ba bo ba itlhoboge. Dikgomo tse tota e ne e le tsona tse di lotlhanyang ditšhaba, di ne di gapiwa pele, di isiwa kwa go thibeletsweng teng. Dintwa tsa maloba di ne di le setlhogo, e bile di le thata. 15 [E rulagantswe go tswa go Lehufa le lwa le thuto, SA Moroke] 5.1 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng mo go mola 1 go nna tirwa. (1) 5.2 Kgaoganya leinatswako le le thaletsweng mo go mola 2 ka dipopego tsa puo (dikarolopuo) tse le bopilweng ka tsona. (2) 5.3 Bopa leetsi ka lefoko le le ntshofaditsweng mo go mola 3. (1) 5.4 Kwala lekaelagongwe la lefoko le le ntshofaditsweng mo go mola 7. (1) 5.5 Fetolela polelo e e thaletsweng mo go mela 7 le 8 go nna ya pakatlang. (1) 5.6 Nopola polelwanakutu ya polelo e e thaletsweng mo go mela 7 le 8. (1) 5.7 Fetolela leina le le thaletsweng mo go mola 12 mo bongweng o bo o le dirise jaaka sedirwa mo polelong e o e itlhametseng. (2) 5.8 Polelo e e ntshofaditsweng mo go mela 14 le 15 ke ya mofuta ofe? (1) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE: 70 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana HL

View all