Skip to content

Setswana HL Grade 12 Paper 2 NSC June 2018 Memo

MemorandumSetswana HLGrade 12201822 pages

Grade 12 Setswana HL Paper 2 memorandum from the NSC June Exam 2018, 22 pages. Read online or get the free PDF download, question paper linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

NSC June Exam 2018

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA BOBEDI (P2) 2018 MEMORANTAMO MADUO: 80 Pampiri e, e na le ditsebe di le 22. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 2 DBE/2018 SCE – Memorantamo KAROLO YA A: POKO MABOKO A SETSWANA – MK Mothoagae POTSO 1: POTSO YA TLHAMO ELA TLHOKO: Mo tlhamong ya motlhatlhojwa go tshwanetse ga akarediwa dintlha tse di fa tlase. Go tlaa dirisiwa ruboriki ya maduo a a kana ka 10 go tshwaya tlhamo ya motlhatlhojwa. 'SELELO SA MOOPA' – GK Setou • Mmoki o mo kutlobotlhokong ka ntlha ya fa e le khutsana, mme a le esi. O ipotsa gore o leofetse Mmopi ka eng gore a mo tlhokise bana jaaka basadi ba bangwe. O ikotlhaela gobo a kopane le monna yo a sa kgoneng go mo tshodisa bana. • O utlwisiwa botlhoko ke gore o tlhola a ntsheditse batho dimpho, mme ena go se yo a mo fang tsona ka ntlha ya fa a sa kgone go bona bana. • Batho ba na le bana ba ba ba romang, mme ena o tshwanelwa ke go itirela sengwe le sengwe. O ngongoregela gore ka ntlha ya go tlhoka bana, ga a gole, o nnela ngwana ruri. • Fa a gola, o ne a na le ditoro, a ipona a na le bana. O santse a eletsa go nna le bana, mme se se tlisa kutlobotlhoko gonne ga go kgonagale gore a itibole. • Ga a bolo go batla thuso mo dingakeng tsa Setswana go leka go ka ima, fela ga retela. Fa basadi ba bangwe ba na le bana go bontsha bosadi ba bona, ena ga a na sepe se a se supang. • Se se mo utlwisang botlhoko le go feta, ke gore fa a lelela mo bathong go kopa thuso, ga go yo a mo reetsang. Batho ba ne ba mo felela pelo ka ba re o a ba tshwenya, e bile o ba senyetsa boroko ka ba batla go ikutlwelela. • Mmoki o utlwile botlhoko, mme fela kutlobotlhoko ya gagwe ga e bonale mo sefatlhegong. O bona fa e kete ga a na mosola ope e bile go botoka fa a ka bo a ipolaile, ka botlhokwa jwa go nna mme e le go tshola ngwana. O bona e se motho wa sepe ka ntlha ya fa a tlhoka thari. [10] POTSO 2: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE 'LENTSWE LA MOLEDI' – LD Raditladi 2.1 Ngongorego ya mmoki mabapi le go sa tsewe tsia/go nyadiwa. (2) 2.2 Maikutlo a kutlobotlhoko - ka ntlha ya fa a nyadiwa e bile a sa bonwe ka sepe. (2) 2.3 Tshwantshanyo - Go tshwantshanya dilo tse pedi tse di tshwanang ka bokao jaaka puo e tshwantshanngwa le metsi a a sa eleleng go bontsha fa puo ya moledi e se na mosola gonne e sa utlwale. (2) 2.4 Poeletsomodumo - go utlwatsa molodi/modumo o o rileng mo lebokong ka go boeletsa tumammogo 'f' go tlhagisa bokao jwa bofofu jo bo tseneletseng jwa go sa kgone go bona sepe, mme go itirelwa fela. (2) 2.5 Motho o tshwanetse go reediwa fa a na le sengwe se a batlang go thusiwa ka sona re sa lebelela maemo a a leng mo go ona. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 3 DBE/2018 SCE – Memorantamo POTSO 3: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE 'BATHAI BA NKWE' – RD Molefe 3.1 Mokgwa wa go thaisa nkwe. (2) 3.2 Okoteifi ke karolo ya ntlha ya leboko ya melarobedi. (1) Sesetete ke karolo ya bofelo ya leboko ya melathataro. (1) 3.3 Tlogelo - ya le mo go 'leoto' go nna 'oto' go tlisa go kibakibela ka bonako ga mola wa leboko/go utlwatsa lebelo la serai jaaka se koafatsa 'leoto' la nkwe gore re ikutlwe re e tlhomogela pelo.. (2) 3.4 Mothofatso – Nkwe e neilwe maikutlo a setho a go kama go supa bogale jo e tlaa bong e tlhasela le go ngapa ka jona. (2) 3.5 Go na le dilo mo botshelong tse o tshwanetseng go di dira ka kelotlhoko/Fa o thaisa nkwe o tshwanetse go nna kelotlhoko (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [10] POTSO 4: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE 'LOSO' – MD Mothoagae 4.1 Bosetlhogo jwa loso. (2) 4.2 Maikutlo a kutlobotlhoko – Ka ntlha ya ditlamorago tse di setlhogo tse di tlisiwang ke loso. (2) 4.3 Tshwantshanyo – Go tshwantshanya dilo tse pedi tse di tshwanang ka bokao jaaka go tshwantshanya maano a batlhalefi le metsi a sebataolo go bontsha gore ga go sepe se se ka thibelang loso. (2) 4.4 Neeletsano - go golaganya mela e mebedi ntle le go dirisa lekopanyi. (2) 4.5 Ga go kwa re ka tshabelang loso gona/loso ga lo tlhaole/loso lo setlhogo. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [10] MELODI YA POKO – RM Ramagoshi POKO E E TLHAOTSWENG POTSO 5: POTSO YA TLHAMO 'LEREBANA WA LETLALEANYA' – FS Khunou • Mmoki o lopa gore a reediwe ka a batla go tshwaela ka ga tshotlego ya gagwe kwa gaabo rraagwe jaaka fa monyala-mmaagwe e se rraagwe. • O kaya fa a batla go duma jaaka kgwanyape le pula ya dikgadima gore puo ya gagwe e utlwagale sentle. • Ga a bolo go didimala, jaanong o ititeile mafatlha, mme o batla go lela Sekgatla. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 4 DBE/2018 SCE – Memorantamo • Mmoki o kaya fa a gakaletswe ke batho. Ba mmolelela dilo di gana go fela, gore ga ba mmatle mo lapeng la bona ka a sa nkgisane lesika nabo. • A re o a kobiwa ga twe a ye gaabo. O lopa bomalomaagwe go mo thusa gonne loso lwa ga mmaagwe lo mo leretse mathata. • Lo mo tletse ka matsapa a a seng kana ka sepe gonne go buiwa puophaa, mme go se sepe se a se fitlhelwang tebang le go tsholwa ga gagwe. • Mmoki o bolelelwa dikgang tse di sa jeseng diwelang mo matlhong. • Borakgadiagwe ba a mo ila. Ba mmolelela fa kwa gaabo e se mo Kgatleng, mme e le kwa Botswana kwa Kgalagadi. • O bidiwa ka maina a batho basele ba a itseng a sa sikane nabo. • Mmoki o nagana go sia mo lapeng. O ipotsa gore a o tlaa bo a dirile sentle fa a ka ipha naga. • O kaya gore fa mmaagwe a tlhokafala o ne a mo laela gore a sale a tlhokometse bomonnawe mo khularong ya gagwe • Ka ntlha ya lebaka le, o ikana gore bogolo a itshokele mathata a a lebaneng nao go na le gore a tlole lefoko la moswi. [10] POTSO 6: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE 'AFORIKABORWA YO MOŠWA' – MO Molamu 6.1 Boikuelo jwa kagiso mo Aforikaborwa o mošwa o o senngwang ke batho. (2) 6.2 Maikutlo a kutlobotlhoko - ka ntlha ya gore bana ba fetogile dikhutsana, mme basadi bona ba fetogile batlholagadi gonne ba latlhegetswe ke balekane ba bona. (2) 6.3 Mothofatso - go dirisitswe leemedi la motho 'wena' go kaya ka moo lekgarejwana le leng mabonomantle ka gona. (2) 6.4 Tlogelo - ya le mo go 'lerumo' go nna 'rumo' go tlisa go kibakibela ka bonako ga mola wa leboko. (2) 6.5 Ntwakgolo ke ya molomo/Ntwa ga e age motse/Re tshwanetse go nna le botho, mme re dirisane mmogo. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [10] POTSO 7: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE 'BOTSOFE' – LD Raditladi 7.1 Go felelwa ke maatla ga batho fa ba setse ba godile/tsofetse. Manokonoko a a nnang teng fa batho ba tsofetse. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 7.2 Okoteifi ke karolo ya ntlha ya leboko ya melarobedi. (1) Sesetete ke karolo ya bofelo ya leboko ya melathataro. (1) 7.3 Tlogelo - ya di mo go 'dithaka' go nna 'thaka' go tlisa go kibakibela ka bonako ga mola wa leboko/go oketsa lebelo la moribo le moretheto wa molatheto. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 5 DBE/2018 SCE – Memorantamo 7.4 Tshwantshanyo – Go tshwantshanya dilo tse pedi tse di tshwanang ka bokao jaaka bosweu jwa meriri bo tshwantshanngwa le jwa mašwi go bontsha ka fa meriri e fetogileng mmala ka gona. (2) 7.5 Botsofe fa bo tsene bo tlisa tshwanologo le go sa iketlang mo mebeleng ya bagodi. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [10] POTSO 8: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE 'MENOMASWEU POLAYA E TSHEGA' – FS Khunou 8.1 Bolwetse jo bo bolayang batho bo sa bontshe. (2) 8.2 Maikutlo a kutlobotlhoko – Ka ntlha ya selo se se bolaileng ntsalaa mmoki. (2) 8.3 Tshwantshiso - gore mmuisi a tlhaloganye bonolo ka go tshwantshanya dilo tse pedi go utlwatsa bogale jwa menomasweu a a go bolayang a tshega nao. (2) 8.4 Pheteletso - go tlhalosa bontsintsi jo bo neng bo tlile go fitlha ntsalagwe. (2) 8.5 Go itlhokomela kgatlhanong le selo se se bolayang batho se sa bontshe. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [10] POKO E E SA TLHAOLWANG POTSO 9: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE 'MOTHO' – A Mogorosi le ba bangwe 9.1 Go tlhoka botshepegi le nnete ga motho. (2) 9.2 Maikutlo a kutlobotlhoko – ka ntlha ya bonkgate ke tlhaname jwa motho/ Motho ga a tshepagale, ga a itsiwe e se naga. (2) 9.3 Neeletsano - go golaganya mela e mebedi ntle le go dirisa lekopanyi. (2) 9.4 Tshwantshanyo – Go tshwantshanya dilo tse pedi tse di tshwanang ka bokao jaaka ba tshwantshanya mokgwa o ba itayang ka ona le wa sethunya. (2) 9.5 Motho ga a itsiwe e se naga/motho o fetogafetoga bonolo/ga a ikanyege. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 6 DBE/2018 SCE – Memorantamo KAROLO YA B: PADI POTSO 10: POTSO YA TLHAMO ELA TLHOKO: Mo tlhamong ya motlhatlhojwa go tshwanetse ga akarediwa dintlha tse di fa tlase. Go tlaa dirisiwa ruboriki ya maduo a a kana ka 25 go tshwaya tiro ya motlhatlhojwa. LEBA SEIPONE – K Kgatea • Poloto ya Leba Seipone e simolola fa Motswagauteng a romelwa jaaka sephuthelwana kwa Motsitlane ka gore e ne e le moila gore mothomosweu a nne le ngwana le mothomontsho. Gokatweng o ne a tshaba gore mosadi wa ga Jankie a ka bolawa ke pelo fa a ka utlwa gore monna wa gagwe o na le ngwana le Gokatweng, ka a ne a tshwerwe ke bolwetse jwa pelo. • Kwa Motsitlane, Motswagauteng o godisiwa ke Puso le Ijelele ka gore e le ngwana wa morwadiabona, Gokatweng. Puso o tshwaela Motswagauteng bontlhanngwe jwa leruo la gagwe ka a ne a le tlhokomela ka go le disa. • Mosala, malomaagwe Motswagauteng o a mo sotla le go mo tseela leruo le a le tshwaetsweng ke Puso, a kaya fa e le ena mojaboswa. • Motswagauteng o utlwalelwa ke pogiso ya ga Mosala, mme se se etegediwa ke go timela ga Mmadinakana. Mosala o teketa Motswagauteng le go mo leleka gore a se ka a boela gae a sa bona Mmadinakana. • Ga a bone podi, mme o inaya naga, go katoga pogiso le tshotlo ya ga Mosala. • Serame se a mo wela le tlala e a mo utlwalela, mme o feleletsa a idibetse. Fa a thanya o iphitlhela a le kwa ga Mokwepa yo o tumileng ka go retla batho. • Mosadi yo o laetsweng go tlhokomela Motswagauteng o lemoga ka go itlhalosa ga ga gagwe gore ke ngwana wa gagwe. • O mo rwesa keetane mo thamong go mo lemosa ka kgolagano ya gagwe le batsadi ba gagwe. • O falodisa Motswagauteng ka mojako wa sephiri gonne a sa batle ngwana wa gagwe a retlwa. • Motswagauteng o goroga kwa Foreiborogo kwa a itsalanyang le Kabo morago ga go lemoga gore basimane ba bagolo ba a mo dipisa fa a tshwanetse go pegela batho dithoto. • Motswagauteng o bontsha mapodisi tsotsi e e phamoletseng mosadimogolo wa mosweu sekgwama, mme batho ba Foreiborogo ba tlhasela le go teketa Motswagauteng ba re o itira mpimpi ya mapodisi. • O amogelwa kwa bookelong botshelo jwa gagwe bo tshwere ka tlhale, mme fa a nna botoka o tshwenngwa ke go bowabowa ga lepodisa le a le boneng kwa ga Mokwepa. Motswagauteng o a ngweega, go katoga bookelo ka bonako. • Kwa Gauteng, Motswagauteng o tshaba kwa ga Alberto le Salamina ka a bone Salamina a mmeola, mme a rekisetsa Sedupe moriri wa gagwe. • O reka motšhini o a o dirisetsang go beola meriri ya Matata a a neng a a atswa ka sengwenyana fa a setse a tswa go rekisa meriri ya ona. • Motswagauteng o tshaba mo Johaneseborogo le go leba Rodipoto morago ga go kopana le mosadi wa montsho a tsamaya le ngwana wa mosimane yo o tshwanang nae. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 7 DBE/2018 SCE – Memorantamo • Moeka o wela tsela go leba ntlheng ya Rodipoto ka a sia boAlberto. O tsena sekolo sa bosigo le go falola ka dinaledi ka ntlha ya thotloetso go tswa go Sepoko. • Babegadikgang ba batla Motswagauteng jaaka sepele morago ga go falola ga gagwe, mme moeka o phuthaphutha di tsa gagwe le go tswa ka Rodipoto. • O goroga mo Keriisetoropo, mme o kopana le mosadi yo tsotsi e neng ya mo phamolela sekgwama. Kobbie Swanepoel o lemoga fa Rasta e le Motswagauteng, ngwana wa ga Gokatweng, yo a sa bolong go mmatla. • Mmasepanapodi le Motswagauteng ba leba Foreiborogo kwa a tseelwang pasa ka sefane sa Swanepoel gore a tle a kgone go amogelwa kwa sekolosegolo sa Foreiborogo. • Kwa sekolong, mosimane yo mongwe o kgoromeletsa Motswagauteng mo go Sarkie. Se, se tsosa ntwa e e matlhomahibidu magareng ga basimane ba basweu le ba bantsho. • Mokwepa le lekoko la gagwe ba a tshwarwa, mme ba a seka. Gokatweng e nna paki ya mmuso. • Kwa kgotlatshekelo Motswagauteng o itse mmaagwe lwa ntlha mo botshelong jwa gagwe. [25] KGOTSA POTSO 11: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE LEBA SEIPONE – K Kgatea 11.1 Motsitlane. (1) 11.2 Gokatweng le Jankie. (2) 11.3 Ka gonne o ne a se na fa a ka se bayang gona ka a ne a se na legae. (2) 11.4 Se thusitse Motswagauteng go kgona go lebagana le dikgwetlho tsa botshelo, o ne a ikamogela le go rata motho yo a mmonang mo seiponeng, gonne go se ope yo o mo gaisang. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 11.5 Mosala o ne a teketa Motswagauteng morago ga go timela ga Mmadinakana. (2) 11.6 Thuto ya ga Ijelele e thibetse Motswagauteng gore a se ka a ipolaya, le go mo tiisa gore a rate botshelo le go itsaya jaaka a ntse gonne a sa batle go ipona a poka. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 11.7 Ditiragalo tsa padi di ka bo di phutlhame/gongwe ditiragalo di ne di ka tsaya letlhakore le lengwe. (2) 11.8 Motho yo moleele. Dimpa tse di legaba. (2) 11.9 O lemoga fa botshelo jwa gagwe bo le mo kotsing, a tlile go dirwa leswalo. O ne a lemoga fa a ka dira kgwebo ka meriri ya gagwe/ya batho ba ba tshwanang nae. (4) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 8 DBE/2018 SCE – Memorantamo 11.10 Go ne ga sala go le gonnye gore pelo ya ga Motswagauteng e eme, mme a thubega ka selelo jaaka mosadimogolo Ijelele a mo rutile. (2) 11.11 Ke ne ke ka tlogela tiro ka ya go batla tiro gosele/ke ne ke ka itsise mosadi wa gagwe. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 11.12 Ke mosekaphofu ya gaabo yo o sa tshabeng go swa lentswe/manong a ja ka ditshika/seboba re bata sa mokwatla sa mpa re a mpampetsa. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) [25] KGOTSA POTSO 12: POTSO YA TLHAMO OMPHILE UMPHI MODISE – DPS Monyaise • Poloto ya Omphile Umphi Modise e simolola ka lefufa le le neng la tsalega gareng ga Motlalepule le basetsana ba ba neng ba dira le ena kwa femeng ya mesese mo Dornfontein ka ntlha ya fa a ne a se na mokaulengwe, mme moso le moso a phakelela tirong, maitseboa a mangwe le a mangwe a boela gae. • Go tswa kwa Dornfontein Motlalepule o wela mo seraing se sengwe. Thandi o fufegela Motlalepule ka ntlha ya bontle jwa gagwe, mme o mo logela leano. • Ka matlhajana, Thandi o laletsa Motlalepule mo phaposing ya gagwe, lebaka e le gore o a itse gore go na le lekau la tedu tsa katse le a le rulagantseng. • Thandi o naya Motlalepule mogodungwana o o nang le seritibatsi se se robatsang gore lekau la tedu tsa katse le kgone go itirela boithatelo ka ena go sena matsapa ape. • Ka ntlha ya thulaganyo e ya ga Thandi, Motlalepule o feleletsa a imile ka mokgwa o o sa tlhaloganyegeng morago ga tiragalo ya letsatsi leo. Motlalepule o belega ngwana wa mosimane, mme o mo naya leina la Omphile go kaya gore o mo filwe ke Modimo. • Ka ntlha ya go tlhoka le go boifa go ya go tlhabisa batsadi ditlhong ka lesea le a le tshotseng, o tsaya tshwetso ya go isa Omphile kwa Olanti, kwa kgodisetsong. Maikaelelo e le go tlaa bowa a tla go tsaya Omphile fa dilo tsotlhe di siame. • Motlalepule o kopana le lekau la Thabantsho le a feleletsang a dumetse gore le mo nyale ka gore le mo lebaditse mahutsana nakonyana. Ba tshegofatswa ka ngwana wa mosetsana, mme ba mmitsa Mosidi, ka jalo Motlalepule a bidiwa MmaMosidi. • Go nna teng ga ga Mosidi ga go robatse MmaMosidi, go dira gore a se lebale morwae. • Motlalepule o simolola go ratharatha ka pelo ka ntlha ya gore a ipotsa gore a a itsise monna ka ga Omphile, mme go nne thata. • O tsena monna ka leano la gore ba ipatlele ngwana wa mosimane kwa Ikageleng, maikaelelo e le gore a tle a tlhophe Omphile fa ba ile gona, mme monna a se ka a gana. • Kwa Ikageleng a se ka a bona se a neng a se tlogetse koo, ka ntlha ya gore Omphile o ne a itseetswe ke morwadie monnamogolo Ofentse kwa Matile ka rraagwe a sa bolo go lela ka modisa. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 9 DBE/2018 SCE – Memorantamo • Mo go batleng Omphile, Motlalepule o kopana le mosadimogolo Malebela yo a mo fang tsholofelo ya gore o tlaa bona se a se batlang le fa a se kitla a itse gore ke sona. • Letsatsi lengwe fa Motlalepule a ile Matile, o bona mosimane mongwe a tshwana le morwae mo basimaneng ba ba neng ba tshameka motshameko wa lefetlho, a mo gopotsa Omphile. Se, se dira gore Motlalepule a se itlhoboge, mme a batlele pele. • Motlalepule o setse a sotlegile le go otlhega thata ka ntlha ya go batla, e bile o aga a setswe a idibetse mo tseleng. • Modise le mogatse, Matlakala, ba ya go tlhola Motlalepule ka ntlha ya gore a ne a na le kgolagano le lekgotla la Baitiredi ka mokgwa mongwe. • Mosadimogolo o mo keleka sentle lebaka e le gore a letse a mo lora. A mo tlhokomela sentle mo morago ga tsebe fa Modise a mo atametse, mme a lemoga gore ke ena Omphile yo o sa leng a pholetha le naga a mmatla. • Ka ntlha ya boitumelo le kutlobotlhoko, Motlalepule o thula botala ka tlhogo, mme o tlogela lekwalo le le senolang masaitseweng a gagwe. [25] KGOTSA POTSO 13: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE OMPHILE UMPHI MODISE – DPS Monyaise 13.1 Omphile Umphi Modise. (1) 13.2 Matlakala. (1) 13.3 O gopola mokapelo wa gagwe yo a neng a na le ena maabane. (2) 13.4 Ditiragalo tsa padi di ka bo di phutlhame/gongwe ditiragalo di ne di ka tsaya letlhakore le lengwe. (2) 13.5 Le tlhokomela le go godisa Omphile sentle, go fitlha a tsewa ke monnamogolo Ofentse go tsweledisa pele morero wa padi. (2) 13.6 Mosetsana yo mosetlhana, wa maratagolejwa. Motho wa go katoga monyo, sekgatlhabadimo. Matlho e kete a kgomo ya mmofu e jele teledimo. Matlho a go phatsimela teng e kete a geletse dikeledi. Motho wa dipounama tse di matlerebunyana. Matshweka. (Di le THARO fela.) (3) 13.7 Motlalepule a ka bo a boleletse mooki gore o batla mang gore a bone thuso ka ga Omphile/a ka bo a kopile mooki go lebelela mo dibukeng gore Omphile o abetswe mang, mme a mo latela koo. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 13.8 Go nna lefufa le bosetlhogo ga gagwe mo go Motlalepule go tlhola go betelelwa ga ga Motlalepule ke lekau la tedu tsa katse gore ditiragalo tsa padi di tswelele pele. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 10 DBE/2018 SCE – Memorantamo 13.9 Ga a ka a utlwelela se ditshikare tsa gagwe di se mmolelelang fa a lebile mogorogoro wa dikamore tsa basetsana. O tsene mo kamoreng ya ga Thandi a sa utlwane le ena, a bo a nwa mogodungwana a ntse a o utlwa o se monate, o na le monkgo o o bodilanyana. (4) 13.10 Ee - ke ne ke ka se hupa ka poifo ya gore fa nka se ntsha monna a ka ntlhala. Nnyaya - ke ne ke ka se se hupe ka tsholofelo ya gore monna a ka nthusa go batla morwa wa rona ka e bile re se na ngwana wa mosimane. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 13.11 Ke ne ke ka bua boammaaruri gore go tlile jang le go kopa boitshwarelo/ke ne ke ka inaya naga le go tlhola ke sa le beye mo sekolong seo. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 13.12 Le pelong ga le tshetse/sephiri se a bolaya. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [25] KGOTSA POTSO 14: POTSO YA TLHAMO MASEGO – G Mokae • Poloto ya Masego e simolola fa Selamolela le Kgotle ba ya go kopa gore Masego a ye go tsena sekolo kwa Sedimosang, ka ntlha ya fa a ne a le botlhale, mme ba ne ba batla go tsholetsa serodumo sa sekolo sa bona. • Kgabo Motsepe o dumelane le bona ka a ne a batla gore ngwana wa gagwe a nne le isago e e phatsimang. • Kwa sekolong o ne a fufegelwa ke barutwana ba bangwe ka a ne a ba gaisa ka botlhale mo phaposing. • Tlotlomatso ya barutabana le yona e okeditse letlhoo leo ka a ne a araba dipotso sentle. Barutwana ba ne ba mo kgoba ka mafoko, mme ba mmitsa tšheri ya ga Tšhanki. • Mo loetong lwa sekolo Sannah o mo raela go nwa bojalwa, ka ntlha ya se, o feleletsa a beteletswe. • Se, se ne sa lebisa kwa go ithwaleng ga ga Masego ka ntlha ya go robiwa leoto ke Ntsime. • Ntsime o ne a batla go dira Masego swele ka gonne a sa batle go ratana nae, e bile a gakgamadiwa ke gore Masego ke mang ena, ka ena Ntsime go se lekgarebe le le mo ganang. • Mogokgo wa sekolo sa Sedimosang o patelesega go busetsa Masego gae ka ntlha ya go ima. • Rraagwe Masego o galefa thata ka lebaka la go ima ga ga Masego, mme morago ga gore mogokgo a tsamaye, o ne a teketa Masego mo go maswe. • Masego le morwae yo o neng a mo imile ba ne ba le fa gare ga loso le botshelo ka ntlha ya kgatelelo ya madi le dikgobalo tse a neng a itemogela tsona morago ga go teketwa ke rraagwe. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 11 DBE/2018 SCE – Memorantamo • Masego o ne a tokafala mo go gakgamatsang, mme ka jalo a falola go tsenela karo e e masisi e e neng e mo lebane. • Gape o ne a tshwanelwa ke go bona ngaka kgapetsakgapetsa ka ntlha ya pholo ya gagwe. • Masego o ne a sotlega thata ka ntlha ya gore o ne a tshwanetse go tsoga mo mosong go le tsididi, e bile a patelesega go tsamaya mo lefifing go tshwara setimela se se yang kwa tirong, maitlhomo e le go direla morwae. • O ne a tshwanelwa ke go ralala motse o o kotsi wa Lakasanta, lebaka e le go isa molaetsa o o neng o tswa kwa go mongwagwe go ya go Vusi Mngoma. • Masego o ne a iphitlhela a le gareng ga dinaka tsa kukama ka ntlha ya maemo a dipolotiki tsa ba ga Lazar le Vusi Mngoma. • Se, se ne sa dira gore mapodisi a mo tshware le go mmotsolotsa dipotso. • O tlhokile lesego ka ntlha ya go latlhegelwa ke batho botlhe ba a neng a ba rata ka ntlha ya dipolotiki. • Rraagwe, Kgabo Motsepe, o ne a bolawa ka go kgwagediwa ka ntlha ya fa a ne a bolaile mosweu. Monna wa gagwe e bong Vusi Mngoma le ena o ne a bolawa ka ntlha ya dipolotiki. • Mosadi wa ntlha wa ga Vusi Mngoma o ne a mo kgoba ka mafoko ka kgopolo ya gore dithata tsa ga mogatse di tlile go jewa ke ena, mme ena a di abela bana ba ga Vusi Mngoma. [25] KGOTSA POTSO 15: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE MASEGO – G Mokae 15.1 Goabaone le Kgabo Motsepe. (2) 15.2 Ba ga Lazar. (1) 15.3 Ba ne ba siame thata mo go Masego le Sello, e bile ba ne ba tlogelela Sello madi a go ithutela pele, pele ba fudugela moseja. (2) 15.4 Go dira mo ditshingwaneng tsa maburu go oketsa madinyana a gagwe fa badiri ba bangwe ba ya go itapolosa. Go apara makgasa a a rokilweng gantsi fela gore molekane wa gagwe le bana ba apare sentle. (4) 15.5 Motho yo o pelontle, motho yo o bonolo. (2) 15.6 Ditiragalo tsa padi di ka bo di phutlhame/gongwe ditiragalo di ne di ka tsaya letlhakore le lengwe. (2) 15.7 O ne a thusa Masego ka go mmatlela tiro. (2) 15.8 O ne a na le mmele o mosesane o o tshwaregileng sentle. O ne a le mosetlhana ka mmala. (2) 15.9 O ne a simolola go sotla le go gatelela badiredi ba gagwe fa a tsofala. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 12 DBE/2018 SCE – Memorantamo 15.10 Ee - ka gore o ne a dirile tumalano le base Schalk gore a tlamele lesea la ga Lizbeth. Nnyaya - ka gore o ne a letlelela base Schalk go koba Lizbeth mo polaseng. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 15.11 Ke ne ke ka kopa go lemolola mpa eo ka gore molao o a letlelela fa o beteletswe/ke ne ke ka amogela/ke ne ke ka kopa go tlhatlhobiwa gore a ga ke a tsenwa ke malwetse a thobalano. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 15.12 Mosekaphofu ya gaabo ga a tshabe go swa lentswe/Korwe ga ke je ke bapalela tsetse. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [25] KGOTSA POTSO 16: POTSO YA TLHAMO NTLHOMOLE MMUTLWA – OM Lobelo • Poloto ya Ntlhomole Mmutlwa e thankgologa fa Kgori, rraagwe Matsetseleko a batla gore morwae a nne mojaboswa wa tiro ya gagwe ya go gotsa molelo wa kgotla kwa kgosing. • Se, se tlisiwa ke gore Kgori o ne a tlwaetse go ya le Matsetseleko kwa kgosing, a setse a mo rutile magokonyane a go gotsa molelo wa kgotla, e bile moeka a tle a tshwarelele rraagwe fa a akgilwe ke ditshwarego tse dingwe tsa lelapa. • Matsetseleko o bona maikaelelo a ga rraagwe a thulana le go kgapela kwa thoko dikeletso tsa ditoro tsa gagwe tsa go atlega ga gagwe mo botshelong. • Kgori o tshedisetsa Matsetseleko le Kelogile ka fa tlase ga molao wa tshipi gore lefoko ke la gagwe fela. • Kgodiso e e makgwakgwa ya ga Kgori e dira gore Matsetseleko a tseye tshwetso ya go ngweega mo gae, go ya go tsweletsa maikemisetso a gagwe a go atlega, kgakala le legae. • O amogelwa ka diatla tsoopedi ke Segonyamatlho yo o mmulelang pelo le ntlo ya gagwe le go mo neela sebaka sa go ikakanyetsa a ntse a thibeletse fa ga gagwe. • Matsetseleko o tswelela go thusa mo lebenkeleng la ga Segonyamatlho ka maikaelelo a go batla tiro le go ithutela pele. • Matsetseleko o feleletsa a bone tiro kwa meepong, a bo a tlhatlosiwa kwa tirong le go nna mongwe wa bagolwane ba meepo, fela ga a itumele mo moweng ka ntlha ya go sa robalelwe ke ditlhokwa ka rraagwe a tlhokafetse a bo a bolokwa a ntse a seyo. • Kwa gae Matsetseleko o a batliwa, mme Bra Boots o a tsielega le go sa mo lemoge ka ntlha ya fa a setse a fetogile, a nonne e bile a le ditetswana. • Go ya go tlhola batsadi ba ga Morongwa ga ga Segonyamatlho, go fa Matsetseleko tšhono ya go kopana le Palesa fa ba tlile dikgaisanong tsa mmino, mme o mo netefaletsa gore ba tlaa kgaoganngwa ke loso. • Palesa o feta a bolelela Kgosi Kgololo gore Matsetseleko o eletsa go boela gae, fela o boifa rraagwe le banna ba lekgotla. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 13 DBE/2018 SCE – Memorantamo • Kgosi Kgololo ga a kgone go ya moletlong wa boPalesa ka ntlha ya fa o thulana le letsatsi le legolo la kopano ya dikgosi kwa Tswaing mabapi le lenaneo la go tsenya legora la dikampa tsa motse go thibela diphologolo go senya masimo. • Kgosi Kgololo o roma Baagileng go mo ela, mme ena ga a itsise Mmathapelo gore o ya go emela kgosi kwa moletlong wa boPalesa. • Bra Boots ga a itlhoboge, mme o tswelela pele ka letsholo la go batla Matsetseleko ka ntlha ya fa a sa batle go palelwa ke sepe. • Letsapa le tlala di tshwara Bra Boots gore a tle a fapogele fa mapotokising, mme o wela mo diatleng tsa dinokwane tse di mo gobatsang le go mo tseela sejanaga. • Go sa ye tirong ga ga Matsetseleko ka sejanaga go dira gore a welwe ke madimabe a go tsewa ke dinokwane tse di gobaditseng Bra Boots. • Matsetseleko o a tshwarwa fa dinokwane tsona di balelwa le badimo, mme Segonyamatlho ka ntlha ya go mo itse, o gana nnang wa banyana gore ga a na molato. • Segonyamatlho o dira tsotlhe go golaganya Matsetseleko le bagaabo fa a sena go gololwa. • Matsetseleko o boela gae ka maikaelelo a go tsweletsa motse le morafe wa gaabo pele ka ntlha ya dithuto tse a tswang go di ithutela kwa meepong. • O tsamaya le mmaagwe go ya kwa mabitleng gore mmaagwe a kgone go mo tlhomola mmutlwa o sa leng a tsamaya ka ona o mo tlhabile. • Mmaagwe o mmolelela gore a boele gae go tla go tsweletsa pele ditoro le maikaelelo a gagwe, ka gonne motho yo o neng a mo kgoreletsa go diragatsa maikaelelo a gagwe, a sa tlhole a le teng. • Kgosi Kgololo o itsise Matsetseleko ka maikaelelo a morafe a go aga ditsela, motlakase, dipompo tsa metsi le megala ya tlhaeletsano mo motseng wa bona, ka ntlha ya fa a itse fa Matsetseleko a rata go bona tswelelopele ya morafe. • Motse wa Phiritshweu o bona ditlhabololo ka ntlha ya ga Matsetseleko le Kukama. Kwa bofelong Kgosi Kgololo o mo abela go nna Kgosi ka fa a ne a sena ngwana wa mosimane e bile a nyetse morwadie. [25] KGOTSA POTSO 17: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE NTLHOMOLE MMUTLWA – OM Lobelo 17.1 Tshetlho. (1) 17.2 Masedi. (1) 17.3 Motse wa Phiritshweu. (1) 17.4 Segonyamatlho o ne a amogela Matsetseleko kwa ga gagwe, a mo tshegetsa le go mmetlela isago e e phatsimang. (2) 17.5 Letlha la moletlo wa boPalesa le thulana le letsatsi le legolo la kopano ya dikgosi kwa Tswaing mabapi le lenaneo la go tsenya legora la dikampa tsa motse go thibela diphologolo go senya masimo. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 14 DBE/2018 SCE – Memorantamo 17.6 Thobalano e e sa sireletsegang. Balekane ba bantsi. Go ima pele ga nako. Go ipolaya ka ntlha ya go tsiediwa mo leratong. (Di le PEDI fela.) (4) 17.7 Ke ka ntlha ya gore Kgosi o ne a se na ngwana wa mosimane, mme Matsetseleko o ne a nyetse Palesa. (2) 17.8 Ditiragalo tsa padi di ka bo di phutlhame/gongwe ditiragalo di ne di ka tsaya letlhakore le lengwe. (2) 17.9 Dimpa tse dikgolo bobe. Dikhularo tse di boitshegang. Sefatlhego se se solegileng sentle, se se setlhana. (Di le PEDI fela.) (2) 17.10 Go nna tlotlo mo go Kgori go letlelela Kgori go pateletsa Matsetseleko go nna mogotsamolelo, mme se se dira gore a ngweege go letlelela morero wa padi go tswelela pele. (2) 17.11 Nnyaya - o ngweegetse Mmathapelo le go sa mo itsise fa a ya moletlong wa boPalesa/o a itse gore Palesa le Mmathapelo ke ditsala, mme fa a goroga kwa Tshwane ga a itsise Palesa ka seo, go supa fa a se na lerato la nnete. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 17.12 Ke ne ke ka kopa balosika go tla go mo tlhalosetsa ka ga maikaelelo a me. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 17.13 Go tshepana ga batho go ka tokafatsa matshelo/ga se ka nako tsotlhe batho ba leng bosula, go na le batho ba ba ikanyegang, ba ba ratang go tshologa ba bangwe mokgosi, go bona ba bangwe ba tswelela pele. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [25] POTSO 18: POTSO YA TLHAMO DITLHANGWA TSA SETSO – G Leeuw le ba bangwe ELA TLHOKO: Mo tlhamong ya motlhatlhojwa go tshwanetse ga akarediwa dintlha tse di fa tlase. Go tlaa dirisiwa ruboriki ya maduo a a kana ka 25 go tshwaya tiro ya motlhatlhojwa. 'TLHOLEGO YA MORAFE WA BATLHAPING' – CL Thobega 'BATLHAPING BA KGOTLA OORRAMAIDI ' – PC Mooa • Naane le leboko di tlhalosa ka morafe wa Batlhaping go senola gore ke batho ba le bangwe fela. • Mo lebokong, pharologano ke gore morafe wa Batlhaping o itlhagisa o le wa Kgotla yoorraMaidi. E le bana ba ga Maidi-a-kgatsele, ba ga Mothibi le Maidi. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 15 DBE/2018 SCE – Memorantamo • Naane e tlhagisa Barolong ba ga Kgosi Mamae, ba ka ntlha ya botshwakga jwa ga Phuduhudu, yo o neng a tseelwa boswa jwa nkwe ke Phuduhutswana, mme a nna Kgosi ya Batlhaping. • Batlhaping ba ba tlhagelelang ba, ke Barolong ba ba fetogetseng go nna Batlhaping ka ntlha ya kgaogano e e nnileng teng. • Go ka kaya gore Batlhaping ba ga Phuduhutswana ke bona Batlhaping ba Kgotla yoorraMaidi ka ba ne ba ya go nna gaufi le Noka e Tshetlha. • Fa ba le koo ke fa ba ikaya e le beng ba Noka e Tshetlha. • Ka jalo ke batho ba le bangwe ka gore naane le leboko di tlhagisa fa boobabedi ba ne ba nna kwa Nokeng e Tshetlha, e bile ba ana tlhapi. • Fa Batlhaping ba ga Phuduhutswana ba le kwa Nokeng e Tshetlha, Tau, Kgosi ya Barolong, mogolowabona a ba lopa go boela maropeng, mme Phuduhutswana le morafe ba boela kwa Taung ka pilediwa e lwelwa. • Phuduhutswana ka botlhajana, a belaela lemepe gore ga go ne go nna le kagiso, mme ka maano a sa site, a itira yo o sa utlweng, mme a utlwa fela fa go goiwa. • Le bana ba ga Phuduhutswana ba totobaletsa batho gore rraabona ga a utlwe, o utlwa fela fa go goiwa. • Kwa kgotla Barolong ba ga Tau ba seba ka Batlhaping gore ke dirukhutlhi tse di ganang go utlwa, tse di tshwanetseng go kabololwa ditsebe. Ba ikaelela go ba dika bosigo le go ba tlhasela. • Ka ntlha ya go itira yo o sa utlweng, Phuduhutswana a bo a ba utlwile, mme ka kwa gaaboboi go sa lelwe, a bolelela bana ba gagwe gore ba ineye naga, ba tshabe. • Ba ga Tau fa ba re ba tlile go ba tlhasela, ba fitlhela ba ineile naga, mme ba ba tsaya ka motlhala le go ba fitlhela mo dikgageng tsa motse wa Kolong, ba nna le Barwa le Bakgothu. • Ka e sa latelelwe mosimeng, Batlhaping ba ne ba phatlhalatsa ba ga Tau, ba boela kwa Taung le go gapa motse wa Taung morago ga go leleka morafe wa Barolong. • Ka jalo, Tlholego ya morafe wa Batlhaping le Batlhaping ba Kgotla oorraMaidi ke morafe o le mongwe o o tlholegileng mo kgaoganong ya Barolong fa Phuduhutswana a tsaya bogosi ka ntlha ya botshwakga jwa ga Phuduhudu. • Ke Barolong-Batlhaping ba go tlhapa ka lebese, ba iphorola ka tlhoa metsi a le teng, ke batho ba le bangwe. [25] POTSO 19: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE DITLHANGWA TSA SETSO – GS Leeuw le ba bangwe NAANE: 'TLHOLEGO YA BAKGATLA BA GA KGAFELA' – CLS Thobega 19.1 Ka puso ya ga Kgafela. (1) 19.2 Setšhaba se se thata mo dintweng. (2) 19.3 E ne e le gofejane, mme o ne a na le bomogoloe ba bogosi bo neng bo ba lebane. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 16 DBE/2018 SCE – Memorantamo 19.4 Ke moipolai yo o sa lelelweng/Maraganateng a bana ba mpa ga a tsenwe/ kgori e bona lee lerapo ga e le bone. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 19.5 Ba ne ba tshaba go tshwenngwa ke Maburu. (2) Kgolagano ya Bakgatla le Bakwena ka ba kile ba namolela Bakwena mo Bangwaketseng. (2) 19.6 Dintwa tsa go lwela bogosi. (2) 19.7 Bana ba tshipa ba tsaya mmila o le mongwe fa ba kgaogana ke dira tsa megotlha/morafe wa Bakgatla o ne o faraferwe ke dintwa tsa bogosi tse di o phatlhaladitseng. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) LE LEBOKO: 'KGOSI MODISAKGOMO MOLELEKWA MABE' – FM Lesele 19.8 E gatelela le go godisa semelo sa ga Kgosi Mabe gore le fa a le monnye ka seemo, fela ka semelo o a tlotlega le go boitshega. (2) 19.9 Maikutlo a boitumelo ka a tlotlomatsa Kgosi Modisakgomo Molelekwa Mabe. (2) 19.10 O tshwana le tau le nkwe. O kana ka ntsi ya mooka/O kana ka leokotsane. O kana ka boa jwa kgomo garataro. (E le NNGWE fela.) (2) 19.11 Poapoeletso ya mafoko a a tshwanang ka bokao - go gatelela ka moo basadi ba neng ba tshaba Kgosi Modisakgomo Molelekwa Mabe ka teng. (2) 19.12 Ga go tume di melala fela, le tse dinnye di a tuma/Motho le fa a le monnye ka seemo o a tle a tlotliwe le go boifiwa ke batho ba bangwe. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [25] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 25 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 17 DBE/2018 SCE – Memorantamo KAROLO YA C: TERAMA POTSO 20: POTSO YA TLHAMO MATSAPA DI A TSAYA KAE? – SS Mokua ELA TLHOKO: Mo tlhamong ya motlhatlhojwa go tshwanetse ga akarediwa dintlha tse di fa tlase. Go tlaa dirisiwa ruboriki ya maduo a a kana ka 25 go tshwaya tlhamo ya motlhatlhojwa. • Tlhagiso e e reng Tlhapi ke moipolai yo o sa lelelweng gonne dilo a di itirile ke nnete e e ka se ganediweng ka gope. O na le seabe mo lesong la ga mogatse e bong Legae gammogo le la ga morwadie e bong Ntshidi. • Go okomela mo nkgong ga ga Tlhapi gammogo le kgodiso e e sa yeng ka tsela ya kwa gaabo ke tsona dilo tse di tlholetseng Legae leso. • Legae o tlhokafala jaana ka ntlha ya kutlobotlhoko ya go diragatsa se go tweng kgomo e gapiwa le namane, mme morago ga go dira jalo, ngwana ga a mo tshwanela. • Legae o tsaya maikarabelo otlhe a go tlamela Ntshidi le go mo rotloetsa go tsena sekolo go sa kgathalesege gore ke letlaleanya. • O tsenya Ntshidi sekolo a le esi gonne mmaagwe a ne a tlhoka tiro. Lelapa le ne le ka lala ka tlala gore fela a nne le dilo tsa sekolo tse a di tlhokang. • Morago ga go falola marematlou, Legae o bapa le setlhako fa fela a ka bona Ntshidi a tsweletse mo botshelong gonne a itse boswa jwa gompieno e le thuto, mme ka jalo a sa batle go bona morwadie a ja mantle a dithaka tsa gagwe. • Leso la ga Legae le tlholega ka ntlha ya gore mo ngwageng wa ga Ntshidi wa bofelelo kwa Yunibesithing, o salela kwa morago ka dikgwedi di le tharo. Tlhapi, Ntshidi le rraagwe Tlhapi, ba lobela Legae kgang e ya go ima ga ga Ntshidi, mme ba e rera ka boraro jwa bona. • Seno se supa go nna megagaru, go tlhoka ditebogo gammogo le maikarabelo ga ga Tlhapi, mme ke gona go tlholetseng Legae leso. • Lekwalo la ga malomaagwe mosimane le goroga fa lapeng, maikaelelo e le go ntshetsa Ntshidi bogadi. Fa Legae a santse a re o tlaa bitsa bomalomaagwe Ntshidi go amogela bogadi boemong jwa bona, Tlhapi o kaya fa bogadi bo ya go tswela kwa Mmitolente kwa gaabo e bile bo tlaa tsewa ke rraagwe gonne Ntshidi e se ngwana wa gagwe. • Kgodiso e e seng maleba ya kwa gaabo Tlhapi e na le seabe mo lesong la ga Legae. Rraagwe Tlhapi o dumelana jang le morwadie gore bogadi bo tswele kwa ga gagwe e bile e nne ena a bo tsayang ka a itse a nyadisitse morwadie. • Lebaka le, e nna botlhoko ba ntho mo go Legae gonne a godisitse Ntshidi go tlogeng mo dingwageng di le tharo, mme a mo isa sekolong a le esi, mmaagwe a se na tiro le rraagwemogolo a se na seabe sepe mo dithutong tsa gagwe, mme fa bogadi bo tla go tswa, ga bo mo tshwanele. • Legae ga a ka a ya kwa bogading jwa ga Ntshidi ka ntlha ya kutlobotlhoko le go tshaba matlho a batho, mme ka Mosupologo a ya tirong. A se ka a boela gae ka a ne a fitlhelwa kwa lefelong la baswi ka ntlha ya botlhoko jo bo neng bo mo aparetse. • Ntshidi o bolawa ke mosetsana wa morwa mo seteišeneng sa De Aar fa a tla go boloka rraagwe. Ntshidi o otlhaiwa ka ntlha ya bokgopo jwa ga mmaagwe ka a tlhokile ditebogo, mme seno se senola fa Tlhapi e le moipolai yo o sa lelelweng. [25] KGOTSA Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 18 DBE/2018 SCE – Memorantamo POTSO 21: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE MATSAPA DI A TSAYA KAE? – SS Mokua 21.1 A- Mmatšhatšhi. C - Raesebo. (2) 21.2 Kgabele o tlhokafetse, mme batsadi ba gagwe ba batla a fitlhelwe kwa gaabo ntswa a nyetswe. Raesebo o batla gore a fitlhelwe kwa setsheng sa bona gonne a mo nyetse. Maitlhomomagolo a go lwela setopo sa ga Kgabele ke ka ntlha ya fa ba kwa gaabo ba batla madi a inšorense. (3) 21.3 Ke motho yo o bosula/setlhogo/pelomaswe. (2) 21.4 Go tsweledisa pele morero ka go letlelela dithulaganyo tsotlhe tsa phitlho go dirwa go senola gore ruri mosadi ke wa ga Raesebo. (2) 21.5 Mmatšhatšhi o ne a buisana le Monyana, mme ena a mo gakolola go dumelana le Raesebo gore Kgabele a bolokelwe kwa matikiring a bona ba tle ba dirise madi otlhe mo lekaseng. (2) 21.6 Ditiragalo tsa teramakhutshwe di ka bo di phutlhame/gongwe ditiragalo di ne di ka tsaya letlhakore le lengwe. (2) 21.7 O godisa kgotlhang ka go ema mmaagwe nokeng kgatlhanong le Raesebo. (2) 21.8 Ee - ba kgonne ka ba sentse madi a diinšorense ka go reka lekase le le tlhotlhwagodimo. Nnyaya - Raesebo o ne a kgona go fitlha mogatse kwa matikiring a gagwe. (2) 21.9 Ke ne ke tlaa mo eletsa gore a tlogele bagolo go rarabolola mathata a ba lebaneng le ona. (2) 21.10 Ke ne ke tla mo tlhalosetsa gore ke mosadi wa me ka ke mo nyetse ka dikgomo le fa re ise re nyale ka mosese o mosweu. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 21.11 Ke ne ke tlaa mo itumelela gonne a na le nnete, mme a sa tseye letlhakore. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 21.12 Mosekaphofu ya gaabo ga a tshabe go swa lentswe/Selo fa e le sa gago, o tlaa dira sengwe le sengwe go se fitlhelela. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [25] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 19 DBE/2018 SCE – Memorantamo POTSO 22: POTSO YA TLHAMO GA SE LORATO – MJ Magasa ELA TLHOKO: Mo tlhamong ya motlhatlhojwa go tshwanetse ga akarediwa dintlha tse di fa tlase. Go tlaa dirisiwa ruboriki ya maduo a a kana ka 25 go tshwaya tlhamo ya motlhatlhojwa. • Motsamai ke moipolai yo o sa lelelweng gonne dilo o di itirile. O na le seabe mo go latlhegelweng ke madi a gagwe a phenšene gammogo le tshotlego e a neng a iphitlhela a le mo go yona. • O ganne go tsaya dikgakololo tsa badirammogo nae e bong Gosekwang le Lenkapere fa ba ne ba mo gakolola gore a se ka a ratana le Angeline gonne a le monnye thata mo go ena. • Motsamai o ne a bona fa badirammogo nae ba mo fufegela, e bile ba ipatlela Angeline, mme a ba itlhokomolosa. • O senya dikoloi tsa tiro ka go tlhola a ile le Angeline kwa mafelong a go itumedisa gammogo le go mo tabogisa jaaka fa ba ne ba rulaganya lebaka la go mo agela ntlo. • O agela Angeline ntlo ka madi a a a adimileng kwa Long Holmes, mme ntswa a paletswe ke go agela balelapa la gagwe ntlo ya mofuta oo. Fa ntlo e se na go fela o kobiwa ka baki e a tsileng ka yona. • Motsamai o ne a itirile moretlwa wa tsela ntswa a na le mosadi le bana. O ne a lebetse gore nako ga e emele ope. Boemong jwa go tsaya maikarabelo jaaka rralapa ga a ka a dira jalo, mme a sotla lelapa la gagwe. • O ne a lala digoba kwa kgarebeng e nngwe le e nngwe e a ratanang nayo, mme se, se mo tlholele mathata mo isagong. • Motho o ithuta ka diphoso tsa gagwe, mme ena ga a ithute ka se Angeline a mo dirileng sona. O kopana le Suzan yo le ena a mo dirisang ka go mo rekela bene le go mo agela lebenkele. O tshameka ka madi a a a lomeletsang mosadi le bana ba gagwe, mme a fepa bana ba banna ba bangwe fa ba gagwe ba lala ka sego sa metsi e bile ba tlhoka le dilwana tsa sekolo. • Boemong jwa go ithuta ka lobadi jaaka fa a ne a senyegetswe mo go Angeline le Suzan, o ratana gape le Gladys. O ne a sa somarele madi kgotsa go a dirisetsa balelapa la gagwe, mme a mo tlhabololele ntlo le go mo epela metsi. Mo a godileng teng o sala a se na sepe ka a tshamekile ka madi a o ka bong a a dirisitse go ipetlela nako ya bogodi. • O fetoga go nna gopane ya moikapari ka gonne ga a ungwa sepe mo mading a diphenšene a a neng a tshwanela ke go duelela dikoloi tse a di thudisitseng fa a ne a ja mokaragana. • Mo bogoding jwa gagwe o iphitlhela a latlhegetswe ke dilo tsotlhe. Mosadi le bana ba mo tlogela a ritlha mo ntlong ya gagwe ka a ne a taboga fa morago ga mesese. Fa a itharabologelwa, o lelela kgama le mogogoro, ka dilo a di itirile, mme go setse go le thari, e kete a ka busetsa nako kwa morago. [25] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 20 DBE/2018 SCE – Memorantamo POTSO 23: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE GA SE LORATO – MJ Magasa 23.1 Motsamai. (1) 23.2 Gadifele. (1) 23.3 Go senyegelwa kwa ga Angeline. Go sa tlameleng bana ba gagwe. Go fatela kwa morago ntswa ditsala tsa gagwe di gatela pele. (3) 23.4 Gadifele o ne a netefatsa gore bana ba gagwe ba lala ba jele. O ne a leka ka bojotlhe ba gagwe gore bana ba gagwe ba tsene sekolo. (2) 23.5 Go tlhoka maikarabelo/go nna matlhomantsi - go dira gore a tswelele pele ka go ratana kwa ntle go senola morero wa terama go supa gore ga se lorato. (2) 23.6 Morero o ne o tlile go phutlhama ka gore ditiragalo ga di ne di tswelela pele jaaka go ne go solofetswe. (2) 23.7 Gadifele o ne a sa tlhole a rata Motsamai, ka ntlha ya go nna matlhomantsi ga gagwe, mme a iponela lekau e bong Bra Dan. (2) 23.8 Kefentse o inaganela a le esi- o ntse a dule mo lapeng, mme o solofela gore botshelo jwa batho ba bangwe bo se ka jwa tswelela, bo emele ena. (2) Ga a na lerato la nnete - o tlogela mogatse mo lapeng, mme a inaya naga. (2) 23.9 Ke ne ke tlaa tsena mo nyalong gonne re sa abelwa ka go tshwana, go kgakgauthana ga batsadi ba me ga go reye gore ke tlaa sala tsela eo morago. Ke ne ke se kitla ke tsena mo lenyalong gonne ke tshaba go tshela botshelo jo bo bokete jo mme a neng a bo tshela. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 23.10 Nnyaya - Motsamai ga a ithuta ka diphoso tsa gagwe gonne o ne a tsena gangwe le gape mo mathateng a a tshwanang/o boetse magaleng gararo. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 23.11 Nnyaya – Batsadi ba tshwanetse go tsaya maikarabelo mo kgodisong ya bana ba bona, mme ba se ba lomeletse ka e le bona ba ba tlisitseng mo lefatsheng. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 23.12 Ke ithutile gore batho fa ba sa tseye maikarabelo a bona ba tshwanetse go patelediwa go dira jalo. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [25] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 25 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 80 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 Downloaded from hlayiso.com 21 DBE/2018 SCE – Memorantamo KAROLO YA A: RUBORIKI YA TLHATLHOBO YA TLHAMO YA DIKWALO: POKO [10 MADUO] Ditlhokego Phitlhelelo ka dinaledi Phitlhelelo ka Phitlhelelo ka tekano Phitlhelelo e e Ga a fitlhelela matsetseleko tlhaelang DITENG 5–6 4 3 2 0–1 -Thanolo e e -O bontsha go -Thanolo e e -Thanolo ya setlhogo e e -Setlhogo ga se a Thanolo ya setlhogo tseneletseng ya setlhogo tlhaloganya, gape o lekalekanang ya sa kgotsofatseng tlhaloganngwa Ngangisano e e -Motseletsele o o ranotse setlhogo sentle setlhogo -Ga go na dintlha dipe -Ga go na bosupi jwa go tseneletseng katlholo le itumedisang wa dintlha -Tsibogelo e e -Go na le dintlha dingwe tse di tshegetsang dirisa leboko go tlhaloganya tsa ngangisano, di lekalekanang ya dintlha tse dintle tse di setlhogo -Morutwana ga a kgona setlhangwa tshegediwa ka botlalo go -Dintlha tse di utlwalang tshegetsang setlhogo -Tlhaloganyo e e go tlhaloganya tswa mo lebokong tsa ngangisano, fela ga -Dintlha dingwe tsa tlhaelang ya mofutakwalo le leboko 6 MADUO -Go tlhaloganya se tsotlhe tse di dingangisano di mofutakwalo le leboko setlhangwa le leboko go tshegeditsweng jaaka go tshegeditswe, mme fela go manontlhotlho ne go tshwanetse bosupi ga bo -Go tlhaloganngwa ga dumelesege ka metlha mofutakwalo le leboko -Tlhaloganyo e e kwa tlase ya mofutakwalo le leboko 4 3 2 1 0–1 KAGEGO LE PUO -Popego e e -Kagego e e -Go na le bosupi jwa -Popego e supa -E agegile bokoa lomaganeng tlhamaletseng le kelelo e kagego thulaganyo e e -Diphoso tse di masisi Popego, kelelo e e -Dintlha tsa ngangisano e utlwalang ya -Tlhamo e tlhoka kelelo fosagetseng tsa puo le setaele se se tlhaloganyegang le di agegile sentle ngangisano e e bopegileng sentle ya -Dintlha tsa ngangisano fosagetseng tlhagiso -Puo, segalo le setaele -Kelelo ya ntlha ya tlhaloganyo le tomagano ga di a rulaganngwa Puo, segalo le setaele di supa kgolo, di a ngangisano e kgona go -Diphoso tse dinnye tsa sentle tse di dirisitsweng mo kgatlhisa, di nepagetse salwa morago puo, segalo le setaele -Diphoso tsa puo di a tlhamong -Gotlhelele ga e na -Bogolo puo, segalo le tse di nepagetseng go le bonagala diphoso tsa puo, setaele di nepagetse go ntsi -Segalo le setaele tse di 4 MADUO mopeleto le matshwao a sa nepagalang puiso Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 Downloaded from hlayiso.com 22 DBE/2018 SCE – Memorantamo KAROLO YA B LE C: RUBORIKI YA TLHATLHOBO YA DITLHAMO TSA DIKWALO: PADI LE TERAMA [25 MADUO] Ditlhokego Phitlhelelo ka dinaledi Phitlhelelo ka Phitlhelelo ka tekano Phitlhelelo e e Ga a fitlhelela matsetseleko tlhaelang DITENG 12–15 9–11 6–8 4–5 0–3 -Tsibogelo ka dinaledi: -O bontsha go -Thanolo ya setlhogo e e -Thanolo e e tlhaelang -Setlhogo ga se Thanolo ya setlhogo 14–15 tlhaloganya, gape o mo magareng, ga se ya setlhogo, ga go na le tlhaloganngwe Ngangisano e e -Tsibogelo e e ranotse setlhogo sentle diponagalo tsotlhe tse di diponagalo dipe tse di -Maiteko a a bokoa a go tseneletseng, katlholo le manontlhotlho: 12–13 -Tsibogelo e e tlhagisitsweng ka botlalo tlhagisitsweng ka botlalo araba potso go tlhaloganya -Thanolo e e lekalekanang ya dintlha -Go na le dintlha dingwe -Go dintlha di le mmalwa -Dintlha tsa ngangisano setlhangwa tseneletseng ya setlhogo -Dintlha tse di utlwalang tse dintle tse di tse di tshegetsang ga di dumelesege -Motseletsele o o tsa ngangisano, fela ga tshegetsang setlhogo setlhogo -Morutwana ga a kgona 15 MADUO itumedisang wa dintlha se tsotlhe tse di -Dintlha dingwe tsa -Dintlha tsa ngangisano go tlhaloganya tsa ngangisano, di tshegeditsweng jaaka go dingangisano di tse di maleba di dinnye mofutakwalo kgotsa tshegediwa ka botlalo go ne go tshwanetse tshegeditswe, mme fela thata setlhangwa tswa mo dikwalong -Go tlhaloganya bosupi ga bo -Go tlhaloganya -Go tlhaloganya mofutakwalo le dumelesege ka metlha mofutakwalo le mofutakwalo le setlhangwa go a bonala -Tlhalogantse setlhangwa go gonnye setlhangwa go go bontlhabongwe jwa thata manontlhotlho mofutakwalo le setlhangwa KAGEGO LE PUO 8–10 6–7 4–5 2–3 0–1 -Popego e e -Kagego e e -Go na le bosupi jwa -Popego e supa -Go tlhokagala ga Popego, kelelo e e lomaganeng tlhamaletseng le kelelo e kagego thulaganyo e e kagego go kgoreletsa tlhaloganyegang le -Matseno le bokhutlo di e utlwalang ya -E a tlhaloganyega le go fosagetseng kelelo ya ngangisano tlhagiso manontlhotlho ngangisano lomagana fela e na le -Dintlha tsa ngangisano -Diphoso tsa puo le Puo, segalo le setaele -Dintlha tsa ngangisano -Matseno, bokhutlo le diphoso ga di a rulaganngwa setaele se se tse di dirisitsweng mo di agegile sentle ditemana dingwe di -Diphoso di le mmalwa sentle fosagetseng di tlhola tlhamong -Puo, segalo le setaele rulagantswe sentle ka tsa puo, segalo le -Diphoso tsa puo di a setlhangwa se se sa di supa kgolo, di a tomagano setaele tse di bonala atlegang 10 MADUO kgatlhisa, di nepagetse - Kelelo e e utlwalang ya nepagetseng go le go -Segalo le setaele tse di -Segalo le setaele tse di ngangisano ntsi seng maleba seng maleba -Bogolo puo, segalo le -Bontsi jwa ditema di -Ditemana di fosagetse setaele di nepagetse nepagetse SEELO SA MADUO 20–25 15–19 10–14 5–9 0–4 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana HL

View all