Skip to content

Setswana HL Grade 12 P1 Gauteng June 2025 Question Paper

Question paperSetswana HLGrade 12202511 pages

Grade 12 Setswana HL Paper 1 question paper from the Gauteng June Exam 2025, 11 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

Gauteng June Exam 2025

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
SEETEBOSIGO TLHATLHOBO YA BOGARE JWA NGWAGA MOPHATO 12 2025 SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) NAKO: Diura di le 2 MADUO: 70 11 ditsebe Phetla
SETSWANA PUO YA GAE (HL) 2 PAMPIRI YA NTLHA (P1) GR12 0625 DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Dipopego tsa melawana ya tiriso ya puo (30) 2. Buisa ditaelo TSOTLHE ka kelotlhoko. 3. Araba dipotso TSOTLHE. 4. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 5. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. 6. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 7. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 8. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 9. Kabo ya nako e e tshikinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 30 KAROLO YA C: Metsotso e le 40 10. Kwala ka mokwalo o o buisegang, mme o dirise mopeleto o o kannweng ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana. Phetla
SETSWANA PUO YA GAE (HL) 3 PAMPIRI YA NTLHA (P1) GR12 0625 KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA A (TEMANA) 1 E le ruri tlogatloga e tloga gale modisa wa tsona o tswa natso sakeng. Se, re se bona ka Chris Brown yo o simolotseng go opela a sale monnye thata. O simolotse go diragatsa a le dingwaga di le 13 ka ngwaga wa 2002. Chris Brown o ne a opela kwa lepatlelong la FNB, mo Johannesburg ka ngwaga wa 2024 kgwedi ya Sedimonthole e tlhola malatsi a le somenne. O ne a 5 neela balatedi ba gagwe tiragatso ya hisetori e e neng e le botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe. 2 Barati ba ba fetang 90 000 ba ne ba tla go thusa Chris Brown go dira hisetori mo Aforikaborwa. Morago ga konsarata, Chris Brown o ne bolelela barati le balatedi ba gagwe gore bosigo joo bo ne bo le botlhokwa go le 10 kana kang mo go ena. O ne a re: "Ke ntse ke emetse nako eno botshelo jwa me jotlhe." Chris Brown o ne a tswelela go bolelela balatedi ba gagwe gore o ne a palelwa ke go diragatsa mo Aforikaborwa ka ntlha ya dikiletso tse a nnileng le tsona. "Ke batla go lo bolelela go tswa mo botennye jwa pelo ya me gore, ke lo rata thata. Maitseboa ano a botlhokwa thata mo go nna, le 15 ntletleletse gore ke opele diura di le pedi le halofo, ke le rolela hutshe, maAforikaborwa”. O ne a bua jalo pele bareetsi ba simolola go goa ba re, "Breezy!" O ne a opela pina e a e ratang thata ya Forever. 3 O ne a leboga batshegetsi ba gagwe ka ba dirile gore a kgone go fitlhelela toro ya gagwe ya go diragatsa mo Aforikaborwa go nna nnete. Dikonsarata tsa ga Chris 20 Brown di ne tsa tsosa dingangisano mo Afrikaborwa ka ntlha ya manyofonyofo a gagwe a go sotlakaka basadi. O ne a tlhasela lekgarebe la gagwe la pele le e neng e le seopedi e bong Rihanna ka ngwaga wa 2009, a mo tlogela a na le dikgobalo tse di masisi mo sefatlhegong. Chris Brown o ne a latofadiwa ka go tlhasela motho mongwe gape mme a ipona molato. 25 Fa e sa le ka nako eo, Chris Brown o ile a latofadiwa ka makgetlo a le mantsi ka go tlhasela batho bangwe le go ba sotla ka thobalano. Bogolo jwa dikhonsarata tsa gagwe bo ne jwa dira gore mokgatlho wa "Women For Change” o dire boikuelo mo inthaneteng gore dikhonsarata tsa gagwe di emisiwe. Phetla
SETSWANA PUO YA GAE (HL) 4 PAMPIRI YA NTLHA (P1) GR12 0625 4 Chris Brown o ile a nna le dikgwetlho mo botshelong jwa gagwe jotlhe 30 jwa tiro le pele ga "Breezy in South Africa Concert", le fa go ntse jalo balatedi ba gagwe ba ne ba itlhokomolosa ditatofatso tsa gagwe mme ba tlotla le go amogela taletso ka go tla konsarateng ya gagwe ya mmino. Ba ne ba itumelela mmino mme ba lebogela gore ba tota ba bone botlhokwa jwa go reka ditekete tsa konsarata. Seopedi seno se se nang le ditalente di le dintsi, 35 jaaka go bina, go opela, go diragatsa le go kwala dibuka tse di itumedisang thata tsa mmino, se ne se sa ikobonye kgotsa go itseela kwa tlase fa se ne se rulaganya go opela mo go nngwe ya mapatlelo a magolo go gaisa mo Aforika. Chris Brown o ne a bidiwa "Michael Jackson wa nako ya jaanong" le "MWDT (Mogaka Wa Dinako Tsotlhe) ke balatedi ba gagwe. Chris Brown o ne a 40 supa gore ke ka ntlha ya eng fa mafoko a, a mo tshwanetse e bile go se phoso go ka bidiwa jalo. Chris Brown le batantshi ba gagwe ba le 18 ba ne ba tlisa tiragatso ya maemo a a kwa godimo. 5 Tyler Terry, mongwe wa batantshi ba ga Chris Brown yo gape a ratwang thata ke balatedi ba gagwe, o ne a tlhagelela sentle, a apere diaparo tse di 45 botsatsa a na le nomoro e e itsegeng ya Kobe Bryant ya 24. Chris Brown o ne a tshameka dipina tsa gagwe go simolola ka dipina tsa bogologolo tse di jaaka ‘Excuse Me Miss’ le ‘Run It! O ne a simolola ka dipina tsa gagwe tsa bošweng tse di neng di le kwa godimo thata jaaka ‘Residuals’, Sensational le Angel Numbers kgotsa Ten Toes. Setlhopha sa gagwe, se 50 se diragaditseng go feta diura di le pedi se ne sa neela balatedi tiragatso e e tswileng diatla le go dira bontle mo go feteletseng. Se, se akaretsa go fofela kwa godimo ga boidiidi le go tsholediwa mo seraleng jaaka Julius Malema wa mokgatlo wa EFF fa a ne a opela pina ya Wall To Wall. [E fetoletswe seṧwa go tswa go: News24 Chrizelda Kekana] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Ke mang yo o neng a opela kwa FNB kwa Johannesburg? A Michael Jackson B Ricky Ricky C Chris Brown D AKA (1) 1.1.2 Seopedi se o se neetseng mo potso 1.1.1 se simolotse go opela ka ngwaga ofe? (1) 1.1.3 Nopola polelwana e e bontshang gore Chris Brown ke lobaka a eletsa go tla go diragatsa mo Aforikaborwa. (Temana 2) (2) 1.1.4 Neela leina la pina e a neng a e opela morago ga go bua mafoko a o a nopotseng mo go 1.1.3. (1) Phetla
SETSWANA PUO YA GAE (HL) 5 PAMPIRI YA NTLHA (P1) GR12 0625 1.1.5 Ke balatedi ba le ba kae ba ba neng ba tla go thusa Chris go diragatsa toro ya gagwe ya go tla mo Aforikaborwa? (1) 1.1.6 Tlhalosa tlhagiso e “Go rolela hutshe”. (Temana 2) (2) 1.1.7 Goreng dikonsarata tsa ga Chris Brown di ne tsa tsosa dingangisano mo Aforikaborwa? (2) 1.1.8 Neela leina la konsarata ya ga Chris Brown e e neng e tshwaretswe mo Aforikaborwa? (2) 1.1.9 Chris Brown o ne a opela dipina tsa gagwe tsa bošweng tse di neng di le mo maemong a a kwa godimo. Neela di le pedi. (2) 1.1.10 Tshwaela ka ditiro tse dingwe tse pedi tse Chris Brown a neng a di dira kwa ntle ga go opela. (2) 1.1.11 Tlhalosa se Chris Brown a neng a se dira fa a opela pina ya gagwe ya Wall to Wall. (2) 1.1.12 A go ne go siame gore Chris Brown a dumelelwe go diragatsa mo Aforikaborwa morago ga se a se dirileng Rihanna le ba ba bangwe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.13 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore Chris Brown o ne a bidiwa Michael Jackson. Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.14 Go ya ka wena, a go siame gore motho yo o gatakileng ditshwanelo tsa batho bangwe jaaka Chris Brown a dirile ka Rihanna le ba bangwe a newe tlotlo e a e neilweng? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) Phetla
SETSWANA PUO YA GAE (HL) 6 PAMPIRI YA NTLHA (P1) GR12 0625 1.2. Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) [E nopotswe go tswa go: superbalist.com] 1.2.1 Naya dintlha di le PEDI tse SETLHANGWA A le SETLHANGWA B di farologanang ka tsona. (4) 1.2.2 A seopedi se se mo setshwantshong se sa ntse se tshela? Tshegetsa karabo ya gago? (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Phetla
SETSWANA PUO YA GAE (HL) 7 PAMPIRI YA NTLHA (P1) GR12 0625 KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E bua ka dintlha tsa botlhokwa tsa go kopa tiro fa o dirisa mafaratlhatlha. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: 1. Sobokanya o dirisa mafoko a gago, mme o sa fetole bokao jwa temana ka go tlhagisa dintlha di le SUPA tse di ka ga botlhokwa jwa kopotiro ka mafaratlhatlha. 2. Kwala ka temana. 3. Boleele bo se fete mafoko a a ka nnang 90. 4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. 5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. SETLHANGWA C Tiriso ya mafaratlhatlha e thusa bakopatiro ka go dira gore kopo e nne bonolo. Malatsi a go tsamaisa makwaloikitsiso le makwalophelegetso kwa mafelong a madirelo a fetile kgale. Tiro ya ditoro tsa motho e ka nna sekgala sa nko le molomo. Mokgwa o wa go kopa tiro ka mafaratlhatlha o dira gore go nne le kgaisano e e kwa godimo magareng ga bakopatiro. Potso ke gore ke eng se motho a ka se dirang go emelana le kgaisano e e kwa godimo e gore kopo ya gagwe e kgone go atlega. Motsamaisi wa dikuno tsa mafaratlhatlha le kgwebo wa Job Starter,o neelana ka dikgakololo tsa go dira dikopo tiro ka mafaratlhatlha. O gakolola ka gore ga go a lekana go tlhola mo mafaratlhatlheng gangwe fela ka letsatsi kgotsa ka beke. Tsela eo mafaratlhatlha a fetogang ka bonako ka teng,mokopa tiro o tshwanetse go tlhola phasalatso ya tiro bonnye gararo ka letsatsi lengwe le lengwe gore a se fetwe ke ditšhono tsa ditiro. Go botlhokwa thata gore fa o kopa tiro o rulaganye lekwaloikitsiso la gago kgapetsa kgapetsa gore o se salele kwa morago, mme o akaretse dithutego le maitemogelo a gago ka tolamo. Mo malatsing a gompieno bathapi ba lebelela maitsholo le mekgwa ya bakopatiro mo mafaratlhatlheng a tshwana le Facebook,Whats’app le Instagram,ka jalo ga go botlhale go mametlelela mekgwa e e sa amogelesegeng mo mafaratlhatlheng a gago. Mokopatiro o tshwanetse go leka ka dinako tsotlhe go se dirise puo e e sa dumelesegeng, a se kgetholole batho go ya ka mmala,lotso kgotsa bong. Fa o tlhoka thuso jaaka mokopatiro o ka ikgolaganya le mokgatlho wa Job Starter o o neelang bašwa ba ba simololang go batla tiro dikgakololo tsa go batla tiro ka mafaratlhatlha ntle le go duedisa. Mokgatlo wa Job Starter o rotloetsa bakopatiro go dira ka boithaopo fa go se na ditiro gore ba kgone go ithuta le go ikatisetsa tiro e ba tlaa e thapelwang. [E rulagantswe seṧwa go tswa go True Love Makasine Moranang 2019] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Phetla
SETSWANA PUO YA GAE (HL) 8 PAMPIRI YA NTLHA (P1) GR12 0625 KAROLO YA C: DIPOPEGO TSA PUO LE MELAWANA YA TIRISO POTSO 3: PAPATSO Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA D E diretswe masea Go simolola ka motsotso o o ba neelang botshelo ka ona, o ba neela lerato. Fa go tla mo tlhokomelong ya bana, tlhopha didiriswa tsa Johnsons le Johnsons, di tlaa netefetsa gore ngwana wa gago o tlhokomelesegile ka go mo naya lerato le pabalesego, letlalo le le borethe, moriri o o boleta e bile o phatsima. 011 234 2345 Facebook @ Johnsons and Johnsons Instagram@Johnsons and Johnsons [https://www.flipkart.com/johnson-s-baby-oil-vitamin-e/p/itmezwxhahmasqng] Phetla
SETSWANA PUO YA GAE (HL) 9 PAMPIRI YA NTLHA (P1) GR12 0625 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Go simolola ka motsotso o o ba neelang botshelo ka ona, o ba neela lerato. Ke maano afe a puo ya papatso a a dirisitsweng? Ke puo e e A tsosang maikutlo a a rileng. B digelang. C lebeletseng letlhakore le le lengwe D sekametseng mo letlhakoreng le le lengwe. (1) 3.2 Neela leina la kuno e e bapatswang. (1) 3.3 Tlhalosa lebaka le le dirang gore mmapatsi a bo a dirisitse setshwantsho sa ngwana le mme? (2) 3.4 Neela dilo di le pedi tse mmapatsi a di solofetsang bareki ka ga kuno e. (2) 3.5 Go ya ka wena a go ka nna bonolo go fitlhelela kuno e? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 3.6 Nopola lerui mo papatsong mme o le dirise mo polelong e e tlhabosang. (2) [10] Phetla
SETSWANA PUO YA GAE (HL) 10 PAMPIRI YA NTLHA (P1) GR12 0625 POTSO 4 Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA E Ke sa le ke emetse dijo diura di feta somaamabedi! A ke tlaa di bona kgotsa… Tirelo ya diura di le 24 [cartoonstock.com/directory/h/hotel-reception.asp] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Monna yo o batlang dijo o kwa kae? A Lebenkeleng la dijo. B Hoteleng. C Ntlong ya gagwe. D Tirong. (1) 4.2 Puo ya mmele ya monna yo o mo khathunung e senola maikutlo afe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 4.3 Fetolela polelo e e thaletsweng mo tumelong. (2) 4.4 Neela mofuta wa pudula ya mosadi yo o buang le monna.? (1) 4.5 Go ya ka wena tiragalo e e mo khathunung e diragala ka nako efe ya letsatsi? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka (2) 4.6 Mafoko a a reng “Tirelo ya diura di le 24” a kaya eng? (2) [10] Phetla
SETSWANA PUO YA GAE (HL) 11 PAMPIRI YA NTLHA (P1) GR12 0625 POTSO 5: TEMANA YA POROUSE Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA F 1 Dipelaelo tsa mosimane tsa nna tsa gola le go etegela. Gangwe le gape di tutediwa go ya pele ke dikakanyo tsa gagwe tse ga jaana di neng di tletse le naga. A ngongoregela kwa go monnamogolo gore mosetsana o ne a sa tlhole a mo rebolela maikutlo a gagwe ka tlhomamo. A nyerega marapo fa a mo raya a re e ne e le mokgwa wa basadi oo,segolo jang fa ba ne ba dira, ba na le letseno la bona. 5 2 A re ba ne ba le jalo fela botlhe,mme Moipone o ne a farologane le bona, a be a mo raya a re a mo tseye fela jalo. Mafoko a, a ne a fetoga tshetlho e e botlhoko mo pelong ya mosimane ka a ne sa solofela karabo e e neng e ntse jalo go tswa mo mothong yo a neng a mo tsaya jaaka motsadi wa gagwe, jaaka rraagwe. Letsatsi lengwe a bula mafatlha a gagwe a tshela Thandi ka dikgang go mo anya maikutlo le 10 go tlhomamisa gore a ka be a ne a na le se a neng a se lemogile ka ga Rababoe le Moipone.”Ke itumela fa le wena o bona ka matlho a gago.” 3 Batho ba babedi ba, ba na le mokgwa.Nna ke kgale ke ba lemogile,fela ke ntse ke itira yo o sa boneng sepe.’A o raya gore….’ Banna le ntse fela jalo lotlhe. Ga go na yo o botoka, le e seng. Le lotso la ga Adamo 15 fela lotlhe. O fitlhele go ntse go twe Efa ke ena a raetseng Adamo. Ena o raetse Efa. Ga go na sepe se se jalo. Le a tshwana botlhe fela! “Nna, e seng nna,ausi Thandi, nna ke itse go itshoka.” [E nopotswe go tswa go: Ditibang ka tlhogo petseng ga di na boyo;CTR Tlhoaele] 5.1. Leina Moipone ke mofuta ofe wa leina? (1) 5.2. Nopola lebotsi mo go mola 5 o le dirise mo polelo e e tlhabosang. (2) 5.3 Neela leina la popegopuo e e thaletsweng mo go mola 9. (1) 5.4 Dirisa letlhophi botlhe jaaka tlhalosi ya kopanelo. (2) 5.5 Fetolela polelo e e latelang go nna puopegelo. “Ke itumela fa le wena o bona ka matlho a gago”. (2) 5.6 Neela mofuta wa leemedi le le thaletsweng mo go mola 16 o be dirise mo polelong. (2) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 BOKHUTLO

Study this subject

More from Grade 12 Setswana HL

View all