Skip to content
Question paper

Setswana Hl Grade 12 P1 NW June 2025 Question Paper (Setswana)

Grade 12 Setswana Hl Paper 1 question paper from the NW June Exam 2025 (Setswana), 11 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Subject: Setswana HlGrade 12202511 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) SEETEBOSIGO 2025 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe tse 11. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo Ya Gae (HL)/P1 2 NW/Seetebosigo 2025 Grade 12 DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO: KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Dipopego tsa puo le melawana ya tiriso ya puo (30) 2. Buisa ditaelo TSOTLHE ka kelotlhoko. 3. Araba dipotso TSOTLHE. 4. Simolola karolo NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 5. Thala mola morago ga karolo NNGWE le NNGWE. 6. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 7. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 8. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 9. Kabo ya nako e e tshikinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 30 KAROLO YA C: Metsotso e le 40 10. Dirisa mokwalo o o buisegang le ka mopeleto o o kannweng ke Lekgotla la Bosetshaba la Puo ya Setswana. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo Ya Gae (HL)/P1 3 NW/Seetebosigo 2025 Grade 12 KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa TEMANA e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA A (TEMANA) 1 O ne a sa ake motsogapele fa a ne a re mokoduo go tsoswa yo o itekang, e bile moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla. Siyamthanda “Siya” Kolisi, o ne a nna ntšwanyana a bonwa mabotobotong fa a ne a tlhagisa talente ya gagwe ya rakebii a santse a nkga mašwi. O ne a galalela jaaka naledi ya mphatlhalatsane mo 5 gare ga tshimanyana e e neng e atisa go tshameka rakebii mo mebileng ya motsesetoropo wa gaabo wa Zwide kwa Port Elizabeth. 2 Siyamthanda Kolisi yo ga jaana e leng mokapotene wa setlhopha sa bosetšhaba sa rakebii sa Springboks, ke leitibolo la ga Phakama le Fezekile. Fa Siya a tsholwa mmaagwe o ne a le dingwaga di le 10 somethataro, fa rraagwe ena a ne a le mo mophatong wa marematlou. Se e nnile lebakalegolo le le pateleditseng nkokoagwe e bong Nolulamile go tsaya maikarabelo a go mo godisa. Mo kgolong ya gagwe, Siya o ne a ithatela go tshameka rakebii le balekane ba gagwe, a sa lemoge gore ntekwane ke gona fa a baya talente ya 15 gagwe mo pepeneneng go bonwa ke ba ba maleba. 3 Talente ya Mosimane yo e ne ya lemogwa le go upololwa ke basenki ba talente ya rakebii ba ba neng ba tlhotlhoma le metsesetoropo e e farologaneng ya Aforikaborwa. Basenki ba, ba ne ba tsomana le tshimanyana yoo-rrantsho go ba neela tšhono ya go tshameka 20 rakebii, e e neng e itsege e le motshameko wa basweu fela mo dingwageng di le 126. E ne ya re tsatsi lengwe tshimanyana e ntse e itshamekela rakebii jaaka tlwaelo, basenki ba talente ba re palakata! mo motsesetoropong wa bona, Siya o ne a le dingwaga di le somepedi ka nako eo. 25 4 Basenkiba, ba ne ba kgatlhwa ke matlhagatlhaga a mosimane yo, bokgoni jwa gagwe jwa go taboga ka bofefo jwa legadima mmogo le mmele wa gagwe o o goletseng kwa godimo e bile o kwenne. Ka bongwe fela jwa pelo ba ne ba mo phamola seka-ntsu e phamola kokwana, ba mo romela kwa sekolong sa poraefete sa Grey College 30 kwa Port Elizabeth. Sekolo se se ne sa mo neela basari ya botshameki jwa rakebii e e neng e mo duelela ditlhokego tsotlhe tsa thuto mmogo le madulo a kwa hosetele. 5 Grey College e amogela fela bana ba ba falolang bontle mo dithutong tsa bona le ba ba nang le talente kgotsa bokgoni mo metshamekong 35 e e farologaneng, jaaka ba dirile ka Siya. Sekolo se se itsege le go tlotlwa thata ka thuto ya maemo a a kwa godimo le bokgoni jwa go betla bomankge ba batshameki mo nageng ya Aforikaborwa. Nkoko Nolulamile o ne a itumetse tota gonne setlogolwana sa gagwe se ne Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo Ya Gae (HL)/P1 4 NW/Seetebosigo 2025 Grade 12 se bone tšhono ya go fitlhelela thuto ya maemo a a kwa godimo 40 mmogo le go dirisa talente ya gagwe ya rakebii go ipetlela isago e e phatsimang. 6 Siya o ne a itse gore lesego ga le tlhakanelwe, a seka a nnela go ija dinala, a dira ka natla, a ithuta a bo a tshameka rakebii ka botswapelo. O ne a dira jaana a gopola gore letsatsi lengwe o tlile go jela mo 45 mogopong o mosweu, e bile ke moenyana-pele lobone la waabo ka a tlile go emisa serodumo sa lelapa le setšhaba sa gaabo sa kwa Zwide. 7 Bothakga jwa setshameki se bo ne jwa netefatsa gore o tlhophiwa go nna karolo ya setlhopha sa ntlha sa Grey College. O ne a tsaya karolo mo metseletseleng ya metshameko le dikgaisano tsa rakebii kwa 50 sekolong seo. Setlhopha sa Eastern Province Kings se ne sa kgatlhwa thata ke talente e a neng a e kgantsha mo lebaleng mmogo le di “try” tse dintsi tse a di nositseng a le esi mo motshamekong o le mongwe, mme ba mo thapa ntle le go okaoka ka ngwaga wa 2007. Siya o tshameketse ditlhopha tse di farologaneng tsa rakebii go 55 akaretsa Western Province, Golden Lions le Stomers. 8 Siya o tsere karolo mo dikgaisanong di le dintsi tsa Sejana sa Currie a tshamekela ditlhopha tse di farologaneng mo o neng a tswelela go phatsima jaaka teemane, a netefatsa gore ditlhopha tseo di fenya sejana seo. Setlhopha sa bosetšhaba sa Springboks sa dingwaga tse 60 di kwa tlase ga 18 se ne sa kgatlhwa ke talente ya setshameki se, mme a akarediwa mo go sona. O ntse karolo ya setlhopha se go fitlha a alosiwa go tshamekela setlhopha se segolo sa Springboks ka ngwaga wa 2013 Seetebosisgo a le malatsi a 15. O tlhomilwe jaaka mokapotene wa sona setlhopha se ka ngwaga wa 2018 65 Motsheganong a tlhola malatsi a le 28. 9 Kolisi o dirile hisetori ka go nna mokapotene wa ntlha wa montsho wa Springboks. “E ke tiragalo e e amang maikutlo tota, e bile e ka se lebalwe mo hisetoring ya rakebii ya Aforikaborwa”, ga bua Bryan Habana yo e neng e le setshameki se se tlhwatlhwa sa rakebii ka nako 70 eo. A ipoa kgatsu, a dira hisetori ka go nna mokapotene wa ntlha wa Springboks go fenya Sejana sa Lefatshe gabedi ka tatelano. Katlego e e tlisitsweng ke talente ya ga Siya gompieno o e dirisa go neela bašwa ba kwa gaabo ditšhono gore le bona ba atlege jaaka ena. [E nopotswe le go rulaganngwa seswa go tswa go: https//www.sarugby.co.za] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Siyamthanda Kolisi ke ngwana wa bokae kwa gaabo? A Gofejane B Wa bobedi C Wa botlhano D Leitibolo (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo Ya Gae (HL)/P1 5 NW/Seetebosigo 2025 Grade 12 1.1.2 Goreng nkoko Nolulamile a ne a pateletsega go tsaya maikarabelo a go godisa Siya? (1) 1.1.3 Ke lebaka lefe le le neng la dira gore basenki ba talente ya rakebii ba tlhotlhome le metsesetoropo e e farologaneng ya Aforikaborwa? (1) 1.1.4 Siya le balekane ba gagwe ba ne ba tshameka kwa kae fa basenki ba talente ba tlaa lemoga le go upolola talente ya gagwe ya rakebii? (1) 1.1.5 Tlhalosa gore go kaiwa eng fa go twe “ O ne a galalela jaaka naledi ya mphatlhalatsane mo gare ga tshimayana”? (2) 1.1.6 Naya dintlha di le pedi tse di neng tsa kgatlha basenki ba talente ya rakebii fa ba ne ba tlaa tsaya tshweetso ya go tlhopha Siya. (2) 1.1.7 Go ya ka wena, a o bona Grey College e na le tlhaolele? Tshegetsa karabo ya gago ka go neela dintlha di le PEDI go tswa mo temaneng. (TEMANA 5) (2) 1.1.8 Bolela gore Grey College e itsege le go tlotlwa ka dilo dife tse pedi? (2) 1.1.9 Ke eng se se kgatlhileng setlhopha sa Eastern Province Kings ka Siya gore ba mo thape mo setlhopheng sa bona ka 2007. (2) 1.1.10 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore Siya o tsere karolo e kgolo mo dikgaisanong di le dintsi tsa rakebii? (2) 1.1.11 Siya Kolisi o tshameketse setlhopha se segolo sa Springbok dingwaga di le kae pele a tlhophiwa go nna mokapotene wa sona? (TEMANA 8) (1) 1.1.12 A tlhagiso ya go re “E ke tiragalo e e amang maikutlo, e bile e ka se lebalwe mo hisetoring ya rakebii ya Aforikaborwa” ke tshedimosetso ya boammaaruri? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.13 Go ya ka wena a o bona basenki ba talente ba dira go tlala seatla go upulola ditalente tsa bašwa mo nageng ya Aforikaborwa? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.14 Ke hisetori efe e Siya a e dirileng mo setlhopheng sa bosetšhaba sa Sprinboks? Neela ntlha e le NNGWE fela. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo Ya Gae (HL)/P1 6 NW/Seetebosigo 2025 Grade 12 1.2 Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) [E nopotswe go tswa go: https://images.app.goo.gl/dCwBQuY6BFja9tP2A] 1.2.1 Neela maina a didiriswa tsa go tshameka motshameko o o tlhagelelang mo setshwantshong se. (2) 1.2.2 Bolela gore SETLHANGWA A Le SETLHANGWA B di tshwana ka eng? (2) 1.2.3 Ke dintlha dife tse PEDI tse di tlisang pharologano gareng ga SETLHANGWA A le SETLHANGWA B? (4) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo Ya Gae (HL)/P1 7 NW/Seetebosigo 2025 Grade 12 KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E tlhagisa dintlha ka ga maele a o ka a dirisang fa o batla go ipulela kgwebopotlana. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: 1. Sobokanya o dirisa mafoko a gago, mme o sa fetole bokao jwa temana, ka go tlhagisa dintlha di le SUPA ka maele a o ka a dirisang fa o batla go ipulela kgwebopotlana. 2. Kwala ka temana. 3. Boleele bo se fete mafoko a a ka nnang 90. 4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. 5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. SETLHANGWA C Go bula kgwebopotlana ke nngwe ya dilo tse di rotloediwang thata mo nageng ya Aforikaborwa ka ntlha ya botlhokatiro jo bo kwa godimo. Se se ka thusa gore baagi ba itirele lotseno lo ba ka itshedisang ka lona. Matšhwititšhwiti a bašwa a kakatletse makwalo a dithutego tse dikgolo, fela naga e tshetlha, ga go na ditiro. Baagi ba ka lwantsha tlhobaboroko e ka go ipulela dikgwebopotlana tse di ka ba thusang go itshedisa. Fa o ikaelela go ipulela kgwebopotlana go dilo tse di rileng tse o tshwanetseng go di tsaya tsia go netefatsa gore maikaelelo a gago ga a folotse. Simolola ka go akanya ka mofuta wa kgwebopotlana e o ikaelelang go e bula o bo o kgobokanye dikakanyo tsotlhe ka ga yona gore o tle o di gopole tsotlhe fa o di tlhoka. Batlisisa gore kuno ya gago e tlaa kgatlhegelwa le go rekwa ke bareki bafe. Katlego ya kgwebo nngwe le nngwe e ikaegile ka go bapadiwa sentle, ka jalo bapatsa kgwebo ya gago ka go dirisa malepa a a tlaa ngokang bareki ka bontsi. Neela kgwebopotlana ya gago leina le le tlhaolegileng, le le tlaa gogelang bareki go batla go itse go le gontsi ka kuno e o e rekisang, kana ina lebe seromo.Thala lenaane la kgwebotsamaiso le o tlaa le dirisang go kwadisa kgwebo ya gago gore e nne mo molaong. Fa kgwebo e le mo molaong, go nna bonolo gore molao o e sireletse. Rulaganya madi a o tlaa tlhokang go simolola kgwebopotlana ya gago. Madi a tlhokega go duela lefelo la kgwebo, go reka dikuno mmogo le didiriswa tse kgwebo e tlaa di tlhokang. Tlhama weposaete ya kgwebo e o tlaa e dirisang go tlhaeletsana le go phasalatsa kgwebo ya gago mo go yona, kana botshelo jwa gompieno bo ikaegile bogolo segolo ka thekenoloji. E ke yona tshimologo ya loeto la gago la go nna mmakgwebo kgotsa rrakgwebo yo o atlegileng,yo leina la gagwe le tlaa tumang gaufi le kgakala. [E rulagantswe sešwa go tswa mo: https://www.thehartford.com] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo Ya Gae (HL)/P1 8 NW/Seetebosigo 2025 Grade 12 KAROLO C: DIPOPEGO TSA PUO LE MELAWANA YA TIRISO YA PUO POTSO 3: PAPATSO Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA D Ke • • • E • [E nopotswe le go fetolelwa go tswa mo: sianmelville .com] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Kuno e e mo papatsong e thusa go … A itumedisa bomme le masea. B naya masea matlhagatlhaga. C fodisa go opa ga tlhogo, meno, tsebe, mometso le mesifa. D tshegisa bomme. (1) 3.2 Papatso e e lebisitswe go bomang? (1) 3.3 A o ka re papatso e e sekametse mo letlhakoreng le le lengwe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 3.4 Goreng mmapatsi a boeleditse leina “Panado” gantsi mo papatsong e? (1) 3.5 Sefatlhego sa mme yo o mo papatsong se senola maikutlo afe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 3.6 Fetolela polelo e e latelang go nna mo kganetsong. “E tshepiwa ke dingaka tsotlhe”. (1) 3.7 Leemedi le le mo papatsong ke la mofuta ofe? (1) 3.8 Mafoko a a reng “ E tshepiwa ke dingaka tsotlhe” ke mofuta ofe wa puo? (1) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo Ya Gae (HL)/P1 9 NW/Seetebosigo 2025 Grade 12 POTSO 4: KHATHUNU Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA E 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Khathunu e e senola semelo sefe ka morutwana 1 mabapi le tiro ya gagwe ya sekolo? A O senya nako ya tiro ya sekolo ka go dirisa inthanete. B O ikanya inthanete fela go dira tiro ya sekolo. C Ga a rate go dira tiro ya sekolo. D O rata ditshwantsho tsa inthanete (1) 4.2 Puo ya mmele ya mosimanyana e senola maikutlo afe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 4.3 Neela mofuta wa letlhophi le le ntshofaditsweng mo khathunung. (1) 4.4 Bolela gore leadingwa le le thaletsweng mo pudula 1 le dirisitswe jang mo polelong. (1) 4.5 Ke ntlha efe e e netefatsang gore mosimane yo o mo khathunung o bua le morutabana wa gagwe? (1) 4.6 Go ya ka khathunu neela lebaka le le dirang gore morutabana a busetse Asaenemente ya morutwana 1 morago? (2) 4.7 A o bona morutabana a ka busetsa morutwana 2 Asaenemente ya gagwe jaaka a dirile ka morutwana 1? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo Ya Gae (HL)/P1 10 NW/Seetebosigo 2025 Grade 12 POTSO 5: TEMANA YA POROUSE Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA F 1 Kana Letsapa o ne a dira kwa Tlhabane mme a tla gae bofelo bongwe le bongwe jwa beke. Labotlhano oo ona, mosadimogolo o sa le a itumile sejabana gore fa e le go robala gona ga a kitla a dira jalo, o tlaa emela morwae gore a goroge mme a itshebe le ena. Ke ka moo Kedibone a sa utlwang le fa Letsapa a kokota. Ee! Nnete ke gore Letsapa ga a 5 kokota, Mosadimogolo o ne a mo utlwa fa a bula ‘heke’ a bo a setse a itlhaganelela go bula mojako gore ba ba robetseng ba se ka ba tsoga. Letsapa o ne a buela kwa tlase. Kedibone ga a kgona go utlwa le fa e le karabo e le nngwe ya ga Letsapa fa a fetola mmaagwe. 2 Kedibone o ne a budulala, a gona gore a bo a kgakgamolole dithaba. 10 Tota fa Letsapa a sena go golomela mo dikobong a se ka a itshikinya. Bosigo jotlhe Kedibone ga a ka a robala gonne lefoko ‘lekgela’ le ne le mo tlhodia mo ditsebeng tsa gagwe jaaka kopelo ya monang. O ne a tsoga fa botlhe ba santse ba kgonkga boroko. ‘Ke eng Modimo o ne a sa nthobatse? ga ipotsa Kedibone. Kana nka bo ke sa utlwa 15 masetladibete a ke a utlwileng’, [E nopotswe go tswa go Tsa-Lerato, O ngwanake, Mmabatho] 5.1 Bolela polelo e e ntshofaditsweng mo mola 1 e mo pakeng efe? (1) 5.2 Nopola leitiri go tswa mo temana 1. (1) 5.3 Popegopuo e e ntshofaditsweng mo Temana 1 ke mofuta ofe? (1) 5.4 Nopola letlhaodi la palo mo temana 1 o bo o le dirise jaaka tlhalosi ya kopanelo mo polelong e o itlhametseng yona. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo Ya Gae (HL)/P1 11 NW/Seetebosigo 2025 Grade 12 5.5 Neela leina la thuanyi (popapolelo)e e ntshofaditsweng mo mola 10. (1) 5.6 Nopola lerui go tswa mo temana 2. (1) 5.7 Fetolela polelo e e thaletsweng mo mola 14 le 15 go nna Puopegelo. (2) 5.8 Naya lekaelagongwe la leina ‘monang’ mo mola 13. (1) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

Revise the topics in this paper, then practise them question by question.

More papers and memos for this grade and subject.

More from Grade 12 Setswana Hl

View all