Skip to content

Setswana HL Grade 12 Paper 2 NSC Supplementary 2016 Memo

MemorandumSetswana HLGrade 12201619 pages

Grade 12 Setswana HL Paper 2 memorandum from the NSC Supplementary Exam 2016, 19 pages. Read online or download the free PDF.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

NSC Supplementary Exam 2016

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA BOBEDI (P2) TLHAKOLE/MOPITLWE 2016 MEMORANTAMO MADUO: 80 Memorantamo o, o na le ditsebe di le 19. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 2 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo KAROLO YA A: POKO MABOKO A SETSWANA – MK Mothoagae POTSO 1 (POTSO YA TLHAMO) ELA TLHOKO: Mo tlhamong ya motlhatlhojwa go tshwanetse ga akarediwa dintlha tse di fa tlase. Go tlaa dirisiwa ruboriki ya maduo a a kana ka 10 go tshwaya tlhamo ya motlhatlhojwa. • Mmoki o gomotsa bagaabo mo kutlobotlhokong e e ba wetseng. O ba kaela gore botlhoko jo bo mo pelong tsa bona bo tlaa fela. • O tlhagisa gore ba gomotsege gonne makolwane a bona a ka se tlhole a boa gape ka ba jelwe ke diphologolo tse di sa boifeng motho. • Ba jelwe ke metsi a matala a a se nang bopelotlhomogi. • Go ne go tswile banna tota ba digatlhamelamasisi. Go tswile banna ba ba sa boifeng loso. Banna ba ba tswang mogang go le thata ba se na letswalo lepe. Ba sa boife sepe. Banna ba ba bogale bo gaisang jwa dibatana tsa naga. Makolwane a dipelo tse di thata. • Fa o ne o ka ba tlhasela ka lonyatso, o re ke magatlapa, o ka ba tshosetsa ka seriti, o ne o tlaa di gama o sa di tlhapela. Fa o ne o le mosimane wa phala tsa pele, go ne go tlile go senyega, bojang bo ne bo se kitla bo tlhoga fa go neng go lwelwa gona. • Ba ile bannatia, makolwane a a swang a huparetse thebe, re setse ka diatla tse di lolea. Bana ba fetogile masiela, magae a fetogile matlotla. • Marapo a bona a kgwilwe ke ditlhapi tse dikgolo. Go ne go tswile banna tota. Go ne go ile banna ba ba neng ba sa boife loso. Banna ba ba tswang go le makgaphilakgaphila. • Makolwane a go sa tshamekelweng mo go ona. [10] KGOTSA POTSO 2 (DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE) NGWANAKA O TSETSWE – GK Setou 2.1 Go godisa ngwana ka bothata, mme fa a gola a go tlhanogele/sotle. (1) 2.2 A kutlobotlhoko ya go sotlwa ke ngwana o mo tsetse. (2) 2.3 'Ka e tshwara bogaleng, ka re ngwana o ntswa mpeng'. (2) 2.4 Go thusa mmuisi go tlhaloganya bonolo se go buiwang ka ga sona ka go bapisa mosadi le monyo o o nyang le mariga, go kaya gore mosadi o tswa maano fa go le thata go tlamela lelapa la gagwe. (1) 2.5 Tlhatlagano ya bokao - go gatelela bokao jwa go supa fa mabogo a sa bolo go nna a dira e bile a setse a tsutsubane. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 3 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo 2.6 Batsadi ba tshwanelwa ke go tlhokomelwa gonne ba re godisitse ka bothata/ Go nna le maikarabelo mo batsading fa ba setse ba tlhoka thuso ya rona. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [10] KGOTSA POTSO 3 (DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE) LENTSWE LA MOLEDI – LD Raditladi 3.1 Boikuelo jwa moledi gore a sekegelwe tsebe. (1) 3.2 Maikutlo a kutlobotlhoko ka gonne a sa reediwe mo go se a ikuelang ka ga sona. (2) 3.3 'Go twe nna ke sefofu, ke foufetse'. (2) 3.4 Go golaganya kakanyo e e tlhagelelang mo melathetong e e latelanang ntle le go dirisa lekopanyi. (1) 3.5 Tshwantshiso - mmoki o bapisa moledi le phologolo gonne a bidiwa jalo, mme fa go twe ke phologolo go raya gore ke lekaba. (2) 3.6 Lefoko le pelong ga le tshetse/motho ga a tshwanela go lelela teng, mme o tshwanetse go ntshetsa kwa ntle se se mo tshwenyang gore a bone thuso. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [10] KGOTSA POTSO 4 (DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE) SEETEBOSIGO – LD Raditladi 4.1 Botsididi jwa kgwedi ya Seetebosigo. (1) 4.2 Kutlobotlhoko - ka ntlha ya fa mariga a ama batho gammogo le ditshedi tsotlhe. (2) 4.3 Ke go emela selo se sengwe ka go dirisa se se tsamaelanang naso jaaka matlhare a tshwantshanngwa le dinku tse di fulang mo phefong. (1) 4.4 'Mašwi kwa sakeng a tlaa nyelela'. (2) 4.5 Poeletsomodumo ya k - go utlwatsa modumo wa tumammogo k - go supa ka moo mariga a neng a le bogale ka gona, mme a dire lekoko loo koko go kokoana mosong go leka gore le ka iphemela jang mo serameng. (2) 4.6 Mariga ke setlha se se tsididi ka jalo re apare bolelo gore re se sitwe le gore re kgone go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi/ga re a tshwanela go eta ka kgwedi e, gonne re ka tsenwa ke serame ka moeng a adimiwa mpa fela. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 4 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo POTSO 5 (DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE) SEFALANA SA MENATE – LD Raditladi SELELO SA TONKI – LD Raditladi 5.1 Tonki e kopa gore motho a tlogele go e bogisa ka gonne ke yona e neng e pegile Morena Jesu mo mokwatleng wa yona. (1) 5.2 Kutlobotlhoko/go ikuela mokgosi/go lela. (2) 5.3 'Ga ba nthate tota ba nkila lekonkong'. (2) 5.4 Go thusa go kibakibela ga mola wa leboko/go oketsa lebelo la moribo le moretheto wa molatheto ka go tlogela thuanyisediri, sekao 'ke bolo boemong jwa 'ga' ke bolo. (1) 5.5 Mothofatso - go naya tonki maikutlo a setho a go ikuela mo bareneng le Modimo gonne e sa bolo go itshokela pogo e e leng mo go yona. (2) 5.6 Diphologolo ga di a tshwanela go sotliwa ka di le mosola mo bathong/ diphologolo le fa di sa bue di na le maikutlo. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 5 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo KAROLO YA B: PADI POTSO 6 (POTSO YA TLHAMO) ELA TLHOKO: Mo tlhamong ya motlhatlhojwa go tshwanetse ga akarediwa dintlha tse di fa tlase. Go tlaa dirisiwa ruboriki ya maduo a a kana ka 25 go tshwaya tiro ya motlhatlhojwa. • Motswagauteng o godisitswe ke nkokoagagwe Ijelele le mmonamogolo Puso morago ga go romelwa ke mmaagwe Gokatweng kwa Motsitlane go tswa kwa Gauteng. • Morago ga leso la monnamogolo le mosadimogolo botshelo jwa ga Motswagauteng bo ne ba simolola go mela mebotwana ya mathata. Mosala o ne a busa Motswagauteng ka molao wa tshipi, a rekisa leruo leo a le tshwaetsweng a sa mo rerisa. • Motswagauteng o ne a timetsa podi e go neng go twe ke Mmadinakana, se se ne sa mmakela masana a kokometse. Malomaagwe Mosala a mmetsa gore a bo a ineye naga. • Motswagauteng o ne a idibadiwa ke serame se se tlhotseng se tlhasetse mo letsatsing leo. O ne a selwa ke monna yo go tweng Mokwepa. Mokwepa o ne a tumile thata mo motseng wa Motsitlane ka go gweba ka dithwe tsa batho. Fa Motswagauteng a utlwa lentswe la rre yo, a garoga letswalo a bo a tswala matlho gonne a ne a itse gore botshelo jwa gagwe bo fedile. • O falodisitswe ke Gokatweng, mmaagwe Motswagauteng, fa a se na go lemoga gore kwana e go buiwang ka yona ke morwa wa gagwe. • Motswagauteng o ne a sasanka le mebila a sa itse kwa a yang gone. O ne a kopana le basimane ba apere makgasa jaaka ena. A lemoga fa e se ena fela a tsaletsweng tshotlego. Fa a se na go itshwantshanya le bona, ba mo atamela, ba mo phuruphutsha. Fa ba sa ntse ba mo phuruphutsha, koloi ya mapodisa ya goroga, ba le botsa phokoje. O ne a kgona go phamola se e leng sa gagwe le ena a inaya naga. • Fa a goroga mo Foreiborogo, a tsalana le mosimane mongwe a bidiwa Kabo. Ena le Kabo ba ne ba thusa go pega dithoto tsa bareki go ya kwa dithekising. Motswagauteng o ne a supetsa mapodisa mosimane yo a neng a phamoletse mosadimogolo sekgwama sa madi, a ba bontsha fa senokwane se, se latlhetseng sekgwama gona. Ba betsa senokwane le go se latlhela mo koloing, ba bona le sekgwama sa madi. • Motswagauteng a teketwa ke batho ka ntlha ya go thusa Mosweu yo. Ba ne ba re Motswagauteng a ka bo a sa thusa gonne motswasetlhabelo e se Montsho. Motswagauteng o ne a tshaba kwa bookelong. • Fa a ntse a lalara le naga a iphitlhela a setse a le mo Johaneseborogo. Fa a tsena mo khefing a thulana le lekau le le neng le mo latofaletsa go mo thula. Motswagauteng a palelwa ke go efoga ntwa e lekau le e boloditseng. Ba kgaoganngwa ke mong wa lebenkele. Madi a ne a tlhakane le mamina a mofikela. A gotlhola botlhoko. Motswagauteng o ne a thusiwa ke Alberto le Salamina, ba mo poma le meriri. E rile fa Motswagauteng a bona ba naya mosadi mongwe meriri ya gagwe, a simolola go tshoga. A lemoga fa a tlile go dirwa leswalo go ise go ye gope. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 6 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo • Motswagauteng a tuma thata mo Johaneseborogo, kgwebo ya gagwe ya gola. Ba mmala le basweu mo banning mo mmileng ba mo sireletsa. O ne a kopana le mosimanyana mongwe a bidiwa Janie, Motswagauteng o ne a bontsha Janie pelwana e e neng e le mo keetaneng. A mmotsa ka aterese e e mo pelwaneng. Janie a lemoga fa a e itse, mme a betsega ka lobelo morago a bowa le mapodisa. Motswagauteng le ditsala tsa gagwe ba betsega ka lobelo, mme a latlha dilo tseo a neng a di dirisa go poma. • Fa a ntse a sasanka le mebila jalo a rakana le mosadi yo a neng a phamolelwa sekgwama, ba gopolana ba bo ba lemogana fa e le ba madi a le mangwe. Kgetsi ya tlhatlhelwa mabapi le ba ba bolaileng rraagwe wa madi. Gokatweng e bong mmaagwe Motswagauteng, e ne e le mongwe wa lešomo le le bolaileng rraagwe. • Fa Motswagauteng e kete o tlaa bona botshelo jo bo itumedisang, ke fa a tlaa batla a kobiwa kwa sekolong ka ntlha ya tlhaolele. Balosika lwa gagwe ba ema ka maoto, mme kgetse ya sekwa mo sekolong, ya bo ya tshololwa. Botshelo jwa Motswagauteng bo ne bo tletse ka dikgatlampi. KGOTSA POTSO 7: LEBA SEIPONE – Kabelo Kgatea 7.1 O kobilwe ke malomaagwe gonne o timeditse podi/malomaagwe o ne a mo tlhoile gonne rraagwemogolo e bong Puso a mo abetse boswa jo e leng jwa gagwe. (1) 7.2 A itebe mo seiponeng a bue le motho yo a mmonang mo go sona, a mo rate, a mo tlotle, a mo tshepe. (2) 7.3 O ne a tshaba gore mosadi wa ga Jankie a ka bolawa ke pelo fa a ka itse gore monna wa gagwe ke ena a imisitseng Gokatweng. (2) 7.4 Pule o ne a sireletsa Motswagauteng fa bana ba bangwe ba ne ba mo sotla ka ntlha ya ditebego tsa gagwe go tsweledisa morero wa padi pele. (2) 7.5 Kutlobotlhoko - gore ka e le malomaagwe, o ne a tshwanetse go mo tshegetsa le go mo sireletsa e seng go thusa setšhaba go mo sotla. Letlhoo - o ne a sotla Motswagauteng ka ntlha ya dilo tse di sa bonaleng. (2) 7.6 Ke senokwane/mmolai/-gonne e ne e le moeteledipele wa lekoko le le neng le bolaya le go retla batho. (2) 7.7 O tsweletsa poloto ya padi ka go dira ka gotlhe go bona gore Motswagauteng o boela sekolong, morago ga go kobiwa ka ntlha ya dikhuduego. (2) 7.8 Ke motho yo o lerato - o ne a rata Motswagauteng thata. Ke motho yo o kutlwelobotlhoko - o ne a amogela Motswagauteng mo Foreiborogo a bo a ya go robala le ena. Ke segatlhamelamasisi - o ne a itatlhela mo go Motswagauteng go mo falosa fa a ne a tlhasetswe ke batho. (E le NNGWE fela) (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 7 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo 7.9 Sepoko o ne a rotloetsa Motswagauteng go tsena sekolo le fa e ne e le ngwana wa mebila gore ditiragalo tsa padi di tswelele pele. (2) 7.10 Ba ne ba tsweletsa morero wa tlhaolele ka go teketa Motswagauteng, ba kaya fa motho yo o phamoletsweng madi e le Mosweu, e seng Montsho, go re poloto ya padi e phuthologe. (2) 7.11 Ke ne ke tlaa ba koba mo tirong gonne ba ne ba dira se se neng se le kgatlhanong le tiro ya bona/ke ne ke tlaa ba baya nakwana dingwaga di le pedi kwa gae ntle le tuelo. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 7.12 Ee - gonne o bone tuelo ya molato o a o dirileng, o kotutse se a se jetseng. Nnyaya - mongwe le mongwe o ithuta ka diphoso tsa gagwe/o thusitse puso ka bopaki bo a neelaneng ka bona. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 7.13 Boitshoko bo tsala boitumelo/Go amogela se o leng sona mo botshelong. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [25] KGOTSA POTSO 8 (POTSO YA TLHAMO) OMPHILE UMPHI MODISE – DPS Monyaise ELA TLHOKO: Mo tlhamong ya motlhatlhojwa go tshwanetse ga akarediwa dintlha tse di fa tlase. Go tlaa dirisiwa ruboriki ya maduo a a kana ka 25 go tshwaya tlhamo ya motlhatlhojwa. • Motlalepule o ne a tshola ngwana le lekolwane la tedu tsa katse ka ntlha ya bosula le lefufa la ga Thandi. • Motlalepule o sasanka le mebila a batla kwa a ka isang ngwana wa gagwe, gore isago a tle go mo tsaya, fa a se na go mmonela legae le le bothitho. A kopana le mosadimogolo mongwe yo o neng a leka go mo thusa. Fa ba ntse ba tsamaya ba kopana le lepodisa. Ba ngunanguneletsa tlase, morago ga sebakanyana a supa ka monwana ntlheng ya borwa. Motlalepule o ne a tlogela ngwana kwa kgodisetsong. Fa a tswa foo sefatlhego sa gagwe se ne se hupile manyaapelo. • Tsatsi lengwe le lengwe a tshwantshanya Mosidi le mogoloe yo e neng ya re a le mo tlalelong, a mmitsa Omphile. • Motlalepule e ne e re fa a bona basimanyana ba tshameka, a bo a gopola ngwana wa gagwe. Mo motseng ba ne ba setse ba mo teile leina ba re ke Dinalana, gonne o ne a okomela ngwana mongwe le mongwe yo a rakanang nae fa morago ga ditsebe, gonne a ne a beile morwa wa gagwe letshwao fa morago ga tsebe. • Botshelo bo ne bo sa iketla mo lelapeng la MmaMosidi le RraMosidi gonne pelo ya ga Motlalepule e ile kwa ngwaneng yo o kwa kgodisetsong. Tsatsi lengwe mmaMosidi o ne a ipeta pelo. A bolelela monna wa gagwe gore ba ye go ipatlela ngwana wa mosimane kwa kgodisetsong. Leano e le gore a tle a kgethe Omphile wa gagwe gore a tle go ora molelo wa ntlo ya gaabo. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 8 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo • Leano le, le iteile kwa ntle gonne fa ba goroga kwa kgodisetsong, ba fitlhetse maloba e le maabane. Ntekwane mosimane o kwa tengnyana teng ya lefatshe, ke modisa wa dikgomo tsa ga monnamogolo Ofentse. • Mosadi o ne a ralala lefatshe a na le tsholofelo ya gore tsatsi lengwe o tlaa kopana le morwae. O ne a na le tsholofelo eo gonne mosadimogolo Malebela o kile a mmolelela gore selo se a se batlang, se kwa teng ga lefatshe, mme tsatsi lengwe o tlaa se bona. • MmaMosidi o ne a setse a otlhegile, e bile go bontsha gore dikolojana ga di sa tlhole di le mmogo. Go ne go sa fete letsatsi a sa selwa mo mmileng. RraMosidi a leka dingaka a bo a leba ka matlho fela. • Modise jaaka e ne e le tlwaelo ya mokgatlho wa gaabo go lekola bagodi le balwetse, ba ne ba ya go lekola MmaMosidi. Mosadimogolo o ne a letse a mo lora go le bosigo jwa maabane. MmaMosidi a biletsa Modise fa gaufi le ena, gonne o ne a setse a lemogile gore ke morwae yo a sa bolong go mmatla. • Modise a ya go khubama mo pele ga MmaMosidi, a mo keleka mo tsebeng ya moja. MmaMosidi a simolola go roroma jaaka motho wa letshoroma. Fa Modise a tlola a re o a mo tshwara, mosadimogolo a ngaa jaaka ntšwa e gatile legala. MmaMosidi o ne a bitsa leina la Omphile. Fa a mo šeba, a bona MmaMosidi a phaphaletse sefatlhego, ngaka ya fitlhela maloba e le maabane. • Motho ga a itsiwe e se naga. Ya re go ntse go phurutlhololwa, motho a rakana le letlojana. Fa ba bula ba kopana le pampitshana mo teng e kwadilwe ka matsogo a a roromang: 'Modimo o intshwarele. Batho thusang ngwanake, o kwa Olanti. Ke mmeile letšhwao ka fa morago ga tlhogo.' [25] KGOTSA POTSO 9 OMPHILE UMPHI MODISE – DPS Monyaise 9.1 Naga ya Matile e ne e sa tlhole e ntsha dijalo ka tshwanelo. (2) 9.2 O tsweletsa padi ka go rotloetsa bana ba Matile go tsena sekolo ka tlhomamo. (2) 9.3 O thusa go senola morero wa padi ka go rotloetsa bana botlhe mo motseng le Modise go tsena sekolo le fa ena a sa bona lesedi la thuto ya sekgoa. (2) 9.4 Omphile - Modimo o mphile ngwana wa mosimane yo o neng a tlhoka rraagwe. Umphi - leina le Omphile a neng a ipitsa ka lone kwa sekolong. Modise - ke leina le a le filweng ke monnamogolo Ofentse ka a ne a sa bolo go tlhoka modisa. (3) 9.5 Go nna bonolo ga gagwe go dirile gore Motlalepule a etegele ka go batlana le ngwana mo sephiring gore poloto ya padi e phuthologe. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) 9.6 Ee - gonne Thandi o ne a fufegela bontle jwa ga Motlalepule. A bona mokgele o mo tswa dinaleng, o tsewa ke motho a tla a eme ka dinao. (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 9 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo 9.7 Go tsweledisa ditiragalo tsa padi ka go dira gore Modise a kopane le Motlalepule yo o sa bolong go mmatla botshelo jotlhe jwa gagwe. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 9.8 Ke ne ke tlaa ikisa kwa kgosing go kopa madi a go tsweletsa dithuto/ke ne ke tlaa kopa balosika go nketleetsa mo tsweletsong ya dithuto tsa me. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 9.9 O kgonne go fodisa Modise le go mo thusa mo maibing a a neng a le mo go ona. Fa Modise a ka bo a tlhokafetse, poloto ya buka e ka bo e sa tswelela pele. (2) 9.10 Ee - gonne e tlaa re morago o ye go mo tsaya fa o sena go mmatlela bonno jo bo siameng. Nnyaya - motsadi mongwe le mongwe o tshwanetse go baakanyetsa ngwana wa gagwe pele a goroga. Motsadi mongwe le mongwe o tshwanetse go ikgodisetsa ngwana wa gagwe, e se re kamoso a baya batho ba bangwe molato fa ngwana a fapogile. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 9.11 Kgodiso e e bothitho ya ga monnamogolo Ofentse e betletse Modise bokamoso jo bo phatsimang. (2) 9.12 Ee - gonne o re rutile gore re se ka ra latlha bana ba rona/re tshwanetse go ikgodisetsa bana/re tlhokomele batho ba re tshelang le bona segolobogolo ba re dirang le bona. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [25] KGOTSA POTSO 10 (POTSO YA TLHAMO) ELA TLHOKO: Mo tlhamong ya motlhatlhojwa go tshwanetse ga akarediwa dintlha tse di fa tlase. Go tlaa dirisiwa ruboriki ya maduo a a kana ka 25 go tshwaya tlhamo ya motlhatlhojwa. MASEGO – G Mokae • Go belesediwa ga gagwe kwa sekolong go ne ga mo tsenya matlho a barutwana le barutabana, mme a latlhegelwa ke isago e e phatsimang. • Rraagwe ga a ka a dumela se a se bonang ka mosetsana yo a imileng. O ne a mmetsa a bo a ya go amogelwa kwa bookelong. O ne a ya go nna le mmangwanaagwe yo o neng a agile mo Phelindaba gore a tle a kgone go bona dingaka ka bogaufi mo bookelong jwa Kalafong. • Masego o ne a godisetsa ngwana wa gagwe Sello mo mathateng a a seng kana ka sepe. O ne a nna mo megwaafatsheng ya Mmakau le morwae Sello yo a mo godisitseng bokete. • Botshelo jwa ga masego bo ne bo sekwa le badimo. Dingaka di le mo tsietsing e kgolo. Go sa itsiwe gore go falodisiwe ngwana kgotsa mmaagwe. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 10 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo • MmaSontaga ka ntlha ya bogolo, a mo naya tiro ya gagwe kwa ga Solly le Cathy. Ba ne ba rata Masego o ne a tshwanelwa ke go dira kwa dikhitshining ka ntlha ya go batla go direla ngwana wa gagwe. • Masego o ne a sa rate fa ngwana wa gagwe a ka tsena mo dipolotiking tsa metlha eo. Gangwe le gape a mo lemosa fa thuto e tla pele, dipolotiki morago. • Ka ntlha ya maemo a dipolotiki mo Aforikaborwa, ba ga Lazar ba ne ba tswa mo nageng ya rona morago ga gore ntlo ya bona e jewe ka molelo. O ne a simolola go tshela le Vusi Mngoma yo o neng e le mongwe wa baeteledipele ba dipolotiki mo Aforikaborwa. Ba bonana ka go ikutswa, botshelo bo se bonolo. • Masego ya nna gone a nnang le maikutlo a lorato mo pelong ya gagwe morago ga go itsane le Vusi. Morago ga petelelo ya gagwe, o ne a ipoleletse gore ga a kitla a ratana. Banna ba le bantsi ba lekile fela ba paletswe. • Vusi le Masego ba godisitse Sello mo thutong. Vusi o ne a thuntshiwa ke mapodisa gonne go ne go twe ke mmelaelwa mo dikgaruuruung tse di neng di tsogile mo Aforikaborwa. Go ne go twe ke ena mongwe wa batho ba ba neng ba tshedisetsa batho moseja. • Sello a somarela sengwe le sengwe se mmaagwe a neng a mo ruta sona. Dithoto tsa ga Vusi Mngoma di ne tsa abelwa bana ba gagwe le mosadi wa ntlha wa ga Vusi. Sello ena o ne a tsweletsa dithuto tsa gagwe pele. • Kgwedi di se kae morago ga go boela kwa Mmakau, Goabaone a ikela badimong. A utlwa botlhoko thata, mme a apara kobo e nngwe e ntsho godimo ga ya ntlha mo pelong. A gomodiwa fela ke tswelelopele ya mosimane wa gagwe, Sello, kwa sekolong. [25] KGOTSA POTSO 11: MASEGO – G Mokae 11.1 Go kopa Masego go tsena sekolo kwa Sedimosang. (1) 11.2 Rre Kgotle e ne e le morutabana wa ga Masego pele a ya go tsena kwa Sedimosang. (2) 11.3 Masego o ne a sa tlhole a baya makau sebete. A ikanne gore a ka se ratane le ope mo botshelong jwa gagwe. (2) 11.4 Rre Motsepe o ne a kalediwa ka a ne a bolaya base Schalk gonne a ne a ipusolosetsa go bediwa ka sebepi. (2) 11.5 O kgaogantse batho ba ba godileng mmogo ba ratana e bile ba tshameka mmogo, go se letsapa le ba fisang pelo. (2) 11.6 Ee - gonne ka motsi wa tlhaolele fa o amega mo polaong ya mosweu, le wena o ne o bolawa. Nnyaya - Ga re a tshwanela go seka motho, mme re seke molato ka base Schalk e le ena a simolotseng go itaya Rre Motsepe. (2) (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 11 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo 11.7 Go nna lerato ga ga Vusi mo go Masego go thusitse Masego go tlhokomela Sello go ithutela pele gore poloto ya padi e tswelele pele. (2) 11.8 O ne a tlhokomela ngwana wa gagwe le go mo rotloetsa gore a rutege. (2) 11.9 Maikarabelo – Ka a sa batle go neelana ka ngwana, mme a sa itse gore kwa a yang gona o tlaa tlhokomelesega jaaka fa a le mo gae. (2) 11.10 Ke ne ke tlaa amogela ka tlhokomela setlogolo, mme mmaagwe a ya sekolong/ke ne ke tlaa kopa gore a lemolole/ke ne ke tlaa mo koba mo ntlong gonne ke ne ke sa mo roma gore a ye go ima. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 11.11 Ke ne ke tlaa kgaogana le ena/ke ne ke ka se dumele gore a nthaele gonne mongwe le mongwe a itse se a se tletseng mo sekolong. (Dikarabo tsa barutwana tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 11.12 Ee - mmaagwe o ne a ka mmatlela diketleetso/basari mo mafapheng a a farologaneng segolobogolo ka a ne a le botlhale. Nnyaya - madi a ka bo a sa lekana go mo isa sekolong. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 11.13 Magaleng ga go iwe gabedi/go se tshepe ditsala/go godisa ngwana wa gago. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [25] KGOTSA POTSO 12 ELA TLHOKO: Mo tlhamong ya motlhatlhojwa go tshwanetse ga akarediwa dintlha tse di fa tlase. Go tlaa dirisiwa ruboriki ya maduo a a kana ka 25 go tshwaya tlhamo ya motlhatlhojwa. DITLHANGWA TSA SETSO – G Leeuw le ba bangwe • Mo tlholegong ya Bakgatla ba ga Kgafela, bogosi bo a lwelwa, fa Kgosi Molefi Pilane 'a Pheto a ne a disitse sope la ga mmaagwe, e bong Seingwaeng 'a Lekanyane ka a ne a tlogeletswe motse ke mogolowe. • Kgotlamaswe o ne a itlhoma mo bogosing fa Kgosi Molefi Pilane 'a Pheto a tlhomilwe semmuso. Bakgatla ba ga Kgosi Molefi Pilane ba ne ba phatlaladitswe ke puso e e makgwakgwa ya ga mogoloa Kgosi Molefi Pilane, fa Bakgatla ba ga Kgafela ba phatlaladitswe ke bogosi jo bo lwelwang, le Moselekatse yo o neng a ripitla merafe ya Batswana. • Kgosi Molefi Pilane 'a Pheto ke kgosi thothobolo o olela matlakala, o phutha morafe o o neng o phatlaletse, fa Bakgatla ba ga Kgafela ba ne ba se na kgosi, go ne go le dintwa. Molefe morwa Pheto o ne a ba phutha, mme a ba busa. E rile Pilane a tla, a mo neela bogosi ka kagiso. Matebele a ga Moselekatse a ne a phatlalatsa morafe wa Bakgatla, mme a ba gapa ka bontsi. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 12 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo • Kgosi Molefi Pilane 'a Pheto o ne a tshwanetse go siamisa diphoso tse di dirilweng ke mogolowe ka go thiba diphatlha tse a di phuntseng mo morafeng. • Kgamanyane e ne ya nna moeteledipele wa morafe wa Bakgatla, mme a se ka a busa lobaka lo loleele. Ke ena a isitseng Bakgatla kwa motseng wa Mokwena ka ba ne ba tshaba go tshwenngwa ke Maburu. • Go ne ga nna le kgolagano magareng ga Bakwena le Bakgatla go thusana motsing wa ntwa. Kgamanyane ga a ka a bona kagiso go tswa mo go Sechele ka a ne a rata fa Bakgatla ba ka mo ntshetsa dimpho. Morago ga Kgamanyane go ne ga busa Lentswe yo o neng a rata boruti e bile a rata bodumedi. • Kgosi Molefi Pilane 'a Pheto o ne a tshwanetse go batla matimela, a a gorose mo motseng fela jaaka modisa a tswa go batla dikgomo tse di timetseng. • Matimela a, a ne a phatlaletse le naga, ka bangwe go utlwelwa ba le kwa Kapa, fa bangwe ba le kwa Natala. Ba ne ba na le Dikobe, ngwana wa ga Nthite, mme bontsi jwa bona bo iphetotse maina, ba ipitsa boJohanese gonne ba ne ba boifa go bolawa. Banna bangwe ba tlogetse basadi, mme basadi le bana ba setse ba tsofala, e bile ba sotlega. Makau a sa le a ile majako, ba a inyadisa ba bo ba itlhadisa. Bontsi jwa banna bo falaletse kwa Kiriisetoropo, fa basadi bona ba tshabetse Tlhabane. • Kgosi Molefi Pilane 'a Pheto o ne a tshwanetse go phutha basadi, ka bangwe ba bona ba tlogetse banna ba ba ba nyetseng. Go sa le go twe ba ile go jaka, mme ga ba romele sepe kwa gae. [25] KGOTSA SETLHARE SA METLHOLO LE MOSADI – CLS Thobega le ba bangwe 13.1 Dianelabatho – banaleseabe ke batho le fa setlhare se bua ka gonne se mothofaditswe. (2) 13.2 Go jaka ka loleme. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 13.3 O mothofaditse tlhapi go supa mokgwa o Keneetsweng a thelelang ka maaka ka gona. (2) 13.4 Go dira gore naane e se lebalege/go natefisa naane. (1) 13.5 Go ruta batho go efoga go jaka ka loleme gonne go na le ditlamorago tse di sa siamang/ga go sepe se se sa tsweleng mo pontsheng kwa bokhutlong/maaka a maoto makhutshwane. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 13.6 Ga go dumelesege le go tlhaloganyesega gore setlhare se ka bua, sa tsamaya, sa ba sa goga motho leleme/motho a ka fetoga jang tshwene. (2) 13.7 A tlogele go bua maaka ka batho ba a tshelang nabo gonne ditlamorago tsa teng ga di a siama. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 13 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo 13.8 Go tila go kgopisa batho ba ke tshelang nabo ka go ba akela gonne nka tsena mo dipharagobeng. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 13.9 Ke la segologolo Ga le a kwalwa ka ditemana/le a rorisa/puo ya teng e bofitlha. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko) (2) 13.10 Ke mminatholo/moanatholo/ga a tshwanelwa go tlakatlakelwa. (2) 13.11 Tlhatlagano - go gatelela bokao jwa go supa go tlotlomadiwa ga ga mogaka Sol Plaatjie. (2) 13.12 Go re lemosa seabe sa mmokiwa mo bokwading le dipolotiking tsa Aforikaborwa/go lemosa mmokiwa gore bonatla jwa gagwe bo a bonala, bo a tlhokega, e bile bo a itumelelwa. (2) 13.13 A boitumelo/boikgantsho/boipelo-ka ntlha ya ditiro tsa gagwe mo setšhabeng soorrantsho. (2) [25] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 25 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 14 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo KAROLO YA C: TERAMA POTSO 14 (POTSO YA TLHAMO) ELA TLHOKO: Mo tlhamong ya motlhatlhojwa go tshwanetse ga akarediwa dintlha tse di fa tlase. Go tlaa dirisiwa ruboriki ya maduo a a kana ka 25 go tshwaya tlhamo ya motlhatlhojwa. MATSAPA DI A TSAYA KAE? – SS Mokua • Ee, ditiragalo tsa teramakhutshwe, 'Batho ga ba tshwane', di tsamaisana le setlhogo. • Moremi o farologana le banna ba bantsi ka go thusa Nnaniki, mosadi wa gagwe go anega diaparo. • Ga ba bantsi banna ba o fitlhelang ba thusa basadi ba bona ka go tlhatswa diaparo. • Bangwe ba ka feleletsa ba re Moremi o apere jase kgotsa mosadi o mo itebagantse. • Fela Moremi ga a ise dilo tse di ntseng jaana kwa tlhogong, o thusa mosadi wa gagwe ka boineelo le lerato. • Se se mo farologanya le batho ba bangwe gore ka nnete batho ga ba tshwane. • Moremi o tlhagisetsa mogatse ntlha ya gore ba tshwanetse go batlela mosadimogolo motho yo a ka nnang le ene. • O tlhagisa kakanyo ya gore ba batle motho wa kwa kgakala ka gore balosika ba ba phuagantse fa ba ne ba ba kopile. • Tiro ya mofuta o mo malapeng a mantsi go tlwaelegile e dirwa ke bana ba basetsana, fela kwa ga Moremi ke ene a e dirang. • Se se supa gore ruri batho ga ba tshwane ka mo lebakeng le, e dirwa ke motho wa monna, Moremi. • Fa mosadi wa ga Moremi a kaya gore batho ba kwa kgakala ba ka ba udubatsa ka go ba utswetsa dithoto, Moremi o mo tlhalosetsa gore batho ga ba tshwane. • Fa Nomalanga a goroga le Nobuhle, o amogelwa ke Moremi e seng Nnaniki. Se se farologana le mo malapeng a mangwe moo Nomalanga a tshwanetseng ke go amogelwa ke mosadi wa lelapa, e seng monna. • Ka jalo se se senola fa lelapa la ga Moremi le sa tshwane le malapa a mangwe, fa ruri batho ba sa tshwane. • Moremi ga a ka a tswa pelo fa a bona Nomalanga jaaka o ka fitlhela go diragala mo gongwe. • Se, se supa fa Moremi a sa tshwane le batho ba bangwe, a sa raelesege bonolo fa a bona lerama le le setlhana. • Nomalanga o fetile a dira ka natla, a tlhokomela mosadimogolo bontle le go mo phutha. A dira go farologana le ngwana wa mmangwanaabo Moremi. • Fa mosadimogolo a sena go tlhokafala, Moremi o bolelela Nomalanga gore o mmatletse tiro kwa mooking mongwe. Nomalanga o gana tiro eo le go bolelela mooki Matlhare gore baoki ga ba na tshwaro e ntle mo bathusing ba bona. • Ga se batho ba bantsi ba ba ka buang nnete jaaka Nomalanga mo pele ga mooki Matlhare. Se se supa fa batho ba sa tshwane e le ruri. [25] KGOTSA Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 15 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo POTSO 15 MATSAPA DI A TSAYA KAE? – SS Mokua 15.1 MmaMoremi. (1) 15.2 Mmatsalaagwe Nnaniki. (1) 15.3 O tsentswe bokoa ke go kgarakgadiwa ke loso lwa monna wa gagwe. (2) 15.4 Ngwana wa mmangwaneagwe Moremi o ne a sa tlhokomele mmaagwe Moremi sentle. A se na nako ya gagwe. A bona fa mosadimogolo a mo kgoreletsa mo mekgapheng ya gagwe. (3) 15.5 Motho yo o lerato le pelotelele. (2) 15.6 O thusa go batlela Nomalanga tiro kwa ga mooki Matlhare morago ga go tlhokafala ga ga mmaagwe. (2) 15.7 Motho yo o lerato, yo o pelotelele, yo o tswang kwa ntle. (2) 15.8 Tenego - ya gore Nomalanga o gana tiro ka ntlha ya magatwe a a sa itseng bonnete jwa ona. Kutlwelobotlhoko - ka gonne kwa gabone ke tlala fela. (2) 15.9 Nomalanga o ne a rata mosadimogolo ka pelo ya gagwe yotlhe. O ne a rata lelapa la ga Moremi thata, fa a tshwanetse go ya gae o ne a gana. O ne a le pelotelele ya go tlhokomela MmaMoremi. (Di le PEDI fela) (4) 15.10 Yo o nang le botho jo bo itsetsepetseng, jo bo ka se refosanelweng ka madi. (2) 15.11 Ke ne ke tlaa mo kopa gore a tseye tiro, mme fa a lemoga bonnete jwa magatwe ao, a tlogele ka gangwe/ke ne ke tlaa mo solofetsa go mo okeletsa tuelo fa a ka ntirela. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 15.12 Ga go botlhale go tsaya ditshwetso ka ntlha ya magatwe a a iseng a go diragalele/go se akaretse batho mo dilong tsa magatwe ka gonne re le batho ga re tshwane/gore le fa gone lefatshe le senyegile, go sa ntse go na le batho ba ba botho. (2) [25] KGOTSA Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 16 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo POTSO 16 (POTSO YA TLHAMO) ELA TLHOKO: Mo tlhamong ya motlhatlhojwa go tshwanetse ga akarediwa dintlha tse di fa tlase. Go tlaa dirisiwa ruboriki ya maduo a a kana ka 25 go tshwaya tlhamo ya motlhatlhojwa. GA SE LORATO – MJ Magasa • Ee, ditiragalo tsa terama, 'Ga se Lorato', di tsamaisana le setlhogo go ya ka seo makgarebe a a neng a kaya fa a rata Motsamai, a neng a dira ka gona, mme kwa bofelong maikaelelo a bona a bontsha fa ba ne ba sa mo rate. • Motsamai le ena o ne a kaya fa a rata makgarebe ao, fela seo ga se kaye gore ke lorato. • Se Motsamai a neng a se dira mo go Gadifele ga se lorato, gonne a mo nyetse, mme fela a mo keta diketo. • Kwa tshimologong, Motsamai o tsena mo leratong le Angeline yo o kayang gore o rata Motsamai. • Motsamai o adima madi kwa tirong go mo agela ntlo, a bo a mo tsenyetsa motlakase. O direla Angeline dilo tsotlhe tse a batlang a mo direla tsona ka bonako mo nakong e khutshwane ya lerato la bone. Tsotlhe tse, di diragala ka maitlhomo a lerato. • Fa Angeline a lemoga gore Motsamai o mo diretse tsotlhe tse a neng a batla a di mo direla, o a mo koba, mme se se supa fa go ne go se na lerato. • Angeline o ne a dirisa lerato go rafa se a neng a se batla mo go Motsamai. • Morago ga Angeline, Motsamai o kaya fa a iponetse lerato mo lekgarebeng le le bidiwang Suzan. • Bobedi bo tswelela jalo ka lerato, mme Motsamai o direla Suzan tsotlhe tse a di batlang ka maitlhomo a gore o dira tse mo leineng la lerato. • Suzan o tlhalosetsa Motsamai maele a gore ba ka dira kgwebo gore ba oketse letseno la bona. Ba reke bene gore ba rekise merogo, mme morago ba age lebenkele. • Tse tsotlhe tse, Motsamai o di dira ka kgopolo ya gore o a rata e bile o a ratwa. • Morago ga go lemoga gore Motsamai o dirile tsotlhe tse a neng a di batla, o tlhaba Motsamai ka tsela, mme se se lemosa gore go ne go se na lerato kwa ntlheng, Suzan o ne a itse se a se batlang. • Morago ga go phuaganngwa ke Suzan, Motsamai o kopana le Gladys yo le ena a kayang fa a mo rata ka la o ka swa nka go ja. • Motsamai o mo tlhabololela ntlo a bo a mo tsenyetsa metsi. Kwa bofelong, monna wa ga Gladys o boa kwa bokgwelwa, mme o feta a duedisa Motsamai go nna le mosadi wa gagwe. • Tsotlhe tse a di diretseng Gladys ka maitlhomo a lerato, o a di tlogela. • Dilo tsotlhe tse di diragaletseng Motsamai go tswa mo makgarebeng a gagwe a mararo, di supa fa tota e se lerato, mme e le go rafa moraba o o phunyegileng. [25] KGOTSA Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 17 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo POTSO 17 GA SE LORATO – MJ Magasa 17.1 Angeline Gosekwang Lenkapere (3) 17.2 Motsoko (1) 17.3 UTC (United Tobacco Company). (1) 17.4 Ka gobo ba sotlega ka gore rraabone a sa ba tlamele ka gope. (2) 17.5 Go latlhegelwa ke tiro le tsotlhe tse a neng a na le tsona. (2) 17.6 Ngwana o ikgolela fela ka thuso ya batho ba ba pelotlhomogi le molemo. (2) 17.7 Go itshoka ga gagwe go letla ditiragalo go tswelela pele ka gore fa a ka bo a ne a ngala le go boela gae, ditiragalo di ne di tlaa khutla gona foo. (2) 17.8 Kutlobotlhoko – Ka ntlha ya mathata le tshotlego tse ba nang natso. (2) 17.9 Gadifele - O ne a dirisa bokao ba leina la gagwe go gomotsa bana ba gagwe gore le fa go twe tse di bosula ga di fele, ba itse gore letsatsi lengwe di tlaa fela, e bile go monate gore ba simolole ka bosula gore ba tle ba feleletse ka monate. (2) Emang - Gadifele o ne a dirisa bokao ba leina le go rotloetsa bana ba gagwe go ema ka dinao ba lebane le dikgwetlho tsa botshelo. (2) Lesego - Gadifele o ne a dirisa bokao jwa leina la 'Lesego' go kaela bana ba gagwe gore ba lesego go bo ba na le mmaabona yo o ba emang nokeng. (2) 17.10 Ee - ka gore o ne a sentse dikoloi tsa setlamo sa UTC. (2) 17.11 Ke ne ke tlaa mo tlhala/ke ne ke ka mo tshwarisa gore a tlamela bana/ke ne ke ka begela batsadi ba rona gore ba tsereganye bothata bo. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) [25] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 25 PALOGOTLHE: 80 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 Downloaded from hlayiso.com 18 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo KAROLO YA B LE C: RUBORIKI YA TLHATLHOBO YA DITLHAMO TSA DIKWALO: PADI LE TERAMA [25 MADUO] Ditlhokego Phitlhelelo ka dinaledi Phitlhelelo ka Phitlhelelo ka tekano Phitlhelelo e e Ga a fitlhelela matsetseleko tlhaelang DITENG 12–15 9–11 6–8 4–5 0–3 -Tsibogelo ka dinaledi: -O bontsha go -Thanolo ya setlhogo e e -Thanolo e e tlhaelang -Setlhogo ga se Thanolo ya setlhogo 14–15 tlhaloganya, gape o mo magareng, ga se ya setlhogo, ga go na le tlhaloganngwe Ngangisano e e -Tsibogelo e e ranotse setlhogo sentle diponagalo tsotlhe tse di diponagalo dipe tse di -Maiteko a a bokoa a go tseneletseng, katlholo le manontlhotlho: 12–13 -Tsibogelo e e tlhagisitsweng ka botlalo tlhagisitsweng ka botlalo araba potso go tlhaloganya -Thanolo e e lekalekanang ya dintlha -Go na le dintlha dingwe -Go dintlha di le mmalwa -Dintlha tsa ngangisano setlhangwa tseneletseng ya setlhogo -Dintlha tse di utlwalang tse dintle tse di tse di tshegetsang ga di dumelesege -Motseletsele o o tsa ngangisano, fela ga tshegetsang setlhogo setlhogo -Morutwana ga a kgona 15 MADUO itumedisang wa dintlha se tsotlhe tse di -Dintlha dingwe tsa -Dintlha tsa ngangisano go tlhaloganya tsa ngangisano, di tshegeditsweng jaaka go dingangisano di tse di maleba di dinnye mofutakwalo kgotsa tshegediwa ka botlalo go ne go tshwanetse tshegeditswe, mme fela thata setlhangwa tswa mo dikwalong -Go tlhaloganya bosupi ga bo -Go tlhaloganya -Go tlhaloganya mofutakwalo le dumelesege ka metlha mofutakwalo le mofutakwalo le setlhangwa go a bonala -Tlhalogantse setlhangwa go gonnye setlhangwa go go bontlhabongwe jwa thata manontlhotlho mofutakwalo le setlhangwa KAGEGO LE PUO 8–10 6–7 4–5 2–3 0–1 -Popego e e -Kagego e e -Go na le bosupi jwa -Popego e supa -Go tlhokagala ga Popego, kelelo e e lomaganeng tlhamaletseng le kelelo e kagego thulaganyo e e kagego go kgoreletsa tlhaloganyegang le -Matseno le bokhutlo di e utlwalang ya -E a tlhaloganyega le go fosagetseng kelelo ya ngangisano tlhagiso manontlhotlho ngangisano lomagana fela e na le -Dintlha tsa ngangisano -Diphoso tsa puo le Puo, segalo le setaele -Dintlha tsa ngangisano -Matseno, bokhutlo le diphoso ga di a rulaganngwa setaele se se tse di dirisitsweng mo di agegile sentle ditemana dingwe di -Diphoso di le mmalwa sentle fosagetseng di tlhola tlhamong -Puo, segalo le setaele rulagantswe sentle ka tsa puo, segalo le -Diphoso tsa puo di a setlhangwa se se sa di supa kgolo, di a tomagano setaele tse di bonala atlegang 10 MADUO kgatlhisa, di nepagetse - Kelelo e e utlwalang ya nepagetseng go le go -Segalo le setaele tse di -Segalo le setaele tse di ngangisano ntsi seng maleba seng maleba -Bogolo puo, segalo le -Bontsi jwa ditema di -Ditemana di fosagetse setaele di nepagetse nepagetse SEELO SA MADUO 20–25 15–19 10–14 5–9 0–4 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 Downloaded from hlayiso.com 19 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016 NSC – Memorantamo KAROLO YA B LE C: RUBORIKI YA TLHATLHOBO YA DITLHAMO TSA DIKWALO: PADI LE TERAMA [25 MADUO] Ditlhokego Phitlhelelo ka dinaledi Phitlhelelo ka Phitlhelelo ka tekano Phitlhelelo e e Ga a fitlhelela matsetseleko tlhaelang DITENG 12–15 9–11 6–8 4–5 0–3 -Tsibogelo ka dinaledi: -O bontsha go -Thanolo ya setlhogo e e -Thanolo e e tlhaelang -Setlhogo ga se Thanolo ya setlhogo 14–15 tlhaloganya, gape o mo magareng, ga se ya setlhogo, ga go na le tlhaloganngwe Ngangisano e e -Tsibogelo e e ranotse setlhogo sentle diponagalo tsotlhe tse di diponagalo dipe tse di -Maiteko a a bokoa a go tseneletseng, katlholo le manontlhotlho: 12–13 -Tsibogelo e e tlhagisitsweng ka botlalo tlhagisitsweng ka botlalo araba potso go tlhaloganya -Thanolo e e lekalekanang ya dintlha -Go na le dintlha dingwe -Go dintlha di le mmalwa -Dintlha tsa ngangisano setlhangwa tseneletseng ya setlhogo -Dintlha tse di utlwalang tse dintle tse di tse di tshegetsang ga di dumelesege -Motseletsele o o tsa ngangisano, fela ga tshegetsang setlhogo setlhogo -Morutwana ga a kgona 15 MADUO itumedisang wa dintlha se tsotlhe tse di -Dintlha dingwe tsa -Dintlha tsa ngangisano go tlhaloganya tsa ngangisano, di tshegeditsweng jaaka go dingangisano di tse di maleba di dinnye mofutakwalo kgotsa tshegediwa ka botlalo go ne go tshwanetse tshegeditswe, mme fela thata setlhangwa tswa mo dikwalong -Go tlhaloganya bosupi ga bo -Go tlhaloganya -Go tlhaloganya mofutakwalo le dumelesege ka metlha mofutakwalo le mofutakwalo le setlhangwa go a bonala -Tlhalogantse setlhangwa go gonnye setlhangwa go go bontlhabongwe jwa thata manontlhotlho mofutakwalo le setlhangwa KAGEGO LE PUO 8–10 6–7 4–5 2–3 0–1 -Popego e e -Kagego e e -Go na le bosupi jwa -Popego e supa -Go tlhokagala ga Popego, kelelo e e lomaganeng tlhamaletseng le kelelo e kagego thulaganyo e e kagego go kgoreletsa tlhaloganyegang le -Matseno le bokhutlo di e utlwalang ya -E a tlhaloganyega le go fosagetseng kelelo ya ngangisano tlhagiso manontlhotlho ngangisano lomagana fela e na le -Dintlha tsa ngangisano -Diphoso tsa puo le Puo, segalo le setaele -Dintlha tsa ngangisano -Matseno, bokhutlo le diphoso ga di a rulaganngwa setaele se se tse di dirisitsweng mo di agegile sentle ditemana dingwe di -Diphoso di le mmalwa sentle fosagetseng di tlhola tlhamong -Puo, segalo le setaele rulagantswe sentle ka tsa puo, segalo le -Diphoso tsa puo di a setlhangwa se se sa di supa kgolo, di a tomagano setaele tse di bonala atlegang 10 MADUO kgatlhisa, di nepagetse - Kelelo e e utlwalang ya nepagetseng go le go -Segalo le setaele tse di -Segalo le setaele tse di ngangisano ntsi seng maleba seng maleba -Bogolo puo, segalo le -Bontsi jwa ditema di -Ditemana di fosagetse setaele di nepagetse nepagetse SEELO SA MADUO 20–25 15–19 10–14 5–9 0–4 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana HL

View all