Skip to content
Question paper

Setswana Hl Grade 12 P1 NSC June 2024 Question Paper (Setswana)

Grade 12 Setswana Hl Paper 1 question paper from the NSC June Exam 2024 (Setswana), 10 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Subject: Setswana HlGrade 12202410 pages
Download

Loading document…

Loading document…

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Confidential SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS/ NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) MOTSHEGANONG/SEETEBOSIGO 2024 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 10. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Dipopego tsa puo le melawana ya tiriso ya puo (30) 2. Buisa ditaelo TSOTLHE ka kelotlhoko. 3. Araba dipotso TSOTLHE. 4. Simolola karolo NNGWE LE NNGWE mo tsebeng E NTŠHWA. 5. Thala mola morago ga karolo NNGWE le NNGWE. 6. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 7. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 8. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 9. Kabo ya nako e e tshikinngwang: KAROLO YA A: 50 metsotso KAROLO YA B: 30 metsotso KAROLO YA C: 40 metsotso 10. Kwala ka mokwalo o o buisegang mme o dirise mopeleto o o kannweng ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana. Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 SETLHANGWA A (TEMANA) Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. 1 'Kedi ngwanaka, o tle o direle ka pele. Golo fa nna ke setse ke lapisitswe ke go ya go tlhatlhela dipotsane. A motho o tlaa ba a ikokotlela a ntse a tlhatlhela, ruri ditlogolo di a tlhokega.' Ka mosadimogolo MmaLetsapa e ne e le motho yo o tletseng metlae, Kedibone a se ka a mo isa tlhogong. Ka le ena Kedibone e ne e le 5 mmaditshegwana, o ne a leba matsalaagwe mme boemong ba go mo araba a itshegela fela. MmaLetsapa o ne a eme e kete motho a letetse karabo go tswa go Kedibone. 2 'Bathong nnaare ga twe ke tlaa ikhutsa leng? Ke kwa lebenkeleng, ke go tlhatswa dijana, ke nkgele metsi, go rongwa nna. Tsatsi le e tlaa 10 reng ke tsoga ka filhela ke na le mothusi, ke tlaa tlolela kwa godimo kwa marung gore ke bo ke kgome letsatsi.' Go le gantsi go ne go bolelwa dipuo di tshwana le tse. Keneilwe, kgaitsadia Letsapa wa gofejane le ena o ne a ntsha maikutlo a gagwe e le ka maitiso a manaana. E ne e le bogologolo ba jele dilalelo mme ena a sa ntse a 15 tshwanetswe ke go tlhatswa dijana. Kana dipuo tse di buiwa Kedibone a le teng, fela motho wa batho a sa lemoge gore matsapa di a tsaya kae. Bosigong joo, o ne a ithaopa go tlhatswetsa mogadiboagwe dijana. 3 'O nkutlwe Letsapa, mosadi yo wa gago, lekgela. Kana felo fa 20 dingwaga di tharo a ntse a gorogile mo lelapeng. Go ya ka nna mosadi o tshwanetse go itshupa. E seng ngwaga tse tharo Letsapa! Ka re lesea e ka bo e setse e le le le sianang.' Kedibone fa a re o lebelela tshupanako ya gagwe a fitlhela e le gona e yang go ura ya borobedi. Fa a leba mo phaposing ya gagwe ga go merwalo ya ga Letsapa fela o 25 utlwile gore mosadimogolo o bua le morwae. Dikakanyo tsa farasela mo mogopolong wa gagwe. 4 Kana Letsapa o ne a dira kwa Tlhabane mme a tla gae bofelo bongwe le bongwe jwa beke. Labotlhano oo ona, mosadimogolo o sa le a itumile sejabana gore fa e le go robala gona ga a kitla a dira jalo. O tlaa 30 emela morwae gore a goroge mme a itshebe le ena. Ke ka moo Kedibone a sa utlwang le fa Letsapa a kokota. Ee! Nnete ke gore Letsapa ga a kokota. Mosadimoglolo o ne a mo utlwa fa a bula 'heke' a bo a setse a itlhaganelela go bula mojako gore ba ba robetseng ba se ka ba tsoga. Letsapa o ne a buela kwa tlase. Kedibone ga a kgona go 35 utlwa le fa e le karabo e le nngwe ya ga Letsapa fa a fetola mmaagwe fa e se 'Nnyaya mma, selo se bosigo se, re tlaa bonana bo sele.' 5 Kedibone o ne a budulala, go gona ga gagwe ga kgakgamolola dithaba. Tota le fa Letsapa a sena go golomela mo dikobong a se ka a itshikinya. Bosigo jotlhe Kedibone ga a ka a robala gonne lefoko 40 'lekgela' le ne le tlhodia mo ditsebeng tsa gagwe jaaka kopelo ya monang. O ne a tsoga fa botlhe ba sa ntse ba kgonkga boroko. 'Modimo o ne a sa nthobaletseng? Kana nka bo ke sa utlwa masetla- dibete a ke a utlwileng a.' Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 6 E rile fa letsatsi le ntsha nko, la mo fitlhela a ntse a gelela metsi a 45 nosetsa ditlhare tsa matlhare a makima a a neng a fokiwa ke phefo, a amogela tlhabo ya letsatsi leo ka boitumelo jo bogolo. La gagwe lona, e kete le ne le mo tlhabetse le se na mahube. 'Ao! Moratiwa gompieno gona o robetse ba loso. Ga ke bolo go go tshikinya mme o ntse o pitikologa fela, le gale, mogodungwana ke o.' 50 7 E ne e le tlwaelo ya ga Kedibone gore fa mogatse a le mo gae a mo tsosa ka mogodungwana a bo a sa ntse a le mo dikobong, mme fa Letsapa a ntse a o goduma ka iketlo ba nne ba tseye dikgang jaaka monna le mosadi. Letsatsi leo gona Kedibone o mo neile mogodungwana jaaka tlwaelo mme a tswela kwa ntle go ya go tswelela 55 ka tiro ya gagwe ya go nosetsa ditlhare. Ntwa e ne e le ya matlho a mahibidu, a ikutlwa gore go nna fa thoko ga Letsapa go tlaa dira gore a mmotse dilo di gana go fela. Lekgotla la bosigo! 8 E rile go fetsa go kadimetsa mogodungwana ole, Letsapa a raga dikobo. Se se neng se diragetse mosong ono, e ne e se tlwaelo. 60 Moeka o ne a ipotsa gore matsapa di a tsaya kae. Kgang ya gagwe le mmaagwe yona o ne a sa e gopolele gore e ka nna sesosa sa kgang. [E nopotswe go tswa go: Tsa–Lerato, O ngwanake, Mmabatho] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A,B,C kgotsa D. Kedibone e ne e le ... kwa gaabo Letsapa le Keneilwe? A ngwana B setlogolo C ngwetsi D gofejane (1) 1.1.2 Ke tiro efe e matsalaagwe Kedibone a neng a e dira? (1) 1.1.3 Ke bomang totatota ba ba neng ba lela ka go tlhola ba dira ditiro tsa lelapa? (2) 1.1.4 Letsapa le Kedibone ba na le nako e kae ba nyalane? (1) 1.1.5 Nopola polelo e e kayang gore Kedibone le mogatse ba ne ba se na bana. (TEMANA 1) (2) 1.1.6 Mosadimogolo o kaya eng fa a re, 'Go ya ka nna mosadi o tshwanetse go itshupa.' (TEMANA 3) (2) 1.1.7 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore Letsapa o ne a sa lale mo gae malatsi mangwe? (2) 2024 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 1.1.8 Go ya ka wena, a go ne go siame gore ngwana wa mosetsana mo lapeng a ngongorege ka tiro e a e dirang? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.9 Fa o ne o le Letsapa mme mogatso a kgobiwa ka mafoko ke mmaago o ne o tlaa dira eng? (2) 1.1.10 Fa o bona, ke eng se se neng sa dira gore Letsapa a buele kwa tlase fa a araba mmaagwe? (2) 1.1.11 Ke lefoko lefe le le neng le tlhokisa Kedibone boroko mo bosigong jwa Labotlhano o MmaLetsapa a neng a letetse morwae go goroga? (TEMANA 5) (2) 1.1.12 Tlhalosa lefoko 'mogodungwana' jaaka le dirisitswe mo setlhangweng. (TEMANA 6 LE 7) (1) 1.1.13 Tiragalo ya kwa ga MmaLetsapa e go tsosetsa maikutlo afe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 1.1.14 Ke eng se se neng se diragetse mo mosong se Letsapa a neng a sa se tlwaela ka Kedibone? (TEMANA 7) (2) 1.2 SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. [E nopotswe go tswa mo go www.shutterstock.com] 1.2.1 Naya dintlha di le PEDI tse SETLHANGWA A (TEMANA) le SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) di farologanang ka tsona. (4) Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential 1.2.2 A lelapa le le tlhagisitsweng mo go setlhangwa B ke le o ka itumelelang go nna karolo ya lona? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E bua ka ga go thulwa (khenekhwa) ga sejanaga. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: 1. Sobokanya o dirisa mafoko a gago, mme o sa fetole bokao jwa temana, ka go tlhagisa dintlha di le SUPA ka se mong wa sejanaga a tshwanetseng go se dira fa a isa sejanaga sa gagwe go ya go thulwa (khenekhwa). 2. Kwala ka temana. 3. Boleele bo se fete mafoko a a ka nnang 90. 4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. 5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. SETLHANGWA C Go nna maatla ga sejanaga go na le seabe se segolo thata mabapi le ipabalelo mo mebileng, mme go utlwisa botlhoko gore palo e ntsi ya bakgweetsi ga ba ise dijanaga tsa bona go siamisiwa kana go thulwa gangwe le gape. Sejanaga sengwe le sengwe se tlhoka go thulwa(khenekhwa) ka tshwanelo. Fa o isa sejanaga go ya go khenekhiwa, itse dikilomitara tse di se tsamaileng le dinomoropolata tsa sona sentle. O totobatse sengwe le sengwe se bathudi(bomakhenekhe) ba se lebelelang. Fa o isa sejanaga sa gago go thulwa(khenekhwa), ba kope go go itsise gore se tlaa tlhoka bokae mme le dumalane ka dituelo pele o se tlogela. Tlhaloganyanang le go dumalana gore tirelo e tlaa tsaya nako e kae. Go fokotsa dingangisano, se potologe mme o tseye ditshwantsho go netefatsa fa se se na mengapo kana go kobega. Itse seelo sa lookwane fa o tlogela sejanaga sa gago. O dira seno gore le fa mothudi(makhenekhe) a ka batla go tlhatlhoba sejanaga sa gago ka go se kgweetsa, o itsisiwe pele o ka se tlogela. Tlosa dilo tsa gago tsa botlhokwa go tsenyeletsa leotwana la tshoganyetso, dithudi, dikgwama le tse dingwe. Tlhatlhoba pampitshana e e bontshang dipaakanyo tse di dirilweng go netefatsa gore o duela go ya ka ditumalano tsa lona mme o se tshabe go batla tlhaloso. Fa go na le sengwe se o neng o se tlhagisitse pele sejanaga se tlhatlhojwa, kopa go dira diteko le mogakolodi wa bomakhenekhe go netefatsa gore se siame, se tlaa dira gore o kgotsofale le go duela o sa belaele. Go thula(khenekha) sejanaga sa gago gangwe le gape, go tlaa go bolokela lookwane, madi a go se baakanya mme o tlaa se kgweetsa nako e telele. Selo se se tlaa dira gore sejanaga se nne se siametse tsela ka dinako tsotlhe, e bile se oketsa le boleng jwa sona. Akanya fela o eme mo tseleng o tlhapile, o le montle e bile o apere bontle, ka ntlha ya sejanaga se se sa tlhokomelweng, ka jalo sejanaga se batla tlhokomelo ka dinako tsotlhe. [E rulagantswe sešwa go tswa go Bona Makasine Moranang 2019] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 8 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential KAROLO YA C: DIPOPEGO TSA PUO LE MELAWANA YA TIRISO YA PUO POTSO 3: PAPATSO Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA D Bophepa jo bo tseneletseng! Bophepa jo bo tseneletseng! Aquafresh extreme, 75 ml, bophepa, bosweu, tshwarelelo ya bosweu le go phatsima. Tlhokomelo e e feletseng go tlhabolola maikutlo. Phepafatso ka sesepa sa meno sa legapu. [E nopotswe go tswa go Amazon.com] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A,B,C kgotsa D. Kuno e e bapadiwang e dirisetswa go phepafatsa … A matlho. B molomo. C meno. D ditsebe. (1) 3.2 Kuno e e bapadiwang, ke ya bogolo jo bokae? (1) 3.3 Papatso e e lebisitswe go bomang? (1) 3.4 Tlhagisa puo ya malepa a papatso e mmapatsi a e dirisitseng go digela badirisi. (1) 3.5 Nopola lelatlhelwa go tswa mo papatsong. (1) 3.6 Fetolela polelo e e thaletsweng mo papatsong go nna mo kganetsong. (1) 3.7 Ke leano lefe le mmapatsi a le dirisitseng go gogela badirisi go reka kuno e? (2) 3.8 Go ya ka wena, a go ka nna bonolo go bona kuno e? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 9 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential POTSO 4: KHATHUNU Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA E Boela kwa phaposing go seng jalo ke tlaa go romela kwa kantorong ya mogokgo! Ijoo, a o a utlwa! KANTORO YA MOGOKGO [E nopotswe go tswa go Yalo 2021] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A,B,C kgotsa D. Khathunu e, e senola botlhoki bofe mabapi le sekolo se se mo khathunung? A Go reetsa ga barutwana. B Go ruta ga morutabana. C Dibuka tsa barutwana. D Go tlhokega ga dikago tsa dikolo. (1) 4.2 Ke maikutlo afe a a senolwang ke mosimanyana yo go buiwang le ena? (2) 4.3 Fa o lebile khathunu, o ka re barutwana ba, ke ba mophato ofe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) 4.4 Bolela gore polelo e e thaletsweng mo khathunung e mo modirisong ofe. (1) 4.5 Leina 'mogokgo' le dirisitswe jang mo khathunung? (1) 4.6 Neela mofuta wa pudula o o dirisitsweng mo go mongwe wa barutwana ba ba dutseng fa fatshe. (1) 4.7 A o bona go siame go tsenela dithuto mo lefelong le le tlhagisitsweng mo khathunung? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 10 DBE/Motsheganong/Seetebosigo 2024 SC/NSC Confidential POTSO 5: TEMANA YA POROUSE Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA F 1 Go ne go se na gore ope a ka tswela kwa ntle ga thekisi. Mogaetsho, e ne e tshologa mme dikgadima di tsabakela. Mokgweetsi a ithaya a re e tlaa kgaotsa, kae? Ya nnela go tshologa le lefifi la gasagana. Ka fa thekising ga re tsho! Ka bontsho ba lefifi. Mokgweetsi a re o leka go tshuba dipone tsa gana nnang ya banyana. A leka go dumisa thekisi le yona ya mo itatola. Go ne go se sejanaga 5 se se neng se ka ema go thusa, tsotlhe tse di neng di feta di tsubaletse. Bomadimabe jo bo kalo. E rile go le fa gare ga mpa ya bosigo, ya kgaotsa. 2 Monna wa ntlha a tswela kwa ntle go fatlha magotlo ao a gogetsweng ke metsi. A totomela go fitlha fa godimo ga mangole. Thekisi le yona e ne e totometse. Mo mosong ga apoga. Go ne go se tsela e nngwe. Ba tswa ka bongwe ka 10 bongwe. Ba totomela mo seretseng. Mokgweetsi a latlhela bofofu go batlana le leotwana mme ga tshwana fela, a le tlhoka. O ne a se na le ka leotwana le a tshwanetseng go tsamaya ka lona go le dirisa motsing wa mathata a tshwana le a. Mokgweetsi a e emisa mme a buisana le mokgweetsi wa yona. [E nopotswe go tswa mo go, Ke molato wa ga mang: SS Mokua] 5.1 Dirisa leina le le ntshofaditsweng mo go mola 1 jaaka sedirwa mo polelong e o e itlhametseng. (2) 5.2 Bolela gore leina le le thaletsweng mo go mola 4 ke mofuta ofe wa leina. (1) 5.3 Naya popegopuo e e ntshofaditsweng mo go mola 3. (1) 5.4 Fetolela lediri le le thaletsweng mo go mola 6 go nna ledirani mme o le dirise mo polelong e o itlhametseng. (2) 5.5 Nopola sekao sa letlhalosi la felo go tswa mo setlhangweng. (1) 5.6 Dirisa lekwalwatshwana le le thaletsweng mo go mola 9 mo polelong go supa bokao jo bo farologaneng le jwa temana. (2) 5.7 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng mo go mola 9 go nna pakatlang. (1) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70 Kwalololo e ileditswe

Matching paper and memo

The question paper, memo or addendum that belongs with this document.

Study this subject

Revise the topics in this paper, then practise them question by question.

More papers and memos for this grade and subject.

More from Grade 12 Setswana Hl

View all