Skip to content

Setswana HL Grade 12 Paper 1 NSC June 2015 Question Paper

Question paperSetswana HLGrade 12201510 pages

Grade 12 Setswana HL Paper 1 question paper from the NSC June Exam 2015, 10 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

NSC June Exam 2015

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com SENIOR CERTIFICATE EXAMINATION SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) 2015 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 10. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/2015 SCE DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (30) 2. Araba dipotso TSOTLHE. 3. Simolola karolo NNGWE LE NNGWE mo tsebeng E NTŠHWA. 4. Thala mola morago ga karolo NNGWE le NNGWE. 5. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 6. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 7. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang. 8. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 9. Kabo ya nako e e tshitshinngwang: KAROLO YA A: 50 metsotso KAROLO YA B: 30 metsotso KAROLO YA C: 40 metsotso Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/2015 SCE KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 SETLHANGWA A (TEMANA) Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. 1 Mongongoregi ena, a nna a setlhafala. A gakgamala le ba ba gakgametseng. Fa a botswa ke bomalome le borangwane, a photha fela fa thoko ga nnete. A gana go tswa ka kgang. Kooteng le ngwana wa teng o ne a lailwe ke motho gore mmutla o se rothe madi. 2 'Malome, le rona Kedibone o re bontshitse yona metlholo eo,' ga bua 5 rramosetsana. 'Bana ba re apeisa dibese e le tota. Se se ntlhabang pelo ka lerumo ke gore le ena gopanenyana oo wa teng o ineile naga. Ke bua jaana Kedibone a re o mo reile a re o nna kwa Ditsobotla, ga ke itse gore Ditsobotla fa kae, Ditsobotla a le monamo jaana.' A bua jalo a somola ka tlhogo tlhootlhoomenyong o monkgwe. 10 3 'Ao monna, ntlha le wena o ntse 'tlhaa-dithata? Ke eng o bile wa leta gore re tle go go botsa kgang e e masisi jaana?' Ga botsa malomaagwe. 'Kana o ka bo o sala wa nna wa ntlha go tlhaba mokgosi.' 4 'Kana le nna malome ke ne ka tlalelwa, ka ba ka lebala gore lo teng go ka mpopodisa kgang e. Ke ntse ke tsewa ke madiopo, ke sa itse gore ke 15 tshware fa kae ke lese fa kae.' Bannabagolo ba ota ditlhogo, ba setse ba utlwile gore e, e nyalana le magatwe a a tletsetletseng mo motseng. Ba lemogile gore monna o apeile pitsa a bo a e tshola. 5 Ngwana a tsholwa. A tlhaga a goditse rraagwemogolo ka dilo tsotlhe. O sa mmatle Mongongoregi mo kokomaneng ya gagwe ya isago. A mo gotsa ka 20 mmala le ditlenanyana tse, tsa katse. E le Mongongoregi mo phatleng. Le gale go sa itsiwe gore a mosimane wa Ditsobotla o ne a le montshonyana jaaka setlogolwana se, sa ga Mongongoregi. Go ka itse Kedibone fela. 6 Kagiso ya laela mo lelapeng. Mosadi a lemoga gore golo fa, ke puo e boammaaruri ba yona bo se nang bana ba phefo, ngwana o mo phamoletse. 25 A utlwa a tlhajwa ke phešwana e e tlhabang tau marapo. Mo go Mongongoregi go se na mathata. A tlhaletsa ngwanake setlogolwana – ngwanake ngwanangwanake. 7 Tsa dikomano tsa bona ga se tse di buiwang mo phatlalatseng, di ka tloga tsa bodisetsa batho bana. Mosadi wa ga Mongongoregi a otlhega a bo a sala 30 e kete tlhale. A ota jaaka kgomo e jele teledimo. Monna ena, sa gagwe e le go tlhola a gobea le motse a sa dire sepe. Fa 'lapeng botshelo bo gana, go lalelwa ka sego sa metsi. Ena a ja ka lonao mokola. A se ka a tlhola a tswa ka motse. Botlapa le matepe di rena mo tlhogong ya gagwe. Ga tlola ngwaga kgotsa tse pedi, Kedibone a bo a tsena mo ntlong, fela rraagwe bana a 35 bontsha batho mathaithai. Fa go twe o solofeditse go tla mafelo a kgwedi, e nna gore o sala a re o tlaa romela batsadi. Se se kgatlhang e le bana ba ga Kedibone. Lesika le lentle. Ba sa katoga rraabonamogolo ka tshobotsi. Go se yo o gotsang mosimane wa Ditsobotla. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/2015 SCE 8 Balesika ba epa rramosetsana go rwala ditlhako go ya kwa gaabo 40 mokgonyana wa bona, mme a nnela go ritarita. Ba tshwenngwa ke gore lesika le ntse le ata, mme ga go batho ba ba tlang go ba rola morwalo ba tsaya bana ba bona. Bana ba setse ba tshwara menwana e le mene. Wa botlhano a tlhagile a itapetse. Go ka itse mang gore go diragetseng gonne bašwa ba a itubatuba? Gongwe e rile Kedibone a lemoga kgankgathi e e mo 45 diragalelang, a bo a tswa maano? Go se ope yo o itseng bopaki jwa tiragalo e. Se se leng teng e le gore wa botlhano magodimo a ganetsa. 9 Kedibone a sa tswe ka motse. Fa a tshokile a ka re o a tswa, rraagwe a koromola gore bana ba gompieno fa ba re ba ya go dira motho o fitlha a ijesa hularela beno. Mosetsana a dira dikgwedinyana mo ngwageng. A wetse 50 ngwaga, a bo a tshwanela ke go tla go khubama. Le malobanyana fela jaana, ke fa e a bo e phaphasela mo phefong mengato. E talotswe ke mosetsana wa seithati. Batho ba rapela gore a magodimo a thuse gore yo o tlhatsweditsweng mengato yo, rraagwe a itlhagise, ba ga rrasemangmang ba tlhage ba latisitse motlhala wa tshepe e e thuntshitsweng ke morwa wa bona, 55 mme motlhala wa yona o feletse ka fa lelapeng la ga Mongongoregi. 10 Bana ba ga Kedibone ba tshela ka tshotlego. Fa ba tshwanetse go kolobediwa e nna bothata; moruti a batla maina a batsadi. Moruti a feleletsa a boditse letsatsi lengwe: 'Mma, a o nyetswe?' [Moapayabodila, OK Bogatsu] 1.1.1 Naya dilo di le PEDI tse ngwana wa ga Kedibone a neng a tshwana le rraagwemogolo ka tsona. (Temana 5) (2) 1.1.2 Kedibone o tlhokafaletswe ke bana ba le kae? (Temana 8) (1) 1.1.3 Emisetsa lefoko 'mokgonyana' ka lereo le le maleba la Setswana. (Temana 8) (1) 1.1.4 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Go khubama jaaka go dirisitswe mo temaneng ya 9, go kaya eng? A Go belega. B Go kopa. C Go rapela. D Go phepafatsa. (1) 1.1.5 Tota, go latela ditiragalo tsa tema e, rraagwe bana ba ga Kedibone ke mang? (1) 1.1.6 Nopola ditlhagiso di le PEDI tse di tshegetsang karabo ya 1.1.5. (4) 1.1.7 Tlhagiso e e reng 'Ena a ja ka lonao mokola', e raya go reng? (Temana 7) (2) 1.1.8 Ke eng se se tsamaisitseng kagiso mo lelapeng la ga Mongongoregi? (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/2015 SCE 1.1.9 Ditiragalo tsa lelapa la ga Mongongoregi di amile jang mmaagwe Kedibone? (2) 1.1.10 Goreng go ne go na le bothata jwa gore bomalome ba bolelelwe gore rraagwe bana ke mang? (2) 1.1.11 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore Kedibone a ka tswa a lemolotse mpa ya ngwana wa botlhano? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.1.12 Go ya ka wena, a go ne go le maleba gore moruti a botse Kedibone gore a o nyetswe? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.2 SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) Leba setshwantsho se se latelang mme morago o arabe dipotso. [Inthanete] 1.2.1 Fa o lebile setshwantsho se, o ka re go diragala eng mo phaposing e? (2) 1.2.2 Ke seno sefe go tswa mo setshwantshong, se se nang le dikotla tse di siametseng kgolo ya bana? (1) 1.2.3 Lesedi le le mo setshwantshong le bontsha dijo tse e le tsa nako efe ya letsatsi? (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/2015 SCE 1.2.4 Mowa o o renang mo setshwantshong o farologana jang le wa lelapa la ga Mongongoregi mo temeng? (2) 1.2.5 A rre yo o mo setshwantshong o itshupa a na le maikarabelo mo lelapeng la gagwe go feta Mongongoregi mo temeng? Tshegetsa ka lebaka. (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/2015 SCE KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E tlhagisa dintlha ka ga bolwetse jwa pelo. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: • Sobokanya o dirisa mafoko a gago, mme o se latlhe bokao jwa temana, ka go tlhagisa dintlha ka ga pelo, bolwetse jwa yona le tsela ya go bo tila. • Kwala ka temana. • Boleele bo se fete mafoko a a 90. • Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. • Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. Pelo le boboko ke dingwe tsa dirwe tse di botlhokwa mo mmeleng wa motho. Botlhokwa jwa pelo ke gore dirwe tsa mmele di ikaegile ka yone gonne e le yona e rweleng maikarabelo a go di neela madi. Fa pelo e ka re tsi, dirwe tsotlhe tsa mmele di a tlhonama. Batho ba le bantsi ba iketse badimong ka ntlha ya bolwetse jo. Dipalopalo di supa gore bolwetse jo bo kotsi go gaisa malwetse a mangwe a a tshwanang le kankere le sukiri. Mmele o na le pelo e le nngwe fela e seng jaaka diphilo di le pedi, makgwafo a le mabedi kgotsa dikgeleswa dingwe tse di botlhokwa mo mmeleng. Fa pelo e utlwa botlhoko, ke sona se gantsi se bakang gore molwetse a tlhokafale. Go botlhokwa gore re leke go thibela bolwetse jo pele go nna le mathata. Go a tle go kgonege gore molwetse wa pelo a falole loso ka ntlha ya thekenoloji e e maleba. Ka ngwaga wa 1967, Ngaka Christiaan Barnard o ne a atlega go jalelela pelo mo molwetseng mo nageng ya Aforikaborwa. Bolwetse jo, bo tlholwa gantsi ke go thibana ga ditshika go go kgoreletsang madi go elelela kwa pelong. Bothata jo bo a tle bo tlholwe ke go ikgobokanya ga mafura mo boalong jo bo ka fa teng ga ditshika tse di rweleng maikarabelo a go fetisetsa madi kwa dirweng tse di umakilweng fa godingwana. Mafura a, a kitlanya ditshika mme di bo di sa bulege ka tshwanelo. Ditshika di simolola go thatafala mme go nne bonolo gore di thibane ka ntlha ya matlhwele. Fa madi a sa elele kwa bobokong kgotsa kwa pelong, dirwe tse di a koafala mme di utlwe botlhoko, ka jalo botshelo jwa mongwe bo tsene mo kotsing. Malwetse a mabedi a, a latotse matshelo a batho ba le bantsi. Se, ga se kaye gore malwetse a, a ka se thibelwe. Balwetse bangwe ba tlhokafala pele ba ka neelwa kalafi. Malwetse a, a re tlhasela ka ntlha ya go sa tlhokomele dijo tse di siametseng mebele ya rona. Kwa ntle ga go ja dijo tse di siameng, o ka ikatisa ka go dira tshingwana, go tsamaya sekgala se se telejana sa metsotso e le 30 kgotsa gone go phepafatsa ntlo le go phutha dilwana mo ntlong metsotso e e umakilweng fa godingwana. Go phela o ikatisa ruri go kgona go fokotsa malwetse a mangwe a a sa umakiwang fa. [Lesedi, Khimbili TL le Lethoko KL] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 8 DBE/2015 SCE KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka papatso e e fa tlase mme morago o arabe dipotso. MOLETLO WA Setimela sa mmino: Se tloga LETSATSI LA kwa diofising tsa WRDM go ya NGWAO BOSWA kwa lebaleng la Mohlakeng Dipontsho tsa: Dijo tsa setso, 20 LWETSE 2014 Moaparo wa setso le Mmino Nako: 06:00–16:00 wa setso Baletsi ba tlaa natefisa letsatsi! MABELO A BOITUMEDISO Mabelo: 5 km & 7,5 km 20 LWETSE 2014 Ikwadisetso ya mabelo: 06:00 Tshimologo ya mabelo: 08:00 LEBALA LA MOHLAKENG GA GO DUELELWE SEPE! Go bona tshedimosetso e ntsi, lebelela www.gowestfest.co.za [Randfontein Herald, 19 Lwetse 2014] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Letlha le le nepagetseng go keteka Letsatsi la Ngwao Boswa ke lefe? A 20 Lwetse B 16 Sedimonthole C 9 Phatwe D 24 Lwetse (1) 3.2 Nopola ditiragalokgolo tsa letsatsi le la 20 Lwetse. (2) 3.3 Papatso e e tobile bomang? (1) 3.4 Lefoko 'tshedimosetso' le dirisitswe jang mo polelong e le tlhagelelang mo go yona? (1) 3.5 Ke tiragalo efe e e netefatsang gore moletlo o e tlaa bo e le wa Ngwao Boswa? (1) 3.6 Bokao jwa go tlhagisa ditheo tse di fa tlase mo papatsong ke bofe? (2) 3.7 Go ya ka wena, a o bona go tlaa nna monate ka letsatsi le? Tshegetsa ka lebaka. (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 9 DBE/2015 SCE POTSO 4 Sekaseka khathunu e e fa tlase mme morago o arabe dipotso. Mosimane, 'botshelo jwa gago bo mo kotsing. O tlaa nyelela jaaka mouwane. Ipabalele!' [Sowetan: 4 Diphalane 2013] 4.1 Monna yo o mo khathunung, tota o tshwere eng? (1) 4.2 Nopola polelo e monna a e dirisitseng go kgalema mosimane. (1) 4.3 Ke bolwetse bofe jo bo ka nyeletsang mosimane fa a sa itlhokomele? (1) 4.4 Lefoko 'mouwane' le dirisitswe jang mo khathunung e? (1) 4.5 Nopola sekao sa lerui le le tlhagelelang mo khathunung. (1) 4.6 Fetolela modirisopego, 'Ipabalele!' mo kganetsong. (1) 4.7 Sefatlhego sa monna yo se senola maikutlo afe? (2) 4.8 Go ya ka wena, a motsoko o a bolaya? (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 10 DBE/2015 SCE POTSO 5 Buisa temana e e latelang mme morago o arabe dipotso. 1 Ka itse gore tota Ditsile o a ntshitela. Go le jalo, ke sa itse gore ke tlile go tswa ka lefe, lesoba. Ka ikgomotsa ka gore e tlaa re ke sena go ngatha ka ikodisa dibi, ka itaya kwa le kwa jaaka mosimane a timeditse, gore ke itse go tšhwemola. Ya re e ntse e le nna ka fitlhela go le molemo gore ke ititeise phefo, ke otlolole maoto, ke fetole dilao. Go itse mang? Gongwe fa nka 5 tlogela go tlhola ke dikologa ntlo jaaka mokgaditswane nka se wediwe ke bodutu phogo. 2 Ka leba Ditsile dikhularo fa re kgaogana, mme ka ipotsa gore ke goreng nako yotlhe e ke ntse ke sa mo ise tlhogong. Ka ikaraba e ntse e le nna ka re ga ke ise ke tsamaye ke kgatlhegele ope fa Mmašadi a sala a nthobela. 10 3 Mo maabanyaneng, fa ke le nosi kwa gae, ka tsaya tsotlhe ka di baya fa pele ga me, mme ka simolola go ipotsa gore tota ke goreng ke dumetse go jela Ditsile nala ka letsatsi la Paseka. Ka itse gore ke di gatlholotse. Ee, ka lemoga la ntlha gore go dira jalo e tlaa bo e le go leofela Mmašadi. [Le Pelong, BD Magoleng] 5.1 Leina 'tlhogo' le dirisitswe jang mo polelong ya mola 9? (1) 5.2 Naya letlhophiletlhotlholodi le le nepagetseng mo boemong jwa 'nosi'. (Mola 11) (1) 5.3 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng mo mokgweng wa tirwa. (1) 5.4 Nopola sekao se le SENGWE sa leitiri go tswa mo temaneng. (1) 5.5 Polelwana e e thaletsweng, ke mofuta ofe wa polelwanakala? (1) 5.6 Mogatlana wa nyenyefatso, -nyana, o tlisa bokao jwa nako efe ya letsatsi mo leineng maabane. (Mola 11) (1) 5.7 Dirisa letlhophi 'yotlhe' mo polelong go supa kgatelelo ya leina. (2) 5.8 Dirisa lefoko 'nna' ka bokao jo bo farologaneng le jo bo mo temaneng. (Mola 9) (2) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE: 70 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana HL

View all