Skip to content

Setswana HL Grade 12 P1 NSC Supplementary 2015 QP

Question paperSetswana HLGrade 1220159 pages

Grade 12 Setswana HL Paper 1 question paper from the NSC Supplementary Exam 2015, 9 pages. Read online or get the free PDF download, memo linked when available.

Free to read online, no sign-up needed

Answer online

Loading document…

Loading document…

NSC Supplementary Exam 2015

Questions in this paper

Document textSearch extracted text and jump to a page.
Downloaded from hlayiso.com NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) TLHAKOLE/MOPITLWE 2015 MADUO: 70 NAKO: 2 diura Pampiri e, e na le ditsebe di le 9. Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2015 NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (30) 2. Araba dipotso TSOTLHE. 3. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 4. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. 5. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 6. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 7. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang. 8. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 9. Kabo ya nako e e tshitshinngwang: KAROLO YA A: 50 metsotso KAROLO YA B: 30 metsotso KAROLO YA C: 40 metsotso Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2015 NSC KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Setlhangwa A (Temana) Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. 1 'Mmamogolo, o ntuba tlhogo ka dipotso tse dintsi, le gale ke tlaa araba potso ya ntlha. Ke tswa kwa sekolong.' 'Sekolo sa Lamatlhatso bosigogare? Kana bo tloga bo sa. Ke mahube a banna. Tiro e ne e dirwa bosigo jaana. Nnaare o simolotse go loa ne?' 'Nnyaya mma, maikano a rona a sekolo, ke, ke tlaa direla le fa go ka nna thata jang.' 5 2 'Mme o tlile go tsewa ke boMaemae jaaka ngwana wa ga rramogolo Matiki. O phumphuku e e mephuphuto mebe. O nkgodi yo o tshotseng yo o lelalwang. Bontle ba gago bo na le dibelebejane.' A tetesetsa melomo jaaka tau e bebentsha diphekeke mmamogoloatsona.' Betsa motho yoo mmaagwe Thuanyo!' La šabetsa le le kwa phaposing lesonya le lebirwa la 10 ga Ramaselo. 3 A gana nnang wa banyana mmamogoloatsona a re, 'Ga ke mmetse ke mo neela lefatshe. Ke felela pelo letsatsi le mmaagwe a re welang lephorotlha; motlhaope e bile o sule go le kana. Dingwaga di le lesometlhano? Mosadi yoo ga a na kutlwedi. O sule pelo.' Ga robalwa. E 15 le bosigo bo tsene bo sa akele ope. Ena a se ke a oba ntshi gonne pelo e hudugile. Mmabothata a gopola monate o a o jeleng. A nna a gopola mmaagwe yo a sa mo itseng a mmona mo meriting. Dikgaka di ne di aga di remana ka matlape. Malatsi a dilelo le manyaapelo a sutelana a tlhatlhamane jaaka metsotswana ya nako. A na a fofa mo diphukeng tsa 20 khutsafalo kwa godimodimo. Tlhaloganyo ya bonyana ya mo raya ya re, fa dikolo di ya meriting a ngwegele kwa go mmaagwe. 4 Ya rogwa, ya ba ya rogwa go se nko e e tswang lemina. Letswalo la mo re garo! Ga ba ga re fi! go se nene. A leta sesadi a hubidisitse matlho a ba a baya dithunya fa fatshe. A re ka pelo e e gamuketseng botlhoko, 25 'Go diragetse, mo bosigong bo le bongwe. Monate o ne o busa tswine ka kwano. Moeka o tsene ka lenga la seloko. Maaka a monna a apewa ka pitsana. Ke mo gare ga dinaka tsa kukama. Le fa nka tlhabakelwa ke mpa ga ke kitla ke ba belogololela tshwenyana. Fa ba mpotsa gore rraasona ke mang, ke tlaa re eng? A ngenega ditokololo jaaka mosimane wa 30 moraka a jele madila bobe. A otlhega a sala a le monantsitsi jaaka kolobe ya ntšhaupe. 5 Ka letsatsi le lengwe a amogela lekwalo le tswa kwa go mmaagwe. Le ne le mo tlhalosetsa fa mmaagwe a sa ntse a mo tlhoka. A kgatlhiwa ke mela e e reng, 'Ke utlwile ka dinonyane gore ausi le abuti ba go jesetsa 35 kgobedung. Ke ne ke itomile sankatle gore ga nkitla ke baya leoto la me kwa ga Mmatlhoaele le fa e le kwa Moduane. Rraago o sule loso lwa moleofi. O ntshotlisitse ka lefatshe. Ka tlhoka fa ke gatang. Gaontebale Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2015 NSC tsala ya me a ntseela kwa gaabo kwa Lejweleputswa. Ka thwala tiro mo Sandton City. Ke a dira. Ke fetotse maikaelelo a mabe a a neng a 40 nthwesitse bobi dingwaga di le lesometlhano. Ke solofela gore le wena o a ntlhoka. Ntsholofele mo malatsing a boikhutso.' E ne e le kgwedi ya Lwetse fa a le amogela. A thela lošalaba a nna mo tsholofelong e e sa tlhabiseng ditlhong. Dinaka le tsona tsa gola. 6 Maemo a gagwe a mo fetola modipa le motlapa. A le bogale a kgwa 45 botlhole jaaka mokwepa. A apeela bagolo ditsatsa le diphure. A fepa dintsi ka go di gorisa dijana tse di maswe. Ka dinako tse dingwe fa go sa iwa sekolong a tsee panka a e bee mo letsatsing a ije dinala. Pelo e tutetse jaaka sekaku sa tlhagala se budule se ise se phunyege. Jeresi o ne a sa e apole le fa go ka nna bolelo jang. 50 7 Mmamogoloagwe o ne a se matlho a a boroko. A mo lepa a gomerwe ke mangonongono a pelo. A lobela mmamogolo wa gagwe ka a itse gore mogang a utlwela o tla mmelesetsa makgasa. A šwegašwega ntshu a ba a tshokane a mo thamathamisa ka dipotso a re, 'Mmabothata, nnaare ntlha e kete ga o nosi?' 55 8 A totobetsa matlho fa fatshe ona a o rokile. A mo thantsha ka bontle ba seatla a re, 'O ithutile go itlhaba ngololo fa ke bua le wena. Tota o tsenwe ke eng?' A o busolosa. 'Nka bua eng le lona ke aga ke kgobiwa ka mme, e bile le nkatela leleme ganong?' 'O santse o umaka mmaago le jaanong? O a itse ke inyaletsa matsapa a ke a tsereng a go otla ntšwa gore e tle e 60 gole mokunkuru e golele go ntoma'. [Mathata a Botshelo: ZS Kotsokoane] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Mmabothata o ne a garoga letswalo ke go ... (temana 4). A bona go se nko e e tswang lemina. B ngenega ditikololo. C otlhega a sala a le monantsitsi. D iphitlhela a le mo gare ga dinaka tsa kukama. (1) 1.1.2 Naya lebaka le le dirang gore Mmabothata a gamukele botlhoko. (temana 4) (2) 1.1.3 Mola o o reng 'ya rogwa, ya ba ya rogwa', o kaya eng? (temana 4) (2) 1.1.4 Goreng Mmabothata a ne a apara jeresi le fa go le mogote? (temana 6) (2) 1.1.5 Naya seane se se maleba le tlhagiso e e latelang: 'go otla ntšwa gore e tle e gole mokunkuru e golele go ntoma' (temana 8). (2) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2015 NSC 1.1.6 Lekwalo le le tswang kwa go mmaagwe Mmabothata le tlhotlheleditse maitsholo a gagwe jang? (2) 1.1.7 Ke ka ntlha ya eng a ne a ikana go swa ka lehunelo? (2) 1.1.8 Mmabothata a ka bo a dirileng go efoga matsapa a a iphitlhelang a le mo go ona? (2) 1.1.9 Ke ntlha efe e e supang gore Mmabothata o ne a sa tlotle mmamogoloagwe fa a bua le ena? (2) 1.1.10 Mmabothata le mmaagwe ke diyathoteng di bapile. Tshegetsa tlhagiso e, o ikaegile ka ditiragalo tsa temana. (2) 1.1.11 A ke ntlha kgotsa ke kakanyo gore Mmabothata o ne a tlogela dijana di sa tlhatswiwa? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.1.12 Mmabothata o akanya go tshabela kwa go mmaagwe ka ntlha ya seemo sa gagwe. A se e ka nna tshwetso e e tlaa mo tswelang mosola? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.2 Setlhangwa B (Setshwantsho) Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. [Ikgantšhe ka Segageno: L Malebana le M Kgwete] 1.2.1 Naya morero wa setshwantsho se se fa godimo. (2) 1.2.2 Bapisa setswantsho se le ditiragalo tsa temana. (4) 1.2.3 Sediriswa se mosetsana yo a se dirisang, se dirisiwa gantsi mo serutweng sefe? (1) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2015 NSC KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko, e e buang ka ga motse o o tshositsweng ke tau. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: • Sobokanya o dirisa mafoko a gago, mme o sa latlhe bokao jwa temana, ka go tlhagisa ditiragalo tse di supang fa tau e e tshositse baagi. • Kwala ka temana. • Boleele e nne mafoko a a ka nnang 80–90. • Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. • Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. Tau ya tsena mo sekhing, sa e tshegetsa, ya re e kata ka morago, sekhi sa ngaparela kobo. Ya leba gotlhe go bona yo e ka ntshetsang tsupuetso ya yona teng, mme ka batho botlhe ba ne ba setse ba itswaletse mo teng ga matlo ka nako e, ya se ka ya bona ope. Go ne go setse fela monkgo o e neng e o ila, e bile e o tshaba. Ya bona fa go se na thuso fa e se go siela nageng pele ga bomaotomabedi ba e bolaya. Motse o nnile mo tidimalong lobaka lo lo leele, go se na ope yo o bulang lebati le fa e le go okomela ka fensetere, tau e tshositse motsana jaaka e kete ke leroborobo, banna ba diganka ba fetogile magatlapa. A ruri se e ne e se boloi? Ee, ba ne ba nyaditse mafoko a ga Haihai, mme jaanong o ne a tlaa bona gore ba tlaa sotla mang. Fa ba ne ba mo dumetse ba dule letsholo le ena, tau e ne e se na go fitlha mo motseng e tshosa basadi le bana. Jaanong le banna tota ba ne ba itswaletse mo teng ga matlo. Go ne ga epiwa pitso mme ya se ka ya tsaya sebaka ka go ne go se na ope yo o neng a belaela fa go na le tau mo gare ga bona. Go ne go se na modisa ope yo o nang le maikaelelo a go bolotsa, le batsadi ba sa ba kgadiepetse. Morago ga pitso motse o ne o tlamparetswe ke letshogo. Bontsi jwa banni bo ne bo le mo thoromong, motho a tshaba le go pota setlhare ka fa morago. Go ne go dikologiwa fela fa thoko ga matlo, go ya nokeng e le tiro ya diganka, mme go rwalela go tlhoka sebete. Go ne go se na yo o tsamayang a le esi, gongwe le gongwe fa batho ba leng teng, go engwe ka ditlhopha. Go ne go se ope yo o neng a se na leano. Mongwe le mongwe a batla gore go tsewe leano la gagwe. [Mangana 'sika loophage: RR Busang] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10 Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2015 NSC KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. KONSARATA YA DIPINA LE MMINO WA SETSO Re Ipela ka Segarona Tswina ya Dipina Letlha: 24 Lwetse 2014 Lefelo: Legae la Setso la Lesedi Madi a go tsena: R100.00 - Bagolo - R50.00 - Bana ba dingwaga di le 18 go ya kwa tlase Tlayang ka makatlanamane go etleetsa letlole la legae la bagodi!!! [Ikgantšhe ka Segageno: L Malebana le M Kgwete] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Maitlhomomagolo a papatso e ke afe? A Go itumedisa batho B Go etleetsa letlole la legae la bagodi. C Go tsweletsa tshomarelo ya setso. D Go ipela ka segarona. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 8 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2015 NSC 3.2 Ke merafe e le kae e e tlaa tsayang karolo mo konsarateng? (1) 3.3 Naya morafe o le MONGWE fela o o tlaa bong o diragatsa. (1) 3.4 Nopola sekao sa thui go tswa mo papatsong. (1) 3.5 Konsarata e, e amana jang le letlha le le beilweng? (2) 3.6 A papatso e e sekametse mo letlhakoreng le le lengwe? Tshegetsa ka lebaka. (2) 3.7 Go ya ka wena, a dikonsarata tsa mothale o, di ka tswela setšhaba mosola? (2) [10] POTSO 4 Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. Pule, diteko di supa fa o tlaa tloga o phatloga mpa, phaa! Tsweetswee, kopana le mokatisi wa gago MOKATISI DITEKO [Sowetan, 12 Phatwe 2013] 4.1 Fa o lebeletse mebele ya boraro jo, ke ofe yo o tshwanetseng go nna mokatisi? (1) 4.2 Go latela khathunu, Pule o nontshiwa ke eng? (1) 4.3 Ke lelatlhelwa lefe le le dirisitsweng mo khathunung? (1) 4.4 Dirisa lelatlhelwa le o le kwadileng mo go 4.3 mo polelong ya gago. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla
Downloaded from hlayiso.com Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 9 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2015 NSC 4.5 Goreng go twe Pule o tlaa phatloga mpa? (2) 4.6 Diteko tse go buiwang ka tsona mo khathunung e ke tsa eng? (2) 4.7 A mokatisi yo o kailweng mo khathunung o maleba go ka katisa Pule? (2) [10] POTSO 5 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. 1 Edison o ne a tletse metlae thata. Ka letsatsi je lengwe o ne a dira motlae ka badiri ba Bodirelo jwa Ditimela tsa Cincinnati-Indianapolis. O ne a lomaganya mathale a motlakase fa badiri ba neng ba tlhapela teng. Mme e ne e re fa badiri ba tla go tlhapa mabogo ba tlabolwe ke motlakase. 2 Mongwe le mongwe yo o neng a tla go tlhapa o ne a fofa jaaka setsenwa fa a 5 fitlha fa go tlhapelwang teng gonne motlakase o ne o ba sopaanya menwana ya diatla. Fa banna ba fofaka jaana ba rwala mabogo, ena a omelele ka ditshego. Banna ba se ka ba tlhaloganya gore metsi a na le eng. 3 Ka letsatsi le lengwe a dira metlae ka tsala nngwe ya gagwe. O ne a dira motšhini o o buang mme a o fitlha mo phaposing ya borobalo ya tsala ya 10 gagwe. O ne a o baya ka fa tlase ga materase. E rile fa tsala ya gagwe e tsena mo dikobong a utlwa lentswe le re, 'Ke ura ya lesomenngwe, go setse ura e le nngwe.' Moeng wa batho a tlalelwa, a se ka a itse gore lentswe le tlhaga kae. E rile fa a sa utlwe lentswe lele gape a robala. [E antswe letseleng: JM Ntsime le CJH Kruger] 5.1 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng mo tumelong. (2) 5.2 Dirisa lefoko 'tlabolwe' mo polelong ya gago go supa fa o le tlhaloganya. (mola 4) (2) 5.3 Fetolela polelo e e thaletsweng, mo temaneng, go nna ya puopegelo. (2) 5.4 Leina 'setsenwa', le dirisitswe jang mo temaneng? (mola 5 ) (1) 5.5 Naya sekao sa letlhalosi la mokgwa le le dirisitsweng mo temaneng. (1) 5.6 Nopola polelwanakalatlhalosi ya lebaka go tswa mo polelopateng e e latelang: 'o ne a fofa jaaka setsenwa fa a fitlha fa go tlhapelwang teng gonne motlakase o ne o ba sopaanya menwana ya diatla.' (1) 5.7 Leina 'ditshego' le dirisitswe jang mo temaneng? (mela 7 le 8) (1) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30 PALOGOTLHE: 70 Kwalololo e ileditswe

Study this subject

More from Grade 12 Setswana HL

View all